Go Foufolola Matlho Gore A Bone Mafoko A A Molemo
“GA SE gore loapi ga lo tlhole lo le lotala jaaka pele fela ka gonne motho yo o sefofu a sa kgone go lo bona,” ga rialo seane sengwe sa kwa Denmark. Mme lefa go ntse jalo mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi a re nnang re tshwaregile jaana ka one, a gone re a bona gore loapi lo lotala, jaaka fa go ka tualo? A re na le tsholofelo ka isagwe? A tota re dumela mafoko a a molemo a re a neelwang ke Lefoko la Modimo, Bibela?
Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra tlhatlhoba dilo tse di amanang le bofofu jwa mmatota. Jaanong a re tlhatlhobeng mofuta wa go bona o o botlhokwa thata go gaisa. O amana le go itumela ga rona ka bosakhutleng mmogo le isagwe ya baratiwa ba rona.
Kwantle ga pelaelo, re mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang.’ (2 Timotheo 3:1) Go diragala eng fa batho ba ntse ba sokola ba leka go itshedisa, ba leka go itshokela mathata a botsogo le a lelapa, le go leka go lwantsha tshiamololo le go tlhoka lorato? Ka maswabi, batho ba le bantsi ba fitlhela gore ga ba tlhole ba ikanya bangwekabone, bodumedi, le goromente jaaka pele. E re ka ba lemoga gore ga go na tharabololo, bangwe ba dira tshwetso ya gore mathata a bone ga a kitla le ka motlha a rarabololwa ka tsela e e tlwaelegileng. Jacob Pinheiro Goldberg o akgela jaana mo pampiring ya dikgang ya Brazil ya Jornal da Tarde: “Batho, ka ntlha ya dilo tse di setlhogo tse di diragalang, ba tennwe fela thata ke diphoso mo eleng gore ga ba akanye sentle, mme ba ikaega ka bodumedi jwa masaitseweng jo bo sa kgotsofatseng.” Lefa go ntse jalo, lefa dilo di senyega, re batla go akanya sentle, a ga go jalo?
Akanya ka nakwana gore o tshwanetse go batlela lelapa la gago legae, mme madi ga se mathata. Gongwe o leba matlo a a farologaneng mo mafelong a a sa tshwaneng o bo o ya go a bona. Lefa babapatsi ba matlo ba leka go akanyetsa dilo tse o di eletsang, o ntse ga o bone legae le tota o le batlang. Lefa go ntse jalo, e re ka seno se ama go kgotsofala le go tshela sentle ga lelapa la gago, ga o itlhoboge, gakere? Jaanong a ko o akanye kafa o itumelang ka gone fa kgabagare o bona legae le o neng o ntse o le batla.
Fela jaaka o ne o ka senya nako o batla legae le lesha, ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke Bibela gore o bone tharabololo ya mathata a gago? Fela jaaka re tshwanetse go tlhatlhoba mabaka fa re dira tshwetso kaga legae, fela jalo re tshwanetse go akanya ka se re se balang mo Lefokong la Modimo. Mme sengwe se se botlhokwa le go feta go bona legae ke go bona le go amogela boammaaruri kaga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Jesu o ne a re: “Mme botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, ebong Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
Mme lefa go ntse jalo, fa e le gore molaetsa wa Bibela o botlhokwa thata jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi jaana ba nna ba foufetse ba sa bone mafoko a a molemo? Lebaka le lengwe, le le ka gakgamatsang ba le bantsi, ke gore “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Ka ntlha ya seno, Satane Diabolo “o [foufaditse] megopolō ea ba ba sa dumeleñ, gore lesedi ya Mahoko a a Molemo a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo, le se ka ya ba phatsimèla.” (2 Bakorintha 4:4) Lefa re bona ka matlho a rona, boboko ke jone bo tlhalosang lesedi le le tsenang mo leitlhong. Ka jalo, go foufala gape go tlhalosiwa jaaka “go sa kgone kana go sa batle go lemoga kana go atlhola.” Seno se re gopotsa polelwana eno e e tlwaelegileng: “Ga go na ope yo o foufetseng jaaka batho ba ba sa batleng go bona.”
Motho yo o sefofu ga a kgone go bona se se fa pele ga gagwe, ka jalo a ka nna mo kotsing ya gore a ka gobala. Bofofu jwa matlho a mmatota jwa batho ba le bantsi bo ka se ke bo alafiwe gone jaanong, mme lefa go ntse jalo ga go na ope yo o tlamegang gore a nne a foufetse semoyeng.
Go Fenya Bofofu jwa Semoya
Fela jaaka fa go tlhoka bophepa go ka koafatsa matlho, tikologo e e ntseng e nnela maswe kwa pele ya boitsholo e ka dira gore go nne le bofofu jwa boitsholo. Mo godimo ga moo, Jesu Keresete o ne a tlhagisa kgatlhanong le dithuto le dingwao tse di itiretsweng ke batho. O ne a tlhalosetsa batho ka phepafalo gore baeteledipele ba bodumedi ba nako eo ya bogologolo ba ne ba tsietsa letsomane la bone: “Ke bagogi ba ba hohuhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.”—Mathaio 15:14.
Go na le go tsiediwa ke bagogi ba ba foufetseng, a bo batho ba ba foufololang matlho a bone gore ba bone mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo ba itumela thata jang ne! Jesu o ne a bolela jaana: “Ke tletse katlholō mo lehatshiñ yeno, gore ba ba sa boneñ ba bōnè.” (Yohane 9:39) Lefa go ntse jalo, batho ba ba foufetseng semoyeng ba ka kgona go bona jang? Legale, a re tsweleleng pele re tlhatlhoba bofofu jwa mmatota.
Batho ba ba sa kgoneng go bona jaanong ba na le dithuso tse di farologaneng. Go ne go ntse go sa nna jalo pele. Go ne go sa dirwe maiteko ape a a kalo go thusa batho ba ba difofu pele ga Valentin Haüy a tlhoma sekolo se se kgethegileng sa difofu ka 1784. Moragonyana, Louis Braille o ne a ribolola tsamaiso e e teeletsweng ka leina la gagwe; o ne a e direla go thusa batho ba ba sa boneng gore ba kgone go bala.
Go tweng ka ba ba foufetseng semoyeng? Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga dirwa maiteko ka tlhoafalo a go bolela mafoko a a molemo le eleng kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe. (Mathaio 24:14) Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go neela batho ba ba foufetseng ka tsela ya tshwantshetso mmogo le ba ba foufetseng matlho a mmatota tsholofelo.
Mosadi mongwe wa kwa Brazil o ne a kwala jaana: “Ke batla go bolela gore lefa ke na le bogole jono mo mmeleng, gone ke kgona go bona—semoyeng. A Modimo o o molemo ruri! Re itumelela go itse gore ‘Jehofa o tla huporolola seatla sa gagwe mme a kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela.’” (Pesalema 145:16) Mme Jorge, yo o foufetseng matlho a mmatota, o gakologelwa jaana: “Botshelo jwa me bo ka kgaoganngwa sentle ka dikarolo tse pedi: pele ga Basupi le morago ga bone. . . . Ka thuso ya bone, ke ne ka simolola go bona lefatshe sentle le ka phepafalo. Ke dirisana sentle thata le botlhe ba ba mo phuthegong.” Lefa seno se ka tswa se itumedisa thata jaana, Bibela e re tlhomamisetsa gore mo bogautshwaneng ga go na ope yo o tla bong a foufetse mo lefatsheng—ka tsela ya mmatota kana ya semoya. Seo se tla diragala jang? Go tla bonala jang mo lefatsheng lotlhe gore “Yehofa o budulola matlhō a dihohu”?—Pesalema 146:8.
Kalafi E E Leng Yone Fela E Nnelang Ruri—Bogosi jwa Modimo
Le mororo boitseanape jwa tsa kalafi bo ntse bo oketsega, go ntse go na le malwetsi a mantsi a a bakang bofofu, ditlhabi, le loso. Mme ke eng he se se tlhokegang go fedisa phepelotlase, maemo a a seng phepa, le tlalelo tse di bakang go foufala mmogo le go tlhoka boitumelo mo botshelong? Go fodisa difofu le batho ba bangwe ga ga Jesu e ne e le sekai se sennye fela sa se se tla diragalang mo isagweng. Se se itumedisang ke gore tiro ya gagwe ya go ruta le go fodisa e ne e bontsha go sa le pele gore go ne go tla nna le masego mo lefatsheng a tlisiwa ke puso ya Bogosi jwa Modimo.
Go setse go le gaufi gore go fodisiwe batho mo lefatsheng lotlhe.a Thulaganyo eno ya Modimo ya go fodisa e tshwantshiwa bontle ke moaposetoloi Johane: “A mpontsha noka ea metse a botshelō, e galalèla yaka legwèka, e cwa mo setuloñ sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, e le mo gare ga mmila oa motse. Me moseya ono ga noka, le moseya ole, ga bo go le setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa ka kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.”—Tshenolō 22:1, 2.
Mafoko a a jaaka “metse a botshelō” le “setlhare sa botshelō” a bontsha gore fa tsamaiso ya gompieno ya dilo e sena go fela, Bogosi jwa Modimo bo tla rulaganya go fodisa mo go tla dirang gore ka iketlo batho ba boele mo boitekanelong. E bile tota, mesola ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu (go akaretsa go itshwarelwa maleo gotlhelele), mmogo le go itse Jesu Keresete le Rraagwe, go tla lere botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng.—Yohane 3:16.
Boitumelo mo Lefatsheng la Modimo le Lesha
Jaanong he, akanya ka lefatshe le le senang bokebekwa, kgotlelo, kana tlala. Bona ka matlho a mogopolo lelapa la gago le tshela ka kagiso mo Paradaiseng eo e e buseditsweng. (Isaia 32:17, 18) A bo go tla itumedisa jang ne go bona mebala e e farologaneng ka mogopolo le maikutlo a a itekanetseng!
“Ka tlholego motho o tshwanetse go tshela mo tikologong e e nnang e fetoga ka metlha—ya lesedi, mmala, dipopego. Ga go na sepe se go ka tweng ke tikologo e e lapisang mo dilong tsa tlholego,” go bolela jalo Faber Birren. “Mmala ke sengwe sa dilo tse di itumedisang tsa tlholego mo lefatsheng leno. Ke sengwe se se leng teng ka dinako tsotlhe mo tlholegong, ga se nne teng sewelo fela, mme botshelo jo bo monate bo ikaegile thata ka one.”
A bo mpho ya go kgona go bona e le tlhwatlhwakgolo jang ne! A bo go tla itumedisa thata jang ne fa matlho a a kileng a bo a foufetse—ka tsela ya mmatota kana ya semoya—a tla bo a bona!
Ee, mo Paradaiseng e e tlang e e tla busediwang, bofofu le bogole jo bongwe ga di kitla di tlhola di baka bohutsana! Ga go na ope yo o tla tlholang a tsiediwa gape. E re ka go tla bo go na le lorato lwa mmatota, botlhe ba tla bo ba le mo leseding la semoya. Seo le tse dingwe gape tse dintsi, di tla diragala mo isagweng e e fa gaufi, mme gone jaanong ke nako ya gore re amogelwe ke Ene yo o tla diragatsang tsholofetso ya gagwe ya boperofeti: “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ”!—Isaia 35:5.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsweetswee tlhatlhoba bosupi jo bo mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, kgaolo 18, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ka nako eo matlho a difofu a tla foufololwa!