Lefa re Hutsafala, Re na Le Tsholofelo
“Ga re rate lwa tlhoka go itse, bagaetsho, ka ga ba ba robalang; gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo.”—1 BATHESALONIKA 4:13.
1. Batho ba diragalelwa ke eng gangwe le gape?
AO SWETSWE ke mongwe yo o neng o mo rata? Go sa kgathalesege gore re na le dingwaga tse kae, bontsi jwa rona re ile ra utlwisiwa botlhoko ke go swelwa ke mongwe wa losika kana tsala. Gongwe e ne e le rragomogolo kana mmagomogolo, motsadi, molekane wa lenyalo, kana ngwana. Botsofe, bolwetsi le dikotsi di fetsa batho. Bokebekwa, thubakanyo le ntwa di oketsa go tshwenyega le khutsafalo. Go swa palogare ya batho ba feta dimilione tse 50 mo lefatsheng ngwaga le ngwaga. Ka 1993 palogare ya letsatsi le letsatsi e ne e le 140 250. Botlhoko jo bo tlisiwang ke loso bo ama ditsala le ba lelapa, mme motho o ikutlwa a latlhegetswe fela thata.
2. Ke eng se se dirang gore go swa ga bana go lebege e se ga tlholego?
2 A ga re utlwele botlhoko batsadi ba kwa California, U.S.A., ba ba neng ba swelwa ke morwadiabone yo o moimana ka tsela e e botlhoko mo kotsing ya koloi e e neng e sa lebelelwa? Ka ponyo ya leitlho, ba ne ba swelwa ke morwadiabone yo o esi le losea lo e neng e tla nna setlogolwana sa bone sa ntlha. Monna wa gagwe o ne a swelwa ke mosadi le ke morwawe kana morwadie wa ntlha. Ka tsela nngwe, ga se ga tlholego gore batsadi ba swelwe ke ngwana, lefa a ka tswa a le monnye kana a le mogolwane. Ga se ga tlholego gore bana ba swe pele ga batsadi ba bone. Rotlhe re rata botshelo. Ka jalo, loso eleruri ke mmaba.—1 Bakorinthe 15:26.
Loso lo Tsena mo Bathong Botlhe
3. Loso lwa ga Abele lo ka nna lwa bo lo ile lwa ama Adame le Efa jang?
3 Boleo le loso di ntse di busa jaaka dikgosi ka dingwaga di ka nna dikete tse thataro mo hisitoring ya motho, fa e sale batsadi ba rona ba ntlha ba batho, Adame le Efa ba ne ba tsuologa. (Baroma 5:14; 6:12, 23) Baebele ga e re bolelele gore ba ne ba itshwara jang fa morwabone Abele a sena go bolawa ke mogolowe e bong Kaine. Tiragalo eno e tshwanetse ya bo e ile ya ba tsitlisa marapo tota ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Ba ne ba bona loso lwa motho e le la ntlha, ba lo bona ka morwa wa bone. Ba ne ba bona matswela a go tsuologa ga bone le a go tswelela pele ba sa dirise kgololesego ya bone ya go itlhophela sentle. Lefa Modimo a ne a mo tlhagisitse, Kaine o ne a itlhophetse go nna ene motho wa ntlha go bolaya morwarraagwe. Re itse gore Efa o tshwanetse a bo a ile a amiwa thata ke loso lwa ga Abele ka gonne fa a ne a tshola Sethe, o ne a re: “Modimo o ntaoletse losika lo longwe mo boemong jwa ga Abele; gonne Kaine o ne a mmolaile.”—Genesise 4:3-8, 25.
4. Ke ka ntlha yang fa maaka a gore go na le moya o o sa sweng a ne a ka se ka a gomotsa ka gope fa Abele a sena go swa?
4 Batsadi ba rona ba ntlha ba batho gape ba ne ba bona katlholo e Modimo a neng a ba atlhotse ka yone e diragala—gore fa ba ne ba ka tsuologa ba tlhoka kutlo, ‘ruri ba ne ba tla swa.’ Lefa Satane a ne a akile, go lebega gore tlhamane ya gore moya ga o swe e ne e ise e nne teng, ka jalo ba ne ba ka se ka ba ikgomotsa ka maaka ka seo. Modimo o ne o reile Adame wa re: “O tlaa . . . [boela] mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” O ne o sa umaka sepe sa gore o ne a tla tswelela pele a tshela jaaka moya o o sa sweng kwa legodimong, kwa diheleng, kwa Limbo, kwa pakatori, kana gope fela go sele. (Genesise 2:17; 3:4, 5, 19) E re ka Adame le Efa e ne e le meya e e tshedileng e e leofileng, e ne e tla re kgabagare ba swe, mme ba kgaotse go tlhola ba nna teng. Kgosi Solomone o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo; gonne kgakologelo ya bone e lebetswe. Go le lorato lwa bone, le kilo, le bopelotshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela; le gone ga ba tlhole ba na le kabelo epe ka bosakhutleng mo go sengwe se se dirwang tlase ga letsatsi.”—Moreri 9:5, 6.
5. Tsholofelo ya boammaaruri ke efe kaga baswi?
5 A bo mafoko ao a le boammaaruri jang ne! Tota gone, ke mang yo o santseng a gakologelwa bagologolwane ba ba tshedileng dingwaga tse di makgolo a le mabedi kana a le mararo tse di fetileng? Gantsi le tsone diphupu tsa bone ga di itsiwe kana di sale di tlhokomologiwa. A seo se raya gore ga go na tsholofelo epe ka baratiwa ba rona ba ba suleng? Nnyaa, le e seng. Maretha o ne a raya Jesu jaana malebana le morwarraagwe yo o tlhokafetseng e bong Lasaro: “Ke a itse fa a tlaa ba a tsoga mo go tsogeng ka letsatsi la bofelo.” (Johane 11:24) Batho ba Bahebera ba ne ba dumela gore Modimo o ne a tla tsosa baswi nako nngwe mo isagweng. Lefa go ntse jalo, seo ga se a ka sa ba thibela gore ba se ka ba hutsafalela baratiwa ba bone ba ba suleng.—Jobe 14:13.
Batho ba ba Ikanyegang ba ba Neng ba Hutsafala
6, 7. Aberahame le Jakobe ba ne ba itshwara jang fa go tlhaga loso?
6 Mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse nne tse di fetileng, fa mosadi wa ga Aberahame e bong Sara a ne a tlhokafala, “Aberahame [o ne] a hutsafalela Sara le go mo lelela.” Motlhanka yo o ikanyegang yoo wa Modimo o ne a bontsha kutlobotlhoko ya gagwe e kgolo ya go swelwa ke mosadi wa gagwe yo o ikanyegang yo a neng a mo rata thata. Le fa e ne e le monna yo o pelokgale yo o senatla, ga a ka a tlhabisiwa ditlhong ke go bontsha khutsafalo ya gagwe ka go tsholola dikeledi.—Genesise 14:11-16; 23:1, 2.
7 Kgang ya ga Jakobe le yone e ne e tshwana le eno. Fa a ne a tsiediwa gore a dumele gore Josefa morwawe o ne a bolailwe ke sebatana, o ne a itshwara jang? Re bala jaana mo go Genesise 37:34, 35: “Jakobe a gagola diaparo tsa gagwe, a tswala letsela la kgetsi mo lothekeng, a lelela morwawe ka malatsi a le mantsi. Bomorwawe botlhe, le bomorwadie botlhe ba nanoga, ba re ba a mo gomotsa; mme a gana go gomodiwa a re: ‘Ka gonne ke tlaa fologela mo lebitleng kwa go morwaake ke ntse ke hutsafetse fela.’ Mme rraagwe a mo lelela.” Ee, ke karolo ya motho e bile ke selo sa tlholego go hutsafala fa mongwe yo o mo ratang a tlhokafala.
8. Gantsi Bahebera ba ne ba bontsha jang gore ba hutsafetse?
8 Bangwe ba ka nna ba akanya gore fa go lejwa ka mekgwa ya segompieno kana ya lefelo le motho a leng mo go lone, tsela e Jakobe a neng a itshwara ka yone e ne e feteletse e bile e kete o a itirisa. Mme kana o ne a godisitswe ka nako e sele e bile e le ka mekgwa e sele. Mokgwa o a neng a bontsha khutsafalo ka one—wa go apara letsela la kgetsi—ke lekgetlho la ntlha o umakiwa mo Baebeleng. Lefa go ntse jalo, jaaka go tlhalosiwa mo Dikwalong tsa Sehebera, go hutsafala go ne go bontshiwa gape ka go lela, go tlhama dipina tsa khutsafalo, le ka go nna mo meloreng. Go bonala gore Bahebera ba ne ba sa kganelwe go supa kafa tota ba hutsafetseng ka teng.a—Esekiele 27:30-32; Amose 8:10.
Go Hutsafala mo Motlheng wa ga Jesu
9, 10. (a) Jesu o ne a itshwara jang fa Lasaro a ne a tlhokafala? (b) Tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone e re ruta eng kaga gagwe?
9 Re ka reng ka barutwa ba ntlha ba ga Jesu? Ka sekai, fa Lasaro a ne a tlhokafala, bokgaitsadie e bong Maretha le Maria ba ne ba hutsafalela loso lwa gagwe ka go tsholola dikeledi. Monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ne a itshwara jang fa a tsena koo? Pego ya ga Johane ya re: “Foo Maria a re a fitlha fa Jesu o leng teng, a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo raya a re: ‘Morena, fa o ka bo o ne o le fa, kgaitsadiake o ko a se ka a swa.’ Ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a gogomoga mo moweng, a fuduega, a re: ‘Lo mmeile kae?’ Ba mo raya ba re: ‘Morena, tla o bone.’ Jesu a [tsholola dikeledi, NW].”—Johane 11:32-35.
10 “Jesu a [tsholola dikeledi].” Mafoko ao a makhutshwane a senola go le gontsi ka ga botho jwa ga Jesu, kutlwelobotlhoko ya gagwe, le maikutlo a gagwe. Lefa a ne a itse sentle gore go na le tsholofelo ya tsogo, “Jesu o ne a lela.” (Johane 11:35, King James Version) Pego eno e tswelela pele ka go bolela gore batho ba ba neng ba lebeletse ba ne ba akgela jaana: “Bonang jaaka a ne a mo rata [Lasaro]!” Eleruri, fa e le gore monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ne a lela fa a sena go swelwa ke tsala ya gagwe, ga go tlhabise ditlhong gore monna kana mosadi a hutsafale a bo a lele gompieno.—Johane 11:36.
Go na le Tsholofelo Efe Ka ba Ba Suleng?
11. (a) Re ka ithuta eng mo dikaing tse di mo Baebeleng tse di amanang le go hutsafala? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa hutsafale jaaka ba ba senang tsholofelo?
11 Dikai tseno tsa Baebele di ka re ruta eng? Gore go hutsafala ke ga tlholego mme ga re a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong fa re tshwanetse go supa kutlobotlhoko ya rona. Lefa tsholofelo ya tsogo e kokobetsa dilo, go swelwa ke mongwe yo re mo ratang go ntse go utlwisa botlhoko thata. Botsala jo bo gaufiufi le go abalana mo go tsereng dingwaga, gongwe masome a dingwaga go fela ka tshoganetso le gone e le ka tsela e e botlhoko. Ke boammaaruri, ga re hutsafale jaaka batho ba ba senang tsholofelo kana ba ba solofetseng dilo tsa maaka. (1 Bathesalonika 4:13) Le gone, ga re tsiediwe ke maaka ape a gore motho o na le moya o o sa sweng kana gore o tswelela pele a tshela ka sebopego se sengwe. Gone re itse gore Jehofa o solofeditse “magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.” (2 Petere 3:13) Modimo o tla “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona]; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:4.
12. Paulo o ne a bontsha jang gore o dumela mo tsogong?
12 Go na le tsholofelo efe ka ba ba suleng?b Mokwadi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a re neele kgomotso le tsholofelo fa a ne a kwala jaana: “Mmaba wa bofelo yo o tlaa nyelediwang ke loso.” (1 Bakorinthe 15:26) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a ka tlhomamisa thata ka seo? Ka gonne o ne a sokolotswe a bo a rutiwa ke mongwe yo o neng a tsositswe mo baswing, Jesu Keresete. (Ditiro 9:3-19) Gape leo ke lone lebaka la go bo Paulo a ne a ka bolela jaana: “E re ka loso lo tsile ka motho [Atame], go tsoga ga baswi le gone go tsile ka motho [Jesu]. Gonne jaaka botlhe ba swa ka Atame, go ntse jalo, botlhe ba tlaa tshedisiwa ka Keresete.”—1 Bakorinthe 15:21, 22.
13. Batho ba ba neng ba lebeletse ba ne ba itshwara jang fa Lasaro a ne a tsosiwa?
13 Thuto ya ga Jesu e re gomotsa tota e bile e re neela tsholofelo ka isagwe. Ka sekai, o ne a dira eng ka kgang ya ga Lasaro? O ne a ya kwa lebitleng koo mmele wa ga Lasaro o neng o setse o na le malatsi a le mane o le teng. O ne a rapela, “ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le le godileng a re: ‘Lasaro, tswa!’ Yo o neng a sule a tswa, a sa fapilwe mabogo le maoto ka matsela a phitlho; sefatlhogo sa gagwe le sone se fapilwe ka letsela, Jesu a ba raya a re: ‘Mo fapololeng lo mo lese a tsamaye.’” A o ka akanya fela kafa Maretha le Maria ba neng ba lebega ba gakgametse e bile ba itumetse ka teng? A bo baagisani ba tshwanetse ba bo ba ne ba gakgamala thata jang ne fa ba bona kgakgamatso eno! Ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba ba neng ba le foo ba ne ba dumela mo go Jesu. Lefa go ntse jalo, baba ba gagwe ba bodumedi ba ne ba “gakololana gore ba mmolaye.”—Johane 11:41-53.
14. Tsogo ya ga Lasaro e ne e le sesupo sa eng?
14 Jesu o ne a tsosa motho ka tsela eo e e ka se lebalegeng fa pele ga matlho a batho ba le bantsi. E ne e le sesupo sa tsogo e e tla diragalang mo nakong e e tlang e a neng a boleletse pele ka yone nako nngwe pele ga foo, fa a ne a re: “Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe [Morwa Modimo] ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.”—Johane 5:28, 29.
15. Paulo le Ananiase ba ne ba na le bosupi bofe kaga tsogo ya ga Jesu?
15 Jaaka go setse go bontshitswe, moaposetoloi Paulo o ne a dumela gore go na le tsogo. Ka ntlha yang? Pele e ne e le Saule yo o neng a itsege ka bosula, e le mmogisi wa Bakeresete. Leina la gagwe le tsela e a neng a itsege ka yone di ne di dira gore badumedi ba nne mo letshogong. Kana gone, a ga se ene yo o neng a dumalana le gore moswelatumelo wa Mokeresete e bong Setefane a kgobotlediwe ka maje go fitlhela a swa? (Ditiro 8:1; 9:1, 2, 26) Lefa go ntse jalo, fa Saule a le mo tseleng ya go ya kwa Tamaseko, Keresete yo o tsositsweng o ne a dira gore a simolole go akanya sentle, a dira gore a nne sefofu ka nakwana. Saule o ne a utlwa lentswe le mo raya le re, “‘Saule, Saule, o mpogisetsang?’ Mme a re: ‘O mang Morena?’ Mme a re: ‘Ke nna Jesu yo o mmogisang.’” Ene Keresete yo o tsositsweng yoo o ne a laela Ananiase, yo o neng a nna kwa Tamaseko, gore a ye kwa ntlong e Saule a neng a rapela kwa go yone a bo a mo foufolole. Ka jalo, Saule le Ananiase ka bobedi jwa bone ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la gore ba dumele mo tsogong ka ntlha ya se se neng se ba diragaletse ka namana.—Ditiro 9:4, 5, 10-12.
16, 17. (a) Re itse jang gore Paulo o ne a sa dumele mo thutong ya Bagerika ya gore motho o na le moya o o sa sweng? (b) Baebele e neela tsholofelo efe e e nonofileng? (Bahebere 6:17-20)
16 Ela tlhoko kafa Saule e bong moaposetoloi Paulo a neng a araba ka gone, e le Mokeresete yo o bogisiwang a tlisitswe fa pele ga Mmusi Felekise. Re bala jaana mo go Ditiro 24:15: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.” Go bonala sentle gore Paulo o ne a sa dumele kgang ya Bagerika ya boheitane ya gore motho o na le moya o o sa sweng, o go tweng o fetela mo seemong sengwe sa dikinane sa morago ga botshelo kana kafa tlase ga lefatshe. O ne a dumela mo tsogong e bile a ruta gore go dumelwe mo go yone. Seo se ne se tla kaya gore ba bangwe ba bone mpho ya go tshela ba sa swe e le dibopiwa tsa semoya kwa legodimong ba na le Keresete mme bontsi bo ne bo tla boa bo tla go tshela mo lefatsheng le le itekanetseng.—Luke 23:43; 1 Bakorinthe 15:20-22, 53, 54; Tshenolo 7:4, 9, 17; 14:1, 3.
17 Ka jalo Baebele e a re solofetsa sentle e bile e dira gore re tshephe tota gore tsogo e tla dira gore ba le bantsi ba bone baratiwa ba bone gape mono lefatsheng mme e le mo maemong a a fetogileng gotlhelele.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1-4.
Thuso e e Mosola Ya ba Ba Hutsafetseng
18. (a) Go ne ga gololwa sedirisiwa sefe se se mosola kwa Dikopanong tse dikgolo tsa “Poifo ya Bomodimo”? (Bona lebokose.) (b) Ke dipotso dife tse jaanong di tlhokang go arabiwa?
18 Jaanong re setse ka se re se gakologelwang le kutlobotlhoko. Re ka dira eng gore re tswe mo lobakeng lono lwa go hutsafala lo lo tshwanang le teko? Ba bangwe ba ka dira eng go thusa ba ba hutsafetseng? Mo godimo ga moo, re ka dira eng go thusa ba ba dipelo di ikanyegang ba re kopanang le bone mo bodireding jwa rona ba tota ba senang tsholofelo ya mmatota mme le bone ba hutsafetse? Mme re ka bona kgomotso efe gape go tswa mo Baebeleng malebana le baratiwa ba rona ba ba robetseng mo losong? Setlhogo se se latelang se tla ntsha dikakantsho dingwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga go hutsafala mo metlheng ya Baebele, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 446-7, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga tsholofelo ya tsogo e e fitlhelwang mo Baebeleng, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 783-93.
A o ka Araba?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore loso ke mmaba?
◻ Batlhanka ba Modimo mo metlheng ya Baebele ba ne ba bontsha jang gore ba hutsafetse?
◻ Go na le tsholofelo efe ka baratiwa ba rona ba ba suleng?
◻ Ke lebaka lefe le le neng le dira gore Paulo a dumele mo tsogong?
[Lebokoso mo go tsebe 8, 9]
Thuso e e Mosola ya Ba ba Hutsafetseng
Kwa Dikopanong tse dikgolo tsa “Poifo ya Bomodimo” ka 1994-95, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa itsise ka go gololwa ga boroutšhara jo bosha jwa setlhogo se se reng Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Kgatiso eno e e kgothatsang e diretswe go gomotsa batho ba merafe yotlhe le dipuo tsotlhe. Jaaka o ka tswa o setse o bone, e neela tlhaloso ya Baebele e e motlhofo kaga loso le seemo sa baswi. Se se botlhokwa le go feta, e gatelela tsholofetso ya Modimo, ka Keresete Jesu, ya gore o tla tsosetsa batho gore ba tle go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng la paradaise. Eleruri e gomotsa batho ba ba hutsafetseng. Ka jalo, e tshwanetse ya nna sedirisiwa se se thusang thata mo bodireding jwa Bokeresete gape e tshwanetse ya tsosa kgatlhego, e dira gore go nne le dithuto tse di oketsegileng tsa magae tsa Baebele. Dipotso tse di dirisiwang go ithuta di beilwe sentle mo mabokosaneng go ela kwa bokhutlong jwa karolo nngwe le nngwe gore go nne motlhofo go ka boeletsa dintlha tse go builweng ka tsone le motho mongwe le mongwe fela yo o peloephepa yo o hutsafetseng.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Fa Lasaro a sena go tlhokafala, Jesu o ne a lela
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jesu o ne a tsosa Lasaro mo losong
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
First Mourning, by W. Bouguereau, from original glass plate in Photo-Drama of Creation, 1914