Nnang le Boikgapo Bo Bo Bo Penologe
“Mo tumeloñ ea lona lo tsenyè . . . boikgapō.”—2 PETERE 1:5, 6.
1. Mokeresete a ka neela bosupi mo boemong bofe jo bo sa tlwaelegang?
JESU o ne a bolela jaana: “Lo tla isiwa ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go tla lo nna chupō mo go bōnè.” (Mathaio 10:18) Fa o ne o ka bilediwa go ya go bona mmusi, moatlhodi, kana poresidente, o ne o tla bua ka eng? Gongwe selo sa ntlha e tla nna gore o tlile go dira eng koo, molato oo o o pegilweng. Moya wa Modimo o ne o tla go thusa go dira jalo. (Luke 12:11, 12) Mme a o ka akanya o bua ka boikgapo? A o leba seno jaaka karolo e e botlhokwa ya molaetsa wa rona wa Bokeresete?
2, 3. (a) Go ne ga tla jang gore Paulo a neele Felise le Durusila bosupi? (b) Ke ka ntlha yang fa boikgapo e ne e le selo se se tshwanelang gore Paulo a ka bua ka sone mo boemong joo?
2 Akanya ka sekai sa selo sengwe se se kileng sa diragala. Mongwe wa basupi ba ga Jehofa o ne a tshwarwa a bo a tla go sekisiwa. Fa a ne a newa tshono ya go bua, o ne a bua ka dilo tse a di dumelang jaaka Mokeresete, jaaka mosupi. O ka sekaseka rekoto ya gagwe mme o tla fitlhela gore o ne a naya bosupi jo bo dirang gore motho a akanye tota kaga “tshiamō, le boikgapō le tshèkō e e tlañ.” Re bua ka se se neng sa diragalela moaposetoloi Paulo kwa Kaesarea. Kwa tshimologong o ne a bodiwa dipotso. “Me e rile malatsi mañwe a sena go heta, Felise a tla a na le Durusila mogatsè, eo e leñ mosadi oa Seyuda, me a bitsa Paulo, a mo utlwa kaga tumèlō mo go Keresete Yesu.” (Ditihō 24:24) Hisitori e bega gore Felise “o ne a le setlhogo ebile a eletsa dilo tsa ba bangwe, a dirisa maatla a gagwe jaaka kgosi ka ditsela tsotlhe ka matlhagatlhaga a motho e le motlhanka.” O ne a kile a nyala gabedi pele a dira gore Durusila a tlhale monna wa gagwe (a tlola molao wa Modimo) mme a nna mosadi wa gagwe wa boraro. Gongwe ke ene a neng a batla go utlwa bodumedi jono jo bosha eleng Bokeresete.
3 Paulo o ne a tswelela a bua “kaga tshiamō, le boikgapō le tshèkō e e tlañ.” (Ditihō 24:25) Seno se ne se tshwanetse go supa gore melao ya Modimo ya tshiamo e farologana thata le bosetlhogo le go tlhoka tshiamo ga ga Felise le Durusila. Paulo a ka tswa a ne a solofetse gore a ka tlhotlheletsa Felise gore a mo direle tshiamo. Mme ke ka ntlha yang fa a ne a bua kaga “boikgapō le tshèkō e e tlañ”? Batho ba babedi bano ba boitsholo jwa bone bo neng bo le leswe ba ne ba batla go itse gore “tumèlō mo go Keresete Yesu” e akaretsa eng. Ka jalo ba ne ba tshwanetse go itse gore fa motho a batla go mo latela o ne a tshwanetse go gapa, mogopolo wa gagwe, puo, le ditiro, se se kaiwang ke go ikgapa. Batho botlhe ba ikarabela mo Modimong ka dilo tse ba di akanyang, tse ba di buang le tse ba di dirang. Ka gone, mo kgannyeng ya ga Paulo katlholo ya ga Felise e ne e se botlhokwa mme katlholo e Modimo a neng a tlile go atlhola mmusi yono le mosadi wa gagwe ka yone e ne e le botlhokwa go gaisa. (Ditihō 17:30, 31; Baroma 14:10-12) Ka gone he, “Felise a boiha thata” fa a sena go utlwa molaetsa wa ga Paulo.
Bo Botlhokwa Fela ga bo Motlhofo
4. Ke ka ntlha yang fa boikgapo e le selo sa botlhokwa mo Bokereseteng jwa boammaaruri?
4 Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore go ikgapa ke selo sa botlhokwa mo Bokereseteng. Moaposetoloi Petere, tsala nngwe e e neng e atamalane le Jesu, le ene o ne a tlhomamisa seno. Fa a ne a kwalela ba e neng e tla nna “baabedwi ba tlhōlègō ea semodimo” kwa legodimong, Petere o ne a ba kgothaletsa gore ba supe dinonofo tse di neng di le botlhokwa, jaaka tumelo, lorato, le boikgapo. Ka gone, boikgapo bo ne bo akarediwa fa a ne a gatelela jaana: “Ha dilō tse e le tsa lona, me ha di bile di totile, dia bo di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.”—2 Petere 1:1, 4-8.
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amega thata kaga boikgapo?
5 Lefa go ntse jalo, wa itse gore go bonolo go bolela gore re tshwanetse go supa boikgapo mme go thata go bo supa mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Lebaka la botlhokwa ke gore ke batho ba sekae fela ba ba bo supang. Mo go 2 Timotheo 3:1-5 Paulo o ne a tlhalosa mekgwa e e neng e tla nna teng mo motlheng ono wa rona, mo “motlheñ oa bohèlō.” Nngwe ya dinonofo tse di neng di tla supiwa ke batho ba bantsi mo motlheng ono wa rona ke gore ba ne ba tla bo ba “sena boithibō.” Re bona seno se itshupa se le boammaaruri, a ga go jalo?
6. Go tlhoka boikgapo go bonala ka ditsela dife gompieno?
6 Batho ba bantsi ba dumela gore go siame go “supa maikutlo a gago o sa ithibe” kana “go galefa.” Kgopolo eno ya bone e gatelelwa ke batho ba ba tseelwang kwa godimo bao go lebegang ba sa ithibe mo go sepe, bao ba dirang sengwe le sengwe se ba ikutlwang ba batla go se dira. Ka sekai: Bontsi jwa batho ba ba ratang metshameko ya porofeshenale ba tlwaelane le go bona motho a supa maikutlo a gagwe, gongwe ebile a lwa fela thata. A o kgona go gakologelwa, gongwe go tswa mo metsweding ya dikgang, makgetlo mangwe a go neng go lowa tota kana koo digopa di neng di shakgetse teng kwa metshamekong mengwe? Lefa go ntse jalo, se re batlang go se gatelela fano ga se tlhoke gore re senye nako e ntsi re boeletsa dikao dingwe tsa go tlhoka boikgapo. O ka nna wa bolela dikarolo tse dintsi tse re tlhokang go supa boikgapo mo go tsone—selekanyo se re jang le go nwa ka sone, kafa re itshwarang ka teng mo bathong ba bong bo sele, le nako le madi tse re di dirisang mo ditirong tsa go itlosa bodutu. Mme lefa go ntse jalo go na le gore re fete fela ka tsone, a re sekasekeng karolo e kgolo e re tshwanetseng ra supa boikgapo mo go yone.
Go Gapa Maikutlo a Rona
7. Ke karolo efe ya boikgapo e e batlang go elwa tlhoko thata?
7 Ba bantsi ba rona ba ile ba kgona go laola kana go ikgapa gore ba se ka ba dira dilo dingwe. Ga re utswe ga re tsenelele mo boitsholong jo bo sa siamang, kana gone go bolaya; re itse gore molao wa Modimo wa reng ka diphoso tseno. Ka jalo, re kgona go gapa maikutlo a rona go le kana kang? Ka bonako fela, bao ba sa kgoneng go gapa maikutlo a bone ba palelwa ke go ikgapa gore ba se ka ba dira dilo dingwe. Ka jalo a re bueng ka maikutlo a rona.
8. Jehofa o lebeletse gore re dire eng ka maikutlo a rona?
8 Jehofa Modimo ga a lebelela gore re dire dilo jaaka ekete re metšhine, re sena maikutlo kana re sa a supe. Jesu o ne a “hohoma mo moeeñ, a huduèga” kwa lebitleng la ga Lasaro. Morago ga foo “Yesu a lela.” (Yohane 11:32-38) O ne a supa maikutlo a mangwe gape a a farologaneng ka nako ya fa a ne a koba ba ba neng ba ananya madi mo tempeleng, mme a dira jalo a ikgapile. (Mathaio 21:12, 13; Yohane 2:14-17) Barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang le bone ba ne ba supa kafa ba ikutlwang ka teng tota. (Luke 10:17; 24:41; Yohane 16:20-22; Ditihō 11:23; 12:12-14; 20:36-38; 3 Yohane 4) Lefa go ntse jalo ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go ikgapa gore maikutlo ao a bone a se ka a ba leofisa. Baefesia 4:26 e phepafatsa seno jaana: “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha: a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale.”
9. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana gore re laole maikutlo a rona?
9 Go na le bodiphatsa jwa gore Mokeresete a lebege ekete o a ikgapa, fa totatota, maikutlo a gagwe a sa laolesege. Gakologelwa se se neng sa diragala fa Modimo a ne a amogela setlhabelo sa ga Abele: “Kaene, a nna bogale thata, le sehatlhōgō sa gagwè sa beha. Me Yehofa a raea Kaene, a re, Ana u galehetseñ? le sehatlhōgō sa gago se behetseñ? A e kare ha u diha sentlè a ga u ketla u cholwa? Me ha u sa dihe sentlè, boleo bo ipobile ha moyakoñ: me kelecō ea gagwè e tla nna go wèna.” (Genesise 4:5-7) Kaine o ne a palelwa ke go laola maikutlo a gagwe, a a neng a mo dira gore a bolaye Abele. Maikutlo a a sa laolweng a ne a dira gore a palelwe go laola se a se dirang.
10. Ke eng se o se ithutang mo sekaing sa ga Hamane?
10 Ela tlhoko gape sekai sa metlha ya ga Moredekai le Esethere. Modiredi yo o neng a bidiwa Hamane o ne a galefa fa Moredekai a ne a gana go mo obamela. Moragonyana Hamane o ne a akanya ka phoso gore o ne a tlile go tlotlomadiwa. “Hoñ Hamane a cwa ka tsatsi yeuō a itumetse, a le pelo e e ipelañ: me ea re Hamane a bōna Moredekai mo kgoroñ ea kgosi, me a se ka a èma ka dinaō leha e le go tsikinyèga kaga gagwè, a tlalèla Moredekai bogale. Leha go nntse yalo a ithiba, me a ea gae.” (Esethere 5:9, 10) O ne a itumela ka bonako. Lefa go ntse jalo, o ne a galefa ka bonako fela fa a bona motho yo pelo ya gagwe e neng e le lefuto ka ene. A o akanya gore fa Bibela e re Hamane “a ithiba” e kaya gore o ne a tlhoma sekao fa go tla mo go ikgapeng? Nnyaa. Hamane o ne a ikgapa gore a se ka a dira sepe a bo a ikgapa gore a se ka supa maikutlo a gagwe ka yone nako eo fela, mme o ne a palelwa go laola bogale jwa gagwe jo bo neng bo bakiwa ke lefufa. Maikutlo a gagwe a ne a mo dira gore a loge maano a polao.
11. Ke bothata bofe jo bo neng bo le teng kwa phuthegong ya Filipi mme bo ka tswa bo ne jwa bakiwa ke eng?
11 Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ka gobatsa ba bangwe thata fa ba palelwa ke go laola maikutlo a bone gompieno. Mongwe a ka nna a re, ‘Ao, bothata joo bo ka se ka jwa nna teng mo phuthegong.’ Mme bo kile ba nna teng. Bakeresete bangwe ba babedi mo phuthegong ya Filipi ba kile ba nna le bothata bongwe jo bo masisi jwa go sa utlwane, joo Bibela e sa bo tlhaloseng. Akanyetsa seno fela gore se ka tswa se ne sa diragala: Euodia o ne a laletsa bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi gore ba tle go ja dijo kana ba tle kwa kokoanong nngwe go tla go ijesa monate. Sentuke o ne a sa lalediwa mme a utlwa botlhoko. Gongwe o ne a ipusolosetsa ka go sa laletse Euodia moragonyana. Morago boobabedi ba ne ba simolola go bonana diphoso; ka bonako fela ke fa ba sa tlhole ba buisana. Mo boemong jo bo ntseng jalo, a bothata tota e ne e le go sa laletsane ga bone go tla dijong? Nnyaa. Seo e ne e le tlhasenyana fela. Fa bokgaitsadi ba babedi ba ba tloditsweng bano ba ne ba palelwa ke go laola maikutlo a bone, tlhase eo e ne ya fetoga molelo o o neng wa tshuba sekgwa sotlhe. Bothata jono bo ne jwa tswelela mme jwa gola go fitlha moaposetoloi mongwe a tsereganya.—Bafilipi 4:2, 3.
Maikutlo a Gago le Bakaulengwe ba Gago
12. Ke ka ntlha yang fa Modimo o re naya kgakololo e e mo go Moreri 7:9?
12 Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go laola maikutlo a gago fa o ikutlwa gore o a tlhokomologiwa, o utlwisiwa botlhoko, kana o a tlhaolwa. Jehofa o itse seo, gonne o sale a ntse a bona tsela e batho ba dirisanang ka yone go tloga fela kwa tshimologong. Modimo o re gakolola jaana: “U se ka ua potlaka mo moeeñ oa gago go nna bogale: gonne bogale bo nna mo sehubeñ sa dieleele.” (Moreri 7:9) Ela tlhoko gore Modimo o ela tlhoko pele maikutlo eseng ditiro. (Diane 14:17; 16:32; Yakobe 1:19) Ipotse jaana, ‘A ke tshwanetse go leka thata go laola maikutlo a me?’
13, 14. (a) Ke eng se gantsi se diragalang mo lefatsheng fa motho a palelwa ke go gapa maikutlo a gagwe? (b) Ke dilo dife tse di ka dirang gore pelo ya Mokeresete e nne lofuto?
13 Batho ba bantsi ba ba palelwang ke go laola maikutlo a bone mo lefatsheng ba simolola dikgogakgogano tsa letlhoo—dintwa tse di botlhoko, tse go bolaanwang mo go tsone go lwelwa sengwe sa mmatota kana e le ka ntlha ya phoso e e ikakanyeditsweng fela kgatlhanong le ba bangwe kana le mongwe wa losika. Fa ba palelwa ke go laola maikutlo a bone, a ka ba dira gore ba dire dilo tse di tla ba utlwisang botlhoko ka lobaka lo loleele. (Bapisa Genesise 34:1-7, 25-27; 49:5-7; 2 Samuele 2:17-23; 3:23-30; Diane 26:24-26.) Eleruri, Bakeresete lefa ba ka tswa e le ba morafe ofe kana ba godisitswe jang, ba tshwanetse go leba dintwa le go nna ka pelo e e lofuto di le phoso, di le leswe, e le dilo tse di tshwanetseng go tilwa. (Lefitiko 19:17) A o leba go nna ka pelo e e lofuto jaaka tsela ya go ikgapa fa go tla mo maikutlong a gago?
14 Fela jaaka mo kgannyeng ya ga Euodia le Sentuke, go palelwa ke go laola maikutlo go ka baka mathata le gompieno. Kgaitsadi a ka nna a ikutlwa a tlodisitswe matlho gonne a se kile a lalediwa kwa moletlong wa lenyalo. Kana e le ngwana wa gagwe kana setlogolo sa gagwe se se neng se sa lalediwa. Kana gongwe mokaulengwe a ka tswa a rekile koloi mo Mokereseteng yo mongwe, e bo e re ka bonako fela e bo e robega. Lefa lebaka e ka nna lefe, seno se ile sa utlwisa yo mongwe botlhoko, maikutlo a ile a se ka a laolwa, mme ba ba neng ba amega ba ne ba kgopisega. Go bo go diragalang?
15. (a) Ke matswela afe a a botlhoko a a neng a diragala fa dipelo tsa Bakeresete di ne di le lofuto? (b) Ke kgakololo efe ya Bibela e e amang mokgwa wa go nna ka pelo e e lofuto?
15 Fa motho yo o kgopisegileng a sa dire gore a laole maikutlo a gagwe mme a ye go agisana le mokaulengwe wa gagwe, pelo ya gagwe e tla nna e le lofuto. Go ile ga nna le makgetlo a mo go one Mosupi mongwe a ileng a ikopela gore a se a ka isiwa kwa Thutong nngwe ya Buka ya Phuthego gonne a ne “a sa rate” Bakeresete bangwe kana lelapa lengwe le le mo go yone. Abo seo se utlwisa botlhoko jang ne! Bibela e bontsha gore e tla bo e le selo se se swabisang tota fa Bakeresete ba isana kwa dikgotlatshekelong tsa lefatshe, mme gone a ga go kitla go swabisa ka tsela e e tshwanang fa re tila mokaulengwe mongwe ka ntlha ya go bo a ile a direla wena kana mongwe wa losika lwa gago sengwe se se sa itumediseng? A maikutlo a rona a supa fa re leba kamano ya rona ya masika e le botlhokwa go feta go nna le kagiso le bakaulengwe ba rona? A re ka bolela gore re iketleeditse go swela kgaitsadi yoo wa rona, mme maikutlo a rona a re dira gore le jaanong re se ka ra mmuisa? (Bapisa Yohane 15:13.) Modimo o re bolelela fela jaana ka tlhamalalo: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. . . . Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale.”—Baroma 12:17-19; 1 Bakorintha 6:7.
16. Aberahame o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo fa go tla mo go laoleng maikutlo?
16 Go na le gore re letle letlhoo gore le tswelele, kgato e e tshwanetseng go tsewa go laola maikutlo a rona ke go agisana kana go rarabolola bothata jo bo tsosang ngongorego. Gakologelwa nako ya fa naga e ne e le nnye e sa lekane matsomane a mantsi a ga Aberahame le Lote, mme badiri ba bone ba ba neng ba ba thapile ba simolola go lwa. A Aberahame o ne a letla maikutlo a gagwe go mo fekeetsa? Kana a o ne a ikgapa? Se se itumedisang ke gore, o ne a akantsha gore kgotlhang eno e e sa ameng bolosika jwa bone e rarabololwe ka kagiso; gore go botoka gore ba kgaogane. Mme o ne a letla Lote go tlhopha pele. Seo se supang gore Aberahame o ne a sa galefa le gore pelo ya gagwe e ne e se lofuto ke gore moragonyana o ne a ya go lwela Lote.—Genesise 13:5-12; 14:13-16.
17. Paulo le Barenabase ba ne ba palelwa go dira eng ka nako nngwe, mme go ne ga diragala eng morago ga foo?
17 Re ka kgona go ithuta ka boikgapo gape mo kgannyeng ya ga Paulo le Barenabase. Ba ne ba se ka ba dumalana gore Mareko a tsamaye mo loetong longwe, ba setse ba na le dingwaga ba ntse ba dira mmogo. “Me ga coga kgañ e e botlhoko, ba ba ba tla ba kgaogana; me Barenabase a tsaea Mareko, a ea kwa Kupero ka shepa.” (Ditihō 15:39) Lebaka la go bo banna ba ba godileng bano ba bo ba ile ba palelwa ke go laola maikutlo a bone le tshwanetse go re tlhagisa. Fa seno se ba diragaletse, le rona se ka re diragalela. Lefa go ntse jalo, ga ba a ka ba letla gore seno se ba kgaoganyetse ruri kana ba gogagane ka sone. Rekoto e supa gore bakaulengwe bano ba ne ba kgona go laola maikutlo a bone ebile ba ne ba dira mmogo gape ka kagiso morago ga foo.—Bakolosa 4:10; 2 Timotheo 4:11.
18. Mokeresete yo godileng a ka dira eng fa a utlwile botlhoko?
18 Re ka lebelela gore batho ba Modimo le bone ba ka utlwa botlhoko kana pelo ya mongwe e ka nna lofuto ka yo mongwe. Go ne ga diragala mo metlheng ya Bahebera le mo metlheng ya baaposetoloi. Ebile go ile ga diragala le mo batlhankeng ba ga Jehofa ba motlha wa rona, ka go bo rotlhe ga re a itekanela. (Yakobe 3:2) Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba rarabolole mathata a a ntseng jalo ka bonako fa a tlhaga fa gare ga bakaulengwe. (Mathaio 5:23-25) Mme se se botoka le go feta ke go a kganela ka go tokafatsa kafa re ikgapang ka teng. Fa o ikultwa gore o tlhokomologilwe kana o kgopisitswe ke selo se sennye fela se mokaulengwe kana kgaitsadi wa gago a se buileng kana a se dirileng, ke eng fa o sa laole maikutlo a gago mme o se lebale? A ruri go a tlhokega gore o latele motho yoo, ekete ga o kitla o siama fa a sa dumele phoso ya gagwe? Tota ruri o kgona go laola maikutlo a gago go le kana kang?
Go A Kgonega!
19. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re bue thata kaga go laola maikutlo?
19 Re sekasekile fela karolo e le nngwe ya boikgapo eleng go laola maikutlo a rona. Mme karolo eo ke yone e kgolo gonne fa o palelwa ke go laola maikutlo a gago o tla palelwa ke go laola loleme lwa gago, keletso ya tlhakanelodikobo, mekgwa ya go ja, le dilo tse dintsi mo botshelong tse o tshwanetseng go ikgapa mo go tsone. (1 Bakorintha 7:8, 9; Yakobe 3:5-10) Lefa go ntse jalo, se kgobege marapo, ka go bo o ka tokafatsa kafa o kgonang go ikgapa ka teng.
20. Re ka tlhomamisa jang gore re ka kgona go tokafatsa?
20 Jehofa o iketleeditse go re thusa. Re ka tlhomamisa seo jang? Gone mme, boikgapo ke lengwe la maungo a moya wa gagwe. (Bagalatia 5:22, 23) Ka gone, selekanyo se re lekang go dira gore re tshwanele go ka amogela moya o o boitshepo le go o newa ke Jehofa le go supa maungo a one ka sone, ke sone selekanyo se re ka lebelelang go ikgapa ka sone. O se ka le ka motlha wa bo wa lebala tlhomamisetso eno ya ga Jesu: “Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.”—Luke 11:13; 1 Yohane 5:14, 15.
21. Ke eng se o sweditseng go se dira mo isagweng kaga go ikgapa le maikutlo a gago?
21 O se ka wa akanya gore go tla nna motlhofo. Ebile go ka nna bokete thata mo bathong ba ba goletseng fa gare ga batho ba ba neng ba sa laole maikutlo a bone, mo bathong ba maikutlo a bone a amiwang ke sengwe le sengwe, kana mo bathong ba le ka motlha ba sa lekeng go ikgapa. Go ka gwetlha tota gore Mokeresete yo o ntseng jalo a nne le boikgapo bo bo bo penologe mo go ene. Lefa go ntse jalo, go a kgonega. (1 Bakorintha 9:24-27) Fa re ntse re atamela bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, re tla ngomoga pelo re bo re tshwenyega thata. Re tlile go tlhoka go ikgapa ka mo go oketsegileng, le go feta! Sekaseka kafa o ikgapang ka teng. Fa o bona dikarolo tse o tshwanetseng go di tokafatsa, dira jalo. (Pesalema 139:23, 24) Kopa Modimo gore a go neye moya wa gagwe o o oketsegileng. O tla go reetsa ebile o tla go thusa gore o nne le boikgapo bo bo bo penologe.—2 Petere 1:5-8.
Dintlha Tse Di Tshwanetseng go Akanyediwa
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o laole maikutlo a gago?
◻ Ke eng se o se ithutileng mo dikaong tsa ga Hamane le Euodia le Sentuke?
◻ Ke eng se o tla lekang thata go se dira fa o kgopisiwa ke sengwe?
◻ Boikgapo bo ka go thusa jang go tila go nna ka pelo e e lofuto?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Paulo o ne a bua ka tshiamo le boikgapo fa a ne a le fa pele ga ga Felise le Durusila