A O Ka Nna Pelotelele?
JEHOFA o ne a bolelela Aberame jaana: “Tloga, u cwè mo lehatshiñ ya ga eno, . . . u eè kwa lehatshiñ ye ke tla le gu shupetsañ. Me ke tla diha morahe o mogolo ka wèna, ke tla gu segohatsa, ke diha leina ya gago le nna legolo.” (Genesise 12:1, 2) Ka nako eo Aberame o ne a na le dingwaga di le 75. O ne a le kutlo mme a bontsha bopelotelele ka botlhale mo botshelong jwa gagwe jotlhe, a lebeletse mo go Jehofa.
Kgabagare, Modimo o ne wa solofetsa Aberahame (Aberame) yo o pelotelele seno: “Rure ke tla gu segōhatsa, ke ba ke gu segōhatsa; ke tla gu atisa, ke ba ke gu atisa.” Moaposetoloi Paulo o ne a oketsa jaana: “Me yalo, o rile [Aberahame] a sena go ichōka ka bopelotelele, a amogèla se o na a se sholohedicwe.”—Bahebera 6:13-15.
Bopelotelele ke eng? Dibukantswe di bo tlhalosa e le go kgona “go letela sengwe ka thitibalo” kana go bontsha “boitshoko fa motho a rumolwa kana a gatelelwa.” Ka jalo bopelotelele jwa gago bo a lekwa fa o emetse mongwe kana sengwe, kana fa o kgopisiwa kana o gatelelwa. Mo maemong a a ntseng jalo motho yo o pelotelele o nna a ritibetse fela; fa yo o pelokhutshwane a fela pelo e bile a tenegatenega fela.
Lefatshe la Rona la Segompieno Le Le Senang Bopelotelele
Selo se se gatelelwang thata ke lobelo, e seng bopelotelele, segolobogolo mo mafelong a setoropo. Batho ba le dimilionemilione ba ba nnang mo metsesetoropong e e nang le boidiidi jwa batho, ba simolola letsatsi la bone fa alamo e lela. E dira gore batho ba simolole go tsena mo lobelong—ba ya lefelong lengwe, ba ya go bona mongwe, ba ya go dira sengwe. A go a gakgamatsa go bo batho ba le bantsi ba sa iketla e bile ba le pelokhutshwane jaana?
A o a tenega fa o bona makoa a ba bangwe? “Ga ke rate motho yo o palelwang ke go tshwara nako,” go bolela jalo Albert. Bontsi jwa batho bo ka dumela gore go letela motho yo o sa tshwareng nako go lapisa tota, segolobogolo fa lo beile nako e lo tshwanetseng go kopana ka yone. Go ne ga bolelwa jaana ka Moeteledipele wa Newcastle, yo o neng a le radipolotiki wa Boritane mo lekgolong la bo18 la dingwaga: ‘O senya sephatlo sa ura mo mosong, se a lekang go se fitlhelela letsatsi lotlhe a bo a nna a ntse a le thari fela ka metlha.’ Fa o ne o tshwanelwa ke go ikaega ka motho yo o ntseng jalo letsatsi le letsatsi, a o ne o ka nna o le pelotelele?
Fa o kgweetsa koloi, a o tenega ka bonako, ga o kgone go leta, kana o raelesega go tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo thata? Gantsi go sa nne pelotelele go tlisa matlhotlhapelo mo maemong a a ntseng jalo. Ka 1989, go nnile le dikotsi tsa tsela tse di fetang 400 000 tse di neng tsa gobatsa kana tsa bolaya batho, kwa nageng e e neng e bidiwa Jeremane Bophirima ka nako eo. Mo dikotsing tseno, e le 1 mo go tse 3 e ne e bakiwa ke go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo thata kana motho a kgweetsa gaufi thata le koloi e e kwa pele. Ka gone, go ya bokgakaleng jo bo rileng go tlhoka bopelotelele go ne ga dira gore go gobale kana go swe batho ba ba fetang 137 000. A bo e le maduo a a botlhoko jang ne a go tlhoka go nna pelotelele!
“Ga ke kgone go nna pelotelele fa mongwe a ntsena ganong nako le nako,” Ann o ngongorega jalo, “kana fa motho mongwe a rata go ikgantsha.” Karl-Hermann o dumela gore “basha ba ba sa tlotleng batho ba ba godileng” ba gwetlha bopelotelele jwa gagwe.
Maemo ano le a mangwe a ka nna a go dira gore o se ka wa nna pelotelele. He, o ka tlhagolela jang bopelotelele jo bo oketsegileng?
Jehofa O Ka Nonotsha Bopelotelele jwa Gago
Batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho a le pelotelele go raya gore ga a na tlhaloganyo kana o bokoa. Lefa go ntse jalo, mo go Jehofa go supa nonofo. Ene ka boene “o pelotelele . . . a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Ka gone, nna gaufi thata le Jehofa mme o ikaege ka ene ka pelo ya gago yotlhe gore a nonotshe boitshoko jwa gago. Go nonotsha kamano ya gago le Modimo ke yone fela kgato e e botlhokwatlhokwa e e ka go thusang gore o nne pelotelele.
Mo godimo ga moo, go botlhokwa go itse gore Jehofa o ikaelela go dirang ka lefatshe le batho. Aberahame “o na a lebèlèla motse o e leñ ōna o o nañ le methèō tōta [Bogosi jwa Modimo], o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.” (Bahebera 11:10) Ka mo go tshwanang, o tla solegelwa molemo fa o nna o itse sentle ka ditsholofetso tsa Modimo o bo o kgotsofalela go lebelela mo go Jehofa. Morago ga moo o tla lemoga gore go nna pelotelele, ga go bontshe go okaoka le e seng, tota go tlisa batho mo kobamelong ya boammaaruri. Ka jalo, “lo kaeè, go re, bopelotelele yoa Morèna ke poloka.”—2 Petere 3:15.
Go tweng fa e le gore maemo a gago ka namana a leka bopelotelele jwa gago mo o ka sekang wa kgona go itshoka? A batho ba ba sa dumeleng ba go kgopisa thata? A o ntse o lwala ka nako e telele thata mo o bonang e kete o ka se fole? Mo kgannyeng eo, tlhwaela tsebe se morutwana Jakobe a neng a se kwala. O ne a bontsha sephiri sa go nna o ritibetse kafa tlase ga kgatelelo e e botlhoko, fa a sena go bolela ka sekao se baperofeti ba neng ba se tlhoma sa go bontsha bopelotelele. Jakobe o ne a bolela jaana: “A moñwe mo go lona o tlhokohetse? a a rapèlè.”—Yakobe 5:10, 13.
Rapela Modimo ka tlhoafalo o mo kope gore a nonotshe bopelotelele jwa gago a bo a go thuse go laola moya wa gago fa o lekwa. Ya kwa go Jehofa gangwe le gape, mme o tla go thusa go tlhaola maemo kana mekgwa ya ba bangwe e e leng yone e ka dirang thata gore o se ka wa itshoka. Go rapelela maemo a a ka tlisang diteko go santse go na le nako go ka go thusa gore o nne o ritibetse.
Go Nna le Pono E E Siameng Motho ka Namana le ka Ba Bangwe
Gore o nne le mogopolo o o ritibetseng, o tshwanetse wa iteba ka tsela e e tshwanetseng mmogo le ba bangwe. Seno se ka kgonega fa o ithuta Bibela, ka gonne e bontsha gore mongwe le mongwe wa rona o ruile bosaitekanelang mme ka gone o na le makoa. Mo godimo ga moo, kitso ya Bibela e tla go thusa gore lorato lwa gago lo gole. Nonofo eno e a tlhokega gore re nne pelotelele le ba bangwe.—Yohane 13:34, 35; Baroma 5:12; Bafilipi 1:9.
Lorato le go eletsa go itshwarela di ka kgona go go ritibatsa fa o galefile. Fa mongwe a na le mekgwa mengwe e e go kgopisang, lorato lo tla go gakolola gore mekgwa ke yone e o sa e rateng, e seng motho ka boene. Akanya ka makoa a gago gore a tshwanetse a bo a leka bopelotelele jwa Modimo gantsi jang le go kgopisa ba bangwe.
Go nna le pono e e siameng kaga gago le gone go tla go thusa go leta ka bopelotelele. Ka sekai, a o ntse o leka ka natla gore o nne le boikarabelo jo bogolwane mo tirelong ya ga Jehofa, o bo o sa bo neelwe? A o ikutlwa o felelwa ke bopelotelele? Fa go ntse jalo, he gakologelwa gore go tlhoka bopelotelele go tswa mo boikgodisong. “Me eo o pelotelele mo moeeñ o molemō bogolo go eo o boikgodishō mo moeeñ,” go ne ga bolela jalo Solomone. (Moreri 7:8) Ee, boikgodiso ke sekgoreletsi se setona thata fa motho a batla go tlhagolela bopelotelele. A ga go boammaaruri gore motho yo o boikokobetso o fitlhela go le motlhofo go leta ka thitibalo? Ka gone, tlhagolela boikokobets o, mme o tla kgona go amogela tiego botoka ka mogopolo o o ritibetseng.—Diane 15:33.
Bopelotelele Bo Duela Fela Thata
Aberahame o itsiwe thata ka tumelo ya gagwe. (Baroma 4:11) Lefa go ntse jalo, bopelotelele bo ne jwa nonotsha tumelo ya gagwe. O ne a duelwa ka eng ka go bo a ne a lebelela mo go Jehofa?
Aberahame o ne a ikanngwa thata ke Jehofa. Ke ka moo leina la ga Aberahame le neng la godisiwa ka gone mme ditlogolwana tsa gagwe di ne tsa dirwa setšhaba se se nonofileng. Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di ka itshegofatsa ka losika lwa gagwe. Aberahame o ne a dira jaaka mmueledi wa Modimo gape le jaaka mongwe yo o tshwanang le Mmopi. A go ne go ka nna le tuelo e kgolo go feta eo go duelela tumelo le bopelotelele jwa ga Aberahame?
‘Jehofa o tlhomogela pelo’ Bakeresete bao ba itshokelang diteko ka bopelotelele. (Yakobe 5:10, 11) Batho ba ba ntseng jalo ba nna le segakolodi se se phepa ka gonne ba dira thato ya gagwe. Fa e le ka wena, fa o lebelela mo go Jehofa o bo o itshokela diteko ka bopelotelele, he, boitshoko jwa gago bo tla dira gore Jehofa a go amogele le go go segofatsa.
Bopelotelele bo direla batho ba Modimo molemo mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba le babedi, e bong Christian le Agnes, ba ne ba lemoga seno fa ba ne ba akanya go beeletsana. Ba ne ba se ka ba beeletsana ka bonako ka go bo ba ne ba tlotla batsadi ba ga Christian, bao ba neng ba tlhoka nako gore ba itse Agnes. Go dira jalo go ne ga felela ka eng?
“Kwa morago ke gone re neng ra lemoga kafa bopelotelele jwa rona bo amileng batsadi ba me ka teng,” Christian o tlhalosa jalo. “Go bo re ne ra leta ka bopelotelele go ne ga se ka ga senya kamano ya me le mosadi wa me. Mme lefa go ntse jalo e ne e le kgato ya ntlha ya go aga kamano ya rona le batsadi ba me.” Ee, go nna pelotelele go duela ka melemo e mentsi.
Gape bopelotelele bo rotloetsa kagiso. Balelapa le ditsala ba tla itumelela gore ga o tsose kgaruru ka phoso nngwe le nngwe e ba e dirang. Go nna o ritibetse e bile o tlhaloganya fa ba bangwe ba dira diphoso go tla thibela ditiragalo tse di tlhabisang ditlhong. Seane sengwe sa Se-China sa re: “Go bontsha bopelotelele ka nakwana ya fa o tenegile go tla dira gore o se ka wa tlelwa ke malatsi a le lekgolo a tlalelo.”
Bopelotelele bo tokafatsa botho jwa gago, tota bo go thusa go boloka dinonofo tsa gago tse dingwe tse di molemo di le mo boemong jo bo siameng. Bo nonotsha tumelo ya gago, kagiso ya gago e nna ya goyagoile, mme lorato lwa gago ga lo tshikinngwe ke sepe. Go nna pelotelele go tla go thusa gore o nne o itumetse fa o bontsha bopelonomi, molemo, le bonolo. Bopelotelele bo aga nonofo e e tlhokegang ya go tlhagolela boitshoko le boitshwaro.
Letela ditsholofetso tsa ga Jehofa ka bopelotelele gore di diragadiwe, mme go tswa foo o tla tlhomamisega gore o tla nna le isagwe e e molemolemo. Fela jaaka Aberahame, e kete lo ka “[rua] dipolèlō tsa choloheco ka tumèlō le ka bopelotelele.”—Bahebera 6:12.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go nna le kamano e e gaufi thata le Jehofa go tla go thusa go bontsha bopelotelele, jaaka Aberahame a ne a dira