Kgololo ka Nako ya Go Senolwa Ga Ga Jesu Keresete
“Lo itumèlè; gore e tle e re mo tshenoloñ ea kgalalèlō ea gagwè le gōna lo bo lo itumèlè ka boitumèlō yo bo heteletseñ.”—1 PETERE 4:13.
1. Jehofa o ile a segofatsa batlhanka ba gagwe jang?
JEHOFA o segofaditse Basupi ba gagwe ka dimpho di le dintsi. Jaaka Moruti wa rona yo Mogolo, o ile a re tsenya mo leseding ka kitso e e tletseng mabapi le thato ya gagwe le boikaelelo jwa gagwe. O ile a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go dira gore re tlhagolele nonofo ya go phatsimisa lesedi ka bopelokgale. Moaposetoloi Paulo yo o tlhotlheleditsweng ka moya o re bolelela jaana mo go 1 Bakorintha 1:6, 7: “Chupō ea ga Keresete e tlhōmamisicwe mo go lona: Loa ba loa tla loa se ka loa tlhaèla mo neoñ epè; lo nntse lo lebeletse tshenolō ea Morèna oa rona Yesu Keresete.”
2. “Tshenolō ea Morena wa rona Jesu Keresete” e tshotse tebelelo efe e e itumedisang?
2 “Tshenolō ea Morèna oa rona Yesu Keresete”—seo se kaya eng? Se lebisa mo nakong eo ka yone Jesu a senolwang jaaka Kgosi e e galalelang, a tsaya kgato gore a atswe balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang le go ipusolosetsa mo go ba ba sa rateng Modimo. Jaaka 1 Petere 4:13 e bontsha, e tla bo e le nako ya gore Bakeresete ba ba bolokang bothokgami ba ba tloditsweng ka moya le balekane ba bone ba ba ikanyegang ba boidiidi jo bogolo ba “itumèlè [ba bo ba] itumèlè ka boitumèlō yo bo heteletseñ,” ka gonne e supa bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane ya dilo.
3. Re tshwanetse ra ema re nitame jang, jaaka bakaulengwe ba rona ba kwa Thesalonika?
3 Jaaka fa nako eo e ntse e atamela, Satane ka go galefa ga gagwe o ntse o re gatelela le go feta pele. O leka go re kometsa, jaaka tau e e dumang. Re tshwanetse ra ema re nitame! (1 Petere 5:8-10) Bakaulengwe ba rona ba kwa Thesalonika wa bogologolo, le bone e ne ya re fa ba le basha mo boammaaruring ba nna le dipitlagano tse di tshwanang le tse Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi gompieno ba nang le tsone. Ka jalo, mafoko a moaposetoloi Paulo a a ba kwaletseng a na le bokao tota mo go rona. O ne a kwala jaana: “[Ke] mo go siameñ mo Modimoñ go lehetsa pitlaganyo ea ba ba lo pitlaganyañ, le go naea lona ba lo pitlagañwañ tapologō le rona, mo motlheñ oa tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla a le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” (2 Bathesalonia 1:6-8) Ee, tapologo e tla tla!
4. Ke ka ntlha yang fa baruti ba tshwanelwa ke katlholo e e tla diragadiwang ka tshenolo ya ga Jesu?
4 Mo motlheng wa ga Paulo, baeteledipele ba bodumedi jwa Bajuda ke bone ba neng ba baka bontsi jwa pitlagano. Fela jalo le gompieno, batho ba ba ipolelang gore ba emela Modimo, bogolo segolo baruti ba Labokeresete, ke bone ba ileng ba baka kganetso kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa ba ba ratang kagiso. Ba itira ekete ba rata Modimo, mme lefa go ntse jalo ba gana ‘Jehofa yo mongwe fela’ wa Bibela, ba mo emisetsa ka masaitsiweng a Tharonngwe. (Mareko 12:29) Ga ba utlwe mafoko a a molemo kaga Morena wa rona Jesu, ba leba mo pusong ya motho gore ke yone e tshwanetseng go lere kgololo mme ba gana mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Keresete jo bo tlang jwa tshiamo. Baganetsi bano botlhe ba bodumedi ba tshwanetse ba nyelela mo motlheng wa “tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ”!
“Go Tla” ga ga Jesu Keresete
5. Tshenolo ya ga Jesu e tlhalosiwa ka phepafalo jang mo go Mathaio 24:29, 30?
5 Jesu o tlhalosa tshenolo eo ka phepafalo mo go Mathaio 24:29, 30. Fa a tlhalosa dikarolo tse di farologaneng tsa sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, a re: “Letsatsi le tla hihala, kgwedi le eōna, dinaledi di tla wa kwa legodimoñ, le dinonohō tsa magodimo di tla reketlisiwa.” Ka nako eo “go tla [bonala] seshupō sa Morwa Motho kwa legodimoñ.” Ditšhaba tsa lefatshe “di tla hutsahala, me di tla bōna Morwa Motho [Kgosi ya Modimo ya Bomesia] a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo.” ‘Go tla’ gono, eleng er·khoʹme·non ka Segerika, go lebisa mo go bonaleng ga ga Jesu jaaka Motlotlomatsi wa ga Jehofa.
6, 7. “Matlhō aotlhe a tla mmōna” ka tsela efe, mme go akarediwa bomang fano?
6 ‘Go tla’ gono go tlhalosiwa gape le ke moaposetoloi Johane mo go Tshenolō 1:7, koo a reng: “Bonañ, oè tla a le mo maruñ.” Kana baba bao ga ba ketla ba bona Jesu tota ka matlho a mmatota, ka gonne “maru” a tshwantshetsa gore o tla tla a diragatsa katlholo a sa bonale. Fa batho fela ba ne ba ka bona kgalalelo ya gagwe ya selegodimo ka matlho a bone, ba ne ba tla foufala, fela jaaka Saulo a ile a foufala mo tseleng e e yang Damaseko, fa Jesu yo o galalelang a ne a bonala kwa go ene ka lesedi le legolo le le phatsimang.—Ditihō 9:3-8; 22:6-11.
7 Pego ya Tshenolō e bolela gore “matlhō aotlhe a tla mmōna, le ba ba mo tlhabileñ; le dicō cotlhe tsa lehatshe di tla mo leba di lela.” Seno se raya gore fa Jesu a tlisa tshenyo e e boitshegang mo baganetsing ba ba mo lefatsheng, ba tla lemoga gore o tlile ka maatla le kgalalelo e kgolo jaaka Modiragatsataolo wa ga Jehofa. Ke ka ntlha yang fa baba bano ba tlhalosiwa jaaka “ba ba mo tlhabileñ”? Ke ka gonne boikutlo jwa bone jwa bosetlhogo mo batlhankeng ba ga Jehofa gompieno bo tshwana le jwa babogisi ba ga Jesu. Eleruri, ba tla ‘mo leba ba lela mo go botlhoko.’
8. Jesu le Paulo ka bobedi jwa bone ba ntsha tlhagiso efe malebana le tshenyego ya tshoganetso?
8 Letsatsi leo la ga Jehofa la ipusolosetso le tla tla jang? Mo boperofeting jo bo mo go Luke kgaolo 21, Jesu o tlhalosa ditiragalo tse di boitshegang tseo di ileng tsa nna sesupo sa go nna gone ga gagwe fa e sale ka 1914. Go tswa foo, mo ditemaneng 34 le 35, Jesu o tlhagisa jaana: “Lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla.” Ee, letsatsi leo la go ipusolosetsa ga ga Jehofa le tla ka tshoganetso, ka ponyo ya leitlho! Moaposetoloi Paulo o tlhomamisa seno mo go 1 Bathesalonia 5:2, 3, a re: “Letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo. E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.” Le gone jaanong merafe e bua kaga kagiso le polokesego ebile e akanya go nonotsha Lekgotla la Merafe E E Kopaneng gore le dirise sesole go tlhokomela mafelo a a agang a na le mathata.
9. Ke mang yo ‘o jaletsweng lesedi,’ mme ka ntlha yang?
9 Mo ditemaneng 4 le 5, moaposetoloi o tswelela a re bolelela jaana: “Me lona ba ga echo, ga lo mo lehihiñ, ha letsatsi yeuō le ne le ka lo hitlhèla yaka legodu. Gonne lona lotlhe lo bana ba lesedi, lo bana ba motshegare: ga re ba bosigo, leha e le ba lehihi.” Re itumelela go bo re le bana ba lesedi—batshodi ba lesedi mo go botlhe bao ba batlang kagiso ya boammaaruri le polokesego mo lefatsheng le lesha la Modimo. Re bala jaana mo go Pesalema 97:10, 11: “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula: o tlamèla meōea ea baitshepi ba gagwè; o ba golola mo seatleñ sa baikepi. Lesedi le yalecwe basiami; boipelō le yeōna bo yalecwe ba ba thōkgameñ mo peduñ.”
Tatelano ya Ditiragalo
10. Ke tlhagiso efe e e ntshitsweng go sale gale eo re tshwanetseng ra e utlwa malebana le letsatsi la Modimo la ipusolosetso? (Tshenolō 16:15)
10 Ditiragalo di ya go latelana jang fa sepitla se segolo se itaya? A re buleng Tshenolō kgaolo 16. Ela tlhoko gore, jaaka fa go tlhalositswe mo ditemaneng 13 go ya go 16, meya ya badimo e kokoanyetsa merafe ya lefatshe lotlhe kwa Hara–Magedona, ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe. Mo godimo ga moo, go gatelelwa kafa letsatsi leo le tla tlang jaaka legodu ka gone, mme re tlhagisiwa gore re nne re thantse—re nne re apere diaparo tsa semoya tseo di re tshwaelang poloko. Go fitlhile nako ya gore go atlholwe ditšhaba le merafe ya lefatshe—mmogo le mongwe gape. Ke mang ene yoo?
11. Mosadi yo o mo go Tshenolō 17:5 o itshupile e le mang?
11 Ke mosadi wa tshwantshetso yo tota a lekileng go itira “mongwe yo o botlhokwa.” O tlhalosiwa mo go Tshenolō 17:5 e le “Boteñ, Babelona o Mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lehatshe.” Mme lefa go ntse jalo ga a sa tlhole a le boteng mo Basuping ba ga Jehofa. O itshupile ka phepafalo fa a le mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o ditlhophana tsa Labokeresete di bopang karolo ya one ya konokono. Se se makgapha mo matlhong a ga Jehofa ke go tsena ga gagwe mo dikgannyeng tsa bopolotiki, go “[tagiwa] ke madi a baitshepi” ka go bogisa Bakeresete ba boammaaruri, le go ikarabelela ga gagwe mo mading a “botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ,” go akaretsa le ba ba fetang dimilione tse di lekgolo ba ba bolailweng mo dintweng tsa lekgolo leno la bo20 la dingwaga fela.—Tshenolō 17:2, 6; 18:24.
12. Ke ka ntlha yang fa ditlhopha tsa Labokeresete di kaiwa jaaka tse di sa siamang?
12 Se se maswe le go gaisa, ditlhophana tsa Labokeresete di ile tsa tlisa kgobo mo leineng la Modimo yo di bolelang ka boitimokanyi gore di a mo emela. Di ile tsa ruta dithuto tsa Sebabelona le tsa Segerika go na le go ruta Lefoko la Modimo le le itshekileng mme di ile tsa rotloetsa tshenyego ya boitsholo mo merafeng ka go dumelela mekgwa ya go tshela e e letlelelang sengwe le sengwe e e sa tshegetseng melaometheo ya Bibela. Boramatlhale ba bone ba ba bogagapa ba kgalwa ke mafoko a a mo go Yakobe 5:1, 5: “Helañ tlheñ, lona bahumi, me lo lelè, lo bōkōlèlèlè dilō tse di matladika tse di tlañ go lo wèla. Lo nntse lo tshela ka monate mo letlepuñ, loa ikgatlha; lo ikotlile dipelo mo letsatsiñ ya polaō.”
Babelona O Mogolo A A We!
13. Tshimologo ya sepitla se segolo e tla jang, mme Tshenolō 18:4, 5 e gatelela go potlaka gofe?
13 Sepitla se segolo se tla simologa ka go diragadiwa ga katlholo ya ga Jehofa mo go Babelona o Mogolo. Tshenolō 17:15-18 e tlhalosa ka phepafalo “maikutlō” a Modimo—a go dira gore “dinaka tse shomè,” eleng maatla a a nonofileng a “sebatana” se se bopilweng ka merafe e le mentsi sa UN, di mo senye. “Me dinaka tse shomè tse u di bonyeñ, le shōna sebatana, di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō. Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa cōna go tla di diha maikutlō a ōna.” Ke sone seo lentswe le le tswang legodimong le ntshang tlhagiso eno e e potlakileng mo go Tshenolō 18:4, 5: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.” Tlhagiso eo e ntse e a neelwa: Ikgaoganye gotlhelele le bodumedi jwa maaka, pele go nna thari!
14. Ke mang yo o tla lelelang go senngwa ga Babelona o Mogolo, mme ka ntlha yang?
14 Lefatshe le tla leba jang go senngwa ga Babelona o Mogolo? Boradipolotiki ba ba bosula—“dikgosi tsa lehatshe”—ba tla mo lelela ba emetse kgakala ka gonne ba ile ba itumelela monate wa go gokafala le ene ka tsela ya semoya makgolokgolo a dingwaga. Ba bangwe gape ba ba tla mo lelelang ba mo hutsafaletse ke bagwebi ba ba bogagapa, “babapatsi . . . ba ba kileñ ba humisiwa ke èna.” Bano le bone ba emela kgakala le ene, ba re: “Iya! Iya wè! a motse oa mogolo! Ōna o o noñ o apere leloba ye le bolèta, le bohibidu yo bo mokgōna, le bohibidu yo bo letlhōlōlō; oa ba oa kgabisiwa ka gouda, le ka mayana a a tlhokègañ, le ka diperela! Gonne mahumō a a kalo kalo a shwahadicwe ka nakō e le ñwe hèla.” Diaparo tsotlhe tsa maphatsiphatsi tsa seruti le ditempele tse dikgolo go gaisa tse di mo lefatsheng le manobonobo a tsone a tla bo a ile ka bosakhutleng! (Tshenolō 18:9-17) Mme lefa go ntse jalo a batho botlhe ba tla lelela Babelona o Mogolo?
15, 16. Batho ba Modimo ba tla bo ba na le lebaka lefe la gore ba itumele?
15 Tshenolō 18:20, 21 e araba jaana: “Wèna legodimo, u o yèlè kōma, le lona baitshepi, le lona baaposetoloi, le lona baperofeti; gonne Modimo o o atlhotse kaha lo kileñ loa atlholwa ke ōna motse ouō ka gōna.” Jaaka lolwala lo logolo lo thabuediwa mo metsing, “Babelona, motse o mogolo, o tla [bo o pirigantswe] yalo ka piriganyō e kgolo, me ga o ketla o tlhōla o bōnwa gopè.”
16 Abo seo se itumedisa jang ne! Tshenolō 19:1-8 e tlhomamisa seno. Go tswa tlhaeletso ya “Haleloya!” gane go tswa kwa legodimong. BoHaleloya ba ntlha ba bararo ba baka Jehofa ka gonne o diragaditse katlholo ya tshiamo mo seakeng se se makgapha, Babelona O Mogolo. Mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka ga o sa tlhole o le gone! Go tswa lentswe kwa setulong sa Modimo sa bogosi, le re: “Bakañ Modimo oa rona, lona lotlhe batlhanka ba ōna, lona ba lo o boihañ, bannye le bagolo.” Abo re tla bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna le seabe mo pineng eo!
Nyalo ya Kwana
17. Fa re bapisa Tshenolō 11:17 le 19:6, Jehofa o simolola go busa jaaka Kgosi tlase ga maemo afe a mabedi?
17 Haleloya wa bone o tsenyeletsa kgang e nngwe: “Haleloya, gonne Morèna Modimo oa rona, Mothataeotlhe, oa busa.” Mme lefa go ntse jalo a ga go a ka ga dirisiwa mafoko a a ntseng jalo mo go Tshenolō 11:17? Koo re bala jaana: “Re gu ntshetsa malebogō Morèna Modimo, Mothataeotlhe, eo u leeoñ le eo u nntseñ u leeō . . . ka e le ha u itsetse thata ea gago e kgolo, me ua busa.” Ee. Lefa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng Tshenolō 11:17 di lebisa kwa nakong ya fa Jehofa a tlisa Bogosi jwa Bomesia ka 1914 ‘go tla bo busa ditšhaba tsotlhe ka tsamma ya tshipi.’ (Tshenolō 12:5) Tshenolō 19:6 e dikologilwe ke ditemana tse di buang kaga go senngwa ga Babelona O Mogolo. Fa bodumedi jwa sekaseaka bo tlositswe, Bomodimo jwa ga Jehofa bo tla nna bo tlotlomaditswe. Go mo obamela jaaka Molaodi yo Mogolo le Kgosi jaanong go tla dirwa ka bosakhutleng!
18. Go tlosiwa ga Babelona o Mogolo go dira gore go nne le kitsiso efe ya go ipela?
18 Ka jalo, go ka dirwa kitsiso eno ya go ipela: “A re itumeleñ, a re ipeleñ thata, a re . . . galaletseñ [Jah]: gonne nyalō ea Kwana e hitlhile, le mosadi oa gagwè o ipaakantse. Me mosadi a neèlwa gore a ikapesè ka leloba ye le bolèta, ye le phatsimañ, ye lentlè: gonne leloba ye le bolèta ke ditihō tse di siameñ tsa baitshepi.” (Tshenolō 19:7, 8) Ga go a bolelwa gore tota batlodiwa ba ba santseng ba setse mo lefatsheng ba tla bona leng tsogo ya bone ya selegodimo. Mme lefa go ntse jalo re tlhomamisediwa mo mafokong a a fano gore go nna le seabe ga bone mo lenyalong la ga Kwana, Keresete Jesu, e tla bo e le nako e e itumedisang, bogolo jang ka ba tla bo ba iponetse ka matlho go nyenyafadiwa ga seaka se se makgapha eleng Babelona O Mogolo.
Go Senngwa ga Lefatshe la ga Satane
19. Go tlhalosiwa tiragalo efe e nngwe mo go Tshenolō 19:11-21?
19 Pitse e tshweu e e umakilweng la ntlha mo go Tshenolō 6:2 e bonala gape. Re bala jaana mo go Tshenolō 19:11: “Eo o e pagameñ [pitse e tshweu], ga twe, Boikañō le Boamarure; me oa atlhola, o bile o diha ntwa mo tshiamoñ.” Ka jalo “Kgosi ea dikgosi le Morèna oa barèna” o gatela pele ka pitse ya gagwe go ya go kgemetha merafe le go gata “segatisecō sa boyalwa sa bogale yoa chakgalō ea Modimo Mothataeotlhe.” Ga go thuse sepe go bo “dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna” di kokoana go ya go tlhabana mo ntweng ya Hara–Magedona. Mopagami wa pitse e tshweu o swetsa phenyo ya gagwe. Ga go sale sepe sa phuthego e e mo lefatsheng ya ga Satane.—Tshenolō 19:12-21.
20. Diabolo ka boene o welwa ke eng?
20 Mme lefa go ntse jalo, go tweng ka Diabolo ka boene? Mo go Tshenolō 20:1-6, Keresete Jesu o tlhalosiwa e le “moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo.” O tshwara kgogela, Noga ya bogologolo, yo e leng Diabolo le Satane, o a mmofa, a bo a mo latlhela mo moleting, a bo a mo tswalelela mo go one le go o kana. Ereka Satane a dule mo tseleng mme a sa tlhole a kgona go faposa merafe, Puso ya Mileniamo e e galalelang ya Kwana e a simologa. Ga go tlhole go na le dikeledi tsa bohutsana! Ga go tlhole go na le loso lo lo bakilweng ke Adame! Ga go na bohutsana, ga go na selelo, ga go na botlhoko! “Dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:4.
21. Jaaka fa re ntse re emetse tshenolo ya ga Jesu Keresete ka tlhoafalo, re tshwanetse gore re bo re ititeile sehuba go dira eng?
21 Fa re ntse re letetse tshenolo ya Morena wa rona Jesu Keresete ka tlhoafalo, a re tlhagafaleleng go bolelela ba bangwe kaga ditsholofetso tsa Modimo tsa Bogosi tse di bontshang lorato. Kgololo e gaufi! Ekete re ka gatela pele, ra ya pele fela, jaaka bana ba ba filweng lesedi ba ga Jehofa Morena Mogodimodimo!
Fa Re Boeletsa
◻ Ke eng se se bontshang gore tshenolo ya ga Jesu Keresete e gaufi?
◻ Letsatsi la ga Jehofa la go ipusolosetsa le tla tla jang?
◻ “Barati ba ga Jehofa” ba tshwanetse ba leba seemo sa gone jaanong sa lefatshe jang?
◻ Ditiragalo di ya go latelana jang fa sepitla se segolo se itaya?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jesu ‘o tla a le mo marung,’ a sa bonale a tla go diragatsa katlholo
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Mo bogautshwaneng bodumedi jwa maaka, tsamaiso e e boikepo ya ga Satane, le Satane ka boene, tsotlhe di tla wa