LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 8/1 ts. 26-27
  • Ke Ne Ka Ikokobetsa mme Ka Simolola go Itumela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ne Ka Ikokobetsa mme Ka Simolola go Itumela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simolola go Fetoga
  • Bodihedi jwa Nako E E Tletseng
  • Go Atamelana Le Modimo Go Ile ga Nthusa Go Emelana Le Mathata A Me
    Tsogang!—1993
  • Go Godisetsa Bana ba le Robedi mo Ditseleng tsa ga Jehofa Go ne Go Itumedisa Mme go se Bonolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Kgabagare Lelapa la Rona Le ne La Nna Seoposengwe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 8/1 ts. 26-27

Ke Ne Ka Ikokobetsa mme Ka Simolola go Itumela

KA 1970, ke ne ke na le dingwaga di le 23 mme ke rata maemo. Kwa ke neng ke dira teng mo tlelabong ya dipalangwa kwa Ivrea, kwa Italy, ke ne ka dirwa motshwaradipego yo mogolo. Ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla nna motho wa maemo. Mme lefa go ntse jalo ke ne ke tshwenyegile mo maikutlong gape ke utlwile botlhoko. Ka ntlha yang?

Monna wa me o ne a senya nako ya gagwe e ntsi a le mo dibareng a tshameka dikarata le ditsala tsa gagwe, a bo a ntlogela gore ke sikare bontsi jwa maikarabelo a lelapa. Kamano ya rona e ne ya simolola go koafala. Re ne re omanela dilo tse ditshesane. Go ne ga felela ka go re mogopolo wa me o simolole go farafarwa ke dikakanyo tse di phoso.

‘Ga go na ope yo o go kgatlhegelang tota,’ ke ne ke tle ke rialo. ‘Ba batla fela go iponela melemo mengwe ka maemo a o nang nao.’ Ke ne ke tle ke ipolelele jaana: ‘Ga go ka ke ga bo go na le Modimo ka gonne fa a ne a le teng, o ne a ka se ka a leseletsa matshwenyego a a kana kana le boikepo. Botshelo ga se sepe fela fa e se lobelo lwa go sianela kwa losong.’ Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa go ne go ntse jalo.

Go Simolola go Fetoga

Letsatsi lengwe ka 1977, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba kokota mo mojakong wa rona. Monna wa me, Giancarlo, o ne a ba laletsa gore ba tsene, mme ba ne ba tsena mo phaposing ya bonno go ya go tlotla. O ne a ikaeletse go ba fetola batho ba ba dumelang thutotlhagelelo jaaka ene, mme lefa go ntse jalo ke bone ba ileng ba fetola tsela eo ene a akanyang ka yone!

Go ise go ye kae Giancarlo o ne a simolola go fetola le jone botshelo jwa gagwe tota. O ne a simolola go nna pelotelele go feta pele, a ipha nako e e oketsegileng ya go nna le nna le morwadiarona. O ne a leka go bua le nna kaga dilo tseo a neng a di ithuta, mme lefa go ntse jalo ka dinako tsotlhe ke ne ke kgaola motlotlo ka go akgela ka go mo garaswanya.

Go tswa foo, letsatsi lengwe fa Basupi ba ne ba re etela, ke ne ka nna fa fatshe ka reetsa ka kelotlhoko. Ba ne ba bua kaga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo le kaga Bogosi jwa Modimo, lefatshe la Paradaise, le go tsosiwa ga baswi. Ke ne ke gakgametse! Ga ke a ka ka robala masigo a mararo ao a ileng a latela! Ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng, mme lefa go ntse jalo ka ntlha ya go ikgodisa, ga ke a ka ka botsa monna wa me dipotso. Go tswa foo, letsatsi lengwe o ne a nthaya jaana a menne phatla: “Gompieno gone o tlile go reetsa. Ke na le dikarabo tsa dipotso tsotlhe tsa gago.” Go tswa foo o ne a ntshololela boammaaruri jwa Bibela.

Giancarlo o ne a mpolelela gore Jehofa ke leina la Mmopi, gore lorato ke nonofo ya Gagwe e e di fetang tsotlhe, gore O rometse Morwawe go nna thekololo gore re tle re bone botshelo jo bo sa khutleng, le gore morago ga go senngwa ga baikepi ka Hara–Magedona, Jesu Keresete o tla tsosa baswi mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga Tse Di Sekete. O ne a bolela gore batho ba ba tsositsweng ba ne ba tla itekanela mo mogopolong le mo mmeleng ka iketlo le gore ba ne ba tla nna le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng mo Paradaiseng.

Ka letsatsi le le latelang, ke ne ka pata monna wa me go ya kwa Holong ya Bogosi e le la ntlha ke ya. Morago ga foo ke ne ka mo raya ka re: “Batho bano ba a ratana. Ke batla go nna ke tla fano ka gonne ba itumetse tota.” Ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong ka metlha, mme ke ne ka tshwarelwa thuto ya Bibela. Ke ne ka akanya thata kaga seo ke neng ke se ithuta mme ka tlhomamisega gore ke ne ke bone batho ba Modimo ba boammaaruri. Ka 1979 nna le monna wa me re ne ra supa boineelo jwa rona mo go Jehofa ka go kolobediwa.

Bodihedi jwa Nako E E Tletseng

Ka kopano ya potologo eo e ileng ya latela moragonyana mo go one ngwaga oo, go ne ga nna le polelo e e kgothaletsang tiro ya go rera. Ke ne ka ikutlwa ke tlhotlheletsega gore ke tseye tirelo eo, mme ke ne ka rapela Jehofa kaga kgang eno. Mme lefa go ntse jalo go tswa foo ke ne ka ima, mme dithulaganyo tsa me tsa kgorelediwa. Mo dingwageng tse nne tseo di ileng tsa latela, re ne ra nna le bana ba le bararo. Ba le babedi ba bone ba ne ba tsenwa ke makoa ao a neng a ka ba bolaya, mme ba nna nao ka dinako tse di farologaneng. Ka boitumelo, a ne a ba tlogela gotlhelele ka bobedi jwa bone.

Jaanong ke ne ke ikutlwa gore ke ne nka se tlhole ke kgaphela kwa thoko dithulaganyo tsa me tsa bodihedi jwa nako e e tletseng. Ke ne ka tlogela tiro ya me ya boitshediso gore ke tlhokomele maikarabelo a me botoka jaaka mosadi le mmabana. Nna le monna wa me re ne ra rulaganya gore re tla itshedisa ka madi a a amogelwang ke motho a le mongwe fela, seo se neng se raya gore re tlogele dilo tsotlhe tse di seng botlhokwa. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a re segofatsa fela thata, a se ke le ka motlha a re latlha gore re humanege kana re tlhoke.

Ka 1984 morwadiake, yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 15 ebile a sa tswa go kolobediwa bosheng, o ne a simolola tirelo ya nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Ka yone nako eo, monna wa me o ne a tlhomiwa go nna mogolwane. Jaanong nna? Ereka ke ne ke ikutlwa gore nka se kgone go bula tsela, ke ne ka ipeela mokgele wa diura di le 30 ka kgwedi mo tirong ya go rera. Ke ne ka o fitlhelela mme ka ipolelela jaana: ‘O dirile sentle! O dira go le gontsi.’

Lefa go ntse jalo, ke ne ka boa ka nna le bothata jwa go ikgodisa. (Diane 16:18) Ke ne ka nnela go akanya kafa ke neng ke dira sentle ka teng le gore go ne go sa tlhokege gore ke gatele pele go feta foo semoyeng. Ke ne ka simolola go ya kwa tlase semoyeng, mme ke ne ka bo ka simolola go latlhegelwa ke dinonofo tse di molemo tseo ke neng ke di bapetse. Go tswa foo ke ne ka neelwa kotlhao eo ke neng ke e tlhoka.

Ka 1985 balebedi ba ba etang ba le babedi le basadi ba bone ba ne ba nna kwa legaeng la rona fa ba ntse ba etela phuthego ya rona gangwe le gape. Fa ke ntse ke lebelela Bakeresete bano ba ba boikokobetso, ba ba intshang setlhabelo, seno se ne sa dira gore ke tlhatlhanye ka dilo dingwe. Ke ne ka dira patlisiso ka kgang ya boikokobetso, ke dirisa dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Ke ne ka akanya kafa Jehofa a leng boikokobetso thata ka gone fa a dirisana le rona batho ba ba leofang. (Pesalema 18:35) Ke ne ke itse gore ke ne ke tshwanetse go fetola tsela eo ke akanyang ka yone.

Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse go tlhagolela boikokobetso gore ke mo direle kafa a neng a batla ka gone le gore a nkaele gore ke dirise bokgoni jo ke nang le jone go mo galaletsa. Ke ne ka tlatsa kopo ya tirelo ya bobulatsela, mme ke ne ka simolola go mo direla mo bodiheding jwa nako e e tletseng ka March 1989.

Jaanong nka kgona go bolela gore eleruri ke itumetse le gore go ikokobetsa ke gone go ileng ga nthusa gore ke itumele. Ke bone lebaka la mmatota la go tshela—gore ke thuse ba ba tlhokang gore ba itse gore Jehofa, Modimo wa boammaaruri, ga a kgakala le bao ba mmatlang.—Jaaka fa e boletswe ke Vera Brandolini.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela