LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 6/1 ts. 8-9
  • Jesu O Wetsa Dilo Tsotlhe Tse Modimo O Di Kopang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu O Wetsa Dilo Tsotlhe Tse Modimo O Di Kopang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu O Wetsa Dilo Tsotlhe Tse Modimo O Di Batlang
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Bula Tsela ya go Boela Gape kwa Paradaiseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Paradaise E E Tsosolositsweng E Galaletsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Jesu o Tlisa Paradaise, o Wetsa Kabelo ya Gagwe
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 6/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Jesu O Wetsa Dilo Tsotlhe Tse Modimo O Di Kopang

ABO go tlile go itumedisa jang ne fa Kgosi ya Motlhabani Jesu Keresete e nyeletsa Satane le lefatshe le le boikepo leno! Kgabagare go simolola Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya kagiso ya ga Jesu!

Batho ba ba tla bong ba falotse Hara–Magedona ba tla phepafatsa tshenyo e e tla bong e tlogetswe ke ntwa eo ya tshiamo ba kaelwa ke Jesu le dikgosi tse di busang nae. Go lebega gore batho ba ba tla bong ba falotse ba ba mo lefatsheng ba tla tshola bana ka lobakanyana, mme le bone ba tla nna le seabe mo tirong e e itumedisang thata ya go dira lefatshe go nna tshimo e ntle ya sekaparaka.

Fa nako e ntse e tsamaya Jesu o tla tsosa dimilione tse di senang palo kwa mabitleng go tla go itumelela Paradaise e ntle eno. O tla dira seno a diragatsa tlhomamisetso eno e e neng ya dirwa ke ene: “Lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla . . . cwa.”

Mo gare ga bao Jesu a tlileng go ba tsosa go tla bo go na le motho yo e kileng ya bo e le modiradibe yoo a neng a swela fa thoko ga gagwe mo koteng ya pogisetso. Gakologelwa gore Jesu o ne a mo solofetsa jaana: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.” Nnyaa, monna yoo ga a kake a tseelwa kwa legodimong go ya go busa jaaka kgosi le Jesu, ebile ga se gore Jesu o tla nna motho gape mme a tshela le ene mo lefatsheng la Paradaise. Go na le moo, Jesu o tla nna le motho yo o kileng ya bo e le modiradibe yono ka tlhaloganyo ya gore O tla mo tsosa go tla go tshela mo Paradaiseng le go bona gore o bona dilo tsotlhe tse a di tlhokang nameng le semoyeng, jaaka setshwantsho se se mo tsebeng eno se supa.

Akanya fela ka seo! Lelapa lotlhe la motho—bafalodi ba Hara–Magedona, bana ba bone, le dimilione tse di diketekete tsa baswi ba ba tsositsweng ba ba mo ikobelang—ba dirwa boitekanelo kafa tlase ga tlhokomelo e e lorato ya ga Jesu. Jehofa, ka Morwa wa gagwe wa kgosi, Jesu Keresete, o tla nna le batho ka tsela ya semoya. “Me,” fela jaaka lentswe le Johane a neng a le utlwa le tswa kwa legodimong, “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho, le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o tla bogang kana a lwala.

Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Jesu, boemo bo tla nna fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse kwa tshimologong fa a ne a bolelela batho ba ntlha ba babedi ebong Adame le Efa gore ba ate mme ba tlatse lefatshe. Ee, lefatshe le tla tlala ka lotso lwa batho ba ba siameng le ba ba itekanetseng. Seno ke ka gonne melemo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo e tla bo e bonwa ke mongwe le mongwe. Ga go ope yo o santseng a tla swa ka ntlha ya boleo jwa ga Adame.

Ka gone, Jesu o tla bo a dirile dilo tsotlhe tse Jehofa o neng o mo kopile go di dira. Ka gone, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, o tla neela Rraagwe Bogosi mmogo le lelapa le le itekanetseng la batho. Modimo ka nako eo o tla golola Satane le badimona ba gagwe go tswa mo moleteng o o tshwanang fela le fa ba ne ba sule wa go sa dire sepe. Ka boikaelelo bofe?

Ebu, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, bontsi jwa bao ba tshelang mo Paradaiseng e tla bo e le ba ba tsositsweng mo baswing bao tumelo ya bone e neng e ise e lekiwe. Ba ne ba ise ba itse ditsholofetso tsa Modimo pele ba swa ka gone ba ne ba sa kgona go supa fa ba di dumela. He, fa ba sena go tsosiwa mo baswing le go rutiwa boammaaruri jwa Bibela, go ne go le motlhofo mo go bone go nna mo Paradaiseng, ba sa ganediwe fa ba ntse ba direla Modimo. Mme fa Satane a ne a ka newa tshono ya go leka go ba thibela go tswelela ba direla Modimo, a ba ne ba tla nna ba ntse ba ikanyega? Satane o tla gololwa gore potso eno e arabiwe.

Ditiragalo tse di neng tsa senolelwa Johane di senola gore Satane o tla kgona go faposa palo e e sa lekanngwang ya batho bangwe mo go direleng Modimo morago ga Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse Di Sekete. Mme morago ga foo, fa teko ya bofelo e sena go wediwa, Satane, badimona ba gagwe, le botlhe ba a tla atlegang go ba faposa ba tla nyelediwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, bafalodi ba ba lekilweng ka botlalo ba ba ikanyegang ba tla tshela mme ba tla ipelela masego a a tswang kwa go Rraabone wa selegodimo ka bosakhutleng.

Go phepafetse gore Jesu o ne a dira seabe se se botlhokwa mme o tla nna a tswelela go nna le seabe seo sa go diragatsa boikaelelo jo bo galalelang jwa Modimo. Abo re ka nna ra itumelela isagwe e e molemo jang ne ka ntlha ya se Kgosi e kgolo ya Modimo ya selegodimo e tla se fitlhelelang! Lefa go le jalo, ga re kake ra lebala dilo tsotlhe tse a neng a di dira fa e ne e santse e le motho.

Jesu o ne a tla mo lefatsheng ka go ithatela fela mme a ruta batho kaga Rraagwe. Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe o ne a supa kafa dinonofo tse di kwa godimo thata tsa Modimo di ntseng ka gone. Dipelo tsa rona di a tlhotlheletsega fa re tlhokomela bopelokgale jo bo boitshegang go dira ga gagwe senna, botlhale jwa gagwe jo bo ka se kang jwa bapisiwa, nonofo ya gagwe e e gaisang jaaka moruti, go etelela pele ga gagwe a sa boife, le lorato lwa gagwe lo lo neneketsang le boutlwelobotlhoko jwa gagwe. Fa re akanya kafa a neng a boga ka gone ka tsela eo re ka se kang ra e tlhalosa fa a ne a ntsha thekololo, eo re kgonang go bona botshelo ka yone fela, dipelo tsa rona eleruri di tlhotlheletsega gore re mo itumelele tota!

Ka boammaaruri, abo re ithutile ka monna tota jang ne mo thutong eno ya botshelo jwa ga Jesu! Bogolo jwa gagwe bo a bonala ebile bo a boitshega. Re tlhotlheletsega go bua mafoko ano a mmusi wa Moroma Ponto Pilatwe a a reng: “Bōnañ, monna ke eo!”

Fa re amogela setlhabelo sa thekololo se se dirilweng go re solegela molemo, mokgweleo wa boleo le loso oo re o ruileng go tswa mo go Adame o ka tlosiwa mo go rona, mme Jesu a ka nna “Rara oa Bosakhutleñ.” Botlhe ba ba tlileng go bona botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse go ithuta ka Modimo le Morwaawe, Jesu Keresete. Re solofela gore jaaka o ile wa bala wa bo wa ithuta motseletsele ono wa ditlhogo tse di kaga botshelo jwa ga Jesu le bodihedi jwa gagwe o tshwanetse wa bo o go thusitse gore o bone kitso eo e e nayang botshelo! 1 Yohane 2:17; 1:7; Yohane 5:28, 29; 3:16; 17:3; 19:5; 23:43; Genesise 1:28; 1 Bakorintha 15:24-28; Tshenolō 20:1-3, 6-10; 21:3, 4; Isaia 9:6.

◆ Batho ba ba tla falolang Hara–Magedona le bana ba bone ba tla bona tshiamelo efe e e itumedisang?

◆ Ke bomang ba bangwe ba ba tla itumelelang go nna mo Paradaiseng le bafalodi ba Hara–Magedona le bana ba bone, mme Jesu o tla nna le bone ka tlhaloganyo efe?

◆ Boemo e tla nna bofe morago ga dingwaga tse di sekete, mme Jesu o tla dira eng ka nako eo?

◆ Ke ka ntlha yang fa Satane a tlile go gololwa mo moleting, mme kgabagare go tlile go diragala eng ka ene le balatedi ba gagwe?

◆ Jesu a ka nna “Rara oa Bosakhutleñ” jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela