Bagologolwane ba Rona ba Tla Tshela Gape
ALEFOKO la Modimo, Baebele, le ruta gore fa motho mongwe le mongwe a swa, o tswelela go tshela mo lefelong la moya? Nnyaa, ga e rute jalo. Baebele e bua ka tsholofelo e ntle kaga botshelo morago ga loso, mme e seng ka tsela eo batho ba le bantsi ba akanyang ka yone.
Akanya ka se Baebele e se bolelang kaga mogologolwane wa rona wa ntlha, Adame. Jehofa o ne a mmopa “ka lorole lwa mmu.” (Genesise 2:7) Adame o ne a na le sebaka sa go tshelela ruri ka boitumelo mo lefatsheng. (Genesise 2:16, 17) Lefa go ntse jalo, o ne a tsuologela Mmopi wa gagwe yo o lorato, mme ga dira gore a swe.
Adame o ne a ya kae fa a ne a swa? Modimo o ne a mo raya a re: “O [tla boela] mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.”—Genesise 3:19.
Adame o ne a le kae pele ga Jehofa a ka mmopa go tswa mo loroleng? O ne a seyo. O ne a se teng. Ka jalo, fa Jehofa a ne a raya Adame a re o “tlaa boela mo loroleng,” o ka bo a ne a raya fela gore Adame o ne a tla nna gape a sa tshele, fela jaaka lorole. Adame o ne a se ka a ‘fetela’ go nna mosimolodi wa lefatshe la meya ya bagologolwane ba rona. Le gone ga a ka a ya kwa paradaiseng ya kwa legodimong kana gone go ya kwa lefelong la tlhokofatso ya bosakhutleng. Phetogo fela eo a ileng a e dira e ne e le go tswa mo go tsheleng go ya kwa go sa tsheleng, go tswa mo boemong jwa go nna gone go ya go jwa go sa nne gone.
Go tweng ka batho ba bangwe botlhe? A le ditlogolwana tsa ga Adame di khutla go nna gone fa di swa? Baebele e a araba: “Tsotlhe [batho le tsone diphologolo] fela di ya felong go le gongwe fela; tsotlhe di tswa mo mmung, mme tsotlhe di fetoge mmu gape.”—Moreri 3:19, 20.
Boemo Jwa Baswi
Ee, baswi ga ba tshele, ga ba kgone go utlwa, go bona, go bua kana go akanya. Ka sekai, Baebele e re: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe . . . Lorato lwa bone, le kilo, le bopelotshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela.” Gape Baebele e re: “Gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong [lebitla], kwa o yang gone.”—Moreri 9:5, 6, 10.
Ka jalo, go ya ka Lefoko la Modimo, fa batho ba santse ba tshela, ba a itse gore ba tla swa. Mme lefa go ntse jalo, fa ba sule ga ba itse sepe. Ga ba eme fa thoko ga setopo sa bone, ba lebeletse gore go dirwang ka sone. Kwa go senang botshelo gone ga go na boipelo le e leng botlhoko, kana boitumelo kgotsa bohutsana. Batho ba ba suleng ga ba kgone go lemoga gore nako e ntse e feta. Boemo jwa bone ke jwa go sa ikutlwe jo bo fetang boroko bope fela.
Jobe, motlhanka wa Modimo mo dinakong tsa bogologolo, o ne a itse gore batho ba ne ba sa tswelele ba ntse ba tshela morago ga loso. Gape o ne a itse gore fa Modimo a ne a sa dire sepe, go ne go se kitla go nna le tsholofelo ya go tshela gape. Jobe o ne a re: “Mme motho ene o a swa, a nyelele; ee, motho a gonoge, mme o ba a le kae? [O] itelega jalo, mme a sa tsoge.” (Jobe 14:10, 12) Tota Jobe o ne a sa solofele gore fa a swa o ne a tla kopana le bagologolwane ba gagwe mo lefatsheng la meya.
Tsholofelo ya Tsogo ya Baswi
E re ka batho ba ba tshelang ba khutla go nna gone fa ba swa, potso e e botlhokwa ke e Jobe a neng a tswelela pele a e botsa a re: “Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela?” Jobe o ne a araba potso eno ka boene: “Ke ne ke tlaa lebelela ka malatsi otlhe a ntwa [nako ya fa a le mo lebitleng] eo ya me, kgololo ya me e be e tsamaye e tle. O [Jehofa] ne o ka bitsa, ke ne ke tlaa go araba; o ne o tlaa eletsa tiro ya diatla tsa gago.”—Jobe 14:14, 15.
Ka mafoko a mangwe, lefa Jobe a ne a se kitla a tlhola a nna gone, Modimo o ne o se kitla o mo lebala. Jobe o ne a na le tumelo ya gore nako e ne e tla tla e Jehofa Modimo a neng a tla ‘mmitsa’ go tswa mo losong ka tsogo.
Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a bontsha gore tsholofelo ya ga Jobe ya tsogo e ne e le selo sa mmatota. Jesu o ne a supa gore baswi ba ka tsosiwa. Jang? Ka go go dira! Jesu o ne a se teng go tsosa Jobe, mme fa a ne a le mo lefatsheng o ne a tsosa morwa wa motlholagadi mongwe mo motseng wa Naine. Gape Jesu o ne a tsosa morwadia monna mongwe yo o neng a bidiwa Jairo yo o neng a na le dingwaga tse 12. Gape o ne a tsosa Lasaro tsala ya gagwe, yo o neng a sule malatsi a le mane.—Luke 7:11-15; 8:41, 42, 49-56; Johane 11:38-44.
Mo godimo ga go dira dikgakgamatso tseno, Jesu o ne a bua ka ga tsogo e kgolo ya baswi ya mo isagweng. O ne a re: “Lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa.” (Johane 5:28, 29) Moragonyana le moaposetoloi Paulo, yo Jehofa a neng a mo dirisa go tsosa lekawana lengwe mo baswing, o ne a supa fa a dumela mo tsogong ya baswi ya mo isagweng. O ne a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong, . . . ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.”—Ditiro 20:7-12; 24:15.
Ditshupiso tseno tse di tswang mo Dikwalong kaga tsogo ya baswi ya mo isagweng ga di supe gore motho o tswelela a tshela mo lefatsheng la moya. Di bua ka nako ya fa dimilione tsa baswi di tla bong di tshela gape ka mebele ya bone ya nama gone mono lefatsheng. Batho bano ba ba tla bong ba tsositswe ga se batho ba ba se kitlang ba gakologelwa botshelo jwa bone jwa pele mo lefatsheng. Ga ba kitla ba tsalwa sesha jaaka masea. Go na le moo, ba tla nna fela jaaka ba ne ba ntse pele ba swa, ba na le megopolo le botho jwa bone jwa pele. Ba tla itsane e bile ba itsiwe ke batho ba bangwe. A bo e tla bo e le boitumelo jang ne fa batho bano ba kopana le ditsala le ba malapa a bone! Mme a bo go tla bo go itumedisa jang ne go kopana le bagologolwane ba rona!
Go Tsosediwa Go ya Go Tshela Kwa Legodimong
A Jesu ga a ka a re bangwe ba ne ba tla ya legodimong? Ee, o ne a rialo. Mo bosigong jwa pele ga a ka bolawa, o ne a re: “Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi; . . . ke ya go lo baakanyetsa bonno. Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng.” (Johane 14:2, 3) Jesu o ne a bua le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, mme mafoko ano ga a kaye gore batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong.
Jesu o ne a bontsha gore go ne go na le dilo dingwe tse di batlegang mo go ba ba tsosediwang kwa legodimong go na le gore ba tshele botshelo jo bo siameng fela. Selo sengwe se se batlegang ke go nna le kitso e e tlhomameng kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe. (Johane 17:3) Dilo tse dingwe ke go nna le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete le go obamela Modimo. (Johane 3:16; 1 Johane 5:3) Mme selo se sengwe se se batlegang ke go “tsalwa sesha” jaaka Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o tsetsweng ka moya o o boitshepo wa Modimo. (Johane 1:12, 13; 3:3-6) Gape se se batlegang go tshela kwa legodimong ke go itshoka jaaka Jesu a ile a dira, o supa boikanyegi go Modimo le e leng go ya kwa losong.—Luke 22:29; Tshenolo 2:10.
Go na le lebaka la go bo go batliwa dilo tseno tse di kwa godimo. Ba ba tsosediwang kwa legodimong ba na le tiro e e botlhokwa go e dira. Jehofa o ne a itse gore dipuso tsa batho di ne di se kitla le ka motlha di kgona go laola maemo mo lefatsheng sentle. Ka jalo, o ne a rulaganya gore go nne le puso ya selegodimo, kana Bogosi, jo bo neng bo tla busa batho. (Mathaio 6:9, 10) Jesu o ne a tla nna Kgosi ya Bogosi joo. (Daniele 7:13, 14) Batho bangwe ba ba neng ba tlhophilwe mo lefatsheng le go tsosediwa legodimong ba ne ba tla busa le ene. Baebele e ne ya bolelela pele gore bano ba ba tsositsweng mo baswing ba ne ba tla nna “bogosi jwa Modimo wa rona le baperesiti ba one; mme ba [ne ba tla] busa mo lefatsheng.”—Tshenolo 5:10.
A palo e kgolo ya batho e ne e tla dira dilo tse di batlegang gore ba tle ba tsogele go ya legodimong? Nnyaa. Batho ba le bantsi ba ba suleng ga ba kitla ba kgona go fitlhelela seo le mororo e se ka ntlha ya molato wa bone. Bontsi jwa bone ba ile ba rutwa go sekae fela kana ga ba a rutwa le eseng ka Jehofa le maikaelelo a gagwe. Ba ile ba tshela le go swa kwantle ga kitso epe kaga Jesu Keresete kana ka Bogosi jwa Modimo.
Jesu o ne a bitsa bao ba neng ba tla ya legodimong a re ke “letsomanyane.” (Luke 12:32) Go ne ga senolwa moragonyana gore palo ya ba ba neng ba tswa “go rekwa mo lefatsheng” go busa le Keresete kwa legodimong e ne e tla nna 144 000. (Tshenolo 14:1-3; 20:6) Lefa 144 000 e le palo e e ntsi sentle go tlatsa “manno a le mantsi” ao Jesu a neng a bua ka one, a mannye fa a bapisiwa le dimilione di le diketekete tsa batho ba ba tswang mo go Adame.—Johane 14:2.
Ditiragalo Tsa Pele ga go Tsogela mo Lefatsheng
A re boeletseng se re se ithutileng go fitlha fano. Go ya ka Baebele, batho ba ba swang ga ba tlhole ba le gone go fitlhela ba tsosiwa mo baswing ke Jehofa Modimo. Bangwe ba tsosediwa go tshela kwa legodimong, koo ba tla busang le Jesu Keresete mo pusong ya Bogosi gone. Batho ba le bantsi ba tla tsosediwa mo lefatsheng, go nna babusiwa ba Bogosi joo.
Ka go tsosa batho go tla go tshela mo lefatsheng, Jehofa o tla diragatsa karolo ya maikaelelo a gagwe ka lefatshe. Jehofa o ne a le bopela gore “go agiwe mo go lone.” (Isaia 45:18, NW) Le ne le tla nna legae la batho ka bo sa khutleng. Ke gone ka moo mopesalema a ileng a opela jaana: “Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.”—Pesalema 115:16.
Pele batho ba tsosiwa mo baswing go tshela mo lefatsheng, go tshwanetse ga nna le diphetogo tse dikgolo. Gongwe o tla dumalana gore e ne e se maikaelelo a Modimo gore lefatshe le tlale ka ntwa, go kgotlelwa, bokebekwa le thubakanyo. Mathata ano a bakiwa ke batho ba ba sa tlotleng Modimo le melao ya gagwe e e siameng. Ka gone, Bogosi jwa Modimo bo tla “senya ba ba senyang lefatshe”—e leng kgato e e botlhokwa ya go diragatsa thato ya Modimo mo lefatsheng. (Tshenolo 11:18) Bogosi jono bo tla senya batho botlhe ba ba bosula, bo tlogele batho ba ba siameng go tshelela ruri mo lefatsheng.—Pesalema 37:9, 29.
Paradaise mo Lefatsheng
Bao ba tla tsosiwang mo baswing go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng e tla nna batho ba ba pelonomi, ba le molemo ba dira se se siameng. (Bapisa Mathaio 5:5.) Ba tla tshela ba itumetse ba bolokesegile, kafa tlase ga Bogosi jo bo lorato jwa Modimo. Baebele e re naya sekai se sentle sa maemo a a tla nnang gone: “[Modimo] o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:4.
Ee, lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise. (Luke 23:43) Akanya fela gore go tla bo go le monate jang! Dikokelo le magae a go tlhokomela batsofe e tla bo e le dilo tsa maloba. Mo Paradaiseng, bao ba bogang ka ntlha ya botsofe ba tla nonofa le go itekanela gape. (Jobe 33:25; Isaia 35:5, 6) Ga go kitla go tlhola go nna le matlo a go bewang baswi kwa go one, diphuphu le matlapa a mabitla. Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe, go “kome[tsa] loso ka bosakhutleng.” (Isaia 25:8) Tota masego a a ntseng jaana a tla dira gore rona le bagologolwane ba rona re tshele gape.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba ba tla tsosiwang mo baswing go tshela mo lefatsheng ba tla nna babusiwa ba Bogosi