Pego ya Baboledi Ba Bogosi
Lefoko La Modimo Le Tlhaga
“LEFOKO la Modimo le tshedile, le tlhaga.” (Bahebere 4:12) Mafoko ano a itshupile a le boammaaruri gantsintsi, bogolo jang fa batho ba ba ileng ba tsiediwa ke bodumedi jwa maaka ba tla go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Jaaka maitemogelo ano go tswa kwa Dominican Republic a bontsha, maatla a Baebele a ka kgona go fetola matshelo a batho le go ba naya tsholofelo.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba etela mosadi mongwe yo o itsegeng thata wa Mokatoliki yo o neng a sa tswa go swelwa ke bana ba babedi ba babotlana. O ne a phatlogile pelo tota mme a lela letsatsi lengwe le lengwe ka ntlha ya seno. Basupi bano ba ne ba mmontsha gore Baebele ya reng mo go Johane 5:28, 29 ka ga tsholofelo ya tsogo. Morago ga go buisana le Basupi, o ne a sa gomodiwa fela ke tsholofetso ya tsogo mme o ne a lemogile gore le baeteledipele ba gagwe ba bodumedi ba Katoliki ba ne ba mo tsieditse.
Ga a ka a senya nako epe go iphimola mo Kerekeng ya Katoliki, mme a simolola go nna le thuto ya ka metlha ya Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, monna wa gagwe o ne a sa dumalane le megopolo ya gagwe. E re ka le ene e ne e le Mokatoliki yo o itsegeng thata, o ne a rulaganya gore ditsala tsa gagwe tse di itsegeng thata tsa mapolotiki le tsa bodumedi di etele mosadi wa gagwe ka maikaelelo a go dira gore a tlogele go ithuta mme a boele mo Bokatoliking. Moragonyana o ne a mo tshosetsa gore o ne a tla mo tlhala. Ka nako e nngwe o ne a ya le bokgakaleng jwa go itsise ba losika lwa gagwe le badumedikaene gore ba ne ba tla tlhalana.
Mme maano a gagwe ga a ka a bereka. Go na le gore a tlogele, o ne a tlhagafalela kwa pele mme a tswelela go ithuta Baebele. Ka ntlha ya go gola mo semoyeng le go bontsha dinonofo tse dintle tsa Bokeresete, monna wa gagwe o ne a lesa go batla go mo tlhala. Ka letsatsi le lengwe o ne a dumela le go tlhatlhoba dibuka tsa Baebele tse a neng a di ithuta—tlase ga lebaka le le lengwe fela. O ne a batla go dirisa thanolo ya Baebele ya gagwe ya Katoliki.
A sa lebelela, o ne a simolola go ithuta dilo tse disha go tswa mo go yone Baebele eo ya gagwe ya Katoliki, a thusiwa ke dibuka tse di neng di tswa mo Basuping ba ga Jehofa. O ne a lemoga gore mosadi wa gagwe o ne a tlhophile tsela e e siameng, mme o ne a latela sekao sa gagwe kwantle ga go senya nako epe. O ne a bona fa a tlhoka le go fetola botshelo jwa gagwe. Kgwetlho e kgolo mo go ene e ne e le go tlogela tlwaelo ya gagwe ya go goga sekerete. Fa a sena go bala kgatiso ya July 8, 1989, ya makasine wa Awake! e e neng e na le setlhogo se se kwantle se se neng se re “Go Rekisa Loso—Ditsela Di Le Lesome Tsa go Tlogela go Goga”, o ne a ikaeletse go tlogela tlwaelo eno e e seng kafa Dikwalong. Mo boemong jwa bokosana ya disekerete e a neng a tlhola a e tsentse mo kgetsing ya gagwe, o ne jaanong a tsamaya a tshotse kgatiso eo ya Tsogang! Gangwe le gape fa a ne a eletsa go goga, o ne a bala ditlhogo tse di neng di bua ka ga go goga. Tsela eno e ne e bereka! Morago ga go bala ditlhogo tseno ka makgetlho a le mantsi o ne a kgona go tlogela go goga.
Gone jaanong, monna le mosadi ka bobedi ba bone ba direla Jehofa jaaka badihedi ba ba kolobeditsweng. Fa maemo a mo letla, monna o direla jaaka modihedi wa nako e tletseng, a dirisa nako e ntsi ya gagwe go rera ka ga Bogosi jwa Modimo, mme o direla gape jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa. Ene le mosadi wa gagwe ba lebeletse pele nakong ya tsogo fa ba tla bo ba amogela bana ba bone go tla go tshela mo lefatsheng le lesha. Ee, Lefoko la Modimo, e leng Baebele, le tshedile, e bile le tlhaga!