LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/1 ts. 28-30
  • A O Bona Fela Tebego ya Kafa Ntle?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Bona Fela Tebego ya Kafa Ntle?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Tlhomile Sekao
  • A O ‘Atlhola ka Katlholo e e Siameng’?
  • O Seka wa Lebelela go Feta Kafa Modimo o Lebeletseng ka Gone
  • Matswela a a Molemo a a Tlang ka go Leba ka kwa ga Ditebego tsa Kafa Ntle
  • Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • O se Ka wa Leba Ponalo Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • A o Bona Bokafantle Fela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • A o Tshwanetse go Laolwa ke Boikutlo jo o Nnang le Jone ka Motho fa o Mmona la Ntlha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/1 ts. 28-30

A O Bona Fela Tebego ya Kafa Ntle?

HEINZ, mosha yo o tletseng letlhoo, o ne a rulaganyetsa go bolaya rraagwe wa bobedi. Se se itumedisang, o ne a seka a nna pelokgale go dira jalo. Dingwaga di le mmalwa moragonyana o ne a swetsa go ipolaya mme le gone a seka a kgona go go dira. O ne a tsenelela mo go utsweng le mo go rekiseng diokobatsi, mme o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya gone. Morago lenyalo la gagwe le ne la thubega.

Gompieno Heinz ga a tlhole a tshwakgotswe ke diokobatsi. Mme o tshela ka boikanyegi. O na le lenyalo le le itumetseng le kamano e e molemo le rraagwe wa bobedi. Ke eng seo se neng sa dira diphetogo tseno? O ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Tsela eo a neng a leba botshelo ka yone e ne ya simolola go fetoga ka bonya.

Ga go belaetse, gore bontsi jo bo neng bo itse Heinz pele bo ne bo sweditse ka gore ga a kake a fetoga. Ka boitumelo jaaka batho ba bangwe ba ba tshwanang le ene, Modimo ga o a ka wa mo leba jaaka yo a ka sekang a gololwa. Ke ka ntlhayang go se jalo? Lebaka ke gore: “U se ka ua leba sehatlhōgō sa gagwè, leha e le go gola ga gagwè; gonne ke mo gannè: ka go bo Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.”—1 Samuele 16:7.

Ke yone pharologanyo e kgolo e e leng gone fa gare ga motho le Modimo. Re sekametse mo go atlholeng fela ka tebego ya kafa ntle. Re bua le eleng gore “se se bonwang lantlha ke sone se se tshwarelelang.” Ka mafoko a mangwe, re sekametse mo go tlhopheng batho ka motheo wa kafa ba itshwarang ka gone lantlha. Mme Modimo, ka go bo o kgona go bona pelo, o siame ebile ga o tlhaole. Mme ke ka ntlha ya moo a neng a romela morwawe, Jesu Keresete, mo lefatsheng gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Timotheo 2:4) Mo kgannyeng eno, Bakeresete ba ba ineetseng ba na le tshiamelo ya go nna “badihi mmōgō le Modimo” ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo bathong botlhe. (1 Bakorintha 3:9) Lefa go le jalo, Bakeresete ba na le makoa a bone—ga ba kgone go bona dipelo tsa batho. Ka gone ga ba a tshwanela go tlhaola ebile ba tshwanetse go tila go se tsiediwe ke tebego ya kafa ntle.

Morwarraagwe Jesu yo mongwe o ne a lemoga kotsi eno mo phuthegong ya pele ya Bakeresete. O ne a bua jaana: “Ba ga echo, lo se ka loa pataganya go dumèla ga lona mo go Morèna oa rona Yesu Keresete, Morèna oa kgalalèlō, le go tlhaola batho. Gonne e re ha go tsèna mo tluñ ea lona ea thutō monna moñwe a rwele lenyena ya gouda, me a le diaparō dintlè; me go ba go tsèna mohumanegi eo o diaparō di mashwè; Me ha lo tlhōkōmèla eo o apereñ diaparō tse dintlè, . . . A megopolō ea lona ga ea kgaogana, a ga loa cwa baatlhodi ba ba megopolō e e boshula?” Mo motheong wa seno, a ka dinako dingwe re atlhola batho bangwe ba e leng lantlha ba tla kwa Holong ya Bogosi ka mo go sa siamang?—Yakobe 2:1-4.

Jesu o Tlhomile Sekao

Jesu o ne a leba batho, eseng jaaka baleofi ba ba ka sekang ba gololwa, mme jaaka batho ba ba tlhoafetseng bao ba batlang go fetoga fa ba neelwa thuso e ba e tlhokang le go tlhotlhelediwa sentle. Ke ka ntlha ya gone moo a “intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.” (1 Timotheo 2:6) Mo tirong ya gagwe ya go rera, o ne a seka a leba ope yo o nang le pelo e e siameng jaaka yo a ka sekang a fitlhelelwa ebile a sa tshwanela go tlhokomelwa. Pono ya gagwe ka batho e ne e sa senole maikutlo a boikgogomoso le go iteba a siame.—Luke 5:12, 13.

O ne a sa tshwane le Bafarisai ba re balang jaana ka bone: “Me bakwadi ba Bafarisai, ba re ba bōna ha a ya le baleohi le bakgethisi, ba raea barutwa ba gagwè, ba re, O ya aa nwa le bakgethisi le baleohi. Me ea re Yesu a utlwa, a ba raea, a re, Ba ba itekanetseñ ga ba dihe ñaka sepè, ha e se ba ba lwalañ hèla: ga kea tlèla go bitsa basiami, ha e se baleohi hèla.”—Mareko 2:16, 17.

Legale, seno ga se reye gore Jesu o ne a mpampetsa go sa ikanyegeng le ditiro tse di maswe tseo di neng di dirwa ke baleofi le bakgethisi. Mme o ne a itse gore batho bao ba ne ba iphitlhela ba le mo tseleng e e phoso ya botshelo, gongwe le eleng ba sa itemoge kana ka ntlha ya maemo a go leng bokete go a laola. Ka gone o ne a bontsha gore o a tlhaloganya, “a ba tlhomogèla pelo, ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa.” (Mareko 6:34) Ka lorato o ne a kgona go bona pharologano fa gare ga ditiro tsa bone tse di bosula le dipelo tsa bone tse di ka tswang di siame.

Fa a ne a dirisana le balatedi ba gagwe, Jesu gape o ne a leba go feta ka kwa ga tebego ya kafa ntle. E ne e le baleofi ba ba neng ba dira diphoso, mme Jesu e ne e se motho yo o itekanetseng yo a sa ba tlhaloganyeng, yo ka dinako tsotlhe a neng a nnela go ba kgalemelela phoso nngwe le nngwe e nnye. O ne a itse gore ba ne ba na le maikaelelo a a molemo kana, jaaka re ka bua gompieno dipelo tsa bone di ne di siame. Ba ne ba tlhoka thuso le kgothatso; mme mo go neyeng seo, Jesu o ne a aba mo gogolo. Ga go belaetse gore o ne a bona batho ka tsela e Modimo o ba bonang ka yone. A re leka go etsa sekao sa gagwe se sentle?

A O ‘Atlhola ka Katlholo e e Siameng’?

Ka nako nngwe Jesu o ne a lebagana le setlhopha sa bangongoregi ba ba iphakang ba siame ba ba neng ba tshwenngwa ke go bo a ne a dirile tiro nngwe ya go fodisa ka Sabata. O ne a ba raya a re: “Se atlholeñ kaha ponoñ ea matlhō, me atlholañ ka katlholō e e siameñ.” Ke ka ntlhayang fa ba ne ba sa ipelele go bona Jesu jaaka modira-dikgakgamatso yo a neng a ‘fodisa motho’ go na le go nna “bogale” le go mmona jaaka yo o tlolang molao wa Sabata? Go atlhola ka tebego ya kafa ntle, go ne ga supa maikaelelo a bone a a bosula. Ba ne ba senola gore katlholo ya bone e ne e le ya go ipona ba siame ebile ka nako e e tshwanang e ne e sa siama.—Yohane 7:23, 24.

Rona ka borona gongwe re ka dira phoso e e tshwanang jang? Ka go palelwa ke go ipela fa re bona motho yo o ikwatlhaileng a boela mo phuthegong kana fa motho mongwe yo a neng a tseneletse thata mo lefatsheng a ithuta boammaaruri mme a simolola go solegelwa molemo ke phodiso ya semoya. Ka dinako dingwe re ka nna ra atlhola batho ka kapari ya bone e e seng ya Bokeresete kana go ikgabisa mme re bo re ba atlhola ka gore ga ba kake ba nna Basupi. Lefa go le jalo, ba bantsi ba e neng e le ditlhobogwa le ba bangwe ba ba neng ba na le mokgwa wa botshelo o e seng wa Bokeresete kgabagare ba ne ba fetoga Bakeresete ba Basupi ba ga Jehofa. Fa ba ba ntseng jalo ba santse ba dira diphetogo, ga re batle go letla ‘go atlhola ka tebego ya kafa ntle’ go re dira gore re seka ra bona seemo se se molemo sa dipelo tsa bone.

Abo go ka nna botoka jang ne, mme ebile go dumalana le sekao se se molemo sa ga Jesu, go ba rapelela le go ba thusa go fitlhelela kgolo ya Bokeresete! Go senka lebaka la go ba ipelela go ka lebega go se motlhofo. Mme fa Jehofa a ba gogela kwa go ene ka Keresete, re tla bo re le bomang gore re ba gane mo motheong wa rona o o seng wa sepe? (Yohane 6:44) Go atlhola yo mongwe ka go ipona rona re siame, mme ebile re sa itse dipelo tsa bone kana maemo a bone, go ka re baya mo tseleng ya katlholo e e botlhoko.—Bapisa Mathaio 7:1-5.

Go na le go atlhola ba basha bao botlhoko jalo, re tshwanetse go ba thusa, ra ba kgothatsa, ka go ba beela sekao. Lefa go ntse jalo, jaaka re tla bo re ba bontsha bopelonomi, ga re a tshwanela go tlotla fela thata ba basha bano ba ka gongwe ba itsegeng thata mo lefatsheng. Seo e tla bo e le mokgwa mongwe wa go tlhaola. Gape go tla bo go supa go sa goleng mo go rona. Mme fa e le ka motho ka boene, a go ba tlotlomatsa ga rona go tla ba thusa go nna boikobo? Kana, go na le moo, a go tla ba tlhabisa ditlhong?—Lefitiko 19:15.

O Seka wa Lebelela go Feta Kafa Modimo o Lebeletseng ka Gone

Pono ya rona ka ba bangwe e nnye thata fa e bapisiwa le ya ga Jehofa yo a kgonang go bona dipelo. (1 Ditihalō 28:9) Go lemoga seno go tla re thibela go nna Bafarisai ba motlha wa segompieno, re ipona re le tshiamo, re leka go gatelela batho ba bangwe go nna ka tsela e re e itiretseng ya tshiamo e le gore ba nyalane le se re akanyang gore se siame. Fa re leka go bona batho ka tsela e Modimo o ba bonang ka yone, ga re kitla re batla go feta se ene a se batlang mo go bone. Ga re kitla re “hetèla kwa pele ga dilō tse di kwadilweñ.” (1 Bakorintha 4:6) Seno se botlhokwa fela thata gore bagolwane ba Bakeresete ba se tseele mo pelong.—1 Petere 5:2, 3.

Re ka tshwantsha seno ka kgang ya go apara. Seo Bibela e se tlhokang—se se tlhokwang ke Modimo—ke gore diaparo tsa Bakeresete di nne sentle le bophepa, di baakanngwe sentle mme di se supe go tlhoka go nna “bori le tekanō.” (1 Timotheo 2:9; 3:2) Go phepafetse he gore dingwaga di sekae tse di fetileng bagolwane ba phuthego nngwe ba ne ba “hetèla kwa pele ga dilō tse di kwadilweñ” ka go batla gore sebui sengwe le sengwe sa phatlalatsa mo phuthegong se apare hempe e tshweu, le eleng lefa mebala e mengwe ka kakaretso fela e ne e amogelwa mo nageng eo. Dibui tsa baeng tseo di neng di tla di apere dihempe tsa mebala e mengwe di ne di kopiwa go apara nngwe ya dihempe di le mmalwa tse ditshweu tseo di neng di beelwa mabaka a a ntseng jalo a tshoganetso kwa Holong ya Bogosi. Abo re tshwanetse go nna kelotlhoko jang gore re seka ra dira ba bangwe gore ba itshware go ya ka seo rona ka botho re se ratang! Mme abo kgakololo eno ya ga Paulo e tshwanela jang ne: “A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe”!—Bafilipi 4:5.

Matswela a a Molemo a a Tlang ka go Leba ka kwa ga Ditebego tsa Kafa Ntle

Fa re lemoga gore ga re kgone go bona dipelo tsa batho go tla re thusa go boloka kamano e e molemo le bao ba re dikologileng, mo teng le ka kwantle ga phuthego ya Bokeresete. Go tla re thusa go akanya sentle ka ba bangwe, eseng go belaela ditiro tsa bone, “gonne e rile galè le rona ra bo re le boeleele, re sa utlwe, re tsiediwa, re dihèla dithatō diñwe le diñwe le dikgatlhègō.” (Tito 3:3) Fa re lemoga seno, re tla batla go rerela mongwe le mongwe, le eleng le bao, go ya ka ditebego tsa kafa ntle, re ka ba bonang ba sa tshwanela. Mo godimo ga moo, tshwetso ya go amogela kana ya go gana boammaaruri ke ya bone. Boikarabelo jwa go bo rerela mongwe le mongwe jone ke jwa rona.

Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa, jaaka Heinz, ba a itumela ka gore ba ile ba amogelwa mo phuthegong ya Bokeresete ke bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba neng ba lebelela ka kwa ga ditebego tsa kafa ntle mme ba seka ba atlhola ka se ba neng ba se bona la ntlha.

Tsaya Frank, yo a neng a tla ka Sontaga nngwe kwa Holong ya Bogosi kwa Jeremane borwa. Ba ba neng ba le gone ba ne ba bona eng? Monna mongwe yo mmotlana yo o botlhaswa yo o ditedu le moriri o o fitlhang mo magetleng, a apere diaparo tse di leswe, a itsiwe ka go tlhola kwa marekisetsong a bojalwa le ka go goga motsoko fela thata—motho yo a latlhileng mosetsana yo a neng a ratana nae le maseanyana a mawelana. Lefa go ntse jalo, o ne a amogelwa ka bothitho kwa dipokanong. Seno se ne sa mo kgatlha tota mo e leng gore beke moragonyana o ne a boa gape. Ba ne ba bona eng ka nako eo? Monna yo mmotlana yo o apereng diaparo tse di phepa. Mo bekeng ya boraro ba ne ba bona monna yo mmotlana yo o tlogetseng go goga motsoko mme jaanong a na le mosetsana yo a ratanang nae le bana ba bone ba babedi. Ka Sontaga sa bonè, ba ne ba bona monna le mosadi ba babotlana ba ba sa tswang go nyalana le go golagana kafa molaong. Ka Sontaga sa botlhano, ba ne ba bona monna yo mmotlana yo o kgaotseng dikgolagano tsotlhe le bodumedi jwa maaka. Gompieno, dingwaga tse nnè morago ga foo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o bega gore ba bona, “lelapa le le kgatlhisang tota leo o ka akanyang gore esale e le bakaulengwe ba rona ka dingwaga tse dintsi.”

Boleng jwa buka ga se ka metlha o ka bo bonang ka khabara ya yone kana ntlo ka tebego ya yone ya kafa ntle. Ka mo go tshwanang, go re motho tota o ntse jang ga go kake ga bonwa ka tebego ya kafa ntle. Bakeresete ba ba lekang go leba batho jaaka Modimo o dira ga ba kake ba atlhola motho ka ponalo ya gagwe ya ntlha. Modimo o tlhokomela “motho eo o sa bōnaleñ oa pelo,” mme re ka lebogela seo.—1 Petere 3:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela