LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 4/15 ts. 10-14
  • Mogatisi yo o Tlogetseng Motlhala wa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mogatisi yo o Tlogetseng Motlhala wa Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thanolo ya Vulgate e e Tokafaditsweng
  • Mogatisi wa Segosi
  • Sorbonne e Kgatlhanong le Diphetogo
  • Ditlhaselo Tsa Kwa Sorbonne
  • Baithutabomodimo ba Thibela Dibaebele Tsa Gagwe
  • O ne a Latofadiwa ka Gore ke Moikeodi
  • Mogatisi wa Motshabi
  • A o A Gakologelwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dikgaolo le Ditemana—Ke Mang Yo o Di Tsentseng mo Baebeleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Thuto ya bo 6—Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo tse di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 4/15 ts. 10-14

Mogatisi yo o Tlogetseng Motlhala wa Gagwe

AO KILE wa batla temana nngwe mo Baebeleng mme o bo o sa kgone go gakologelwa gore o ne o e bone kae? Lefa go ntse jalo, ka gore o gakologelwe fela lefoko le le lengwe fela, o ne wa kgona go e bona ka gore o dirise khonkhotense ya Baebele. Kana gongwe o ile wa nna gone kwa kokoanong nngwe ya Bokeresete e mo go yone makgolokgolo, kana le e leng diketekete tsa batho tse di neng di le gone di ne tsa kgona go bula Dibaebele tsa tsone gore di bale temana nngwe mo metsotswaneng fela fa e sena go umakiwa.

Mo mabakeng ano otlhe, o kolota monna mongwe yo gongwe o ka tswang o sa mo itse. O ile a dira gore o ithute Baebele ka tsela e e motlhofo, mme gape o ne a tsenya letsogo mo go tlhomamiseng gore re bo re na le Dibaebele tse di boammaaruri gompieno. O ile a ba a tsenya letsogo mo tseleng e Dibaebele di lebegang ka yone.

Monna yono e ne e le Robert Estienne.a E ne e le mogatisi, e bong morwa mogatisi mongwe, kwa Paris, kwa Fora, yo o neng a tsholwa gaufi le tshimologo ya lekgolo la bo16 la dingwaga. E ne e le mo motlheng wa go Tsosolosa Thuto le wa Diphetogo. Motšhine wa go gatisa o ne o dirisediwa dilo tseno ka bobedi jwa tsone. Henri Estienne, rraagwe Robert, e ne e le mogatisi yo o neng a tumile thata, yo o neng a gatisa dikgatiso dingwe tsa dibuka tse di molemolemo gore di tle di dirisiwe ka nako ya go Tsosolosiwa ga Thuto. Tiro ya gagwe e ne e akaretsa go gatisetsa Yunibesithi ya Paris le sekolo sa yone sa thutobomodimo le dibuka tsa thuto le tsa Baebele—ya Sorbonne.

Mme a re tlhomeng mogopolo mo go morwawe e bong Robert Estienne. Ga go itsiwe sentle gore o ile a ithutela eng. Lefa go ntse jalo, fa a ne a santse a le mosha, o ne a nna mankge wa Selatine mme go ise go ye kae o ne a ithuta Segerika mmogo le Sehebera. Robert o ne a ithuta tiro ya go gatisa mo go rraagwe. Fa Robert Estienne a ne a tsaya marapo mo go Henri yo o neng a le mogatisi ka 1526, o ne a setse a itsiwe e le mokanoki wa maemo a a kwa godimo wa dipuo. Le mororo a ne a gatisa dikgatiso tse di fetotsweng tsa Selatine le dibuka tse dingwe tsa sekolo, selo se a neng a se rata thata e bile go sa belaetse e ne e le Baebele. E re ka Estienne a ne a tlhagafaletse gore a feleletse Baebele ya Selatine mo go se se neng se setse se dirilwe mo dibukeng tsa Selatine, o ne a akanya go kwalolola sesha mokwalo o o tshwanang le wa ntlhantlha wa mo lekgolong la botlhano la dingwaga wa thanolo ya Baebele ya Vulgate ya ga Jerome ya Selatine.

Thanolo ya Vulgate e e Tokafaditsweng

Jerome o ile a e ranola go tswa mo Baebeleng ya ntlhantlha ya Sehebera le ya Segerika, mme mo motlheng wa ga Estienne, thanolo ya Vulgate e ne e sa le ka e le teng ka dingwaga di le dikete. Go ile ga tlhagelela diphoso di le dintsi le dilo tse di seng kafa molaong mo go yone fa dikokomana ka go latelana ga tsone di ne di ranola Vulgate. Mo godimo ga moo, mo Dingwageng tsa Bogare, mafoko a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a Baebele a ne a setse a tletse ditlhamane tse dintsi tse di raraaneng tsa mo dingwageng tsa bogare, ditemana tse di tlhalositsweng ka mafoko a sele le ka maaka. Dilo tseno di ne tsa tlhakatlhakana le ditemana tsa Baebele mo di neng tsa simolola go amogelwa jaaka dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.

Gore Estienne a tlose mafoko otlhe a a neng a seyo la ntlhantlha, o ne a dirisa mekgwa ya go batla diphoso mo ditemaneng e e neng e dirisiwa go ithuta dibuka tse di tlwaelegileng fela. O ne a batla mekwalo ya bogologolo thata e bile e le e e gaisang yotlhe e e neng e le gone. O ne a ribolola mekwalo e le mmalwanyana ya bogologolo mo dilaeboraring kwa Paris le mo tikologong ya yone le mo mafelong a a jaaka Évreux le Soissons, mo go neng go lebega gore o mongwe wa yone e ne e le wa mo lekgolong la borataro la dingwaga. Estienne o ne a bapisa ka kelotlhoko ditemana tsa mekwalo e e farologaneng ya Selatine mo temaneng nngwe le nngwe, a tlhaola fela ditemana tse di neng di lebega di tlhotlheleditswe tota. Tiro eo e ne ya felela ka gore Baebele ya ga Estienne e gatisiwe la ntlha ka 1528 mme e ne e le kgato e e botlhokwa tota e a neng a e tsere mo go tokafatseng boammaaruri jwa ditemana tsa Baebele. Go ne ga latela dithanolo tsa ga Estienne tse a neng a di tokafatsa. Batho bangwe pele ga gagwe ba ne ba leka go baakanya thanolo ya Vulgate, mme thanolo ya gagwe e ne e le one mokwalo wa ntlha o o boneng diphoso le o o nang le tshedimosetso e e oketsegileng e e mosola. Mo matlhakoreng a ditsebe, Estienne o ne a supa gore o ne a tlogela ditemana tse di seng boammaaruri fa kae kana koo go boeleditsweng mafoko gone. Gape o ne a tlhalosa mekwalo e e neng ya mo neela thata ya go baakanya ditemana tseno.

Estienne o ne a simolola dikarolo tse dingwe di le dintsi tse di neng di le disha mo lekgolong la bo16 la dingwaga. O ne a farologanya dibuka tsa Maaka le Lefoko la Modimo. O ne a baya buka ya Ditiro morago ga dikwalo tsa Efangele a bo a e baya pele ga dikwalo tsa ga Paulo. Kwa godimo ga tsebe nngwe le nngwe, o ne a kwala mafoko a sekaenyana fela a konokono gore a thuse babadi go bona ditemana dingwe tse di rileng. E ne e le sekai sa bogologolo thata sa selo seo gompieno se itsiweng ka gore ke setlhogo se se boaboelediwang. Mo boemong jwa gore a dirise mokwalo o mokima wa Se-Goth, kana mokwalo o mokima, e leng mokwalo wa go gatisa o o neng wa simologa kwa Jeremane, Estienne e ne e le motho wa ntlha gore a gatise Baebele yotlhe ka mofuta wa mokwalo o mosesane le o o balegang sentle o o dirisiwang gone jaanong. Gape o ne a dira ditshupiso di le dintsi go tswa mo dibukeng tse dingwe le dintlha tse di tswang mo go ithuteng dibuka e le gore ditemana tse di rileng di utlwale sentle.

Dikgosi di le dintsi le bareri ba ne ba anaanela Baebele ya ga Estienne, ka gonne e ne e le botoka go gaisa thanolo epe e e neng ya gatisiwa ya Vulgate. Batho ba ne ba dirisa dithanolo tsa gagwe go bona bontle, botswerere le mosola wa yone mme go ise go ye kae go ne go setse go dirisiwa mokgwa oo kwa Yuropa yotlhe.

Mogatisi wa Segosi

“A o [kile wa] bona monna yo o bobebe mo tirong ya gagwe? Ene o tlaa ema fa pele ga dikgosi,” Diane 22:29 e bolela jalo. Botswerere jwa ga Estienne mo dilong tsa bosheng jaana le go kgona ga gagwe dipuo di le dintsi go ne ga lemogiwa ke Francis I, yo e neng e le kgosi ya Fora. Estienne o ne a nna mogatisi wa kgosi wa puo ya Selatine, Sehebera le Segerika. Ke gone ka moo Estienne a neng a dira se se santseng se kaiwa e le mokgwa wa go gatisa o o botswerere wa Sefora. Ka 1539 o ne a simolola go golola Baebele ya ntlha ya Sehebera e bile e feletse e e neng e gatisitswe kwa Fora. Ka 1540 o ne a tsenya ditshwantsho mo Baebeleng ya gagwe ya Selatine. Mme mo boemong jwa gore Estienne a tsenye ditshwantsho tse dintle tse di tlwaelegileng tsa ditiragalo tsa Baebele tse di neng di le gone mo Dingwageng tsa Bogare, o ne a tsenya ditshwantsho tse di rutang tse di neng di bontsha bosupi jwa boithutamarope kana dilekanyo le ditlhaloso tse di fitlhelwang mo Baebeleng ka boyone. Mekwalo eno e e gabilweng mo legong e ne e tshwantsha ka botlalo ditlhogo tse di jaaka araka ya kgolagano, diaparo tsa moperesiti yo mogolo, motlaagana le tempele ya ga Solomone.

Estienne o ne a tswelela pele go ranola thanolo ya ntlha e e neng e na le tshedimosetso e e oketsegileng ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete a dirisa metšhine ya go gatisa ya Segerika e e kgethegileng e a neng a e batlela go gatisa mekwalo ya kgosi. Le mororo dithanolo tse pedi tsa ntlha tsa mokwalo wa Segerika wa ga Estienne o ne o sa gaise buka ya ga Desiderius Erasmus go le kalo, mo thanolong ya boraro ya 1550, Estienne o ne a o tokafatsa ka go o baya ka thulaganyo le ditshupiso tse di tswang mo mekwalong e le 15, go akaretsa le wa mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E. wa Codex Bezae le Baebele ya Septuagint. Thanolo eno ya ga Estienne e ne ya amogelwa ke batho ba le bantsi mo kwa morago e neng ya nna motheo wa se se bidiwang Textus Receptus, kana Mokwalo o o Amogetsweng, e mo go yone dithanolo di le dintsi kwa morago di neng tsa ikaega ka one, go akaretsa le King James Version ya 1611.

Sorbonne e Kgatlhanong le Diphetogo

Kereke ya Katoliki e ne e batla go laola se batho ba se akanyang ka go ba laela gore ba bale eng, ba tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa Luther le Balweladiphetogo ba bangwe tse di neng di aname kwa Yuropa yotlhe. Ka June 15, 1520, Mopapa Leo X o ne a ntsha lekwalo la bopapa le le neng le laela gore go se gatisiwe, go se rekisiwe, kana go se balwe buka epe e e nang le “boikeodi” mo nageng ya Katoliki e bile le laela gore babusi ba dirise lekwalo leno la bopapa mo dipusong tsa bone. Kwa Engelane, Kgosi Henry VIII o ne a tlogelela mobishopo wa Katoliki e bong Cuthbert Tunstall tiro ya thibelo. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang mo Yuropa yotlhe, baeteledipele ba ba neng ba amogelwa mo dikgannyeng tsa thuto, ba ba neng ba latela mopapa ka maemo, e ne e le barutisi ba lephata la baithutabomodimo kwa Yunibesithing ya Paris—ya Sorbonne.

Yunibesithi ya Sorbonne e ne e buelela ditumelo tsa Katoliki. E sa le ka e lebiwa e le yunibesithi e e emelang tumelo ya Katoliki. Batlhatlhobi ba kwa Sorbonne ba ne ba ganetsa dithanolo tsotlhe tse di neng di na le tshedimosetso e e oketsegileng le dithanolo tsa dipuo tsa mo lefelong leo tsa Vulgate, ba sa di tseye fela gore “ga di na mosola mo kerekeng mme gape ba re di kotsi.” Seno se ne se sa gakgamatse ka nako ya fa Balweladiphetogo ba ne ba nyatsa dithuto tsa kereke, meletlo le dingwao tse di neng di sa thewa mo taolong ya Dikwalo. Lefa go ntse jalo, baithutabomodimo ba le bantsi kwa Sorbonne ba ne ba tsaya dithuto tse di neng di tlotliwa mo kerekeng di le botlhokwa thata go gaisa thanolo e e tlhomameng ya Baebele ka boyone. Moithutabomodimo mongwe o ne a bolela jaana: “Fa go setse go na le dithuto, Dikwalo di tshwana le sekefole se se tlosiwang fa lebota le sena go agiwa.” Bontsi jwa barutisi ba lephata leo ba ne ba sa itse Sehebera le Segerika, lefa go ntse jalo ba ne ba nyatsa dithuto tsa ga Estienne le bakanoki ba bangwe ba Tsosoloso ya Thuto ba ba neng ba batlisisa ditlhaloso tsa ntlhantlha tsa mafoko a a dirisitsweng mo Baebeleng. Porofesa nngwe ya Sorbonne e ile ya bo ya itsenya mo kotsing ka go bolela gore “go oketsa kitso ya Segerika le Sehebera go ne go tla dira gore bodumedi jotlhe bo nyelele.”

Ditlhaselo Tsa Kwa Sorbonne

Le mororo dithanolo tsa bogologolo tsa ga Estienne tsa Vulgate di ne tsa feta ka batlhatlhobi ba barutisi ba ba mo lephateng leo, di ne tsa se ka tsa feta fela go sa tsoga kgangkgolo. Mo lekgolong la bo13 la dingwaga le le fetileng, Vulgate e ile ya bolokiwa jaaka Baebele e e kafa molaong ya yunibesithi, mme batho ba le bantsi ba ne ba tsaya gore mokwalo wa yone o ne o sa bolele maaka. Barutisi ba lephata leo ba ile ba bo ba nyatsa mokanoki Erasmus yo o neng a tlotliwa thata ka ntlha ya tiro ya gagwe mo thanolong ya Vulgate. Batho ba bangwe ba ne ba tshoga fa mogatisi mongwe yo o neng a sa rutega a ne a na le sebete sa go baakanya mokwalo ono o o kafa molaong.

Gongwe baithutabomodimo ba ne ba tshwenngwa ke dintlha tsa ga Estienne tse di mo matlhakoreng a ditsebe thatathata. Dintlha tseno di ne di tlosa dipelaelo tsa gore mokwalo wa Vulgate ga o boammaaruri. Estienne o ne a rata go phepafatsa ditemana tse di rileng tse di neng tsa dira gore a latofadiwe ka gore o ne a iphaga dikoro mo thutong ya bomodimo. O ne a se ka a ipona molato, a bolela gore dintlha tsa gagwe e ne e le ditshobokanyo fela tse dikhutshwane kana tse di neng di diretswe go ithuta dipuo. Ka sekai, ntlha ya gagwe e e mabapi le Genesise 37:35 e ne e tlhalosa gore lefoko le le reng “dihele” [Ka Selatine e leng infernum] le ne le ka se tlhaloganngwe mo temaneng eo e le lefelo le go otlhaelwang baikepi mo go lone. Barutisi ba lephata leo ba ne ba mo latofatsa ka gore o ne a gana gore moya ga o swe le go gana gore “baitshepi” ba ne ba na le nonofo ya go rapelela.

Lefa go ntse jalo, Estienne o ne a ratiwa ke kgosi e bile e ne e mo sireletsa. Francis I o ne kgatlhegela thata go ithuta ka Tsosoloso ya Thuto, segolobogolo tiro ya mogatisi wa gagwe wa segosi. Go ne ga begwa gore tota Francis I o ne a etela Estienne mme ka nako nngwe o ne a leta ka bopelotelele fa Estienne a ne a dira dipaakanyo dingwe tsa bofelo mo mokwalong oo. Estienne o ne a itshokela Sorbonne ka go bo a ne a thusiwa ke kgosi.

Baithutabomodimo ba Thibela Dibaebele Tsa Gagwe

Lefa go ntse jalo, ka 1545, ditiragalo dingwe di ne tsa dira gore barutisi ba lephata leo la Sorbonne ba galefele Estienne. Fa diyunibesithi tsa Katoliki tsa kwa Cologne (Jeremane), Louvain (Belgium), le Paris di ne di sena go bona mosola wa go bopa mokgatlho o o kopaneng kgatlhanong le Balweladiphetogo di ne tsa dumalana go sa le pele gore di dire mmogo jaaka setlhopha mo go tlhatlhobeng dithuto tse e seng tsa motheo tsa bodumedi. Fa baithutabomodimo ba kwa Yunibesithing ya Louvain ba ne ba kwalela kwa Sorbonne ba bolela fa ba gakgamaditswe ke gore Dibaebele tsa ga Estienne di ne di seyo mo lenaaneng la Paris la dibuka tse di nyaditsweng, yunibesithi ya Sorbonne e ne ya araba ka go bolela maaka gore eleruri e ne e ka bo e di nyaditse fa e ne e ile ya di bona. Jaanong baba ba ga Estienne ba ba neng ba le mo lephateng la barutisi ba ne ba na le tshepo ya gore fa barutisi ba maphata a Louvain le Paris ba kopane ba ne ba lekane gore ba fetole Francis I maikutlo ka go mo lemotsha diphoso tsa mogatisi wa gagwe.

Fa go ntse go le jalo, fa Estienne a sena go tlhagisiwa ka maikaelelo a baba ba gagwe, o ne a ya kwa go kgosi pele ga bone. Estienne o ne a akantsha gore fa baithutabomodimo ba ne ba ka mo neela lenaane la diphoso dipe tse ba di boneng, o ne a ka rata gore a di gatise mmogo le dipaakanyo tsa baithutabomodimo a bo a di tsenya mo Baebeleng nngwe le nngwe e a e rekisang. Tharabololo eno e ne ya itumedisa kgosi. O ne a kopa Pierre du Chastel, mothusi wa gagwe wa segosi gore a sekaseke kgang eo. Ka October 1546 barutisi ba lephata leo ba ne ba kwalela Du Chastel ba supa gore Dibaebele tsa ga Estienne e ne e le “dijo tsa batho ba ba ganang Tumelo ya rona mme di tshegetsa . . . boikeodi jwa gompieno” e bile di ne di tletse diphoso mo di neng di tshwanela gore tsotlhe “di tshubiwe ka molelo le go nyelediwa gotlhelele.” E re ka kgosi e ne e sa fetolwa maikutlo ke seo, jaanong e ne ya laela barutisi ba lephata leo ka namana gore ba tlise dingongorego tsa bone gore di tle di gatisiwe mo Dibaebeleng tsa ga Estienne. Ba ne ba solofetsa go dira jalo, mme tota ba ne ba dira gotlhe mo ba neng ba ka go kgona gore ba tile go tlisa lenaane la dintlha tse ba neng ba re di diphoso.

Francis I o ne a tlhokafala ka March 1547, mme Estienne o ne a latlhegelwa ke tsala e e nonofileng tota e e neng e lwa kgatlhanong le maatla a Sorbonne. Fa Henry II a ne a tsaya bogosi, o ne a shafatsa taelo ya ga rraagwe ya gore barutisi ba lephata leo ba tlise dingongorego tsa bone. Lefa go ntse jalo, fa Henry II a ne a bona kafa dikgosana tsa Jeremane di neng di dirisa Diphetogo ka teng gore di ipeele mekgele ya bopolotiki, o ne a sa tlhole a amegile thata ka dilo tse di bolelwang di le mosola kana di se mosola tsa Dibaebele tsa mogatisi wa segosi go gaisa go boloka Katoliki ya Fora le gore e kopane kafa tlase ga kgosi e ntšha. Ka December 10, 1547, Lekgotla la Kgakololo la kgosi le ne la swetsa ka gore le tshwanetse go thibela go rekisiwa ga Dibaebele tsa ga Estienne go fitlha baithutabomodimo ba ne ba ka tlisa lenaane la bone la dingongorego.

O ne a Latofadiwa ka Gore ke Moikeodi

Jaanong barutisi ba lephata leo ba ne ba batla ditsela tsotlhe tsa go isa kgetsi ya ga Estienne fa pele ga kgotla e e kgethegileng e e neng e sa tswa go tlhomiwa gore e atlhole dikgetsi tsa boikeodi. Estienne o ne a setse a itse bothata jo a neng a le mo go jone. Mo dingwageng tse pedi kgotla eo e ntse e tlhomilwe, e ne ya itsiwe ka chambre ardente, kana “kamore e e tshubang.” Batho ba le 60 ba ne ba bolawa ka go pegwa mo koteng, go akaretsa bagatisi bangwe le barekisi ba dibuka ba ba neng ba tshubiwa ba ntse ba tshela kwa Place Maubert, gaufinyana fela le kwa legaeng la ga Estienne. Ntlo ya ga Estienne e ne e tlhola e phuruphutshiwa e le go batla bosupinyana fela jo ba ka mo latofatsang ka jone. Go ne ga botsolosiwa basupi ba ba fetang 80. Batlhagisi bano ba ne ba solofediwa go neelwa ntlhaboneng ya dithoto tsa gagwe fa a ne a ka bonwa molato ka boikeodi. Lefa go ntse jalo, bosupi jo ba neng ba na le jone fela e ne e le jo Estienne a neng a bo gatisa phatlalatsa mo Dibaebeleng tsa gagwe.

Kgosi e ne ya laela gape gore lenaane la dingongorego tsa barutisi ba lephata leo le tlisiwe kwa Lekgotleng la gagwe la Kgakololo. Ka botlhogoethata, barutisi ba lephata leo ba ne ba araba ka gore ‘baithutabomodimo ga ba a tlwaela go kwala mabaka a ba nyatsang ka one selo se se jaaka boikeodi mme ba araba ka molomo fela, lo bo lo tshwanelwa ke go se dumela, go sa nneng jalo go kwala go ka se fele.’ Henry o ne a ineela. Dibaebele di ne tsa thibelwa la bofelo. Buka nngwe le nngwe ya Baebele ya ga Estienne e a kileng a e gatisa e ne ya nyadiwa. Le mororo a ne a falola go tshubiwa a ntse a tshela kwa Place Maubert, o ne a tswa kwa Fora fa Dibaebele tsa gagwe di thibetswe gotlhelele e bile go lebega ba ne ba ka nna ba tswelela pele ba mo tshwenya.

Mogatisi wa Motshabi

Ka November 1550, Estienne o ne a fudugela kwa Geneva, kwa Switzerland. Barutisi ba lephata leo ba ne ba dirile gore e nne selo se se seng ka fa molaong go gatisa Baebele epe kwa Fora kwantle ga thanolo ya Vulgate fela. E re ka jaanong Estienne a ne a gololesegile go gatisa sengwe le sengwe se a se batlang, o ne a gatisa “Tesetamente e Ntšha” ya gagwe sesha ya Segerika ka 1551, e e neng e na le dithanolo tse pedi tsa Selatine (ya Vulgate le ya ga Erasmus) mo dikholomong tse di bapileng. Ka 1552, o ne a dira e nngwe e e neng e na le thanolo ya Sefora ya Dikwalo tsa Segerika di bapile le mokwalo wa Selatine wa ga Erasmus. Mo dithanolong tseno tse pedi, Estienne o ne a simolola thulaganyo ya gagwe ya go kgaoganya mokwalo wa Baebele ka ditemana tse di nang le dinomoro—thulaganyo e e tshwanang le e e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe gompieno. Le mororo batho ba bangwe ba ile ba leka go sa le pele dithulaganyo tse di farologaneng tsa go kgaoganya ditemana, mokgwa o Estienne a neng a o dirisa o ne wa nna one o o amogelwang. Baebele ya gagwe ya Sefora ya 1553 e ne ya nna Baebele e e feletseng ya ntlha gore e kgaoganngwe ka ditemana.

Baebele ya ga Estienne ya Selatine ya 1557 e e neng e na le dithanolo tse pedi le yone e ne e tlhomologile ka go dirisa leina la Modimo ka namana, Jehova, mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera. Mo letlhakoreng la tsebe ya pesalema ya bobedi, o ne a lemoga gore go emisediwa ga ʼAdho·naiʹ ka Thaterakeramatone ya Sehebera e leng (יהוה) go ne go theilwe fela mo tumelobotlhoding ya Sejuta mme go ne go tshwanetse ga ganwa. Mo thanolong eno, Estienne o ne a dirisa mokwalo o o sekameng gore a supe mafoko a Selatine a a neng a oketsa foo gore a tlatse se se neng se kaiwa ke Sehebera. Kwa morago mokgwa ono o ne wa dirisiwa mo Dibaebeleng tse dingwe, e leng boswa jo gantsi bo neng jwa gakgamatsa babadi ba segompieno ba ba tlwaetseng go dirisiwa ga mekwalo e e sekameng ya segompieno e le go bontsha kgatelelo ya mafoko.

E re ka Estienne a ne a ititeile sehuba gore o tla ruta ba bangwe thuto ya gagwe, o ne a dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe a gatisa Dikwalo Tse di Boitshepo. Batho ba gompieno ba tsayang Lefoko la Modimo le le botlhokwa thata ba ka lebogela maiteko a gagwe le ditiro tsa ba bangwe ba ba neng ba gagamala ka tlhoafalo gore ba ribolole mafoko a Baebele jaaka a ne a kwadilwe kwa tshimologong. Thulaganyo e ba neng ba e simolola e santse e tsweletse pele jaaka re bona kitso e e oketsegileng e e tlhomameng ya dipuo tsa bogologolo re bo re ribolola mekwalo ya bogologolo thata le e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo. Pelenyana fela ga Estienne a tlhokafala (ka 1559), o ne a ranola thanolo e ntšha ya Dikwalo Tsa Segerika. O ne a bodiwa jaana: “Ke mang yo o tla e rekang? Ke mang yo o tla e balang?” O ne a araba jaana a na le tshepo: ‘Ke batho botlhe ba ba rutegileng ba poifomodimo.’

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gape o ne a itsiwe ka leina la gagwe le le neng le bidiwa ka Selatine e bong Stephanus, le leina la gagwe le le neng le bidiwa ka Seesemane e bong Stephens.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Maiteko a ga Robert Estienne a ile a thusa dikokomana tsa baithuti ba Baebele

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bibliothèque Nationale, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ditshwantsho tsa ga Estienne tse di rutang thata di ne tsa salwa morago ka dingwagangwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bibliothèque Nationale, Paris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela