O Ineetse mo go Mang?
“Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira, re go utlwa.”—EKESODO 24:7.
1, 2. (a) Batho ba bangwe ba ineetse mo go eng? (b) A go ineela fela batho ba ba mo bodumeding bongwe?
KA February 1945, bakgweetsi ba difofane tsa ntwa tsa Zero fighter ba Yatabe Flying Corps ya Japane ba ne ba kgobokane mo holong. Mongwe le mongwe wa bone o ne a neelwa pampiri gore a kwale mo go yone gore a o ne a tla ithaopela go nna mongwe wa masole a a kgweetsang difofane tse di tlhaselang. “Ke ne ke akanya gore e ne e le boikarabelo jwa me gore ke intshe setlhabelo ka nako ya mathata a setšhaba,” ga rialo moofisiri mongwe yo o neng a le teng foo. “Ke ne ka dumela go dira kabelo eo, ka gonne ke ne ke ikutlwa ke tlamega go ithaopa.” O ne a thapisediwa go dirisa le go kgweetsa Ohka (sefofane sa rokete se se phatlakanang le mokgweetsi wa sone) a bo a se phatlakanyetsa mo sekepeng sa ntwa sa mmaba. Lefa go ntse jalo, ntwa e ne ya fela a ise a nne le sebaka sa go dira jalo gore a swele naga ya gagwe le mmusimogolo wa gagwe. Fa Japane e ne e fenngwa mo ntweng, o ne a felelwa ke tumelo ya gagwe mo mmusimogolong.
2 Go na le nako e ka yone batho ba le bantsi kwa Japane ba neng ba ineetse go mmusimogolo, yo ba neng ba dumela gore ke modimo o o tshelang. Kwa dinageng tse dingwe, go ile ga nna le dilo tse dingwe tse go ineelwang mo go tsone e bile di santse di le teng. Batho ba le dimilione ba ineetse mo go Marea, Buddha, kana mo medimong e mengwe—e gantsi e emelwang ke medimo e e setilweng. Ba bangwe ka go tlhotlhelediwa ke batho ba ba buang ka tsela e e kukang maikutlo, ba neela bareri ba thelebishene madi a ba a bereketseng ka thata, ba ba tshegetsa ka pelo yotlhe go tshwana fela jaaka e kete ba ineetse mo go bone. Morago ga ntwa, Bajapane ba ba neng ba kgobegile marapo ba ne ba batla sengwe se sesha se ba neng ba ka neela matshelo a bone go sone. Ba bangwe ba ne ba simolola go ineela mo tirong. Kwa Botlhaba mmogo le kwa Bophirima, batho ba le bantsi ba ineela mo go kgobokanyeng dikhumo. Basha ba dira gore diopedi e nne batho ba bagolo mo matshelong a bone ba bo ba etsa tsela e ba tshelang ka yone. Batho ba le bantsi gompieno ba simolotse go ikobamela, ba ineela mo dithatong tsa bone. (Bafilipi 3:19; 2 Timotheo 3:2) Mme lefa go ntse jalo a dilo kana batho ba ba ntseng jalo tota ba botlhokwa gore motho a ineele ka moya otlhe mo go bone?
3. Dilo dingwe tse go ineelwang mo go tsone di ile tsa itshupa di sena mosola jang?
3 Fa batho ba ba obamelang medimo ya disetwa ba lebana le boammaaruri, gantsi ba bulega matlho. Go ineela mo medimong ya disetwa go tsala kutlobotlhoko fa ba ba e obamelang ba lemoga gore medimo ya bone ya disetwa ke “tiro ya diatla tsa batho fela.” (Pesalema 115:4) Fa go senolwa ditiro tse di maswe tsa bareri ba ba tlhomologileng, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ikutlwa ba swabisitswe. Fa ikonomi “e e seng ya mmatota” e ne e phutlhama, badiri ba ne ba tsenwa ke malwetsi a tlhaloganyo fa ba iphitlhela ba le mo lenaaneng la batho ba ba fokodiwang mo tirong. Batho ba ba obamelang Dikhumo ba ne ba amiwa mo go botlhoko ke go wela kwa tlase ga ikonomi bosheng jaana. Dikoloto tse batho ba neng ba itsentse mo go tsone ba solofetse gore ba tla dira madi a mantsi di ne tsa fetoga mokgweleo mme go sena tsholofelo epe ya gore di tla duelwa. (Mathaio 6:24) Fa dikgeleke tsa mmino wa roko le batho ba bangwe ba ba eteletseng pele mo go tsa boitlosobodutu ba ba ntshitsweng medingwana ba swa kana ba felelwa ke go tuma, batho ba ba ba obamelang ba sala ba latlhegile. Mme batho ba ba ileng ba tshela ka go batla go ikgotsofatsa ka bobone fela gantsi ba nna le matswela a a bosula.—Bagalatia 6:7.
4. Ke eng se se tlhotlheletsang batho gore ba neele matshelo a bone mo dilong tse di senang mosola?
4 Ke eng se se tlhotlheletsang batho gore ba ineele mo dilong tse di ntseng jalo tse di senang mosola? Selo se segolo ke moya wa lefatshe le le laolwang ke Satane Diabolo. (Baefeso 2:2, 3) Tlhotlheletso ya moya ono e bonwa ka ditsela tse di farologaneng. Motho a ka laolwa ke setso sa lelapa la gagabo se se ntseng se fetisiwa go tswa go bagologolwane ba gagwe. Thutego ya motho le tsela e a godisitsweng ka yone e ka tlhotlheletsa tsela e a akanyang ka yone fela thata. Seemo sa kwa tirong se ka tlhotlheletsa “batlhabani ba dikgwebo tse dikgolo” gore ba berekele ruri ka tsela e e ka tlisetsang matshelo a bone kotsi. Tsela e lefatshe leno le ratang dilo tse di bonalang ka yone e tlhotlheletsa batho gore ba nne le keletso ya dilo tse dintsi. Batho ba le bantsi ba sulafala dipelo, mme seo se ba tlhotlheletsa gore ba ineele mo dithatong tsa bone tsa bopelotshetlha. Ba palelwa ke go tlhatlhoba gore a dilo tseno tse ba di dirang di tshwanelwa ke gore ba ineele mo go tsone jalo.
Setšhaba se se Ineetseng
5. Go ne ga dirwa boineelo bofe go Jehofa dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng?
5 Dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng, setšhaba sengwe sa batho se ne sa bona sengwe se se botlhokwa thata se ba ka ineelang mo go sone. Ba ne ba ineela go Modimo molaodi, Jehofa. Setšhaba sa Baiseraele se ne sa bolela fa se ineetse go Modimo jaaka setlhopha kwa nageng ya Sinai.
6. Leina la Modimo le ne le tla kaya eng mo Baiseraeleng?
6 Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Baiseraele gore ba itshware jaana? Fa ba ne ba le mo bokgobeng kwa Egepeto, Jehofa o ne a tlhoma Moshe gore a ba etelele pele a ba ise kgololesegong. Moshe o ne a botsa gore o ne a tshwanetse go tlhalosa Modimo o o neng o mo romile jang, mme Modimo o ne a bolela fa e le “Ke ntse yo ke ntseng.” O ne a roma Moshe gore a reye bana ba Iseraele a re: “Ke ntse o nthomile kwano go lona.” (Ekesodo 3:13, 14) Mafoko ano a ne a bontsha gore Jehofa o nna sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a swetse maikaelelo a gagwe. O ne a tla itshenola e le Modiragatsi wa ditsholofetso ka tsela e bagologolwane ba Baiseraele ba neng ba ise ba ko ba e itse.—Ekesodo 6:2, 3.
7, 8. Baiseraele ba ne ba na le bosupi bofe jwa gore Jehofa e ne e le Modimo o o tshwanelwang ke gore ba ineele mo go one?
7 Baiseraele ba ne ba bona jaaka naga ya Egepeto le batho ba yone ba ne ba welwa ke Dipetso tse di Lesome. (Pesalema 78:44-51) Go tswa foo ba ne ba phutha mme ba tswa mo nageng ya Goshene ka bosigo bo le bongwe fela, mme seo ka bosone e ne e le sengwe se se gakgamatsang, gongwe ba feta dimilione tse tharo ka palo, go akaretsa basadi le bana. (Ekesodo 12:37, 38) Go tswa foo, fa ba le fa Lewatleng le Lehibidu, Jehofa o ne a itshenola e le “monna wa ntwa” fa a ne a falotsa batho ba gagwe mo masoleng a ga Faro ka go kgaoganya lewatle ka bogare a bo a letla Baiseraele gore ba fete mme morago a bo a le kopanya gore le bete Baegepeto ba ba neng ba ba leleka. Ka ntlha ya se, “Iseraele a bona tiro e kgolo e Jehofa o e dirileng mo go Baegepeto; mme batho ba boifa Jehofa, ba dumela mo go Jehofa.”—Ekesodo 14:31; 15:3; Pesalema 136:10-15.
8 Baiseraele ba ne ba ngongorega mo go Jehofa le moemedi wa gagwe e bong Moshe kaga gore dijo le metse di a tlhaela, jaaka e kete ba ne ba santse ba sena bosupi jo bo lekaneng jwa gore leina la Modimo le kaya eng. Jehofa o ne a romela makutikweo, a dira gore go tshologe mana kwa magodimong, a ba a dira gore metse a phothosele go tswa mo lentsweng lengwe kwa Meriba. (Ekesodo 16:2-5, 12-15, 31; 17:2-7) Gape Jehofa o ne a golola Baiseraele fa ba ne ba tlhaselwa ke Baamaleke. (Ekesodo 17:8-13) Baiseraele ba ne ba ka se ganetse ka gope se Jehofa a neng a se bolelela Moshe moragonyana: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; O bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo.” (Ekesodo 34:6, 7) Eleruri, Jehofa o ne a itshupa a tshwanelwa ke gore ba ineele mo go ene.
9. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a neela Baiseraele sebaka sa go bontsha boineelo jwa go mo direla, mme ba ne ba itshwara jang?
9 Lefa Jehofa a ne a na le tshwanelo ya gore Baiseraele e nne batho ba gagwe ka gonne a ne a ba rekolotse mo Egepeto, jaaka Modimo o o pelonomi le boutlwelobotlhoko, o ne a ba neela sebaka sa gore bone ka go rata fela ba bontshe gore ba batla go mo direla. (Duteronome 7:7, 8; 30:15-20) Gape o ne a tlhoma dilo tse di neng di tshwanetse go dirwa go tshegetsa kgolagano fa gare ga gagwe le Baiseraele. (Ekesodo 19:3-8; 20:1–23:33) Fa Moshe a ne a bolela dilo tseno, Baiseraele ba ne ba bolela jaana: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira, re go utlwa.” (Ekesodo 24:3-7) Ka go rata ga bone fela ba ne ba fetoga setšhaba se se ineetseng mo go Jehofa Morena Mogodimodimo.
Go Anaanela go Tsala Boineelo
10. Boineelo jwa rona go Jehofa bo tshwanetse jwa thaiwa mo go eng?
10 Jehofa, Mmopi, o santse a tshwanelwa ke gore re ineele mo go ene ka moya otlhe. (Malaki 3:6; Mathaio 22:37; Tshenolo 4:11) Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go ineela ka go bo re le bomadumelagotlhe, re na le maikutlo a a fetang, kana re kgoromediwa ke ba bangwe—le e leng batsadi tota. Re tshwanetse ra ineela ka ntlha ya kitso e e tlhomameng ya boammaaruri kaga Jehofa le go anaanela se Jehofa a se re diretseng. (Baroma 10:2; Bakolosa 1:9, 10; 1 Timotheo 2:4) Fela jaaka Jehofa a ne a neela Baiseraele sebaka sa gore ba bontshe boineelo jwa bone ka go rata, le rona o re neela sebaka sa gore re ineele mo go ene ka go rata re bo re bontshe boineelo joo phatlalatsa.—1 Petere 3:21.
11. Go ithuta ga rona Baebele go senotse eng kaga Jehofa?
11 Fa re ithuta Baebele, re simolola go itse Modimo jaaka motho. Lefoko la gagwe le re thusa go lemoga dinonofo tsa gagwe jaaka di bontshiwa ke popo. (Pesalema 19:1-4) Lefoko la gagwe le re bontsha gore ga se Tharonngwe fela e e ka se tlhaloganngweng. Ga a fenngwe mo dintweng mme ka jalo ga go tlhoke gore a tlogele go nna Modimo. (Ekesodo 15:11; 1 Bakorinthe 8:5, 6; Tshenolo 11:17, 18) E re ka a diragaditse ditsholofetso tsa gagwe, seo se re gakolola gore leina la gagwe le lentle e leng Jehofa, le emela eng. Ke Modiragatsamaikaelelo yo Mogolo. (Genesise 2:4, ntlhanyana e e kwa tlase go NW; Pesalema 83:18; Isaia 46:9-11) Fa re ithuta Baebele, re simolola go tlhaloganya ka phepafalo kafa a ikanyegang ka gone.—Duteronome 7:9; Pesalema 19:7, 9; 111:7.
12. (a) Ke eng se se re gogelang mo go Jehofa? (b) Ditiragalo tsa mmatota tse di diragaletseng batho tse di kwadilweng mo Baebeleng di tlhotlheletsa motho jang gore a batle go direla Jehofa? (c) O ikutlwa jang kaga go direla Jehofa?
12 Se se re gogelang thata mo go Jehofa ke botho jwa gagwe jo bo lorato. Baebele e bontsha kafa a ratang batho ka gone, a ba itshwarela le go ba utlwela botlhoko fa a dirisana le bone. Akanya kafa a neng a humisa Jobe ka teng fa Jobe a sena go boloka bothokgami jwa gagwe ka boikanyegi. Se se diragaletseng Jobe se gatelela gore ‘Jehofa o tletse bopelotlhomogi, e bile o boutlwelobotlhoko.’ (Jakobe 5:11; Jobe 42:12-17) Akanya kafa Jehofa a neng a dirisana le Dafite ka gone fa Dafite a sena go dira boaka le go bolaya motho. Ee, Jehofa o iketleeditse go itshwarela le one maleo a a masisi tota fa motho yo o leofileng a tla kwa go ene ka “pelo e e phatlogileng, e e ngomogileng.” (Pesalema 51:3-11, 17) Akanya ka tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le Saulo wa Tareso, yo la ntlha e neng e le mmogisi yo o ititeileng sehuba wa batho ba Modimo. Dikai tseno di gatelela kafa Modimo o leng kutlwelobotlhoko ka gone le kafa o iketleetsang ka bopelotshweu ka gone gore o dirise batho ba ba ikwatlhayang. (1 Bakorinthe 15:9; 1 Timotheo 1:15, 16) Paulo o ne a akanya gore a ka nna a bo a dira gore jone botshelo jwa gagwe tota bo ikaege ka go direla Modimo ono o o lorato. (Baroma 14:8) A o ikutlwa fela jalo?
13. Jehofa o dirile eng se segolo se se bontshang lorato se se tlhotlheletsang batho ba ba dipelo di siameng gore ba ineele mo go ene?
13 Jehofa o ne a rulaganyetsa Baiseraele gore ba gololwe mo bokgobeng jwa Egepeto, mme o rulagantse gore sengwe se golole rona mo bokgobeng jwa boleo le loso—setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo. (Johane 3:16) Paulo a re: “Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela.” (Baroma 5:8) Thulaganyo eno e e bontshang lorato e tlhotlheletsa batho ba ba dipelo di siameng gore ba ineele go Jehofa ka Jesu Keresete. “Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re patelela; ka re sekaseka jaana, ra re, mongwe o swetse botlhe, ke gone botlhe ba ne ba sule. Mme a swela botlhe, gore ba ba tshelang ba se tlhole ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o suleng a ba a tsoga ka ntlha ya bone.”—2 Bakorinthe 5:14, 15; Baroma 8:35-39.
14. A go itse fela kafa Jehofa a dirisanang ka gone le batho go lekane go re tlhotlheletsa gore re neela matshelo a rona mo go ene? Tlhalosa.
14 Go ntse go le jalo, go itse botho jwa ga Jehofa le kafa a dirisanang le batho ka gone ga go a lekana. Motho ka namana o tshwanetse a tlhagolela go anaanela Jehofa. Seo se ka dirwa jang? Ka go dirisa Lefoko la Modimo mo matshelong a rona le go iponela ka borona gore melaometheo e e mo go lone tota e a dira. (Isaia 48:17) Re tshwanetse ra dumela gore Jehofa o re faloditse mo lorageng lwa lefatshe le le bosula leno le le laolwang ke Satane. (Bapisa 1 Bakorinthe 6:11.) Fa re ntse re lwa re leka go dira se se siameng, re ithuta go ikaega ka Jehofa, mme re iponela ka borona gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang, “yo o utlwang thapelo.” (Pesalema 62:8; 65:2) Morago ga nako e khutshwane fela re ikutlwa re le gaufi le ene e bile re kgona go tshololela maikutlo a rona a a kwa tengteng mo go ene. Maikutlo a a boteng a go rata Jehofa a a gola mo teng ga rona. Seno kwantle ga pelaelo se tla re tlhotlheletsa gore re neele matshelo a rona go ene.
15. Monna mongwe yo pele a neng a ineetse mo tirong o ne a tlhotlhelediwa ke eng gore a direle Jehofa?
15 Batho ba le bantsi ba simolotse go itse Modimo yo o lorato yono, Jehofa, mme ba neetse matshelo a bone gore ba mo direle. Ka sekai, akanya ka rametlakase mongwe yo o neng a na le kgwebo e e tsweletseng sentle. Ka dinako tse dingwe o ne a tle a simolole go bereka mo mosong mme a bereke jalo motshegare otlhe le bosigo jotlhe tota, a tla mo gae ka ura ya botlhano mo mosong o o latelang. Fa a sena go ikhutsa ura e le nngwe fela, o ne a tswa a ya go dira tiro e nngwe gape. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke ineetse mo tirong ya me.” Fa mosadi wa gagwe a ne a simolola go ithuta Baebele, o ne a kopanela le ene. A re: “Medimo yotlhe e ke neng ke e itse go fitlha ka nako eo e ne e batla fela go direlwa, mme e sa dire sepe se se re solegelang molemo. Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a tsaya kgato ka boene a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mono lefatsheng e le tatlhegelo e kgolo mo go ene ka namana.” (1 Johane 4:10, 19) E rile dikgwedi tse lesome di ise di wele, monna yono o ne a ineela mo go Jehofa. Morago ga moo, o ne a tlhoma mogopolo mo go direleng Modimo o o tshelang. O ne a tsaya bodiredi jwa nako e e tletseng mme a fuduga a ya go direla kwa go nang le tlhokafalo e kgolwane teng. Fela jaaka baaposetoloi, o ne a ‘tlogela gotlhe mme a sala Jesu morago.’ (Mathaio 19:27) Morago ga dikgwedi di le pedi, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba lalediwa go ya go direla kwa lekaleng la Watch Tower Bible and Tract Society mo nageng e ba neng ba nna mo go yone, gore a kgone go thusa mo tirong ya tsa metlakase. O ntse a direla mo lekaleng ka dingwaga di feta 20, a dira tiro e a e ratang—a sa e itirele mme a e direla Jehofa.
Dira Gore Boineelo jwa Gago bo Bonwe ke Botlhe
16. Fa motho a ineela mo go Jehofa, ke dikgato dife tse dingwe tse a di tsayang?
16 Fa basha mmogo le bagolo ba sena go ithuta Baebele ka lobakanyana, ba tla simolola go anaanela Jehofa le se a se ba diretseng. Seno se tshwanetse sa ba tlhotlheletsa gore ba ineele go Modimo. O ka nna wa bo o le mongwe wa bone. O ka ineela go Jehofa jang? Fa o sena go nna le kitso e e tlhomameng go tswa mo Baebeleng, o tshwanetse wa tsaya kgato ka kitso eo o bo o dumele mo go Jehofa le mo go Jesu Keresete. (Johane 17:3) Ikwatlhaye mme o tlogele ditiro dipe fela tsa nako e e fetileng tsa boleo. (Ditiro 3:19) Go tswa foo o tla tsaya kgato ya go ineela, o bolelela Jehofa ka mafoko a a tswang mo pelong ka thapelo gore o ineetse mo go ene. Kwantle ga pelaelo thapelo eno e tla nnela ruri mo mogopolong wa gago, ka gonne e tla bo e le tshimologo ya kamano e ntšha le Jehofa.
17. (a) Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba boeletsa dipotso tse di baakantsweng le batho ba ba sa tswang go ineela? (b) Ke kgato efe ya botlhokwa e motho a tshwanetseng a e tsaya fela fa a sena go ineela, mme e le ka boikaelelo bofe?
17 Fela jaaka Moshe a ne a tlhalosetsa Baiseraele dilo tse ba tshwanetseng go di dira fa ba tsena mo kamanong ya kgolagano le Jehofa, bagolwane mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho ba ba sa tswang go ineela gore ba tlhatlhobe gore tota go ineela go ba tlhoka eng. Ba dirisa dipotso tse di baakanyeditsweng gore ba tlhomamise gore mongwe le mongwe o tlhaloganya ka botlalo dithuto tsa Baebele tsa motheo le gore o lemoga gore go nna Mosupi wa ga Jehofa go mo tlhoka eng. Go tswa foo, go tla bo go tshwanela sentle go dira sesupo sa boineelo joo phatlalatsa. Ke ga tlholego gore mongwe yo o sa tswang go ineela a tlhoafalele go itsise ba bangwe gore o setse a na le kamano eno e e leng tshiamelo le Jehofa. (Bapisa Jeremia 9:24.) Seno se dirwa sentle ka go kolobediwa ka metsi go tshwantshetsa boineelo jono. Go inwa mo metsing a bo a tlhatlosiwa mo go one go tshwantshetsa gore o a swa kafa mokgweng wa gagwe wa pele wa botshelo wa go itirela go rata mme o tsoseditswe mo tseleng e ntšha ya botshelo, ya go dira thato ya Modimo. Ga se sakaramente, le gone ga se ngwaokobamelo e e tshwanang le tirelo ya Seshinto ya misogi e mo go yone go dumelwang gore motho o a bo a phepafadiwa ka metsi.a Go na le moo, kolobetso ke go supa phatlalatsa boineelo jo motho o a bong a setse a bo dirile ka thapelo.
18. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore go ineela ga rona e tla bo e se ga lefela?
18 Tiragalo eno e e masisi ke e e ka se lebalegeng, e gopotsa motlhanka yono yo mosha wa Modimo ka kamano e e nnelang ruri e jaanong a nang le yone le Jehofa. Go farologana le boineelo jo mokgweetsi wa sefofane se se tlhaselang a neng a bo dira a bo direla naga ya gagabo le mmusimogolo, go ineela mo go Jehofa jaana ga e kitla e nna ga lefela, ka gonne ke Modimo yo o mothatayotlhe wa bosakhutleng yo o swetsang sengwe le sengwe se a se simololang. Ene, le gone e le ene fela, o tshwanetswe ke gore re ineele mo go ene ka moya otlhe.—Isaia 55:9-11.
19. Ke eng se se tla tlhatlhobiwang mo setlhogong se se latelang?
19 Lefa go ntse jalo, go ineela go batla dilo tse dintsi. Ka sekai, boineelo bo ama botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi jang? Seno se tla tlhatlhobiwa mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 194-5.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ineela mo go dirwang mo lefatsheng go feletse ka kutlobotlhoko?
◻ Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Baiseraele gore ba ineele mo go Jehofa?
◻ Ke eng se se re tlhotlheletsang gore re ineele mo go Jehofa gompieno?
◻ Re neela matshelo a rona go Modimo jang?
◻ Go kolobediwa ka metsi go botlhokwa go le kana kang?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Baiseraele kwa Sinai ba ineela mo go Jehofa