“A le Rona re Latlheñ Bokete Boñwe le Boñwe”
“Ke utlwile botlhoko ebile ke kgobegile marapo,” go ne ga bolela jalo Mary ka kutlobotlhoko. Fa a ne a bua ka mokgweleo wa boikarabelo jwa Bokeresete, mosadi yono wa Mokeresete o ne a oketsa jaana: “Ke bona ditsala di felelwa ke maatla. Le nna tota ke ikutlwa ke lapile ebile ke tshwenyegile maikutlo. Tsweetswee nthuseng gore ke tlhaloganye lebaka la go bo go ntse jaana.”
A LE wena o utlwa o tshwenyegile maikutlo, o lapile tota mo o sa kgoneng go dira boikarabelo jwa gago jwa bolegodimo ka tsela e e lekaneng? A ka dinako tse dingwe go lebega ekete bodihedi jwa Bokeresete ke mokgweleo o o bokete, morwalo o o sa o kgoneng? Bakeresete ba bantsi ba ba ikanyegang ka dinako dingwe ba ikutlwa ba kgobegile marapo, ka go bo re tshela ka metlha re dikaganyeditswe ke maatla a a re ganetsang a a ka nnang a senya boitumelo jwa rona. Go nna Mokeresete wa mmatota gompieno ke kgwetlho tota. Ka gone, ka dinako tse dingwe ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore bodihedi jwa Bokeresete ke mokgweleo o o bokete.
Go Batla Se Se Dirang Gore go Nne Jalo
Dikwalo di bolela ka phepafalo fela gore Jehofa ga a batle dilo tse re ka se kang ra di kgona mo go rona. Moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “ditaolō tsa [Modimo] ga di tlhokohatse.” (1 Yohane 5:3) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana ka tsela e e tshwanang: “Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” (Mathaio 11:29, 30) Go phepafetse gore Jehofa ga a rate gore re bo re rwele merwalo e e bokete kana re imelwa ke tirelo e re e mo direlang.
Ka gone he go tla jang gore Mokeresete yo o ikanyegang a lebe boikarabelo jwa gagwe jwa Bokeresete jaaka mokgweleo o o bokete? Go lebega go amega dilo dingwe di le mmalwa. Tlhokomela mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “A le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe . . . me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele.” (Bahebera 12:1) Mafoko ano a ga Paulo a supa gore ka dinako dingwe Mokeresete a ka nna a ithwesa mekgweleo e e sa tlhokegeng. Seno ga se ka metlha se akaretsang maleo a a masisi. Mme Mokeresete a ka nna a atlhola dilo ka tsela e e phoso eo e ka nnang ya tlhakatlhakanya botshelo jwa gagwe thata, go dira gore go nne bokete mo go ene go siana tshiano e re e beilweng pele.
Kgopolo E E Lekalekaneng ka Dilo Tse Di Bonalang
Ka sekai, tsaya kgang ya go dira tiro ya boitshediso. Mo dinageng tse dintsi maemo a ikonomi a ka na a dira gore Mokeresete a patelesege go dira diura tse ditelele. Lefa go le jalo, gantsi batho ba a dira e le fela gore ba kgone go atlega kana go ikgobokanyetsa dilo tsa manobonobo. Ka go sekaseka gore ba tlhoka dilo dife thata, Bakeresete ba bangwe ba ile ba fitlhela go le botlhale go fetola tsela eo ba dirang ka yone. Go ne ga diragala jalo ka Debbie le monna wa gagwe, bao bobedi jwa bone e leng Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Maemo a rona a madi a ne a fetogile, ke ne ke sa tlhole ke tlhoka go tswelela ke dira tiro e e tsayang letsatsi lotlhe. Mme go ne go se motlhofo mo go nna go e tlogela.” Go ise go e kae o ne a simolola go ikutlwa a na le tiro e e ntsi thata go e dira. O tlhalosa jaana: “Matlhatso e ne e le lone letsatsi fela leo ke neng ke gololesegile go dira tiro ya legae. Gantsi ke ne ke sa ikutlwe gore nka ya kwa tirelong ya tshimo. Ke ne ke sa je monate ka seno, le segakolodi sa me se ne se ntshwenya, lefa go le jalo ke ne ke rata tiro ya me! Kgabagare, ke ne ka tshwanela go lebana le maemo jaaka a ne a ntse. Go ne go na le tharabololo e le nngwe fela. Ke ne ke tshwanetse go tlogela tiro.” Gone mme, mo go ba bangwe go ka nna ga se ka ga kgonega gore ba fetole dilo thata jalo. Lefa go ntse jalo, go sekaseka thulaganyo e o dirang dilo ka yone go ka nna ga senola gore o tlhoka go dira diphetogo tse di rileng.
Go ka nna ga tswa go na le ditsela dingwe tsa go rola morwalo o o sa tlhokegeng. Go tweng ka go fokotsa maeto a re a tsayang fela re ijesa monate, metshameko, kana boitlosobodutu—go akaretsa le nako e re e senyang re lebile thelebishene? Mme le eleng lefa re ka kgona go lekalekanya dilo fa go tla mo dikgannyeng tseno, re ka nna ra tlhoka go nna re ntse re fetofetola dilo gore di nne di ntse di lekalekane.
Go Lekalekanya Dilo Go Botlhokwa Thata
Go lekalekanya dilo mo dikgannyeng tse di ntseng jalo go tla re thusa gore re fetofetoge fa go tlhaga maemo a masha. Ka gone, re ka nna le kgopolo e e siameng ka bodihedi jwa rona.—Baefesia 5:15-17; Bafilipi 4:5.
A o iphitlhela o le kafa tlase ga kgatelelo ya go batla go dira jaaka ba bangwe ba dira mo tirelong ya Modimo? Seno le sone se ka lere matshwenyego le go tlalelwa mo botshelong jwa gago. Lemororo sekao se se molemo sa ba bangwe eleruri se ka nna sa go tlhotlheletsa gore o dire ka mo go oketsegileng, go lekalekanya dilo go tla go thusa gore o itlhomele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela go ya ka maemo a gago le nonofo ya gago. Dikwalo di re bolelela jaana: “Me a motho moñwe le moñwe a sekasekè e e leñ tihō ea gagwè, me hoñ o tla bōna go ipelahatsa kaga gagwè ka esi, me e señ kaga oa ga gabō. Gonne motho moñwe le moñwe o tla ithwalèla morwalō oa gagwè.”—Bagalatia 6:4, 5.
Mekgwa le dingwao tsa lefelo di ka nna tsa oketsa mekgweleo ya rona. Mo motlheng wa ga Jesu batho ba ne ba felelwa ke maatla ba leka go dumalana le melao le dingwao tse dintsi tsa bodumedi tse di tlhomilweng ke batho. Gompieno, batho ba ga Jehofa ba ile ba gololwa mo ditumelong tsa maaka le dingwao. (Bapisa Yohane 8:32.) Lefa go le jalo, Mokeresete a ka fitlhela a tshwaregile thata ka dingwao tsa lefelo la bone go sa tlhokege. Ka sekai, ka dinako tse dingwe ditiragalo tse di tshwanang le manyalo di na le dingwao tse dintsi thata. Dingwao tseno di ka nna tsa tswa di se phoso, mme ebile di ka nna tsa bo di itumedisa ebile di kgatlha. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba ka nna ba se ka ba nna le nako kana madi a go dira dilo tsotlhe tse di ntseng jalo, mme go leka go di dira go ka ba okeletsa fela mekgweleo e e sa tlhokegeng.
Akanyetsa seo se neng sa diragala fa Jesu a ne a etela mosadi yo a neng a bidiwa Maratha. Go na le gore a iponele molemo ka botlalo go tswa mo botlhaleng jwa gagwe jwa bomodimo, “Maratha a bo a imecwe ke go dihèla mo go golo.” O ne a imetswe ke go dira dilo tse dintsi. (Luke 10:40) Mme Jesu o ne a akantsha ka bopelonomi fela gore a ka nna a tlhofofatsa tsela e a batlang go dira dijo tsa gagwe ka yone gore a tle a solegelwe molemo ke thuto ya gagwe. (Luke 10:41, 42) Seno se bontsha sentle gore go atlhola ka tsela e e siameng le ka tekatekano go tla go thusa gore o kgone go lekalekanya bodihedi jwa gago jwa Bokeresete sentle.—Yakobe 3:17.
O tshwanetse wa atlhola sentle gape fa o tlhopha ditsala. Diane 27:3 e tlhagisa jaana: “Lencwè le bokete, le moshawa o boima: me kgakatsègō ea lesilo e bokete bogolo go cōna coopedi.” O fitlhela ka dinako tsotlhe batho ba o tsalanang thata le bone ba tlhotlheletsa tsela e o akanyang ka yone thata. Go nna tsala ya batho ba ba leng bofefo go tshwaya diphoso le go kgala ba bangwe mo phuthegong go ka jala peo ya go kgobega marapo le gore o akanye ka tsela e e phoso. (1 Bakorintha 15:33) Fa o lemoga gore seno ke bothata, go ka nna botlhale gore o fetole ditsala tsa gago gore o tlhofofatse mokgweleo wa gago.
Tsamaya ka Boikokobetso le Modimo
Re fitlhela potso eno e e gwetlhang maikutlo mo go Mika 6:8: “Yehofa o lopañ mo go wèna, ha e se . . . go sepela ka boikokobeco le Modimo oa gago?” Boikokobetso bo tlhalosiwa jaaka go lemoga fa o tlhaelang teng. Bao ba sa lemogeng gore ba a tlhaela ba ka nna ba ithwesa mekgweleo e mentsi thata. Seno se diragaletse Bakeresete bangwe ba ba godileng, le eleng balebedi, mme go ile ga felela ka go kgobega marapo, go tlalelwa, le go latlhegelwa ke boitumelo. Kenneth, mogolwane mongwe wa Mokeresete, o ne a dumela jaana: “Ke ne ka ipona ke tshwenyega thata mo maikutlong, mme ka bolela ka re, ‘Ga ke e go letla seno gore se ntiragalele.’ Ka jalo ke ne ka fokotsa dingwe tsa dilo tse ke neng ke ikgolegile ke re ke tla di dira mme ka lebisa tlhokomelo fela mo go tse ke neng ke kgona go di dira.”
Le eleng moperofeti yo o boikokobetso Moshe o ne a na le bothata jwa go lemoga gore o a tlhaela. Ka jalo, mogwagwadiagwe ebong Jethero o ne a tshwanela go bontsha Moshe gore o ne a leka go dira tiro e ntsi thata. “Ana ke eñ mo u go dihèlañ batho?” Jethero o ne a botsa jalo. “Mo u go dihañ ga go molemō. Rure o tla tlhōrèga hèla . . . gonne mo u gu dihañ go bokete bobe mo go wèna; ga ua lekana go go diha u le nosi. . . . U lebalebè banna ba ba nonohileñ, . . . mahoko aotlhe a matona, ba tla a lere mo go wèna, me mahoko aotlhe a mabōtlana ba tla a atlhola ka bosi: yalo go tla nna boheho mo go wèna, me ba tla rwala morwalō nau.” Ka jalo Moshe o ne a simolola ka bonako fela go naya batho ba bangwe tiro e nngwe ya gagwe, ka jalo a gololesega mo morwalong o o neng o setse o nna bokete thata.—Ekesodo 18:13-26.
Ka nako nngwe Moshe o ne a raya Jehofa a re: “Ga kea nonoha go rwala batho botlhe ba ke le nosi, gonne ke bokete yo bo nkimèlañ.” Karabo ya seo gape e ne ya nna go naya ba bangwe tiro e nngwe ya gagwe. Seno e ka nna tharabololo ya bothata fa o ikutlwa gore dilo tse o tshwanetseng go di dira di dintsi thata mo di go fekeetsang.—Dipalō 11:14-17.
Jehofa O Re Thusa Go Rwala Morwalo
Jesu o ne a bolela gore jokwe ya gagwe e ne e le bonolo le morwalo wa gagwe o motlhofo mme ga se gore ga o kake wa lekanngwa. Jokwe e Jesu a neng a re laletsa gore re e rwale e ne e se ya go nna fela. Ke jokwe ya go ineela ka botlalo mo Modimong jaaka morutwa wa ga Jesu Keresete. Ka gone, go nna Mokeresete wa mmatota go na le selekanyo se se rileng sa bokete kana kgatelelo. (Mathaio 16:24-26; 19:16-29; Luke 13:24) Jaaka maemo a lefatshe a senyegela kwa pele, kgatelelo e tla oketsega. Lefa go ntse jalo, re na le lebaka la go akanyetsa dilo sentle gonne taletso ya ga Jesu e kaya gore ba bangwe le bone ba ka tsena mo jokweng ya gagwe le ene le gore o tla ba thusa.a Ka gone, fa fela re latela kaelo ya ga Keresete, re tla nna re ntse re kgona morwalo wa rona gonne o tla o re thusa.
Modimo o amega tota ka bao ba mo ratang, mme o disa dipelo le dikakanyo tsa bao ba latlhelang merwalo ya bone mo go ene ka thapelo. (Pesalema 55:22; Bafilipi 4:6, 7; 1 Petere 5:6, 7) “A go bakwè Yehofa, eo o rwalañ merwalō ea rona ka malatsi, eboñ Modimo o e leñ poloka ea rona,” mopesalema o ne a bolela jalo. (Pesalema 68:19) Ee, tlhomamisega gore Modimo o tla rwala morwalo wa gago letsatsi le letsatsi fa o tlosa bokete jotlhe mme o siana tshiano e o e beilweng pele ka boitshoko.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsela eo seno se bewang ka yone mo ntlhanyaneng e e kwa tlase go NW Reference Bible ke: “Tsenang le nna mo jokweng ya me.”
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Bagolwane ba ba botlhale ba itumelela go naya ba bangwe ditiro le go rwala morwalo le ba bangwe