A fa Dikotsi di Tlhaga—E a Bo e Le Tlholelo Kana go Welwa Fela ke Maemo?
CRISTINA, mabontle yo mmotlana yo montle, o ne a sa bone bese e e neng e tla e mo lebile fa a ne a kgaba- ganya Nove de Julho Avenue e e tlhanaselang kwa São Paulo, kwa Brazil. Mokgweetsi o ne a leka ka thata go emisa sejanaga sa gagwe, mme go ne go sa tlhole go thusa sepe. Cristina o ne a thulwa jalo a bo a swa.
Kotsi e e utlwisang botlhoko eno e ne ya begwa mo tsebeng e e kafa ntle ya pampiri ya dikgang ya kwa Brazil O Estado de S. Paulo. (July 29, 1990) Lefa go le jalo eo e ne e le nngwe ya dintsho tsa batho ba le 50-000 ba ba bolawang ke dijanaga ngwaga le ngwaga kwa Brazil. Mme lemororo diketekete tse dingwe gape di golafala mo dikotsing tse di ntseng jalo, ba bangwe ba tswa fela ba sa gobala. Ke ka ntlha yang fa mosetsanyana yono a se kile a falola? A o ne a ntse a laoletswe gore o tla swa ka letsatsi leo?
Batho ba le bantsi ba tla bolela gore go ntse fela jalo. Ba dumela tlholelo, gore ditiragalo tse dikgolo, jaaka nako eo motho a tla swang ka yone, di tlhometswe nako e di tla diragalang ka yone. Tumelo eno e dirile gore go buiwe dikapuo tse di tshwanang le “O ka se ka wa lwa le tlholelo,” “Nako ya gagwe e ne e tsile,” kana “Se se neng se tla diragala, se tla diragala.” A dipolelo tseno tse batho ba ratang go di bua di boammaaruri? A re bathonyana fela ba ba senang maatla ape bao tlholelo e itirelang se e se ratang ka bone?
Tlholelo, kana kgopolo ya gore ditiragalo tsotlhe di tlhometswe nako ya tsone pele ga nako, e ne e dumelwa thata ke Bagerika le Baroma ba bogologolo. Le eleng gompieno, kgopolo eo e santse e le teng e nonofile thata mo ditumelong tse dintsi. Ka sekai, Baiselamo, ba dumela mafoko ano a Koran: “Ga go na moya o o ka swang fa Allah a sa o dumelela le fa nako e e tlhomilweng e ise e tle.” Labokeresete le yone e dumela tlholelo mme e godisitswe ka thuto ya taolelogale, e e neng e rutiwa ke John Calvin. Ka gone, go tlwaelegile gore baruti ba bolelele balosika ba ba utlwileng botlhoko gore kotsi e e diragetseng e ne e le “thato ya Modimo.”
Lefa go ntse jalo, kgopolo ya gore dikotsi di bakiwa ke tlholelo e kgatlhanong tota le dilo tse di tlwaelegileng tse motho a di itseng, dilo tse motho a kileng a di bona, le fa go akanyediwa dilo sentle fela ka tshwanelo. Boammaaruri ke gore, dikotsi tsa dikoloi ga di bakiwe ke Modimo, ka gonne fa go batlisisiwa sentle go fitlhelwa gore go na le sengwe se se utlwalang seo se e bakileng. Mo godimo ga moo, fa go balwa dipalo go fitlhelwa ka phepafalo fela gore go nna kelotlhoko—jaaka go bofa lebanta la setulo sa koloi—go fokotsa go bolawa ke dikotsi thata. A go nna kelotlhoko thata ka pabalasego go ka thibela selo sengwe se Modimo o setseng a se laoletse gore o rata se diragala?
Lefa go le jalo, go dumela tlholelo go ama thata motho yo o e dumelang. A ga go kgothaletse go dira dilo ka boeleele, tse di tshwanang le go itlhokomolosa lobelo lo lo tlhometsweng tsela nngwe le matshwao a tsela kana go kgweetsa o nole bojalwa kana o tagilwe ke diokobatsi? Se se masisi le go feta, go dumela tlholelo go dira batho ba bangwe gore ba pege Modimo molato fa ba diragalelwa ke kotsi. Ereka ba galefa le go ikutlwa go se sepe se ba ka se dirang, ebile ba tlhatswegile pelo gore Modimo ga o amege ka gope, ba ka nna ba felelwa ke tumelo. Mokwadi wa maboko Emerson o bolela sentle fela jaana: “Selo se se botlhoko se se kotsi tota mo botshelong ke go dumela Tlholelo e e setlhogo kana Taolelogale.”
Mme Bibela ya reng ka dikotsi? A tota e ruta gore di bakiwa ke tlholelo? Mo godimo ga moo e bolelang kaga tsholofelo ya rona ya go bona poloko? A go na le sepe fela seo re ka se dirang?
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
“Selo se se botlhoko se se kotsi thata mo botshelong ke go dumela Tlholelo e e setlhogo kana Taolelogale.”—Ralph Waldo Emerson