Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Nna Boikobo?
MOKWADI wa Moamerika Edgar Allan Poe o sa tswa go balela ditsala tsa gagwe kgang e ntšha e a e kwadileng. Ba ne ba dira metlae fela ba bolela gore o dirisitse leina la motshameki yo mogolo gantsi. Poe o ne a itshwara jang? Tsala e nngwe ya gagwe e ne ya gakologelwa jaana: “Moya wa gagwe wa boikgogomoso o ne wa se ka wa emela go kgobiwa jalo fa pele ga batho, ka jalo fa a shakgetse jalo, le pele ditsala tsa gagwe di mo thiba, o ne a latlhela pampiri nngwe le nngwe mo molelong.” Kgang eo e e neng e “tshegisa tota, e e neng e sa supe tsela e a neng a tlhola a ntse ka yone . . . a hutsafetse” e ne ya latlhega. Gongwe boikokobetso bo ka bo bo ile jwa e boloka.
Lemororo boikgogomoso bo dira batho gore ba dire dilo tse di sa supeng botlhale, bo tletsetletse mo lefatsheng. Mme batlhanka ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go nna jalo. Ba tshwanetse go apara seaparo se se dirilweng ka botswerere sa boikokobetso.
Boikokobetso Ke Eng?
Moaposetoloi Paulo o ne a umaka seaparo se sentle sa Bokeresete sa boikokobetso fa a ne a kwalela badumedi ba bangwe ba ba neng ba nna kwa motseng wa bogologolo wa Kolosa. O ne a ba kgothatsa jaana: “Yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.
Ee, go nna boikokobetso ke go nna le “mogopolo o o ikgobaladitseng.” Ke “go nna le mogopolo o o ikobileng; go sa nne boikgogomoso; ke kgobalalo.” Motho yo o boikobo o na le “moya o o lekalekaneng, eseng wa boikgogomoso.” O “tlotlega tota kana o a amogelwa.” (The World Book Dictionary, Bolumo I, tsebe 1030) Go nna boikokobetso ga go reye gore o legatlapa kana o bokoa. Totatota, boikgogomoso bo supa fa o le bokoa, fa go supa boikokobetso gantsi go batla bopelokgale le nonofo.
Mo Dikwalong, lefoko la Sehebera le le ranotsweng jaaka “ikokobetse” totatota le kaya “ikgatakele fa fatshe.” Ke gone ka moo, mokwadi yo o botlhale wa Diane a gakololang jaana: “Morwaaka, ha u . . . chwerwe ke mahoko a molomo oa gago, . . . ikgololè, ka e le ha u tsenye mo seatleñ sa oa ga eno yana; ea u ikokobetsè [o ikgobalatse], u kokotlèlè oa ga eno.” (Diane 6:1-3) Ke gore, tlogela boikgogomoso, dumela fa o le phoso, baakanya dilo.
E Tshwanetse ya Nna jwa Mmatota
Ga se batho botlhe bao ba lebegang ba ikokobeditse bao ba leng boikokobetso ka mmatota. Batho bangwe ba ba ka lebegang ba ikokobeditse ba ka tswa tota ba le boikgogomoso mme ga go sepe se se ka ba thibelang go bona seo ba se batlang. Go na le ba bangwe bao ba ikapesang boikokobetso jwa maaka fela go kgatlha ba bangwe. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kopana le bangwe ba ba neng ba supa “boikokobeco [jo eseng jwa boammaaruri, NW]” mme o ne a bontsha gore mongwe le mongwe yo o dirang jalo totatota o ne a “budulosicwe mabela a lehèla ke pelo ea gagwè ea senama.” Motho yo o ntseng jalo o ne ka phoso a akanya gore go amogelwa ke Modimo go ikaegile ka gore a o ne a ja, a nwa, kana a tshwara dilo dingwe kana a keteka malatsi a bodumedi kana nnyaa. Ka boammaaruri, a ka nna a tswa a ne a lebega a tlotla ebile a ikokobeditse, mme boikokobetso jwa gagwe jwa maaka bo ne bo sena mosola ope. (Bakolosa 2:18, 23) Ebile tota, go ne go mo dira gore a akanye gore tuelo ya botshelo e ne e newa fela bao ba neng ba ipolela fa ba sa batle dilo tse di bonalang. Gape go ne go tlhotlheletsa mofuta mongwe wa go rata dilo tse di bonalang gonne go itima dilo ka tsela e e gagametseng go ne go remeletse thata mo dilong tse di bonalang tseo a neng a bolela fa a di ila.
Kafa letlhakoreng le lengwe, boikokobetso jwa mmatota bo thibela motho gore a se ka a iteba a le botlhokwa thata ka ntlha ya diaparo, tsela ya go ikgabisa, le mokgwa wa botshelo. (1 Yohane 2:15-17) Motho yo o apereng diaparo tsa boikokobetso ga a dire gore batho ba mo tlhokomele thata kana ba tlhokomele dilo tse a kgonang go di dira. Go na le moo, boikokobetso bo mo thusa gore a dirisane le ba bangwe ka go ba akanyetsa mme a itebe jaaka Modimo o mo leba. Mme seo se ntse jang?
Kafa Jehofa A Lebang Seno ka Gone
Fa moperofeti Samuele a ne a setse a tla tlotsa kgosi e ntšha ya morafe wa Iseraele, o ne a akanya gore morwa wa ga Jese ebong Eliabe ke ene yo Jehofa a neng a mo tlhophile. Mme Modimo o ne wa raya Samuele wa re: “U se ka ua leba sehatlhōgō sa gagwè, leha e le go gola ga gagwè; gonne ke mo gannè: ka go bo Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” O ne a gana barwa ba le supa mo barweng ba ga Jese. Modimo o ne o tlhophile Dafide, yo a neng a itshupile fa e le monna yo o ikanyegang le yo o boikokobetso.—1 Samuele 13:14; 16:4-13.
Kobo ya boikokobetso e re sireletsa gore re se ka ra ikgogomosa, ra itseela kwa godimo—mme Modimo wa re gana. O “tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba nee tshegōhaco.” (Yakobe 4:6) Tsela e a lebang dilo ka yone e bonwa mo mafokong ano a ga mopesalema: “Leha Yehofa a le godimo, leha go nntse yalo, o tsaeatsia bañotlegi; me baipegi o ba itsetse kgakala hèla.” (Pesalema 138:6; 1 Petere 5:5, 6) Potso eno e e bodiwang mo go Mika 6:8 e supa se Modimo o se batlang mo bathong jaana: “Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata boutlwelō botlhoko, le go sepela ka boikokobeco le Modimo oa gago?”
Bo Ne jwa Supiwa Ke Modimo le Keresete
Ga go gakgamatse go bo Jehofa a lebeletse gore re supe boikokobetso! Ke nngwe ya dinonofo tsa gagwe. Dafide o ne a opela jaana fa Modimo o sena go mo golola mo babeng ba gagwe: “[Jehofa] u bile u nneile thèbè ea poloka ea gago . . . le [boikokobetso, NW] jwa gago bo ntihile mogolo.” (Pesalema 18:35; 2 Samuele 22:1, 36) Lemororo Jehofa a le kwa magodimong a a kwa godimo, ‘o ikokobetsa gore a bone dilo tse di kwa legodimong le mo lefatsheng. O kakatlolola mohumanegi mo loroleng, a tsholetse motlhoki a mo tlose mo thothobolong; Gore a tle a mmeye mo dikgosaneng.’ (Pesalema 113:5-8) Modimo o supa boikokobetso ka go utlwela batho ba ba boleo botlhoko. Tsela eo a tshwarang baleofi ka yone le lebaka la go bo a ntshitse Morwawe setlhabelo sa maleo di supa boikokobetso, lorato le dinonofo tse dingwe.—Baroma 5:8; 8:20, 21.
Jesu Keresete, yoo a neng a le “bonōlō, le boiñōtlō mo peduñ,” o ne a tlhoma sekao se segolo tota sa motho yo o ikokobeditseng. (Mathaio 11:29) O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Leha e le mañ eo o tla ikgodisañ, o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ o tla godisiwa.” (Mathaio 23:12) Seo e ne e se go tshameka ka puo fela. Jesu o ne a tlhapisa maoto a barutwa ba gagwe mo bosigong jwa pele a swa, a dira tiro eo ka tlwaelo e neng e dirwa ke batlhanka. (Yohane 13:2-5, 12-17) Jesu o ne a direla Modimo a ikokobeditse pele a tla mo lefatsheng mme o ile a supa boikokobetso go tloga fa a sena go tsosiwa mme a ya kwa boemong jo bo kwa godimo kwa legodimong. Ka jalo Paulo o ne a kgothatsa badumedi ba bangwe gore ba ‘lebe ba bangwe ba ba gaisa ka molemo’ me ba nne le boikutlo jwa boikokobetso jo bo tshwanang le jwa ga Jesu Keresete.—Bafilipi 2:3, 5-11.
Ereka Modimo le Keresete ba supa boikokobetso, bao ba batlang gore Modimo o ba amogele ba tshwanetse go supa nonofo eno. Fa e le gore re kile ra ikgogomosa ka dinako dingwe, go tla nna botlhale gore re ikokobetse mme re rapele Modimo gore o re itshwarele. (Bapisa 2 Ditihalō 32:24-26.) Mme go na le gore re itseye jaaka batho ba ba kwa godimo, re tlhoka go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo se ka loa tlhōma pelo tsa lona mo diloñ tse dikgolo, me lo ikokobeletsè dilō tse di kwa tlhatse.” (Baroma 12:16) Lefa go ntse jalo, boikokobetso bo ka re solegela molemo jang?
Melemo ya go Nna Boikokobetso
Tsela e nngwe eo boikokobetso bo re solegelang molemo ka yone ke gore bo re thibela go ipolela ka boikgogomoso. Re tla bo re fokotsa gore re se ka ra lapisa ba bangwe le gore re se ka ra tlhabiwa ke ditlhong fa ba sa kgatlhegele dilo tse re di fitlheletseng. Re tshwanetse ra ipelafatsa mo go Jehofa, eseng ka borona.—1 Bakorintha 1:31.
Boikokobetso bo re thusa gore re bone kaelo ya bomodimo. Jehofa o ne a romelela Daniele ponatshegelo ka moengele gonne moperofeti yoo o ne a ikokobeditse tota fa pele ga Modimo fa a ne a batla kaelo le go tlhaloganya le dilo. (Daniele 10:12) Fa Esere a ne a setse a tla etelela batho ba ga Jehofa pele a ba ntsha kwa Babelona a tshotse gouta le selefera e ntsi ya go kgabisa tempele ya Jerusalema, o ne a bolela gore mongwe le mongwe a itime dijo gore ba tle ba ikokobetse fa pele ga Modimo. Go ne ga felela jang? Jehofa o ne a ba sireletsa gore baba ba se ka ba ba tlhasela fa ba ne ba le mo loetong lo lo kotsi loo. (Esere 8:1-14, 21-32) A le rona re supeng boikokobetso jaaka Daniele le Esere, mme re batle gore Jehofa a re kaele go na le gore re leke go dira ditiro tse re di neilweng ke Modimo ka botlhale jwa rona fela le nonofo ya rona.
Re tla tlotla ba bangwe fa e le gore re apere kobo ya boikokobetso. Ka sekai, bana ba ba boikokobetso ba tlotla le go ikobela batsadi ba bone. Bakeresete ba ba boikobo le bone ba tlotla badumedi ka bone ba merafe, ditso, le ba ba godisitsweng ka tsela e e sa tshwaneng le ya bone, ka go bo boikokobetso bo dira gore motho a se ka a tlhaola ba bangwe.—Ditihō 10:34, 35; 17:26.
Boikokobetso bo dira gore go nne le lorato le kagiso. Motho yo o boikokobetso ga a lwe le badumedi ba bangwe a leka go lwela ditshwanelo tse a tshwanetseng go di neelwa. Paulo o ne a dira fela dilo tse di neng di aga mme o ne a sa tshwenye digakolodi tsa bakaulengwe ba gagwe. (Baroma 14:19-21; 1 Bakorintha 8:9-13; 10:23-33) Boikokobetso gape bo re thusa gore re dire gore go nne le lorato le kagiso ka go itshwarela ba ba re leofelang. (Mathaio 6:12-15; 18:21, 22) Bo re tlhotlheletsa gore re ye kwa mothong yo re mo kgopisitseng, re dumele phoso ya rona, re mo kope gore a re itshwarele, mme re dire se re ka se kgonang go baakanya phoso epe fela e re ka tswang re e dirile. (Mathaio 5:23, 24; Luke 19:8) Fa motho yo o kgopisitsweng a tla kwa go rona, boikokobetso bo tla re dira gore re rarabolole dikgang ka kagiso le ka moya wa lorato.—Mathaio 18:15; Luke 17:3.
Re tla bolokwa fela fa re supa boikokobetso. Ka sekai, go bolelwa jaana ka Modimo: “Batho ba ba patikègañ u tla ba boloka; me matlhō a gago a mo go ba ba ipègañ, gore u tlè u ba kokobetsè.” (2 Samuele 22:28) Fa Kgosi Jesu Keresete a ‘pagamela pele ka go rangwa ke dilo ka ntlha ya boammaaruri, le bopelonolo, le tshiamo,’ o tla boloka bao ba mo ikokobeletsang mmogo le Rraagwe. (Pesalema 45:4) Bao ba supang boikokobetso ba ka gomodiwa ke mafoko ano: “Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 2:3.
Boikokobetso le Phuthego ya Modimo
Boikokobetso bo dira gore batho ba Modimo ba anaanele phuthego ya gagwe mme ba nne mo go yone ba bolokile bothokgami. (Bapisa Yohane 6:66-69) Fa re sa newa tshiamelo nngwe ya tirelo e re neng re ntse re solofetse go e bona, boikokobetso bo re thusa gore re dirisane le ba ba rweleng boikarabelo mo phuthegong. Mme re tlhoma sekao ka go dirisana mmogo.
Kafa letlhakoreng le lengwe, boikokobetso bo re tshusa gore re se ka ra tsaya ditshiamelo tsa go direla mo gare ga batho ba ga Jehofa jaaka selo se se seng botlhokwa. Bo re thibela gore re se ka ra batla go galalediwa ka tiro e re nang le tshiamelo ya go e dira mo phuthegong ya Modimo. Mo godimo ga moo, fa e le gore re direla jaaka bagolwane, boikokobetso bo re thusa gore re tshware letsomane la Modimo ka go le neneketsa.—Ditihō 20:28, 29; 1 Petere 3:8.
Boikokobetso le Kgakololo
Kobo ya boikokobetso e re thusa gore re amogele kgakololo. Batho ba ba boikobo ga ba tshwane le Kgosi ya Juda Usia, yoo pelo ya gagwe e neng ya tlala boikgogomoso gore a bo a itseele ditiro tsa boperesiti. O ne a “diha ditihō tsa sebodu, me a leohèla Yehofa, Modimo oa gagwè; gonne o na a ea mo tempeleñ ea ga Yehofa a ea go hisa mashwalō mo sebeshoñ sa mashwalo.” Usia o ne a itewa ka lepero fa a ne a galefela baperesiti ba ba neng ba mmontsha phoso ya gagwe. Abo a ne a duela botlhoko jang ne ka ntlha ya go tlhoka boikokobetso! (2 Ditihalō 26:16-21; Diane 16:18) O se ka wa bo wa nna jaaka Usia le ka motlha mme wa letla boikgogomoso gore bo go thibele go amogela kgakololo e e tswang mo Modimong ka Lefoko la Gagwe le phuthego ya gagwe.
Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bahebera jaana kaga seno: “Lo bile lo lebetse taeō e e buañ le lona yaka bana, e re, Morwaaka, se nyatse koatlhaō ea ga Yehofa, u bo u se ñodiege ha u kgalemèlwa ke èna; Gonne eo Yehofa o mo ratañ oa tla a mo oatlhaee, a kgwathise ñwana moñwe le moñwe eo o mo amogèlañ. . . . Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.” (Bahebera 12:5-11) Gakologelwa gape gore “dikgalemō tsa thutō ke tsela ya botshelō.”—Diane 6:23.
Nnang Lo Ntse Lo Apere Boikokobetso
Abo go le botlhokwa jang ne gore Bakeresete ka metlha ba apare kobo ya boikokobetso! E re rotloetsa gore re itshoke jaaka baboledi ba Bogosi, re naya ba bangwe bosupi ka boikokobetso ka ntlo le ntlo re ntse re batla bao ba “laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ.” (Ditihō 13:48; 20:20) Eleruri, boikokobetso bo re thusa go obamela Modimo ka ditsela tsotlhe, lemororo baganetsi ba ba boikgogomoso ba ila tsela ya rona e e siameng.—Pesalema 34:21.
O kgona go tlhamalatsa ditsela tsa rona, gonne boikokobetso bo re tlhotlheletsa gore re ‘ikanye Jehofa ka dipelo tsotlhe tsa rona.’ (Diane 3:5, 6) Ebile tota, ke fela fa re apere nonofo e e molemo eno re ka tsamayang ka boammaaruri le Modimo mme re itumelela go amogelwa ke ene le go segofadiwa ke ene. Go ntse fela jaaka morutwa Jakobe a ne a kwala jaana: “Iñōtlahatseñ ha pele ga Morèna, me o tla lo goletsa.” (Yakobe 4:10) A ka gone he re apareng boikokobetso, kobo e ntle e e dirilweng ke Jehofa Modimo.