“Tharo-Nngwe e e Tlotlegang”—A e Teng mo Bibeleng?
O NE A bolaelwa kwa Ennyelane ka 1550 ka go fisiwa ka molelo. O ne a bidiwa mang? Joan Bocher. Molato wa gagwe e ne e le eng? Encyclopædia Britannica (1964) ya riana: “O ne a bonwa molato wa go tlhapatsa mo phatlalatseng ka go latola Tharo-nngwe, molato o dikereke tsotlhe di neng di o tsaya e le o o senang boitshwarelo fa e sale di ganetsana le thuto ya gore Morwa ga a lekane le Rara.”
Tharo-nngwe ke thuto ya motheo ya bontsi jwa dikereke. Mme se tota Tharo-nngwe e leng sone ke eng? The Waverley Encyclopedia e e tlhalosa jaaka “masaitsiweng a Modimo o le mongwefela mo bathong ba le bararo—Rara, Morwa, le Moya o o Boitshepo, ba ba lekanang ka dingwaga ebile botlhe e le ba ba sa sweng.” Lefa go le jalo The New Encyclopædia Britannica (1981) ya riana: “Go le lefoko Tharo-nngwe, lefa e le tlhaloso e e Setshi phepafetseng ya thuto eo, ga di bonale mo Tasetamenteng e Ntšha.” Seno ka bofefo se tsosa dipotso kaga thuto eo.
Se se oketsang kgang eo ke go dumela ka go sa tikatike mo New Catholic Encyclopedia e go supang ka tsela ya potso eo baithutelaboruti gantsi ba e botsang e e reng, “Mme motho a ka ruta jang Tharo-nngwe?” Buka eno ya Katoliki e tswelela jaana: “Fa potso eno e lebega e tlhakanya baithuti ditlhogo jaana, gongwe ka mo go tshwanang e tlhakanya le bone barutisi ba bone ditlhogo. Fa ‘Tharo-nngwe’ fano e raya thuto ya Tharo-nngwe, karabo e e botoka e ne e tla nna gore motho a seka a itshwenya ka go e rera . . . ka gore thero, mme segolo jang thero e e leng ya Bibela, ke ya Lefoko la Modimo, e seng tlhaloso ya seruti.”
“Tlhaloso [eno] ya seruti” e simologile leng? The he New Encyclopædia Britannica (1981) e araba jaana: “Thuto eo e ne ya gola ka bonya ka bonya mo makgolong a dingwaga le go ralala dikgaruru.” A mo go wena seno se utlwala jaaka tshenolo e e phepafetseng, e e tlhamaletseng e e tswang kwa Modimong? Ka gone e ka nna jang tshenolo ya Dikwalo tse di Boitshepo, jaaka go bolelwa e le tshosa yone?
Tlhaloso ya Bibela e baruti ba dikereke gantsi ba e dirisang go tshegetsa Tharo-nngwe ke taolo ya ga Jesu ya gore balatedi ba gagwe ba dire barutwa, ba “ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa le ya Mōea o o Boitshèpō.” (Mathaio 28:19) Kwantle ga pelaelo karolo eno e umaka dilo di le tharo, mme ga e re ke batho ba le bararo kana ba dira motho a le mongwe. Go feta moo, re itse leina la ga Rara (Jehofa) le la ga Morwa (Jesu), mme leina la moya o o boitshepo ke mang? Seno se isa kwa potsong e e reng . . .
A Moya o o Boitshepo ke Motho?
Lebaka la gobo Bibela e sa neele tshupo epe ya gore moya o o boitshepo o na le leina la botho bogolo fela le akantsha gore o ka seke e nne motho. Gape o ka nna wa botsa gore, ‘A moya o o boitshepo o kile wa bonwa?’ Ebu, ka nako ya kolobetso ya ga Jesu o ne wa supiwa jaaka lephoi mme ka Pentekosete o ne wa bontshiwa jaaka diteme tse di tshwanang le tsa molelo. (Mathaio 3:16; Ditihō 2:3, 4) Fa e le motho, ke eng fa o se kile wa iponatsa jaaka motho? Mme fa moya o o boitshepo e se motho, ke eng? Kwantle ga pelaelo, ke maatla a a dirang a a tswang kwa Modimong a erileng ka Pentekosete a ‘tshololelwa’ mo barutweng. (Ditihō 2:17, 18) Ka maatla ano a a dirang, Jehofa o ne a dira ditiro tsa gagwe tsa popo—“mōea oa Modimo oa elama ha godimo ga metse.” (Genesise 1:2) One maatla a a dirang ao a ne a tlhotlheletsa bakwadi ba Bibela.—2 Timotheo 3:16.
Mongwe wa bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng bao e ne e le moperofeti Daniele. Mo go Daniele kgaolo 7 o tlhalosa jaana ponatshegelo e e gakgamatsang e Jehofa a neng a e mo neela: “Mogologolo” a le mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo, a na le boidiidi jo bogolo jwa baengele ba ba mo direlang. Gape Daniele o ne a bona “moñwe eo u chwanañ le moñwe Morwa Motho [Jesu],” yo o neng a neelwa “pushō, le kgalalèlō, le Bogosi, go re batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèle.” (Daniele 7:9, 10, 13, 14) Lefa go le jalo, go tweng ka moya o o boitshepo? Ga o umakiwe jaaka motho mo ponong eno ya selegodimo.
Buka ya bofelo ya Bibela—Tshenolō—e tlhalosa diponatshegelo tse dingwe tse di gakgamatsang tsa selegodimo. Mogodimodimo, Jehofa, o tshwantshiwa moo a le mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme Kwana, Jesu Keresete, o na le ene. Mme, gape, moya o o boitshepo ga o umakiwe jaaka motho wa sebele. (Tshenolō, dikgaolo 4-6) Ka gone le e leng buka ya Bibela ya bofelo ga e senole gore go na le batho ba bararo mo Modimong o le mongwefela. Seno se tsosa . . .
Potso e Nngwe Gape ya Botlhokwa
Thuto ya Tharo-nngwe e ile ya tlhalosiwa jaaka “thuto e kgolo ya motheo ya bodumedi jwa Bokeresete.” Fa e le gore seno e ne e le boammaaruri, ke eng fa Jesu a ne a seka a e senola fa a ne a le mo lefatsheng? Barutwa ba gagwe, bao e neng e le Baiseraele, ba ne ba dumela gore Jehofa o mongwefela. Go fitlha mo letsatsing jeno, Bajuda ba tsweletse ka go tsopola Duteronome 6:4: “A u ko u utlwè, wèna Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” Ga go na sepe mo y Dikwalong tsa Sehebera se se akantshang gore Mogodimodimo ke batho bale bararo. O ka nna wa ipotsa ka tshwanelo gore, ‘Fa seno e ne e le boammaaruri, ke eng fa “thuto fenoj e kgolo” e ne e se kile ya nna thuto e e tlhomameng go fitlhelela ka lekgolo la bone la dingwaga—gareng ga dikgaruru tse di masisi tse di neng tsa tlhakanya batho ba bantsi ditlhogo?’
Bangwe ba ka nna ba ganetsa jaana: ‘Mme Jesu o ne a re, “Nna le Rara re moñwe hèla.”’ (Yohane 10:30) Ke boammaaruri Lefa go le jalo, ba bangwefela ka mogopolo ofe? Jesu ka boene o ne a sedimosa seno morago ka go rapela jaana: “Rara eo o boitshèpō, ba bolokè [barutwa ba gagwe] . . . gore ba nnè bañwe hèla, yaka rona re le moñwe hèla.” (Yohane 17:11, 22) Ka ntlha ya gone moo, bongwefela jwa ga Rara le Morwa bo tshwana le bongwefela jo bo leng gone mo gare ga balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu—tumalano ya boikaelelo le tirisano-mmogo.
Lefa go le jalo, bangwe ba ka nna ba akantsha gore lemororo Jesu a ne a seka a rera thuto ya Tharo-nngwe ka tlhamalalo, moaposetoloi Johane o ne a dira jalo mo go 1 Yohane 5:7, eo, go ya ka King James Version, e reng: “Gonne go na le ba bararo ba ba supang kwa legodimong, ebong Rara, Lefoko, le Moya o o Boitshepo: mme ba bararo bano ba bangwefela.” Lefa go ntse jalo, Dibibela tsa bosheng di tlogela karolo eno. Ka ntlha yang? Jerusalem Bible ya Katoliki e tlhalosa mo mokwalong o o kwa tlase gore temana eno ga e ñtlhelwe mo go epe ya memeno ya Bibela ya Segerika sa bogologolo kana ya Selatine e e ikanyegang ya Bibela. Ga e na boammaaruri. Kwantle ga pelaelo, e ne ya tsenngwa, go leka go tshegetsa Tharo-nngwe.
Jaaka o ka itlhomamisetsa mo Bibeleng ya gago, moaposetoloi Paulo fa a bula makwalo a gagwe gantsi o ne a dirisa mafoko a a tshwanang le ano: “A tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e e cwañ Modimoñ Rra oa rona, le Morèna Yesu Keresete.” (Baroma 1:7) Ke eng fa a ne a sa umake moya o o boitshepo jaaka motho? Ka ntlha ya gore Paulo o ne a sa itse sepe kaga “Tharo-nngwe e e Boitshepo.” Jakobe, Petere, le Johane ba ne ba dirisa mafoko a a tshwanang mo makwalong a bone koo le bone ka mo go tshwanang ba sa umakeng moya o o boitshepo gone. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumele Tharo-nngwe. Moya o o boitshepo ga se motho ga o tshwane le Modimo le Morwawe. Mme ereka Morwa e le motho, potso e a tsoga . . .
A Jesu ke Mogodimodimo?
Batho ba ba dumelang Tharo-nngwe ba re ee. Lefa go le jalo o tshwanetse go kgatlhwa ke se Jesu a neng a se bolela jaana: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:28) “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha.” (Yohane 5:19) Paulo o ne a oketsa jaana: “Tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.”—1 Bakorintha 11:3.
Gape, a ke o akanyetse, dipotso tseno ka kelotlhoko: A Jehofa o na le Modimo? Kwantle ga pelaelo ga a na modimo, ke mogodimo, ke Mothatayotlhe. A Jesu o na le Modimo? Morago ga go tsosiwa ga gagwe Jesu o ne a bolelela Maria Magatalena jaana: “Ke tlhatlogèla kwa go Rrè, le Rra eno, le kwa go Modimo oa me, le Modimo oa lona.” Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete.”—Yohane 20:17; 1 Petere 1:3.
A Modimo o kile wa a swa? ‘Nnyaa,’ e ka nna ya tswa e le karabo ya gago e e siameng. Modimo ga o swe. Moperofeti Habakuke o ne a bolela jaana kaga Jehofa: ‘Moitshepi wa me, ga o swe.’ (Habakuke 1:12) Se se farologaneng le seo, Jesu o ne a swa. Mme go tswa foo ke mang yo o neng a mo tsosa mo baswing? Petere o ne a re: “Modimo o mo cositseñ [Keresete] mo loshuñ.” Ka gone, go phepafetse sentle gore Jesu ga se Mogodimodimo.—Ditihō 3:15; Baroma 5:8.
O ka nna wa tswelela pele. A Modimo o kile wa bonwa? “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè.” (Yohane 1:18) Lefa go le jalo dikete tsa batho di ne tsa bona Jesu mo lefatsheng. A Modimo o kile wa rapela mongwe? O ne o ka rapela mang? Ke “eo u utlwañ dithapèlō” yo mogolo. (Pesalema 65:2) Mme go tweng kaga Jesu? O ne a rapela Rraagwe gantsi-ntsi, le e leng go fetsa bosigo jotlhe a rapela. A Modimo ke moperesiti? Gotlhelele nnyaa. A Jesu ene ke moperesiti? Re bala jaana: “Akanyañ Moaposetoloi le Moperisiti eo mogolo oa tumèlō ea rona, eboñ Yesu.”—Bahebera 3:1.
A ga go a phepafala ka botlalo gore Jesu ga se Mogodimodimo?
A Thuto e e Tlhomameng ya Tharo-nngwe e a Gobatsa?
Ee. Thuto eno e e tlhomameng e e anameng e sokamisa boamaaruri jo bo motlhofo jwa Bibela jwa gore Jehofa a le esi ke Mogodimodimo, le gore Jesu ke Morwawe, le gore moya o o boitshepo ke maatla a a dirang a Modimo. Thuto eno e e tlhomameng e tlhakanya tlhogo ka go tlhagisa Modimo a le Modimo mo letobong la masaitsiweng, le le gogelang kwa lefifing la semoya.
Lefa go ntse jalo, ga go tlhokafale gore o nne mo lefifing leo. O ka kgona go tshegetsa dintlha tseno sentle mo mogopolong wa gago:
Thuto e e tlhomameng ya Tharo-nngwe ga e umakiwe mo Bibeleng. Ke “tlhaloso ya seruti” e e ileng ya nna gone makgolo a dingwaga morago ga motlha wa ga Jesu, mme e ne ya patelediwa ka matshosetsi a go bolaelwa mo koteng. E koafaditse kobamelo ya Mogodimodimo, le go ruta tumelo mo masaitsiweng.
Fa ka nako tsotlhe o ne o dumela Tharo-nngwe, o tshwanetse go dira eng jaanong? Re go kgothaletsa go ithuta Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di tshwanang le eno tse di tla go thusang go tlhaloganya Bibela. Go dira jalo go botlhokwa thata thata. Jesu o ne a re botshelo jo bo sa khutleng bo itshetlegile ka go nna le kitso kaga gagwe le Jehofa—“Modimo o o osi, o o boamarure.”—Yohane 17:3.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Monwana wa Modimo
“Seo se, ke monwana oa Modimo!” dingaka tsa baperesiti tsa Egepeto di ne tsa dumela jalo fa di ne di palelwa ke go fetola lerole go nna dinta, jaaka Moshe a ne a dirile. (Ekesodo 8:18, 19) Mo Thabeng ya Sinai, Jehofa o ne a neela Moshe “matlapa a a kwadilweñ ke monwana oa Modimo.” (Ekesodo 31:18) A seno e ne e le monwana tota-tota? Nnyaa. Jehofa ka phepafalo ga a na monwana wa sebele. Mme he e ne e le eng? Bakwadi ba. Bibela bo Luke le Mathaio ba re neela boammaaruri. Yo mongwe o ne a kwala gore “ka monwana oa Modimo.” Jesu o ne a kgoromeletsa badimo ntle. Yo mongwe o ne a tlhalosa gore Jesu o ne a dira seo “ka mōea oa Modimo.” (Luke 11:20; Mathaio 12:28) Ka gone moya o o boitshepo ke “monwana oa Modimo,” sedirisiwa sa gagwe sa go fitlhelela thato ya gagwe. Ga se motho, mme ke maatla a magolo a a dirang a Modimo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Moya o o boitshepo o ne wa bonala jaaka lephoi le jaaka diteme tsa molelo—mme ga o ise o ke o bonale jaaka motho.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Setshwantsho sa Tharo-nngwe mo Kerekeng ya Katoliki ya lekgolo la bo 14 la dingwaga kwa Tagnon, France