LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/1 ts. 23-25
  • Baroma Ba Utlwa Dikgang tse di Molemo Go Gaisa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baroma Ba Utlwa Dikgang tse di Molemo Go Gaisa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • PAULO LE BAROMA
  • TUMELO LE MOLAO
  • TSHIAMO KA TUMELO
  • GO ARABA DIKGANETSO
  • TSHIAMO LE BAJUDA BA NAMA
  • MELAOMETHEO YA TSHIAMO
  • GO BATLODIWA LE BA DINKU DI SELE
  • Buka ya Bibela ya bo 45—Baroma
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Natefelelwa ke Tshiamo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dikgang Tse di Molemo Tse Botlhe ba di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/1 ts. 23-25

Baroma Ba Utlwa Dikgang tse di Molemo Go Gaisa

MOTHO yo o tletseng boleo a ka nna yo o siameng mo matlhong a Modimo jang mme a bona botshelo jo bosakhutleng? Potso eno e ne ya tlotliwa tota mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha ono wa rona o o Tlwaelegileng. A o itse karabo ya yone? Lefa o e itse kana o sa e itse, o tshwanetse go bala kafa moaposetoloi Paulo a e tlhalosang ka gone ka botswerere mo bukeng ya Bibela ya Baroma. Go dira jalo go tla go thusa go tlhaloganya kamano ya botlhokwa fa gare ga tumelo, ditiro, tshiamo le botshelo.

PAULO LE BAROMA

Buka ya Baroma ke lokwalo lo lo neng lwa kwalwa ke Paulo mo e ka nnang ka 56 C.E. a lo kwalela Bakeresete ba kwa Roma. Ke ka ntlhayang fa a ne a kwala lokwalo lono? Lemororo Paulo a ne a ise a etele kwa Roma ka 56 C.E., go lebega a ne a itse Bakeresete ba bantsi ba koo, ereka a ne a umaka ba sekae ba bone ka maina mo lokwalong lwa gagwe. Mo godimo ga moo, Paulo o ne a batla thata go ya kwa Roma gore a tle a kgothatse bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba ba koo, mme gape go lebega a ne a rulaganyetsa go nna ka lobakanyana kwa Roma mo loetong lwa gagwe lwa borongwa lwa kwa Spain.—Baroma 1:11, 12; 15:22-24.

Lefa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo jwa ga Paulo jwa go kwala lokwalo lono e ne e le go araba potso eno: Batho ba ka nna ba ba siameng jang gore ba bone botshelo? Karabo ya yone ke dikgang tse di molemo go gaisa. Motho o balelwa a siame ka tumelo. Paulo o bua ka ntlha eno mme o naya setlhogo sa lokwalo lwa gagwe fa a kwala jaana: “Ga ke tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō: gonne ko aōna thata ea Modimo e e isañ polokoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ; pele mo Moyudeñ, le mo go èna Mogerika. Gonne tshiamō ñwe ea Modimo e senocwe mo go aōna ka tumèlō e e isañ tumeloñ: yaka go kwadilwe, ga twe, Me basiami ba tla tshela ka tumèlō.”—Baroma 1:16, 17.

TUMELO LE MOLAO

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, e ne e se mongwe le mongwe yo a neng a dumela gore motho o balelwa e le yo o siameng ka ntlha ya tumelo. Go ne go na le batho ba sekae fela ba ba neng ba bua bobe bao ba neng ba bolela gore go ne go batlega mo go oketsegileng. A Jehofa o ne a sa ba naya Molao wa ga Moshe? Motho o ne a ka nna yo o siameng jang fa a ne a sa ikobele sengwe se se tlhotlheleditsweng seo, se se neng se neilwe? (Bona Bagalatia 4:9-11, 21; 5:2.) Setlhopha se se laolang se ne sa tlotla ka kgang ya go ikobela Molao ka 49 C.E. kwa Jerusalema, mme se ne sa swetsa ka gore Baditšhaba bao ba neng ba amogela mafoko a a molemo ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa le go ikobela ditaolo tsa Molao wa Sejuda.—Ditihō 15:1, 2, 28, 29.

Mo e ka nnang dingwaga di le supa moragonyana, Paulo o ne a kwalela Baroma lokwalo a tshegetsa tshwetso eo e e tlhomologileng. Eleruri o ne a bua go le gontsi. E ne e se fela gore Bakeresete ba Baditšhaba ba ne ba sa amiwe ke Molao mme gore Bajuda ba ba neng ba ikaegile ka go o ikobela ba ne ba se kitla ba lejwa jaaka ba ba siameng go ka bona botshelo.

TSHIAMO KA TUMELO

Fa o bala buka ya Baroma, o tla lemoga kafa Paulo a bayang kgang ya gagwe ka gone, a tshegetsa se a se buang ka ditsopolo tse dintsi go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera. Fa a bua le Bajuda, bao ba ka tswang ba na le bothata jwa go amogela dithuto tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng, o ba bontsha lorato le gore o amega ka bone. (Baroma 3:1, 2; 9:1-3) Lefa go ntse jalo, o bua kgang ya gagwe ka phepafalo tota le dintlha tsa yone di tlhomagana sentle mo di ka se kang tsa ganediwa.

Mo go Baroma kgaolo 1 go ya go kgaolo 4, Paulo o simolola ka boammaaruri jwa gore mongwe le mongwe o na le molato wa boleo. Ka gone, batho ba ka bolelwa ba siame fela ka tumelo. Ke boammaaruri gore Bajuda ba ne ba leka go itshupa ba siame ka go tshegetsa Molao wa ga Moshe. Mme ba ne ba palelwa. Ke gone ka moo Paulo a buang ka bopelokgale a re: “Go le Bayuda, go le Bagerika . . . ba mo thateñ ea boleo botlhe hèla.” O supa boammaaruri jono jo bo sa rategeng gore ruri bo ntse jalo ka go tsopola Dikwalo di le mmalwa.—Baroma 3:9.

Ereka go se “nama epè e e tla siamisiwañ mo matlhoñ a ōna ka ditihō tsa molaō,” go na le tsholofelo efe? Modimo o tla bolela gore batho ba siame e le neo ya mahala mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. (Baroma 3:20, 24) Gore ba bone seno, ba tshwanetse go dumela mo setlhabelong seo. A thuto eno ya gore batho ba bolelwa ba siame ka ntlha ya tumelo ke sengwe se sesha? Gotlhelele nnyaa. Aberahame ka boene o ne a bolelwa a siame ka ntlha ya tumelo ya gagwe pele le Molao o tlhomiwa.—Baroma 4:3.

Fa a sena go supa gore tumelo e botlhokwa, Paulo mo go kgaolo 5 o tlotla ka motheo wa tumelo ya Bokeresete. Ke Jesu, yoo botshelo jwa gagwe jo bo siameng bo senyang bosula joo boleo jwa ga Adame bo bo dirileng mo go bao ba dumelang mo go Ene. Ka gone, ke “tihō e le ñwe hèla ea tshiamō,” eseng go ikobela Molao wa ga Moshe, ‘e e tlisitseng tshiamiso ya botshelo mo bathong botlhe.’—Baroma 5:18.

GO ARABA DIKGANETSO

Fa e le gore Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao, ke eng se se tla ba thibelang gore ba se ka ba tswelela ba dira boleo le go tshwaiwa jaaka ba ba tshwanetseng go lejwa ba siame, go lebogiwa bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo? Paulo o araba kganetso eno mo go Baroma kgaolo 6. Bakeresete ba sule mo tseleng ya bone ya pele ya botshelo ya boleo. Botshelo jwa bone jo bosha mo go Jesu bo ba rwesa boikarabelo jwa go lwa le makoa a nama. O ba kgothatsa jaana: “A boleo bo se laole mo mmediñ oa lona o o nañ le go shwa.”—Baroma 6:12.

Mme gone a Bajuda ga ba a tshwanela go kgomarela Molao wa ga Moshe? Paulo o tlhalosa ka kelotlhoko mo go kgaolo 7 gore ga go a nna jalo. Fela jaaka mosadi yo o nyetsweng a golotswe mo molaong wa monna wa gagwe fa a swa, ka jalo loso lwa ga Jesu lo ne lwa golola Bajuda go tswa mo go ikobeleng Molao. Paulo o bua jaana: “Lo kile loa dihwa bashwi kaga molaō, ka mmele oa ga Keresete.”—Baroma 7:4.

A seno se raya gore go ne go na le sengwe se se phoso ka Molao? Ga go a nna jalo tota. Molao o ne o itekanetse. Bothata e ne e le gore batho ba ba sa itekanelang ba ne ba sa kgone go ikobela Molao. “Gonne rea itse ha molaō e le oa semōea,” go ne ga kwala jalo Paulo, “me nna ke oa senama, ke bapadicwe mo thateñ ea boleo.” Motho yo o sa itekanelang ga a kake a tshegetsa Molao o o itekanetseng wa Modimo ka gone o a mo atlhola. Abo go le molemo jang ne, he, go bo ‘go sena tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu’! Bakeresete ba ba tloditsweng ba tsetswe ka moya gore e nne barwa ba Modimo. Moya wa ga Jehofa o ba thusa go lwa le bosaitekanelang jwa nama. “Ba Modimo o ba itshenketseñ, mañ eo o tla ba baeañ molato? Modimo ko ōna o o siamisañ?” (Baroma 7:14; 8:1, 33) Ga go na sepe se se ka ba kgaoganyang le lorato lwa Modimo.

TSHIAMO LE BAJUDA BA NAMA

Fa e le gore Molao ga o tlhole o le botlhokwa, morafe wa Iseraele jaanong o eme fa kae? Mme go tweng ka dikwalo tsotlhe tse di solofetsang go tsosolosiwa ga Iseraele? Dipotso tseno di arabiwa mo go Baroma dikgaolo 9 go ya go 11. Dikwalo tsa Sehebera di ne tsa bolelela pele gore go tla bolokwa Baiseraele ba le mmalwa fela le gore Modimo o tla retologela kwa go baditšhaba. Go dumalana le seno, boperofeti jo bo malebana le go bolokiwa ga Iseraele bo diragadiwa eseng ke Baiseraele ba nama mme ke phuthego ya Bokeresete, eo modi wa yone e leng Bajuda ba ba dumelang mme e tladiwa ke Baditšhaba ba ba dipelo di siameng.—Baroma 10:19-21; 11:1, 5, 17-24.

MELAOMETHEO YA TSHIAMO

Go tloga ka kgaolo 12 go ya go 15 ya Baroma, Paulo o tswelela pele go tlhalosa dingwe tsa ditsela tse di mosola tseo ka tsone Bakeresete ba ba tloditsweng ba kgonang go tshela tumalanong le go bolelwa ga bone ba le tshiamo. Ka sekai, o bua jaana: “Lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ. Me lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona.” (Baroma 12:1, 2) Re tshwanetse go ikanya maatla a go dira molemo eseng go busetsa bosula ka bosula. “Lo se ka loa heñwa ke boshula, me henyañ boshula ka molemō.”—Baroma 12:21.

Roma e ne e le boremelelo jwa puso ya bopolotiki mo motlheng wa ga Paulo. Ka gone, Paulo o ne a gakolola Bakeresete ka botlhale a re: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo: gonne ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ.” (Baroma 13:1) Tsela eo Bakeresete ba neng ba dirisana ka yone gape e ne e le karolo ya go tshela tumalanong le tshiamo. “Lo se ka loa nna molato le opè,” Paulo o bua jalo, “ha e se go ratana hèla: gonne eo o ratañ oa ga gabō o dihaditse molaō.”—Baroma 13:8.

Mo godimo ga moo, Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe mme ba se ka ba ba atlhola. Paulo o kgothatsa jaana: “A re lateleñ dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agèlèlanañ ka cōna.” (Baroma 14:19) Abo seno e le kgakololo e e molemo jang ne e e ka dirisiwang mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa Bokeresete! Paulo morago o konela ka ditumediso le mafoko a bofelo a kgothatso le kgakololo mo go kgaolo 16.

GO BATLODIWA LE BA DINKU DI SELE

Kgang e go tlotlilweng ka yone mo go Baroma e ne e le botlhokwa thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme e santse e le botlhokwa le gompieno. Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba kgatlhegela tshiamo le botshelo jo bosakhutleng. Go boammaaruri gore Baroma e ne e kwaletswe phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, lemororo gompieno bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa e le ba “boidiidi yo bogolo” ebile ba na le tsholofelo ya selefatshe. (Tshenolō 7:9) Lefa go ntse jalo, lokwalo lono lo ba tsholetse molaetsa wa botlhokwa le bone. Ke ofe?

Buka ya Baroma e supa gore Bakeresete ba bolelwa ba siame ka tumelo. Mo go ba ba tloditsweng, seno ke ka go nna babusi mmogo le Jesu mo Bogosing jwa selegodimo. Lefa go ntse jalo, ba boidiidi jo bogolo le bone ba bolelwa ba siame, mme e le ‘ditsala tsa Modimo,’ jaaka Aberahame. (Yakobe 2:21-23) Ba lejwa ba siame ka ntlha ya fa ba tlile go falola sepitla se segolo, mme go ikaegile ka go dumela mo mading a ga Jesu, fela jaaka go ntse ka batlodiwa. (Pesalema 37:11; Yohane 10:16; Tshenolō 7:9, 14) Ka gone, mabaka ao Paulo a a nayang mo go Baroma a ama dinku di sele mmogo le batlodiwa. Mme kgakololo e e molemo ya buka eno ka go tshela tumalanong le go bolelwa ga rona re le tshiamo e botlhokwa thata mo Bakereseteng botlhe.

The Book of Life, e e tlhatlhobilweng ke Ngaka Newton Marshall Hall le Ngaka Irving Francis Wood, e bua jaana: “Kafa e bayang mabaka ka gone le go ya ka thuto ya yone [Baroma] ke thuto e e kwa godimo thata e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo. E bua ka go akanyetsa, ka botlhale, mme lefa go le jalo e nonofile. . . . Go ithuta lokwalo lono lwa moaposetoloi go duela tota.” Ke ka ntlhayang fa o sa ipalele buka eo mme o itumelele “Mahoko a a Molemō” a a leng mo go yone, ao e leng “thata ea Modimo e e isañ polokoñ.”—Baroma 1:16.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebee 24]

“Ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ.” Seno ga se reye gore Modimo o tlhoma mmusi mongwe le mongwe mo maemong ao. Go na le moo, babusi ba gone fela ka ba letlilwe ke Modimo. Mo mabakeng a mantsi, Modimo o ne wa bonela pele wa bo wa bolelela pele batho ba ba neng ba tla busa mme ka gone ba “beilwe ke Modimo.”—Baroma 13:1.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Museo della Civiltà Romana, Roma

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

Bakeresete ba bolelelwa jaana: “Lo aparè Morèna Yesu Keresete.” Seno se raya gore ba tshwanetse go latela dikgato tsa ga Jesu, ba mo etsa ka go baya dilo tsa semoya go na le tsa nama kwa pele mo matshelong a bone, ke ka gone moo, ba ka se kang ba “etleeletsa nama, go dihatsa dithatō tsa eōna.”—Baroma 13:14.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

Paulo o ne a bolelela Baroma gore ba dumedisane ka “katlō e e boitshèpō.” Lefa go ntse jalo, fano o ne a sa tlhome mokgwa o mosha wa Bokeresete kana ngwao ya bodumedi. Mo metlheng ya ga Paulo go ne go atliwa phatla, molomo, kana letsogo jaaka sesupo sa go dumedisa, go supa lorato, kana tlotlo. Ka gone, Paulo o ne a umaka fela mokgwa o o neng o tlwaelegile mo motlheng wa gagwe.—Baroma 16:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela