LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 5/1 ts. 25-29
  • Nnang lo Jale Peo—Jehofa o Tla e Ungwisa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang lo Jale Peo—Jehofa o Tla e Ungwisa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao Se Se Molemo sa Batsadi le Katiso ya Bone
  • Go Tsena mo Tirelong ya Bobulatsela
  • Kabelo ya kwa Ireland
  • Go Tlhaselwa ke Digopa
  • Dipeo tsa Boammaaruri Di A Tlhoga
  • Tsela ya go Akanya E A Fetoga
  • Katiso E E Kgethegileng kwa Sekolong sa Gileade
  • Jehofa O Tswelela A Ntse A Ntshegofatsa
  • Sengwe se se Molemolemo se Nka se Dirang ka Botshelo Jwa Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Jehofa O a Re Segofatsa fa re Dira Se a Se Kopang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • “Moengele wa ga Jehofa o Thibelela go Dikologa ba ba Mmoifang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 5/1 ts. 25-29

Nnang lo Jale Peo—Jehofa o Tla e Ungwisa

JAAKA GO BOLETSE FRED METCALFE

BOGOLOGOLO ka 1948, fa ke ne ke le mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo, ke ne ka etela polasinyana ka kwa ntle ga Cork kwa borwa jwa Ireland. Fa ke ne ke tlhalosetsa molemi wa koo gore ke mang, sefatlhego sa gagwe se ne sa hubila. O ne a shakgala tota, a tlhaeletsa kwa godimo a re ke Lekomonisi, a bo a siana go ya go tsaya foroko ya gagwe e telele. Kwantle ga go akanya ke ne ka tswa mo polasing eo mme ka tlolela baesekele ya me e ke neng ke e tlogetse kwa tseleng. Thaba ya foo e ne e le mokong tota, mme ke ne ka kgokologa ka bonako ka mo ke neng nka kgona ka gone, ke sa gadime kwa morago, ka mogopolo wa me o ne o mpontsha molemi yoo a konopela foroko eo ya gagwe e telele mo go nna jaaka lerumo le le motsu.

Ke ne ke setse ke tlwaetse batho ba ba dirang jalo mo dingwageng tse pedi tse ke di ntseng mo Repaboliking ya Ireland ke tswa kwa Engelane jaaka mmulatsela yo o kgethegileng ka 1946. Setlhophanyana sa bareri ba Bogosi bao ke neng ka kopanela le bone, bao palo ya bone e neng e ka nna 24, ba ne ba setse ba kile ba supediwa bobaba le go buisiwa dipuo tse di maswe. Mme ke ne ke tlhomamisegile gore moya wa ga Jehofa kgabagare o tla ntsha matswela.—Bagalatia 6:8, 9.

Lefa go ntse jalo, pele ke anela gore dilo di ne tsa tsamaya jang, mma ke lo bolelele go le gonnye ka botshelo jwa fa ke santse ke le mmotlana le katiso e ke neng ka e bona e e neng ya nthusa mo maemong a a boima ao.

Sekao Se Se Molemo sa Batsadi le Katiso ya Bone

Rre o ne a bona boammaaruri bogologolo ka 1914. O ne a bala pampitshana nngwe e e neng e tlhalosa boemo jwa baswi fa a ne a boela gae a tswa kwa motshamekong wa kgwele ya dinao kwa Sheffield kwa Engelane. O ne a setse a ile a etela dikereke di le dintsi a batla gore dipotso tsa gagwe di arabiwe mme a se ka a atlega. Seo jaanong a neng a se bala mo pamphitshaneng eo se ne sa mo kgatlha thata. O ne a otora dibolumo tse thataro tseo tsa Studies in the Scriptures tseo di neng di phasaladitswe mo pampitshaneng eo, mme o ne a di bala ka botlhaga tota, gantsi go fitlha mo mosong. Rre o ne a lemoga ka bonako gore seo e ne e le boammaaruri.

Go ise go e kae, o ne a simolola go kopanela le phuthego ya mo lefelong leo ya Basupi ba ga Jehofa, eo a neng a kopanela le yone ka dingwaga tse di fetang 40, tseo bontsi jwa tsone e neng e le molebedi yo o okamelang. Seo se neng sa itumedisa rre ke gore bomorwarraagwe ba babedi le bokgaitsadie botlhe ka boraro jwa bone ba ne ba amogela boammaaruri. Mongwe wa bomorwarraagwe o ne a neela lekgarejana lengwe le lebotlana le le neng le thusa mo lebenkeleng bosupi, mme ene le morwadiarraagwe ba ne ba ineela, ya nna Bakeresete ba ba tloditsweng. Rre le morwarraagwe yo mongwe ba ne ba nyala basadi ba babedi ba babotlana bano.

Mo lelapeng la gaetsho, ke ne ke le mongwe wa basimane ba bane bao ba neng ba godisitswe “ka go thuthusediwa mo Moreneng le ka kgothatso ya gagwe.” (Baefesia 6:4, King James Version) Ke itumela go bo batsadi ba me ba ne ba dira maiteko otlhe go re ruta boammaaruri. Ka nako eo go ne go se na dikgatiso dipe tse di kgethegileng tse di neng di diretswe go thusa batsadi go ruta bana ba bone boammaaruri jwa Bibela; mme re ne re na le thuto ya lelapa ya Bibela ka metlha gabedi ka beke re dirisa buka The Harp of God, mmogo le go nna re tlotla ka metlha ka temana ya letsatsi leo.—Duteronome 6:6, 7; 2 Timotheo 3:14, 15.

Mmè le rre e ne e le dikao tse di molemo tota mo go kgatlhegeleng dipokano le go nna tlhaga mo bodiheding. Mo godimo ga dinonofo tse di molemo tota tsa semoya tse a neng a na natso, rre o ne a ka go tshegisa tota, sengwe seo a neng a se naya bana ba gagwe boswa. Tiro e e bokete ya batsadi ba me e ne ya felela ka matswela a a molemo. Basimane botlhe ba bane, bao jaanong ba leng mo dingwageng tsa bo 60, ba santse ba direla Jehofa ba itumetse.

Go Tsena mo Tirelong ya Bobulatsela

Ke ne ka fetsa sekolo fa ke na le dingwaga di le 16, ka April 1939, mme ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Rre o ne a bula tsela le nna mme a nnaya katiso ya maemo a a kwa godimo. Re ne re tsamaya ka dibaesekele mme re kopanya tshimo e e neng e le dikilometara di le 11 go dikologa legae la rona. Letsatsi lengwe le lengwe re ne re tsaya dibukana di le 50 rotlhe, mme re ne re sa boele gae go fitlha re di tsamaisa tsotlhe.

Dingwaga di le pedi morago ga foo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna gareng ga babulatsela ba ntlha ba ba kgethegileng ba ba neng ba tlhophiwa mo Boritane. Ke ne ka itumelela go bona lesego leno, mme go ne go se monate go tlogela legae la gaetsho le le nang le boitumelo le le sireletsegileng le le latelang thulaganyo ya bolegodimo. Fa nako e ntse e tsamaya le ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka kgona go tlwaela.

Tirelo ya me ya bobulatsela e ne ya kgaosediwa ka Ntwa ya Lefatshe II fa nna le Basupi ba bangwe ba babotlana re ne re tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya kgang ya boitlhaodi. Ke ne ka bewa mo setlhopheng sa YP (Young Prisoner) kwa Durham Prison. Seno se ne se kaya gore ke ne ke tshwanetse go apara marokgwe a makhutshwane—sengwe se se neng se sa siama tota mo maemong a a tsididi ao a loapi. Akanya fela, Wilf Gooch (jaanong ke mogokaganyi wa Komiti ya Lekala la Boritane), Peter Ellis (leloko la Komiti ya Lekala), Fred Adams, le nna—botlhe re ka nna dimetara di le 1,8 ka boleele—re eme mmogo re apere marokgwe a makhutshwane jaaka basimanyana ba sekolo!

Kabelo ya kwa Ireland

Fa ke sena go gololwa mo kgolegelong, ke ne ka nna mmulatsela mo dikarolong tse di farologaneng tsa Engelane ka dingwaga di le tharo. Morago ga foo ke ne ka amogela kabelo e e neng e tla itshupa e leka tota mme e kgotsofatsa thata—Repaboliki ya Ireland. Seo ke neng ke se itse fela kaga borwa jwa Ireland ke gore mo e ka nnang mongwe le mongwe e ne e le Moroma Katoliki. Mme ke ne ka itlhokomolosa dikakgelo tse eseng tsone tseo bangwe ba neng ba di bua mme ka se ka ka senya nako go amogela kabelo eo. Eno e ne e le nako ya go anamisa kobamelo ya boammaaruri, mme ke ne ke tlhomamisegile gore Jehofa o ne a tla nthusa ka moya wa gagwe.

Bontsi jwa Basupi ba Repaboliki ya Ireland ba ne ba le kwa moshateng kwa Dublin, go na le a le mongwe kana ba babedi ba ba neng ba gasane kwa mafelong a mangwe. Ka gone bontsi jwa batho bo ne bo ise bo bone mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka simolola tiro kwa motseng o mogolo wa Cork le babulatsela ba bangwe ba barataro. Go ne go se motlhofo go bona motho yo o reetsang. Baruti ba ne ba tlhola ba ba tlhagisa kgatlhanong le rona kwa Mmiseng, ba re bitsa “bodiabolo ba Makomanisi.” Dipampiri tsa dikgang le tsone di ne di tlhagisa kgatlhanong le tiro ya rona.

Letsatsi lengwe mmeodi o ne a mpaakanya moriri a dirisa legare (le le neng le ka go kgaola kgokgotso) le le tlhamaletseng. Fa re ntse re tlotla, o ne a mpotsa gore ke ne ke dira eng mo Cork. Fa ke mmolelela, o ne a shakgala mme a nthoga. Seatla sa gagwe se ne se tetesela ke bogale, mme ke ne ke setse ke ipona ke tswa ka lebenkele la gagwe ke tshotse tlhogo ya me ke e tsentse mo legwafeng! Abo ke ne ka wela makgwafo jang ne fa ke tswa ka lebenkele leo ke santse ke feletse!

Go Tlhaselwa ke Digopa

Ka dinako dingwe re ne re tlhaselwa ke digopa. Ka sekai, letsatsi lengwe ka March 1948, molekane wa me Fred Chaffin, o ne a tlhaselwa ke segopa sa batho fa re ne re le mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo. Fa segopa seno se ntse se mo lelekisa jalo, Fred o ne a tshabela kwa lefelong le go emelwang dibese kwa go lone mme a kopa mokgweetsi wa bese le motsamaisi wa yone gore ba mo thuse. Go na le go dira jalo, ba ne ba mo tlhasela. Fred o ne a tlhatloga le mmila mme a kgona go iphitlha kafa morago ga lobota lo logolo lo lo neng lo dikaganyeditse ntlo ya moruti.

Ka nako eo ke ne ke ile go tsaya baesekele ya me. Ke ne ka tsaya tsela e e potologang go boela kwa gare ga motsemogolo, mme fa ke tsena mo tseleng e kgolo ke ne ka fitlhela segopa se letile foo. Banna ba babedi ba ne ba phamola kgetse ya me mme ba konopela dilo tse di neng di le mo go yone kgakala. Ba bo ba simolola go ntitaya ka mabole le go nthaga. Ka bonako fela go ne ga tlhaga monna mongwe. E ne e le letseka, mme a emisa tlhaselo eo, a ntsaya mmogo le ba ba neng ba ntlhasela ra ya kwa seteitšhaneng sa mapodisi.

Tlhaselo eno e ne ya nna motheo wa go ‘femela Mafoko a a Molemo, le go a tlhomamisa.’ (Bafilipi 1:7) Fa kgetse e isiwa kwa kgotlatshekelo, lepodisi le le neng la mphalotsa le le neng e le Moroma Katoliki, le ne la neela bosupi, mme batho ba barataro ba ne ba atlholelwa go ntlhasela. Kgetse eo e ne ya supa gore re na le tshwanelo ya go tsamaya ka ntlo le ntlo mme e ne ya thibela ba bangwe bao ba neng ba ka akanya go dirisa thubakanyo.

Kwa tshimologong go ne go lejwa go le kotsi thata go romela bokgaitsadi jaaka babulatsela kwa mafelong a a tshwanang le Cork. Lefa go ntse jalo, gantsi go ne go bonala gore go ne go ka nna botoka fa bokgaitsadi ba ne ba ka etela basadi ba ba kgatlhegang. Ka jalo, pele fela ga tlhaselo eno, Mokgatlho o ne o rometse bokgaitsadi bangwe ba ba molemo tota kwa Cork. Yo mongwe wa bone, Evelyn MacFarlane, moragonyana o ne a nna morongwa mme o ne a dira tiro e e molemo thata kwa Chile. Yo mongwe, Caroline Francis, yoo a neng a rekisitse ntlo ya gagwe kwa London gore a kgone go ya go bula tsela kwa Ireland, o ne a nna mosadi wa me.

Dipeo tsa Boammaaruri Di A Tlhoga

Re ne re ka nna ra akanya botlhofo fela gore re ne re senya nako ya rona re jala dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi mo maemong a a ntseng jalo. Lefa go le jalo, go bona boammaaruri bo tlhoga fale le fale, go ne ga dira gore re nne re ikanye gore Jehofa o na le maatla a go tlhogisa dilo. Ka sekai, Mokgatlho o kile wa romela leina le aterese tsaa monna mongwe yo a neng a kwadile a kopa sekaelo sa buka Let God Be True. Aterese eo e ne e le ya kwa Fermoy, torotswana nngwe e nnye dikilometara di le 35 go tswa kwa toropong e kgolo ya Cork. Ka jalo ke ne ka tsamaya ka baesekele ya me moso mongwe wa Sontaga go ya go batla motho yono.

Fa ke goroga kwa Fermoy, ke ne ka kopa monna mongwe go nkaela tsela. “Ija,” o ne a rialo, “ke [dikilometara di le 14] go ya le tsela eno.” Ke ne ka tsamaya gape mme kgabagare ka goroga kwa polasing eno ke tsamaya ka tsela e nnye ya magae. Lekawana le le neng le kopile buka eno le ne le eme fa kgorong ya polasi. Fa ke le bolelela gore ke mang, le ne la bolela jaana: “Buka ele e botlhokwa fela thata!” Re ne ra tlotla monate tota, mme ga ke a ka bona le sekgala sa dikilometara tse 50 tse ke di tsamaileng go boela gae. Le jaanong, dingwaga tse di ka nnang 40 morago ga foo, ke itumela tota fa ke bona monna “yo mmotlana” yono, Charles Rinn, ngwaga mongwe le mongwe kwa dikopanong tse dikgolo. Gompieno, go na le diphuthego di le lesome mo kgaolong ya Cork.

Ka bo 1950, nna le Caroline re ne ra gasa dipeo tsa boammaaruri mo dinageng tse di mo teng ga Ireland. Re ne ra kgothadiwa gore re itshoke ka 1951 fa batho ba ba boikobo jaaka “Nkoko” Hamilton le ngwetsi ya gagwe ba ne ba tsaya kgato ka bonako. “Nkoko” Hamilton e ne ya nna ene mmoledi wa ntlha yo o kolobeditsweng kwa County Longford.—1 Bathesalonia 2:13.

Go ne go na le bothata jwa mafelo a go nna. Fela fa batho ba re nnang mo matlong a bone ba ne ba simololwa go gatelelwa, ba ne ba re kopa gore re tsamaye. Ka jalo, fa re sena go ntshiwa mo mafelong a mararo a bonno mo lobakeng lo lokhutshwane, re ne ra reka tente, letsela le le alwang fa fatshe le dikgetse tse go robalwang mo go tsone mme ra tsamaya ka tsone mo Y-model Ford. Re ne re tlhoma tente gongwe le gongwe kwa re neng re kgona go e tlhoma gone fa re sena go neela bosupi kwa bokhutlong jwa letsatsi. Moragonyana re ne ra bona kariki e e gogwang e e boleele jwa dimetara di le nne. E ne e le nnye, mme e na le dilonyana dingwe tsa segompieno di sekae—re ne re tshwanela go tsamaya halofo ya kilometara fa re ya go ga metsi—mme a ne a sa sirelediwa, mme seno mo go rona e ne e le manobonobo. Letsatsi lengwe ke ne ka diragalelwa ke sengwe se se tshegisang tota fa ke ne ke reledisiwa ke modi o o metsi wa setlhare mme ke wela ka sa morago mo teng ga sedibana sa metsi se se neng se le seleele se le sesesane mme se se boteng thata. Lefa go le jalo, re ne ra kgona go naya molebedi yo o etang le mosadi wa gagwe bonno mo karikaneng e e gogwang eo fa ba ne ba re etetse.

Ka dinako dingwe batho ba ba nang le dipelo tse di siameng ba ne ba re supetsa bopelonomi fela re sa lebelela. Ka sekai, re ne ra ya kwa Sligo kwa bophirima jwa Ireland ka 1958, dingwaga tse robedi morago ga fa banyalani bangwe ba babulatsela ba sena go kobiwa mo toropong eo. Re ne ra rapela Jehofa gore a re thuse go bona lefelo leo re ka emisang karikana e e gogwang eno mo go lone, mme fa re sena go nna re batla ka diura di le dintsi re ne ra bona lefelo le go epiwang maje gone le legolo le le sa dirisiweng. Monna mongwe yo a neng a disitse dikgomo fa thoko ga tsela o ne a re bolelela gore lefelo le go epiwang maje mo go lone leno e ne e le la lelapa la gaabo. “A re ka le dirisa?” re ne ra botsa jalo, re mmolelela gore re ne re le baemedi ba mokgatlho wa Bibela. O ne a re go siame.

Ka bonakonyana fela o ne a botsa jaana: “Lo ba Mokgatlho ofe wa Bibela?” Re ne ra tlhobaela. Re ne ra mmolelela gore re Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra wela makgwafo fa a ne a sala a ntse a le botsalano. Dibeke di sekae moragonyana, o ne a re naya rasiti e e supang madi a rente ya lefelo leo a ngwaga otlhe. “Ga re batle tuelo epe,” o ne a bolela jalo. “Mme re a itse kafa lo ganediwang ka gone, ka jalo fa mongwe a lo botsa gore a lo na le tshwanelo ya go nna fano, bosupi jwa lona ke joo.”

Fa re le kwa Sligo, re ne ra utlwa fa monna mongwe, yoo e neng e le ralebenkele le motshameki yo o itsegeng thata wa kgwele ya dinao, a ne a kile a supa fa a na le kgatlhego fa babulatsela ba ba neng ba le koo pele ba ne ba santse ba le mo toropong. Lefa go ntse jalo, o ne a sa kopana le ope thata mo dingwageng tse robedi tseo, mme re ne re ipotsa gore o ne a ntse jang jaanong. Monyenyo wa boitumelo o ke neng ka o bona mo sefatlhegong sa ga Mattie Burn fa ke ne ke mo ipolelela o ne wa re naya karabo. Peo ya boammaaruri e e neng e jadilwe dingwaga pele ga foo e ne e sa swa. E ne e santse e le leloko la phuthegonyana e nnye e e tlhaga e e kwa Sligo.

Tsela ya go Akanya E A Fetoga

Lefelo lengwe le le neng le supa boikutlo jwa ba bantsi jwa go nna kgatlhanong le rona sentle e ne e le toropo ya Athlone. Fa bosupi bo simololwa go neelwa thata ka 1950, baruti ba ne ba saenisa botlhe ba ba neng ba nna mo karolong nngwe ya toropo pampiri ya dingongorego e e neng e bolela gore ga ba batle Basupi ba ga Jehofa ba tla kwa magaeng a bone. Ba ne ba romela seno kwa pusong, ba dira gore tiro e nne bokete tota mo Athlone ka dingwaga tse dintsi. Ka nako nngwe setlhopha sengwe sa basha se ne sa lemoga gore ke Mosupi mme sa simolola go nkonopa ka matlapa. Fa ke ne ke ema fa pele ga fensetere ya lebenkele lengwe, mong wa lone o ne a mpiletsa mo teng—thatathata a batla go sireletsa fensetere ya lebenkele la gagwe go na le go sireletsa nna—mme a ntetla go tswa ka mojako o o ka kwa morago.

Lefa go ntse jalo, bosheng jaana ka August 1989, fa ke ne ke tsamaisa tirelo ya phitlho ya mokaulengwe mongwe yo o ikanyegang kwa Athlone, ke ne ka gakgamala tota kafa Jehofa a neng a dira dilo ka gone koo. Kwantle ga maloko a phuthego, batho bangwe ba ba ka nnang 50 ba mo lefelong leo ba ne ba reetsa tirelo ya phitlho ka tlotlo mo Holong e ntle ya Bogosi eo bakaulengwe ba e agileng.

Katiso E E Kgethegileng kwa Sekolong sa Gileade

Ke ne ka lalediwa go ya kwa khosong ya dikgwedi di le lesome kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade, ka 1961. Khoso e e kgethegileng eno e ne e le ya bakaulengwe fela, ka jalo nna le Caroline re ne ra tshwanela go akanyetsa taletso eno ka thapelo. Re ne re ise re ko re kgaogane mo dingwageng di le 12. Mo godimo ga moo, ereka mosadi wa me a ne a eleditse thata go ya kwa Sekolong sa Gileade le go nna morongwa, o ne a utlwile botlhoko thata fa a ne a sa lalediwa. Mme, ereka e ne e le motho yo o akanyetsang sengwe le sengwe sentle, o ne a baya dilo tseo di direlwang Bogosi kwa pele mme a dumela gore ke tsamaye. Khoso eo e ne e le tshiamelo e e molemolemo tota. Mme go ne go itumedisa tota go boela gae le go tswelela ka tiro ya Mokgatlho mo ofising ya lekala, ke kgothatsa Basupi ba ba neng ba ka nna 200 le go feta bao ba neng ba ntse ba jala le go nosa mo Ireland kwa tshimologong ya bo 1960.

Dingwaga moragonyana, ka 1979, Caroline o ne a kgona go ya kwa ntlokgolong ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York ka nako ya fa ke ne ke laleditswe kwa khosong e e kgethegileng ya Gileade e e neng e diretswe maloko a Dikomiti tsa Makala. E ne e le nngwe ya dilo tse di molemo tse di neng di diragala mo go seo morago se neng sa itshupa fa e ne e le karolo ya bofelo ya botshelo jwa gagwe. Mo dingwageng tsotlhe tse 32 tse re neng re le mo tirelong ya nako e e tletseng mmogo, Caroline ga a ise a ko a tlhoke go nna tlhaga mo tirelong ya ga Jehofa kana lefa e le gone go latlhegelwa ke tsholofelo ya gore o tla dira dilo gore di ungwe.

Ke ne ke mo tlhologelelwa thata. Selo sengwe se se neng sa nthusa go itshokela seno e ne e le setlhogo se se neng se le mo makasineng wa Awake! wa nako eo, wa setlhogo se se neng se re “Learning to Live Without One You Love” (Go Ithuta Go Tshela Kwantle ga Yo O Mo Ratang). (February 8, 1981) Ke ne ke tlhola ke gelela dikeledi fa ke gopola tsala ya me e e ntlogetseng, mme ke ne ka dira se setlhogo seo se neng se se akantsha, ke ne ka dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa.

Jehofa O Tswelela A Ntse A Ntshegofatsa

Ngwaga pele ga seno, ka April 1980, ke ne ke le gone fa Mokaulengwe Lyman Swingle wa Setlhopha Se Se Laolang a ne a kgakola kago e ntšha ya lekala kwa Dublin. Abo go ne go itumedisa jang ne go bona baboledi ba ba 1 854 mo tshimong, eo ka nako eo e neng e akaretsa le Ireland Bokone! Mme jaanong, dingwaga di le lesome morago ga foo, Yearbook e bega tlhora ya ba le 3 451 mo ngwageng wa 1990!

Mo go yone nako eo, ke ne ka bona lesego le lengwe gape. Fa ke ntse ke dira jaaka mokaedi mo Sekolong sa Bodihedi jwa Bogosi, ke ne ka kopana le Evelyn Halford, kgaitsadi yo montle le yo o tlhaga tota yoo a neng a fudugetse kwa Ireland go ya go dira koo go nang le tlhokego e ntsi gone. Re ne ra nyalana ka May 1986, mme o itshupile fa a ntshegetsa tota mo tirong yotlhe ya me ya bolegodimo.

Mo dingwageng tse 51 tsa tirelo e e tletseng tsa fa ke sale ke tlogela sekolo, tse 44 tsa tsone ke di ntse kwa Ireland. Go itumedisa tota go bona ba bantsi bao ke ba thusitseng ba santse ba direla Jehofa, bangwe jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi. Nka bolela fela ke sa etsaetsege gore nngwe ya dilo tse motho a ka di itumelelang tota ke go thusa motho yo mongwe go tsena mo tseleng ya botshelo.

Go ile ga nonotsha tumelo tota go bona kobamelo ya boammaaruri e gola mo mafelong a mantsi kwa Ireland, lemororo kganetso e ne e le setlhogo thata. Jaanong go na le baboledi ba ba ka nnang 3 500 ba ba kopanelang mo diphuthegong tse di ka nnang 90 mo nageng yotlhe. Ka boammaaruri, Jehofa ga a kake a palelwa ke sepe. O tla tlhogisa dilo tse dintsi fa re ka jala le go nosetsa ka botlhaga. (1 Bakorintha 3:6, 7) Ke itse gore seno se boammaaruri. Ke se bone se diragala kwa Ireland.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela