Batho ba Bomodimo Ba Ba Ratang go Aba Ba Tlile go Bona Boitumelo jwa Goyagoile
“Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—YOHANE 3:16.
1, 2. (a) Moabi yo mogolo go gaisa ke mang, mme ke mpho efe e kgolo e a ileng a e naya batho? (b) Modimo o ne o supa nonofo efe fa o ne o aba mpho eno ya gagwe e kgolo go gaisa?
JEHOFA MODIMO ke Moabi yo mogolo go gaisa botlhe. Morutwa wa Mokeresete Jakobe o ne a kwala ka Mmopi wa legodimo le lefatshe jaana: “Nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ, se cwa kwa godimo, se hologa kwa go Rra masedi, eo go sa kakeñ ga nna phetogō mo go èna, leha e le moruti o o bèwañ ke go menoga.” (Yakobe 1:17) Jehofa gape ke ene Moabi wa mpho e kgolo go feta tsotlhe tse di kileng tsa abiwa. Go ne ga bolelwa jaana kaga mpho e e di fetang tsotlhe e a e neileng batho: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.
2 Mmui wa mafoko ao e ne e se ope fela fa e se Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo ka boene. Morwa yo o tsetsweng a le esi ke rraagwe ka tlholego fela o tla anaanela le go rata rre yo o ntseng jalo jaaka e le motswedi wa botshelo le dilo tsotlhe tse di molemo tse a di mo neileng gore a itumelele botshelo. Mme lorato lwa Modimo ga lo a ka lwa bontshiwa Morwa yono a le esi fela. Modimo o ne o tla bo o supa lorato lwa one ka selekanyo se segolo tota fa o naya dibopiwa tse dingwe tsa gagwe mpho e e ntseng jalo. (Bapisa Baroma 5:8-10.) Seno se bonala thata fa re tlhatlhoba seo polelwana ‘o ne a ntsha’ e se kayang mo kgannyeng eno.
Mpho E Modimo O E Ntshitseng ya “Morwa Loratō loa Ōna”
3. Kwantle ga “Morwa loratō loa ōna,” ke bomang gape ba ba neng ba itumelela go ratwa ke Rara wa selegodimo?
3 Modimo o ile wa ipelela ka lobaka lo lo sa bolelwang go nna le Morwawe yo o tsetsweng a le esi—“Morwa loratō loa ōna”—mo lefelong la selegodimo. (Bakolosa 1:13) Mo nakong eo yotlhe, Rara le Morwa ba ne ba ratana ebile ba atamalane thata mo e leng gore go ne go se batho bape ba babedi ba ba ratanang jaaka bone. Dibopiwa tse dingwe tseo Modimo o neng wa di bopa ka Morwawe yo o tsetsweng a le esi le tsone di ne di ratiwa jaaka maloko a lelapa la ga Jehofa la bomodimo. Ka gone, lelapa lotlhe la Modimo le ne le tletse ka lorato. Go bolelwa sentle mo Dikwalong gore “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Ka gone, lelapa la bomodimo le ne le tla dirwa ka bao ba ratwang ke Rara, Jehofa Modimo.
4. Go aba ga Modimo Morwawe go ne ga ama jang gore a latlhegelwe ke se se fetang go nna mmogo le ene ka namana, mme seno se ne se tla solegela bomang molemo?
4 Jehofa le Morwawe wa leitibolo ba ne ba atamalane tota mo e leng gore fa ba ne ba ka se ka ba ratana ka tsela eo go ne go tla senyega dilo tse dintsi. (Bakolosa 1:15) Mme go “ntsha” Morwa yono yo o tsetsweng a le esi go ne go kaya se se fetang fela go se nne mmogo ga Modimo ka namana le “Morwa loratō loa ōna.” Go ne ga bo ga diragala gore Jehofa a letle Morwawe gore a swe mme ka jalo a tlosiwa ka lobakanyana mo go nneng leloko la lelapa la lobopo lwa Modimo. Lono e ne e le loso lo a neng a lo swela ope fela yo a neng a ise a ko a nne leloko la lelapa la Modimo. Ga go na mpho epe e kgolo go feta eno e Jehofa a neng a ka e ntshetsa batho ba ba tlhomolang pelo bao jaaka go ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, yoo Dikwalo di bolelang gore ke “tshimologō ea lobopō loa Modimo.”—Tshenolō 3:14.
5. Ditlogolwana tsa ga Adame di ne di le mo boemong bofe jo bo utlwisang botlhoko, mme gore Modimo o siamise dilo go ne go tlhokega gore mongwe wa barwa ba Gagwe ba ba ikanyegang a dire eng? (b) Mpho eo ya Modimo e kgolo go gaisa e ne e tlile go tlhoka gore ene a dire eng?
5 Banyalani ba ntlha ebong Adame le Efa ba ne ba palelwa ke go nna ba ntse ba le mo boemong jwa bone jaaka maloko a lelapa la Modimo. Joo ke boemo joo ba neng ba iphitlhela ba le mo go jone fa ba sena go kobiwa mo tshimong ya Edena gonne ba ne ba leofetse Modimo. E ne e se fela gore e ne e sa tlhole e le maloko a lelapa la Modimo mme gape ba ne ba atlholetswe loso. Ka gone, bothata jo bo neng bo le teng e ne e se jwa go busetsa ditlogolwana tsa bone gore Modimo o boe o di amogele jaaka maloko a lelapa la gagwe fela mme lefa go ntse jalo gape go ne go na le jwa go ba imolola katlholo e Modimo o neng o ba atlhotse ka yone ya loso. Go ya kafa Modimo o siamisang dilo ka teng, seno se ne se tla tlhoka gore mongwe wa barwa ba ba ikanyegang ba ga Jehofa Modimo a swe jaaka moemedi, kana morekolodi. Ka gone, go ne ga sala potso eno e kgolo: A yo a neng a tlhophilwe o ne a tla dumela gore a ye go swela batho ba ba boleo? Mo godimo ga moo, go dira seno go ne go tla tlhoka gore Modimo Mothatayotlhe a dire kgakgamatso nngwe. Seno se ne se tla tlhoka gore Modimo o supe lorato ka selekanyo se se sa lekaneng le sepe.—Baroma 8:32.
6. Morwa Modimo o ne a kgona jang go fitlhelela dilo tse di tlhokegang mo boemong jo batho ba ba boleo ba neng ba le mo go jone, mme ke eng seo a neng a se bolela mabapi le seno?
6 Morwa wa ga Jehofa wa leitibolo ke ene fela yo a neng a ka fitlhelela dilo tse di kgethegileng tseo tse di tlhokegang mo boemong joo jo bo amang batho ba ba boleo. O tshwana tota le Rraagwe wa selegodimo mo go bontsheng maloko a lelapa leo le le tsetsweng ke Modimo lorato mo e leng gore ga go na morwa ope wa Modimo yo o lekanang le ene. Ereka dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di ne tsa bopiwa ka ene, lorato lwa gagwe mo go tsone le ne le tla nna legolo thata. Mo godimo ga moo, lorato ke nonofo e kgolo ya Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa ebong Jesu Keresete, gonne ke “marañ a kgalalèlō ea [Modimo], le sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna.” (Bahebera 1:3) Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 jaana fa a ne a ba bontsha gore o ne a iketleeditse go supa lorato lono ka selekanyo se se kwa godimo tota ka go swela batho ba ba boleo: “Morwa Motho ga a ka a tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè gore e nnè serèkololō sa batho ba le bantsi.”—Mareko 10:45; bona gape Yohane 15:13.
7, 8. (a) Boikaelelo jwa ga Jehofa ka go romela Jesu Keresete mo lefatsheng leno la batho e ne e le eng? (b) Modimo o ne wa romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tla go dira tiro efe?
7 Jehofa Modimo o ne a na le lebaka le le kgethegileng la gore a romele Jesu mo lefatsheng leno le le tlhomolang pelo la batho. Seno se ne se tlhotlhelediwa ke lorato lwa bomodimo, ka go bo Jesu o ne a bolela jaana ka boene: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ. Gonne Modimo ga oa ka oa roma Morwa ōna mo lehatshiñ go sekisa lehatshe, me e le gore lehatshe le bolokwè ka èna.”—Yohane 3:16, 17.
8 Boikaelelo jwa ga Jehofa fa ka lorato a ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi e ne e le gore a tle go re boloka. Modimo ga wa ka wa romela Morwa one kwano gore a tle go atlhola lefatshe. Fa e le gore Morwa Modimo o ne a rometswe ka boikaelelo jwa go tla go atlhola, batho ba ka bo ba ne ba sa bona sepe se se molemo. Katlholo e e botlhoko eo Jesu Keresete a ka bong a ne a atlhola lelapa la motho ka yone e ka bo e ne ya nna loso. (Baroma 5:12) Ka gone, ka go supa lorato lwa bomodimo ka tsela e e tlhomologileng eno, Modimo o ne wa nyeletsa katlholo ya loso eo go dira tshiamiso go neng go tlhoka gore e dirwe.
9. Mopesalema Dafide o ne a ikutlwa jang ka tsela e Jehofa a neng a aba ka yone?
9 Jehofa Modimo o bontsha le go dira dilo ka lorato jaaka e le nonofo e e fetang tse dingwe thata ya botho jwa gagwe mo dilong tsotlhe. Mme go ka bolelwa sentle fela gore Modimo o naya baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng go tlala diatla fa go buiwa ka dilo tse di molemo tse a di ba nayang. Mopesalema Dafide o ne a ikutlwa ka tsela eo ka kgang eno fa a ne a raya Modimo a re: “Ana molemō oa gago o mogolo yañ, o u o beetseñ ba ba gu boihañ, o u o dihetseñ ba ba ikanyañ mo go wèna, ha pele ga bana ba batho!” (Pesalema 31:19) Ka nako ya fa Dafide e ne e le kgosi ya morafe wa Iseraele—ee, mo botshelong jotlhe jwa gagwe jaaka leloko la morafe o o neng o tlhophilwe ke Modimo oo—gantsi o ne a itemogela gore Jehofa o molemo tota. Mme Dafide o ne a fitlhela e le bomolemo jo bogolo thata.
Go Latlhegelwa ga Baiseraele Ke Mpho E Kgolo E E Tswang mo Modimong
10. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba farologane le merafe e mengwe ya lefatshe?
10 Baiseraele ba bogologolo ba ne ba sa tshwane le morafe ope fela mo lefatsheng, fela ka gonne Modimo wa bone e ne e le Jehofa. Jehofa o ne a dira kgolagano le ditlogolwana tsa ga Aberahame, Isake, le Jakobe ka moperofeti Moshe yo e neng e le motsereganyi wa yone. Ga go na morafe ope o a neng a ile a dirisana le one ka tsela eno. Ke gone ka moo mopesalema yo o tlhotlheleditsweng a neng a ka tlhaeletsa jaana: “O shupetsa Yakoba lehoko ya ōna, ditaō tsa ōna le ditshiamishō tsa ōna mo go Iseraela. Ga o e se o ko o dihele morahe opè yalo: me kaga dikatlholō tsa ōna, ga ba e se ba ke ba di itse. Bakañ Yehofa.”—Pesalema 147:19, 20.
11. Baiseraele ba ne ba itumelela go ratwa ke Modimo go fitlha leng, mme Jesu o ne a supa jang gore kamano eo e ne e fetogile?
11 Morafe wa Baiseraele ba tlholego o ne wa tswelela o ratiwa ke Modimo go fitlha fa o gana Jesu Keresete jaaka Mesia mo ngwageng wa 33 wa Motlha O O Tlwaelegileng wa rona. Eleruri e ne e le letsatsi le le botlhoko tota mo Baiseraeleng fa Jesu a ne a tlhaeletsa jaana ka kutlobotlhoko: “Yerusalema wè! Yerusalema wè! eo o bolaeañ baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweñ kwa go èna! Ke ratile gantsintsi yañ go phutha bana ba gago, hèla yaka koko e tle e phuthe mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna me lo ganne! Bōnañ, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (Mathaio 23:37, 38) Mafoko a ga Jesu a ne a bontsha gore lemororo morafe wa Iseraele pele o ne o ratwa ke Jehofa, o ne o latlhegetswe ke mpho e e kgethegileng eo e e tswang mo Modimong. Ka tsela e e ntseng jang?
12. ‘Bana ba Jerusalema’ e ne e le bomang, mme go ne go tla kaya eng fa Jesu a ba phutha?
12 Fa a ne a ba bitsa “bana,” Jesu o ne a bua fela ka Bajuda ba tlholego ba ba rupisitsweng bao ba neng ba nna mo Jerusalema mme ba emela morafe otlhe wa Bajuda. Gore Jesu a tle a kgone go phutha ‘bana ba Jerusalema’ go ne go tla tlhoka gore a tlise “bana” bano gore ba dire kgolagano e ntšha le Modimo mme ene ka boene e le Motsereganyi fa gare ga Jehofa le Bajuda bano ba tlholego. (Yeremia 31:31-34) Seno se ka bo se feletse ka gore ba itshwarelwe maleo, gonne lorato lwa Modimo lo logolo ka tsela eo. (Bapisa Malaki 1:2.) Seno eleruri e ne e tla bo e le mpho e kgolo tota.
13. Baiseraele ba ne ba latlhegelwa ke eng fa ba ne ba gana Morwa Modimo, mme ke ka ntlha yang fa seo se ne sa se ka sa ngotla boitumelo jwa ga Jehofa?
13 Go dumalana le Lefoko la gagwe la seperofeti, Jehofa o ne a leta lobaka lo loleele ka tsela e e lekaneng pele a ka naya bao e seng Bajuda mpho ya go tsena mo kgolaganong e ntšha. Mme lefa go ntse jalo, morafe wa Baiseraele ba tlholego o ne wa latlhegelwa ke mpho e kgolo eno ka go gana Morwa wa Modimo tota ebong Mesia. Ka gone ereka ba ne ba ganne Morwawe, Jehofa o ne a naya batho ba merafe e e seng Bajuda mpho eo. Ka tsela eo, boitumelo jo Jehofa a nang najo jaaka Moabi yo Mogolo bo ne jwa tswelela fela bo sa fokotsege.
Boitumelo jwa go Aba
14. Ke ka ntlha yang fa Jesu Keresete e le sebopiwa se se itumetseng go di gaisa tsotlhe mo lobopong lotlhe?
14 Jehofa ke “Modimo o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Selo se segolo se se mo itumedisang ke go abela ba bangwe. Ebile Morwawe yo o tsetsweng a le esi o ne a bolela jaana mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Ditihō 20:35) Go dumalana le molaomotheo ono, Jesu o ne a nna sebopiwa se se itumetseng go gaisa sa Mmopi wa lobopo lotlhe. Ka tsela efe? Gone mme, kwantle ga mpho e e abilweng ke Jehofa Modimo ka boene, Jesu Keresete o ile a aba mpho e e di fetang tsotlhe ka go ntsha botshelo jwa gagwe gore batho ba solegelwe molemo. Ebile tota ke “Mothata [yo o itumetseng, NW].” (1 Timotheo 6:15) Ka gone Jesu o tlhoma sekao sa seo a neng a se bolela se se mabapi le gore motho o bona boitumelo jo bogolo ka go aba.
15. Ke eng seo Jehofa a tla nnang ka metlha a tlhoma sekao mo go sone, mme dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di ka itumela jang?
15 Jehofa Modimo ga a kitla a palelwa ke go nna Moabi yo o pelotshweu mo dibopiweng tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale mme ka metlha o tla nna e ntse e le sekao se se molemo thata sa go aba, a dira jalo ka Jesu Keresete. Le eleng jaaka Modimo o itumelela go naya ba bangwe dimpho tse di molemo, ka tsela e e tshwanang o tsentse moya wa go rata go aba mo dipelong tsa dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale tse di mo lefatsheng. Ka tsela eo ba supa le go etsa botho jwa gagwe mme ba itumela ka selekanyo se segolo. (Genesise 1:26; Baefesia 5:1) Go a tshwanela go bo Jesu a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Naeañ, me lo tla nèwa; selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.”—Luke 6:38.
16. Jesu o ne a bolela ka go aba ga mofuta ofe mo go Luke 6:38?
16 Jesu o ne a tlhomela barutwa ba gagwe sekao se se molemo tota sa go aba ka go nna a dira jalo ka boene. O ne a bolela gore bao ba neng ba tla amogela seo ba se nayang le bone ba ne ba tla ba direla ka tsela e e molemo tota. Jesu mo go Luke 6:38 o ne a sa bue fela ka go aba dilo tse di bonalang. O ne a sa laele balatedi ba gagwe gore ba latele tsela e e neng e tla ba humanegisa mo nameng. Go na le moo, o ne a ba bontsha tsela e mo go yone ba neng ba tla ikutlwa ba kgotsofetse tota semoyeng.
Boitumelo jwa Goyagoile Bo A Tlhomamisiwa
17. Ke mpho efe e e molemolemo eo Modimo o e neetseng Basupi ba gagwe mo metlheng eno ya bofelo?
17 Abo Jehofa, Tlhogo ya lobopo lotlhe, a neile Basupi ba gagwe ba mo metlheng eno ya bofelo neo e e molemolemo jang ne! O re file mafoko a a molemo a Bogosi jwa gagwe. Re na le tshiamelo ya go nna bareri ba Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo jo mo go jone go busang Morwawe, Jesu Keresete. (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Go dirwa ga rona Basupi ba ba buelelang Modimo Mogodimodimo ka metlha ke mpho e e ka se kang ya bapisiwa le epe, mme tsela e e molemo thata ya go aba re etsa Modimo ke ka go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi pele bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo bo tla.
18. Ke eng se re tshwanetseng go se abela ba bangwe jaaka Basupi ba ga Jehofa?
18 Moaposetoloi Paulo o ne a umaka mathata a a neng a mo diragalela fa a ne a bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi. (2 Bakorintha 11:23-27) Basupi ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa le bone ba tshwanelwa ke go feta mo mathateng le go tlogela dilo tse ba di ratang gore ba kgone go bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya Bogosi. Re ka nna ra bo re sa rate thata go ya kwa mejakong ya batho, segolobogolo fa re le ditlhong. Mme jaaka balatedi ba ga Keresete, ga re kake ra go tila, kana ra itlhokomolosa tshiamelo ya go abela ba bangwe dilo tsa semoya ka go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” (Mathaio 24:14) Re tshwanetse go nna le boikutlo jo Jesu a neng a na najo. O ne a rapela jaana fa a ne a lebane le loso: “Rra wè, . . . eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” (Mathaio 26:39) Mo kgannyeng ya go abela ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi, batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse ba dira thato ya Modimo, eseng se se ratwang ke bone—se a se batlang, eseng se ba ka nnang ba eletsa go se dira.
19. Batshodi ba ‘maago a a sa khutleng’ ke bomang, mme re ka itsalanya le bone jang?
19 Go aba ka tsela eo go tla akaretsa gore re dirise nako ya rona le dithoto tsa rona, mme fa re nna batho ba bomodimo ba ba abang ka tsela eo re tla bo re tlhomamisa gore boitumelo jwa rona e tla nna jwa goyagoile. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ne a bolela jaana: “Itiheleñ ditsala ka mahumō a a sa siamañ [“dikhumo tsa selefatshe,” New International Version], gore, e tle e re a tlhaèla, di lo cholèlè mo maagoñ a a sa khutleñ.” (Luke 16:9) Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna go dirisa “mahumō a a sa siamañ” go dira ditsala le Batshodi ba ‘maago a a sa khutleng.’ Sengwe le sengwe ke sa ga Jehofa gonne e le Mmopi, mme Morwawe wa leitibolo le ene o na le seabe mo dilong tsotlhe gonne ke Moruaboswa wa dilo tsotlhe. (Pesalema 50:10-12; Bahebera 1:1, 2) Re tshwanetse ra dirisa dikhumo ka tsela eo e tla dirang gore ba re rate fa re batla go nna ditsala tsa bone. Seno se akaretsa gore re nne le boikutlo jo bo siameng fa re dirisa dilo tse di bonalang go thusa ba bangwe. (Bapisa Mathaio 6:3, 4; 2 Bakorintha 9:7.) Re ka dirisa madi ka tsela e e siameng go nonotsha botsalano jwa rona le Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Ka sekai, re ka dira seo ka go dirisa ka boitumelo seo re nang le sone go thusa batho ba ba tlhokang tota le go dirisa dithoto tsa rona go tsweledisa ditiro tsa Bogosi jwa Modimo pele.—Diane 19:17; Mathaio 6:33.
20. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa le Jesu ba ka re tsenya mo “maagoñ a a sa khutleñ,” mme mafelo ano a ka tswa a le kwa kae? (b) Ke tshiamelo efe e re tlileng go nna le yone ka bosaeengkae?
20 Jehofa Modimo le Jesu Keresete e ka nna Ditsala tsa rona ka bosakhutleng ebile ba ka re tsenya mo “maagoñ a a sa khutleñ” gonne ga ba swe. Seno se ntse jalo e ka tswa e tla nna kwa legodimong kwa go nang le baengele ba ba boitshepo kana mo lefatsheng mo Paradaiseng e e tsosolositsweng. (Luke 23:43) Neo e e lorato ya Modimo ya go re naya Jesu Keresete e dirile gore seno se kgonege. (Yohane 3:16) Mme Jehofa Modimo o tla dirisa Jesu go nna a abela popo yotlhe ya gagwe, gore Ene a kgone go itumela. Ebile tota, rona ka borona re tla nna le tshiamelo ya go aba ka bosaeengkae fa re tla bo re busiwa ke molaodi wa lobopo ebong Jehofa Modimo le kgosi ebong Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Morena le Mmoloki wa rona, Jesu Keresete. Seno se tla felela ka gore batho botlhe ba bomodimo ba ba ratang go aba ba itumele ka bosakhutleng.
A O A Gakologelwa?
◻ Mpho e kgolo go di gaisa ya Modimo e ne e tla batla gore a dire eng ka namana?
◻ Modimo o ne wa romela Morwa wa one go tla go dira tiro ya mofuta ofe?
◻ Ke mang sebopiwa se se itumetseng go gaisa tsotlhe mo lobopong?
◻ Batho ba bomodimo ba ba ratang go aba ba tla bona boitumelo jwa goyagoile jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A o anaanela go bo Modimo o ne wa re naya Morwawe go nna setlhabelo sa thekololo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 12]
A o batla Bogosi jwa Modimo pele ka go rera mafoko a a molemo le go tshegetsa tiro eo ka dithoto tsa gago?