LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/1 ts. 19-24
  • Go Itumela Ba Ba Ikokobetsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itumela Ba Ba Ikokobetsang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dumela mo go Jehofa Go Re Thusa Gore Re Ikokobetse
  • Boikokobetso—Tsela E E Tshwanetseng
  • Boikokobetso Bo Dira Gore O Dirisane Sentle le Ba Bangwe
  • Lorato Lo Tla Re Thusa Gore Re Ikokobetse
  • Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • O ka Bontsha Jang Boikokobetso Jwa Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Jehofa o Senolela ba ba Ikokobeditseng Kgalalelo ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Jehofa o Rata Batho ba ba Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/1 ts. 19-24

Go Itumela Ba Ba Ikokobetsang

“Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosañ, me ba ba ikokobetsañ o ba nèe tshegōhaco.”—1 PETERE 5:5.

1, 2. Mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng Jesu o ne a amanya kgang ya go itumela le ya go ikokobetsa jang?

AGO itumela go amana le go ikokobetsa? Mo therong e e itsegeng go di gaisa tsotlhe e e ileng ya neelwa ke Jesu Keresete, monna yo mogolo go gaisa botlhe yo a kileng a tshela, o tlhalosa dilo di le robong tse di itumedisang kana tse di ipedisang. (Mathaio 5:1-12) A Jesu o ne a bontsha gore go itumela go amana le go ikokobetsa? Ee, o ne a dira jalo, ka gonne go ikokobetsa go akarediwa mo dilong di le mmalwa tse di itumedisang tse a di umakileng. Ka sekai, motho o tshwanetse gore a bo a ikokobeditse gore a lemoge dilo tse a di tlhokang semoyeng. Batho ba ba ikokobeditseng ke bone fela ba ba mo tlaleng ya go batla tshiamo e bile ba e nyoretswe. Mme batho ba ba ikgodisang ga ba pelonomi e bile ga ba kutlwelobotlhoko, le gone ga ba letlanye.

2 Batho ba ba ikokobeditseng ba itumetse ka gonne go ikokobetsa go siame e bile go bontsha go ikanyega. Mo godimo ga moo, batho ba ba ikokobeditseng ba itumetse ka gonne go ikokobetsa ke sengwe se se tshwanetseng; go dira gore motho a dirisane sentle le Jehofa Modimo le Bakeresete ka ene. Mo godimo ga moo, batho ba ba ikokobetsang ba a itumela ka gonne fa ba ikokobetsa go bontsha gore ba lorato.

3. Ke ka ntlha yang fa go ikanyega go re tlama gore re ikokobetse?

3 Gore re nne batho ba ba ikanyegang, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna boikokobetso? Selo sa ntlha, ka gonne rotlhe re ruile go sa itekanela e bile re nnela go dira diphoso. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana ka ga gagwe: “Kea itse ha go sa aga sepè se se molemō mo go nna, ke go re, mo nameñ ea me: gonne go rata go bo go le mo go nna, me go diha se se molemō ga goeō.” (Baroma 7:18) Ee, rotlhe re leofile e bile re tlhaetse kgalalelo ya Modimo. (Baroma 3:23) Go bua boammaaruri go tla re thibela gore re se ka ra ikgodisa. Go tlhoka boikokobetso gore motho a ipone phoso, mme go ikanyega go tla re thusa gore re dumele gore re molato nako le nako fa re dira phoso. E re ka re nnela go palelwa ke go dira se re lekang go se dira kgapetsakgapetsa, re na le lebaka le le utlwalang la gore re ikokobetse.

4. Re fiwa lebaka lefe mo go 1 Bakorintha 4:7 le le re tlamang gore re ikokobetse?

4 Moaposetoloi Paulo o re neela lebaka le lengwe gape la gore ke ka ntlha yang fa boikanyegi bo tshwanetse jwa dira gore re ikokobetse. A re: “Mañ eo o gu chwanolotseñ le eo moñwe? me u na le eñ se u se kañ ua se nèwa hèla? me ha u se neilwe, u belahalèlañ, yaka ekete ga ua se nèwa?” (1 Bakorintha 4:7) Kwantle ga pelaelo, fa re ka ikgalaletsa, re ipelafatsa ka dilo tse re nang natso, ka tse re kgonang go di dira, kana tse re di fitlheletseng, re tla bo re sa ikanyege. Go ikanyega go re thusa gore re nne le segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo, gore re “[tshele] ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.”—Bahebera 13:18.

5. Boikanyegi bo tla re thusa jang gape fa re dirile phoso?

5 Go ikanyega go re thusa gore re ikokobetse fa re dirile phoso. Go tla re thusa gore re nne bofefo go dumela gore re molato, go na le go leka go iphimola molato kana go o pega mongwe o sele. Ka jalo, lefa Adame a ne a pega Efa molato, Dafide ga a ka a o pega Bathesheba, a re, ‘O ka bo a sa ka a tlhapela fa a bonalang thata eng jaana. Go ne go se na jaaka nka tila go raelesega.’ (Genesise 3:12; 2 Samuele 11:2-4) Tota gone, go ka nna ga twe kafa letlhakoreng le lengwe, go ikanyega go re thusa gore re ikokobetse; mme kafa go le lengwe, go ikokobetsa go re thusa gore re ikanyege.

Go Dumela mo go Jehofa Go Re Thusa Gore Re Ikokobetse

6, 7. Go dumela mo Modimong go re thusa jang gore re ikanyege?

6 Go dumela mo go Jehofa le gone go tla re thusa gore re ikokobetse. Go lemoga kafa Mmopi, Molaodi wa Lobopo, a leng mogolo thata ka gone, go tla re thibela gore re se ka ra itseela kwa godimo thata. A bo moperofeti Isaia a re gopotsa seno sentle jang ne! Re bala jaana mo go Isaia 40:15, 22: “Bōnañ, merahe e nntse yaka lerothodi ya nkgwana hèla; e kaiwa yaka loroyanyana lo lo mo selekanyoñ se se pègañ. . . . Ke èna eo o dutseñ mo go okameñ lehatshe, me banni ba yeōna ba nntse yaka ditsiakgopi hèla.”

7 Go dumela mo go Jehofa gape go tla re thusa fa re ikutlwa gore ga re a tshwarwa sentle. Go na le go tshwara kgang eo ka pelo, re tla baya gotlhe ka boikokobetso mo go Jehofa, jaaka mopesalema a re gakolola mo go Pesalema 37:1-3, 8, 9. Moaposetoloi Paulo o ntsha ntlha e e tshwanang a re: “Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna.”—Baroma 12:19.

Boikokobetso—Tsela E E Tshwanetseng

8. Ke ka ntlha yang fa boikokobetso bo thusa gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa?

8 Go na le mabaka a le mantsi a go bo go ikokobetsa e le tsela e e tshwanetseng. Le lengwe, jaaka fa go setse go supilwe, ke gore go dira gore re dirisane sentle le Modiri wa rona. Lefoko la Modimo le bolela ka papamalo jaana mo go Diane 16:5: “Moñwe le moñwe eo o pelo e e ikgodisañ o sehedisa pelo mo go Yehofa.” Gape re bala jaana mo go Diane 16:18: “Boikgodishō bo tlo bo ètèlèlè tshenyègō pele, le boipègō yoa pelo pele ga go wa.” Go ise go ye kae batho ba ba ikgodisang ba utlwa botlhoko. Tota go tshwanetse ga nna fela jalo ka ntlha ya se re se balang mo go 1 Petere 5:5: “Lotlhe lo itlamè ka boikokobeco, go tla lo dihèlana: gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosañ, me ba ba ikokobetsañ o ba nèe tshegōhaco.” O tla fitlhela ntlha e e tshwanang mo setshwantshong se Jesu a se dirileng sa Mofarasai le mokgethisi ba ba neng ba rapela ka bobedi jwa bone. Mokgethisi yo o neng a ikokobeditse ke ene a ileng a fitlhelwa a le tshiamo tota.—Luke 18:9-14.

9. Boikokobetso bo thusa jang ka dinako tsa mathata?

9 Boikokobetso ke tsela e e tshwanetseng ka gonne boikokobetso bo dira gore go nne motlhofo mo go rona gore re utlwe kgakololo e e mo go Yakobe 4:7: “Ke gōna ka re, lo inèeleñ mo Modimoñ.” Fa re ikokobeditse, ga re kitla re tsuologa fa Jehofa a letla gore re welwe ke masetlapelo. Boikokobetso bo tla dira gore re kgotsofalele maemo a re leng mo go one le gore re itshoke. Motho yo o ikgodisang ga a kgotsofale, o nna a batla mo go oketsegileng, e bile o a tenega fa maemo a se monate. Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o ikokobetsang o itshokela mathata le diteko, fela jaaka Jobe a ne a dira. Jobe o ne a latlhegelwa ke dilwana tsa gagwe tsotlhe a bo a tlhaselwa ke bolwetsi jo bo botlhoko, mosadi wa gagwe le ene a bo a mo gakolola gore a tseye tsela ya boikgodiso, a re: “Itatolè Modimo, me u shwè.” O ne a araba jang? Pego ya Bibela e re bolelela jaana: “A raea mosadi, a re, U bua yaka moñwe oa basadi ba ba dieleele a tla a bue. . . . A re tla amogèla molemō mo seatleñ sa Modimo, me re se ke re amogele boshula? Mo go tse cotlhe Yobe ga a ka a leoha ka molomo oa gagwè.” (Yobe 2:9, 10) Ka gonne Jobe a ne a ikokobetsa, ga a ka a tsuologa mme o ne a ineela ka botlhale mo go sengwe le sengwe se Jehofa a neng a letla gore se mo diragalele. Mme kgabagare o ne a neelwa tuelo e kgolo.—Yobe 42:10-16; Yakobe 5:11.

Boikokobetso Bo Dira Gore O Dirisane Sentle le Ba Bangwe

10. Boikokobetso bo tokafatsa jang dikamano tsa rona le Bakeresete ka rona?

10 Boikokobetso ke tsela e e tshwanetseng ka gonne bo dira gore re dirisane sentle le Bakeresete ka rona. Moaposetoloi Paulo o re gakolola sentle jaana: “Lo [se] dihe sepè ka go re lo itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō; Moñwe le moñwe a a sa tlhokomele dilō tse e leñ tsa gagwè hèla, ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe.” (Bafilipi 2:3, 4) Boikokobetso bo tla dira gore jaaka fa go tshwanetse re se ka ra gaisana le ba bangwe kana ra leka go gaisa ba bangwe. Go ikutlwa ka ditsela tse di ntseng jalo go ka re bakela mathata le Bakeresete ka rona.

11. Ke ka ntlha yang fa boikokobetso bo ka re thusa go tila go dira diphoso?

11 Gangwe le gape boikokobetso bo tla re thusa gore re tile go dira diphoso. Jang? Ka gonne boikokobetso bo tla dira gore re se ka ra itshepha mo go feteletseng. Go na le moo, re tla anaanela kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 10:12: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.” Motho yo o ikgodisang o itshepha thata, ka jalo a ka dira diphoso motlhofo ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke dilo dingwe kana ka ntlha ya makoa a gagwe.

12. Boikokobetso bo tla re thusa go dira eng se se batliwang ke Dikwalo?

12 Boikokobetso bo tla re thusa go ikoba jaaka fa go batliwa gore re dire. Re gakololwa jaana mo go Baefesia 5:21: “Lo ineèlanè mo poihoñ ea ga Keresete.” Tota gone, a ga se boammaaruri gore rotlhe re na le mongwe yo go tlhokegang gore re mo ikobele? Bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone, basadi ba ikobele banna ba bone, le banna ba ikobele Keresete. (1 Bakorintha 11:3; Baefesia 5:22; 6:1) Mme mo phuthegong nngwe le nngwe ya Bokeresete, botlhe, go akaretsa batlhanka ba bodihedi, ba tshwanetse go bontsha gore ba ikobela bagolwane. A gape ga go boammaaruri gore bagolwane ba ikobela setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo, bogolo jang jaaka fa se emelwa ke molebedi wa potologo? Molebedi wa potologo le ene o tshwanetse a ikobela molebedi wa kgaolo, mme molebedi wa kgaolo o tshwanetse a ikobela Komiti ya Lekala ya naga e a direlang mo go yone. Re ka reng ka maloko a Komiti ya Lekala? A tlhoka go ‘ikobelana’ le go ikobela Setlhopha Se Se Laolang, se se emelang setlhopa sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale se le sone se ikarabelelang go Jesu, Kgosi e e tlhomilweng. (Mathaio 24:45-47) Fela jaaka go ntse mo setlhopheng lefa e ka nna sefe sa bagolwane, maloko a Setlhopha Se Se Laolang a tshwanetse a leba tsela e ba bangwe ba lebang dilo ka yone e le botlhokwa. Ka sekai, mongwe wa bone a ka akanya gore o na le mogopolo o montle. Mme fa go sena palo e e lekaneng ya maloko a mangwe a a dumelanang le kakantsho ya gagwe, o tla tshwanelwa ke gore a lebale ka kgang ya teng. Eleruri, rotlhe re tlhoka go ikokobetsa, ka gonne rotlhe re kafa tlase ga mongwe.

13, 14. (a) Boikokobetso bo tla re thusa segolo bogolo mo boemong bofe? (b) Petere o ne a tlhoma sekao sefe malebana le go amogela kgakololo?

13 Boikokobetso ke tsela e re tshwanetseng go e latela segolobogolo ka gonne boikokobetso bo dira gore go nne motlhofo mo mothong gore a amogele kgakololo le kwatlhao. Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka kwatlhao ka dinako dingwe, mme re tla bo re dira sentle go utlwa kgakololo e e mo go Diane 19:20: “Utlwa kgakololō, u cholè thutō, gore u tlè u nnè botlhale mo bokhutloñ yoa gago.” Jaaka go a tle go bolelwe ka tshwanelo, boikokobetso bo dira gore kgalemo kana kwatlhao di se ka tsa nna botlhoko thata. Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo, mo go Bahebera 12:4-11, o re gakolola ka fa go leng botlhale ka gone go ineela ka boikokobetso fa re otlhaiwa. Ke yone fela tsela e ka yone re ka solofelang go kaela tsela ya rona ya isagwe ka botlhale mme ra bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng. A bo seo e tla nna diphelelo tse di itumedisang jang ne!

14 Malebana le ntlha eno re ka fa sekai ka moaposetoloi Petere. Moaposetoloi Paulo o ne a mo gakolola ka tsela e e botlhoko, jaaka fa re utlwa mo pegong e e mo go Bagalatia 2:14: “E rile ke hitlhèla ba sa sepele ka tshiamō kaha boamarureñ yoa Mahoko a a Molemō, ka raea Kefase [Petere] ha pele ga bōnè botlhe, ka re, Ha wèna eo u leñ Moyuda, u tshela yaka Badichaba, me e señ yaka Bayuda, u patèlèla Badichaba yañ gore ba tshelè yaka Bayuda?” A moaposetoloi Petere o ne a kgopisega? Eseng go ya go ile, fa e le gore gone o ne a kgopisega, e re ka re bona moragonyana a bua kaga “Paulo mokauleñwe eo o ratègañ” mo go 2 Petere 3:15, 16.

15. Go ikokobetsa ga rona le go itumela ga rona di amana jang?

15 Gape go na le kgang ya go nna le se se lekaneng, go kgotsofala. Tota re ka se ke re itumele fa re sa kgotsofalele se re nang le sone, ditshiamelo tsa rona, masego a re a bonang. Mokeresete yo o ikokobetsang o nna le boikutlo jono: “Fa e le gore Modimo o a go letlelela, ke tla go itshokela,” e leng se tota moaposetoloi Paulo a se bolelang, jaaka fa re bala mo go 1 Bakorintha 10:13: “Ga loa wèlwa ke thaèlō epè e e sa kakeñ ea ichōkèlwa ke motho: me Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” Ka jalo re bona gape kafa boikokobetso bo tshwanetseng ka gone, ka gonne bo re thusa gore re itumele go sa kgathalesege gore re diragalelwa ke eng mo botshelong.

Lorato Lo Tla Re Thusa Gore Re Ikokobetse

16, 17. (a) Ke sekao sefe sa Dikwalo se se gatelelang nonofo e kgolo go di gaisa tsotlhe e e ka re thusang gore re ikokobetse? (b) Ke sekai sefe sa motho mongwe wa lefatshe se le sone se gatelelang ntlha eno?

16 Lorato lo lo senang bopelotshetlha, eleng a·gaʹpe, lo tla re thusa go feta lefa e le eng gore re ikokobetse. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgona go itshokela ka boikokobetso se se mo diragaletseng mo thupeng ya tlhokofatso se Paulo a se tlhalosetsang Bafilipi? (Bafilipi 2:5-8) Ke ka ntlha yang fa a sa ka a kaya fa go lekana le Modimo e le sengwe se se ka huparelwang? Ka gonne, jaaka ene ka esi a ile a bolela: “Ke rata Rara.” (Yohane 14:31) Ke gone ka moo ka dinako tsotlhe a neng a galaletsa le go tlotla Jehofa, Rraagwe wa selegodimo. Ka jalo, mo lekgetlhong le lengwe o ne a gatelela gore Rraagwe wa selegodimo ke ene fela a neng a siame.—Luke 18:18, 19.

17 Ntlha eno e ka tshwantshiwa ka sengwe se se diragetseng mo botshelong jwa mongwe wa baboki ba bogologolo ba Amerika, ebong John Greenleaf Whittier. Monna yono o ne a ratana le mosetsana mongwe ba santse ba le babotlana, mme nako nngwe ba le mo kgaisanong ya mopeleto, mosetsana o ne a peleta lefoko lengwe sentle, fa ene a ne a le fosa. Selo seno se ne sa utlwisa mosetsana botlhoko fela thata. Ka ntlha yang? Mmoki yono o gakologelwa gore mosetsana o ne a re: “Ke maswabi go bo ke ile ka peleta lefoko lele. Ga ke rate go go feta . . . ka gonne tota, ke a go rata.” Ee, fa re rata mongwe, re tla batla gore a nne kwa godimo ga rona e seng kwa tlase ga rona, ka gonne lorato lo a ikokobetsa.

18. Boikokobetso bo tla re thusa go latela kgakololo efe ya Dikwalo?

18 Eno ke thuto e e molemo mo Bakereseteng botlhe, bogolo segolo bakaulengwe. Fa go na le tshiamelo nngwe e e kgethegileng ya tirelo, a re tla itumela fa e neetswe mokaulengwe wa rona mo boemong jwa gore e neelwe rona, kana a re tla ikutlwa re fufeganyana kana re nna le letlhoonyana? Fa e le gore ruri re rata mokaulengwe wa rona, re tla itumelela gore o filwe kabelo eo e e kgethegileng kana tshiamelo ya tirelo. Ee, boikokobetso bo tla dira gore go nne motlhofo go utlwa kgakololo e e reng: “Fa go tla mo go tlotlaneng, lo etelele pele.” (Baroma 12:10, NW) Thanolo e nngwe e balega jaana: “Tlotlang ba bangwe go feta jaaka lo itlotla.” (New International Version) Gape Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “Lo nnè batlhanka, moñwe oa eo moñwe, mo loratoñ.” (Bagalatia 5:13) Ee, fa re na le lorato, re tla itumelela go direla bakaulengwe ba rona, go tswa batlhanka ba bone, re akanyetsa bone pele e seng rona ka dilo tse ba di tlhokang e bile re rata e nna bone ba tshelang sentle, e leng sengwe se se tlhokang boikokobetso. Gape boikokobetso bo tla dira gore re se ka ra ikgantsha mme ka jalo re tile go tsosetsa ba bangwe moya wa lefufa kana go ba ntsha pelo. Paulo o ne a kwala gore lorato “ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela.” Ka ntlha yang? Ka gonne go ikgantsha le go belafala go bakwa ke bopelotshetlha, go ithata, fa lorato lone e le karolo ya konokono ya go tlhoka bopelotshetlha.—1 Bakorintha 13:4.

19. Ke dikai dife tsa Bibela tse di bontshang gore boikokobetso bo amana le lorato, fela jaaka go ntse ka boikgodiso le bopelotshetlha?

19 Tsela e Dafide a neng a dirisana ka yone le Kgosi Saulo le morwawe ebong Jonathane ke sekai se se gakgamatsang sa kafa lorato le boikokobetso di amanang ka gone le kafa boikgodiso le bopelotshetlha le tsone di amanang ka gone. Ka ntlha ya go atlega kwa ntweng ga ga Dafide, basadi ba Iseraele ba ne ba opela jaana: “Saule o bolaile ba makgolo a mashomè ba gagwè, me Dafide o bolaile ba makgolo a makgolo ba gagwè.” (1 Samuele 18:7) E re ka a ne a sa ikokobetse le eseng, mme go na le moo a tletse boikgodiso, e ne ya re go tswa foo Saule a simolola go tlhoa Dafide mo a neng a batla go mmolaya. A bo seo se ne se farologane thata jang ne le moya wa ga morwawe ebong Jonathane! Fa re bala re utlwa gore Jonathane o ne a rata Dafide jaaka a ithata. (1 Samuele 18:1) Ka jalo Jonathane o ne a itshwara jang fa ditiragalo di ntse di bontsha gore Jehofa o ne a segofatsa Dafide, le gore ene Dafide eseng Jonathane, o ne a tla nna kgosi ya Iseraele morago ga ga Saule? A Jonathane o ne a ikutlwa a le lefufa kana a tswa pelo? Le eseng! Ka gonne a ne a rata Dafide thata, o ne a ka bolela jaana, jaaka fa re bala mo go 1 Samuele 23:17: “U se ka ua boiha: gonne seatla sa ga rrè, Saule, ga se ketla se gu chwara; me u tla nna kgosi ea Iseraela, me ke tla bo ke rulaganye nau; me mo, rrè Saule, oa go itse.” Lorato lo logolo lo Jonathane a neng a rata Dafide ka lone lo ne lwa dira gore ka boikokobetso a amogele se a neng a bona e le thato ya Modimo malebana le gore ke mang yo o neng a tla nna kgosi ya Iseraele morago ga ga rraagwe.

20. Jesu o ne a bontsha jang kafa lorato le boikokobetso di amanang thata ka gone?

20 Se sengwe gape se se gatelelang tsela e lorato le boikokobetso di amanang ka yone ke se se diragetseng mo bosigong jwa bofelo jo Jesu Keresete a neng a na le baaposetoloi ba gagwe ka jone pele a swa. Fa re bala mo go Yohane 13:1, re utlwa gore, Jesu o ne a “ratile ba gagwè ba ba mo lehatshiñ, a ba ratèla rure go ea bokhutloñ.” Fa re bala re utlwa gore e ne ya re morago ga foo Jesu a tlhapisa maoto a baaposetoloi ba gagwe, a direla jaaka motlhanka fela yo e seng wa sepe. A thuto e e maatla jang ne ya boikokobetso!—Yohane 13:1-11.

21. Fa re soboka dintlha, re ka re ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikokobetsa?

21 Ke boammaaruri, go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore re ikokobetse. Go ikokobetsa go tshwanetse, e bile go bontsha boikanyegi. Go bontsha tumelo. Go dira gore motho a nne le kamano e e molemo le Jehofa Modimo le badumedi ka ene. Go bontsha botlhale. Sa botlhokwa le go gaisa, go bontsha lorato e bile go lere boitumelo jwa boammaaruri.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Boikanyegi bo ka re thusa ka ditsela dife gore re ikokobetse?

◻ Ke ka ntlha yang fa go dumela mo go Jehofa go ka re thusa gore re ikokobetse?

◻ Ke eng se se bontshang gore go ikokobetsa go tshwanetse?

◻ Ke ka ntlha yang fa lorato segolobogolo lo re thusa gore re ikokobetse?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jobe o ne a ineela mo go Jehofa ka boikokobetso. Ga a ka a ‘itatola Modimo gore a swe’

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Petere o ne a ineela ka boikokobetso fa Paulo a ne a mo gakolola fa pele ga batho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela