Tirisa-badimo—Ke ka Ntlhayang fa Kgatlhegelo ya Yone e Gola?
FRANS ke moema-nokeng yo mogolo wa kereke ya Porosetanta ya lefelo leo. Fa go na le tiro ya kereke e e tshwanetseng go dirwa, ke ene wa ntlha go thusa. Wilhelmina le ene ke motho yo o boifang Modimo. “O tshwanetse go tsena kereke,” a rialo, mme a e tsamaye. Esther le ene o ya kerekeng ka metlha mme ga a tlolwe ke letsatsi lepe a sa rapela. Botlhe ka boraro ba tshwana gape ka selo se le sengwefela: gape ba bua le badimo.
Baagi ba bararo bano ba Suriname ga ba nosi. Mo lefatsheng ka bophara, go na le kgatlhego e kgolo e e golang mo tirisa-badimong. Elatlhoko: Mo United States fela, mo e ka nnang dimakasine di le 30 tse palo ya tsone ya ditokololo fa e sobokanngwa e leng 10 000 000, di itshetletse mo dikarolong tse di farologaneng tsa thuto ya dikgakgamatso tsa semoya. Go fopholediwa gore batho ba ka nna 2 000 000 kwa Ennyelane ba kgatlhegela kgang e e tshwanang. Patlisiso ya bosheng kwa Netherlands e bontshitse gore batho ba ba dumelang mo ditiragalong tsa maatla a a fetang a motho ba fitlhelwa e le baagi ba ditoropo tse dikgolo, batho ba ba rutegileng thata, le batho ba basha. Mo godimo ga moo, jaaka baagi ba Afrika, Asia, le Latin America ba ka supa, mo mafatsheng a le mantsi tirisa-badimo e ile ya nna karolo ya botlhokwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Ga go gakgamatse go bo bakwadi John Weldon le Clifford Wilson ba konela mo bukeng ya bone e e bidiwang Occult Shock and Psychic Forces jaana: “Bontsi jwa baakgedi ba ba farologaneng ba lebega ba ikutlwa gore re mo nakong e boloi bo leng bogolo thata go feta nako epe.”
Ee, tirisa-badimo le boloika mofuta wa go lepa-dinaledi, go tshereanya, maranyane a go itse se se mo pelong ya motho yo mongwe, go porofesa, maselamose, le go tlhalosa ditoro, jalo le jalo—di goga kgatlhego ya batho ba mefuta yotlhe. Ka ntlhayang?
Lebaka lengwe ke gore, dingwe tsa dikereke tsa La-Bodumedi di leseletsa tirisa-badimo le eleng go e amogela jaaka e e boitshepo. Di akantsha gore go dirisana le meya ke nngwe ya ditsela tsa go atamelana gautshwane le Modimo.
Ka sekai, akanya ka Izaak Amelo, ra-kgwebo mongwe mo Suriname yo o nang le dingwaga di le 70. E ne e le leloko la komiti ya kereke le le tlotlegang ka dingwaga di supa ebile a le modirisa-badimo yo o itsegeng thata ka nako e e tshwanang. O gakologelwa jaana: “Matlhatso mangwe le mangwe lekgotla lotlhe la kereke le ne le phuthegela ka kwantle ga motse go buisana le badimo. Re ne re tswelela bosigo jotlhe. Mme mo mosong o o latelang, motiakone o ne a tlhokomela nako, mme mo e ka nnang ka nako ya botlhano a re bolelele gore re eme. Go tswa foo re tlhape, re fetole diaparo mme reye kerekeng—re nne mo nakong sentle ya kobamelo ya Sontaga. Mo dingwageng tsotlhe tseo moruti o ne a ise a ke a bue lefoko lepe le le kgatlhanong ”
Morago ga go ithuta kgolagano fa gare ga tirisa-badimo le dikereke mo Suriname, Moporofesa R. van Lier wa Mo-Dutch o ne a netefatsa gore ba le bantsi ba leba tirisa-badimo jaaka “setlatsa bodumedi.” Mo patlisisong e e ileng ya gatisiwa bogautshwaneng jaana ke Leiden University, o ile a tlhokomela gore tirisa-badimo e amogelwa jaaka “bontlhanngwe jwa molao-motheo wa bodumedi o o akaretsang o mo go one go nang le Bokeresete.”
Mme o ka nna wa ipotsa jaana, A go amogela tirisa-badimo ga dikereke tsa La-Bodumedi ke tlhomamisetse ya gore e amogelwa ke Modimo? ‘A go ikamanya le meya go tla go tlisa gautshwane le ene? Ke eng se tota Bibela e se buang kaga tirisa-badimo?’
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Izaak Amelo o gakologelwa go tsaya karolo ga lekgotla la kereke yotlhe mo dipokanong tsa go bua le badimo