LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 4/1 ts. 19-23
  • Go Gola le Phuthego ya ga Jehofa mo Afrika Borwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gola le Phuthego ya ga Jehofa mo Afrika Borwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boswa jwa Bokeresete
  • Kgwebo E E Atlegileng
  • Lebaka la Go Bo Ke Ne Ka Tlogela Sekolo Ke Ise Ke Se Fetse
  • Tirelo ya Bethele le Sekolo sa Gileade
  • Go Tswelela ga Bodihedi jwa Me
  • Thuto E E Botlhoko
  • Masego A A Oketsegileng
  • Botshelo jwa Fa Go Na Le Tlhaolele
  • Go Atolosiwa ga Bethele
  • Ke Itumeletse Botshelo fa ke Ntse ke Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 4/1 ts. 19-23

Go Gola le Phuthego ya ga Jehofa mo Afrika Borwa

Jaaka fa e boletswe ke Frans Muller

FA NNA le morwarre eleng David re ne re ya re lebile terena e re neng re tlhola re e palamela kwa seteišeneng se segolo sa kwa Cape Town, re ne ra gakgamalela go bona letshwao le le neng le re “Basweu Fela.” Lekoko la National le ne le fentse ditlhopho ka 1948 mme le ne le tlhomile molao wa tlhaolele.

Ee gone, go tlhaolwa ga merafe esale go ntse go le teng bogologolo mo Afrika Borwa, jaaka go ne go ntse mo dinageng tse dingwe tsa Afrika ka nako ya fa di ne di santse di busiwa ka dikolone. Mme jaanong go ne go patelediwa ke molao, ebile re ne re sa tlhole re letlelelwa go palama leteroko le le lengwe fela le Maaferikaborwa a letlalo le le ntshonyana go feta la rona. Go setse go fetile dingwaga di le 45, mme jaanong tlhaolele e a tlosiwa.

Ka nako yotlhe ya go dirisiwa ga tlhaolele e e neng e letleletswe semolao, e e neng e dira dikgwetlho tse di neng di dira gore re seka ra kgona go tsweledisa bodihedi jwa rona jaaka re ne re batla, ke ne ke direla jaaka modihedi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong, ke na le dingwaga tse 65, mme ke kgona go leba kwa morago go bona kafa phuthego ya ga Jehofa e ileng ya gola ka tsela e e gakgamatsang ka gone ka kwano borwa jwa Afrika, mme ke lebogela go nna le tshiamelo ya go gola le yone.

Boswa jwa Bokeresete

Fa rre a ne a santse a le mosha, o ne a tshwanelwa ke go balela rremogolo Bibela kwa godimo moso le moso. Fa nako e ntse e tsamaya Rre o ne a simolola go rata Lefoko la Modimo fela thata. Fa ke ne ke tsholwa ka 1928, rre o ne a direla mo lekgotleng la Kereke ya Dutch Reformed kwa Potgietersrus. Mo go one ngwaga oo malome o ne a mo naya buka e e reng The Harp of God.

Lefa go ntse jalo, Rre ne a bolelela Mmè gore a e tshube, a re e tswa mo lekokong lengwe. Mme lefa go ntse jalo Mmè o ne a e boloka, mme ka letsatsi lengwe fa Rre a ne a e bona, a bo a e bula, e ne ya bulega mo setlhogong se se reng “A Modimo O Tlhokofatsa Batho?” Lefa gone a ne a tlhomamisega tota gore Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo, ba ne ba le phoso, go batla go itse ga gagwe go ne ga mo fenya, mme o ne a simolola go e bala. O ne a sa kgone go lesa go bala buka eno. Ka makuku, e le gone a tsenang mo bolaong o ne a re: “Mmaabo, ke a dumela tota gore batho bano ba tshotse boammaaruri.”

Letsatsi le le latelang, Rre o ne a tsamaya ka baesekele sekgala sa dikilometara di le 50 go ya go tsaya dibuka tse di oketsegileng kwa Baithuting ba Bibela ba ba gaufi. Ka metlha o ne a bala go fithelela go nna bosigo thata. O ne a ba a leka go dira gore moruti wa Dutch Reformed a dumele boammaaruri jwa Bibela jo a neng a bo ithuta, ka tsholofelo ya gore kereke e ne e ka dira diphetogo. Maiteko a gagwe e ne ya nna a lefela, ka jalo o ne a tlogela kereke mme a simolola go rera ka matlhagatlhaga. Boammaaruri jwa Bibela e ne ya nna selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa gagwe le mo legaeng la rona. Ka jalo ke ne ka golela mo tikologong eno.

Moragonyana, Rre o ne a nna mmulatsela, kana modihedi wa nako e e tletseng. O ne a tsamaya sekgala se setelele ka koloi ya Ford ya modiro wa bogologolo wa Model T go rera ka yone. Morago ga dingwaga di le mmalwa, dilo tse lelapa la rona le le golang le neng le di tlhoka di ne tsa mo pateletsa gore a emise go bula tsela, mme lefa go ntse jalo o ne a nna a ntse a le matlhagatlhaga thata mo tirong ya go rera. Ka Bosontaga bangwe re ne re tle re tseye loeto lwa dikilometara di ka nna 90 go ya go rera le ene kwa toropong ya Pietersburg.

Kgwebo E E Atlegileng

Kgabagare Rre o ne a bula lebentlele le lennye le le rekisang dilwana tse di farologaneng. Ka bonako fela le ne la ikoketsa sebedi, mme o ne a bula lebentlele la bobedi. Balemi bangwe ba ba humileng ba ne ba tlhakanela kgwebo le Rre, mme morago ga nako ba ne ba bula holoseile le motseletsele wa mabentlele a le marataro a a neng a le mo mafelong a a farologaneng.

Bangwe ba bomorwarre ba bagolwane le bone ba ne ba tsenelela go iteka lesego jalo mo kgwebong mme le bone ba ne ba nna le tebelelo ya go huma. Mme lefa go ntse jalo, bomoya jwa rona bo ne jwa simolola go ya kwa tlase. Re ne ra simolola go itlwaelanya thata le ditsala tsa lefatshe le baagisani, ba ba neng ba re laletsa kwa meletlong ya bone. Rre ka go lemoga kotsi e e neng e ka nna gone, o ne a re bitsa jaaka lelapa go tlotla kgang eno le rona mme a fetsa ka gore a rekise kgwebo mme ra fudugela kwa Pretoria gore re tle re kgone go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa. O ne a tlogela lebentlele le le lengwe fela, leo le neng le tlhokomelwa ke batho ba ba hirilweng.

Bomorwarre eleng Koos le David ba ne ba simolola go bula tsela, ba dira mmogo le kgaitsadiake eleng Lina. Lelapa la rona lotlhe la batho ba le lesome, le ne la senya diura di le 1 000 mo tirong ya go rera mo kgweding e le nngwe ka 1942. Mo go one ngwaga oo, ke ne ka supa gore ke neela botshelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.

Lebaka la Go Bo Ke Ne Ka Tlogela Sekolo Ke Ise Ke Se Fetse

Ka 1944, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e le kwa setlhoeng, Gert Nel, yo e neng e le molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a mpotsa gore a ke ne ke ikaelela go tsaya maemo a go nna mmulatsela. Ke ne ka araba ka go re: “Ee, mo dingwageng tse pedi tse di tlang fa ke sena go fetsa kwa sekolong se segolwane.”

Go bontsha tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba neng ba leba dilo ka yone ka nako eo, o ne a ntlhagisa ka go re: “O itlhokomele gore Hara–Magedona e se ka ya go fitlhela o santse o ntse mo dibankeng tsa sekolo.” Ereka ke ne ke sa batle gore seno se ntiragalele, ke ne ka tlogela sekolo mme ka tsenela tiro ya bobulatsela ka January 1, 1945.

Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa Vereeniging, gaufi le kwa Gauteng, mme ke ne ke bula tsela le Piet Wentzel le Danie Otto. Gantsi ke ne ke senya diura di feta 200 ka kgwedi ke rera. Morago ga nako, Piet o ne a abelwa gape kwa toropong ya Pretoria, mme Danie ene o ne a tshwanelwa ke go emisa go bula tsela gore a ye go thusa rraagwe yo o neng a setse a godile kwa polaseng. Seno se ne sa dira gore e sale e le nna fela Mosupi yo o neng a tshwanelwa ke go tlhokomela dithuto tsa Bibela tsa magae di le 23 kwa Vereeniging.

Nako e khutshwane fela morago ga moo, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le tswa kwa ofising ya lekala le bua gore ke abetswe kwa Pretoria. Lefa gone ka nako eo ke ne ke sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa ke newa kabelo e ntšha, kwa morago ke ne ka lemoga gore go ne go tla bo go se botlhale go tlogela mosha wa dingwaga di le 17 yo o senang maitemogelo a le nosi. Ke ne ke santse ke tlhoka go katisiwa thata mme gongwe ke ka bo ke ile ka kgobega marapo.

Morago ga fa ke sena go direla kwa Pretoria le go bona maitemogelo a ke neng ke a tlhoka, ke ne ka lalediwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Ka nako eo, nna le Piet Wentzel re ne ra rulaganya go naya batho ba basha ba ba tlileng go bula tsela kwa Pretoria katiso ya bodihedi. Ka nako eo Piet o ne a abetswe go nna molebedi yo o etang kwa kgaolong eo. Moragonyana o ne a nyala kgaitsadiake e leng Lina, mme gone jaanong ba direla mmogo kwa ofising ya lekala ya Afrika Borwa.

Mongwe wa bao ba neng ba tlile go bula tsela kwa Pretoria e ne e le Martie Vos, lekgarebe le lentle le le neng le goletse mo legaeng la Basupi. Re ne ra gapana maikutlo, mme lefa go ntse jalo, re ne re santse re le mo dingwageng tsa rona tsa bolesome, re le babotlana thata go ka nyalana. Lefa go ntse jalo, fa re ne re abelwa kwa mafelong a mangwe, re ne ra nna ra buisana ka makwalo.

Tirelo ya Bethele le Sekolo sa Gileade

Ka 1948, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Cape Town. Ka nako eo, go ne go sena bonno jo re neng re ka nna mo go jone rotlhe re le 17 rona ba re neng re berekela mo dikantorong tse di hirisiwang di le tharo le feketori e nnye e e neng e le gaufi. Bangwe ba rona ba ne ba filwe marobalo ke malapa mangwe, mme ba bangwe ba ne ba nna mo matlong a a hirisiwang.

Letsatsi lengwe le lengwe la tiro maloko a le 17 a lelapa la Bethele a ne a kopana mmogo go tla kobamelong ya mo mosong mo phaposing ya boaparelo ya feketori e nnye. Bontsi jwa rona re ne re tshwanelwa ke go ithulaganyetsa gore re tla ja eng motshegare. Go tswa foo, morago ga go bereka letsatsi lotlhe, re ne re tsaya loeto go ya matlong a rona a marobalo a a neng a le mo dikarolong tse di farologaneng tsa Cape Town. E ne e le mo go lengwe la one maeto ano, jaaka go setse go tlhalositswe, nna le morwarre eleng David re neng ra gakgamalela go bona letshwao le le neng le itsise ka go re, “Basweu Fela.”

Fa ke goroga lantlha kwa ofising ya lekala ya kwa Cape Town, ke ne ka lemoga gore ke ne ke santse ke tlhoka go ithuta dilo tse dintsi, ka jalo ke ne ka botsa Mokaulengwe Phillips, eleng mookamedi wa rona wa lekala gore: “Ke tshwanetse ka dira eng gore ke nne le tshedimosetso yotlhe e e mphetileng?”

O ne a nkaraba ka go re: “Frans, o se ka wa tshwenyega ka go nna le tshedimosetso yotlhe e e fetileng. Wena gatela pele fela!” Ka metlha ke ntse ke leka go dira jalo, mme ke ithutile fa motho a ka nna a gatela pele le seo phuthego ya ga Jehofa e re tlamelang ka sone eleng dijo tsa semoya le go re kaela, a ka tswelela a ntse a gola le yone.

Ka 1950, ke ne ka lalediwa go tsenelela tlelase ya bo16 ya Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade go ya go katisediwa borongwa. Ka nako eo sekolo se ne se le kwa South Lansing, kwa New York, mo e ka nnang dikilometara di le 400 kwa bokone jwa Brooklyn, e e kwa New York. Fa ke ne ke ntse ke direla ka nakwana kwa ntlongkgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, ke ne ka iponela karolo ya konokono ya phuthego e e bonalang ya ga Jehofa ka a me a mabedi. Tsela eo batho ba ba etelelang pele koo ba ineetseng ka pelo yotlhe ka teng e ne ya ntira gore ke anaanele phuthego ya ga Jehofa fela thata.

Go Tswelela ga Bodihedi jwa Me

Fa ke sena go boela mo Afrika Borwa, ke ne ka tlhophiwa go direla jaaka molebedi yo o etang kwa bokone jwa Teransefala, koo ke neng ke goletse teng. Morago ga go nna re ntse re kwalelana sebaka sa dingwaga di le thataro, nna le Martie re ne ra nyalana ka December 1952, mme o ne a kopanela le nna mo tirong ya go potologa. Tsela eo bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba neng ba anaanela go eta ga rona ka gone e ne e nonotsha tota.

Ka sekai, nako nngwe fa re ne re etetse phuthego nngwe ya batho ba ba itshedisang ka dipolase, re ne ra nna le lelapa lengwe le le neng la ikopa maitshwarelo ka ntlha ya gore ba ne ba sena mashi a go tshela mo teeng kana mo kofing. Kwa morago re ne ra utlwa gore ba ne ba rekisitse kgomo ya bone e e yosi e ba neng ba e gama e le gore ba tle ba nne le madi a a lekaneng go reka peterolo gore re tle re e dirisetse go etela mafelo a a neng a le kwa kgakala a tshimo ya bone go ya go rerela borrapolase. A bo re ne re rata bakaulengwe ba ba tshwanang le bano jang ne!

Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ekete ke a tlhaela go ka dira tiro ya go potologa, bogolo jang fa ke ne ke dirisana le mathata a a amang batho ba bagolo. Nako nngwe ke ne ka ikutlwa ke kgobegile marapo mo eleng gore ke ne ka bolelela Martie gore a se ka a gakgamala fa re busediwa gape mo tirong ya bobulatsela ka ntlha ya go tlhoka maitemogelo ga me. O ne a ntlhomamisetsa gore o ne a ka itumelela go direla mo boemong bongwe le bongwe fa fela re ka tswelela pele re le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Akanya fela kafa re ileng ra gakgamala ka gone fa re ne re fitlha kwa phuthegong e nngwe re bo re fitlhela lekwalo le le neng le nkabela go ya go direla jaaka molebedi wa kgaolo! Mo e ka nnang dingwaga di le pedi, re ile ra tsamaya go ralala Afrika Borwa yotlhe le Namibia, eo ka nako eo e neng e bidiwa South-West Africa. Lefa go ntse jalo, gantsi tiro ya rona e ne e le bokete ka ntlha ya tsamaiso ya tlhaolele. Kgapetsakgapetsa re ne re sa fiwe ditetla tsa go tsena kwa metsesetoropong ya bathobantsho mme ka dinako dingwe re ne re sa newe tetla ya go tshwara dikopano.

Ka sekai, ka 1960 re ne ra newa tetla ya go tshwara kopano ya kgaolo kwa Soweto. Bakaulengwe ba bathobantsho ba ne ba setse ba rekile dithekethe tsa terena le bese tse ba neng ba tla tla ka tsone, me lefa go ntse jalo, puso e ne ya utlwa ka maikaelelo a rona mme ya busetsa morago tetla eo. Ka botlhale, re ne ra buisana le tsala nngwe ya rona ya mookamedi yo o botsalano wa toropo nngwe e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 20 ka kwa ntlheng e nngwe ya Gauteng. Ka bopelonomi o ne a re naya lefelo leo ebile le neng le le botoka, mme re ne ra nna le kopano e e molemo, e e neng ya itumelelwa ke batho ba ba fetang 12 000!

Abo maemo a fetogile jang ne mo dingwageng tsa bosheng jaana! Gone jaanong, ereka tlhaolele e ile ya fedisiwa, re kgona go kopana mmogo ka phuthologo mo mafelong a bathobantsho, basweu, ba mmala, kana Maindia. Batho botlhe, go sa kgathalesege lotso lwa bone, ba nna mmogo mme ba itumelela bokopano. Go farologana ga dipuo ke gone fela go tla tlhotlheletsang motho gore a tlhophe gore o tla nna fa kae.

Thuto E E Botlhoko

Bogologolo ka 1947, rre o ne a dira phoso e tona. Lebentlele la gagwe le le neng le le bokgakala jwa dikilometara di le 200 go tswa kwa ene le Mmè ba neng ba nna gone, le ne la simolola go kgaotsa go tsenya lotseno lo lo lekaneng ka ntlha ya go sa ikanyegeng ga batho ba ba neng ba le tlhokomela, ka jalo, o ne a boela teng a le esi go ya go le itlhokomelela. Ka ntlha ya go nna lobaka lo loleele a kgaogane le Mmè seo se ne sa dira gore a feleletse a wetse mo thaelong. Go ne ga felela ka gore a kgaolwe.

Seno se ne sa mpontsha ka tsela e e utlwisang botlhoko, ebile e nkama gore go tlhagafalela boammaaruri jwa Bibela ga go a lekana. Batho botlhe ba tshwanetse go tshwarelela mo melaometheong ya Bibela. (1 Bakorintha 7:5) Morago ga dingwaga di le dintsi, Rre o ne a busediwa go nna leloko la phuthego ya Bokeresete mme a direla ka boikanyegi go fitlhelela a swa ka 1970. Mmè yo o rategang o ne a nna a ntse a ikanyega go fitlhelela a swa ka 1991.

Masego A A Oketsegileng

Ka 1958, nna le Martie re ne ra nna gone kwa kopanong e kgolo go di feta tsotlhe tse di kileng tsa tshwarwa ke Basupi ba ga Jehofa, kwa Yankee Stadium le Polo Grounds kwa New York. Re ne ra tlala ka boitumelo fela thata ka go bo re le karolo ya phuthego e e molemolemo ya ga Jehofa. Go nna mmogo le boidiidi jo bogolo joo jwa batho ba ba fetang 253 000 mo tshokologong ya Sontaga, e ne ya nna maitemogelo a re se kitlang re a lebala. Mo go rona, seno e ne e le ‘boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo merafeng yotlhe’ tota bo kopane mmogo ka kagiso. (Tshenolō 7:9, 10) Martie o ne a sala kwa New York go tsena Sekolo sa Gileade, mme nna ka boela kwa tirong ya go nna molebedi wa kgaolo kwa Afrika Borwa.

Ka 1959, morago ga gore Martie a boe go tswa kwa tlelaseng ya bo 32 ya Sekolo sa Gileade, re ne ra lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Afrika Borwa, eo ka nako eo e neng e le gaufi le Elandsfontein, kwa botlhaba jwa Gauteng. Mo dingwageng tse dintsi tse di ntseng di feta, ke ile ka bona botswelelopele jwa phuthego eno ka ditsela tse dintsi, bogolo jang go gola ga yone mo loratong le mo kutlwelobotlhokong. Ke ile ka ithuta gore Jehofa o kaela phuthego ya gagwe ka Jesu Keresete le gore o tla dirisa botlhe ba ba ineelang gore ba dirisiwe.

Ka 1962, ke ne ka boela kwa Brooklyn, New York, go ya go tsena khoso ya dikgwedi di le lesome ya go thapisediwa lekala. Seno se ile sa nthusa tota ka gore ka 1967, ke ne ka tlhongwa go nna mookamedi wa lekala la Afrika Borwa. Ka 1976, go ne ga tlhongwa Dikomiti tsa Makala, ka jalo gone jaanong bagolwane ba Bakeresete ba le batlhano ba ba nang le maitemogelo ke bone ba nang le boikarabelo jwa go dira ditshwetso tsa botlhokwa mo Afrika Borwa.

Botshelo jwa Fa Go Na Le Tlhaolele

Melao ya tlhaolele e ne ya ama tsamaiso ya lekala la rona. Fa Legae la Bethele la Elandsfontein le ne le agiwa ka 1952, molao o ne o batla gore re age kago e nngwe ka kwa morago eo mo go yone go neng go tla nna bakaulengwe ba bathobantsho le ba mmala. Molao gape o ne o batla gore ba se ka ba jela mo lefelong le le lengwe le basweu mme ba jele mo lefelong le le neng le bidiwa diphaposikhiro tsa Maafrika. Kwa morago, go ne ga rulaganngwa gore ba jele mo ntlong ya boapeelo ya Bethele. Eno e ne e le yone thulaganyo e go jewang ka yone fa re ne re goroga kwa Bethele ka 1959. Maikutlo a me a ne a sa dumalane gotlhelele le go kgaoganngwa jaana ka ntlha ya lotso.

Morago ga nako, puso e ne ya se ka ya tlhola e dumelela bakaulengwe ba rona ba bathobantsho gore ba nne mo kagong e e neng e le kwa morago ga Legae la Bethele le legolo. Bakaulengwe bano ba ne ba tshwanela ke go nna mo metsesetoropong ya bathobantsho e e neng e le sekgala sa dikilometara di le 20 go tswa foo. Bangwe ba ne ba dula mo magaeng a a hirisiwang mme ba bangwe mo hoseteleng ya banna ba ba sa nyalang. Maemo ano a a neng a sa itumedise a ne a tswelela ka dingwaga di le dintsi.

Go Atolosiwa ga Bethele

Fa nako e ntse e tsamaya, Bethele ya Elandsfontein e ne ya tshwanelwa ke go atolosiwa. Morago ga go e oketsa gararo, go ne go sa tlhole go na le mo e ka atolesetswang teng. Setlhopha Se Se Laolang se ne sa akantsha gore re tshwanetse go batla setsha se sesha mo lefelong le re neng re ka solofela gore gongwe babusi ba lone ba ka re dumelela go aga Bethele e kgolo eo bakaulengwe ba rona ba bathobantsho le bone ba ka kgonang go nna mo go yone. Moso le moso lelapa la Bethele le ne le kopa ka thapelo gore Jehofa ka tsela nngwe a bule tsela ya gore seno se kgonege.

Abo e ne ya nna letsatsi la boitumelo thata jang ne fa kgabagare re ne re bona lefelo le le tshwanetseng mo molelwaneng wa Krugersdorp, go ya kwa bophirima jwa Gauteng! Lefa go ntse jalo, fano le gone go ne ga twe re age kago e nngwe kwa thoko ya bakaulengwe ba rona ba bathobantsho. Re ne ra ikobela molao oo, mme lefa go ntse jalo re ne re sa letlelelwa go ka naya bathobantsho ba ba fetang 20 marobalo koo. Se se itumedisang, mo bogareng jwa bo1980, dilo di ne tsa simolola go fetoga. Puso e ne ya repisa melao ya yone e e neng e gagametse ya tlhaolele, mme go ne ga lalediwa bakaulengwe ba ba oketsegileng ba bathobantsho, ba mmala, le ba Maindia go tla go direla le rona mo Bethele.

Mme gone jaanong re na le lelapa la Bethele le le itumetseng, le le kitlanyeng, koo mongwe le mongwe, go sa kgathalesege lotso kana mmala, a ka nnang mo kagong nngwe le nngwe eo a e itlhophelang. Gape, morago ga dingwaga di le dintsi re ntse re kgaratlha, bodumedi jwa rona bo ne jwa amogelwa semolao. Go tlhomilwe mokgatlho o o letleletsweng semolao wa mo lefelong la rona o o kwadisitsweng jaaka “Basupi ba ga Jehofa ba Afrika Borwa.” Gone jaanong re na le baofisiri ba eleng ba rona ba lenyalo, mme mo mafelong a magae a bathobantsho, Diholo tsa Bogosi le tsone di runya jaaka dithuthuntshwane.

Abo phuthego ya ga Jehofa e gatetse pele jang ne fa e sale go tloga kwa metlheng ya bogologolo ya fa ke ne ke direla kwa ofising ya lekala la Cape Town! Go tswa mo lelapeng le lennye la batho ba le 17 le le neng le sena Legae la Bethele, jaanong re oketsegile go nna lelapa la Bethele la batho ba ba fetang 460, le le nang le kago e kgolo ya segompieno ya Bethele le dikhomputara tsa maemo a a kwa godimo, metšhine e e gatisang ka go dikolosa dingwe tsa dikarolo tsa yone, le Legae le lentle la Bethele! Ee, ke ile ka nna le tshiamelo ya go gola le phuthego ya ga Jehofa mo Afrika Borwa. Palo ya baboledi ba Bogosi ba ba neng ba ka nna 400 fa ke ne ke simolola bodihedi dingwaga di le 50 tse di fetileng e ile ya oketsega go baboledi ba ba ka nnang 55 000 gompieno!

Ke leboga Jehofa go bo mo dingwageng tse 40 tse di fetileng ke bo ke ile ka nna le mosadi yo o nkemang nokeng thata jaana. “Senwèlō sa me sea penologa.” (Pesalema 23:5) Nna le Martie re itumela thata go bo re le karolo ya phuthego e e kaelwang ke moya ya ga Jehofa mme re ititeile dihuba gore re tla tswelela re direla Jehofa mo ntlong ya gagwe, mo Bethele, le go tswelela pele le phuthego ya gagwe e e gatelang pele.

[Dimmapa mo go tsebe 19]

(For fully formatted text, see publication)

ANGOLA

ZAIRE

ZAMBIA

ZIMBABWE

BOTSWANA

NAMIBIA

SWAZILAND

LESOTHO

SOUTH AFRICA

Pretoria

Johannesburg

Cape Town

Port Elizabeth

SOUTH ATLANTIC OCEAN

INDIAN OCEAN

MOZAMBIQUE CHANNEL

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Piet Wentzel le Frans Muller (kafa molemeng) mo tirong ya bobulatsela ka 1945

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Frans le Martie Muller

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela