LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/1 ts. 2-4
  • Molemo Kgatlhanong le Bosula—Ntwa E E sa Bolong go Loa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molemo Kgatlhanong le Bosula—Ntwa E E sa Bolong go Loa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng se se Dirang Gore re Nne Molemo Kgotsa Bosula?
    Tsogang!—2010
  • Kafa Molemo o Tla Fenyang Bosula ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Lo se Ka Lwa Busetsa Ope Bosula ka Bosula”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/1 ts. 2-4

Molemo Kgatlhanong le Bosula—Ntwa E E sa Bolong go Loa

MO DIFILIMENG tsa nako e e fetileng, “motho yo o neng a dira dilo tse di siameng” ka dinako tsotlhe o ne a fenya maatla a bosula. Mme fa re bua boammaaruri ga go ise go ke go nne motlhofo jalo. Gantsi thata mo lefatsheng le re tshelang mo go lone, go bonala fa bosula e le jone jo bo fenyang.

Dipego tse di tshosang kaga dilo tse di bosula tse di dirwang ka gale ke dikgang tsa ka metlha mo dikgannyeng tsa maitseboa. Kwa bokone jwa United States, monna mongwe kwa Milwaukee o ne a bolaya batho ba le 11 mme a bo a tsenya masalela a ditopo tsa bone tse di kgaotsweng dirwe mo setsidifatsing sa gagwe. Kwa ntlheng ya borwa, motho mongwe yo o sa sa itseweng o ne a itelekela mo lebenkeleng la bojelo kwa Texas mme a simolola go thuntsha batho ka go sa rekegele ka metsotso e le lesome, a tlogela batho ba le 23 ba sule, go akaretsa le ene. Moganetsi mongwe yo o sulafetseng pelo kwa Korea o ne a tshuba Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ka molelo, mme a bolaya batho ba le 14 ba ba tlileng kobamelong.

Ga se masula ano a a runyang kwa le kwa fela a a leng gone mme gape go na le bosula jo bongwe jo bo maswemaswe jo bo amang lefatshe—eleng go ganyaolwa ga merafe. Dipalo di bontsha gore Ba-Armenia ba le milione a le mongwe, Bajuda ba le dimilione di le thataro, le Ma-Cambodia a a fetang milione a le mongwe ba ile ba bolaiwa ka ntlha ya bomorafe le sepolotiki mo lekgolong leno la dingwaga fela. Kgang e e itsegeng jaaka go phepafadiwa ga lotso e ne ya ama batho ba le bantsi kwa kgaolong e e neng e itsege jaaka Yugoslavia pele. Ga go ope yo o itseng gore ke dimilione di le kae tsa batho ba ba senang molato bao ba tlhokofaditsweng setlhogo go dikologa lefatshe.

Masetlapelo a a tshwanang le ano a re pateletsa go botsa potso e e tshwenyang maikutlo e e reng, Ke ka ntlha yang fa batho ba itshwara ka tsela eno? Ga re kake ra tsaya fela gore bosetlhogo jono bo bakilwe ke batho ba le mmalwa fela ba ba sa tlalang sentle mo tlhaloganyong. Selekanyo se segolo sa bosula jo bo dirwang mo lekgolong la rona la dingwaga ka bosone fela se ganetsa tlhaloso eno.

Fa go twe tiro e bosula go tewa e le phoso kafa boitsholong. Ke tiro e e dirwang ke motho yo o kgonang go tlhopha gareng ga go dira molemo le go dira bosula. Ka tsela nngwe tsela eo a lebang maitsholo ka yone e a sokama mme bosula bo fenye. Mme ke ka ntlha yang fa seno se diragala mme gape se diragala jang?

Ditlhaloso tsa madumedi kaga bosula gantsi ke tseo di sa kgotsofatseng. Motlhalefi mongwe wa Mokatoliki ebong Thomas Aquinas o ne a bolela gore “dilo di le dintsi tse di siameng di ka bo di sa diragala fa Modimo o ka bo o sa letlelela gore bosula bo nne teng.” Batlhalefi ba le bantsi ba Maporotesetanta le bone ba na le megopolo e e tshwanang le eno. Ka sekai, jaaka go tlhalosiwa mo go The Encyclopædia Britannica, Gottfried Leibniz o tlhalosa bosula jaaka “sengwenyana fela se se kgabisang molemo mo lefatsheng leno, seo ka pharologano ya sone se oketsang molemo.” Ka mafoko a mangwe, o ne a dumela gore go tlhokega gore bosula bo nne teng gore re tle re kgone go anaanela molemo. Tlhaloso e e ntseng jalo e tshwana le fa o ka bolelela molwetsi wa kankere gore bolwetsi jwa gagwe ke sone tota selo se se tlhokegang gore motho yo mongwe a tle a ikutlwe gore o a tshela tota gape o itekanetse.

Maikaelelo a a bosula a tshwanetse a bo a tswa golo gongwe. A Modimo ka tsela nngwe a ka bonwa molato mo go seno? Bibela e araba jaana: “Motho opè a se ka a re a raèlwa, a re, Ke raèlwa ke Modimo: gonne Modimo ga o kake oa raèlwa oa diha boshula, le ōna ka osi ga o raele motho opè.” Fa e le gore Modimo ga se ene yo o ikarabelelang mo go seno, jaanong re ka re ke mang? Ditemana tse di latelang di re naya karabo: “Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo.” (Yakobe 1:13-15) Ka jalo, go dira bosula go tsalwa ke fa o tlogela keletso eo gore e tswelele go na le gore o e gane. Ka tsela e e ntseng jalo, kgang eno e akaretsa mo gontsi.

Dikwalo di tlhalosa gore keletso ya go dira bosula e nna gone ka ntlha ya gore batho ba na le bokoa go tloga fela kwa tshimologong—eleng go rua bosaitekanelang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, go a kgonega gore bopelotshetlha bo ka dira gore re se ka ra akanya ka bopelonomi, mme ra nna setlhogo go na le gore re nne pelotlhomogi.

Ee gone, batho ba le bantsi ba a itse gore ke ga tlholego fela gore mekgwa mengwe ga e a siama. Digakolodi tsa bone—kana “molaō o o kwadilweñ mo dipeduñ tsa bōnè” jaaka Paulo a go tlhalosa—o ba thibela mo go direng bosula. (Baroma 2:15) Mo godimo ga moo, fa go na le bosetlhogo mo tikologong, batho ba ka se kgone go supa maikutlo a go nna jalo, mme segakolodi se ka swa fa kgapetsakgapetsa se itlhokomolosiwa.a—Bapisa 1 Timotheo 4:2.

A go ka twe go sa itekanelang ga batho ka bogone fela ke gone go bakang bosula jwa nako e re tshelang mo go yone jo bo dirwang ka maikaelelo? Rraditiragalo Jeffrey Burton Russell o ne a tlhalosa jaana: “Ke boammaaruri gore mongwe le mongwe wa rona o na le bosula mo go ene, mme lefa go ntse jalo, lefa re ka tlhakanya dipalo tse dintsi tsa bosula bongwe le bongwe jo bo dirwang seo ga se kake sa tlhalosa Auschwitz . . . Go bonala fa bosula jwa selekanyo seno e le jo bo farologaneng ka boleng jwa jone mmogo le ka bogolo jwa jone.” Go ne go sena ope fela kwantle ga Jesu Keresete yo o neng a tlhalosa motswedi ono wa bosula jwa boleng jo bo farologaneng.

Sebakanyana fela pele ga a swa, Jesu o ne a tlhalosa gore banna ba ba neng ba loga leano la go mmolaya ba ne ba sa dire seno bone ka bobone. Maatla mangwe a a sa bonaleng ke one a a neng a ba laola. Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ.” (Yohane 8:44) Go bonala sentle gore Diabolo, yo Jesu a neng a mmitsa “kgōsana ea lehatshe yeno,” ke ene a nang le seabe se segolo mo go tlhotlheletseng bosula.—Yohane 16:11; 1 Yohane 5:19.

Go sa itekanelang ga batho mmogo le tlhotlheletso ya ga Satane go ile ga tlogela batho ka mahutsana ka dingwaga di le diketekete. Mme ga go na sesupo sa gore dilo tseno di ntse di ngaporologa batho. A bosula bo tla nnela rure? Kana a maatla a a molemo kgabagare a tla kumola bosula?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bosheng jaana babatlisisi ba ile ba bona kamano gareng ga bothubaki jo bo bontshiwang mo pepeneneng mo thelebisheneng le bosenyi jo bo dirwang ke batho ba basha gore ke dilo tse di amanang. Mafelo ao a tletseng ka bosenyi le a a nang le malapa a a tlhokang kutlwano ke mabaka a mangwe gape a a dirang gore batho ba tlhoke botsalano. Kwa Jeremane ya Bonazi thuto ya go tlhaola batho ka lotso lwa bone e e neng e ntse e tswelelapele e ne ya dira gore batho ba bangwe ba bone go siame fela—le eleng go galaletsa—bosetlhogo jo bo neng bo dirwa kgatlhanong le Bajuda le batho ba morafe wa Ba-Slav.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover: U.S. Army photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

U.S. Army photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela