LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/15 ts. 15-20
  • Kgothatsanang Jaaka Letsatsi le Ntse le Atamela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgothatsanang Jaaka Letsatsi le Ntse le Atamela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgothadiwa Ke Leina la Bomodimo
  • Ba Tladiwa Ka Boitumelo le Ka Moya O O Boitshepo
  • Go Na le Mabaka A le Mantsintsi A go Kgothatsega
  • Lwa Kgatlhanong le go Kgobega Marapo go go Bakiwang Ke Diabolo
  • Ikaege Thata Ka Setlhabelo sa ga Keresete
  • Go Fa Kgothatso Jaaka Letsatsi le Ntse le Atamela
  • Go ka Dirwang ka go Kgobega Marapo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A re Kgothatsaneng ‘Mme re Dire Jalo le go Feta’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • “Nnang lo [Kgothatsane] Letsatsi Lengwe le Lengwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Re Tlhotlheletsanyeng mo Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo—Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/15 ts. 15-20

Kgothatsanang Jaaka Letsatsi le Ntse le Atamela

“[Lo] kgothatsaneng, mme bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.”—BAHEBERA 10:25, “NW.”

1, 2. Ke letsatsi lefe le le atamelang, mme batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe?

BOTLHE bao gompieno ba nang le seabe mo go boleleng ba re, ‘Tlaang lo nwe metsi a botshelo,’ ga ba itlhaole ba nna ba le nosi. Ba dirisa kgakololo eno ya Bibela jaaka letsatsi le legolo la phenyo ya ga Jehofa le ntse le atamela: “Me a re gopolaneng re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re kgothatsaneng, mme bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.”—Bahebera 10:24, 25, NW.

2 Dikwalo di perofesa gore “motlha” oo ke “letsatsi ya Morèna.” (2 Petere 3:10) Ereka Jehofa e le Mogodimodimo, Modimo mothatayotlhe, ga go na letsatsi lepe leo le ka galalelang go gaisa letsatsi la gagwe. (Ditihō 2:20) Le kaya go golediwa ga bolaodi jwa gagwe jaaka Modimo wa lobopo lotlhe. Letsatsi leo le le botlhokwa ka tsela e e sa tshwaneng le ya lepe le ntse le atamela.

3. Letsatsi la ga Jehofa le ne le atamela jang mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga, me go tweng ka rona gompieno?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng gore letsatsi la ga Jehofa le ne le atamela. Ba ne ba emetse letsatsi leo, mme bogologolo ka nako eo, letsatsi leo le ne le santse le le bokgakala jwa dingwaga di le 1 900. (2 Bathesalonia 2:1-3) Lemororo go ne go ntse jalo, ba ne ba tshwanetse go kgothadiwa gonne letsatsi leo eleruri le ne le tla tla, mme fa Bakeresete ba ne ba ka gatela pele kgato ka kgato mo tumelong ya bone, ba ne ba tla tsena mo letsatsing le le segofaditsweng leo. (2 Timotheo 4:8) Bogologolo koo, letsatsi leo le ne le bonwa le atamela. Mme mo go rona gompieno, letsatsi la ga Jehofa eleruri le atametse. Go diragadiwa ka tsela e e molemo thata ga boperofeti jwa Bibela go gatelela ntlha eno e e tlatsang boitumelo. Ka bonakonyana fela, leina la Modimo wa rona, Jehofa, le tla itshekisiwa ka bosakhutleng.—Luke 11:2.

Go Kgothadiwa Ke Leina la Bomodimo

4. Go ya ka Tshenolō 19:6, ke mang yo a tshwanetseng go nna Kgosi, mme leina la gagwe le lemogiwa jang?

4 Leina la bomodimo le tshwanetse go kgatlha losika lotlhe la motho. Today’s English Version e bolela jaana: “Bakang Modimo! Gonne Morena, Modimo mothatayotlhe wa rona, ke Kgosi!” (Tshenolō 19:6) Go ya ka thanolo eo ya Bibela ya lekgolo leno la bo 20 la dingwaga, ke Morena, Modimo mothatayotlhe. Thanolo eo, mmogo le dithanolo tse dingwe tsa segompieno, ga e bolele leina la Motho yoo wa bomodimo yo o simololang go busa jaaka Kgosi. Lefa go ntse jalo, leina la bomodimo le akareditswe mo tlhaeletsong eno e e reng “Haleluja!” (“Baka Jah” kana, “Baka Jehofa”) e e bonwang mo go Revised Standard Version, New International Version, le thanolo ya ga Moffat ya Tshenolō 19:6. Leina la bomodimo le ile la se ka la tlhaga mo dithanolong tsa Bibela, ka lobaka lo loleele mo Motlheng ono wa rona o o Tlwaelegileng. Lefa go ntse jalo, jaaka re tla bona, leina leo le ile la kgothatsa batho ba Modimo ba metlha ya bogologolo le ba metlha ya segompieno thata.

5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a tlhoka go itse leina la Modimo o a neng a o emela? (b) Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba ikutlwa jang fa Moshe a ne a gatelela leina la bomodimo?

5 Re gakologelwa gore fa Moshe a ne a romiwa ke Modimo Mogodimodimo kwa bathong ba gagwe ba ba neng ba dirilwe batlhanka kwa nageng ya Egepeto, go ne ga tsoga potso ya gore o romilwe ke mang mo dikakanyong tsa batho bao Moshe a neng a romilwe kwa go bone. Moshe o ne a bonela pele gore batho ba ba neng ba sotlega bao ba Bajuda ba ne ba tla batla go itse leina la Modimo yoo a neng a mo emela. Re bala jaana kaga seno mo go Ekesodo 3:15: “U tla raea bana ba Iseraela yana, u re, YEHOFA, Modimo oa borra eno, Modimo oa ga Aberahame, Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe, o nthomile kwano go lona; ye, ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ; me ke yeōna segopoco sa me go ea mo tshikatshikeñ cotlhe.”

6 Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba ikutlwa ba kgothaditswe tota fa ba utlwa tshedimosetso eno e gatelelwa mo go bone. Modimo o eleng one fela wa boammaaruri, Jehofa, o ne o ba tlhomamiseditse gore o tla ba golola. Mme abo go tshwanetse ga bo go ne go kgothatsa jang ne go lebelela go tlwaelana le Modimo fa a tla bo a supa bokao jwa leina la gagwe ka namana—eseng ka go ikgogona ka boikgodiso!—Ekesodo 3:13; 4:29-31.

7. (a) Re itse jang gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba tlwaelane le leina la Modimo? (b) Leina la Modimo le ile la tlogelwa mme la se ka la tlhola le dirisiwa jang?

7 Barutwa ba Morena Jesu Keresete le bone ba ne ba kgothadiwa ke leina la bomodimo, ebong Jehofa, le seo le neng le se emela. (Yohane 17:6, 26) Mo bodiheding jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, eleruri ga a ka a nna fela a sa itsise leina la bomodimo, mme boikaelelo jwa gagwe gape e ne e se gore leina la gagwe, ebong Jesu, e nne lone le le kwa godimo. Leina la bomodimo le ne la se ka la tlhola le itsisiwe fa botenegi jo bo neng bo boleletswe pele gore bo tla nna gone jwa go tlogela tumelo ya boammaaruri ya Bokeresete bo sena go nna gone, ee, tota bo ne jwa nyeletsa puisano ya Bokeresete. (Ditihō 20:29, 30) Fa leina la Morwa Modimo le simolola go tseelwa kwa godimo, le khurumetsa la ga Rraagwe, bao ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba tla fitlhela go obamela Rara go sena mosola ope, go sa dire katamalano epe ya lelapa, ka jalo go sa kgothatse mo go kalo.

8. Batho ba Modimo ba ile ba nna ba ikutlwa jang ka go tsaya leina Basupi ba ga Jehofa?

8 Ka gone, go ne ga nna boitumelo jo bo ka se kang jwa tlhalosiwa fa Baithuti ba Merafeyotlhe ba Bibela ba ba neng ba kopanela le Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba tsaya leina Basupi ba ga Jehofa ka 1931. Go ne go sa lere boitumelo fela mme gape go ne go kgothatsa tota. Mo kgannyeng eno, baithuti ba ba sa tswang go bona leina bao ba Bibela ba ne ba ka kgothatsana.—Bapisa Isaia 43:12.

9. Bakeresete ba boammaaruri ba ikutlwa jang ka Yoo ba leng Basupi ba gagwe?

9 Go ne ga felela ka gore Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba bone go tshwanela gore ba tlhaole motho Yoo go neng ga bolelelwa pele gore ba tla nna Basupi ba gagwe ka leina, fela jaaka le eleng ene Jesu Keresete Moeteledipele wa bone a ne a dira fa a ne a le mo lefatsheng. (Tshenolō 1:1, 2) Ee, ba mo tlhaola a le esi jaaka yo leina la gagwe e leng Jehofa.—Pesalema 83:18.

Ba Tladiwa Ka Boitumelo le Ka Moya O O Boitshepo

10-12. (a) Maatla a a dirang a ne a tla nna le matswela afe mo balateding ba ga Jesu? (b) Basupi ba ba tsentsweng boitumelo bao ba ga Jehofa ba batla go tshwarana jang?

10 Jesu Keresete o ne a bolela jaana fa a ne a laela baaposetoloi ba gagwe: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Mathaio 28:19, 20.

11 Tlhokomela gore Bakeresete ba ba neng ba kolobeditswe bosheng ba ne ba tshwanetse go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo. Moya o o boitshepo ono ga se motho mme ke maatla a a dirang a ga Jehofa Modimo, ao A a dirisang ka Jesu Keresete. Ka Pentekosete, Jehofa Modimo o ne a dirisa Jesu go tshololela balatedi ba ba ineetseng ba ga Jesu Keresete maatla a gagwe a a dirang. (Ditihō 2:33) Ba ne ba tladiwa ka moya ono o o boitshepo, mme sengwe sa dilo tse di kayang moya ono o o boitshepo kana maungo a one, ke boitumelo. (Bagalatia 5:22, 23; Baefesia 5:18-20) Boitumelo ke nonofo e e kgothatsang tota. Barutwa ba tshwanetse go tlala ka boitumelo jwa moya o o boitshepo. Thapelo eno e e neng ya bolelwa ke moaposetoloi Paulo e tshwanela tota: “A Modimo oa cholohèlō o lo tlatsè boitumèlō le kagishō mo go dumeleñ, gore lo totohalèlè mo choloheloñ, ka thata ea Mōea o o Boitshèpō.”—Baroma 15:13.

12 Basupi ba ga Jehofa gompieno, go akaretsa le “boidiidi yo bogolo” joo bo tletseng ka moya o o tlhotlheletsang boitumelo ono, ba tla batla, ee, ba tla kgothatsana mo tsamaisong eno e e bobaba ya dilo. Ka mo go tshwanelang, moaposetoloi Paulo o ne a bua ka ‘go gomotsega mmogo.’—Tshenolō 7:9, 10; Baroma 1:12; 14:17.

Go Na le Mabaka A le Mantsintsi A go Kgothatsega

13. Re na le mabaka afe a a dirang gore re kgothatsege le gore re kgothatsane?

13 Bakeresete ba tla batla go kgothatsana mo phuthegong ya bone ya Bokeresete e e mo lefatsheng lotlhe eo e tletseng ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo, gonne ba iphitlhela ba le mo tsamaisong eno ya dilo eo mmusi wa yone le eleng modimo wa yone e leng moganetsi wa sengwe le sengwe se se siameng. (Bahebera 10:24, 25; Ditihō 20:28) Re na le mabaka a le mantsintsi a go kgothatsega. Ee, abo re itumela jang ne go bo re na le kitso e e tlhomameng kaga Jehofa le kaga Morwa wa Gagwe le maatla a a dirang ao ba a dirisang, eleng, moya o o boitshepo! Kobamelo ya rona ka gone e itumedisa tota. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete bao ka lokwalo lono lwa gagwe lo lo neng lo lebisitswe kwa go bone gore ba tshwanetse go kgothatsana mme ba agane mo tumelong ya bone e e boitshepo go gaisa. Ba ne ba tshwanetse go dira seno ‘segolo thata jaaka ba ne ba bona ka tshwantshetso letsatsi leno le atamela.’ Mo godimo ga moo, fa babusi ba bopolotiki ba lefatshe leno ba nyeletsa bao ba ipitsang Bakeresete, mmogo le ditumelo tsotlhe tsa maaka, boemo joo bo tla batla gore re kgothatsane le go feta.

14. Ke bomang ba ba tshwanetseng go kgothatsana, mme jang?

14 Lemororo bagolwane ba eteletse pele mo go kgothatseng letsomane mo diphuthegong tse di farologaneng, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go kgothatsana fela jaaka Bahebera 10:25 e re rotloetsa. Ebile tota, Bakeresete ba tshwanetse go dira jalo. Fa o le leloko la phuthego, a o ntsha kgothatso ka tsela eno? O ka nna wa ipotsa jaana, ‘Nka dira jalo jang? Nka dira eng?’ Sa ntlha, a go nna gone ga gago fela kwa dipokanong le go tshegetsa thulaganyo ya Bokeresete ga go kgothatse bakaulengwe botlhe le bokgaitsadi, fela jaaka le wena o kgothala fa o bona ba bangwe ba ikanyega mo go tleng kwa dipokanong tsa phuthego? Ba ka kgothadiwa gape ke sekao sa gago sa go itshoka ka boikanyegi. O tlhoma sekao se se kgothatsang tota ka go tswelela mo tseleng ya Bokeresete o sa ineele lefa go ntse go na le mathata ebile go se motlhofo.

Lwa Kgatlhanong le go Kgobega Marapo go go Bakiwang Ke Diabolo

15. Ke ka ntlha yang fa Diabolo a “tletse bogale,” mme ke kgatlhanong le mang?

15 Ga se rona fela ba re itseng gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. Satane Diabolo le ene o a itse. Tshenolō 12:12 e re bolelela gore jaanong go na le tatlhego mo lefatsheng “ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” Jaaka Tshenolō 12:17 e bontsha, bogale jwa gagwe bo tuketse “ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.” Ga go na pelaelo epe kaga seno—Diabolo o batla go re kgoba marapo! Mme o itse sentle fela kafa a ka lekang go dira seo ka gone. O itse makoa a rona le mathata a rona, mme o a a dirisa.

16. Ke ka ntlha yang fa Satane a dirisa go kgobega marapo jaaka sebolao?

16 Ke ka ntlha yang fa Diabolo a dirisa go kgobega marapo jaaka sebolao sa gagwe? Ka gonne gantsi go a atlega. Le eleng motho yo a neng a itshokela go ganediwa ka tlhamalalo le pogiso a ka nna a kgobega marapo. Satane o batla go kgoba Jehofa Modimo mme a leke go supa gore a ka kgona go tlosa batho mo go mo direleng. (Diane 27:11; bapisa Yobe 2:4, 5; Tshenolō 12:10.) Fa e le gore a ka kgona go go kgoba marapo, a ka dira gore o fokotse tirelo ya gago mo Modimong; a ka a nna a go dira gore o eme, o se nne wa ka metlha mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi.—2 Bakorintha 2:10, 11; Baefesia 6:11; 1 Petere 5:8.

17. Maungo a a sa siamang a a tlisiwang ke go kgobega marapo a ne a iponatsa jang mo motlheng wa ga Moshe?

17 Tsela e e phoso eo go kgobega marapo go ka felelang ka yone go ka bonwa mo kgannyeng ya Baiseraele kwa Egepeto wa bogologolo. Fa Moshe a sena go bua le Faro, modipa yoo o ne a oketsa ditiro tsa bone le tsela eo a neng a ba gatelela ka yone. Modimo o ne wa bolelela Moshe gore a tlhomamisetse Baiseraele gore eleruri O tla ba golola, a ba dira batho ba Gagwe, a ba falotsa koo, mme a ba isa kwa nageng e a e ba solofeditseng. Moshe o ne a bua jalo le bana ba Iseraele. Mme Ekesodo 6:9 e bega jaana: “Me ba se ka ba reetsa Moshe ka ntlha ea tlalèlō e e manoñōnoñō ea mōea, le ka ntlha ea kgolègō e e bolalome.” Moshe le ene o ne a kgobega marapo ka ntlha ya tsela eno eo ba neng ba amogela seno ka yone a sa batle go ya go bua le Faro jaaka a ne a romilwe go fitlha fa Jehofa a mo tlhatswa pelo le go mo kgothatsa.—Ekesodo 6:10-13.

18. Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba tlhoka thata go lwa kgatlhanong le go kgobega marapo go go bakiwang ke Diabolo?

18 Satane Diabolo o itse sentle kafa go kgobega marapo go ka amang motlhanka wa Modimo ka gone ka tsela e e seng yone. Ke fela jaaka Diane 24:10 e bolela jaana: “Ha u idibala mo motlheñ oa pitlaganō, nonohō ea gago e be e le pōtlana.” Ereka re tseneletse thata mo nakong eno ya bokhutlo, re tlhoka go nna maatla le go nonofa semoyeng. Tota ga go itumedise go bo re tshwanela go lwa le bosaitekanelang jwa rona, makoa, le diphoso tseo di ka nnang tsa re gogela kwa morago; mme re tlhoka thuso ka gonne Satane o leka go dirisa diphoso tseno.

Ikaege Thata Ka Setlhabelo sa ga Keresete

19. Ke eng seo se tla re thusang go lwa kgatlhanong le go kgobega marapo, mme ka ntlha yang?

19 Thuso e kgolo mo go seno ke thekololo eo Jehofa a ileng a dira gore e nne gone ka Jesu Keresete. Re ka kgona go fenya ka go ikaega thata ka thekololo. Go kotsi go nyenyefatsa thulaganyo eno. Ee, re santse re tla dira diphoso, kana ra leofa, fa re santse re sa itekanela. Mme ga re a tshwanela go kgobega marapo re bo re tlogela, re ikutlwa gore ga go na tsholofelo epe, mme ka gone ra wela mo seraing sa ga Satane. Re a itse gore re na le setlhabelo se se itekanetseng sa boleo. Thekololo e kgona go tlosa maleo. Fa e le gore re ba “boidiidi yo bogolo,” ra tshwanetse go nna le tumelo e e tletseng le tsholofelo ya gore re ka tlhatswa diaparo tsa rona le go di sweufatsa mo mading a Kwana.—Tshenolō 7:9, 14.

20. Tshenolō 12:11 e bontsha gore mokgobamarapo yo mogolo, ebong Diabolo a ka fenngwa jang?

20 Mo go Tshenolō 12:10 Satane o tlhalosiwa jaaka “mopateletsi oa bakauleñwe ba rona eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo.” Re ka kgona go fenya mopateletsi yo o boikepo yono wa selalome se se kgobang marapo seno jang? Temana ya 11 ya yone kgaolo eo e re naya karabo eno: “Me ba mo henya ka ntlha ea madi a ga Kwana, le ka ntlha ea lehoko ya chupō ea bōnè; me ba se ka ba rèkègèla botshelō yoa bōnè le go ea kwa loshuñ.” Ka jalo batho ba ga Jehofa ba tlhoka go nna le tsholofelo e e tletseng mo setlhabelong sa thekololo, ebong madi a ga Kwana. Dira gore kgothatso e e bonwang ka go neela bosupi e nne e nonofile, mme o nne le seabe ka metlha mo go boleleleng mongwe le mongwe yo o ka kgonang go mmolelela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.

21. Re ka nna le seabe jang re sa lemoge mo tirong ya ga Diabolo ya go kgoba bakaulengwe ba rona marapo?

21 Ka dinako tse dingwe, re ka nna le seabe mo tirong ya ga Diabolo ya go kgoba bakaulengwe ba rona marapo re sa ikaelela. Jang? Ka go tshwayatshwaya diphoso, re ba batla dilo di le dintsi, kana re le tshiamo e e feteletseng. (Moreri 7:16) Rotlhe re a tlhaela ebile re na le makoa. A re se keng ra di dirisa jaaka Diabolo a di dirisa. Go na le moo, a re bueng ka tsela e e kgothatsang ka bakaulengwe ba rona le batho ba ga Jehofa jaaka setlhopha se se rulagantsweng. Re batla go nna re kgothatsana mme re sa kgobe ba bangwe marapo.

Go Fa Kgothatso Jaaka Letsatsi le Ntse le Atamela

22, 23. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlogelela bagolwane go nna bone fela metswedi ya kgothatso? (b) Balebedi ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba ka kgothadiwa jang?

22 Re tshwanetse ra ititaya sehuba gore re tla nna re ntse re kgothatsana fa letsatsi le ntse le atamela. Kgothatsa ba bangwe ka sekao sa gago sa boikanyegi le ka mafoko a a gomotsang. Etsa Jehofa le Morena Jesu Keresete mo ntlheng eno. Se tlogelele bagolwane gore e nne bone fela motswedi wa kgothatso. Ka go bo, bagolwane le bone ba tlhoka kgothatso. Ba na le makoa le dilo tse ba tlhaelang ka tsone fela jaaka letsomane lotlhe, mme ba tshwanela go lebana le mathata a a tshwanang le a ba bangwe a go tlamela malapa a bone mo lefatsheng leno le le bolang. Mo godimo ga moo, ba na le seo Paulo a neng a se tlhalosa jaaka go tshwenyega ka diphuthego. (2 Bakorintha 11:28, 29) Tiro ya bone e bokete—ba tlhoka kgothatso.

23 O ka kgothatsa bao ba leng mo maemong a go okamela mo phuthegong ya Bokeresete thata ka go dirisana mmogo le bone. Ka jalo o tla bo o latela kgakololo eno e e mo go Bahebera 13:17: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.”

24. Mo motlheng ono o o kgobang marapo, re tshwanetse ra bo re dira eng, mme ka ntlha yang?

24 Re tshela mo motlheng o o kgobang marapo. Dipelo tsa batho eleruri di nyerisitswe ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng le le agilweng leno, fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele. (Luke 21:25, 26) Nnang lo “laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla,” ka gonne go na le mathata a mantsi a a tshwenyang maikutlo le a a kgobang marapo. Latelang kgakololo e e molemo eno ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go 1 Bathesalonia 5:11: “Ke gōna laanañ, me lo agèlèlanè, hèla yaka lo nntse lo diha.”

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go kgothatsana, le eleng go feta jaaka ba ne ba dira pele?

◻ Batho ba ga Jehofa ba ne ba kgothadiwa jang ke go itse leina la bomodimo?

◻ Re ka kgothatsana ka ditsela dife?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go nna le seabe mo tirong ya ga Diabolo ya go kgoba bakaulengwe ba rona marapo?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bagolwane ba etelela pele mo go kgothatseng letsomane le le mo diphuthegong tsa bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela