LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 7/1 ts. 5-6
  • Go Laola Kgalefo—Ya Gago le ya ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Laola Kgalefo—Ya Gago le ya ba Bangwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgalefo ya Tshiamo
  • Baebele ya Reng ka go Galefa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A go Gakala go Phoso ka Dinako Tsotlhe?
    Tsogang!—1994
  • Kgalefo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Bothata Jwa go Galefa
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 7/1 ts. 5-6

Go Laola Kgalefo​—Ya Gago le ya ba Bangwe

RE TSHELA le batho ba ba galefetseng ruri. Go tlhakatlhakana ga pharakano, mekgele e e sa tshwaneng, le e e fetogang, o, go sa atlholeng ka diego tse dingwe tsa boe letsatsi di tsosa kgatelelo ke selo se se golang g mongwe le mongwe o na e go itshwara teng. Ka jalo e go ithuta go wela dibete. etsatsi lengwe le lengwe ka boikutlo jo bo siameng​—re bontsha bopelotelele, go iphapaanya, le go tshegisa mo go Bontsi jwa rona re na le malapa a a re ratang. Bakeresete gape ba na le Bakeresea ikanyegang mo phuthegong, mme go feta tsotlhe, ba na le Modisa yo o lorato, Jehofa Modimo. Ka gone, ga go tlhokafale go boifa selo se se tlwaelegileng se se tsosang kgalefo: boikutlo jwa bonosi, jwa go tlogelwa.​—Pesalema 23:1-6; Bahebera 13:5, 6

Lefa go ntse jalo, fa re ikutlwa re galefile kana re tshwanetse go thulana le kgalefo ya motho yo mongwe, re tshwanetse go e laola sentle e le gore re tle re boloke boitumelo jwa rona le go tshela sentle. Jang? Bibela e re bolelela jaana: “Eo o bonya go galeha o gaisa eo o thata; le eo o laolañ mōea oa gagwè o gaisa eo o gapañ motse.” (Diane 16:32) Go na le go itlhaganelela go galefa, re tshwanetse go akanyetsa seo e ka nnang ya nna matswe- la a boitshwaro jwa rona. Go bala go ema ka palo ya lesome go ka nna ga re thibela go dira sengwe seo re ka nnang ra se swabela kwa morago.​—Diane 14:17.

Mo lekgetlong leo re tenegileng, mme re sa itse lebaka, re tshwanetse ka boikokobetso le ba bangwe, bogolo jang dipoifo tsa rona kana go bokoa; ke tsela ya botlhale le bopelokgale Ke gone re ka fitlhang kwa moding wa bothata. Bibela e bolela jaana: “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle: me mo bontsiñ yoa bagakolodi a tla a tlhōmame.”​—Diane 15:22.

Fa re leka go tlhaloganya mabaka a tsela e ba bangwe ba itshwarang ka yone go tla re thusa go laola go tsoga ga maikutlo a rona. Go feta moo, fa re araba motho yo o galefileng ka gore, “Ke tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa o galeñle,” o ka nna a wela ibete ka bonako. Bibela e gakolola jaana: ‘Botlhale jwa motho bo mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.’​—Diane 19:11.

Fa go ka diragala gore re gobatse mongwe e se ka boomo, re tshwanetse go ikopa maitshwarelo. Ka sekai, fa mongwe a go gata monwana wa leoto, o ka nna wa batla go galefa. Mme fa a ikopa maitshwarelo, kgalefo ya gago e a fela. Monwana wa gago o ka nna wa bo o santse o le botlhoko, mme o nna le seriti. Ka mo go tshwanang, maitseo a rona a mantle, gammogo le bopelontle jo bo tlwaelegileng le go tshegisa mo go phepa, go ka nyeletsa go tenega mme ga boloka tlotlo mo go rona mo kamanong ya rona le balekane ba rona ba lenyalo, bana ba rona, ditsala tsa rona, le maloko a phuthego ya Bokeresete.​—Diane 16:24; Bakolosa 4:6; 1 Petere 3:8.

Fa re dirisana le boemo jo bo re dirang gore re galefe, go ka thusa go itse kafa re ka buang ka teng kaga go galefa ga rona kwantle ga go omanya motho yo mongwe. Go na le pharologanyo e kgolo gareng ga go tlhapatsa ka mafoko (“Sematla ke wena!” kana, “Ke tla go betsa ditsebe tse!”) le go bolela gore o galefile (“Ga ke a tseega sentle tota” kana, “Ke kgopisegile”). Go tlhapatsa ka mafoko gantsi ga go na mosola ka gonne go dira gore motho yo mongwe a ipusolosetse, fa go bolela kafa o ikutlwang ka teng gone e se komano, ebile motho yo mongwe a ka nna a kgoromeletsega go dira dipaakanyo. Jaaka Bibela e bolela: “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale: me lehoko ye le tlhokohatsañ le tle le tlhotlheletse bogale. Motho eo o shakgalan bobe o tlhotlheletsa kgañ: me eo o bonya go galeha o kokobetsa komanō.”​—Diane 15:1, 18.

Kgalefo ya Tshiamo

Ke selo sa tlholego mo go rona ka bontsi go ikutlwa re galefile nako le nako. Bibela e bolela gore le e leng Jehofa o etle a galefe. (Sefania 2:2, 3; 3:8) Jalo ga go gakgamatse go bo motho, yo o dirilweng mo setshwanong sa Gagwe, a tshwanetse go itemogela boikutlo jo bo tshwanang. (Genesise 1:26) Ka gone, boikutlo jwa kgalefo jone ka bojone ga se sebe.

Lefa go ntse jalo, ka metlha fa Jehofa a galefile, o a bo a na le lebaka le le utlwalang: Melao-metheo ya tshiamo e a bo e tlodilwe. Mme ka metlha karabelo ya gagwe e a bo e tshwanela tota ebile a e laola ka botlalo. Go farologane ka batho ba ba sa itekanelang Gantsi re galefisiwa ke go bo re isitswe kwa tlase kana ka baka la bokoa jwa motho yo mongwe. Ka gone go bontsha tlhokafalo ya go elatlhoko tsela e re dirisanang le kgalefo ya rona ka teng. J aaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhagisa: “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha: a letsatsi lo se lo phiremele lo sa le bogale: Le gōna lo se ka loa naea diabolo sebaka.” (Baefesia 4:26, 27) Ee, Satane o ka dirisa kgalefo ya rona fa re sa e laole. Ebile tota, “dikgakalō” di mo lesomong la “ditihō tsa nama” tseo di dirang gore motho a seka a rua Bogosi jwa Modimo.​—Bagalatia 5:19-21.

Ke gone ka moo morutwa Jakobe a gakololang ka gore: “Mo, loa go itse, ba ga echo ba ba rategañ. Me a motho moñwe le moñwe a nnè . . . bonya go tlala bogale: Gonne bogale yoa motho ga bo dihe tshiamō ea Modimo.” (Yakobe 1:19, 20) Le e leng fa re na le lebaka le le utlwalang la go galefa, bosaitekanelang bo ka re dira gore re itshware ka tsela e e sa laolesegeng, e e phoso. Ka gone he, ka metlha re tshwanetse go gogiwa ke molao-motheo o o reng: “Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna.” (Baroma 12:19) Gape, gakologelwang gore, jaaka batho ba ba sa itekanelang, re ka nna ra tswa re le phoso. Ka gone, go kotsi go atlhola ba bangwe ka bonako o tsaya gore o galefile ka tshwanelo.​—Yakobe 2:13; 4:11, 12; 5:9.

Go ya ka Dikwalo, re tshela mo nakong ya bofelo. Mo metlheng eno ya bofelo, ‘ditšhaba di galefetse’ Bogosi jwa Modimo, mme Diabolo o “tletse bogale, ka itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 11:17, 18; 12:10-12) Ka gone he, go tshela ga rona tumalanong le Lefoko la Modimo ke gone fela go ka re sireletsang tota. (Pesalema 119:105) Go ise go ye kae Modimo o tla atlhola merafe, mme tshiamololo yotlhe e tla tlosiwa mo lefatsheng (Isaia 35:10; 65:23; Mika 4:3, 4) Mo nakong eno, re tlhoka go elatlhoko gore re seka ra etsa ditsela tsa lefatshe leno le le galefileng Go laola kgalefo ya rona ka tsela e e tshwanetseng go tla re thusa go boloka lorato lwa lenyalo, kutlwano ya Bokeresete, le kagiso ya botho le boitumelo. Mme sa botlhokwa-tlhokwa, go tla re dira gore re tswele pele re amogelwa le go segofadiwa ke Jehofa Modimo.​—Pesalema 119:165.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela