Bahumanegi ba Tla Nna Jalo go Fitlha Leng?
“Fa setšhaba se se gololesegileng se palelwa ke go thusa batho ba bantsi ba ba humanegileng, ga se kitla se kgona go sireletsa batho ba sekae ba ba humileng.”—John F. Kennedy.
“NKA rata go bona mongwe le mongwe a na le isagwe e e itumedisang—go sena lehuma, go sena batho ba ba robalang mo diparakeng, e le paradaise fela!” Go ne ga rialo mosimane wa dingwaga tse 12 wa kwa São Paulo, kwa Brazil. A mme go a kgonega gore lehuma le fedisiwe? Bahumanegi ba tla nna jalo go fitlha leng?
Batho bangwe ba tsaya gore ba humanegile fela ka gonne ba sa kgone go nna le dilo tse ba di batlang. Lefa go ntse jalo, a o ko o akanye fela ka maemo a a sa itumediseng a batho bao ruri ba humanegileng ba leng mo go one. A o kgona go lemoga kafa batho bano ba sotlegang ka teng le kafa ba sa itumelang ka teng? Bangwe ba bone ba tshwanelwa ke go fatakaka matlakala le dinonyane le dipeba ba batla dijo! Batho ba tla tlhokofadiwa ke khumanego e e ntseng jalo lobaka lo lo kana kang? Ke gone ka moo go tshwanelang sentle go bo Federico Mayor, yo e leng mokaedimogolo wa UNESCO (United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization) a ile a ikuela jaana: “A re tlogeleng go nna pelotelele ka selo seno se se dirang gore re itshokele dilo tse di sa kgoneng go itshokelwa—lehuma, tlala, le go boga ga dimilionemilione tsa batho.”
A go tla tsamaya go direga gore batho mo lefatsheng lotlhe ba tshele sentle? Ke eng se bahumanegi ba ka se solofelang?
Bahumanegi ba ka Solofela Eng?
Baeteledipele ba ba nang le maikaelelo a mantle ba solofetsa ditiro tse dintsi, dituelo tse di botoka, dithulaganyo tsa loago tse di botoka le go dira gore batho ba nne le ditsha tse di ba lekanang. Ba ka nna ba dumalana le John F. Kennedy, yo e kileng ya bo e le poresidente wa United States fa a ne a re: “Fa setšhaba se se gololesegileng se ka palelwa ke go thusa batho ba bantsi ba ba humanegileng, ga se kitla se kgona go sireletsa batho ba sekae ba ba humileng.” Lefa go ntse jalo, go nna fela le maikaelelo a a molemo ga go a lekana go ka fedisa lehuma goyagoile. Ka sekai, a go gola ga ikonomi go ka thusa bahumanegi ka kakaretso? Nnyaa. Jawaharlal Nehru yo e kileng ya bo e le moeteledipele wa India o ne a bolela jaana: “Fa go ka se elwe tlhotlheletso e kgolo ya bokapitalise tlhoko, e tla dira gore bahumi ba hume thata le gore bahumanegi ba humanege thata.” Lefa go ntse jalo, mo godimo ga mathata le go tlhoka ga bahumanegi, mathata a bone gape a gakadiwa ke go ikutlwa e se batho ba sepe. A baeteledipele ba batho ba ka kgona go thusa bahumanegi gore ba fenye go itlhoboga le go tlhoka tsholofelo?
Mme tota, batho ba le bantsi ba ba humanegileng thata ba ile ba ithuta go itshokela lehuma le go fenya maikutlo a go sa itshepe fa ba lebanwe ke mathata a magolo, a a jaaka go tlhatloga thata ga ditlhwatlhwa le go tlhoka ditiro. Mo godimo ga moo, lehuma, go tlhoka matlo le tshotlego di tla nyelediwa gotlhelele. A seno se a go gakgamatsa? Re go kopa gore o bale setlhogo se se latelang se se reng: “Go Ise go ye Kae go Tla bo go Sena Mohumanegi!”