Thuto E E Mosola mo Dipakeng Tseno tsa Rona Tse Di Tlhokofatsang
“Itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla kwa pele hèla ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.”—2 TIMOTHEO 3:1, 13.
1, 2. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela go itse gore re latela dithuto dife?
AO A thusiwa, kana o a gobadiwa? A mathata a gago a a rarabologa, kana a direlwa maswe kwa pele? A dirwa ke eng? Ke dithuto. Ee, dithuto di ka ama botshelo jwa gago thata, di ka bo tokafatsa kana tsa bo dira maswe thata.
2 Boporofesa ba bararo ba maemo a a fa gare ba ne ba batlisisa kgang eno mme ba kwala se ba se boneng mo go Journal for the Scientific Study of Religion. Ke boammaaruri gore ga ba a batlisisa ka wena kana ka lelapa la gago. Lefa go ntse jalo, se ba se boneng se bontsha gore dithuto di ama thata kafa motho a atlegang kana a palelwang ka teng go itshokela dipaka tseno tsa rona tse di botlhoko. Re tla sekaseka se ba se boneng mo setlhogong se se latelang.
3, 4. Ke dilo dife tse dingwe tse di supang gore re tshela mo dipakeng tse di tlhokofatsang?
3 Lefa go ntse jalo, sa ntlha, akanya ka potso eno: A o a dumela gore re tshela mo metlheng e e bokete? Fa go ntse jalo, ruri o tla kgona go bona gore bosupi bo bontsha gore tseno ke “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1-5) Di ama batho ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, o tshwanetse wa bo o itse dinaga dingwe tse gone jaanong di nang le dikgogakgogano jaaka makoko a a farologaneng a ntse a leka go fenya mo dipolotiking. Kwa mafelong a mangwe gone batho ba bolaana ka ntlha ya bodumedi jwa bone jo bo farologaneng kana ka ntlha ya ditso tse di farologaneng. Ga go gobale masole fela. Akanya ka basadi le basetsanyana ba ba senang palo ba ba gobaditsweng setlhogo kana batsofe ba ba senang dijo, ba ba senang sepe se ba ka ikomosang ka sone, e bile ba sena le bonno. Go na le ba bangwe gape ba ba senang palo ba ba bogang mo go botlhoko, mme seo se dira gore go nne le batshabi ba bantsintsi mmogo le matlhotlhapelo a mangwe a mantsi a a leriwang ke seno.
4 Dipaka tseno tsa rona di tletse ka mathata a ikonomi, a a felelang ka go tswalwa ga difeketiri, go tlhoka tiro, go sa bone thuso ya madi ya fa batho ba sa kgone go dira le dipenshene, go wela tlase ga boleng jwa madi, le go bona dijo tse di sa lekanang. A go na le mathata a mangwe gape a o ka a umakang mo godimo ga ano? Ruri go ntse jalo. Dimilione tse dingwe mo kgolokweng eno ga di bone dijo tse di lekaneng e bile di tlhaselwa ke malwetsi. O tshwanetse wa bo o setse o bone ditshwantsho tse di tshosang tota tsa kwa Afrika Botlhaba tse di supang banna, basadi le bana ba ba bopameng fela thata. Go na le dimilione tse dingwe gape tse di bogang ka tsela e e tshwanang kwa Asia.
5, 6. Ke ka ntlha yang fa go ka twe bolwetsi ke karolo nngwe e e tshwenyang thata mo motlheng ono wa rona?
5 Rotlhe re setse re utlwile ka malwetsi a a tshosang a a oketsegang jaanong. The New York Times e ne ya bolela jaana ka January 25, 1993: “Kgogodi ya AIDS kwa Latin America e a oketsega ka ntlha ya boitsholo jo bo botlhaswa jwa tlhakanelodikobo, boitimokanyi le go sa itshireletse ka tshwanelo, e bile e setse e tla feta ya kwa United States . . . E okediwa thata ke go oketsega ga selekanyo sa tshwaetso . . . mo basading.” U.S.News & World Report e ne ya bolela jaana ka October 1992: “Go fetile dingwaga di le masomeamabedi fela fa e sale ngaka nngwe e e arang ya U.S., e ne e bolela ka phenyo e e di fetang tsotlhe mo kalafing, e itsise gore e ne e le nako ya go ‘tswala buka ya malwetsi a a tshwaetsanwang.’” Go ntse jang gompieno? “Dikokelo di tletse ka batho ba ba tlhasetsweng ke malwetsi a a tshwanetseng go bo a fentswe. . . . Megare e nna le mefuta e e tsietsang ka lobelo lo lo fetang lo dibolayamegare tse disha di dirwang ka lone. . . . ‘Re tsena mo motlheng o mosha wa malwetsi a a tshelanwang.’”
6 Sekai sengwe ke pego eno ya Newsweek ya January 11, 1993: “Diparasaete tsa malaria jaanong di tshwaetsa batho ba ba ka nnang dimilione di le 270 ngwaga le ngwaga, di bolaya dimilione tse di ka nnang 2 . . . mme di bakela batho ba ba ka nnang dimilione di le 100 malwetsi a a maswe thata. . . . Go ntse go le jalo malwetsi a palela diokobatsi tse di kileng tsa bo di kgona go a alafa. . . . Mefuta mengwe ya malwetsi e tla tloga e sa tlhole e kgona go alafiwa.” Seno se go tsenya poifo.
7. Bontsi gompieno bo dira eng ka ntlha ya metlha eno e e bokete?
7 O ka tswa o lemogile gore mo dipakeng tseno tse di tlhokofatsang, batho ba bantsi ba batla se se ka ba thusang go rarabolola mathata a bone. Akanya ka bao ba yang go bala dibuka tse di ka ba thusang go bona kafa ba ka itshokelang ka teng go ngomoga pelo kana malwetsi mangwe a masha. Bangwe ba batla thuso ka potlako ka ntlha ya manyalo a a thubegang, go tlamela bana, kana mathata a tagi le diokobatsi, kana kafa ba ka kgonang ka teng go emelana le kgatelelo ya mo tirong le maikarabelo a lelapa. Ee, ba tlhoka thuso eleruri! A le wena o na le bothata bongwe kana o na le mathata a a bakiwang ke ntwa, leuba, kana kotsi nngwe ya masetlapelo? Lefa bothata bongwe jo bo go gatelelang bo lebega bo ka se rarabologe, go a utlwala go bo o ka botsa ka go re, ‘Ke eng fa re fitlhile mo seemong se se botlhoko thata jaana?’
8. Ke eng fa re tshwanetse go leba mo Bibeleng go bona temogo le kaelo?
8 Pele re ka kgona go itshoka mme ra kgotsofalela botshelo jwa rona jwa jaanong le jwa isagwe, re tlhoka go itse gore ke eng fa re lebane le dipaka tse di botlhoko tseno. Fa re bua ka tlhamalalo fela, seo se naya mongwe le mongwe wa rona lebaka la go tlhatlhoba Bibela. Ke eng fa re supa Bibela? Ka go bo ke yone fela e nang le boperofeti jwa boammaaruri, hisitori e e kwadilweng pele e diragala, ke yone fela e re bolelelang mabaka a go bo re na le mathata, gore re fa kae, le gore re ya kae.
Go Ithuta go Tswa mo Hisitoring
9, 10. Boperofeti jwa ga Jesu mo go Mathaio kgaolo 24 bo ne jwa diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
9 Tora ya Tebelo ya February 15, 1994, e ne ya tlhalosa boperofeti jo bo nonofileng jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio kgaolo 24 ka tsela e e tlhomologileng thata. Fa o ka bula Bibela ya gago mo kgaolong eo, o tla bona mo go temana 3 gore baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba mo kopa gore a ba neye sesupo sa go nna teng ga gagwe mo isagweng le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Morago ga foo, mo ditemaneng 5 go ya go 14, Jesu o ne a bolelela pele ka boKeresete ba e seng bone, dintwa, go tlhaela ga dijo, go bogisiwa ga Bakeresete, boikepo, le go rera ka Bogosi jwa Modimo ka selekanyo se segolo thata.
10 Hisitori e supa sentle gore dilo tseno di ile tsa diragala fa tsamaiso ya dilo ya Sejuda e ne e khutla. Fa o ka bo o ne o le teng ka nako eo, a maemo ao e ne e tla bo e se a a bokete? Lefa go ntse jalo, dilo di ne di ya kwa setlhoeng di lebile sepitla se se iseng se ko se nne teng mo Jerusalema le mo tsamaisong ya Sejuda. Mo temaneng ya 15, re simolola go bala ka se se neng sa direga fa Baroma ba ne ba tlhasela Jerusalema ka 66 C.E. Ditiragalo tseo di ne tsa felela ka sepitla se Jesu a neng a se umaka mo temaneng ya 21—go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E., e leng pitlagano e e maswe go di feta tsotlhe e e kileng ya wela motse oo. Lefa go ntse jalo, o itse gore hisitori ga e a ka ya felela foo, e bile Jesu ga a ka a re e tla felela foo. Mo temaneng ya 23 go ya go ya 28, o ne a bolela gore go tla diragala dilo tse dingwe gape morago ga sepitla sa 70 C.E.
11. Go diragadiwa ga Mathaio kgaolo 24 mo lekgolong la ntlha la dingwaga go amana ka tsela efe le motlha wa rona?
11 Bangwe gompieno ba ka nna ba sekamela mo go tlhokomologeng dilo tseo tsa nako e e fetileng ba re ‘mathata ke eng?’ Mme go dira jalo go tla bo go le phoso. Boperofeti jo bo neng jwa diragadiwa ka nako eo bo botlhokwa thata. Ka ntlha yang? Gone mme, dintwa, mauba, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa malwetsi, le go bogisiwa, tse di neng tsa diragala mo bokhutlong jwa tsamaiso ya Sejuda di ne di tlile go diragala ka selekanyo se segolwane fa “metlha ea Badichaba” e sena go khutla ka 1914. (Luke 21:24) Batho ba le bantsi ba ba tshelang jaanong ba bone Ntwa ya Lefatshe I ka matlho, yone nako e seno se neng se diragadiwa ka yone mo motlheng wa segompieno. Mme lefa o tshotswe morago ga 1914, o ile wa bona fa boperofeti jwa ga Jesu bo diragala. Ditiragalo tsa lekgolo leno la bo20 la dingwaga di supa ka tsela e kgolo tota gore gompieno re tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso e e boikepo eno ya jaanong ya dilo.
12. Go ya ka se Jesu a se boletseng, ke eng se re santseng re ka lebelela go se bona?
12 Seno se raya gore “sepitla” sa Mathaio 24:29 se setse se le fela fa. Se tla akaretsa ditiragalo tsa dipopo tsa magodimo tse motho a sa di akanyeng. Temana ya 30 e bontsha gore ka nako eo batho ba tla bona sesupo se se farologaneng—se se tla bong se supa gore tshenyego e gaufi. Go ya ka pego e e tshwanang le eo e e mo go Luke 21:25-28, ka nako eo “batho ba tla idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” Pego ya ga Luke e bolela gape gore ka nako eo Bakeresete ba tla tsholetsa ditlhogo tsa bone gonne go tla bo go atametse gore ba gololwe.
13. Ke dintlha dife tse pedi tse re tshwanetseng go di ela tlhoko?
13 O ka nna wa re: ‘Tseo di siame, mme ke ne ke akanya gore kgang e ne e le gore nka tlhaloganya jang metlha e e bokete eno le gore nka lebana le yone jang?’ O bua sentle. Ntlha ya rona ya ntlha ke go supa mathata a magolo le go bona gore re ka a tila jang. Seo se amana thata le ntlha ya bobedi, kafa dithuto tsa Dikwalo di ka re thusang ka teng gore re tshele botoka gone jaanong. Mo ntlheng eno, bula Bibela ya gago mo go 2 Timotheo kgaolo 3, mme o bone kafa mafoko a ga moaposetoloi Paulo a ka go thusang ka teng go emelana le dipaka tse di tlhokofatsang tseno.
Boperofeti jwa Metlha ya Rona
14. Ke eng fa re tshwanetse go dumela gore re ka solegelwa molemo fa re ka sekaseka 2 Timotheo 3:1-5?
14 Modimo o ne wa tlhotlheletsa Paulo go kwalela Mokeresete yo o ikanyegang Timotheo kgakololo e ntsi e e molemo e e neng ya mo thusa gore a atlege a bo a itumele mo botshelong. Bontlhanngwe jwa se Paulo a se boletseng se ne se tlile go diragala thata mo motlheng ono wa rona. Lefa gone o ka nna wa re o a di itse, ela tlhoko thata mafoko a seperofeti a a mo go 2 Timotheo 3:1-5. Paulo o ne a kwala jaana: “Itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse.”
15. Ke eng fa 2 Timotheo 3:1 e tshwanetse go re kgatlha jaanong?
15 Tsweetswee ela tlhoko, go badilwe dilo di le 19. Pele re di tlhatlhoba mme re kgona go solegelwa molemo, akanya ka tsone tsotlhe. Leba temana 1. Paulo o ne a bolelela pele jaana: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ.” ‘Metlha eo ya bofelo’ ke efe? Go ile ga nna le metlha e mentsi ya bofelo, jaaka metlha ya bofelo ya Pompeii wa bogologolo kana metlha ya bofelo ya kgosi nngwe kana ya lelapa lengwe la segosi. Bibela le yone e umaka metlha e le mmalwa ya bofelo, jaaka metlha ya bofelo ya tsamaiso ya Sejuda. (Ditihō 2:16, 17) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a re direla motheo wa gore re kgone go tlhaloganya ‘metlha ya bofelo’ e Paulo a neng a e umaka a raya motlha wa rona.
16. Setshwantsho sa mabele le mofoka se ne sa bolelela pele eng ka motlha wa rona?
16 Jesu o ne a dira seno ka setshwantsho sa mabele le mofoka. Di ne tsa jalwa mo tshimong mme tsa lesiwa gore di tlhoge. O ne a bolela gore mofoka le mabele di emela batho—Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka. Re umaka setshwantsho seno gonne se supa gore go ne go tla feta lobaka lo loleele pele tsamaiso yotlhe e e boikepo eno e khutla. Fa nako eo e goroga, go ne go tla nna le sengwe se se tla bong se bonala sentle ka botlalo. Eng? Botenegi, kana go tlogela Bokeresete jwa boammaaruri, go go neng go tla felela ka gore boikepo bo oketsege thata. Boperofeti jwa rona jwa Bibela bo tlhomamisa gore seno se ne se tla diragala mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo eno. Ke fa re leng teng gone jaanong, mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.—Mathaio 13:24-30, 36-43.
17. Ke tshedimosetso efe e nngwe e e tshwanang e 2 Timotheo 3:1-5 e e re nayang kaga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?
17 A o bona gore seno se kaya eng? Timotheo wa bobedi 3:1-5 e supa ka tsela e e tshwanang gore mo bokhutlong jwa tsamaiso eno, kana mo metlheng ya bofelo, ditiro tse di tla diragalang go dikologa Bakeresete di tla nna maswe thata. Paulo ga a ka a re dilo tse 19 tse a di umakileng e ne e tla nna tsone dilo tsa konokono tse di tla supang gore re mo metlheng ya bofelo. Go na le moo, o ne a re tlhagisa ka dilo tse re neng re tlile go tshwanela go emelana le tsone mo metlheng ya bofelo. Temana ya 1 e bua ka “dipaka tse di tlhokohatsañ.” Polelwana eo e tswa mo Segerikeng, mme fa e tsewa fela jaaka e ntse e kaya “metlha e e tlhomilweng e e maswe thata.” (Kingdom Interlinear) A ga o dumelane gore lereo “maswe thata” le tlhalosa sentle dilo tse re lebaneng le tsone gompieno? Karolo eno e e tlhotlheleditsweng e tswelela go re naya lesedi la bomodimo kaga metlha ya rona.
18. Ke eng se re tshwanetseng go tlhoma mogopolo mo go sone fa re ntse re ithuta mafoko a ga Paulo a seperofeti?
18 Tsela e re kgatlhegelang boperofeti jono ka yone e tshwanetse go re thusa go bona dikai tse di utlwisang botlhoko thata tsa kafa lobaka lono lo tlhokofatsang kana lo leng maswe thata ka teng. Gakologelwa dintlha tsa rona tse pedi tse dikgolo: (1) go bona mathata a a dirang gore metlha ya rona e nne bokete le go bona gore re ka a tila jang; (2) go latela dithuto tse di mosola tota le tse di ka re thusang gore re tshele botoka. Ka jalo, go na le go gatelela dilo tse di seng monate, re tlile go ganelela mo dithutong tse di ka re thusang le malapa a rona mo metlheng eno e e tlhokofatsang.
Bona Melemo E Megolo
19. Ke bosupi bofe jo o bo boneng jwa gore batho ke baithati?
19 Paulo o simolola lenaane la gagwe ka go bonela pele gore mo metlheng ya bofelo, “batho ba tla nna baithati.” (2 Timotheo 3:2) O ne a kaya eng? O tla bo o bua sentle fa o re go sale go ntse go na le banna le basadi ba ba gagamalelang maikutlo a bone le ba ba sa kgathaleleng ope. Lefa go ntse jalo, ga go belaetse gore bokoa jono bo tletsetletse ka tsela e e sa tlwaelegang gompieno. Mo bathong ba bangwe bo feteletse tota. Ke tsela ya botshelo mo dipolotiking le mo kgwebong. Banna le basadi ba gagamalela go bona thata le go itsege ka ditsela tsotlhe. Gantsi ba dira jalo ba sa tshwenyege gore ba bangwe ba amega jang, ka go bo baithati ba ba ntseng jalo ga ba tshwenyege ka gope ka gore ba utlwisa ba bangwe botlhoko. Ba bonako go isa batho ba bangwe kgotlatshekelo ba ba duedisa kana ba ba tsietsa. O ka tlhaloganya gore ke eng fa bontsi bo bitsa seno “kokomana-ya-nna-pele.” Bo-nna-kwa-pele le bo-nna-ke-botlhokwa ba bantsi fela thata.
20. Kgakololo ya Bibela e ntse jang fa e bapisiwa le moya o o tletsetletseng wa boithati?
20 Ga go ope yo o ka re gakololang ka dilo tse di botlhoko tse di neng tsa re diragalela fa re ne re dirisana le “baithati.” Gone go boammaaruri gore Bibela e a re thusa ka go bolela bothata jono e tlhamaletse fela, ka go bo e re ruta kafa re ka tilang serai seno ka teng. E bolela jaana: “Se dire sepe o kgoromediwa ke go batla maemo ka bogagapa kana ke keletso e e sa reng sepe ya go batla go ikgogomosa, mme ikokobeletsaneng, ka metlha lo leba ba bangwe ba le botoka mo go lona. Mme elang tlhoko se se ratwang ke ba bangwe e seng se se ratwang ke lona fela.” “O se ka wa ikgopola thata go feta kafa o tshwanetseng ka teng. Go na le moo, akanya dilo o ikokobeditse.” Kgakololo e e molemo thata eo e bonwa mo go Bafilipi 2:3, 4 le Baroma 12:3 jaaka e ranotswe mo go Today’s English Version.
21, 22. (a) Ke bosupi bofe jo bogolo jo bo leng teng jwa gore kgakololo e e ntseng jalo e ka thusa gompieno? (b) Kgakololo ya Modimo e ile ya ama batho jang?
21 Mongwe a ka nna a gana a re, ‘Seo se utlwala se le molemo, mme ga go na motho yo a ka kgonang go se dira.’ Ee, mme se a kgonega. Se ka thusa, e bile se a thusa, mo bathong ba ba tshwanang le nna le wena gompieno. Ka 1990 mogatisi wa Yunibesithi ya Oxford o ne a gatisa The Social Dimensions of Sectarianism. Setlhogo sa kgaolo 8 se ne se re “Basupi ba ga Jehofa mo Nageng ya Bokatoliki,” mme e ne ya tlhalosa se se neng sa bonwa fa go ne go batlisisiwa kwa Belgium. Re bala jaana: “Fa go lejwa dilo tse di molemo tse di gogelang batho go nna Basupi, kwa ntle ga go gogelwa ke ‘Boammaaruri’ ka bojone, ba ba neng ba araba ka dinako tse dingwe ba ne ba umaka dilo di le mmalwa. . . . Maikutlo a lorato, botsalano, lorato, le kutlwano ke dilo tse di neng di umakiwa kgapetsakgapetsa, mme go ikanyega, le tsela e batho ba itshwarang ka yone mo go ‘diriseng melaometheo ya Bibela’ e ne e le dingwe tsa dinonofo tse Basupi ba neng ba di tseela kwa godimo.”
22 Re ka tshwantsha seo le setshwantsho se se tserweng ka lense e e kgonang go bona lefelo le legolo ka nako e le nngwe; fa mo boemong jwa yone o ne o dirisitse lense ya zoom kana ya telephoto, o ne o ka kgona go bonela dilo gaufi, wa bona dilo tse di diragetseng tota tsa botshelo. Seo se ne se tla akaretsa banna ba ba kileng ba bo ba ikgogomosa, ba le bogoma, kana ba le bogagapa fela thata mme jaanong ba ile ba nna bonolo, ba nna boramalapa le borre ba ba supang lorato lo lo neneketsang tota le go nna pelonomi mo balekaneng ba bone, mo baneng ba bone le mo go ba bangwe. Gape go ne go tla akaretsa basadi ba ba neng ba rata go laola kana ba se pelotlhomogi ba jaanong ba thusang ba bangwe go ithuta tsela ya mmatota ya Bokeresete. Go na le diketekete tse di makgolokgolo tsa dikao tse dingwe. Tsweetswee, jaanong a o ko o bue fela ka tlhamalalo. A o ne o ka se ka wa fitlhela go le botoka go nna le batho ba ba ntseng jalo go na le gore ka metlha o kopane le banna le basadi ba ba ithatang le ba ba iponang ba le botlhokwa? A seo se ne se ka se ka sa dira gore go nne botoka go emelana le dipaka tsa rona tse di tlhokofatsang? Ka jalo, a go latela dithuto tsa Bibela go ne go ka se ka ga dira gore o itumele?
23. Ke ka ntlha yang go tla nna mosola go sekaseka 2 Timotheo 3:2-5 go ya kwa pele?
23 Lefa go ntse jalo, re tlhatlhobile fela karolo ya ntlha mo lenaaneng la ga Paulo le le kwadilweng mo go 2 Timotheo 3:2-5. Go tweng ka dilo tse dingwe? A fa o di sekaseka ka kelotlhoko o ka se kgone go bona gore mathata a magolo a motlha ono wa rona ke afe mme o a tile o bo o kgone go tlhaloganya gore ke tsela efe e e ka dirang gore wena le ba o ba ratang lo itumele segolo? Setlhogo se se latelang se tla thusa go araba dipotso tseno le gore o bone masego a magolo.
Dintlha Tse Di Tshwanetseng go Gakologelwa
◻ Ke dilo dife tse di supang gore re tshela mo metlheng ya bofelo?
◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore re tshela mo metlheng ya bofelo?
◻ Ke dintlha dife tse pedi tse dikgolo tse re ka di ithutang fa re sekaseka 2 Timotheo 3:1-5?
◻ Mo motlheng ono o batho ba bantsi e leng baithati, dithuto tsa Bibela di ile tsa thusa batho ba ga Jehofa jang?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
Setshwantsho se se kwa godimo kafa molemeng: Andy Hernandez/Sipa Press; setshwantsho se se kwa tlase kafa mojeng: Jose Nicolas/Sipa Press