Nako E E Tlang ya go Wediwa ga ‘Lokwalol Iwa Dintwa tsa ga Jehofa’
“Ke gōna kaha go builweñ ka gōna mo lokwaloñ loa Dintwa tsa ga Yehofa.”—DIPALŌ 21:14.
1, 2. Jehofa o ne a supetsa Baegepeto gore ke Modimo wa motlhabani fa go ne go diragala eng bogologolo, mme o ne a dira seo jang?
BATHO ba gompieno ga ba lemoge gore Modimo wa Bibela, Jehofa ke motlhabani, monna wa ntwa. Ntlha eno e ne ya supiwa fa a ne a golola batho ba gagwe ba metlha ya bogologolo mo bokgobeng kwa Egepeto. Faro o ne a tlhotlhelediwa ke mmaba yo o sa bonaleng wa batho bao, Satane Diabolo, ka go ba dirisa tiro e e bokete. Faro le masole a gagwe jaanong fa ba lemoga kafa ba tla bong ba latlhegelwa ka gone fa ba golola Baiseraele, ba ba sala morago.
2 Lefa go ntse jalo, Faro ga a lemoge gore Modimo wa Baiseraele a ka fetoga Modimo wa motlhabani mme a golola batho ba Gagwe. Modimo wa Baiseraele ba ba neng ba le mo kotsing fa masole a Baegepeto a ne a le fa morago ga bone fa Lewatle le Lehibidu le neng le le lebududu gone, o ne a tsaya kgato mme a nwetsa bapagami ba dikoloi tsa ntwa le bapagami ba dipitse mo metsing, a dira gore metsi a a neng a kgobokane a khupetse tsela e ba neng ba falodisiwa ka yone e ba neng ba e buletswe ka kgakgamatso.—Ekesodo 14:14, 24-28.
3. Baiseraele ba ne ba re Jehofa ke Modimo wa mofuta mang mo pineng ya bone ya phenyo, mme merafe e itlhokomolosa ntlha efe gompieno?
3 Baiseraele ba ba itumeletseng go bolokiwa ga bone ba ne ba opela pina ya phenyo ba bolokesegile kafa lotshitshing lo lo kafa botlhaba lwa Lewatle le Lehibidu, ba baka Mogolodi wa bone wa selegodimo ba re: “Ke tla ōpèlèla Yehofa, gonne o hentsè ka mo go gakgamatsañ: o latlhetse pitse le mopagami oa eōna mo lewatleñ. Yehofa ke thata ea me le sehela, o bile o dihegile poloka ea me: ōna ke Modimo oa me, ke tla o baka: Modimo oa ga rrè, ke tla o godisa. Yehofa ke monna oa ntwa: Yehofa ke leina ya gagwè. O thabueditse dikara tsa ga Farwe mo lewatleñ le ntwa ea gagwè: me beñ ba mephatō ba gagwè ba ba tlhophegileñ ba nwetse mo Lewatleñ ye le Hibidu.” (Ekesodo 15:1-4) Jehofa o ne a itshupa fa e le motlhabani yo o kgonang go dira ditiro tse di tlhomologileng gone koo kwa Lewatleng le Lehibidu. Merafe ya lefatshe e itlhokomolositse ntlha eno.
4, 5. Rremogologolwane wa ditso tse 12 tsa Iseraele tse di neng di itumetse tseo tsotlhe e ne e le mang, mme o ne a nna tsala ya ga mang mme e le ka ntlha ya nonofo efe?
4 Moperofeti Moshe yo a neng a eteletse pina eo e e tlhotlheleditsweng pele o ne a bua ka Jehofa a re ke “Modimo oa ga rrè.” Aberahame wa Mohebera e ne e le rraagwemogolo morafe wa Iseraele yo o tlhomologileng. Mo go ene go ne ga tswa ditso tse 12 tsa Iseraele di tswa mo go Isake le Jakobe le barwa ba ba 12 ba ga Jakobe. Aberahame o ne a itshupa e le moobamedi yo o tlhomang sekao wa ga Jehofa Modimo. E ne e le monna yo o neng a na le tumelo e e nonofileng mo e leng gore fa Jehofa a ne a mo kopa gore a tlogele legae la gagwe kwa Ura wa Bakaladese, o ne a tloga ka bonako a ya kwa lefatsheng leo Jehofa a neng a tla le mo supetsa, a solofetse tota gore Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya Gagwe ya gore o tla le mo naya le ditlogolwana tsa gagwe.
5 Jehofa o ne a solofetsa Aberahame gore o tla mo naya “losika,” kana ditlogolwana, tseo malapa otlhe a a mo lefatsheng, go akaretsa le malapa otlhe a a mo lefatsheng gompieno a neng a tla segofala ka ntlha ya tsone, ka gonne Aberahame a ne a na le tumelo e kgolo go gaisa. (Genesise 12:2, 3; 22:17, 18) Aberahame o ne a nna le kamano e e atamalaneng thata le Modimo wa gagwe mo a neng a itsiwe jaaka “tsala ea Modimo,” le Modimo ka boone o ne wa bitsa tlhogo eno ya lotso e e ikanyegang “tsala ea me.”—Yakobe 2:23; Isaia 41:8.
6. Lemororo e ne e le mokgarakgatshegi yo o ratang kagiso mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Aberahame o ne a itshupa jang gore ke motlhabani yo o ikanyang Jehofa?
6 Lemororo a ne a kaila jalo jaaka moeng mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Aberahame o ne a bontsha gore o ne a ka nna lesole, motlhabani. Dikgosi dingwe tse nnè ka nako nngwe di ne tsa tlhasela Lefatshe le le Solofeditsweng mme tsa thopa setlogolo sa ga Aberahame Lote le balelapa la ga Lote. Ereka Aberahame e ne e le losika lo lo gaufi thata le ene, o ne a naya batlhanka ba gagwe ba banna ba le 318 ditlhabano, mme bone mmogo le ba bangwe gape ba baagelani ba gagwe, Anere, Eshekole, le Mamere ba ne ba latelela bathopi bao. Aberahame le lesomo la gagwe ba ne ba fenya bathopi bao, ka ba ne ba ba tlhasela ba itebetse bosigo lemororo ba ne ba na le masole a mantsi go ba feta. ‘Dikgosi di ne tsa bolawa.’ (Bahebera 7:1; Genesise 14:13-17) Aberahame o ne a golola Lote le lelapa la gagwe mme a busa tsotlhe tse di neng di utswilwe.
7-9. (a) Aberahame o ne a etela moperesiti ofe, mme o ne a mo segofatsa jang? (b) Aberahame o ne a bontsha jang gore o ne a batla go humisiwa ke Jehofa fela? (c) Jaaka Melekisedeke a ne a tlhomamisa, ke mang yo a neng a dira gore masole a ga Aberahame a fenye?
7 Aberahame o ne a lemoga gore tiro eno ya gagwe ya bosole e ne ya atlega fela ka ntlha ya go thusiwa ke Jehofa Modimo, mme o ne a bua seo mo loetong lwa gagwe fa a boela kwa gae a fentse. O ne a itse gore go na le moperesiti mongwe wa Modimo wa gagwe yo a neng a mo amogela gone mo motseng wa Salema. Ka jalo o ne a ya kwa motseng oo. Karolo e e kwa bofelong ya Genesise kgaolo 14 e re bolelela jaana ka seo se neng sa diragala morago:
8 “Me Melekisedeke kgosi ea Salema a cwa a chotsè senkgwè le boyalwa yoa mofine; me a bo a le moperisiti oa Modimo Mogodimodimo. Me a mo segōhatsa; me a re, A go segohadiwè Aberame ke Modimo Mogodimodimo, Morui oa legodimo le lehatshe: Me a go bakwè Modimo Mogodimodimo, o o tsentseñ baba ba gago mo seatleñ sa gago. Me a mo naea saboshomè sa cotlhe. Me kgosi ea Sodoma ea raea Aberame, ea re, Nnaea batho, me wèna u tseè dithoto. Me Aberame a raea kgosi ea Sodoma, a re, Seatla sa me ke se choleleditse Yehofa Modimo Mogodimodimo, Morui oa legodimo le lehatshe, Ka re, ga nketla ke tsaea tlhale, leha e le kgōlè ea setlhako, leha e le sepè se e leñ sa gago, e se tle ea re goñwe ua re, Ke humisitse Aberame; Ha e se se makau a se yeleñ, le kabèlō ea batho ba ke tsamaileñ nabō: eboñ Anere, le Eshekole, le Mamere, bauō a ba tseè kabèlō ea bōnè.”—Genesise 14:18-24.
9 Jaaka ditemana tseno di bontsha, Melekisedeke wa motse wa Salema o ne a tlhomamisa go tlhatswega pelo ga ga Aberahame gore Modimo Mogodimodimo ke ene a neng a mo lwela le masole a gagwe mme a mo dira gore a fenye. Kgosi ya Moperesiti Melekisedeke ga a ka a tlogela go emela Jehofa mo kgannyeng eno.
Buka ya Dintwa tsa ga Jehofa
10. Ntwa ya ntlha e e umakiwang mo Bibeleng ke efe, mme ke ka ntlhayang e ne e le tshimologo fela ya go fenya ga ga Jehofa dintwa?
10 Ntwa ya ntlha e e umakiwang mo Dikwalong tse di Boitshepo ke e e tlhalosiwang mo go Genesise 14 ya go tlhaselwa ga Lefatshe le le Solofeditsweng le go fenngwa ga bathopi bao ke Aberahame. Ka gone, Jehofa o ne o setse o itshupile gore ke motlhabani, “monna oa ntwa,” dingwaga tse di makgolo a manè pele ga se a neng a se dira kwa Lewatleng le Lehibidu. Lefa go le jalo, seo e ne e le tshimologo fela. Go ne go santse go tla latela diphenyo tse dingwe tse dikgolo le tse di neng di tla mo godisa, tseo di akaretsang ya makgaolakgang e e tla tlang ka “bokhutlō yoa lehatshe.”—Mathaio 24:3.
11. ‘Lokwalo lwa Dintwa tsa ga Jehofa’ ke eng, mme ke kae gape koo re bonang dipego tse dintsi tsa ditiro tsa gagwe tsa bosole?
11 Go ya ka se se boletsweng mo go Dipalō 21:14, go ne ga kwadiwa ‘lokwalo lwa Dintwa tsa ga Yehofa.’ Rekoto eno e e ka ikanngwang, kana hisitori ya go lwela ga Modimo batho ba gagwe, gongwe e ne ya simolola ka ntwa eno ya fa a ne a lwela Aberahame yo o ikanyegang. Moshe o ne a itse ka buka eno mme ga a bue sepe se se oketsegileng ka yone. Ka gone, ga re bolelelwe ka ditsela tsotlhe tseo Jehofa a neng a itshupa ka tsone gore ke motlhabani mo lobakeng lotlhe lwa ditiragalo tsa buka eo ya Dintwa tsa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, fa esale buka eo e umakiwa, karolo e kgolo ya Bibela e e Boitshepo e ne ya kwalwa, mme yone e re naya dipego di le dintsi tsa ditiro tsa gagwe tsa bosole.
Melekisedeke yo Mogolwane—Motlhabani
12. Melekisedeke o ne a tshwantshetsa Molaodi ofe yo mogolwane wa Modimo Mogodimodimo, mme ke pesalema efe e e tlhamilweng ke Dafide e e buang ka yono jaaka moperesiti le motlhabani?
12 Melekisedeke o ne a segofatsa Aberahame fa a sena go fenya Kederelaomere a na le dikgosi tse di neng di kopane nae. Kgosi ya Moperesiti Melekisedeke ka seperofeti o ne a tshwantshetsa Yoo a neng a tla nna Moperesiti yo Mogolo wa Modimo Mogodimodimo yoo le ene e leng motlhabani yo o maatla yo o tshegediwang ke Modimo o Mogolo. Pesalema 110 e e tlhamilweng ke kgosi ya motlhabani e e tlhotlheleditsweng Dafide, e lebisitse go Mongwe yo mogolwane mo go Melekisedeke wa Salema fa e re: “Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago. Yehofa o ikanne, me ga a ketla a ikwatlhaea, a re, U moperisiti ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke. Yehofa, a le kaha lecogoñ ya gago ye legolo, o tla phololetsa dikgosi mo letsatsiñ ya kgalehō ea gagwè.”—Pesalema 110:2, 4, 5.
13. Yo mogolwane mo go Melekisedeke o bolelwa fa e le mang mo go Bahebera dikgaolo tsa 7 le 8, mme Yono o ne a tsena mo lefelong lefe le le goletsegileng mme ka setlhabelo sa mofuta ofe?
13 Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa buka ya Bahebera o ne senola gore Yoo mafoko ao ruri a neng a lebisitswe mo go ene e ne e le mang fa a ne a re: “Kwa Yesu o tsenetseñ rona gōna yaka kètapele, ka a beilwe moperisiti eo mogolo ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” (Bahebera 6:20) Bogolo jwa ga Melekisedeke yoo wa bogologolo bo tlhalosiwa mo kgaolong e e latelang eo ya Bahebera. Lefa go ntse jalo, bogolo jwa gagwe jwa boperesiti bo fetwa ke jwa Yoo a neng a mo tshwantshetsa, Jesu Keresete yo o tsositsweng le yo o galaleditsweng, yoo a neng a tsena mo boitshepong fa pele ga ga Jehofa Modimo ka boene go isa molemo wa setlhabelo se se fetang sepe fela seo Kgosi ya Moperesiti Melekisedeke a neng a ka se naya.—Bahebera 7:1–8:2.
14. A Melekisedeke yo Mogolwane o letlile baruti ba Labodumedi go tsenelela mo dintweng tsa sesole tsa merafe e e ipitsang ya Bokeresete?
14 Moperesiti wa segosi Melekisedeke o ne a segofatsa motlhabani, Aberahame yo o fentseng. Mme go tweng ka Melekisedeke yo Mogolwane, Mosimolodi wa Bokeresete jwa boammaaruri? Baruti ba Labodumedi ba iphaka gore ba emela Jesu Keresete ka go segofatsa masole a merafe e e ipitsang ya Bokeresete le ka go a rapelela. Mme a Moperesiti o Mogolo wa ga Jehofa o ile a ema baruti bano ba Labodumedi nokeng mo go seno? A ka gone o ile a ikarabelela mo go tshololweng ga madi go go neng ga tswelela mo Motlheng ono o go tweng ke wa Bokeresete, go akaretsa le madi a a neng a tshololwa mo Ntweng ya Lefatshe I le II? Eleruri nnyaa! Ga a ise le ka motlha a letle balatedi ba gagwe ba boammaaruri gore ba itire karolo ya lefatshe leno mme ba tsenelele mo bosoleng jo bo tshololang madi.
Modimo wa Motlhabani o Itirela Leina le Lentle
15, 16. Jehofa o ne a itirela eng fa a ne a lwela go golola batho ba gagwe kwa Egepeto?
15 Nehemia 9:10 e umaka go gololwa ga ditso tse 12 tsa Iseraele ke Jehofa kwa Egepeto fa e re: “Me ua diha dichupō le dikgakgamacō mo go Farwe, le mo batlhankeñ botlhe ba gagwè, le mo bathuñ botlhe ba lehatshe ya ga gabō; gonne u nu u itse ha ba diha ka boikgodishō mo go bōnè [Baiseraele]; me ua itihèla leina, yaka le nntse gompiyeno.”—Bapisa Ekesodo 14:18.
16 Moperofeti Isaia o bua ka boleng jwa leina leno fa a bolela gore Jehofa o ‘tsamaisa letsogo la gagwe le le galalelang kafa ntlheng ya letsogo le legolo la ga Moshe. A tsetsereganya metsi fa pele ga bone, go itirela leina le le sa khutleng.’ Mme o bua jaana ka Jehofa: “U nu ua gōga batho ba gago yalo, go itihèla leina ye le galalèlañ.” (Isaia 63:12-14) Daniele fa a ne a kopa Jehofa gape gore a tseye kgato ka ntlha ya batho ba gagwe o ne a mmitsa “eo u ntshitseñ batho ba gago mo lehatshiñ ya Egepeto ka seatla se se thata, me u itihetse leina.”—Daniele 9:15; Yeremia 32:20.
17. Jehofa o tlile go roma mang go lwela leina la gagwe, ka gone o tla bo a bontsha merafe yotlhe ya gompieno eng?
17 Jehofa Modimo o tla roma Jesu Keresete, Melekisedeke yo Mogolwane ka nako e e tshwanetseng jaaka motlhabani yo o maatla. Jehofa o tla itirela leina le le fetang sepe fela se se kileng sa nna gone se se tlhalositsweng mo bukeng ya Dintwa tsa ga Jehofa kana mo Dikwalong tsa Sehebera tsa Bibela e e Boitshepo, ka ene. Kgaolo ya bofelo ya buka ya bobedi go tswa kwa bofelong ya Dikwalo tsa Sehebera e bolelela pele tlhaselo ya meraferafe kgatlhanong le Jerusalema. Go ya ka Sekaria 14:3, morago ga foo, “Yehofa o tla bolola, a ea go tlhabana le merahe euō, yaka yale a kile a tlhabana mo motlheñ oa tlhabanō.” Modimo wa Bibela o tla bontsha merafe ya segompieno ka tsela eno gore e santse e le Modimo wa motlhabani yoo e neng e ntse e le ene mo motlheng wa Baiseraele ba bogologolo.
18, 19. Merafe e tlile go tlhasela Jerusalema ofe?
18 Seno ke se re sa ntseng re se lebeletse pele. Mme ke Jerusalema ofe o o tla tlhaselwang jalo? Boperofeti joo ga bo a ka jwa diragadiwa mo go Jerusalema wa motlha wa ga Sekaria. Motse ono o ne wa senngwa ke masole a Roma ka 70 C.E. Lefa go ntse jalo, Jerusalema e ne ya agiwa gape, mme gompieno merafe ya Labodumedi e e leba e le boitshepo fela jaaka Baiseraele ba nama le bone ba e leba. Baiseraele ba nama ba ne ba thopa Jerusalema yotlhe e e agilweng sesha e e mo lefatsheng mo ntweng ya malatsi a le marataro ka 1967. Lefa go ntse jalo, ga go na lefa e le bosupinyana jwa gore Jehofa Modimo o ne a nna le seabe mo ntweng eo. Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi, Jesu Keresete, ga e buse mo Jerusalema oo wa selefatshe, mme ga e tlhole e le “motse oa Kgosi,” ke gore, wa ga Jehofa.—Mathaio 5:35.
19 Nnyaa, motse ono o e leng moshate wa kafa molaong wa Sejuda o e leng leloko la Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ga se Jerusalema oo re badileng ka one mo boperofeting jwa ga Sekaria. Sekaria o bua ka Jerusalema oo re badileng ka one mo go Bahebera. Koo, Paulo o bua ka Bakeresete ba ba tloditsweng, a re: “Me lona lo tsile mo thabeñ ea Siona, le mo motsiñ oa Modimo o o tshedileñ, mo Yerusalema oa selegodimo, le mo mashomōshomoñ a a senañ palō a baengele.” (Bahebera 12:22) Jerusalema ono wa selegodimo ga se sepe fela fa e se Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia, joo bo emetsweng mo lefatsheng ke Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba nang le tsholofelo ya go nna babusi mmogo le Jesu Keresete mo Bogosing joo. Bano ke bone ba ba tla tlhaselwang jaaka go perofesitswe.
20. Kgosi Hesekia o ne a bua mafoko afe go ritibatsa morafe wa gagwe o o neng o tshosediwa, mme Basupi ba ga Jehofa gompieno ba inonotsha ka mafoko a Kgosi efe e kgolwane mo go Hesekia?
20 Lefa go ntse jalo, bano, lefa e le boidiidi jo bogolo jwa Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng bao ba tswang mo merafeng yotlhe go tla go kopana le bone mo kobamelong ya boammaaruri, ga ba tshosiwe ke se tlhaselo eo e ka felelang ka sone. Fa masole a a tshosang a kgosi ya Asiria, Senakeribe, a ne a tlhasela Jerusalema fa go busa Kgosi Hesekia, Baiseraele ba ba neng ba boifa bao ba ne ba utlwa polelo eno e e nonotshang fa Kgosi Hesekia a ne a ba raya a re: “Èna o na le lecōgō ya nama, me rona re na le Yehofa Modimo oa rona go re thusa, le go re tlhabanèla ditlhabanō tsa rona.” (2 Ditihalō 32:8) Basupi ba ga Jehofa ba gompieno le bone ba ka inonotsha ka mafoko a a tshwanang a a builweng ke kgosi e e fetang Hesekia, Jesu Keresete, fa ba tlhaselwa ke masole a merafe ya tsamaiso ya lefatshe leno.
21. (a) Ke ka ntlhayang fa go tlile go gakologelwa mafoko a ga Jahasiele fa Jerusalema wa selegodimo o tlhaselwa? (b) Ntwa e e tlileng go lowa e tlile go felela jang?
21 Ka nako eo go tla gakologelwa mafoko ano a a tlhotlheletsang tumelo a ga Jahasiele wa Molefi a a reng: “Ga go ketla go batlwa gore lo tlhabanè mo tlhabanoñ e: lo ikemiseñ lo èmè hèla, me lo bōne poloka ea ga Yehofa, e e nañ le lona, lona ba Yuda le ba Yerusalema: lo se ka loa boiha, lo bo lo se rèrège: e re ka moshō lo bololè lo eè go tlhabana nabō; gonne Yehofa o na le lona.” (2 Ditihalo 20:17) Ee, Jehofa o tla nna le batho ba gagwe ka dinako tsotlhe mo nakong e e kotsi eo. Ba tla babalesega le go bolokega fela ka go bo a tla bo a ba tlhabanela. Mme eleruri o tla lwa, ka Kgosi ya gagwe ya motlhabani, Jesu Keresete! Go tla felela jang? Ka go fedisiwa gotlhelele ga phuthego e e bonalang ya ga Diabolo mo lefatsheng.—Tshenolō 19:11-21.
22. (a) Konelo ya phenyo mo bukeng ya Dintwa tsa ga Jehofa e tla nna efe mme ka go dira jalo Jehofa o tla bo a itirelang? (b) Bao ba ratang leina la ga Jehofa ba tla tlhotlheletsega go dira eng ka phenyo ya gagwe?
22 Abo Modimo o tla itirela leina le lentle jang nne ka phenyo ya gagwe e e boitshegang mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” ka Hara-Magedona! (Tshenolō 16:14, 16) Jaaka go ka buiwa, go tla tsenngwa buka e ntšha mo bukeng ya Dintwa tsa ga Jehofa. E tla bo e le konelo ya phenyo, konelo e e molemolemo ya tsamaiso eno ya dilo. Buka eo yotlhe, e tla bontsha gore Modimo Mogodimodimo ga a ise a ko a fenngwe mo ntweng epe. Abo ba ba ratang leina la ga Jehofa ba tla mmaka ka boitumelo jang ne morago ga foo! He, eleruri, temana eno ya bofelo ya buka ya Dipesalema e tla bo e diragaditswe: “A dilō cotlhe hèla tse di nañ le mōea di bakè Yehofa. Bakañ Yehofa.”—Pesalema 150:6.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke eng seo batho gompieno ba sa se lemogeng ka Modimo wa Bibela, Jehofa?
◻ Aberahame o ne a lwa ntwa efe, mme ke mang yo a neng a dira gore a fenye?
◻ ‘Lokwalo lwa Dintwa tsa ga Jehofa’ ke eng?
◻ ‘Lokwalo lwa Dintwa tsa ga Jehofa’ lo tla konelwa ka eng?