Itumedise Jehofa ka go Supa Bopelonomi
“Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata [bopelonomi, “NW”] le go sepela ka boikokobeco le Modimo oa gago?”—MIKA 6:8.
1. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gakgamala go bo Jehofa a lebeletse gore re bontshe batho bopelonomi?
JEHOFA o lebeletse gore batho ba gagwe ba supe bopelonomi. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Modimo o pelonomi mo go botlhe, le eleng le mo bathong ba ba boikepo ba ba sa lebogeng. Jesu Keresete o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana ka seno: “Me lona, ratañ baba ba lona, ba dihèlañ molemō, adimañ hèla, lo sa tlhoboge gopè; me tuèlō ea lona e tla nna kgolo, me lo tla nna bana ba Modimo; gonne èna o pelonomi mo go ba ba sa lebogeñ, le mo go ba ba boshula.”—Luke 6:35, 36.
2. Ke dipotso dife tse di kaga bopelonomi tse re tshwanetseng go di sekaseka?
2 Fela jaaka Mika 6:8 e bolela, bao ba tsamayang le Modimo ba tshwanetse go “rata [bopelonomi].” Go phepafetse gore Jehofa o a itumela fa batlhanka ba gagwe ba rata bopelonomi mme ba bo supa go tswa mo pelong. Mme bopelonomi ke eng? Ke melemo efe e e ka bonwang ka go bo supa? Mme nonofo eno e ka supiwa jang?
Seo Bopelonomi E Leng Sone
3. O ka tlhalosa bopelonomi jang?
3 Bopelonomi bo kaya go nna le nonofo ya go kgatlhegela ba bangwe. Bo supiwa ka go thusa le ka mafoko a a buiwang go akanyeditswe maikutlo a ba bangwe. Go nna pelonomi go kaya go dira molemo eseng go dira sepe fela se se utlwisang botlhoko. Motho yo o pelonomi o botsalano, o bonolo, o kutlwelobotlhoko, le go nna molemo. O rata go aba ebile o akanyetsa ba bangwe. Mme bopelonomi ke karolo ya letsela leo seaparo sa Mokeresete sa tshwantshetso se dirilweng ka lone, ka go bo Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.
4. Jehofa o ile a bontsha batho bopelonomi pele jang?
4 Jehofa o etelela pele mo go supeng bopelonomi. Mme moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore, fa “bopelonomi yoa Modimo Moreboloki bo sena go bōnala” o ne a “re boloka kaha kutlweloñ botlhoko ea ōna, ka tlhapishō ea go tsalwa sesha, le ka boshahaco yoa Mōea o o Boitshèpō.” (Tito 3:4, 5) Modimo o phepafatsa kana o ‘tlhapisa,’ Bakeresete ba ba tloditsweng ka madi a ga Jesu, a ba naya melemo ya setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. Ba dirwa basha gape ka moya o o boitshepo, ba nna “sebopiwa se sesha” jaaka barwa ba ba tsetsweng ka moya ba Modimo. (2 Bakorintha 5:17) Legale, bopelonomi jwa Modimo le lorato lo a ratang motho ka lone di fetela gape le mo ‘boidiiding jo bogolo’ jwa merafe yotlhe joo bo ‘tlhatswitseng dikobo tsa bone bo di sweufaditse mo mading a ga Kwana.’ (Tshenolō 7:9, 14; 1 Yohane 2:1, 2) Mo godimo ga moo, batlodiwa mmogo le boidiidi jo bogolo, joo bo nang le tsholofelo ya go nna mo lefatsheng, botlhe ba kafa tlase ga jokwe e e “motlhoho” ya ga Jesu.—Mathaio 11:30.
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela gore botlhe ba ba kaelwang ke moya wa Modimo ba bontshe bopelonomi?
5 Bopelonomi gape ke karolo ya maungo a moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang. Paulo o ne a bolela jaana: “Me louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō: dilō tse, ga di añwe ke molaō opè.” (Bagalatia 5:22, 23) Ka jalo, re tshwanetse go lebelela eng mo go bao ba kaelwang ke moya wa Modimo? Eleruri, ba tla bontsha ba bangwe bopelonomi.
6. Bopelonomi bo tshwanetse jwa dira bagolwane le Bakeresete ba bangwe gore ba dire ka tsela efe?
6 Bopelonomi bo ka supiwa ka ditsela tse dintsi. Re supa bopelonomi fa re nna kutlwelobotlhoko. Ka sekai, bagolwane ba Bakeresete ba pelonomi tota fa ba utlwela motho yo o dirileng phoso mme a ikwatlhaya botlhoko le fa ba batla go mo thusa semoyeng. Nonofo e ba e neilweng ke Modimo ya bopelonomi e dira gore balebedi ba nne pelotelele, ba akanyetse, ba nne lorato, le bonolo. E ba tlhotlheletsa gore ba “tshware letsomane ka lorato lo lo neneketsang.” (Ditihō 20:28, 29, NW) Ebile tota, loungo lwa moya lwa bopelonomi lo tshwanetse lwa dira gore Bakeresete botlhe ba nne kutlwelobotlhoko, ba nne pelotelele, ba akanyetse, ba nne lorato, botsalano, le go amogela baeng.
Tila Bopelonomi jo Eseng Jone
7. Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore bopelonomi jo eseng jone ke bokoa?
7 Batho bangwe ba leba go nna pelonomi jaaka go nna bokoa. Ba akanya gore motho o tshwanetse go nna peloethata, a tlhokela ba bangwe maitseo ka dinako tse dingwe, gore ba bangwe ba tle ba kgatlhiwe ke nonofo e a nang nayo. Mme go ile ga bolelwa gore “go tlhokela batho maitseo ke tsela e motho yo o bokoa a supang nonofo ya gagwe ka yone.” Mme ebile, motho o tlhoka gore a bo a nonofile tota gore a nne pelonomi ka mmatota le go tila bopelonomi jo eseng jone. Bopelonomi jo e leng loungo lwa moya wa Modimo ga se boikutlo jo bo bokoa, jwa go ineela go dira tiro e e phoso. Go na le moo, bopelonomi jo eseng jone ke bokoa jo bo dirang gore motho a mpampetse phoso.
8. (a) Eli o ne e itshupa jang gore o repisitse letsogo mo barweng ba gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go itisa gore ba se ka ba supa bopelonomi jo eseng jone?
8 Moperesiti yo mogolo wa kwa Iseraele ebong Eli o ne a a sa kgaleme bomorwawe, Hofeni le Finehase, ba ba neng ba dira jaaka baperesiti kwa motlaaganeng. Ereka ba ne ba sa kgotsofalele karolo ya setlhabelo e Molao wa Modimo o neng o laela gore ba e newe, ba ne ba roma modiredi wa bone gore a batle nama e e sa besiwang mo mothong ope yo o tlileng go ntsha setlhabelo pele mafura a setlhabelo a ne a fisiwa mo motlaaganeng. Barwa ba ga Eli gape ba ne ba tlhakanela dikobo le basadi ba ba neng ba direla kwa mojakong wa motlaagana. Lefa go ntse jalo, go na le gore Eli a kobe Hofeni le Finehase mo tirong eo, o ne a ba kgalema fela a le bonolo, a tlotla bomorwawe go feta Modimo. (1 Samuele 2:12-29) Ga go gakgamatse go bo ‘lefoko la ga Jehofa le ne le tlhokega mo metlheng eo’! (1 Samuele 3:1) Ka jalo bagolwane ba Bakeresete ga ba a tshwanela go ineela go akanya ka tsela e e phoso kana go supa bopelonomi jo eseng jone joo bo ka nnang jwa baya semoya sa phuthego mo kotsing. Bopelonomi jwa boammaaruri bo kgona go utlwa mafoko a a boikepo le go bona ditiro tse di sa dumalaneng le melao ya Modimo.
9. (a) Ke boikutlo bofe jo bo ka re thusang gore re se ka ra ineela mo go supeng bopelonomi jo eseng jone? (b) Jesu o ne a itshupa a nonofile jang fa a ne a bua le batho ba batenegi ba bodumedi?
9 Re tshwanetse go rapela Modimo gore o re thuse go nna le nonofo ya go tila go supa bopelonomi jo eseng jone, jaaka re bona seo mo mafokong ano a ga mopesalema: “Ntlogèlañ, lona badiha boshula; gore ke bolokè ditaolō tsa Modimo oa me.” (Pesalema 119:115) Re tlhoka gape go latela sekao sa ga Jesu Keresete, yoo a iseng a ko a supe bopelonomi jo eseng jone. Ebile tota, Jesu o ne a supa bopelonomi jwa boammaaruri tota. Ka sekai, e ne “ea re a bōna machutichuti a batho, a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” Ke gone ka moo, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba neng ba atamela Jesu fela ba gololesegile, ba tlisa le bana ba bone kwa go ene. Mme akanya fela bopelonomi le lorato loo a neng a lo bontsha fa a ntse a “ba tsaea mo mabogoñ a gagwè, a ba segōhatsa ka go ba baea diatla”! (Mathaio 9:36; Mareko 10:13-16) Lemororo Jesu a ne a le pelonomi, o ne a nonofile fa a dira seo se neng se siame mo matlhong a ga Rraagwe wa selegodimo. Jesu ga a ise a ko a mpampetse bosula; o ne a na le maatla ao aa neilweng ke Modimo a go senola baeteledipele ba baitimokanyi ba bodumedi. O ne a boeletsa mafoko ano a a mo go Mathaio 23:13-26 ka makgetlo a le mmalwa: “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi!” Jesu o ne a naya lebaka le Modimo o tla ba atlholang ka lone mo lekgetlong lengwe le lengwe.
Bopelonomi Bo Amana le Lorato
10. Balatedi ba ga Jesu ba bontsha badumedi ba bangwe bopelonomi le lorato jang?
10 Jesu o ne a bolela jaana kaga balatedi ba gagwe: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Mme tsela nngwe e e supang lorato loo lo tlhaolang barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu ke efe? Paulo o ne a e bolela jaana: “Loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi.” (1 Bakorintha 13:4) Fa re le pelotelele le pelonomi go raya gore re itshokela bosaitekanelang le makoa a ba bangwe, fela jaaka Jehofa a dira jalo ka bopelonomi. (Pesalema 103:10-14; Baroma 2:4; 2 Petere 3:9, 15) Lorato lwa Bokeresete le bopelonomi di bonala gape fa badumedi mmogo le rona ba ba nnang kwa mafelong a mangwe mo lefatsheng ba tlhagelwa ke mathata. Bakeresete ba ba kwa mafelong a mangwe ba supa lorato lwa bokaulengwe ka go ba direla “ka yo e señ botsalanōnyana hèla,” ka go ntsha dilo tse di bonalang go thusa baobamedi ba ba ntseng jalo ba ga Jehofa.—Ditihō 28:2.
11. Bopelonomi ke eng go ya ka Dikwalo?
11 Bopelonomi bo amanngwa thata le lorato mo polelong eo e dirisiwang thata mo Dikwalong e e reng “bopelonomi yoa . . . loratō.” Seno ke bopelonomi jo bo tswang mo loratong lo lo ikanyegang. Leina la Sehebera le le ranotsweng jaaka “bopelonomi yoa . . . loratō” (cheʹsedh) le akaretsa se se fetang go neneketsa. Ke bopelonomi jo bo kgomarelang selo ka lorato go fitlhelela boikaelelo jwa bone ka selo seo bo fitlhelelwa. Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa, kana lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang, bo supiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, o bo bontsha ka ditiro tsa gagwe tsa go golola le go sireletsa.—Pesalema 6:4; 40:11; 143:12.
12. Batlhanka ba ga Jehofa ba ka tlhomamisega ka eng fa ba rapelela gore ba thusiwe kana ba gololwe?
12 Ga go gakgamatse go bo bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa bo gogela batho kwa go ene! (Yeremia 31:3) Fa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba tlhoka go gololwa kana go thusiwa, ba itse gore bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato eleruri ke lorato lo ba ka lo ikanyang, leo le ka se kang la ba tlogela fela ba le mo kotsing. Ke gone ka moo ba kgonang go mo rapela ka tumelo jaaka mopesalema yoo a neng a bolela jaana: “Me nna, ke ikantsè mo [bopelonoming jo bo lorato, NW] yoa gago; pelo ea me e tla itumèla mo polokeñ ea gago.” (Pesalema 13:5) Ereka lorato lwa Modimo lo nna lo ntse lo le teng batlhanka ba gagwe ga ba ke ba tlhoka go bona se ba se batlang fa ba ikantse bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato. Fa ba mo rapela gore a ba thuse kana a ba golole, ba tlhomamisegile go re: “Yehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwe, le gōna ga a ketla a tlhala boshwa yoa gagwè.”—Pesalema 94:14.
Tuelo ya Bopelonomi
13, 14. Ke ka ntlha yang fa motho yo o pelonomi a nna le ditsala tse di ikanyegang?
13 Batlhanka ba ga Jehofa ba mo etsa ka go nna le “[bopelonomi jo bo lorato] le pelotlhomogi moñwe le moñwe mo go [yo mongwe].” (Sekaria 7:9; Baefesia 5:1) “Selo se se eletsegang ka motho wa lefatshe ke bopelonomi jwa gagwe jwa lorato,” mme motho yo o supang nonofo eno o bona tuelo e kgolo. (Diane 19:22, NW) Dingwe tsa tsone ke dife?
14 Bopelonomi bo dira gore re nne kelotlhoko mme ka gone bo re thusa go nna le kamano e e molemo le ba bangwe. Motho yo o kelotlhoko o bua le go dira dilo kana o rarabolola mathata ka tsela ya go akanyetsa le e e sa kgopiseng. Fa motho wa “selalome” ene a tla ilwa, “motho eo o [nang le bopelonomi jo bo lorato, NW] o itihèla mōea oa gagwè molemō.” (Diane 11:17) Batho ba tila motho yo o setlhogo mme ba gogelwa mo go yo o ba bontshang bopelonomi jo bo lorato. Ka gone, motho yo o pelonomi o nna le ditsala tsa mmatota.—Diane 18:24.
15. Bopelonomi bo ka nna le matswela afe mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi?
15 Mosadi wa Mokeresete yo a nang le monna yo o sa dumelang a ka mo gogela mo boammaaruring jwa Modimo ka nonofo ya go nna pelonomi. A ka tswa a ne a se pelonomi ebile a tsosa dikgogakgogano pele a ithuta boammaaruri le pele a ‘apara motho yo mosha yo kafa Modimong o bopilweng ka tshiamo le mo boitshepong jwa boammaaruri.’ (Baefesia 4:24) Fa e le gore monna wa gagwe o ne a itse diane dingwe, a ka dumela gore “ditatalalō tsa mosadi oa motho ke go rōtha mo go sa khutleñ” le se se reng “go molemō go nna mo lehatshiñ ye le sa nnweñ hèla, bogolo go go nna le mosadi eo o ōmanañ le eo o khutlogañ.” (Diane 19:13; 21:19) Mme jaanong, boitsholo jo bo bori jwa mosadi wa Mokeresete le tlotlo e e boteng e a e mmontshang, mmogo le dinonofo tse di tshwanang le bopelonomi, di ka mo thusa go gapela molekane wa gagwe mo tumelong ya boammaaruri. (1 Petere 3:1, 2) Ee, seno e ka nna nngwe ya dilo tseo a duelwang ka tsone ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe.
16. Re ka solegelwa molemo ke bopelonomi jo re bo bontshiwang jang?
16 Fa ba bangwe ba re bontsha bopelonomi seno se ka re solegela molemo ka go re dira gore re nne lorato le go itshwarela. Ka sekai, fa re ne re tlhoka go thusiwa semoyeng mme re ne re tshwarwa ka bopelonomi le ka bonolo, a seo se ne se ka se ka sa re dira gore re tshware ba bangwe ka tsela e e tshwanang? Ebu, re ka lebelela gore banna ba ba tshwanelegang ba semoya ba re tshware ka bonolo, ka go bo Paulo o ne a kwala jaana: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō, u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” (Bagalatia 6:1) Bagolwane ba ba tlhophilweng ba bua ka bonolo le ka bopelonomi fa ba thusa badumedi ba bangwe ba ba dirileng diphoso. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a re kile ra amogela thuso e e ntseng jalo kana nnyaa, ke eng seo Modimo o se lebeletseng mo go botlhe ba ba mo direlang? Bakeresete botlhe ba tshwanetse go bontsha ba bangwe bopelonomi mme ba tshwanetse go reetsa kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo nnè pelonomi moñwe mo go eo moñwe, le pelonamagadi, lo ichwarèlanè, hèla yaka Modimo le ōna o ichwaretse lona mo go Keresete.” (Baefesia 4:32) Legale, fa go na le mongwe yo a kileng a re itshwarela kana re kile ra thusiwa ka bothata bongwe jwa semoya ka tsela e e pelonomi, seno se tshwanetse sa oketsa selekanyo se re itshwarelang ka sone, lorato lwa rona, le bopelonomi jwa rona.
Anaanela Bopelonomi Jo Bo Sa Re Tshwanelang jwa Modimo
17. Ereka re le baleofi fela go tloga fela fa re tsholwa, re tshwanetse ra lebogela bopelonomi bofe segolobogolo?
17 Ereka rotlhe re tshotswe re le baleofi ba ba atlholetsweng loso, go na le bopelonomi bongwe joo re tshwanetseng go bo lebogela tota. Ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa Modimo. Lebaka la go bo baleofi ba ile ba gololwa mo losong lo ba neng ba lo atlholetswe mme ba bolelwa ba siame ke bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang eleruri. Paulo, yoo a neng a umaka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka makgetlo a le 90 mo dikwalong tsa gagwe tse 14 tse di tlhotlheleditsweng, o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Roma wa bogologolo jaana: “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo; Me ba siamisiwa hèla ka [bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa, NW] ōna ka ntlha ea thèkololō e e mo go Keresete Yesu.” (Baroma 3:23, 24) Abo re tshwanetse go anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo Jehofa Modimo a bo re bontshang jang ne!
18, 19. Re ka tila jang gore re se ka ra tsaya boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jaaka lefela?
18 Fa re sa supe kanaanelo re ka nna ra se ka ra lemoga boikaelelo jwa Modimo ka go re bontsha bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang. Paulo o ne a bolela jaana kaga seno: “Me ke gōna, re baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete, go chwana yaka ekete Modimo o rapèla ka rona: rea lo rapèla mo boemoñ yoa ga Keresete, ra re, lo letlanè le Modimo. Èna eo o na sa itse boleo bopè, o mo dihile go nna boleo mo boemoñ yoa rona; gore rona re nnè tshiamō ea Modimo mo o èna. Me ereka re diha mmōgō naè, rea rapèla le gōna, gore lo se amogelele [bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa, NW] Modimo lehèla.—Gonne oa re [mo go Isaia 49:8, Septuagint], Ke gu utlwile mo motlheñ o o lebosègañ, le mo letsatsiñ ya polokō ka gu thusa: bōna, yanoñ ke letsatsi ya polokō:—Re sa kgopise mo go sepè, gore tihèlō ea rona e tle e se ke ea beèwa molato. Me mo diloñ cotlhe re ipōnatsè molemō, yaka badihedi ba Modimo.” (2 Bakorintha 5:20–6:4) Paulo o ne a kaya eng ka seo?
19 Bakeresete ba ba tloditsweng ke baemedi ba ba emelang Keresete, mme ba setswe morago ke boidiidi jo bogolo. Botlhe ba le mmogo ba kgothaletsa batho gore ba boelane le Modimo gore ba tle ba bolokwe. Paulo o ne a sa batle gore ope a amogele bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa Modimo ka Jesu Keresete mme a sa dire sepe ka gone. Seo se ne se ka re diragalela fa re ne re ka palelwa go dira ditiro tseo bopelonomi jo bo sa re tshwanelang joo bo neng bo batla gore re di dire. Re tla bo re sa amogelele bopelonomi jwa Modimo lefela fa re nna le botsalano le ene jaaka ba ba letlantsweng le ene, le fa re dira ‘tirelo ya tetlanyo e a e re neileng, ke gore, Modimo o ne o le mo go Keresete o itetlanya le lefatshe.’ (2 Bakorintha 5:18, 19) Re tla bo re direla ba bangwe bopelonomi jo bo seng kana ka sepe ka go ba thusa gore ba letlane le Modimo.
20. Ke eng se re tlileng go se sekaseka morago ga seno?
20 Batlhanka ba ga Jehofa ba dirisa nako le madi a bone ba dira ditiro tsa bopelonomi fa ba batla go thusa batho semoyeng ka bodihedi jwa bone jwa Bokeresete. Mme re ka ithuta eng mo dikaong tse di mo Dikwalong tsa bao ba neng ba supa bopelonomi? A re sekasekeng dingwe tsa tsone mme re tlhatlhobe dingwe tsa ditsela tseo re ka itumedisang Jehofa ka tsone ka go supa bopelonomi.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Bopelonomi ke eng?
◻ Re ka tila go ineela mo go supeng bopelonomi jo eseng jone jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba ka ikanya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato?
◻ Ke dilo dife tse bopelonomi bo ka duelang ka tsone?
◻ Re ka dira eng gore re tle re se ka ra tsaya boikaelelo jwa Modimo jwa go re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jaaka lefela?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bopelonomi bo dira gore bagolwane ba Bakeresete ba nne pelotelele, ba akanyetse, le go nna lorato
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Bopelonomi jwa mosadi wa Mokeresete bo ka mo thusa go gapela molekane wa gagwe mo tumelong ya boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Re direla ba bangwe bopelonomi jo bogolo go gaisa ka go ba thusa gore ba letlane le Modimo