Efangele E Ka go Solegela Molemo Jang?
BIBELA e tseelwa kwa godimo thata le eleng ke balatolamodimo—e le ka ntlha ya tsela eo e kwadilweng ka yone. Mme tota, ke ba sekae fela bao ba e balang gore ba dirise seo e se bolelang. Go feta moo, ereka mafoko a a molemo a a mo go yone a nnile teng mo e ka nnang dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi tse di fetileng, go bonala fa batho ba le bantsi ba akanya gore e tshwanetse gore e tlhabololwe, e ntšhafadiwe. A Efangele ya yone e fetilwe ke nako kana a e kgologolo thata? Le eseng.
Go na le banna le basadi, bannye le bagolo, bao ba ka nnang dimilione bao ba itseng gore Bibela ke selo seo o ka bonang thuso mo go sone se se ka sekang sa bapisiwa le sepe. Go ntse fela jaaka fa re bala jaana mo ketapeleng ya Today’s English Version: “Bibela ga se fela buka e e tlhomologileng e e kgatlhang e e bileng e tlotliwa; ke Mafoko A A Molemo mo bathong botlhe gongwe le gongwe—molaetsa o o tshwanetseng wa tlhaloganngwa le go dirisiwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.”
Efangele e bolelang mo go wena? A o e dirisa jaaka selo seo se go kaelang mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi? Tlhokomela ka moo mafoko a a molemo a neng a solegela molemo ka gone bangwe bao ba ileng ba a reetsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga le ka moo a ileng a solegela ba bangwe mo motlheng ono wa rona molemo ka teng.
Batho Bao Ba Ileng Ba Thusiwa Ke Efangele
Mo metlheng ya ga Jesu batho ba e neng e le batshwari ba ditlhapi bao ba neng ba dira ka natla le bommamalapa ba ne ba kgatlhiwa ke mafoko a a molemo mme ba ithuta boammaaruri kaga boikaelelo jwa Modimo ka batho. Mafoko a a molemo a ne a fetola matshelo a bone gotlhelele ebile gantsi a ne a ba leretse kgololesego e e seng kana ka sepe. Ka sekai, Marie Magadalene yo o neng a na le badimona o ne a fodisiwa. Sakaio yo e neng e le mokgethisi yo mogolo, o ne a tlogela tsela ya gagwe ya botshelo e e bogagapa. (Luke 8:2; 19:1-10) Difofu le balepera ba ne ba thusega fa ba ne ba tla kwa go Jesu yo o neng a rera mafoko a a molemo. (Luke 17:11-19; Yohane 9:1-7) Go a tshwanela go bo Jesu a ne a bolela jaana: “Dihohu dia bōna, batlhotsi baa tsamaea, balepero baa ntlahadiwa, baboshushu baa utlwa, bashwi baa cosiwa, le bahumanegi ba rèrèlwa Mahoko a a Molemō.”—Mathaio 11:5.
Lefa go ntse jalo, se se neng se le botlhokwa go feta go fodisiwa ga bone e ne e le tsela eo mafoko a a molemo a neng a fetola batho ba le bantsi bao ba neng ba tlhoka ka teng. Batho ba ba dipelo di phepa be ne ba nna le tsholofelo ka isagwe. Ba ne ba solofela mo Bogosing jwa Modimo—sengwe se se leng botoka go gaisa mafoko ape a a molemo ao a bolelwang ke batho. (Mathaio 4:23) Ga ba a ka ba felelwa ke tsholofelo fa Jesu a ne a swa. Fa e tlhalosa seo se neng sa diragala morago ga moo, Ditihō 5:42 e bolela jaana ka barutwa ba gagwe: “Ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” Batho mo dinageng di le dintsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba bona thuso ya semoya ka gore ba ile ba arabela fa go ne go rerwa jalo.
Mafoko a a molemolemo ka nako eo e ne e le a Bogosi. A molaetsa wa Bogosi e santse e le mafoko a a molemo?
Mafoko A A Molemo A Bolelang Gompieno?
Fa e le gore o eletsa gore lefatshe le nne le kagiso, le bolokesegile, he, mafoko a a molemo kaga Bogosi eleruri a molemo. Mme tota, mo lefatsheng leo mo go lone go nang le dimilione di le makgolokgolo tsa batho bao ba sa fepiweng sentle le bao ba bolawang ke tlala, mo go nang le malwetsi a a tshosang a a tshosetsang mongwe le mongwe, bokebekwa jo bo boifisang jo bo ntseng bo oketsega, le go sa tlhomama ga dipolotiki go go anamang, molaetsa wa Bogosi ke one fela mafoko a a molemo a mmatota a a tla nnelang ruri. A tlhalosa seo tsholofelo e le yosi ya gore dilo di ka tokafadiwa ka boammaaruri e leng sone.
Ke ka ntlha ya moo Jesu a ileng a perofesa jaana kaga motlha wa rona: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Mafoko ano a diragadiwa ka tsela e e kgatlhang jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba rera mafoko a a molemo mo dinageng tse di ka fetang 200. Kgatiso nngwe ya Katoliki Nova Evangelização 2000 e akgola Basupi ka ntlha ya seno ka go bolela jaana: “Ke kae koo re bonang Basupi ba ga Jehofa gone? Fa pele ga mejako ya magae. Mme go nna Mosupi wa ga Jehofa, kwantle ga go nna motho yo e leng wa ga Jehofa, motho o tshwanetse go nna mosupi. Ka jalo, re ba bona ba dira, ba itsise, le go bolela phatlalatsa seo ba se ithutileng.”
Lefa go ntse jalo, ga go na ope yo o solegelwang molemo ka ntlha ya mafoko a a molemo kwantle ga go tsaya matsapa ape. A tla thusa fela bao ba reetsang le bao ba leng kutlo. Go tlhalosa ntlha eno, Jesu o ne a dira setshwantsho kaga monna yo o ileng a ya go jala peo. Mefuta e e farologaneng ya mmu oo peo e welang mo go one e bontsha ditsela tse di farologaneng tseo dipelo tsa bao ba utlwang mafoko a a molemo di ntseng ka teng. Jesu o ne a bolela jaana: “Ea re ha moñwe a utlwa lehoko ya bogosi, me a sa le tlhaloganye, hoñ eo o boshula a tle, a phamole se se yadilweñ mo peduñ ea gagwè . . . Me oa peo e e yadilweñ mo mbuñ o o molemō, ke eo o utlwañ lehoko, a ba a le tlhaloganya; ke èna rure eo o uñwañ, me go uñwa ga gagwè goñwe go nne lekgolo, mo goñwe go nne mashomè marataro, mo goñwe mashomè mararo.”—Mathaio 13:18-23.
Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba le bantsi gompieno ga ba dire boiteko bope jwa go ka tlhaloganya mafoko a a molemo. Ga ba a tlhaloganye, ka jalo ga a ba solegele molemo. Ba bangwe ba anaanela mafoko a a molemo mme ba ithuta kafa ba ka dumalanyang matshelo a bone le go rata ga Modimo ka teng. Mme ka tsela eno ba a segofadiwa. Wena o wa setlhopha sefe?
Maatla Ao Efangele E Nang le One Gompieno
Maitemogelo mangwe a bontsha gore go tlhaloganya mafoko a a molemo go thusa bao ba ‘senang tsholofelo, bao ba senang Modimo mo lefatsheng.’ (Baefesia 2:12; 4:22-24) Roberto wa kwa Rio de Janeiro o ne a tlhoka thuso. Go tloga mo bosheng jwa gagwe botshelo jwa gagwe bo ne bo le maswe tota, a dirisa diokobatsi, a kopanela mo boitshwarong jo bo sa siamang, ebile a utswa. Mme kgabagare o ne a tlhatlhelwa mo kgolegelong. Ka nako ya fa a ne a santse a le koo Roberto o ne a ithuta Bibela le Mosupi yo o neng a etela koo. O ne a tswelela sentle thata semoyeng mo e leng gore nako ya gagwe ya go nna mo kgolegelong e ne ya fokodiwa fela thata.
Fa Roberto a sena go gololwa, o ne a kopana le mosetsana mongwe yo mosha yo a kileng a mo tlhasela a batla go mo thukhutha a bo a mo tshosetsa ka tlhobolo. Le ene o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Go ile ga diragala eng? Se se latelang seno ke karolo ya lokwalo lo lo tlhalosang se se diragetseng: “Ba ne ba kopana la ntlha kwa Holong ya Bogosi morago ga fa a sena go mo tlhasela. E ne e le selo se se amang maikutlo. Ka bobedi jwa bone ba ile ba lela ka ntlha ya boitumelo mme ba tlamparelana jaaka kgaitsadi le mokaulengwe. Mme jaanong yo e neng e le legodu pele le yo a kileng a mo tlhasela ba baka Jehofa.”
Motho yo mongwe gape ebong Isabel, le ene o ne a tlhoka thuso ka gore o ne a itsege ka gore ke motho yo o pelokhutshwane. O ne a na le seabe se segolo mo tirisabadimong le mo boloing mme o ne a bogisiwa ke badimona. Jaaka fa a ne a ntse a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, o ne a lemoga gore mafoko a a molemo a a thusa eleruri. Morago ga nakonyana, o ne a kgona go kgaogana le tlhotlheletso ya badimona mme a fetola botho jwa gagwe—la bofelo o ne a ithuta go laola maikutlo a gagwe. Jaanong ke Mokeresete yo o ikanyegang yo o itsegeng jaaka motho yo o dirisanang ka bopelonolo le ba bangwe.
Ee, mafoko a a molemo ga se kitso fela e e sa reng sepe. A na le maatla a go fetola matshelo. (1 Bakorintha 6:9-11) A dira le se se fetang seo tota. A lebisitse gape le mo masegong a a tla nnang teng mo isagweng.
Masego A A Santseng A Tla
Go ya ka Lefoko la Modimo, go na le dilo tse dintle tse di tla tlang mo isagweng. Re tla bona thapelo ya ga Jesu ya fa a ne a rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore go dirwe thato ya Gagwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong e diragadiwa. (Mathaio 6:10) Go ise go ye kae, tsamaiso eno ya dilo le go senyega ga yone go go hutsafatsang mmogo le thubakanyo di tla tlosiwa, mme puso ya Modimo ya selegodimo, Bogosi jwa gagwe bo tla busa batho ba ba nang le dipelo tse di siameng bao ba iketleeditseng go ikobela le go utlwa mafoko a a molemo.—Daniele 2:44.
Go tla nna le diphetogo tse dikgolo jaaka fa batho ba ba ikanyegang ba tla bo ba ntse ba kaelwa go fetola lefatshe go nna paradaise eo mo go yone batho ba ba pelonomi ba tla agang ka bosakhutleng gone. (Pesalema 37:11, 29) Kwantle ga pelaelo, ke mafoko a a molemo go utlwa gore bokebekwa, malwetsi, tlala, kgotlelo, le dintwa di tla nyelediwa ruri! A o ka kgona go akanya o bona wena le lelapa la gago lo tshela mo lefatsheng le le nang le kagiso le botsogo jo bo itekanetseng go sena poifo epe ya bolwetsi kana loso?—Tshenolō 21:4.
Gone ke boammaaruri gore ba le bantsi ba akanya gore mafoko a a molemo a a ntseng jalo ke go iphoufaletsa boammaaruri kana ke selo seo se akanyediwang fela. Lefa go ntse jalo ba dira phoso. Mafoko a a molemo a thailwe mo bosuping jo bo tlhomameng le go feta, ebile a setse a fetotse matshelo a le dimilione. Ka jalo, le ka motlha o se ka wa kgobega marapo fa ba bangwe ba sa dumele.
Akanya ka motho mongwe yo o kelotlhoko yo o rekang naga mo lefelong leo le tlhabololwang a solofetse go ka bona poelo ka seo a se dirileng ka madi a gagwe. A go na le mongwe yo o ka mmonang molato ka ntlha ya go bo a ipeela madi ka tsela eno e le gore a tle a bone poelo? Nnyaa. Go na le moo, batho ba tla re o dira ka botlhale. Ka jalo he, ke eng o sa lebele dilo kwa pele malebana le Bogosi mme jaaka go ka tualo, o itirele peelo ka mafoko a a molemo? Ereka go amogela mafoko a a molemo go bolela poloko, ga go na peelo epe e e botoka go gaisa eno.—Baroma 1:16.
O ka dira peelo jang ka mafoko a a molemo? Sa ntlha, iketleetse go ka rutiwa ke Modimo. Mme go tswa foo o dire tumalanong le seo o se ithutang. Latela dilo tsa konokono tse di tlhokegang jaaka fa moperofeti mongwe wa bogologolo wa Mohebera a ile a di umaka jaana: “Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata boutlwelō botlhoko, le go sepela ka boikokobeco le Modimo oa gago?” (Mika 6:8) Go ithuta go tsamaya le Modimo go tlhoka nako le maiteko. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa, bao ba ileng ba thusa Roberto le Isabel ba tla itumelela go go thusa mo ntlheng eno—ka jaana ba ile ba thusa ba ba dimilione mo tsamaong ya dingwaga.
Jaaka fa o ntse o letetse gore ditsholofetso tsa Modimo di diragadiwe, oketsa peelo ya gago ka go tshela tumalanong le mafoko a a molemo, o itumelele go nna le kagiso ya mogopolo mme o age kamano e e atamalaneng thata le Modimo. Peelo ya gago e tla bo e bolokesegile—e sa tshosediwe ke go wela tlase ga ikonomi kana go sa iketlang go go bakiwang ke dipolotiki. Mme la bofelo o tla duelwa ka tsela e e kgatlhang. Tuelo eo e tla nna eng? Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Dipeo tsa mafoko a a molemo di wela mo mefuteng e e farologaneng ya mmu
[Motswedi wa Setshwantsho]
Garo Nalbandian