LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/15 ts. 4-7
  • “Mmaba oa Bohèlō” O Tla Fenngwa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mmaba oa Bohèlō” O Tla Fenngwa!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Itse Mmaba wa Gago
  • Go Lepalepana le go Swelwa Ke Yo O mo Ratang
  • Go Fenya Loso
  • Fa Lebolela la Loso Le Tlositswe
    Tsogang!—1992
  • “Loso lo Komediwa ka Bosaengkae”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Loso lo Tla Fedisiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Go Lebana le Kgwetlho ya go Swelwa ke Molekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/15 ts. 4-7

“Mmaba oa Bohèlō” O Tla Fenngwa!

O KA TSWA o ne o boifa lefifi fa o ne o santse o le ngwana. Gongwe o ne o tlhobaediwa ke dikgang tse di tshosang tota le eleng ditlhamane dingwe. A bo go ne go go diga makgwafo jang ne fa mmè kana rre a ne a tlogela lebone le bonesitse fa o ntse o leka go thulamela!

Batho ba le bantsi ba tshosiwa ke loso fela jalo. Lefa go ntse jalo, ga go tlhokege gore go nne jalo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se tota loso e leng sone.

Itse Mmaba wa Gago

Kgosi Solomone yo o botlhale wa kwa Iseraele wa bogologolo o ne a re: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5) Go ya ka kgopolo eno ya bomodimo e e tlhotlheleditsweng e e fitlhelwang mo Bibeleng ya gago, loso ke pharologano ya botshelo. Baswi ga ba ikutlwe.

Moaposetoloi wa Mokeresete, Paulo, o ne a kwala jaana fa a ne a bua ka loso ka tsela ya tshwantshetso: “Losho, phenyo ea gago e kae? Losho, lobèlèla loa gago lo kae?” Lobolela lo lo tlhagisang loso ke eng? Paulo a re: “[Lobolela] loa losho ke boleo.” (1 Bakorintha 15:55, 56; Hosea 13:14) Mme gone, lobolela lo lo bolayang lono lo tswa kae? Paulo o bolela jaana felo gongwe mo Dikwalong: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Moaposetoloi Paulo o re itsise gore “motho a le moñwe hèla” yoo ke mang, fa a re: “Botlhe ba shwa ka Adame.” (1 Bakorintha 15:22) Ee, rotlhe re tlhaselwa ke lobolela lwa loso ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga Adame, rraaronamogolo.—Genesise 3:1-19.

Fa re itekanetse sentle e bile re na le lelapa le le ratanang le le nnang mo tikologong e e itumedisang, ga go ope wa rona yo o ka itlhophelang go swa. Lefa go ntse jalo, jaaka fa Bibela e bolela, “motlha le bowèlō” di ka re amoga botshelo. (Moreri 9:11) Totatota, ga re itse se se ka re tlhagelang mo botshelong ka moso. (Yakobe 4:4) Se re se itseng fela ke gore—rotlhe re ruile boleo le loso. Ka gone, loso lo re nanarela le go re tlhasela jaaka mmaba.

Go Lepalepana le go Swelwa Ke Yo O mo Ratang

Loso e nna mmaba segolobogolo fa le tlhasela motho yo o mo ratang. “E tla nna selo se se botlhoko thata mo go wena,” mosadi mongwe yo o neng a lwala thata yo o neng a letetse go swa, o ne a raya monna wa gagwe jalo. Ke eng fa a ne a bua jalo? Ka gonne Bibela ya re: “Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ [lebitla le le tlwaelegileng la batho], kwa u eañ gōna.” (Moreri 9:10) Batho ba ba suleng ga ba tlhole ba boga. Mme morwalo wa kutlobotlhoko o sala le balosika le ditsala ba ba tshelang. A go ka dirwa sengwe ka go boga goo?

Lefoko la Modimo, Bibela, le tletse ka mafoko a a kgothatsang. Ka sekai, ruri o ka gomotsega fa o ka bala le go tlhatlhanya ka dipesalema. Eleruri mafoko a a jaaka ano a a gomotsa: “A go bakwè Yehofa, eo o rwalañ merwalō ea rona ka malatsi, eboñ Modimo o e leñ poloka ea rona.”—Pesalema 68:19.

Motswedi o mongwe gape wa kgothatso ke phuthego ya Bokeresete. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tlotla basadi ba ba batlhōlagadi ba e leñ batlhōlagadi rure. Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo [ba ba ka mo tlhokomelang ka dilo tse di bonalang], a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo. Mosadi opè a se ka a kwalwa e le motlhōlagadi a e se a nne dinyaga di le mashomè marataro, me e le eo o kileñ a nyalwa ke monna a le moñwe hèla, a bolèlwa sentlè ka ditihō tse di molemō; ha a godisitse bana, ha a bolokile baeñ, ha a tlhapisitse baitshepi dinaō, ha a thusitse ba ba mo pitlaganoñ, ha a cweleletse pele ka tlhōahalō mo tihoñ ñwe le ñwe e e molemō.” (1 Timotheo 5:3, 4, 9, 10) Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba thusa le go gomotsa badumedi ka bone ba ba ntseng jalo.

Gantsi motho yo o swetsweng o tshwanelwa ke go leka go fetola maikutlo a gagwe. “Ke ne ke rata mosadi wa me thata,” go ne ga kwala jalo monna mongwe yo mosadi wa gagwe a neng a setse a na le dingwaga tse pedi a sule. “Tiragalo eno ke e e botlhoko go di feta tsotlhe tse di kileng tsa ntiragalela, mme ga go bonolo go e itshokela.” Motho yo o kileng a bo a nyetswe mo botshelong jwa gagwe o ile a ipelela kamano e e atamalaneng thata e e ka nnang teng fa gare ga batho. Fa molekane wa lenyalo a swa, ka tlholego fela mogatse yo o tshelang o ikutlwa a latlhegetswe thata. Motho yono a ka leba kwa go mang go bona thuso?

Mo maemong a a ntseng jalo, ditsala tse di molemo tsa Bakeresete di ka mo aga. Seane se se botlhale se bolela jaana: “Tsala e rata motho ka metlha eotlhe, le morwa rra motho o tsalecwe motlha oa pitlaganō.” (Diane 17:17) Motlholagadi kana moswagadi o tlhoka thuso—ditsala tse ruri di mo emang nokeng. Ditsala tse di botlhale di tla kgothaletsa motho yo o hutsafetseng gore a bue, le eleng lefa seno se ka dira gore a lele. Gongwe Mokeresete yo le ene a kileng a utlwisiwa botlhoko le go ngomolwa pelo ke go swelwa ke molekane a ka thusa ka bopelonomi. “Nametsañ ba ba lapañ,” Bibela e gakolola jalo. (1 Bathesalonia 5:14) Lefa go ntse jalo, gakologelwang gore batlholagadi le baswagadi ba tlhologelelwa balekane ba bone ba lenyalo. Ka gone, batho ba ba swetsweng ba ka bulela ba bangwe mafatlha fa fela seemo e le se se ka dirang gore botlhe ba boloke boitshwaro jo bo senang selabe.—1 Petere 2:12.

Kalafi e e di fetang tsotlhe ya mahutsana a a bakwang ke go swelwa, ke go tshwarega mo go thuseng batho ba bangwe—selo se se seng bonolo mo bathong ba ba ikutlwang e le bone ba tlhokang thuso! Fano ke teng fa go tlhoka bogagapa go thusang teng. Go direla batho ba bangwe dilo e se ka bogagapa, go okobatsa bohutsana le kutlobotlhoko, ka gonne Jesu o ne a re: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.

Go Fenya Loso

Lobolela lwa notshi lo ka nna botlhoko thata, le e leng go bolaya. Lefa go ntse jalo, gantsi go ntsha lobolela lwa tshenekegi eo mo letlalong go ka nna ga okobatsa dilo. Lefa go ntse jalo, ke eng se se lebeletsweng mabapi le go gololwa mo loboleleng lo lo tlhagisang loso?

Fa Paulo a sena go tlhalosa gore boleo ke lobolela lo lo tlhagisang loso, o ne a tlhaeletsa jaana: “A go lebogwè Modimo, o o re naeañ phenyo ka Morèna oa rona Yesu Keresete.” (1 Bakorintha 15:57) Go fenya loso go ka amanngwa jang le Keresete? Jesu o ne a supa fa go ntse jalo, fa a ne a bua jaana ka ene: “Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Ee, ba ba dumelang mo go Morwa wa Modimo, Jesu Keresete, le mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo se Jehofa a neng a se ntsha ka ene, loso lo re lo ruileng mo go Adame ga le kitla le felela ka gore ba se ka ba tlhola ba nna teng ka bosakhutleng.—Yohane 3:16.

Ruri mafoko ano a ga Jesu a ama pelo: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphuphuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwe ka lōna, me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.”—Yohane 5:28, 29.

Makgolokgolo a dingwaga pele ga moo, moperofeti wa Modimo Isaia o ne a boleletse pele jaana: “[Jehofa Modimo] o komeditse losho ka bosakhutleñ; Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.” (Isaia 25:8) Gape, mo go Tshenolō 21:4, Bibela e bua ka selo seno se se kgatlhang se se lebeletsweng: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” Ka ntlha ya go nonotshiwa ke tsholofetso eno ya Bibela kaga ba ba robetseng mo losong, ba ba swetsweng ba se “hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.”—1 Bathesalonia 4:13.

Leka go bona ka leitlho la mogopolo se Modimo a tlileng go se direla batho jaaka fa Bibela e senola. “Sepitla se segolo” se se gaufi, se nyeletsa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo. (Tshenolō 7:14) Batho ba ba inaakantseng le kobamelo ya maaka ba swa. Boradipolotiki le bagwebi ba ba bogagapa ba ba bakang leuba le dintwa ba a nyelela. Jesu Keresete o tswalela Satane Diabolo yo o baketseng batho dintsho tse di kanakana mo moleteng. Go tswa foo Keresete o simolola Puso ya gagwe ya Mileniamo, e mo go yone a tla nayang batho melemo ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo. Baswi ba tshela gape ka go tsosiwa mo baswing jaaka go solofeditswe, mme lesedi la Lefoko la Modimo le phatsima thata mo e bileng le nyeletsang dikgopolo tsa tumelabotlhodi tse di kaga loso, mmaba wa motho. Jaanong batho botlhe ba nna le tshono ya go ithuta ditsela tsa Modimo le go dira tumelanong le melao ya gagwe ya tshiamo.—Diane 4:18; Ditihō 24:15; Bahebera 2:14, 15; Tshenolō 18:4-8; 19:19-21; 20:1-3.

‘Morago, go tle bokhutlo,’ Paulo a rialo, ‘jo Keresete Jesu a tla neelang Modimo, ebong Rara, bogosi ka jone. Gonne o na le go busa fela, a ba a tle a beye baba ba gagwe fa tlase ga dinao tsa gagwe. Mmaba wa bofelo yo o tla nyelediwang ke loso.’ (1 Bakorintha 15:24-26) Bogole jotlhe jo bo bakilweng ke boleo jwa ga Adame ga bo tlhole bo le teng. Go nna le teko ya bofelo, mme batho botlhe ba ba ratang Modimo ba e falola ka ntlha ya boikanyegi. (Tshenolō 20:4-10) Batho bano ba ba kutlo ba ba boetseng mo boitekanelong, ga ba tshele fela dingwaga di le masome a supa kana le e leng tse di lekgolo le metso e le lesome fela, mme ba tshelela ruri. A bo e le mpho e kgolo jang ne e Modimo a e re nayang ka Morwawe!—Baroma 6:23.

Ka jalo he, o ka tshela lobaka lo lo kana kang? O ka tshela ka bosakhutleng. O ka nna wa se ka wa swa gotlhelele jaaka fa o ntse o tshela mo ‘motlheng ono wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4; Yohane 11:25, 26; 17:3) Fa o dira thato ya Modimo, o ka nna wa tshela go fitlha o fetela mo lefatsheng le lesha le Modimo o le solofeditseng.—2 Petere 3:13.

Lefa go ntse jalo, fa o setse o tsofetse, ga go molato go bo o akanya kaga gore o ka nna wa swa. Ruri tsholofelo ya go tsoga mo baswing e lere boipelo. Mme o ka nna wa bo o ipotsa gore Jehofa o tla rulaganya jang botshelo jwa lelapa mo tsamaisong eo e ntšha ya dilo. Se tshwenyege, gonne Jehofa o tla dira gore batho botlhe ba ba ikanyegang mo go ene ka bosakutleng ba bone boitumelo jo bo sa feleng.

O se ka wa letla gore go boifa loso go go amoge tshiamelo ya go direla Jehofa gone jaanong jaaka fa ‘metlha eno ya bofelo’ e e tlhokofatsang ya tsamaiso ya ga Satane e ntse e ya kwa bokhutlong. (2 Timotheo 3:1) Fa loso lo ka go amoga mongwe yo o mo ratang, ikgomotse ka gore maatla a lone ke a nakwana fela. (Tshenolō 20:13, 14) Ikanye tsholofelo ya go tsosiwa ga baswi. Go tswa foo, e ka ne o tla tsena mo lefatsheng le lesha ka go falola sepitla se segolo kana ka go tsosiwa mo baswing, nna o tlhomamisa gore mafoko a a bolelang gore loso, mmaba wa bofelo, lo tla nyelediwa a boammaaruri.—Tshenolō 7:9, 14.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Motho yo o swetsweng a ka agiwa semoyeng ke ditsala tse di molemo tsa Bakeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tshwarega mo go thuseng batho ba bangwe go ka okobatsa kutlobotlhoko e e ka lerweng ke go swelwa ke motho yo o mo ratang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela