Lefoko la ga Jehofa le A Anama!
“Lehoko ya Modimo ya tota ya henya ka nonohō e e kalo.”
1. Go tlile go ithutiwa eng mo thutong eno ya buka ya Bibela ya Ditihō tsa baaposetoloi?
JEHOFA o ne a bula kgoro ya tiro e kgolo. Mme Paulo o ne a tla etelela tiro pele segolobogolo jaaka e ne e le “moaposetoloi oa Badichaba.” (Baroma 11:13) Eleruri, fa re ntse re tswelela ka go ithuta ga rona Ditihō tsa Baaposetoloi re mo fitlhela a le mo maetong a a kgatlhang tota a borongwa.—Ditiho 16:6–19:41.
2. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a direla jang jaaka mokwadi yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo go tloga ka 50 C.E. go fitlha ka 56 C.E.? (b) Go ne ga diragala eng fa Modimo o ntse o segofatsa bodihedi jwa ga Paulo le jwa ba bangwe?
2 Paulo gape e ne e le mokwadi yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo. O ne a kwala 1 le 2 Bathesalonia fa a le kwa Korintha, le Bagalatia fa a le kwa go one motse oo kana fa a le kwa Siria wa kwa Antioka, 1 Bakorintha a le kwa Efeso, 2 Bakorintha a le kwa Makedonia, le Baroma a le kwa Korintha mo e ka nnang ka 50 C.E. go ya go 56 C.E. Mme “lehoko ya Modimo ya tota ya henya ka nonohō e e kalo” jaaka Modimo o ne o ntse o segofatsa bodihedi jwa ga Paulo le jwa ba bangwe.—Ditihō 19:20.
Go Tswa Asia go Ya Yuropa
3. Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba baya sekao se se molemo jang mabapi le go kaelwa ke moya o o boitshepo?
3 Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa go amogela kaelo ya moya o o boitshepo. (16:6-10) Gongwe moya o o boitshepo o ne wa ba thibela ka ditshenolo tse go buiwang nabo mo go tsone, ka ditoro kana ka diponatshegelo, go ya go rera mo kgaolong ya Asia le porofensi ya Bithinia, tseo di neng tsa fitlhelelwa moragonyana ka mafoko a a molemo. (Ditihō 18:18-21; 1 Petere 1:1, 2) Ke ka ntlhayang fa moya o ne wa ba thibela go tsena koo pele? Badiri ba ne ba se bantsi, gape moya o ne o ba kaela kwa ditshimong tse di neng di ungwa botoka tsa Yuropa. Le gompieno fa tshimo nngwe e thibetswe, Basupi ba ga Jehofa ba rera go sele, ba tlhomamisega gore moya wa Modimo o tla ba isa kwa bathong ba seka dinku.
4. Paulo o ne a arabela jang ponatshegelo ya monna wa Makedonia yo a neng a kopa thuso?
4 Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba “heta” Musia, eleng kgaolo nngwe ya Asia Minor, jaaka e ne e le tshimo ya barongwa. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a bona monna wa Makedonia mo ponatshegelong a kopa thuso. Ka jalo barongwa ba ne ba ya ka pele kwa Makedonia, kgaolo nngwe ya Balkan Peninsula. Ka mo go tshwanang, Basupi ba le bantsi ba kaelwa ke moya o o boitshepo go ya go direla koo go nang le tlhokego e ntsi thata ya baboledi ba Bogosi gone.
5. (a) Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore lefoko la ga Jehofa le ne la anama mo Filipi? (b) Basupi ba bantsi ba motlha wa segompieno ba tshwana le Lidia jang?
5 Lefoko la ga Jehofa le ne la anama mo Makedonia. (16:11-15) Go lebega Filipi e ne e sena sinagoge ka go bo e ne e sena Bajuda ba bantsi ebile e le kolone eo go neng go agile baagi ba bantsi ba Roma gone. Ka jalo bakaulengwe ba ne ba ya kwa thoko ga noka kwa ‘lefelong la thapelelo’ kwantle ga motse. Ba ne ba fitlhela Lidia, yoo gongwe e neng e le mosokologela Bojudeng yo o tswang kwa Thiatira, motse wa Asia Minor o o itseweng ka madirelo a one a go fetola mebala ya dikhai, gareng ga bao ba neng ba le koo. O ne a rekisa mmala o o fetolang dikhai o o bohibidu jo bo mokgona le dikhai tsa one mmala oo. Morago ga go kolobediwa ga gagwe le balelapa la gagwe o ne a tshola baeng tota, mo Luke a neng a kwala jaana: “Me a re patèlèla.” Re itumelela bokgaitsadi ba ba ntseng jalo gompieno.
Modisakgolegelo o A Dumela
6. Tiro ya bodimona e ne ya gogela kwa go tsenngweng ga ga Paulo le Silase mo kgolegelong kwa Filipi jang?
6 Satane o tshwanetse a bo a ne a galefisiwa ke botswelelopele jwa semoya kwa Filipi, ka go bo ditiro tsa bodimona di ne tsa dira gore Paulo le Silase ba latlhelwe mo kgolegelong. (16:16-24) Ba ne ba salwa morago ke mosetsana yoo a neng a tsenwe ke “mōea oa tōō” ka malatsi a mantsi (se totatota se rayang gore “moya wa tlhware python”). Ledimona leno le ka tswa le ile la itira Pythian Apollo, modimo oo go neng go twe o ne wa bolaya noga e go tweng pyʹthon. Mosetsana yono o ne a direla beng ba gagwe madi a mantsi ka go bolelela pele. Ka gone, a ka tswa a ne a bolelela balemi gore ba leme leng, makgarebe gore a nyalwe leng, le baepi gore ba ka ya go batla gouta kae! O ne a sala bakaulengwe morago mme a nnela go tlhaeletsa a re: “Banna ba, ke batlhanka ba Modimo oa Mogodimodimo, ba ba lo bolèlèlañ tsela ea polokō.” E ka tswa e le badimona ba ba neng ba mmuisa seno go dira gore go lebege ekete dipolelelopele tsa gagwe di tlhotlheleditswe ke Modimo, mme badimona ga ba a tshwanela go bua sepe kaga Jehofa le paakanyetso ya gagwe ya poloko. Paulo o ne a leleka ledimona leo ka leina la ga Jesu, ka a ne a lapisiwa ke go tshwenya ga lone. Beng ba mosetsana yono ba ne ba tseela Paulo le Silase kwa borekisetsong, koo ba neng ba bediwa ka dithupa gone, e le ka go bo ba ne ba sentse kgwebo ya bone. (2 Bakorintha 11:25) Morago ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong, maoto a bone a tsentswe mo dikoteng. Dilo tseno tse ba neng ba di dirisa di ne di kgonwa go katolosiwa gore di paralatse maoto thata, di ba utlwisa botlhoko thata.
7. Go tsenngwa ga ga Paulo le Silase mo kgolegelong kwa Filipi go ne ga solegela mang molemo le gone jang?
7 Go tsenngwa mo kgolegelong gono go ne ga felela ka masego mo modiseng wa kgolegelo le bantlo ya gagwe. (16:25-40) Paulo le Silase ba ne ba rapela le go baka Modimo ka difela mo e ka nnang ka nako ya bosigogare, ba tlhomamisegile gore o ne a na nabo. (Pesalema 42:8) Ka bonako fela, thoromo ya lefatshe e ne ya bula dikgoro ya bo ya bofolola dikgole tsotlhe jaaka dikota di ne di kgwagologa mo mabotaneng. Modisakgolegelo o ne a tshogile gore o tlile go atlholelwa loso ka magolegwa a gagwe a ne a tshabile. O ne a setse a batla go ipolaya fa Paulo a mo tlhaeletsa a re: “Se ipolaee; gonne re hano rotlhe.” Modisakgolegelo o ne a ntshetsa Paulo le Silase kwa ntle mme a ba botsa gore a ka bolokiwa jang. Ba ne ba mo araba ka go re, “Dumèla mo go Morèna Yesu.” “Me a akoha a kolobediwa, èna le ba gagwè botlhe hèla,” fa ba utlwa lefoko la ga Jehofa. Abo seo se ne sa lere boipelo jang ne!
8. Ke kgato efe eo e neng ya tsewa ke balaodi ba merero ya batho, mme ke eng seo se neng se ka fitlhelelwa fa ba ne ba ka dumela phoso ya bone phatlalatsa?
8 Mo letsatsing le le latelang baatlhodi ba lefelo leo ba ne ba ntsha lefoko la gore Paulo le Silase ba gololwe. Mme Paulo o ne a re: ‘Ba re iteile re sa bonwa molato, re le banna ba re leng Baroma, me ba re latlhela mo kgolegelong. A ba re ntsha fela go sa itsiwe? A go tle bone bosi ba re ntshetse kwa ntle.’ Fa balaodi bano ba ne ba ka dumela phatlalatsa gore ba ne ba le molato, ba ne ba se kitla ba betsa le go tsenya Bakeresete ba bangwe mo kgolegelong. Balaodi bano ba ne ba tla mme ba kopa bakaulengwe gore ba tsamaye ka ba ne ba ka seka ba koba banna ba e leng Baroma, mme ba ne ba tsamaya morago ga go kgothatsa badumedi ka bone. Setlhopha se se Laolang le baemedi ba bangwe ba ba etang ba tlhotlhelediwa ke go kgatlhegela ba bangwe ka tsela e e ntseng jalo go etela batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba ba kgothatsa.
Lefoko la ga Jehofa le Anama kwa Thesalonia le kwa Berea
9. Paulo o ne a “ranola, a ba rulaganyetsa” gore Mesia o ne a tshwanetse go bogisiwa le go tsoga mo baswing a dirisa mokgwa ofe o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa gompieno?
9 Morago ga foo lefoko la Modimo le ne la anama kwa Thesalonika, moshate wa Makedonia le boemelakepe jo bogolo jwa one. (17:1-9) Paulo o ne a buisana le Bajuda koo, a “ranola, a ba rulaganyetsa” gore Mesia o ne a tshwanetse go boga le go tsosiwa mo baswing. (Paulo o ne a dira seo ka go tshwantsha boperofeti le ditiragalo tse di bo diragatsang, fela jaaka Basupi ba ga Jehofa le bone ba dira.) Ka gone, Bajuda bangwe le basokologela Bojudeng ba bantsi, le ba bangwe ba ne ba dumela. Fa Bajuda bangwe ka lefufa ba ne ba bopa segopa go batla Paulo le Silase, e ne ya re fa ba ba tlhoka ba isa Jasone le bakaulengwe ba bangwe kwa babusing ba motse mme ba ba latofatsa ka gore ga ba ikobele puso, seo e leng tatofatso ya maaka e e santseng e pegwa batho ba Modimo gompieno. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba gololwa morago ga go ba “lehisa.”
10. Bajuda ba kwa Berea ba ne ba “lotolotsa” mo Dikwalong ka tlhaloganyo efe?
10 Morago Paulo le Silase ba ne ba ya kwa motseng wa Berea. (17:10-15) Ke gone koo Bajuda ba neng ba “lotolotsa” mo Dikwalong, fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba kgothaletsa batho go dira gompieno. Baberea bao ba ne ba sa belaele seo Paulo a neng a se bua mme ba ne ba batlisisa go tlhomamisa gore Jesu e ne e le Mesia. Go ne ga felela jang? Bajuda ba le bantsi le Bagerika bangwe (gongwe basokologela Bojudeng) ba ne ba dumela. Fa Bajuda ba ba tswang kwa Thesalonia ba ne ba shakgatsa batho ba bantsi bao, bakaulengwe ba ne ba pata Paulo ba mo isa kwa lotshitshing lwa lewatle koo bangwe ba setlhopha sa gagwe ba ka tswang ba pagametse sekepe se se yang kwa Piraese (eo gompieno eleng Piraiévs), kwa boemelakepeng jwa motse wa Athena, gone.
Lefoko la ga Jehofa le Anama kwa Athena
11. (a) Paulo o ne a naya bosupi ka bopelokgale kwa Athena jang, mme ke bomang ba ba neng ba ganetsana le ene? (b) Bangwe ba ne ba kaya eng fa ba ne ba re Paulo ke “mmalabadi”?
11 Bosupi bo ne jwa neelwa ka bopelokgale kwa Athena. (17:16-21) Batlhalefi ba ne ba bua ba ganetsana le Paulo, ka ntlha ya go bua ga gagwe kaga go tsoga ga ga Jesu. Bangwe e ne e le Baepikurea, bao ba neng ba gatelela go tshelela menate. Bangwe e ne e le Basetoika, bao ba neng ba gatelela go ikgalemela. Bangwe ba ne ba botsa ka go re, “O ba a rata go buañ mmalabadi eo?” Lefoko “Mmalabadi [Motlatlarietsi]” (totatota go kaya, “nonyane e e jang peo”) le ne le kaya gore Paulo o ne a tshwana le nonyane e e selang peo a etla a bua sengwe sa kitso fale le fale mme go se botlhale bope mo go sone. Bangwe ba ne ba re: “Ekete e ka nna mmoledi oa medimo e sele.” Seno se ne se le masisi, ka go bo Socrates o ne a bolaetswe gone moo. Go ise go e kae Paulo o ne a tseelwa kwa Areopago (Mars’ Hill), gongwe e le koo kgotlatshekelo e kgolo e neng e tsenela gone fa lefelong leo le sa rulelwang gaufi le Acropolis.
12. (a) Ke dikarolo dife tse di molemo tsa go bua phatlalatsa tseo di bonwang mo puong ya ga Paulo kwa Areopago? (b) Paulo o ne a bua dintlha dife kaga Modimo, mme go ne ga felela jang?
12 Puo ya ga Paulo kwa Areopago e ne e le sekao se se molemo sa motho yo o nang le diketapele tse di molemo, ditlhaloso tse di rulagantsweng, le kgang e e tlhatswang pelo— tse di rutiwang mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo sa Basupi ba ga Jehofa. (17:22-34) O ne a bolela gore Baathena ba ne ba rata bodumedi go gaisa batho ba bangwe. Ka go bo ba ne ba na le sebeso sa “MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ,” gongwe e le ka go bo ba ne ba sa batle go nyatsa modingwana ope! Paulo o ne a bua ka Mmopi gore o “dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla” gape o “tlhōmamisitse metlha ea bōnè e e laocweñ, le melelwane ea maagō a bōnè,” jaaka fa a ne a tlosa Bakanana. (Genesise 15:13-21; Daniele 2:21; 7:12) Paulo fa a ne a bua ka go bopiwa ga motho ke Jehofa le fa a ne a tsopola baboki ba bone Aratus le Cleanthes o ne a bolela gore Modimo ono o ka bonwa ka go bo “le rona re losika loa ōna.” Ereka re le losika lwa one, ga re a tshwanela go akanya gore Mmopi yo o itekanetseng yono o tshwana le modingwana wa disetwa o o dirilweng ke motho yo o sa itekanelang. Modimo o ne o setse o ile wa itlhokomolosa go tlhoka kitso goo mme jaanong o ne o bolelela batho gore ba ikwatlhae ka go bo a tlhomile letsatsi leo a tla atlholang batho ka lone ka yo a mo tlhophileng. Bareetsi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba itse gore Keresete ke ene a tlileng go nna Moatlhodi yoo ereka Paulo a ne a ntse a “bolèla Yesu.” (Ditihō 17:18; Yohane 5:22, 30) Baepikurea ba ne ba seka ba rata polelo ya gore ba ne ba tshwanetse go ikwatlhaya, mme batlhalefi ba Bagerika ba ne ba ka dumalana le dikakgelo tse di kaga bosasweng mme eseng loso le tsogo ya baswi. Go lebega bangwe go tshwana le bontsi jo gompieno bo kgaphelang mafoko a a molemo kwa thoko, ba ne ba re: “Re tla ba re go utlwa gapè kaga mouō.” Mme moatlhodi Dionisio le ba bangwe ba ne ba dumela.
Lefoko la Modimo le Anama kwa Korintha
13. Paulo o ne a itlamela jang mo bodiheding, mme go dirwa eng se se tshwanang gompieno?
13 Paulo o ne a fetela kwa Korintha kwa moshateng wa porofensi ya Akaia. (18:1-11) Ke gone koo a neng a fitlhela Akwila le Peresila, bao ba neng ba ya koo fa Kaesare Kelaodio a ne a laela Bajuda ba e neng e se baagi ba Roma go tswa mo Roma. Paulo o ne a dira ditente le banyalani bano ba Bakeresete gore a itlamele mo bodiheding. (1 Bakorintha 16:19; 2 Bakorintha 11:9) Go sega le go roka letsela la boboya jo bo thata jwa podi e ne e le tiro e e bokete tota. Basupi ba ga Jehofa ka mo go tshwanang ba itlamela ka dilo tse di bonalang ka go dira tiro nngwe, mme tiro ya bone e kgolo ke bodihedi.
14. (a) Paulo o ne a dira eng fa Bajuda ba kwa Korintha ba ne ba mo emeletse ka go mo ganetsa? (b) Paulo o ne a tlhomamisediwa jang gore a name a ntse mo Korintha mme batho ba ga Jehofa ba kaelwa jang gompieno?
14 Bajuda ba kwa Korintha ba ne ba nnela go bua ka go kgala fa Paulo a ne a ntse a bolela gore Jesu e ne e le Mesia. Ka jalo o ne a tlhotlhora kobo ya gagwe go supa gore o ne a se na boikarabelo mo go bone ka seo mme a simolola go tshwara dipokano kwa ntlong ya ga Tito Juseto yoo go lebegang e ne e le Moroma. Ba bantsi (go akaretsa le molaodi wa pele wa sinagoge Kerisepo le bantlo ya gagwe) ba ne ba dumela ba bo ba kolobediwa. Fa e le gore go ganediwa ga ga Paulo ke Bajuda go ne go mo dira gore a ipotse gore a a name a santse a le mo Korintha, pelaelo eo e ne ya tloga fa Morena a ne a bua le ene jaana mo ponatshegelong: ‘Se boife. Bua fela, gonne ke na nao, me ga go ope yo o tla go tlhaselang go go utlwisa botlhoko. Ke sa na le batho ba bantsi mo motseng o.’ Ka jalo Paulo o ne a fetsa ngwaga le dikgwedi di le thataro a rera lefoko la Modimo koo. Lemororo batho ba ga Jehofa gompieno ba sa bone diponatshegelo, ba thusiwa ke thapelo mmogo le kaelo ya moya o o boitshepo go dira ditshwetso tse di tshwanang tse di botlhale malebana le dikgatlhego tsa Bogosi.
15. Go ne ga diragala eng fa Paulo a ne a isitswe fa pele ga Molaodi Gallio?
15 Bajuda ba ne ba isa Paulo kwa go Molaodi Junius Gallio. (18:12-17) Ba ne ba bolela gore Paulo o ne a dira barutwa mme a sa letlwe ke molao—yone tatofatso ya maaka eo baruti ba Bagerika ba e pegang Basupi ba ga Jehofa gompieno. Gallio o ne a itse gore Paulo o ne a se molato wa thubakanyo epe le gore Bajuda ba ne ba sa kgathalele Roma le molao wa yone, ka gone o ne a ba leleka. Gallio ga a ka a tsenelela fa batho ba ba neng ba le foo ba ne ba itaya Sosethenese moeteledipele yo mosha wa sinagoge, ka gongwe a ne a akanya gore ereka a ne a eteletse boidiidi joo jwa batho pele go tsogologela Paulo, jaanong o ne a bona se se mo tshwanetseng.
16. Ke ka ntlhayang fa go ne go se molato gore Paulo a beole moriri wa gagwe ka ntlha ya ikano?
16 Paulo o ne a tsamaya ka sekepe go tloga kwa boemelakepeng jwa Kenkerea jo bo fa gare ga Asia Minor le Gerika a ya kwa Efeso, motse mongwe wa Asia Minor. (18:18-22) Pele a tsaya loeto loo ‘o ne a ipeola tlhogo ka a ne a na le ikano.’ Ga go bolelwe gore Paulo o ne a tsaya ikano eo pele a nna molatedi wa ga Jesu kana gone gore lobaka lwa yone lo ne lo simolola kana lo ne lo felela fano. Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao, mme o ne o tswa kwa Modimong, o le boitshepo, ebile ikano eo e ne e se boleo. (Baroma 6:14; 7:6, 12; Bagalatia 5:18) Paulo o ne a bua le Bajuda kwa Efeso a ba solofetsa gore o tla boa gape fa Modimo o rata. (Tsholofetso eo e ne ya diragadiwa moragonyana.) Loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa lo ne lwa khutla fa a boela kwa Siria wa Antioka.
Lefoko la ga Jehofa le Anama kwa Efeso
17. Apolose le ba bangwe ba ne ba tlhoka kaelo efe mabapi le kolobetso?
17 Paulo o ne a tloga a simolola loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa mo nakong e khutshwane (c. 52-56 C.E.). (18:23–19:7) Ka yone nako eo, Apolose o ne a ruta ka Jesu kwa Efeso mme o ne a itse fela ka kolobetso ya ga Johane e e neng e tshwantshetsa go ikwatlhaela dibe tse di kgatlhanong le kgolagano ya Molao. Peresila le Akwila ba ne ba “mo phuthololèla tsela ea Modimo ka kèlèlèlō bogolo” gongwe ba mo tlhalosetsa gore fa motho a kolobediwa jaaka Jesu a ne a kolobediwa go ne go akaretsa go tsenngwa mo metsing le go amogela moya o o tshololwang o o boitshepo. Morago ga go kolobediwa ka moya o o boitshepo ka 33 C.E., mongwe le mongwe yo a neng a kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane o ne a tshwanelwa go kolobediwa gape mo leineng la ga Jesu. (Mathaio 3:11, 16; Ditihō 2:38) Go kolobediwa gape goo e leng gone fela go begilweng mo Dikwalong ke ga banna bangwe ba le 12 ba kwa Efeso bao ba neng ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane ba ba neng ba “kolobediwa mo ineñ ya Morèna Yesu.” Ba ne ba amogela moya o o boitshepo le ditshupo di le pedi tsa kgakgamatso tse di supang gore ba ne ba amogelwa kwa legodimong, fa Paulo a ne a ba baya diatla—ba ne ba bua ka diteme le go perofesa.
18. Paulo o ne a rera kae fa a ne a le kwa Efeso, mme seno se ne sa felela ka eng?
18 Paulo o ne a tshwaregile eleruri a dira mo motseng wa Efeso o o nang le baagi ba le 300 000. (19:8-10) Tempele ya modimo wa bone wa sesadi Diana e ne e le nngwe ya dikgakgamatso tse supa tsa lefatshe la bogologolo, mme lefelo la yone la metshameko le ne le na le ditulo di le 25 000. Paulo o ne a “hetolana” nabo mo sinagogeng ka go ba naya ditlhaloso tse di tlhatswang pelo mme o ne a ba tlogela fa bangwe ba simolola go bua bosula kaga Tsela, kana mokgwa wa botshelo o o thailweng mo go dumeleng mo go Keresete. Paulo o ne a bua letsatsi le letsatsi mo lefelong la sekolo sa ga Turano ka dingwaga di le pedi, mme “lehoko” la anama go ralala kgaolo eo yotlhe ya Asia.
19. Go ne ga diragala eng kwa Efeso se se neng sa dira gore ‘lefoko la ga Jehofa le tote’ koo?
19 Modimo o ne wa bontsha fa o amogela tiro ya ga Paulo ka go mo kgonisa gore a fodise le go leleka badimona. (19:11-20) Barwa ba ba supa ba moperesiti yo mogolo Sekefa ba ne ba palelwa ke go leleka ledimona ka go dirisa leina la ga Jesu ka gonne ba ne ba sa emele Modimo le Keresete. Ba ne ba gobadiwa ke monna yoo yo o tsenweng ke badimona! Seno se ne sa boifisa batho mme “leina ya Morèna Yesu ya godisiwa.” Bao ba neng ba nna badumedi ba ne ba bolela fa ba tlogetse gotlhelele go dirisa boloi mme ba ne ba tshuba dibuka tsa bone tseo go lebegang di ne di na le dipolelo tsa boloi le tsa tirisabadimo. Ke gone ka moo Luke a neng a kwala a re, “lehoko ya Modimo ya tota ya henya ka nonohō e e kalo.” Batho ba Modimo le gompieno ba thusa batho gore ba tlogele bodimona.—Duteronome 18:10-12.
Go Thibelwa ga Bodumedi ga go Atlege
20. Ke ka ntlhayang fa babetli ba tshipi ba kwa Efeso ba ne ba tsosa khuduego, mme e ne ya khutlisiwa jang?
20 Basupi ba ga Jehofa jaaka Bakeresete ba kwa Efeso gantsi ba ile ba lebana le digopa tse di galefileng tsa batho. (19:21-41) Demeterio le bathudi ba bangwe ba tshipi ba ne ba se ka ba tlhola ba bona madi a mantsi fa badumedi ba ntse ba oketsega ka gonne e ne e le batho ba sekae fela ba ba neng ba reka ditempelana tsa bone tsa selefera tsa modimo wa sesadi wa tsalo yo o mabele mantsi Diana. Demeterio o ne a tlhotlheletsa segopa sengwe gore se ise ditsala tsa ga Paulo, Gaio le Arisetareko kwa lefelong la metshameko, mme barutwa ba ne ba se ka ba letla Paulo go tsena mo teng. Le eleng batsamaisi ba meletlo le metshameko ba ne ba mo kopa gore a se ka a dira jalo ka go ne go le kotsi. Segopa seo se ne sa goa mo e ka nnang ka diura di le pedi se re: “Go mogolo Diana oa Baefesia.” Kgabagare mokwaledi wa motse (yoo a neng a okametse puso ya kgaolo ya mo lefelong leo) o ne a raya bathudi bao a re ba e go tlhatlhela kgetse ya bone kwa molaoding, yoo a nang le maatla a go atlhola, eseng jalo kgetse ya bone e ka nna ya sekiwa ke “phuthègō e e laocweñ ke molaō” ya baagi ba motse oo. Go sa nneng jalo, Roma e tla pega botlhe ba ba leng mo phuthegong e e sa laolwang ke molao eno molato wa go dira khuduego. Ka go rialo, a ba phatlalatsa.
21. Modimo o ne wa segofatsa tiro ya ga Paulo jang, mme o segofatsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa jang gompieno?
21 Modimo o ne wa thusa Paulo go lebagana le diteko tse di farologaneng wa bo wa segofatsa maiteko a gagwe a go thusa batho go bona diphoso tsa bodumedi le go bo tlogela mme ba amogele boammaaruri. (Bapisa Yeremia 1:9, 10.) Abo re leboga jang ne go bo Rraarona wa selegodimo ka mo go tshwanang a segofatsa tiro ya rona! Ka gone, gompieno fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ‘lefoko la ga Jehofa le a tota ebile le a fenya.’
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke sekao sefe seo Paulo a neng a se tlhoma malebana le go amogela kaelo ya moya o o boitshepo?
◻ Paulo o ne a “ranola, a ba rulaganyetsa” ka mokgwa ofe o o santseng o dirisiwa ke batlhanka ba ga Jehofa?
◻ Ke eng se se tshwanang fa gare ga go arabelwa ga puo ya ga Paulo kwa Areopago le go rera ga Basupi ba ga Jehofa?
◻ Paulo o ne a itlamela jang mo bodiheding, mme seo se tshwana le eng gompieno?
◻ Jaaka fa Modimo o ne wa dira mo tirong ya ga Paulo, o ile a segofatsa jang tiro ya Basupi ba ga Jehofa gompieno?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela kwa
1. Filipi
2. le 3. Athena
4. le 6. Efeso
5. Roma
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo No. 4: Manley Studios