LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 5-7
  • Kafa O Ka Fenyang Kgwetlho ya Boitsholo ya go Humanega ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa O Ka Fenyang Kgwetlho ya Boitsholo ya go Humanega ka Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Bibela E Lebang Boikanyego Ka Gone
  • Tharabololo: Go Ikanya Jehofa
  • Lesego la go Ikanya Modimo
  • Go Ise go ye Kae go Tla bo go Sena Mohumanegi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • A ga Go Molato fa o Utswa ka Gonne o Humanegile?
    Tsogang!—1997
  • Ba Humanegile Le fa Go Ntse Jalo ba Humile—Go ka Kgonega Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Lefatshe Le le Se Nang Lehuma le Gaufi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 5-7

Kafa O Ka Fenyang Kgwetlho ya Boitsholo ya go Humanega ka Gone

“BATHO ba humanegile ka gonne ba ditshwakga,” go ne ga bua jalo ngaka nngwe ya mo Afrika. “Motsemogolo o tletse ka batho ba ba sa direng sepe. Fa e le gore tota ba ne ba batla tiro, ba ne ba tla e bona. Ga go a tshwanela go bo go na le ope yo o humanegileng gompieno.”

Ga go na pelaelo ya gore batho bangwe ke ditshwakga le gore botshwakga bo tlisa khumanego. Bibela e bua jaana: “Nama u sa robetse go le gonnye, u otsèlè go le gonnye, u leshololèlè borokō diatla: Yalo khumanègō ea gago e tla tla yaka senokwane, le lehuma ya gago yaka monna eo o tlhometseñ dibolaō.” (Diane 24:33, 34) Lefa go ntse jalo, batho ba bantsi ba ba humanegileng ga se ditshwakga. Ka sekai, tlhokomela monna yono yo o neng a kwala jaana: “Nakō e sa nntse e le eno, re nntse re bolawa ke tlala, le lenyōra, ga rea cwala, rea tlhanyakwa, ga re na bonnō bopè yo bo tlhōmameñ.” (1 Bakorintha 4:11) A e ne e le setshwakga se se tlhobogilweng? Nnyaa. Mafoko ao a ne a kwalwa ke moaposetoloi Paulo. O ne a itlhophetse go tshela botshelo jo bo kwa tlase gore a kgone go dira bodihedi jwa gagwe jwa Bokeresete botoka. Dingwe tsa dilo tseo a neng a di tlhoka e ne e le ka ntlha ya maemo a a ka se kang a a fetola, jaaka go bogisediwa bodumedi.

Mo lefatsheng gompieno, bontsi jwa batho bo humanegile ka ntlha ya maemo a ba ka se kang ba a laola—gongwe ka ntlha ya go sa rutega, itsholelo e e sa atlegeng ya mo lefelong la bone, kana phetogo ya dipolotiki. Bontsi bo dira ka natla go tloga ka makuku go fitlha bosigo mme ba bona go le gonnye fela go itshedisa ka gone. Ka gone, ditshono tsa go bona madi ka ditsela tsa go tlhoka boikanyegi di ka nna tsa lebega di kgatlha, le eleng go nna botlhokwa. Ka go bo, ba bangwe ba ka nna ba bolela gore Bibela e bolela gore ka nako nngwe motho a ka nna a wa mo boitsholong! Mo godimo ga moo, e bolela jaana: “Batho ga ba nyatse legodu, ha le ucwa gore mōea oa yeōna o kgorè motlhañ le bolawañ ke tlala.” Mme monna yo o botlhale o ne a rapela jaana: ‘Fa ke humanegile nka tla ka utswa.’—Diane 6:30; 30:8, 9.

Kafa Bibela E Lebang Boikanyego Ka Gone

A ditemana tseno tsa Bibela eleruri ka tsela nngwe di dumelela go sa ikanyegeng? A re di tlhatlhobeng ka ditemana tse di di dikologileng. Fa e sena go dumela gore batho ga ba nyatse legodu fa le utswa gore le tlatse mpa ya lone, Diane 6:31 e tswelela jaana: “Me ha le chwerwe, le tla leha boshupa; le tla ntsha thoto eotlhe ea ntlo ea yeōna.” Ka mafoko a mangwe, fa legodu le tshwarwa, le atlholwa ka katlholo e e tletseng ya molao. Le duelela molato wa lone wa bonokwane! Ka gone, mafoko ano go na le gore a kgothaletse go utswa, a tlhagisa batho ba ba humanegileng gore go utswa go ka dira gore ba latlhegelwe le go feta, ba itlhabisa ditlhong mmogo le malapa a bone, le go latlhegelwa ke boitlotlo jwa bone.

Mme go tweng ka thapelo ya monna yo o botlhale? O ne a kopa gore a se ka a humanega mme a utswa a “diha leina ya Modimo oa [gagwe] matlhapa.” (Diane 30:9) Ee, fa motho yo o ipolelang gore o direla Jehofa a tlhoka boikanyegi seo se ka lere kgobo mo leineng la Modimo le mo phuthegong ya batho ba Gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Wèna eo u rerañ gore motho a se ka a ucwa, a u bile ua ucwa?” Fa motho yo o ipolelang gore ke Mokeresete a ne a ka utswa, seno se ne se ka dira gore ‘leina la Modimo le tlhapadiwe ke Baditšhaba.’—Baroma 2:21, 24.

He Bibela e bua jaana ka lebaka le le molemo: “Mohumanegi eo o tsamaeañ mo go tlhokeñ ga gagwè, o molemō bogolo go eo o leñ leshōkō mo mekgweñ ea gagwè, leha a humile.” (Diane 28:6) Lemororo le ene a ne a tlhoka dilo dingwe ka nako nngwe, moaposetoloi Paulo ga a ise a ko a mpampetse kana a se ka a ikanyega. Go na le moo, o ne a kwala jaana: “Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa: me bogolo a a dihè, a dihè se se molemō ka diatla tsa gagwè, gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.”—Baefesia 4:28.

Tharabololo: Go Ikanya Jehofa

Go tweng ka bao ba dirang ka natla mme ba sa bone madi a a lekaneng go tlhokomela malapa ao e leng a bone? A maemo a bone a ba letla gore ba ka tlhoka boikanyegi kana ba utswa, segolobogolo fa leloko lengwe la lelapa le lwala kana fa go tlhagile kotsi nngwe? Batho bangwe ba akanya jalo. Moagi mongwe wa naga nngwe mo Afrika o ne a bua jaana: “Mo nageng ya rona, fa o ikanyega ga o kake wa tshela. Fa o batla go tswelela o tshela, tsela ya gago ya botshelo ga e a tshwanela go tlhamalala.”

Lefa go le jalo, fa o tsamaya o raletse Afrika yotlhe gangwe le gape o bona mafoko a a reng “Ikanye Modimo” a kwadilwe mo diloring, mo maboteng, a gatisitswe mo ditshwantshong le mo dipampitshaneng tseo di kgomarediwang mo tshiping e e kwa morago ya koloi. Bibela ka boyone ya re: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla.” (Diane 3:5) Kgothatso eo ya Bibela le ka motlha ga e kake ya dumalana le go sa ikanyegeng. Mme a go ikanya Modimo eleruri ke yone tharabololo e e nang le mosola ya kgwetlho ya boitsholo e e lebaneng le batho ba ba humanegileng?

Jaaka modihedi wa Modimo, moaposetoloi Paulo o ne a diragalelwa ke mathata a a tshwanang le ‘tlala, go itima dijo, serame, le bosaikategang.’ (2 Bakorintha 11:27) Paulo eleruri o tshwanetse a bo a ne a ipotsa gore o tla tshela jang! Mme morago ga dingwaga tse 25 e ntse e le Mokeresete, o ne a ka kwala jaana: “Go kokobediwa kea go itse, le go huma kea go itse; mo go señwe le señwe, le mo diloñ cotlhe ke ithutile bokwateñ yoa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegèlwa le go tlhōka. Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafilipi 4:12, 13) Ee, Paulo o ne a ikanya Modimo.

Paulo o ne a lemoga gore melaometheo ya Dikwalo e ne e se mafoko fela a a senang mosola ope, ebile go se ope yo o ka a kgonang. Ke ditaolo tse di tswang mo Modimong o o tshelang o o iketleeditseng go thusa le go tshegetsa bao ba batlang go di dirisa. Moperofeti mongwe wa bogologolo o ne a bua jaana: “Gonne matlhō a ga Yehofa a sianèla kwa le kwa mo lehatshiñ yeotlhe, go ipōnatsa ha a le thata ntlheñ ea batho ba dipelo tsa bōnè di leñ boitekanèlō mo go èna.”—2 Ditihalō 16:9.

Lesego la go Ikanya Modimo

Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo jaana mo bathong ba bantsi go ikanya Modimo? Kwantle ga pelaelo ke ka gonne bodumedi jwa bone bo paletswe ke go ba naya lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Dikereke di ile tsa dira ekete Modimo ga a na leina, ga a bonale, ga se motho, ke sengwe se batho ba sa kakeng ba se tlhaloganya. Mme ka go ithuta Bibela Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itse Modimo, gore ga se maatla mangwe a a sa bonaleng, mme gore ke Motho yo o nang le leina. (Pesalema 83:18; Bahebera 9:24) Ba ile ba ithuta gore o na le dinonofo tseo di mo dirang gore re mo ikanye. Ka sekai, go ya ka Ekesodo 34:6, Jehofa ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” Basupi ba ikanya Modimo mme ba lemoga gore o ‘tletse boammaaruri.’ Ka gone, ba ikanya tsholofetso ya gagwe ya go tlisa lefatshe le lesha le le senang khumanego e jaanong e tlhasetseng lotso lwa motho.—2 Petere 3:13.

Ka gone Basupi ba ga Jehofa ba le dimilionemilione ba ile ba supa gore go a kgonega gore motho a ka ikanya Modimo. Ka sekai, Rosaline, Mosupi mongwe wa kwa Sierra Leone, o dira ka natla go tloga ka oura ya botlhano mo mosong go fitlha bosigo gore a kgone go iphepa le go ikapesa mmogo le bana ba gagwe ba barataro. O bolela jaana: “Batho ba bantsi ba bolela gore o ka se kgone go tshela o ikanyega, mme nna ke itse gore seo ga se boammaaruri. Ka dinako dingwe ke nna le mathata mme ke sa itse gore a tla rarabologa jang. Mme ke a itse gore fa ke ikanyega mo botshelong, sengwe le sengwe se tla siama. Ka jalo ke leka ka natla go se dire sepe se se tla se kang se itumedisa Jehofa.”

Mokwadi mongwe o ne a bolela jaana: “Motho yo o humanegileng ebile go se sepe mo maleng a gagwe o tlhoka tsholofelo . . . go gaisa dijo.” Ee, go tlhoka tsholofelo, go tlalelwa, go nna o sa itumela ke mathata a a ka nnang botlhoko go feta tlala. Mme motho yo o itseng Modimo a bo a mo ikanya ga a tlhoke gore a ineele mo tlalelong. “Ke dira ka natla jaanong,” Rosaline o a oketsa, “mme ke a itumela gonne ke itse gore nako e a tla eo ke tla se kang ke tlhola ke dira ka tsela eno. Jaanong ke a dira gore ke iphepe le lelapa la me, mme mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa, go tla bo go na le dijo tse dintsi. Ka jalo, jaanong ke na le tsholofelo le boitumelo joo ke neng ke sena jone pele ke itse Jehofa.”—Bapisa Isaia 25:6; Tshenolō 21:3, 4.

Ka boammaaruri, bao ba ikanyang Modimo ba ka nna ba nna le mathata a itsholelo, fela jaaka moaposetoloi Paulo. Mme ga ba tlhoke gore le ka motlha ba tlole melao ya Modimo gore ba kgone go tshela sentle. Mopesalema Dafide o ne a bolela jaana: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.” (Pesalema 37:25) Ee, Modimo o amega le go tlhokomela bao ba bayang dikgatlhego tsa gagwe kwa pele mo matshelong a bone.—Mathaio 6:25-33.

Ka jalo fa e le gore lo humanegile, “lo se ka loa lapa mo go diheñ molemō.” (2 Bathesalonia 3:13) Lo se ka loa tlogela boitsholo jwa lona. Nnang le kamano le Modimo lo ikaege ka ene gore a lo thuse go emelana le mathata a botshelo le matshwenyego a jone. Bao ba direlang Jehofa ba bo ba mo ikanya ka tlhomamo ba kgothadiwa jaana: “Ikokobeletseñ ha tlhatse ga lecōgō ye le nonohileñ ya Modimo, gore o tlo o lo goletsè mo lobakeñ lo e leñ lōna; Lo nntse lo latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo go ōna, ka oa lo babalèla.”—1 Petere 5:6, 7.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Motho yo o humanegileng a tshwerwe ke tlala o tlhoka tsholofelo go feta dijo”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho go ikanya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela