LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/15 ts. 10-15
  • Neela Bosupi ka Jehofa mme O Seka wa Lapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Neela Bosupi ka Jehofa mme O Seka wa Lapa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Amogela Kgwetlho
  • Go Gola ga Bogosi le Pogiso
  • Lekwalo la ga Paulo Le A Le Kwaletseng Bahebera
  • Go Solegelwa Molemo ke Dikao tsa Boikanyegi
  • Re Sa Lape
  • Lebaka la go bo Jehofa a Otlhaya
  • “Tlhōmamishō Kaga Dilō Tse Di Sa Bonweñ”
  • O se Ka wa Lapa mo Lobelong Lwa Botshelo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Itise mo go Tlhokeng Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/15 ts. 10-15

Neela Bosupi ka Jehofa mme O Seka wa Lapa

“A lo ko lo akanyeñ èna eo o ichoketseñ kganèlō e e kalo kalo ea baleohi . . . gore lo tlè lo se ka loa lapa, loa ñodièga mo meoeñ ea lona.”—BAHEBERA 12:3.

1, 2. Ke bosupi bofe jo bo tlhatswang pelo jo Jesu a neng a bo neela barutwa ba gagwe jwa gore o ne a tsogile?

“KE BONYE Morèna”! Maria Magadalena o ne a itsise dikgang tsa go tsoga ga ga Jesu ka mafoko a a gakgamatsang ao. (Yohane 20:18) Seno se ne se tshwaya tshimologo ya malatsi a le 40 ao a neng a tletse ditiragalo tse di kgatlhisang mo barutweng ba ga Keresete, bao pele ba neng ba utlwisitswe botlhoko ke loso lwa gagwe.

2 Jesu o ne a batla go tlogela barutwa ba gagwe ba sena pelaelo epe mo megopolong ya bone gore ruri o ne a tshela. Ka jalo, jaaka fa Luke a tlhalosa: “[Jesu] a ba ipōntsha a tshedile moragō ga losho loa gagwè, ka dichupō di le dintsi, a bōnala mo go bōnè ka lobaka loa malatsi a mashomè manè.” (Ditihō 1:3) Totatota, ka nako nngwe o ne a “bōnwa ke badumedi ba ba hetañ makgolo matlhano ka lobaka lo le loñwe hèla.” (1 Bakorintha 15:6) Eleruri, jaanong ba ne ba ka seka ba tlhola ba nna le lebaka lepe le lengwe la go nna le pelaelo. Jesu o ne a tshela!

3. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa potso efe malebana le Bogosi, mme ke ka ntlhayang fa karabo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa?

3 Barutwa ba ga Jesu ka nako eo ba ne ba akanya fela ka “bogosi yoa Modimo” jwa selefatshe, jo bo neng bo tla busediwa Iseraele gape. (Luke 19:11; 24:21) Ka jalo ba ne ba botsa Jesu jaana: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” Kwantle ga pelaelo karabo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa, ka gonne o ne a re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè. Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:6-8) Abo barutwa bano jaanong ba ne ba beetswe kgwetlho e kgolo jang ne mo pele ga bone! Mme abo ba ne ba na le boikarabelo jo bogolo jang ne! Ba ne ba ka kgona jang go swetsa tiro eno? Karabo e ne ya tla ka bonako ka mokgwa o o gakgamatsang.

Go Amogela Kgwetlho

4. Tlhalosa seo se neng sa direga ka letsatsi la Pentekosete.

4 Luke o bega jaana: “Me e rile letsatsi ya Pentekoste le setse le hitlhile, ba bo ba le mmōgō botlhe hèla mo heloñ go le goñwe hèla. Me ka choganeco ga cwa moshumō kwa legodimoñ, ekete oa sehehō se segolo se se cubutlañ, me oa tlala ka ntlo e ba dutseñ mo go eōna. Me ga bōnala mo go bōnè diteme tse di patologanañ, ekete tsa molelō; me oa nna mo go moñwe le moñwe oa bōnè. Me botlhe ba tladiwa Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua ka dipuō di sele, kaha Mōea o ba neèlañ molomo ka gōna.” Modumo ono o ne o le mogolo jaana mo eleng gore o ne wa ba wa gogela tlhokomelo ya matshutitshuti a Bajuda bao ba neng ba le mo Jerusalema ba tlile moletlong oo. Ba ne ba gakgamala go utlwa ‘kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo ka dipuo tsa bone.’—Ditihō 2:1-11.

5. Polelelopele ya ga Jesu e e mo go Ditihō 1:8 e ne ya diragadiwa ka bonako go ya bokgakaleng bofe?

5 Petere ga a ka a senya nako ka gope malebana le go neela puo ka matlhagatlhaga, a bontsha kwantle ga pelaelo epe gore “Yesu oa Nasaretha,” yo ba mmapotseng, e ne e le “Morèna” yo o neng a bolelelwa pele ke Dafide ka mafoko ano: “Yehofa o reile Morèna oa me, a re, Dula kaha cogoñ ya me ye legolo, Ke tlè ke tsamaeè ke dihè baba ba gago sebèō sa dinaō tsa gago.” Ereka ba ne ba tlhabegile mo pelong, bareetsi ba ga Petere ba ne ba botsa jaana: “Bakauleñwe, re tla dihañ?” Petere fa a ba araba o ne a ba kgothaletsa jaana: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete.” Go ne ga felela ka eng? Ba le dikete di le tharo ba ne ba kolobediwa! (Ditihō 2:14-41) Go ne go setse go neelwa bosupi kwa Jerusalema. Moragonyana, bo ne jwa atologela kwa Judea yotlhe, morago ga moo le kwa Samaria, mme kgabagare “le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Tiro eno ya go rera ka Bogosi e ne e gola ka bofefo jaana mo eleng gore mo e ka nnang ka 60 C.E. moaposetoloi Paulo o ne a ka bolela gore mafoko a a molemo a “[reretswe] lobopō lotlhe tlhatse ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.

Go Gola ga Bogosi le Pogiso

6, 7. (a) Go atologa ga Bogosi le go bogisiwa ga Bakeresete di ile tsa nna tsa tsamaya jang mmogo mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Go ne ga tsoga tlhokafalo efe e e potlakileng mo gare ga Bakeresete ba kwa Jerusalema, mme tlhokafalo eno e ne ya kgotsofadiwa jang?

6 Go ise go ye kae morago ga Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ne ba nna le lebaka la go gakologelwa mafoko ano a gagwe: “Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Yohane 15:20) Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba galefa thata fa ‘lefoko la Modimo le ne le tota, le palo ya barutwa e ntsifala mo gogolo thata mo Jerusalema.’ Morutwa Setefane o ne a kgobotlediwa ka maje, a latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka. Seno se ne sa bonala jaaka sesupo seo ba le bantsi ba neng ba se letetse, ka gonne ka “letsatsi yeuō hèla, phuthègō e e mo Yerusalema ea cogèlwa ke pogishō e kgolo, me botlhe ba halalèla mo mahatshiñ a Yudea le Samaria, ha e se baaposetoloi ba le bosi hèla.”—Ditihō 6:7; 7:58-60; 8:1.

7 Pogiso e ne ya kokobela ka nakwana. Mme ka bonakonyana fela morago ga moo, Herode Agaripa I o ne a bolaya moaposetoloi Jakobe. Petere o ne a tsenngwa mo kgolegelong mme o ne a gololwa ke moengele. Moragonyana bakaulengwe kwa Jerusalema ba ne ba tseelwa ditsabone, mme badumedi ka bone go tswa kwa mafelong a mangwe ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ba romelele thuso. (Ditihō 9:31; 12:1-11; 1 Bakorintha 16:1-3) Fa moaposetoloi Paulo a ne a etetse kwa Jerusalema, go ne ga bonala fa go ne go na le botlhogoethata mo bodumeding fa bontsintsi jwa batho bo ne bo opa mokgosi jaana: “A motho eo o nntseñ yana a tlosiwè mo lehatshiñ: gonne ga goa chwanèla ha a ka tshela”! (Ditihō 22:22) Eleruri, Bakeresete bao ba neng ba nna kwa Jerusalema le kwa Judea ba ne ba tlhoka kgothatso e e oketsegileng gore ba tswelele ba neela bosupi kaga Bogosi ka boikanyego. Jesu o ne a solofeditse barutwa ba gagwe gore “moea o o boitshepo, o Rara a tla o romelang ka leina ja me,” o ne o tla direla jaaka “mothusi.” (Yohane 14:26, NW) Mme jaanong Rara o ne a tla tlamela jang ka thuso eno e e tlhokafalang kana ka kgomotso eno? Bontlhabongwe jwa karabo eno bo ne jwa tla ka moaposetoloi Paulo.

Lekwalo la ga Paulo Le A Le Kwaletseng Bahebera

8. (a) Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Paulo gore a kwale lekwalo la gagwe a le kwalela Bahebera? (b) Re tlile go tlhoma tlhokomelo ya rona mo karolong efe ya lekwalo la gagwe, mme ka ntlhayang?

8 Mo e ka nnang ka 61 C.E., Paulo o ne a tsenngwa mo kgolegelong kwa Roma, mme o ne a itse kaga seo se neng se diragalela bakaulengwe ba gagwe kwa Jerusalema. Ka jalo, o ne a kwala lekwalo la gagwe le le mo nakong a le kwalela Bahebera a kaelwa ke moya wa ga Jehofa. Le na le go amega ka tsela e e lorato ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bahebera. Paulo o ne a itse seo ba neng ba se tlhoka gore ba godise tumelo ya bone le ikanyo ya bone mo go Jehofa jaaka Mothusi wa bone. Mme fa ba dira jalo ba ne ba ka kgona go ‘siana ka bopelotelele tshiano eo ba e beilweng pele’ mme ba kgona go bua jaana ka tsholofelo: “Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?” (Bahebera 12:1; 13:6) Jaanong re rata go tlhoma megopolo ya rona mo karolong eno ya lekwalo la ga Paulo leo a neng a le kwalela Bahebera (dikgaolo 11-13). Ka ntlhayang? Ka gonne boemo jo Bakeresete bao ba pele ba neng ba lebane le jone bo tshwana le joo bo lebaneng Basupi ba ga Jehofa gompieno.

9. Ke kgang efe eo e neng e lebane Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga eo e lebaneng Bakeresete gompieno, mme go ka lebanwa le yone jang fela?

9 Mo losikeng lono lwa rona, bontsintsi jwa batho ba ile ba arabela molaetsa wa Bogosi sentle ka go ineela mo go Jehofa mme ba kolobediwa jaaka Basupi ba gagwe. Lefa go le jalo, pogiso e e botlhoko e ile ya nna ya tsamaisana le go atologa gono ga kobamelo ya boammaaruri, Bakeresete ba le bantsi ba ile ba bo ba latlhegelwa le ke matshelo a bone jaaka fa Setefane, Jakobe, le basupi ba bangwe bao ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba latlhegelwa ke jone. Ka ntlha ya moo, ga jaanong go santse go na le kgang e e tshwanang le eo e neng e le gone ka nako eo: Ke bomang bao ba tla kgonang go ema fa bothokgami jwa bone bo lekwa ka kganetso eo e ntseng e gola ya molaetsa wa Bogosi? Mo godimo ga moo, ke bomang bao ba tla kgonang go itshokela ditiragalo tse di boifisang jaaka fa “sepitla se segolo” seo se se kakeng sa lekanngwa le sepe se tla akofang se wela losika lwa ga jaanong? (Mathaio 24:21) Karabo ke gore, bao ba ikemiseditseng go “tlhabana ntwa e e molemo ea tumèlō,” bao ba ‘nitameng mo tumelong.’ Bano ke bao e tla reng kgabagare ba kgone go re: “E ke eōna phenyo e e henyañ lehatshe, eboñ tumèlō ea rona.”—1 Timotheo 6:12; 1 Petere 5:9; 1 Yohane 5:4.

Go Solegelwa Molemo ke Dikao tsa Boikanyegi

10. (a) Tumelo ke eng? (b) Modimo o ne o ikutlwa jang ka banna le basadi ba tumelo ba metlha ya bogologolo?

10 Tumelo ke eng? Paulo o araba jaana: “Tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ. Gonne bagolo ba bogologolo ba neilwe chupō ba le mo go eōna.” (Bahebera 11:1, 2) Morago ga moo Paulo o tshegetsa seo a se tlhalositseng ka tumelo ka go bontsha ka moo tumelo eno e neng ya bontshiwa ka gone. O tlhalosa dintlha-kgolo dingwe ka tsela e e kgatlhisang tse di malebana le matshelo a bangwe ba ‘banna ba bogologolo’ gammogo le basadi ba ba jaaka Sara le Rahabe. Abo go kgothatsa jang ne go lemoga gore ‘Modimo ga o ba tlhabelwe ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bona’! (Bahebera 11:16) A Modimo o ka bua se se tshwanang ka rona ka ntlha ya tumelo ya rona? Ekete re ka dira gore a seka a nna le lebaka lepe la go re tlhabelwa ke ditlhong fa letsatsi lengwe le lengwe le dikela.

11. Rona gompieno re ka solegelwa molemo jang ke ‘boidiidi jo bo kalo jwa basupi bao ba re dikaganyeditseng’?

11 Morago ga pego ya banna ba ba ikanyegang le basadi ba ba ikanyegang bano, Paulo o bolela jaana: “Me ke gōna, ereka re dikanyedicwe ke boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele.” (Bahebera 12:1) Lemororo jaanong ba robetse mo mabitleng, a basupi bano ba ba re tlhometseng sekao ba ba ikanyegang ba a tshela mo megopolong ya rona? A wa ba itse gammogo le go itse maitemogelo a bone sentle gore o ka araba wa re ee? Eno ke e nngwe ya maduo a mantsi a go ithuta Bibela ka metlha, re dirisa dirwe tsotlhe tsa rona tsa kutlo go dira gore maitemogelo ano a a kgatlhisang a “boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi” a tshele gape. Eleruri, fa re tsaya sekao sa bone sa boikanyegi tsia seo se tla re thusa thata gore re fenye go tlhaela gope ga tumelo. Gape, seno se tla re thusa gore re neele bosupi malebana le boammaaruri ka bopelokgale mme re sa tshabe sepe tlase ga maemo otlhe.—Baroma 15:4.

Re Sa Lape

12. (a) Sekao sa ga Jesu se ka re thusa jang gore re seka ra ‘lapa le go ngodiega mo meweng ya rona’? (b) Ke dikao dife tsa motlha wa segompieno tsa bao ba ileng ba seka ba lapa?

12 Sekao sa rona se segolo go gaisa tsotlhe sa tumelo ke Jesu. Paulo o kgothaletsa jaana: “A re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele, Re nntse re lebile [ka tlhomamo, NW] kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, . . . A lo ko lo akanyeñ [ka masisi, NW] èna eo o ichoketseñ kganèlō e e kalo kalo ea baleohi ba ba ikganetsañ, gore lo tlè lo se ka loa lapa, loa ñodièga mo meoeñ ea lona.” (Bahebera 12:1-3) O ile wa akanya ka sekao sa ga Jesu “ka masisi” go le kana kang? O ile wa leba “ka tlhomamo” go le kana kang mo go ene? (1 Petere 2:21) Satane o batla gore ‘re lape mme re ngodiege mo meweng ya rona.’ O batla gore re tlogele go dira tiro ya go neela bosupi. O dira seno jang? Ka dinako tse dingwe o dira seno ka kganetso e e tlhamaletseng go tswa mo balaoding ba bodumedi le ba lefatshe, jaaka fa a ne a dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ngogola, tiro ya go rera ka Bogosi e ile ya thibelwa mo dinageng di ka nna 40. A mme seo se ile sa lapisa bakaulengwe ba rona? Nnyaa! Tiro ya bone eo ba e dirang ka boikanyego e ile ya feleletsa ka gore ba le 17 000 le go feta ba kolobediwe mo mafatsheng ao ka 1988. Abo seno se tshwanetse sa nna tlhotlheletso jang ne mo go botlhe ba ba tshelang mo dinageng tseo ba santseng ba gololesegile ka tsela e e rileng mo go tsone! A re seka ra lapa leka motlha ope go rera mafoko a a molemo a Bogosi!

13. (a) Dingwe tsa dilo tse di itswakeditseng tseo di ka re dirang gore re lape mo tirong ya rona ya go rera ke dife? (b) ‘Boitumelo jo bo neng bo beilwe Jesu pele,’ e ne e le bofe, mme re ka nna jang le boikutlo jono jwa boipelo jo bo tshwanang le joo?

13 Lefa go le jalo, go na le dilo tse dingwe tse dinnye tse di ka nnang tsa re dira gore re lape. Tseno di akareletsa go ganediwa mo legaeng le le kgaoganeng ka bodumedi, go gatelelwa mo maikutlong, mathata a tsa pholo, tlhotlheletso e e tswang mo balekaneng, go kgobega marapo ka ntlha ya go bo go sena karabelo e e siameng mo tirong ya rona ya go rera, kana gongwe go ikutlwa re fela pelo ka ntlha ya go bo bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ise bo tle. Mme gone, ke eng seo se neng sa thusa Jesu gore a itshokele go bogisiwa mo mogopolong le mo mmeleng? E ne e le “boitumèlō yo o bo beecweñ pele.” (Bahebera 12:2) Jesu o ne a tshegeditswe ke boipelo jwa go dira gore pelo ya ga Rraagwe e itumele ka go Mo tlotlomatsa le go lebelela pele boitumelo jo bo neng bo tla tla moragonyana jo a neng a tla nna le jone jwa go diragatsa masego a a gakgamatsang a Bogosi jwa Bomesia. (Pesalema 2:6-8; 40:9, 10; Diane 27:11) A re ka latela boikutlo jono jo bo itumedisang jo Jesu a neng a na le jone re bo latela ka tlhomamo? Ebile gakologelwa seo Petere a neng a re tlhomamisetsa sone mo go 1 Petere 5:9: “Cōna dipogishō tseuō di dihalèla bakauleñwe ba lona ba ba mo lehatshiñ.” Fa re itse gore Jehofa o na le kutlwisiso, re utlwa kafa bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara bo leng bothitho ka gone, mme re tsepamisa matlho a rona mo maipelong a a kwa pele ga rona tlase ga puso ya Bogosi—seno sotlhe se tla re thusa gore re seka ra lapa fa re direla Jehofa ka tumelo le ka go rera ka nako ya fa bokhutlo bo le gaufi jaana.

Lebaka la go bo Jehofa a Otlhaya

14. Go ka nna le melemo efe ka ntlha ya diteko le dipogo tseo re ka nnang ra tshwanelwa ke go di itshokela?

14 Paulo jaanong o re phepafaletsa lebaka la go bo re ka nna ra tshwanelwa ke go itshokela diteko le dipogo. O akantsha gore re lebe seno jaaka mofuta mongwe wa kotlhao. Paulo o akantsha jaana: “Morwaaka, se nyatse koatlhaō ea ga Yehofa, u bo u se ñodiege ha u kgalemèlwa ke èna; Gonne eo Yehofa o mo ratañ oa tla a mo oatlhaee.” (Bahebera 12:5, 6) Tota le eleng le Jesu o ne a “ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ.” (Bahebera 5:8) Eleruri, le rona go tlhokega gore re ithute kutlo. Tlhokomela ditlamorago tse di molemo tse di nnang gone fa re letla gore kotlhao e re fetole. Paulo o ne a bolela jaana: “Ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwele louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.” Abo seno se kgothatsa jang ne!—Bahebera 12:11.

15. Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo ya gore re ‘boloke tsela e e siameng ya maoto a rona’?

15 Fa re amogela “koatlhaō ea ga Yehofa” ka tsela eno, re tla tsaya kgakololo eno e e molemo ya ga Paulo tsia: “Ke gōna, choletsañ mabōgō a a lepeletseñ, le mañōlè a a reketlañ; Me lo dihèlè dinaō tsa lona ditsela tse di siameñ.” (Bahebera 12:12, 13) Ka dinako tse dingwe go bonolo thata go fapoga mo ‘tseleng e tshesane e e isang botshelong.’ (Mathaio 7:14) Moaposetoloi Petere le ba bangwe kwa Antioka ba kile ba nna le molato wa go dira seno. Ka ntlhayang? Ka gonne ba ne “ba sa sepele ka tshiamō kaha boamarureñ yoa Mahoko a a Molemō.” (Bagalatia 2:14) Gompieno, re tshwanetse ra nna re reetsa Morutisi wa rona yo Mogolo, ebong Jehofa Modimo. Re tshwanetse ra dirisa dithuso tseo re di neelwang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” re di dirise ka botlalo. Seno se tla tlhomamisa gore maoto a rona a nne le ‘tsela e e siameng.’—Mathaio 24:45-47; Isaia 30:20, 21.

16. (a) “Mecwe meñwe e e galakañ” e ka tlhaga jang mo phuthegong? (b) Ke ka ntlhayang fa Paulo a golaganya boitshwaro jo bo maswe le go tlhaela go anaanela dilo tse di boitshepo, mme re ka itlhokomela jang kgatlhanong le dikotsi tseno?

16 Morago ga moo Paulo o tlhagisa gore re tshwanetse ra “[ikela] sedi, e se re kgotsa go bo go le motho moñwe eo o tlhaèlañ tshegōhaco ea Modimo; e se re kgotsa mocwe moñwe o o galakañ oa mela, oa lo chwenya, me batho ba le bantsi ba leshwèhadiwa ka gōna.” (Bahebera 12:15) Go nna re ngongorega, re sa kgotsofale, re tshwaya tsela eo dilo di dirwang ka yone mo phuthegong diphoso go ka tshwana le “mocwe moñwe o o galakañ” o o ka namang ka bonako mme wa tshela dikakanyo tse di phepa tsa ba bangwe mo phuthegong botlhole. Re ka tlosa dikgopolo tseno tse di bosula ka go nna re tlhatlhanya ka masego a mantsi ao boammaaruri bo a lerileng mo botshelong jwa rona. (Pesalema 40:5) Kotsi e nngwe ke ya go nna le ditshekamelo tsa boitshwaro jo bo maswe kana go ‘tlhaela kanaanelo ya dilo tse di boitshepo, jaaka Esau.’ (Bahebera 12:16) Paulo o golaganya dikotsi tse pedi tseno mmogo, ereka e nngwe e ka gogela kwa go e nngwe bonolo fela. Ga go na Mokeresete ope yo o tshwanetseng a ineela mo dikeletsong tseno tsa bogagapa fa a dirisa mafoko ano a ga Petere: “Lo èmalanè [le Diabolo] lo nitame mo tumeloñ ea lona.”—1 Petere 5:9.

“Tlhōmamishō Kaga Dilō Tse Di Sa Bonweñ”

17. Bapisa ditiragalo tse di boifisang tsa kwa Thabeng ya Sinai le tseo di lebaneng Bakeresete gompieno.

17 Tumelo ya rona e ikaegile thata ka “tlhomamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” (Bahebera 11:1) Dingwe tsa dilo tse di sa bonweng tseno Paulo o tswelela a bua ka tsone mo go Bahebera 12:18-27. O tlhalosa ditiragalo dingwe tse di boifisang tseo di neng tsa direga kwa Thabeng ya Sinai fa Modimo o ne o bua ka tlhamalalo le Iseraele le fa Moshe a ne a bolela jaana: “Ke boiha thata, ke bile kea roroma.” Morago ga moo moaposetoloi yono o oketsa jaana: “Me lona lo tsile mo thabeñ ea Siona, le mo motsiñ oa Modimo o o tshedileñ, mo Yerusalema oa selegodimo, le mo mashomōshomoñ a a senañ palō a baengele.” Mo kgannyeng ya Baiseraele ba bogologolo kwa Thabeng ya Sinai, Paulo o ne a bolela gore, lentswe la Modimo le ne la reketlisa lefatshe, mme jaanong O solofeditse, a bolela jaana: “Ke sa nntse ke tla roromisa gañwe hèla, e señ lehatshe hèla, me le yeōna legodimo.” Lemororo mafoko ano a kwaletswe Bakeresete ba ba tloditsweng thatathata, ba “boidiidi yo bogolo” jwa dinku di sele le bone ba ka a tsaya tsia. (Tshenolō 7:9) A o lemoga seo Paulo a se bolelang ka botlalo? Re eme mo pele ga phuthego ya baengele ba ba dikete tse di masomesome. Ebile, re eme gape lefa pele ga ga Jehofa. Kafa letsogong ja gagwe ja moja go eme Jesu Keresete. Eleruri, re mo boemong jo bo boifisang thata ebile re na le boikarabelo jo bogolwane thata go na le joo Bahebera bao ba bogologolo kwa Thabeng ya Sinai ba neng ba na le jone! Mme gakologelwa, go reketlisiwa ga kwa ntweng ya Hara–Magedona eo e tlang go tla fedisa legodimo la ga jaanong le le boikepo le lefatshe. Eleruri gompieno ga se nako ya go “tlogela” go reetsa Lefoko la Modimo le go le ikobela!

18. Re ka kgona jang fela gore re tswelele re neela bosupi ka Jehofa, re sa lape?

18 Eleruri he, re tshela mo nakong e e boifisang thata mo hisitoring ya motho. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re ile ra romelwa kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa lefatshe go ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo. Gore re dire jalo, re tshwanetse ra nna le tumelo eo e ka se kakeng ya tshikinngwa, tumelo eo e sa lapeng, tumelo eo e re kgontshang go amogela kotlhao ya ga Jehofa. Fa re na le tumelo e e ntseng jalo, re tla fitlhelwa re le gare ga bao ba tla “[nnang] le tshegōhaco e re ka dihañ tihō e e kgatlhañ Modimo ka eōna, ka tshisimogō le poihō.” (Bahebera 12:28) Ee, mme re tla tswelela re neela bosupi ka Jehofa mme re sa lape.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa lekwalo la ga Paulo le a neng a le kwaletse Bahebera le le molemo mo go rona?

◻ Ke kgang efe eo Bakeresete ba tshwanetseng ba lebana le yone gompieno?

◻ Re ka solegelwa molemo jang ke basupi ba ba ikanyegang ba bogologolo?

◻ Ke ka ntlhayang fa Jehofa a otlhaya bao a ba ratang?

◻ Selo sa konokono seo se ka re thusang go neela bosupi re sa lape ke eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela