LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 4/1 ts. 4-7
  • A O Tshwanetse Go Kolobediwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tshwanetse Go Kolobediwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka Tsela Efe?
  • Ka Boikaelelo Bofe?
  • O Tla Dirang?
  • O Kgolrelediiya ke eng Gore o se Kolobediwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Kolobetso ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Tshwanelegela Kolobetso ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 4/1 ts. 4-7

A O Tshwanetse Go Kolobediwa?

BATHO ba ba ka nnang millione ba ne ba kolobediwa ke Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Seno se bolela gore ke palogare ya batho ba le 824 ka letsatsi, kana ba le 4 mo metsotsong mengwe le mengwe e 7. A seno ke se se tshwanang fela le go kgothala ga bodumedi mo go neng go le teng mo lekgolong la bo15 le la bo16 la dingwaga?

Nnyaa, batho bano ba ne ba sa kolobediwe ka go patelelwa, e le karolo ya tshokololo ya bontsi, kana e le ka ntlha ya go gapiwa maikutlo ke motho mongwe yo o kgonang go bua wa bodumedi. Ba ne ba kolobediwa ka ntlha ya gore Jesu Keresete, Mong le Moeteledipele wa Bakeresete, ke ene a laetseng gore go dirwe jalo. Ba ile ba gata mo dikgatong tsa ga Jesu le go latela mokgwa o a ileng a ba o neela le o o ileng wa salwa morago ke baaposetoloi ba gagwe bao ene ka boene a ileng a ba tlhopha le go ba katisa.

Morago ga tsogo ya ga Jesu le pele fela ga a tlhatlogela legodimong, o ne a neela balatedi ba gagwe taelo eno fa a ne a laelana le bone: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) Go tloga ka nako eo go ya pele, eno e ne ya nna yone fela kolobetso ya metsi e e amogelwang ke Modimo.

Tumalanong le seno, Bibela e re bolelela gore balatedi bao ba pele ba ga Keresete e ne ya nna “bashupi ba [ga Jesu] mo Yerusalema, le Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Jaaka fa Jesu a ile a bolelelapele, go rera le go ruta ga bone go ne go tla felela ka gore ba kolobetse ba ba dumelang, bao le bone ba neng ba tla fetoga balatedi ba ga Keresete.

Sekai sa ntlha sa seno se se begilweng se ne sa diragala kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. Ka nako eo moaposetoloi Petere o ne “a èma le ba ba shomè le mocō,” mme a bua le matshutitshuti a ba ba neng ba phuthegile kaga Jesu yo e leng Mesia. Pego eno e re bolelela gore polelo ya gagwe e ne ya ‘ba tlhaba mo pelong,’ mme ba botsa gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira. Petere o ile a re, “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete.” Go ne ga felela ka gore “ba ba amogetseñ lehoko ya gagwè, ba kolobediwa: me ba okediwa ka tsatsi yeuō, e ka ne e le ka batho ba le makgolo a mashomè mararo.” (Ditihō 2:14-41) Dipego tse di latelang tiragalo eno di tiisa ntlha ya gore go kolobediwa ga bao ba dumetseng go ne go dirwa morago ga fa ba sena go utlwa molaetsa wa Bakeresete, ba sena go dumela mafoko a a molemo le go ikwatlhaya.—Ditihō 8:12, 13, 34-38; 10:34-48; 16:30-34; 18:5, 8; 19:1-5.

Ka Tsela Efe?

Lefa go le jalo barutwa bano ba basha ba ne ba tshwanetse go kolobediwa jang ka metsi? A e ne e tla nna ka go kgatšhiwa (go kgatšhiwa ka metsi), go kolobediwa tlhogo (go tshelwa metsi mo tlhogong), kgotsa a e ne e tla nna ka go nwediwa (go nwediwa gotlhelele mo metsing)? Pego ya Bibela e bontshang? Ereka jaana Jesu a re tlogeletse sekao “gore [re] tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè,” ene o ne a kolobediwa ka tsela efe?—1 Petere 2:21.

Bibela e bontsha gore Jesu o ne a kolobediwa mo nokeng ya Joredane e e leng noka e tona. Morago ga go kolobediwa, o ne a tswa “a tlhatloga mo metsiñ.” (Mareko 1:10; Mathaio 3:13, 16) Ka jalo totatota Jesu o ne a nwediwa mo Nokeng ya Joredane. O ne a kolobediwa ke Johane, yo e neng ya re fa a ne a ntse a batla lefelo le le siametseng go ka kolobeletsa mo go lone a neng a tlhopha Mokgatšha wa Joredane gaufi le Salema “gonne metse a na a le magolo gōna.” (Yohane 3:23) Ntlha ya gore go nwediwa gotlhelele mo metsing e ne e le selo se balatedi botlhe ba ga Jesu ba neng ba se dira re e lemoga go tswa mo mafokong a moopafadiwa wa Etopia. E ne ya re fa a ne a arabela mo thutong ya ga Filipo, o ne a re: “Bōna, metse ke a; ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” Mme ebile re lemoga gore ba ne “ba hologèla mo metsiñ boo babedi,” mme morago ga moo ba ne “ba tlhatloga mo metsiñ.”—Ditihō 8:36-39.

A hisitori ya batho ba lefatshe le yone e supa gore Bakeresete ba ne ba kolobetsa ka go nwetsa motho mo metsing? Eleruri go ntse jalo. Ebile go a itumedisa go lemoga gore megobe e le mentsi e e lekaneng go ka nwetsa motho e sa le gone mo dinageng di le dintsi. Lekwalodikgang la Ministry la re, “Bosupi jwa baithutamarope bo supa ka tsela e e ka sekeng e ganediwe gore go nwediwa mo metsing e ne e le yone tsela eo e neng e tlwaelegile ya go kolobetsa mo makgolong a dingwaga a a lesome go ya go a a lesome le bone a ntlha.” Le oketsa ka gore: “Go santse go ka lemogiwa hisitori ya kolobetso ya Sekeresete mo matlotleng a dikago tsa nako ya Bakeresete ba pele, mmogo le mo dikerekeng tsa bogologolo tse di santseng di dirisiwa. Ditshwantsho tsa botaki mo dikagong tse di agiwang kafa tlase ga lefatshe le mo dikerekeng, mekgabiso e e dirwang ka go tlhomaganya matlapa a a mebalabala eo e dirwang mo boalong jwa dikago, mo mabotaneng le mo disiling, mekgabiso e e dirwang ka go seta matlapa, le ditshwantsho mo dikwalong tsa bogologolo tsa Tesetamente e Ntšha, di ntsha bosupi jo bo oketsegileng mo hisitoring eno . . . Jono ke bosupi jo bongwe mo godimo ga jo bo fitlhelwang mo mekwalong ya borara ba kereke jwa gore go nwetsa e ne e le one mokgwa wa go kolobetsa o o neng o tlwaelegile mo kerekeng ya pelepele.”

New Catholic Encyclopedia e dumalana gore: “Go a lemotshega gore Kolobetso mo Kerekeng ya pele e ne e dirwa ka go nwetsa motho mo metsing.” Ka gone, ga go gakgamatse go bo re tle re bone ditlhogo tsa dikgang di na le mafoko a a tshwanang le ano: “Makatoliki A Busetsa Kolobetso ya go Nwetsa mo Metsing” (The Edmonton Journal, Canada, September 24, 1983), “Kolobetso ya go Nwetsa mo Metsing E Simolola go Tlwaelega Thata Gareng ga Makatoliki Mono” (St. Louis Post-Dispatch, April 7, 1985), “Makatoliki A Le Mantsi A Tlhopha Kolobetso ya go Nwetsa mo Metsing” (The New York Times, March 25, 1989), le “Kolobetso ya go Nwetsa mo Metsing E Boa Gape E Tsenngwa Tirisong” (The Houston Chronicle, August 24, 1991).

Ka Boikaelelo Bofe?

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a batla gore barutwa ba gagwe ba kolobediwe? Ee, e ne e le bosupi jo bo tshwanetseng jwa go bontsha gore ba ineetse ka peloyotlhe mo Modimong. “Mahoko a a Molemō” a ne a tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe, ebile batho ba “merahe eotlhe” ba ne ba tshwanetswe ke go dirwa barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19) Seno se ne se bolela gore Modimo o ne o sa tlhole o dira fela ka morafe wa Bajuda, o o neng o dirilwe ka batho bao ba neng ba ineetse mo go ene go tswa tsalong. Korenelio le lelapa la gagwe e ne ya nna bone Baditšhaba ba ntlha, kana batho bao e neng e se Bajuda, go amogela boammaaruri kaga Jesu Keresete mme ba kolobediwa.

Go nwediwa mo metsing go supa gore ba ba kolobediwang ba sule mo tseleng ya bone ya pele ya go itshelela. Go inolwa ga bone mo metsing go supa gore jaanong ba tshelela go dira thato ya Modimo le go e tlhoma kwa pele mo matshelong a bone, jaaka fa Jesu a dirile. (Mathaio 16:24) Go kolobediwa “mo ineñ ya Rara le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō” go ne go supa gore ba ithutile le go dumela mo go bone le mo go one le gore ba tlhaloganye boemo jwa bone le jwa one. (Mathaio 28:19; bapisa Ditihō 13:48.) Kolobetso e ne e le kgato ya ntlha fela ya go ineela mo Modimong le go ikobela thato ya gagwe.

Dikwalo ga di tshegetse ka gope tsela e e anameng eo bodumedi bo lebang kolobetso ka yone, ya gore kolobetso ke tirelo ya sedumedi e e dirang gore motho yo o kolobediwang a tshwanelwe ke sengwe—go golediwa, go itshepisiwa, kana go solegelwa molemo ka tsela ya semoya. Ka sekai, lekwalo la semmuso la bopapa la ga Mopapa Eugenius IV le le ileng la nopolwa mo setlhogong se se fitileng le ile la bolela jaana malebana le kolobetso: “Seabe sa tiro eno ya sedumedi ke go golola motho mo boleong jotlhe jwa gagwe, jo a tsetsweng ka jone le jo a ka bo dirang; ka tsela e e tshwanang le go golola motho mo kwatlhaong yotlhe e e gone ka ntlha ya boleo. Ka lebaka leo, batho ba ba kolobeditsweng ga ba patelelwe go duelela dibe tsa bone tsa nako e e fetileng; mme fa ba ka swa ba ise ba ko ba dire boleo bope, ka bonako fela ba amogela bogosi jwa legodimo le go bona Modimo.”

Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a kolobediwa le mororo a ne a sa “diha boleo bopè.” (1 Petere 2:22) Mo godimo ga moo, go ya ka Dikwalo, go gololesega go tswa mo maleong go dirwa fela ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Ananiase o ne a kgothatsa Saulo wa Tareso jaana: “Nanoga, u kolobediwè, me u itlhapisè dibe, ka go bitsa leina ya [ga Jesu].” (Ditihō 22:12-16) Ee, poloko e ka bonwa fela ka madi a a tsholotsweng a ga Jesu le ka go “bitsa leina ya gagwè” ka tumelo.—Bahebera 9:22; 1 Yohane 1:7.

Mme jaanong go tweng ka mafoko a ga Petere mo go 1 Petere 3:21? Moo a re: “A le aōna a bolokañ lona gompiyeno kaha sechwanoñ sa amarure, eboñ kolobeco, e señ go tlosiwa ga leshwè ya nama, ha e se potsishō ea segakolodi se se siameñ se botsa kaga Modimo, ka go coga ga Yesu Keresete.” Petere o ne a bapisa kolobetso le maitemogelo a ga Noa a go falola metsi a Morwalela. (Temana 20) Ka go supa tumelo mo Modimong, Noa o ne a aga araka go boloka lelapa la gagwe. (Bahebera 11:7) Ka tsela e e tshwanang, ka go bontsha tumelo mo go Jehofa Modimo le mo paakanyetsong ya kgololo ka Keresete Jesu, batho gompieno ba ka bolokwa go tswa mo lefatsheng la gone jaanong le le boikepo. Ba tshwanetse gape ba supa tumelo eo ka ditiro. Ka go ikwatlhaela maleo, go sokologa go tswa mo tseleng e e phoso, le go ineela ka botlalo mo go Jehofa Modimo ka thapelo, motho o a bo a kopa Modimo segakolodi se se siameng. Legale, Jesu o ne a kgona go neela Modimo boleng jwa setlhabelo kwa legodimong, ka ntlha ya setlhabelo sa gagwe le tsogo, mme seo ke sone se se dirang gore dibe di tshwarelwe le go bona poloko.—1 Petere 3:22.

O Tla Dirang?

A o mongwe wa bao ba nang le lobakanyana ba ntse ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa? Gongwe o setse o dirile diphetogo tse di tshwanetseng mo botshelong jwa gago tumalanong le melaometheo ya Bibela mme lefa go le jalo gongwe o ise o tseye kgato ya go ineela le go kolobediwa. O ka nna wa tswa o batla go dira thato ya Modimo mme lefa go le jalo o tshaba gore go ikolobetsa ke go ipofa. Ka ntlha ya seo o ka nna wa tlhopha gore o nne lobakanyana o tila maikarabelo a seno le gore o seka wa ikgolega. Batho ba ba ka nnang dimilione di le 11,5 ba ne ba nna gone kwa moletlong wa Sejo sa Morena sa Maitsiboa mo ngwageng e e fetileng. Lefa go ntse jalo, tlhora ya ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go rera mafoko a a molemo mo ngwageng yotlhe e ne e le kwa tlase ga dimilione tse 4,5. Seno se bolela gore batho ba ba ka tshwarang dimilione tse supa ba kgatlhegela boammaaruri jwa Modimo ka selekanyo se se rileng, lefa gone e se Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Ke boammaaruri gore, bangwe mo go bano ke bana ba ba botlana le batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng. Lefa go le jalo bangwe ba bao ba nang le seabe mo tirong ya go rera le bone ba ntse ga ba ise ba kolobediwe. Ka jalo go na le batho ba le bantsi bao ba nang le kitso e e tlhomameng ya Bibela mme ba ise ba dire gotlhe gore ba tshwanele go amogela paakanyetso ya Modimo ya go bona poloko ka go kolobediwa.

Selo sa botlhokwa go se gakologelwa ke gore go nna le kitso ka ga gore Modimo o batlang mo go wena ke gone mo go dirang gore o ikarabele. Yakobe 4:17 ya re, “Eo o itseñ go diha molemō, me a sa dihe, ke boleo mo go èna.” Esekiele 33:7-9 e bontsha gore motho yo o boleletsweng melao le ditaelo tsa Modimo o tlamega go di diragatsa. Ka jalo kgang ke gore a eleruri o rata Modimo tota ebile o na le keletso ya mmatota ya go dira se se itumedisang ene. Motho yo eleruri a ratang Jehofa Modimo ebile a batla go nna le kamano e e kgethegileng le ene ga a ne a ikgogona go neela botshelo jwa gagwe mo go ene. Kolobetso ke sesupo sa phatlalatsa sa boineelo jo bo ntseng jalo. Ke kgato ya botlhokwa gore motho a bone poloko. Badumedi ba boammaaruri baa kolobediwa.—Ditihō 8:12.

Ditebelelo tse dikgolo tse di tla bonwang mo lefatsheng le lesha le le tlang tse Modimo o di boloketseng batho ba ba boikanyego ba ineetse mo go ene di feta kgakala melemo epe fela ya nakwana e lefatshe leno le le boikepo le ka bonalang le na le yone. Go boifa batho jaaka rona go ka nyelela fa re akanya ka seatla se se thata sa Modimo. (1 Bakorintha 10:22; 1 Petere 5:6, 7) Eleruri, eno ke nako ya go ipotsa jaana, jaaka fa moopafadiwa wa Etopia a ile a botsa Fillipo: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka moopafadiwa wa Etopia, a o ipotsa jaana: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela