Maungo—A A Monate le A A Bosula
“Yehofa o na a nchupetsa, me bōnañ, ga bo go le diroto di le pedi tsa difeige . . . Seroto se señwe se ne se na le difeige tse di monate thata, di nntse yaka difeige tse di tleñ di bucwe pele: me seroto se señwe se ne se na le difeige tse di boshula tse di sa kakeñ tsa yewa, ka di le boshula thata.”—YEREMIA 24:1, 2.
1. Jehofa o ne a bontsha batho ba gagwe ba Iseraele kutlwelobotlhoko jang, mme lefa go ntse jalo ba ne ba arabela jang?
ENE e le ka ngwaga wa 617 B.C.E. E ne e le dingwaga di le lesome fela pele katlholo ya ga Jehofa e e neng e tlhokega e ka dirwa mo Jerusalema le mo bathong ba yone. Jeremia o ne a setse a weditse dingwaga di le 30 a ntse a rera fela thata. Ela tlhoko kafa Esere a tlhalosang seemo sa koo sentle ka gone, mo go 2 Ditihalō 36:15: “Me Yehofa, Modimo oa borrabō, a roma kwa go bōnè ka baroñwa ba gagwè, a phakèla a ba roma; ka gonne o na a utlwèla batho ba gagwè botlhoko, le helō ga boagō yoa gagwè.” Mme maiteko ano otlhe a ne a felela ka eng? Ka maswabi, Esere o tswelela ka go tlhalosa seno mo temaneng ya 16: “Me ba shotla baroñwa ba Modimo, ba nyatsa mahoko a gagwè, ba tshèga baperofeti ba gagwè, ga tsamaea bogale yoa ga Yehofa yoa cogèla batho ba gagwè, ga tsamaea phodishō ea tlhōkahalèla rure.”
2, 3. Tlhalosa ponatshegelo e e kgatlhang e Jehofa a neng a e bontsha Jeremia.
2 A seno se ne se raya gore morafe wa Juda o ne o tla nyelelediwa rure? Go bona karabo, a re sekasekeng ponatshegelo e e botlhokwa e jaanong e neng ya neelwa Jeremia e e kwadilweng mo go kgaolo 24 ya buka e e bidiwang ka leina la gagwe. Modimo o ne a dirisa diroto tse pedi tsa difeige mo ponatshegelong eno go tshwantshetsa dilo tse di neng di diragalela batho ba gagwe ba a neng a dirile kgolagano le bone. Bano ba ne ba tla emelwa ke mefuta e mebedi e e sa tshwaneng gotlhelele ya maungo, a a monate le a a bosula.
3 Yeremia kgaolo 24 ditemana 1 le 2, e tlhalosa gore moperofeti wa Modimo o ne a bona eng: “Yehofa o na a nchupetsa, me bōnañ, ga bo go le diroto di le pedi tsa difeige di beilwe ha pele ga tempela ea ga Yehofa; moragō ga Nebukaderesare kgosi ea Babelona a sena go tlosa Yekonia morwa Yehoiakime, kgosi ea Yuda mo Yerusalema, a le sechwarwa, a na le dikgōsana tsa Yuda le badihi ba ba maatlametlo, le bathudi, me a ba hitlhisitse kwa Babelona. Seroto se señwe se ne se na le difeige tse di monate thata, di nntse yaka difeige tse di tleñ di bucwe pele: me seroto se señwe se ne se na le difeige tse di boshula tse di sa kakeñ tsa yewa, ka di le boshula thata.”
Difeige Tse Di Monate tsa Ponatshegelo
4. Ponatshegelo ya difeige e ne e tshwaretse Baiseraele ba ba ikanyegang molaetsa ofe o o gomotsang?
4 Fa Jehofa a sena go botsolotsa Jeremia kaga se a se boneng, o ne a tswelela pele ka go bolela jaana mo temaneng ya 5 go ya go 7: “Hèla yaka difeige tse di monate tse, ke tla kaea dichwarwa tsa Yuda yalo, tse ke di ntshitseñ mo heloñ ha, ka di isa kwa lehatshiñ ya Bakaladea, go di dihèla molemō. Gonne ke tla tlhōma matlhō a me mo go bōnè go tla ke ba dihèla molemō, ke tla ba ke ba bosetsa mo lehatshiñ ye: ke tla ba aga, me ga nketla ke ba rutla; ke tla ba tlhōma, me ga nketla ke ba khumola. Me ke tla ba naea pelo ea go nkitse ha ke le Yehofa: me ba tla nna batho ba me, me ke tla nna Modimo oa bōnè: gonne ba tla boèla mo go nna ka pelo eotlhe ea bōnè.”
5, 6. (a) Baiseraele bangwe ba ne ba ‘isiwa’ Kaladea ‘go tla ba direlwa molemo’ jang? (b) Jehofa o ne a ‘tlhoma leitlho la gagwe’ mo Baiseraeleng ba ba ikanyegang ba ba neng ba ile botshwarwa ‘go tla a ba direla molemo’ ka tsela efe?
5 Ka jalo go ya ka se Jehofa a neng a se bolela fano go lebega gore dinako tse di botoka di ne di santse di tla, gore morafe wa Juda o ne o ka se ke o nyelelediwe ruri. Mme seroto seno sa difeige tse di monate se kaya eng?
6 Jekonia, kana Jehoiakine, o ne a setse a nnile kgosi ya Juda lobaka lwa dikgwedi di le tharo le malatsi a le lesome fela pele a ineela mo go Kgosi Nebukadenesare gore a thope Jerusalema. Bangwe ba batho ba ba neng ba isiwa le ene botshwarwa kwa nageng e sele e ne e le Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera ebong Hanania, Mishaele, le Asaria mmogo le Esekiele. Kgosi ya Babelona e ne ya boloka matshelo a bone, ka jalo go ne go ka bolelwa gore Jehofa o ne a leba ditshwarwa tseno tsotlhe jaaka tse di isiwang kwa nageng ya Bakaladea go di direla molemo. A o lemogile gore Jehofa gape o ne a solofeditse gore ‘o tla tlhoma matlho a gagwe mo go bone go tla a ba direla molemo’? Seno se ne sa diragadiwa jang? Dingwaga di le 80 moragonyana, ka 537 B.C.E., Jehofa o ne a dira gore Kgosi Kurose a ntshe taolo e e neng e letla ditlogolwana tsa bone tse di neng di setse gore di boele kwa nageng ya Juda. Bajuda bano ba ba ikanyegang ba ne ba aga motse wa Jerusalema gape; ba ne ba aga tempele e ntšha gore ba tle ba obamele Modimo wa bone Jehofa mo go yone; me ba ne ba boela kwa go ene ka dipelo tsa bone tsotlhe. Ka jalo, ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, ditshwarwa tseno le ditlogolwana tsa tsone di ne di tshwana le difeige tse di monate thata tsa mabutswapele mo go Jehofa.
7. Jehofa o ne a tlhomile setlhopha sa Jeremia sa segompieno matlho go tla a “ba dihèla molemō” leng le gone jang?
7 O ka nna wa gakologelwa gore mo setlhogong se se fetileng se se neng se le malebana le mafoko a ga Jeremia a boperofeti, re ithutile gore a na le bokao mo lekgolong la rona la bo 20 la dingwaga. Mme kgaolo 24 le yone e na le jone. Mo dingwageng tse di hutsafatsang tsa Ntwa ya Lefatshe I, batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba ne ba tlhotlhelediwa ke Babelona O Mogolo ka ditsela tse di farologaneng. Mme lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba ‘tlhomile matlho go tla a ba direla molemo.’ Mme go ne ga direga jalo gore Jehofa a dirise Kurose yo Mogolwane ebong Keresete Jesu, go fedisa maatla a Babelona O Mogolo a neng a ba tlhotlheletsa ka one mme a ba tlisa ka bonya ka bonya mo paradaiseng ya semoya. Baiseraele bano ba semoya ba ne ba tsaya kgato mme ba boela mo go Jehofa ka dipelo tsa bone tsotlhe. Go tswa foo, ka 1931, ba ne ba itumelela go amogela leina Basupi ba ga Jehofa. Eleruri, jaanong go ne go ka bolelwa gore ba ile ba nna jaaka seroto sa difeige tse di monate thata mo matlhong a ga Jehofa.
8. Basupi ba ga Jehofa ba boletse molaetsa wa Bogosi o o botshe jaaka feige jang mo lefatsheng lotlhe?
8 Mme Basupi ba ga Jehofa ga ba a itlhokomolosa maikaelelo a bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo fa a ne a ba golola mo go Babelona O Mogolo. Ga ba a nna fela ka molaetsa wa Bogosi o o botshe jaaka difeige, mme go na le moo, ba ne ba o bolela lefatshe ka bophara tumalanong le mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:14: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” Go feletse ka eng? Batho ba ba fetang 4 700 000 ba sekadinku ba e seng Baiseraele ba semoya, ba ile ba tswa mo go Babelona O Mogolo!
Difeige Tse di Bosula tsa Ponatshegelo
9. Ke bomang ba ba neng ba tshwantshediwa ke difeige tse di bosula tsa ponatshegelo ya ga Jeremia, mme go ne go tla diragala eng ka bone?
9 Mme lefa go ntse jalo, re ka reng ka seroto se se nang le difeige tse di bosula mo ponatshegelong ya ga Jeremia? Jaanong Jeremia o lebisa tlhokomelo ya gagwe yotlhe mo mafokong a ga Jehofa a a fitlhelwang mo go Yeremia kgaolo 24, ditemana 8 go ya go 10: “Me yaka difeige tse di boshula, tse di sa kakeñ tsa yewa, ka di le boshula thata; rure Yehofa o bua yana, a re, Sedekia kgosi ea Yuda, le dikgōsana tsa gagwè, le masalèla a Yerusalema, a a setseñ mo lehatshiñ ye, le ba ba agileñ mo lehatshiñ ya Egepeto, ke tla ba tlhoboga hèla yalo: Ke tla ba tlhoboga hèla ba ea go akgakgèlwa kwa le kwa mo magosiñ aotlhe a lehatshe ka boshula, go nna kgōbō le seane, chotlō le phucō, mo maheloñ aotlhe kwa ke tla ba lèlèkèlañ gōna. Mme ke tla tsenya chaka, le popamō, le kgogodi mo go bōnè, go tsamaee ba nyèlèdiwe mo lehatshiñ ye ke le neileñ bōnè le borrabō.”
10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tsaya Sedekia jaaka ‘feige e e bosula’?
10 Ka jalo Sedekia tota o ne a nna ‘feige e e bosula’ mo matlhong a ga Jehofa. Ga a ka a tsuologela Kgosi Nebukadenesare fela ka go roba ikano e a neng a e diretse kgosi eno mo leineng la ga Jehofa ya gore o tla ikanyega mme gape o ne a gana gotlhelele kutlwelobotlhoko e Jehofa a neng a e mo solofetsa a dirisa Jeremia. E bile tota, o ne a ba a dira gore Jeremia a latlhelwe mo kgolegelong! Ga go gakgamatse go bo Esere a sobokanya boikutlo jwa ga kgosi jaana mo go 2 Ditihalō 36:12: “A diha se se boshula mo ponoñ ea ga Jehofa Modimo oa gagwe: ga a ka a ikokobetsa.” Mo matlhong a ga Jehofa Sedekia le ba ba neng ba setse kwa Jerusalema ba ne ba tshwana le seroto sa difeige tse di bosula, tse di bodileng!
Difeige Tse Di Senyegileng tsa Tshwantshetso mo Motlheng wa Rona
11, 12. Ke bomang ba ba lejwang jaaka difeige tse di bosula gompieno, mme ba tla diragalelwa ke eng?
11 Jaanong a ko o lebe mo godimo ga lefatshe gompieno. A o akanya gore re ka kgona go bona seroto sa tshwantshetso sa difeige tse di bosula? A re sekasekeng mabaka ka go bapisa motlha wa rona le wa ga Jeremia. Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, Jehofa o ile a dirisa setlhopha sa Jeremia, masalela a a tloditsweng, gore a tlhagise merafe a sa kgaotse ka bogale jwa gagwe jo bo tla tlang ka nako ya sepitla se segolo. O rotloeditse ditlhopha tsa merafe gore di mo galaletse e re ka leina la gagwe le tshwanetse go galalediwa, di mo obamele ka moya le ka boammaaruri, le gore di tlotle Morwawe yo o busang ebong Keresete Jesu, jaaka Mmusi yo o tshwanetseng go busa lefatshe. Batho ba ile ba itshwara jang? Fela jaaka mo motlheng wa ga Jeremia. Merafe e tswelela pele e dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.
12 Ke bomang ba ba gakatsang mokgwa ono wa botsuolodi? Ke bomang ba ba nnelang go sotla barongwa bano ba Modimo ba ba tshwanang le Jeremia ka go belaela gore a ba na le thata ya go direla jaaka badihedi ba Modimo? Ke bomang ba ba nnelang go nyatsa Lefoko la Modimo? Ke mang gompieno yo o ntseng a tlhotlheletsa gore Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwe jaana? Karabo e tlhamaletse—ke Labokeresete, segolobogolo baruti! Mme a o ko o lebe maungo otlhe a a bodileng, a a bosula a Labokeresete ao go tlotlilweng ka one mo setlhogong se se fetileng. Ee, eleruri go na le seroto sa difeige tse di bosula tsa tshwantshetso mo lefatsheng gompieno. Ebile tota, Jehofa a re di ka se ka tsa “yewa, ka di le boshula thata.” Mafoko ano a ga Jehofa ao a a buileng ka Jeremia a utlwala le mo motlheng wa rona: ‘Ba tla nyelediwa’! Bogale jwa ga Jehofa kgatlhanong le Labokeresete ga bo ketla bo fodisiwa.
Thuto E E Re Tlhagisang
13. Fa re ntse re gopotse mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 10:11, re tshwanetse ra tlhaloganya ponatshegelo ya diroto tse pedi tsa difeige jang?
13 Fa re ntse re sekaseka bokao jwa molaetsa o o tlhotlheleditsweng wa tlhagiso wa ga Jeremia, go simolola go utlwala mo ditsebeng tsa rona mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorintha 10:11 a a reng: “Me yana dilō tse, di ba dihaletse ka mokgwa oa sekaèlō; me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.” A rona ka borona re ile ra akanyetsa thata tlhagiso e re e bontshitsweng ka ponatshegelo eno ya diroto tse pedi tsa difeige? Se re ntseng re tlotla ka sone ke karolo ya botlhokwa ya dilo tse di wetseng Baiseraele gore di nne sekao se se re tlhagisang.
14. Baiseraele ba ne ba itshwara jang fa Jehofa a ne a ba tlhokomela ka lorato?
14 Sa bofelo, a re gakologelweng mafoko a Jehofa a a boleletseng Kgosi Dafide malebana le Iseraele, jaaka a fitlhelwa mo go 2 Samuele 7:10: “Ke tla baakanyetsa batho ba me ba Iseraela bonnō, ke ba tlhōma.” Jehofa o ne a tlamela batho ba gagwe ba Baiseraele ka lorato, ka ditsela tsotlhe. Go a utlwala go bo Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlhagisa maungo a a molemo mo matshelong a bone. Se ba neng ba tshwanetse go se dira fela e ne e le go reetsa thuto ya bomodimo ya ga Jehofa le go boloka melao ya gagwe. Lefa go ntse jalo, ke ba se kae fela ba bone ba ba neng ba dira jalo. Bontsi jwa bone ba ne ba le tlhogoethata e bile ba le diganana mo ba bileng ba tlhagisa maungo a a bosula, a a bodileng.
15. Baiseraele ba semoya le balekane ba bone ba sekadinku gompieno ba ile ba itshwara jang malebana le kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa?
15 Jaanong he, go tweng ka motlha wa rona? Jehofa o ile a bontsha masalela a gagwe a Iseraele wa semoya le balekane ba bone ba sekadinku kutlwelobotlhoko thata. O ntse a ba tlhomile matlho ka metlha fa e sale ba gololwa ka tsela ya semoya ka 1919. Jaaka a ile a bolelela pele ka Isaia, ba amogela kaelo ya bomodimo letsatsi le letsatsi go tswa kwa Morutising yo mogolo wa lobopo, Jehofa Modimo. (Isaia 54:13) Thuto eno ya bomodimo, e ba e newang ka Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete, e ile ya ba tlisetsa letlotlo la kagiso mme ka bonya ka bonya ya dira gore ba atamalane thata le Jehofa. A bo e re dira gore re nne le boemo jo bo molemolemo jang ne jwa semoya jwa gore rotlhe re itse Jehofa, re mo reetse, re bo re tswelele pele re tlhagisa maungo a a molemo mo matshelong a rona—maungo a a galaletsang Jehofa! Seno ruri se ama matshelo a rona!
16. Mongwe le mongwe wa rona a ka dirisa jang ponatshegelo ya diroto tse pedi tsa difeige?
16 Mme lefa Modimo a re bontsha bopelonomi jono jotlhe jo bo sa tshwanelang, go santse go na le bangwe ba ba tsuologang le ba ba tlhogoethata, fela jaaka ba le bantsi ba ne ba dira kwa Juda wa bogologolo, mme ba tlhagisa maungo a a bosula, a a senyegileng mo matshelong a bone. A bo seno se le kotsi jang ne! E ke te go ka se nne le ope wa rona yo o tla tlhokomologang thuto eno ya tlhagiso e re e lemotshitsweng sentle ka diroto tseno tse pedi tsa difeige le maungo a tsone—a a monate le a a bosula. Jaaka fa katlholo e e tshwanetseng ya ga Jehofa kgatlhanong le Labokeresete wa botenegi e ntse e atamela ka bofefo, e ke te re ka akanya thata ka tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo tsamaeè mo go chwanetseñ Morèna, lo nntse lo kgatlha gotlhe, lo uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemō.”—Bakolosa 1:10.
Go Boeletsa “Maungo—A A Monate le A A Bosula” le dirapa 1-4 tsa “Kgang ya ga Jehofa le Merafe”
◻ Seroto sa difeige tse di monate se emela eng?
◻ Seroto sa ponatshegelo sa difeige tse di bosula se ile sa bonala jang?
◻ Molaetsa wa ga Jeremia o re tshwaretse thuto efe ya tlhagiso?
◻ Ke eng se se neng se tlhomologile ka ngwaga wa 607 B.C.E.? le wa 1914 C.E.?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jaaka difeige tse di monate, batho ba Modimo ba tlhagisitse maungo a a botshe a Bogosi
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Labokeresete o itshupile a tshwana le seroto sa difeige tse di bosula