LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 12/15 ts. 3-4
  • Baengele—Bogologolo Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baengele—Bogologolo Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baengele mo Ditumelong Dingwe
  • A O Dumela mo Baengeleng?
  • Baengele ke Eng Kgotsa ke Bomang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baengele—A Ba Ama Botshelo jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 12/15 ts. 3-4

Baengele​—Bogologolo Gompieno

“Ba supiwa ka Keresemose mo makgabiseng a re a kgogetsang mo setlhareng, kana a re a nang mo dikarateng tsa Keresemose​—bompopi ba gouda ba ba nang le difatlhego tse dintle, ba letsa harepa kana okene ya kereke kana ba tshotse dikhantlele. Ba na le diphuka tse dikhutshwane tse dikima jaaka tsa dinonyane tse dinnyennyane. Tota go ka twe, ba bantle.”​—The Sunday Denver Post.

“GANTSI baengele baa itlhokomolosiwa mo dikolong tsa boruti, ba umakiwa go le gonnye mo sekolong sa Sontaga, mme ga ba ke ba ba ba umakiwa go index ya National Catechetical Directory, eleng buka ya kaelo ya thuto ya bodumedi jwa Katoliki mo Amerika.”

Go ne ga bolela jalo Charles W. Bell, ebong morulaganyi wa dikgang tsa bodumedi O ne a tlhalosa gore baithuti bangwe ba bomodimo, segolo bogolo ba dikereke tse dikgolo tsa Boporosetanta, ba ikutlwa “ba sa wele dibete ebile ba sa tlhomamisege kaga baengele.” New Catholic Encyclopedia e tlhalosa gore bangwe ba baakanyi ba segompieno ba re “tumelo yotlhe ya go nna gone ga baengele e tshwanetswe go ganwa.”

Go ne go ntse go sa nna jalo. Ka sekai, mo lekgolong la bo-13 la dingwaga, baithuti ba ba neng ba ithuta thuto ya baengele, e leng lekala la thuto ya bodumedi le le dirisanang le baengele, ba ne ba bolelwa ba tsietsega fa ba akanya kaga “tlholego, botlhale, le boikaelelo” jwa baengele. Mo makgolong a le mmalwa a dingwaga, go ne go rapelwa le eleng “baengele ba batlhokomedi.” Mme, jaaka go tlhalositswe fa godimo, fa e sale ka nako eo maikutlo a fetogile.

Go ya ka New Catholic Encyclopedia, “mo go akanyeng sesha baengele . . . ka moo go golang ba tsewa e le bontlhanngwe jwa dipolelo tsa ditlhamane, mainane le dikakanyo tsa bana fela.” Ruri, mo bogareng jwa lekgolo la bo-19 la dingwaga, mo megopolong ya batho ba le bantsi baengele ba ne ba sa tlhole ba amana le bodumedi mme ba ne ba amanngwa le megopolo fela ya selefatshe. Gompieno, le eleng batho ba le bantsi ba ba leba jaaka matswela a megopolo fela; ka gone, batho ba go nna jalo ba latola go nna gone ga baengele.

Baengele mo Ditumelong Dingwe

Lefa go ntse jalo, mo ditumelong tse dingwe go santse go dumelwa mo baengeleng. Ka sekai, Kereke ya Katoliki ya Roma “e kgothaletsa baikanyegi ba yone go rata, go tlotla, le go rapela baengele.” Tota ebile, Bokatoliki bo ile jwa godisa ba bararo ba e ba lebang e le baengele​—Mikaele, Gabariele, le Rafaele—​jaaka ba ba boitshepo. Rafaele o bonala fela mo dibukeng tsa Apokeripa mme eseng mo dikwalong tsa Bibela.

Mo dikerekeng tsa Botlhaba tsa Orthodox, baengele ba botlhokwa mo litani, ebong mofuta wa thapelo eo dithapelo kana mekokotlelo e dirwang, phuthego e arabela. Gape baengele ba obamelwa mo Islam, tumelo ya baengele e le nngwe ya dilo tse go tshwanetsweng go dumelwa mo go tsone mo thutong ya Mamoselema.

Lefa go le jalo, ga go na pelaelo gore mo motlheng wa rona tumelo mo go nneng gone ga baengele e a fela.

A O Dumela mo Baengeleng?

Malebana le tumelo mo baengeleng, New Catholic Encyclopedia ya re: “Ka bonya ka bonya . . . fa go dirwa dithabololo tsa nako e telele le phepafatso . . . ka tlhaloso ya diphopholetso ya ditumelo tse di mo Dikwalong tse di Boitshepo, go ne ga simologa thuto ya baengele eo, ka tlhomamisego e e sa tshwaneng, e neng ya nna thuto ya Kereke.” [Mokwalo o o sekameng ke wa rona.] Tumelo ya gago mo baengeleng e ne e tla nonofa go le kana kang fa o ne o itse gore e theilwe mo “tlhaloso[ng] ya diphopholetso”?

Se se kgatlhisang, dipharologano tsa mogopolo mo kgannyeng eno di teng le eleng mo Kerekeng ya Katoliki. Malebana le gore baengele ba ne ba bopiwa leng, Enciclopedia de la Religión Católica e tlhalosa jaana: “Go ya ka pono ya bofatere ba Gerika, baengele ba ne ba bopiwa pele ga lefatshe le le bonalang, mme pono ka bophara ya bofatere ba Balatine ke gore ba ne ba bopiwa moragonyana. Lefa go le jalo, pono e e nang le baema-nokeng ba bantsi ke gore ba ne ba bopiwa ka nako e le nngwe fela le lefatshe.” Go sa tlhomamisegeng moo go baka tlhakatlhakano mo megopolong ya batho le go dira gore go nne le tlhotlheletso ya tshekamelo e e isang kwa go sa dumeleng gompieno.

Ra-dikitso mongwe wa Mojuda, Philo, o ne a ganetsa ka gore baengele e ne e le fela “ditshupo le dinonofo tsa lobopo.” Fa dingwaga di ntse di feta, baithuta-bomodimo ba ne ba ganetsana ka dikgang tse di senang mosola mabapi le tlhago le dipopego tsa baengele, jaaka potso e e senang mosola e e reng, Go ka ema baengele ba le kae mo ntlheng ya lomao? A go a gakgamatsa go bo batho ba le bantsi mo motlheng wa segompieno ba ikgethela go sa dumele mo baengeleng?

Tebang le ditumelo tse di farologaneng tsotlhe tseno, ke eng fa o sa tlhatlhobe seo Bibela ka boyone e se buang kaga baengele? Seno se tla re thusa go bona dikarabo tse di tlhomameng kaga dipotso tse di tshwanang le: A baengele ke ba mmatota? Fa go ntse jalo, a ba kile ba tsenelela mo dikgannyeng tsa batho? Mme, se se botlhokwa bogolo, a baengele ba ka ama botshelo jwa gago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela