Ditshwantso go Tswa Lefatsheng le le Solofeditsweng
Go Tswa Tabora go Ya Phenyong!
AKANYA o le mo toreng mme fa o leba kwa tlase o bona lefelo koo dilo tse dintsi tse di diragetseng mo hisitoring! O ka kgona go bona hisitori fela jaaka e ntse.
Lefelo la Bibela la Megido le ka tshwanela tlhaloso eo, ka go bo e ne e le leo go fetang gone bagwebi le masole. Lefa go le jalo, Thaba ya Tabora e kgabaganya Mokgatšha wa Jesereela, oo o okametseng Via Maris, tsela e e itsegeng thata ya metsemegolo ya Naga e e Nonneng.a
Fa o lebelela Tabora go tswa felo gope fela mo lefelong leo, o ka kgatlhega tota. (Bapisa Yeremia 46:18.) Tabora e farologana le mafelo a a mo tikologong ka bontle, setlhoa sa yone ebile se bonala go tswa dintlheng tsotlhe. E bogodimo jo bo fetang mabala a a fa pele ga yone kafa borwa, Mokgatšha o o nonneng wa Jesereela, o o tshwaraganyang lotshitshi lwa lewatle le Mokgatšha wa Joredane.
Fa o pagame mo setlhoeng se se kgolokwenyana sa Tabora, o ka lebelela kwa borwa bolebana le motse wa Jesereela, seo se ka go gakololang fa Jehu a siana ka kara e e bofefofefo a ya kwa bonnong jwa segosi jwa ga Ahabe le go senngwa go go tlhabisang ditlhong ga ga Jesebele. (1 Dikgosi 21:1; 2 Dikgosi 9:16-33) Megido e gaufi le foo. Go ya kafa bophirima o ka bona thaba ya Karamele, koo Elija a neng a dira teko ya gagwe ya molelo gone. (1 Dikgosi, kgaolo 18) Go tswa kwa Tabora o ka kgona go bona gape le koo Noka ya Kishone e tshelang metsi a yone mo lewatleng gone, le dithaba tse di kwa tlase tsa Galilea kwa Nasaretha tse di ka nnang dikilometara di le robedi kafa bophirima jwa borwabophirima.
Mme ke ditiragalo dife tsa Bibela tseo o di gakologelwang fa go umakiwa Tabora? Gongwe ke ya ga Debora le Barake. Mo nakong ya bone, Bakanana ba ne ba gatelela Baiseraele ka dingwaga di le 20 fa ba ne ba busiwa ke Kgosi Jabine wa Hasora. Moperofeti wa mosadi Debora o ne a tlhotlheletsa Barake go dira sengwe. Ene o ne a rulaganya Baiseraele ba le dikete di le lesome, bao bontsi jwa bone e neng e le ba lotso lwa Nafetali le Sebulone kwa Galilea mme a ba laela go phuthegela kwa Tabora. Ba ne ba sena ditlhabano tse di lekaneng, ka gonne go ne go sena lefa e le thebe kana lerumo mo Iseraele.—Baatlhodi 5:7-17.
Go ne ga tla masole a a tshosang a le mantsi a a nang le ditlhabano kgatlhanong le bone. Mookamedi wa ga Jabine ebong Sisera go lebega a ne a tla le masole a Bakanana ao a neng a na le ditlhabano di le dintsi kwa Mokgatšheng wa Jesereela. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba lebega jaaka banna bao ba tshwantshitsweng mo loboteng kwa Egepeto, jaaka ba ba tshwantshitsweng mo tsebeng e e latelang, kwa godimo kafa mojeng. Ditlhabano tsa ntwa tsa Kanana di ne di dirilwe go tshwana le tseo di neng di dirisiwa kwa Egepeto, go akaretsa le karolo e e tshosang thata ya ditlhabano tsa ga Sisera—dikoloi tse 900 tsa ntwa!
Dikoloi tseo tsa ntwa tsa Bakanana di tshwanetse tsa bo di ne di ka dirisediwa go fula marumo fa di ntse di le mo lobelong. Mokgweetsi o ka tswa a ne a ka bofelela ditomo mo lothekeng lwa gagwe gore matsogo a gagwe a bo a sa tshola sepe e le gore a kgone go dirisa dibetsa. Kana a ka tswa a ne a tlhokomela thata dipitse tseo di sianang ka bofefo fa molekane wa gagwe ene a ne a dirisa dibetsa. Dikoloi tseo tsa ntwa di ne di na le dithipa tse ditelele tse di sometsweng mo aseng ya lootwana. Banna ba ga Barake fa ba lebelela kwa tlase ba le mo Tabora, dikoloi tse dintsi tseo tsa ntwa di tshwanetse tsa bo di ne di lebega di sa kake tsa emisiwa di bile di tshosa, mme ebile ba ka seka ba di fenya.
Lefa go le jalo, Jehofa o ne a solofeditse Barake jaana: “Ke tla mo gōgèla kwa go wèna kwa nokeñ ea Kishona, a na le dikara tsa gagwè le bontsi yoa gagwè yoa batho.” Ka nako e e tshwanetseng, Baiseraele ba ba pelokgale ba ne ba fologela kwa tlase go bapa le Tabora.—Baatlhodi 4:1-14.
Se se botlhokwa thata go feta tlhaselo ya tshoganetso e ba e dirileng e ne e le thuso eo Baiseraele ba neng ba e bona mo Modimong wa bone yo o maatla yo o kwa legodimong. Debora moragonyana o ne a opela jaana: “Ba tlhabana ba le legodimoñ, dinaledi mo ditseleñ tsa cōna tsa tlhabana le Sisere. Noka ya Kishona ea ba kgopholèla koñ, . . . Wèna mōea oa me, tsamaèlèla goñwe kwa pele ka thata.” (Baatlhodi 5:20, 21) Ee, lefa Baiseraele bao ba ne ba sena dibetsa tse di lekaneng mme ka bopelokgale ba ne ba dira gore Bakanana bao ba tshabe, Modimo o ne o tlhomamisitse seo se neng se tla diragala. O ne a dira gore ka bonako fela go nne le morwalela o o neng o ba fekeetsa fa losing lwa noka, o o neng o dira gore dikoloi tsa ntwa di palelwe ke go tsamaya.
O bona karolo ya noka ya Kishone kwa tlase. Fa e le mo setlheng sa pula, e penologela mo losing lwa yone mme e dire lefelo leo go nna seretse. Akanya dikoloi tsa ntwa tsa Kanana di leka go falola ka go ralala mo seretseng seo. Metsi ao a nonofileng ao a neng a elela foo a ne a gogola masole mangwe a a neng a tshaba kana dikoloi tsa ntwa, kana tsoopedi. Phenyo eno ya Iseraele e ne ya thopa gape le Mookamedi Sisera, yo a neng a tlogetse koloi ya gagwe ya ntwa, mme a tshaba ka dinao go tswa mo lefelong leo la ntwa. Morago ga gore a iphitlhe mo tenteng ya mosadi mongwe go twe Jaele, mosadi yoo o ne a tlhopha nako e e siameng mme a bolaya mmaba yono.—Baatlhodi 4:17-22.
Ka gone, tiragalo e nngwe e e botlhokwa le ya phenyo mo hisitoring ya Iseraele, e ne ya diragala mo ponong ya ga Debora le bape fela bao ba neng ba ka bo ba ntse ba lebile go tswa kwa lefelong le le kwa godimo la Thaba ya Tabora.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona mmapa le setshwantsho se segolo se se bonalang sentle sa Tabora go 1990 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.