Tsholofelo—Tshireletso ya Botlhokwa mo Lefatsheng Le Le Hutsafatsang
Mosimanyana mongwe yo mmotlana wa kwa Korea o ne a batla go thusa mmaagwe gore a dire gore moithuti mongwe wa kholetšhe a dumele tota gore go ne go le botlhokwa go le kana kang go nna le tsholofelo ka isagwe. A gopola setshwantsho sengwe se a neng a se utlwa kwa dipokanong tsa Bokeresete, o ne a botsa moithuti yoo gore a o ne a ka se mo thuse go rarabolola thamalakwane nngwe. O ne a dumela. Mosimanyana o ne a re: “Go ne go na le malapa a le mabedi. Ka bobedi ba one a ne a humanegile thata. Pula e ne e na thata, mme marulelo a matlo ao a ne a nela. Lelapa le lengwe le ne le utlwile botlhoko thata, mme le ne le ngongorega thata ka go nela ga ntlo. Mme lefa go ntse jalo, lelapa le lengwe lone le ne le itumetse ebile go sena letsapa le ba fisang pelo fa ba ntse ba kaba marulelo a bone. Ke ka ntlha yang fa go ne go na le pharologano e kgolo jaana magareng ga malapa ano a mabedi?” Ereka mosadi yono yo mmotlana a ne a sa itse gore o tla araba a reng, o ne a mo raya a re ga a itse. Mosimanyana yono o ne a re: “Ee gone, lelapa la bobedi le ne le itumetse ka ntlha ya gore le ne le sa tswa go amogela lekwalo go tswa kwa pusong ya lefelo leo gore le ne le tla newa ntlo e ntšha. Ka jalo ba ne ba na le tsholofelo. Ke sone se ba neng ba farologane ka sone!”
THAMALAKWANE ya mosimane e ne e tshwantshetsa fela boammaaruri jono: Tsholofelo e fetola tsela eo re ikutlwang ka yone mabapi le botshelo, gantsi go sa kgathalesege maemo a re leng mo go one. Fela jaaka malapa a mabedi a a a tlhalositseng, bontsi jwa rona re tshwanelwa ke go itshokela diteko mo botshelong—jaaka mathata a botsogo, go tlhobaela ka tsa madi, dikgatelelo tsa lelapa, bokebekwa, le diteko tse dingwe tse di senang palo le go sa tshwariweng sentle. Gantsi, ga re kake ra kgona go fedisa mathata a go nna jalo, fela jaaka re ka se ka ra kgona go dira gore pula ya matlakadibe e se ka ya na mo tikologong ya rona. Ka jalo re ka ikutlwa re kgobegile marapo, re jewa ke bodutu—ka bokhutshwane re felelwa ke maatla. Go dira dilo gore di nne bokete le go feta, re ka tswa re ne re rutilwe kwa kerekeng gore bontsi jwa badiradibe ga ba na tsholofelo e e molemo gotlhelele ka isagwe, le gore ebile ba ka nna ba otlhaiwa ka bosakhutleng.
Go a tle go buiwe jaana go twe selo se se bakang go hutsafala ke go felelwa ke maatla go tlhakane le go felelwa ke tsholofelo. Mme lefa go ntse jalo, go ka kgonega gore re ka tlosa nngwe ya dilo tseo; ga go na ope wa rona yo o tshwanetseng go felelwa ke tsholofelo. Mme tsholofelo ka boyone e ka nna sebetsa se se di gaisang tsotlhe sa go tlosa boikutlo jo bongwe jo bo tshwanang le joo eleng go ikutlwa go se sepe se o ka se dirang. Fa re na le tsholofelo, re ka kgona go itshokela diteko tsa botshelo ka go ritibala maikutlo le go kgotsofala go na le gore re kgaratlhe mo gare ga matshwenyego a a kgobang marapo. Ee, tsholofelo ke tshireletso ya botlhokwa.
A kgang e e ntseng jalo e go dira gore o nne le dipelaelo? A tsholofelo e nonofile go le kalo gore e ka dira pharologanyo e kgolo thata jalo? A mme ebile mongwe le mongwe wa rona o ka bona tsholofelo e e tlhomameng?
Jaaka Tlhoro
Lefapha la tsa kalafi le simolotse go lemoga kafa tsholofelo e nang le maatla a a kwa godimo ka gone. Dr. Shlomo Breznitz eleng mankge wa mathata a dikgatelelo, yo o neng a falola mo Polaong ya Kgailo ya Bo-Nazi, o ne a tlhalosa gore fa go tliwa mo dikgannyeng tsa mathata a mantsi a botshelo, “dikgatelelo di dirwa ke tsela e re lebang bothata jwa tsone ka one, e seng mathata a tsone ka boone. Tsholofelo e fokotsa bogolo jwa one.” Setlhogo sengwe mo go The Journal of the American Medical Association se ne sa tlhalosa gore tsholofelo ke “molemo o o maatla.” Makasine wa American Health o ne wa bega jaana: “Go na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba lwalang, segolo jang batho ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa kankere, ba ka ponyo ya leitlho ba gatelelwang ke bolwetsi fa sengwe se ka ba dira gore ba latlhegelwe ke tsholofelo—kana bao ba tokafalang ka bonako fa ba ka bona sengwe se sesha se se dirang gore ba ikutlwe go na le se ba se tshelelang.”—Bapisa Diane 17:22.
Baithuti ba Bibela ke bogologolo ba ntse ba itse ka botlhokwa jwa tsholofelo. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete mo go 1 Bathesalonia 5:8 ka gore: “A re nneñ boitekanèlō . . . cholohèlō ea polokō e nnè eōna tlhoro ea phemèlō.” Ke jang “cholohèlō ea polokō” e tshwanang le tlhoro?
Tlhokomela gore tiro ya tlhoro ke eng. Lesole la metlha ya Bibela le ne le rwala tlhoro ya koporo kana ya tshipi, e e neng e diretswe mo godimo ga mmese wa felete, wa boboa, kana wa letlalo. Tlhoro eno e ne e sireletsa tlhogo ya lone mo metsung ya ntwa e go hulwang ka yone, melamu, le ditšhaka tse di kgemethang. Jalo he, ga go belaetse gore go ne go ka nna le lesole lengwe le le neng le ka okaoka go rwala tlhoro eo fa le ne le na le yone. Lefa go ntse jalo, go rwala tlhoro eo go ne go sa reye gore lesole le ne le sireletsegile gotlhelele kana gore le ne le ka se utlwe botlhoko fa tlhogo ya lone e ne e betswa ka sengwe; go na le moo, tlhoro e ne e thusa fela gore bontsi jwa marumo bo fapoge go na le gore ba bolaye.
Fela jaaka tlhoro e sireletsa tlhogo, ka go tshwana tsholofelo le yone e sireletsa tlhaloganyo. Tsholofelo e ka nna ya seka ya re kgonisa gore re tseye dinako tsa mathata kana tsa go palelwa mo go sengwe fela jaaka ekete ga go a diragala sepe. Mme lefa go ntse jalo, tsholofelo e tima bogale jwa marumo a a ntseng jalo mme e re thusa gore tlhaloganyo, maikutlo le bomoya jwa rona di se ka tsa gobala.
Monna yo o ikanyegang eleng Aberahame, kwantle ga pelaelo o ne a rwala tlhoro ya tshwantshetso. Jehofa o ne a mo kopa gore a ntshe morwawe yo a neng a mo rata thata ebong Isake setlhabelo. (Genesise 22:1, 2) Abo go ne go tla nna motlhofo jang ne mo go Aberahame go latlhegelwa ke tsholofelo gotlhelele, e leng boikutlo joo bo ka bong bo mo dirile gore a se ka a utlwa Modimo. Ke eng se se neng sa sireletsa mogopolo wa gagwe mo maikutlong a a ntseng jalo? Tsholofelo ke yone e e neng ya thusa thata. Go ya ka Bahebera 11:19, “a kaea, go re, Modimo o nonohile go . . . cosa [Isake], leha e le mo bashwiñ.” Ka go tshwana, go nna le tsholofelo ga ga Jobe mo tsogong go ne ga mo thusa go sireletsa tlhaloganyo ya gagwe mo go direng gore a tlale bogale, eleng sengwe se se neng se ka mo dira gore a feleletse a tlhapaditse Modimo. (Yobe 2:9, 10; 14:13-15) Jesu Keresete, fa a ne a lebane le pogiso ya loso, o ne a bona maatla le go gomotsega ka gore a ne a na le tsholofelo e e itumedisang kaga isagwe. (Bahebera 12:2) Go dumela tota gore Modimo ga a kake a dira phoso, ga a kake a palelwa ke go diragatsa lefoko la gagwe, ke motheo wa tsholofelo ya boammaaruri.—Bahebera 11:1.
Motheo wa Tsholofelo ya Mmannete
Fela jaaka tumelo, tsholofelo ya mmannete e thailwe mo selong se se utlwalang, le mo boammaaruring. Seno se ka gakgamatsa bangwe. Jaaka mokwadi mongwe a e tlhalosa jaana, “go bonala ekete batho ba le bantsi ba akanya gore tsholofelo ke mokgwa mongwe wa boeleele wa go budulalela boammaaruri.” Lefa go ntse jalo, tsholofelo ya boammaaruri ga se go ijesa dijo tsa ditoro, le gore ke boeleele go dumela gore re tla fiwa sengwe le sengwe se re se batlang kana le gore le eleng mathatanyana fela a mannye a rona a tla rarabololwa. Botshelo jone bo kgona go re bontsha tota gore dilo ga se matshamekwane.—Moreri 9:11.
Tsholofelo ya mmatota e farologane. E tswa mo kitsong, eseng mo go eletseng. Tlhokomela lelapa la bobedi la thamalakwane e e umakilweng kwa tshimologong. A ba ne ba tla nna le tsholofelo nngwe fa go ka bo go ne go itsiwe gore puso ga e ke e dira jaaka e solofeditse? Go na le moo, tsholofetso mmogo le bosupi jwa gore go tla nna jalo, di ne di tla naya lelapa leo motheo o o popota wa tsholofelo.
Fela jaaka gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba na le tsholofelo e e amanang thata le puso—Bogosi jwa Modimo. Bogosi jono ke kgang ya konokono ya molaetsa wa Bibela. Mo dimeliniamong tse dintsi tse di fetileng e ne e ntse e le motswedi wa tsholofelo mo basading le banneng ba ba tshwanang le Aberahame. (Bahebera 11:10) Modimo o solofetsa gore ka Bogosi jwa gagwe, o tla fedisa tsamaiso ya lefatshe leno ya bogologolo e e bosula mme a tlhome e ntšha. (Baroma 8:20-22; 2 Petere 3:13) Tsholofelo eno ya Bogosi e boammaaruri, ga se toro. Ga se go bua re feteletsa dilo fa re re motswedi wa yone—eleng Jehofa Modimo, Morena Molaodi wa lobopo lotlhe o itekanetse ka mo go feletseng. Re tlhoka fela go sekaseka popo e e bonalang ya Modimo go bona gore o teng ebile o na le maatla a magolo a go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. (Baroma 1:20) Re tlhoka fela go tlhatlhoba rekoto ya gagwe ya ka moo a neng a dirisana le batho ka gone gore re tle re bone gore lefoko la gagwe ga le nke le feta fela le sa diragadiwa.—Isaia 55:11.
Lefa go ntse jalo, ka maswabi, bontsi jwa ba ba neng ba ipoletse phatlalatsa gore ke Bakeresete, ba latlhegetswe ke tsholofelo ya boammaaruri. Moruti Paul Tillich o ne a bolela jaana mo therong ya gagwe e e kwadilweng sesheng: “Bakeresete [ba pele] ba ne ba ithutile go emela bokhutlo. Mme lefa go ntse jalo, ba ne ba tlogela go leta ka bonya ka bonya . . . Tebelelo ya bone ya go bona maemo a masha a dilo mo lefatsheng e ne ya nna bokoa, lefa gone motho a ne a go rapelela nako le nako mo Thapelong ya Morena—A thato ya gago e dirwe mo lefatsheng fela jaaka kwa legodimong!”
A matlhotlhapelo ruri! Dimilionemilione, le eleng diketekete tsa dimilione tsa batho, ba ba batlang tsholofelo ka matlho a mahibidu ga ba e bone, lefa gone e beilwe mo mpaananeng mo Dibibeleng tsa bone gore ba e ikamogelele. Leba matswela a a utlwisang botlhoko ano! Ereka go sena tsholofelo e e lekaneng go ka sireletsa megopolo ya bone, a go a gakgamatsa fa go twe “pelo e e manyèlō” e e latlhegetsweng ke tsholofelo gotlhelele, ke yone e dirileng gore batho ba le bantsi ba kgotlele lefatshe ka boitsholo jo bo sa siamang le bothubaki tse di feteletseng? (Baroma 1:28) Re tshwanetse go tsaya dilo ka tsela e e masisi gore re seka ra wela mo seraing se se tshwanang. Go na le go latlha tlhoro ya tsholofelo, re tlhoka gore ka dinako tsotlhe re e nonotshe.
Tsela E O ka Agang Tsholofelo ya Gago ka Yone
Tsela e e molemo e o ka agang tsholofelo ka yone ke go tlhokomela thata motswedi wa yone e leng, Jehofa Modimo. Ithute Lefoko la gagwe e leng Bibela, ka tlhoafalo. Baroma 15:4 e bolela jaana: “Gonne dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.”
Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tlhomamisa tota gore tsholofelo ya rona ka ga isagwe ga se kgangnyana fela e e senang bokao. Re tlhoka go akanya ka yone jaaka selo sa mmatota. A o solofela go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng? A o ka rata go kopana le bao o neng o ba rata ba ba suleng fa ba tsosediwa mo lefatsheng? Fa e le gore go ntse jalo a o kgona go tshwantsha mo tlhaloganyong o le koo ka nako eo? Ka sekai, Isaia 65:21, 22 e bua ka gore mongwe le mongwe o tla ikagela ntlo e e leng ya gagwe mme a bo a nna mo go yone. A o ka tswala matlho a gago mme wa itshwantsha mo tlhaloganyong o dira mo godimo ga marulelo o kokotela lesenke la bofelo la ntlo ya gago e ntšha? Akanya fela fa o leba matswela a kafa o rulagantseng ka teng le tiro e o e dirileng. O utlwa medumo e e itumedisang ya fa go ntse go agiwa e ngotlega; o tlhatlhoba naga jaaka meriti ya motshegare e ntse e sarologa e kgabaganya mo go yone. Pheshwana e dira gore ditlhare di temeke ka bonya mme e go tsidifatsa mo mogoteng wa fa o ne o ntse o bereka. O utlwa setshego sa bana, se tlhakane le medumo ya dinonyane. Ereka o tla bo o bereka mo godimo ga ntlo, o utlwa metlotlo ya batho ba o ba ratang e utlwala kwa tlase mo ntlong.
Go tshwantsha mo mogopolong motlha o o ntseng jalo wa boitumelo ga se go ijesa dijo tsa ditoro; go na le moo, ke go tlhatlhanya ka boperofeti jo re tlhomamisegang tota gore bo tla diragadiwa. (2 Bakorintha 4:18) Fa tebelelo eo e ntse e gola le go nna ya mmatota mo go wena, ke gone mo tsholofelo ya gago ya gore o tla nna koo e ntseng e nonofa le go feta. Tsholofelo e e ntseng jalo e e itsetsepetseng, e o e tsayang e le ya mmatota e ka go sireletsa kgatlhanong le go ikutlwa ‘o tlhabisiwa ditlhong ke Mafoko a a Molemo,’ eleng selo se se ka nnang sa go dira gore o tlhokomologe kabelo ya gago ya go a bolelela ba bangwe. (Baroma 1:16) Phapaanong le seo, o tla batla go ‘ikgantsha ka tsholofelo’ fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira, ka go bolelela ba bangwe ka bopelokgale ka yone a dira jalo.—Bahebera 3:6.
Go na le se se fetang isagwe ya goyagoile e e nayang tsholofelo. Gape go na le metswedi ya tsholofelo ya gone jaanong. Seno se diragala jang? Mmusi wa Roma wa lekgolo la botlhano la dingwaga C.E. yo o neng a bidiwa Cassiodorus o ne a bolela ka gore: “Motho o nna le tsholofelo ya go solegelwa molemo mo isagweng ka ntlha ya go itse gore dilo di kile tsa mo tsamaela sentle mo nakong e e fetileng.” Abo e le mafoko a a utlwalang jang ne! A re ka kgona go bona kgomotso mo ditsholofetsong tsa masego a nako e e tlang fa re sa kgone go anaanela masego a gone jaanong?
Thapelo le yone e aga tsholofelo gone jaanong. Kwantle ga go rapelela isagwe e e nang le matswela a lobaka lo loleele, re tshwanetse go rapelela dilo tse re di tlhokang tsa gone jaanong. Re ka nna ra nna le tsholofelo le go rapelela gore ditirisano tsa rona le maloko a malapa a rona le Bakeresete ka rona di tokafale, ra rapelela gape le dijo tsa semoya tse re tla bong re tlile go di ja, le eleng dilo tsa senama tse re di tlhokang. (Pesalema 25:4; Mathaio 6:11) Fa re tlogelela ditsholofetso tsa go nna jalo mo matsogong a ga Jehofa go tla re thusa gore re tswelele re ntse re itshoka letsatsi le letsatsi. (Pesalema 55:22) Fa re tswelela re itshoka, gape bopelotelele jwa rona ka bobone gape bo tla thatafatsa tlhoro ya rona ya tsholofelo.—Baroma 5:3-5.
Go Leba Batho ba Bangwe Sentle
Go nna le mogopolo o o sa siamang go tshwana le ruse mo godimo ga tlhoro ya tsholofelo. E a kgobola, mme ka bonya ka bonya e ka dira tlhoro gore e seka ya tlhola e nna le mosola. A o ile wa ithuta go itse le go lwantshana le tsela eo mogopolo o o sa siamang o dirang ka gone? O seka wa tsiediwa ke mogopolo o o phoso wa gore mokgwa wa go sa tshepe ba bangwe, wa go tshwaya diphoso, wa go sa nne le tsholofelo ke go supa botlhale. Totatota, mogopolo o o sa siamang o go dira gore o se ka wa dirisa botlhale jwa gago thata.
Go bonolo fela gore re ka nna le mokgwa wa go latlhegelwa ke tsholofelo mo go bankarona. Bangwe ka ntlha ya gore ba ne ba diragaletswe ke dilo dingwe tse di utlwisang botlhoko mo nakong e e fetileng, ba ile ba latlhegelwa ke tsholofelo gotlhelele ya gore ba seka ba tlhola ba amogela thuso kana kgomotso go tswa mo bathong. Ba tlhagisa maikutlo a bone ka gore: “Ga e ke e boela magaleng gabedi.” Ba ka nna gape ba okaoka go ya kwa bagolwaneng ba Bakeresete gore ba ba thuse go rarabolola mathata a bone.
Bibela e re thusa gore re lebe batho ka tsela e e siameng. Ke boammaaruri, ga go botlhale go baya tsholofelo ya rona yotlhe mo bathong. (Pesalema 146:3, 4) Mme lefa go ntse jalo, mo phuthegong ya Bokeresete, bagolwane ba direla jaaka “dineo tse e leng batho,” tse di tswang kwa go Jehofa. (Baefesia 4:8, 11, NW) Ke Bakeresete ba ba kelotlhoko, ba ba nang le maitemogelo bao ba batlang ka pelo yotlhe go nna jaaka “boipotelecō mo phehoñ, le boitekelecō mo ledimoñ.”—Isaia 32:2.
Gape go na le batho bangwe ba bantsi mo phuthegong ya Bokeresete bao le bone ba amegang thata ka gore ba nne metswedi ya tsholofelo. Akanya fela gore ke makgolo a le makae a a dikete a bone ao a itshwarang jaaka bomme, bontate, bokgaitsadi, bomorwarre, le bana mo go bao ba latlhegetsweng ke malapa a bone; akanya fela gore ke ba le kae bao ba tshwanang le ditsala tse di “kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè” mo go bao ba leng mo tlalelong.—Diane 18:24; Mareko 10:30.
Fa o ile wa rapela Jehofa gore a go thuse, o seka wa tlogela go nna le tsholofelo. A ka tswa a setse a go arabile; go ka tswa go na le mogolwane kana Mokeresete yo o godileng ka kitso yo gone jaanong a setseng a ipaakanyeditse go go thusa fa fela o setse o boletse dilo tse o tlhokang go thusiwa mo go tsone. Fa tsholofelo ya rona mo bathong e lekalekane, e tla re sireletsa kgatlhanong le go ikgogona mo go mongwe le mongwe le go itlhaola mo go ba bangwe, eleng sengwe se se ka dirang gore re nne pelotshetlha le go tlhoka tirisano mmogo.—Diane 18:1.
Mo godimo ga moo, fa re na le bothata le Mokeresete ka rona, ga re a tshwanela go bo leba ka mogopolo wa go itlhoboga, le o o sa siamang. Ka lone lebaka leo, “loratō . . . lo sholohèla dilō cotlhe.” (1 Bakorintha 13:4-7) Leka go leba bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete fela jaaka Jehofa a ba leba—ka tsholofelo. Tlhoma mogopolo wa gago mo dilong tse dintle tse ba di dirang, ba ikanye, mme gape o dire maiteko a go rarabolola mathata. Tsholofelo e e ntseng jalo e tla re sireletsa kgatlhanong le dikgang le dikomano, tse di sa solegeleng ope molemo.
O seka wa ineela mo botlhokatsholofelong jwa lefatshe leno le legologolo le le felang. Tsholofelo e gone—ya isagwe ya rona ya goyagoile mmogo le ya tharabololo ya mathata a rona a mantsi a re nang le one gone jaanong. A o tla kakatlela tsholofelo? Fa re rwala tsholofelo ya poloko jaaka tlhoro e e sireletsang, ga go na go nna le motlhanka ope wa ga Jehofa yo o tla ikutlwang a feletswe ke maatla tota—go sa kgathalesege gore maemo a maswe go le kana kang. Fa rona ka borona re sa ineele gore e re latlhegele, ga go na sepe kwa legodimong kana mo lefatsheng se se ka re tseelang tsholofelo e Jehofa a re e neileng.—Bapisa Baroma 8:38, 39.