LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/1 ts. 23-29
  • Ikanye Jehofa—Eseng “Morèrō!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikanye Jehofa—Eseng “Morèrō!”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bonala Mokwalo mo Loboteng
  • Kurose yo o Boleletsweng-pele O Tsaya Marapo
  • Kurose yo Mogolwane o Fenya “Babelona o Mogolo”
  • Go Boloka Botsalano jwa Bona jo bo Tshwanetseng le Jehofa
  • Mafoko a Manè a a Fetotseng Lefatshe
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Kurose yo Mogolo
    Tsogang!—2013
  • Mokwalo mo Loboteng
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jehofa—“Modimo yo o Siameng le Mmoloki”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/1 ts. 23-29

Ikanye Jehofa—Eseng “Morèrō!”

1. Boemo jwa phuthego e e bonalang ya ga Jehofa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I e ne e le bofe?

KA NAKO ya Ntwa ya Lefatshe 1, matsholo a batho ba ga Jehofa a ne a fokodiwa thata ke botenegi jo bo tlhamaletseng Pogiso e e neng e leriwe ke baba ba bodumedi le yone e ne ya ba gakalela. Ntlo-kgolo ya bone ya kwa Brooklyn, New York, e ne ya tswalwa. Mo godimo ga moo, ba ne ba sena thuso ya moeteledipele wa Mokgatlho, mokwaledi-ramatla tlo, motsamaisi wa oñsi, modiri wa morulaganyi wa dikgang, le baemedi ba bangwe ba le bane ba Mokgatlho-botlhe bao ba neng ba isiwa kgolegelong ya puso mo Atlanta, Georgia. Go ne go lebega jaaka ekete e ne e le bokhutlo jwa Baithuti ba Bibela ba ba tse- tsweng ka moya le gore go ya kgalaletsong ya bone ya selegodimo go ne go gorogile. Mme go ne go sa nna jalo!

2. Ke boperofeti bofe jwa ga Isaia jo bo neng jwa nna le tiragatso ya segompieno ka 1919?

2 Ebile tota, mo dikgakologong tsa 1919 dipotso tse di neng tsa bodiwa ke moperofeti Isaia di ne di ka bodiwa gape mo tirisong ya segompieno ya ga Isaia 66:6-8 e e reng: “Go tumō ea pheretlhō e e cwañ mo motsiñ, tumō e e cwañ mo tempeleñ, tumō ea ga Yehofa eo o ntshetsañ bana ba gagwè maduō a a ba lekanyeñ. E rile a e se a ikutlwe, a khubama; e rile motlotsedi oa gagwè o e se o tle, a bèlèga ñwana oa mosimane. Mañ eo o kileñ a utlwa selō se se nntseñ yalo? mañ eo o bonyeñ tse di nntseñ yalo? a lehatshe [boemo jwa katlego ya semoya e e galalelang] le ka tsalwa ka letsatsi le le leñwe hèla? a morahe o ka bèlègèlwa goñwe hèla? ka gonne e rile Siona a sa nntse a ikutlwa a ba a bèlèga bana ba gagwè.”

3. Go ne go na le bosupi bofe ka nako eo ya 1919 jwa gore Siona o ne a belege bana le gore “morahe” o mosha o ne o belegwe ‘ka nako e le nngwefela’?

3 Jaaka ekete ba ne ba tsositswe mo losong, Baithuti ba Bibela ba Merafe Yotlhe ba ne ba tshwara kopano ya bone ya ntlha morago ga ntwa kwa Oedar Point, mo Ohio ka September 1-8, ka 1919. Moeteledipele wa Mokgatlho, mokwaledi-ramatlotlo, motsamaisi wa ofisi, le ba bangwe ba ba neng ba le mo kgolegelong, ba sa bonwa molato mo ditatofatsong tsotlhe, ba ne ba le teng mo tiragalong eno e e itumedisang. Mo go neng ga itumedisa batla-kopanong, Moeteledipele Rutherford o ne a itsise ka go gatisiwa ga makasine o mosha, wa The Golden Age​—o o itsegeng gompieno jaaka Awake! Gape, go ne ga kolobediwa batho ba basha bale 200 ba ba ineetseng Phuthego ya bolegodimo ya ga Jehofa e ne ya dira gore barwa ba yone ba tshele sesha mo motlheng wa morago ga ntwa. Seo se ne se raya dithulaganyo tse disha, ee, tse di gagametseng tsa paakanyo mo ‘morafeng’ o o tsetsweng, jaaka go ne go ka buiwa, ka bonako le o o nnang mo ‘lefatsheng’ le le sa tswang go thaiwa.

4. (a) Seno sotlhe se ne se tshwanetse go nna le phelelo efe mo go “Babelona o Mogolo”? (b) Go senolwa ga boemo jwa mmatota jwa “Babelona o Mogolo” malebana le babusi ba bagolo ba selegodimo ke tlhagiso ya eng?

4 Seemo e ne e le se se gwetlhang. Se ne sa tshwara “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, a sa itebetse. Maloko a gagwe, segolo-bogolo La-Bodumedi, a ne a tshwenyega thata. O ne a bona gore kagiso ya gagwe e ne e kgorelediwa Pabalesego ya gagwe jaaka moiphaki yo mogolo mo ntlheng ya bodumedi jaanong e ne e le mo kotsing. O ne a tlile go senoga malebana le babusi ba bagolo ba selegodimo ba tota a tsalaneng nabo, eseng Modimo wa Bibela e e Boitshepo, mme eleng “modimo oa lehatshe yeno”​—Satane, morotloetsi wa moganetsa Keresete yo o boleletsweng-pele mo boperofeting jwa Bibela. (2 Bakorintha 4:4; 1 Yohane 2:18) Go senolwa mo e ne e le fela tlhagiso ya ditlhabi tsa gagwe tsa loso. Morago Moatlhodi yo Mogolo wa lobopo lotlhe o tla mo tshwara ka boene a ba a mmolaya, mo go tla sekeng go mo falose ka gope mo baratiweng ba gagwe ba pele ebong dinyatsi tsa gagwe tsa sepolotiki, ba jaanong ba gaketseng mo go golo.

5. (a) Ke ka ntlhayang fa La-Bodumedi a tla tshwarwa a santse a kgobile kgetsi, mme o lebiwa jang ke Modimo wa Bibela? (b) Babelona yo Mogolo gaa kgone go bona eng?

5 Le eleng La-Bodumedi, yo o tshotseng Bibela e e bolelelang-pele gotlhe mo, o tla tshwarwa a santse a kgobile kgetsi. O tla ikanya kgoeletso ya “Kagishō le thagamō” e e tlang ya maano a merafe e a tsweleditseng tlwaelo ya gagwe ya bodumedi mo go yone. Ka nako e e tshwanang, dikereke tsa gagwe di tsamaisa selwana sa koleke, di ikhumisa ka meneelo e e tsenngwang moo. Lefa go ntse jalo, mo Modimong wa Dikwalo tse di Boitshepo, o “lehuma, le bohohu, le bosaikatèga.” Gaa ikanye Jehofa, le gone gaa dirise melemo ya semoya ya mmatota e a tlamelang ka yone. (Tshenolō 3:17, 18) Ga a bone mokwalo o o mo loboteng. Re rayang fa re rialo?

Go Bonala Mokwalo mo Loboteng

6. Jeanong go gakolola mmuso ofe wa bogologolo wa lefatshe, mme batho ba eleng ba ga Jehofa tota ba ne ba eme jang ka nako eo?

6 Go tlhaloganya seo, re tshwanetse go leba kwa morago mo dioureng tsa bofelo tsa mmuso wa boraro wa lefatshe wa ditiragalo tsa Bibela, wa Babelona, mo lotshitshing lwa Noka ya Euferatese. Beleshasare e ne e le kgosi ya bofelo ya Babelona, o o neng o akaretsa lefelo la Tora ya Babela, koo Modimo mothatayotlhe a neng a tlhaka-tlhakanya puo ya baagi ba yone, a ba gasagasa. (Genesise 11:1-9) Ka nako ya dioura tsa bofelo tsa Babelona, batho ba boammaaruri ba ga Jehofa, ebong Bajuda, ba ne ba le batshwarwa mo lefatsheng leo la boheitane. Mme dingwaga tse 70 tsa botshwarwa jwa bone di ne di tloga di wela.

7. (a) Ke ka ntlhayang fa Kgosi Beleshasare a ne a direla bagolwane ba gagwe modiro a tshepileng ka botlalo? (b) Go ne ga diragala eng ka nako ya moletlo oo. mme ka phelelo efe mo kgosing?

7 Bameda le Baperesia ba ba neng ba kopane, ba ba neng ba tla dira mmuso wa bone wa lefatshe wa ditiragalo tsa Bibela, ba ne ba tlhasela motse oo thata-thata, o o neng o lebega o sa kake wa fenngwa, o o ageletsweng ka dipota wa Babelona. Noka ya Euferatese e ne e ralala motse oo ka bogare, go na le ditshipi tse di hakang dikepe mo lotshitshing la yone tseo ditswalo tse di maphata mabedi tsa kgotlho tsa dipota tsa motse oo di neng di bulela mo go tsone. Kgosi Beleshasare ka a ne a tshepile thata pabalesego ya motse oo, a “dihèla bagolwane ba gagwè ba makgolo a le shomè modihō o mogolo”-modiho o o neng wa supega e le wa gagwe wa bofelo. Ka tshoganetso, kwa matlho a ga Beleshasare a neng a lebile teng, ga bonala seatla sa motho se se tshikhinyegang mo loboteng. Mme sa kwala mafoko ano a bofelo mo loboteng “MENE, MENE, TEKELE, UPHARASINE.” (Daniele 5:1, 5, 25) Seo e ne e le mo bosigong jwa October 5, 539 B.C.E. Mafoko ao a ne a tshosa eleruri. Kgosi Beleshasare o ne a roroma ka poifo. Iketle! Bitsa banna ba ba botlhale​—bo-ramaselamose le balepa-dinaledi bao ba itsegeng ka go kgona go tlhalosa ditshupo le botlhodi. Mme go tlhaloganya mafoko a a gakgamatsang ao, ao ba neng ba sa kgone le eleng go a bala, go ne go fetile kgono ya bone. Jaanong go ne go tshwanetswe ga dirwa eng?

8, 9. (a) Jaaka boiteko jwa bofelo, kgosi e ne ya akantshiwa go tsaya kgato efe? (b) Daniele o ne a ranola mokwalo o o mo loboteng jang? (c) Ke ka ntlhayang fa moletlo o mogolo wa ga Kgosi Beleshasare o ne wa felela ka boperofeti jono jo bo tshosang?

8 Bitsa Mojuda. Eng? Mojuda? Ee, mongwe wa dikgosana tsele le batlotlegi ba ba tswang go tsewa kwa Jerusalema mo lefatsheng la ga bone mme ba leriwe ke Kgosi Nebukadenesare mo Babelona go tla go rutintshediwa tirelo-puso. Gone, moo e ne e le gotlhe mo ba neng ba ka go dira jaaka boiteko jwa bofelo. Daniele o ne a boletswe ke mma-mohumagadi gore ke monna yo o botlhale​—monna yo o neng a kgona go tlhaloganya dilo le go di ranola. (Daniele 5:10-12) Re ka lemoga tidimalo e e neng e le mo ntlwaneng ya meletlo jaaka Daniele, tumalanong le kopo ya ga Kgosi Beleshasare a ne a tswelela go ranolela kgosi ya bogosi jwa boraro jwa lefatshe jwa ditiragalo tsa Bibela le bagolwane ba gagwe mafoko ao a a sa itsiweng.

9 Daniele o ne a tswelela ka go re: Hoñ ntlha ñwe ea seatla sa roñwa e cwa ha pele ga ōna, me ga kwalwa lokwalō lo. Me lokwalō lo lo kwadilweñ ke lo, ga twe, MENE, MENE, TEKELE, UPHARASINE. Phuthololō ya selō se, ke e: MENE; Modimo o sekasekile bogosi yoa gago, me o bo khutlisitse. TEKELE; U lekancwe mo dilekanyoñ tsa pègō, me n hitlhecwe u tlhaetse. PERESE;a bogosi yoa gago bo kgaogancwe, me bo neilwe Bameda le Baperesia.” (Daniele 5:24-28) Kgosi Beleshasare le bagolwane ba gagwe le balekane ba bone ba basadi ba ne ba ntse ba bontsha tlhapatso ya ka boomo, ya go nyatsa kobamelo ya Modimo wa ga Daniele. Jang? Ka go nwela bojalwa jwa mofine mo dijaneng tsa gouda tse di tserweng mo tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema ka nako ya fa go senngwa ga motse o o boitshepo oo mo ngwageng wa 607 B.C.E. Seo se ne se tshwana le go oketsa tshenyo e e ntseng e dirilwe ka tlhapatso ya lonyatso.​—Daniele 5:3, 4, 23.

Kurose yo o Boleletsweng-pele O Tsaya Marapo

10, 11. (a) Ke mang yo Jehofa a neng a boleletse-pele gore o ne a tla fenya Babelona, mme Isaia o ne a tlhalosa phenyo e e tleng eno jang? (b) Jehofa o ne a diragatsa bopetofeti jono jeng e ba a lere kotlhao e e tshwanetseng mo go Kgogi Beleshasare le bagolwane ba gagwe.

10 Mo go Isaia 45:1-3 Modimo Mogodimodimo o ne a boleletse-pele jaana: “Yehofa o bua jaana le motlodiwa oa gagwè, a raea Kurose, eo lecōgō ya gagwè ke le tshegeditseñ go tla ke henya merahe ha pele ga gagwè. me ke tla repisa dithèka tsa dikgosi; go tla ke bula meyakō ha pele ga gagwè, me dikgōrō ga di ketla di cwalwa: A re, Ke tla gu ètèlèla pele, ke tla papana mahelō a a makgawekgawe; ke tla thubaganya dicwalō tsa kgōtlhō, ke tla pomaganya mephakalègō ea tshipi: Me ke tla gu naea mahumō a lehihi, le dikhumō tse di shubegileñ tsa mahelō a a hitlhegileñ, gore u tlu u itse ha ke le Yehofa, eo ke gu bitsañ ka leina ya gago.”

11 Go diragatsa polelelo-pele eno, Jehofa o ne a akantsha Kurose wa Moperesia go faposa metsi a Noka ya Enferatese le go a lebisa kwa letšheng la lefelo leo. Go tswa foo, morago ga metsi a sena go ntshiwa otlhe mo nokeng eo, mo bosigong, masole a ga Kurose a ne a gwanta mo moshaweng wa noka mme a ya go tsenelela fela kwa bogareng jwa motse. Ereka ditswalo tse di maphata-mabedi tse di lebaganeng le boelelo jwa metsi di ne di tlogetswe di sa tswalwa, ba ne ba palama lobota lwa noka mme ba tsena mo ntlong ya meletlo, ba fenya badisa. Moletlo wa ga Kgosi Beleshasare o ne wa fela ka botlhoko jalo jaaka kotlhao e e tshwanetseng ene le bagolwane ba gagwe​—ka baka la go tlhabisa “Morèna oa legodimo” ditlhong, go mo nyatsa, le go mo nyenyefatsa ka go sa diriseng dijana tsa tempele ka tshwanelo tse di utswilweng mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa kwa Jerusalema.

12. (a) Ereka Isaia a ne a boleletse-pele gore Kurose o ne a tla fenya Babelona, ke ka ntlhayang fa Daniele a abela Datio wa Momeda go gapiwa ga Babelona? (b) Dario le molekane wa gagwe, Kurose wa Moperesia, ba ne ba tshwantshetsa bomang?

12 Temana ya bofelo 31 ya Daniele kgaolo 5 ya re morago ga go bolawa ga ga Kgosi Beleshasare, Dario wa Momeda o ne a “tsaea bogosi, a le dinyaga e ka ne e le mashomè a marataro le bobedi.” Ereka Dario a ne a le mogolwane mo go Kurose wa Moperesia, Daniele o ne a abela kgosi eno ya Momeda go gapiwa ga Babelona. O ne a busa go simologa ka 589 go ya go 587 B.C.E. a le mmusi wa segosi wa mmuso-mogolo wa Medo-Persia. O tshwantshetsa Jehofa Modimo sentle. Molekane wa ga Dario, Kurose wa Moperesia, o ne a tshwantshetsa Jesu Keresete, yo o tla dirisiwang thata ke Jehofa go thankgola le go senya “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.

13, 14. Kwantle ga elaelo ke eng se Daniele a neng a se supegetsa Kurose wa Moperesia, mme buka e e kwadilweng morago ga go ya botshwarwa ga Bajuda ya Esere e simolola jang?

13 Fa Kurose a ne a tshwanelegela go newa setulo sa bogosi go busa Medo-Persia ka 537 B.C.E., kwantle ga pelaelo moperofeti Daniele o ne a mo supegetsa boperofeti jwa ga Jehofa malebana le ene jaaka bo fitlhelwa mo go Isaia 45. Buka ya ga Esere e e kwadilweng morago ga go ya botshwarwa ga Bajuda e simolola ka mafoko ano:

14 “Me yana e rile ka ñwaga oa ntlha oa ga Kurose kgosi ea Beresia, e le gore lehoko ya ga Yehofa ka molomo oa ga Yeremia [malebana le gore batshwarwa ba ne ba tla nna sebaka sa dingwaga tse 70 (Yeremia 25:12; 29:10, 14)] le dihadiwè, Yehofa a tlhotlheletsa mōea oa ga Kurose kgosi ea Peresia, a ba a tla a diha kitsishō mo bogosiñ yotlhe yoa gagwè, le gōna a e kwala, Are, Kurosa kgosi ea Peresia o bua yana, a re, Yehofa Modimo oa legodimo, o nneile magosi aotlhe a lehatshe; me o ntaotsè gore ke mo agèlè ntlo kwa Yerusalema, o o kwa lehatshiñ ya Yuda. Leha e ka bo e le mañ eo o gōna mo go lona oa batho botlhe ba gagwè, a Modimo oa gagwè o nnè naè, me a tlhatlogèlè kwa Yerusalema, o o kwa Yuda, me a agè ntlo e e mo Yerusalema ea ga Yehofa, Modimo oa Iseraele, (ke èna Modimo).”​—Esere 1:1-3.

Kurose yo Mogolwane o Fenya “Babelona o Mogolo”

15. (a) Setshwani sa ga Kurose se simolotse go busa leng? (b) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya boemo fe jo bo sa tshikinyegeng malebana le morero le lekgotla la Memfe e e Kopaneng, mme ka ntlhayang?

15 Setshwani sa motlha wa segompieno sa ga Kurose yo Mogolwane o ne a simolola go busa ka 1914 kwa bokhutlong jwa “metlha ea Baditšhaba,” jaaka e boleletswe-pele ke Jesu ka boene mo go Luke 21:24. Merafe e e mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng ba ne ba dira phetso gareng ga bone gore ngwaga wa 1986 e nne ngwaga wa bone wa Kagiso ya Lefatshe Lotlhe, ba tlhokomologa gotlhelele ntlha eno e e botlhokwa mo lefatsheng lotlhe. Mme Basupi ba ga Jehofa ga ba tsietsege ka gope malebana le seno. Fa kgoeletso e e boleletsweng-pele ya “Kagishō le thagamō” e dirwa labofelo, ga ba kitla ba kopanela le baema-nokeng ba bopolotiki le ditsala tse di botsalano tsa “Babelona o Mogolo” mo go itumeleleng tiro eno e e gakgamatsang mo nakong eno ya bofelo mo ditiragalong tsa merafe ya lefatshe. Ga ba eme-nokeng morero ope le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng kana babueledi ba bangwe ba kagiso. (Isaia 8:12) Phapaanong le seo, ba bua mafoko a a mo go Isaia 8:20 a a reng: “A go iweñ molaoñ le dichupoñ! ha ba sa bue kaha lehokuñ ye, rure ga go ketla go ba phèpahalèla.” Mme fa ba neela lebaka la go sa tshikinyege ga bone, ba re: “Gonne Modimo o nntse le rona.” (Isaia 8:10) Ka phepafalo, seo se raya gore Jehofa Modimo ga a tseye karolo ka gope mo dikgatong tsa sepolotiki tseo di tserweng ke merafe malebana le “Kagishō le thagamō” mme, go na le moo, o kgatlhanong le bone kwantle ga pelaelo.

16. Lefoko la boperofeti le le mo go Tshenolō 17:16, 17 a tla tlotlomadiwa jang ka botlalo, mme ka phelelo efe mo bathong ba ga Jehofa?

16 Ka go rulaganya dilo ka botswerere, Jehofa, a dirisa Kurose yo Mogolwane, o tla dira gore baeteledipele ba bopolotiki ba lefatshe leno ba nne kgatlhanong le “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ka dipelo tsa bone le mogopolo. Ba tla mo tlhaba, jaaka ka dinaka tsa sebatana se se galefileng, go fitlhelela aa swa. Lefoko la boperofeti le le mo go Tshenolō 17 le tla tlotlomadiwa ka botlalo, mme Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng ba tla itumelela seno.​—Tshenolō 17:16, 17; 19:1-3.

Go Boloka Botsalano jwa Bona jo bo Tshwanetseng le Jehofa

17. Lemororo Basupi ba ga Jehofa e se karolo ya “Babelona o Mogolo,” babusi ba lefatshe ba tla dira eng?

17 Morago, lemororo Basupi ba ga Jehofa e se karolo ya “Babelona o Mogolo” mme e le ba ba ikaeletseng go mo senola, gape lemororo ba ise ba ko ba tseye karolo mo mererong ya sepolotiki ya lefatshe leno, makoko ao a sepolotiki a eseng a bodumedi a tla tlhasela Basupi ba ba setseng. Ba ikaeletse go nna babusi ba dikgoka ba taolo ya babusa-esi mo maphateng otlhe a batho mono lefatsheng, ba tla tlhasela ka botlalo Basupi ba babolokabothokgami ba Mogodimodimo, yo eleng motswedi wa puso ya tshiamo e kgolo.

18. Jehofa o tla dira tiro efe e e tshosang, e e tla fetang Morwalela wa motlha wa ga Noa ka bogolo?

18 Jaanong fano ke gone fa Molaodi wa legodimo le lefatshe wa Mothatayotlhe a tshwanetseng go tsenelela teng ebile a tshwanetseng go dira gore basenyi bao ba “Babelona o Mogolo” ba itse ba bo ba tlhaloganye gore Yo ba ntseng ba le Basupi ba gagwe ba lekgolo la bo-20 la dingwaga ke Modimo wa mmatota, Modimo mothatayotlhe​—Modimo yo o tshwanelwang ke kobamelo ya pelo yotlhe, e e sa kgaoganeng ya dibopiwa tse di mono mo sebeong sa gagwe sa dinao, ebong lefatshe. O tla dira seno ka tsela e e tshosang eo e tla dirang gore Basupi ba ba tla bong ba lebeletse ba ba sa tseye karolo ba sale ba atlhame ka kakabalo e kgolo. O tla dirisa maano a gagwe a a iseng a ko a bonwe, a ntwa a a nayang kgalalelo go ya phenyong ya bomodimo. (Tshenolō 16:14, 16; 19:19-21) Seo se tla raya bokhutlo jwa tsamaiso eno e e bosula, e e laolwang ke Diabolo ka phenyo e e tla fetang ya Morwalela o o neng wa senya lefatshe wa motlha wa ga Noa.

19. Jehofa o tla nna le Basupi bafe mo go itlotlomatseng ga gagwe jaaka Molaodi wa Lobopo, mme seno se tla bontsha eng?

19 Fela jaaka Jehofa a ne a na le basupi ba ba neng ba supa go fedisiwa ga lefatshe la bogologolo ka Morwalela oo setho sotlhe se se neng se se mo arakeng se neng sa nwela mo go one, gape, o tla nna le basupi gone mono lefatsheng ba ba tla supelang go itlotlomatsa ga gagwe ka selekanyo se segolwane, jaaka Molaodi wa Lobopo mo go se kitlang go boelediwa. (2 Petere 3:6, 7, 13, 14) Bano e tla nna bao ba ikanyang gore o tla lere kagiso le polokesego mo lefatsheng leno le le atlhotsweng. Ekete o ka itumelela go nna gareng ga Basupi bao ba ba tla falodiwang ka kgakgamatso. Go tla bonala fa kagiso ya gago le polokesego di tswa kwa go Jehofa Modimo mme eseng mo lekokong lepe, kana morero, wa babusi ba sepolotiki ba tsamaiso eno e e laolwang ke Diabolo.

20. Jehofa o tla felela jang, mme rona re ikaeletse go dira eng?

20 Jehofa Modimo o tla bonala a galaleditswe jaaka Yo o tshwanelwang ke go obamelwa le go direlwa jaaka Mogodimodimo yo mogolo​—Modimo wa badimo, yo o kgethegileng yo mafoko a mopesalema Yo o tlhotlheleditsweng a neng a lebisitswe kwa go ene a a reng: “Hèla go cwa kwa bosasimologeñ le go ea kwa bosakhutleñ, oa bo o nntse o le Modimo hèla.” Ka kanaanelo e e golelang pele, a re nneng re ikanye Jehofa Modimo le botsalano jwa rona le ene ka Kurose yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Upharasine” ke ntshifatso ya lefoko “Peres” mme le raya “dikgaogano.”

A O A Gakologelwa?

◻ “Babelona o Mogolo” gaa kgone go bona eng?

◻ Phelelo e e utlwisang botlhoko ya moletlo wa ga Beleshasare e tshwantshetsa eng?

◻ Ke mang yo o tla fenyang “Babelona o Mogolo”?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba tsaya boemo bofe malebana le morero le lekgotla la Merafe e e Kopaneng?

◻ Ke ka ntlhayang fa botlhe ba ba ikanyang gore Jehofa o tla lere kagiso le polokesego ba tla itumela?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Daniele o ranola mokwalo o o sa itsegeng jaaka molaetsa wa katlholo ya mmuso wa Babelona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela