LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/15 ts. 8-11
  • A Dipelaelo ka ga Jesu di a Utlwala?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dipelaelo ka ga Jesu di a Utlwala?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Dipelaelo ka ga Jesu di Simologileng ka Gone
  • Bosupi jo bo Tlosang Dipelaelo
  • Lebaka La go Bo Batho Bangwe ba Belaela Dikgakgamatso Tsa ga Jesu
  • A Dipelaelo Ka ga Go Tsosiwa ga ga Jesu di a Utlwala?
  • Ke ka Ntlha Yang Re Belaela Seabe se Jesu a se Dirang Gompieno?
  • Dikgakgamatso—A Tota Di Kile Tsa Diragala?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—O ka Ithuta Eng mo Go Tsone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tsogo ya ga Jesu—Kafa e re Amang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Jesu Keresete—Dipotso Tsa Rona di a Arabiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/15 ts. 8-11

A Dipelaelo ka ga Jesu di a Utlwala?

A TOTA Jesu wa Nasaretha o ne a dira dikgakgamatso? A o ne a tsosiwa mo losong, jaaka barutwa ba gagwe ba ne ba bolela? A gone o kile a tshela? E ke te mo motlheng wa rona batho ba le bantsi ba palelwa ke go araba dipotso tseo ka tlhomamo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba na le dipelaelo ka ga Jesu, mme dipelaelo ke boikutlo jo bo sa tlhomamang, o sa itse gore a selo se boammaaruri kana se ka diragala. A mme boikutlo jo bo sa tlhomamang jo bo malebana le Jesu bo a utlwala? A re ko re boneng.

Kafa Dipelaelo ka ga Jesu di Simologileng ka Gone

Baithutabomodimo bangwe ba Bajeremane ba ba neng ba tshela mo bokhutlong jwa lekgolo la bo19 le ba mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga ba ne ba bontsha Jesu e le “motho wa tlhamane fela wa Kereke ya bogologolo.” Fa ba ne ba ganetsa gore Jesu o kile a nna gone go ne ga baka kganetsano fa gare ga bakanoki kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga e e neng ya utlwiwa ke batho ka nako eo e bile e santse e ama batho gompieno. Ka sekai, patlisiso nngwe ya bosheng jaana kwa Jeremane e ne ya bontsha gore diperesente di le 3 tsa batho ba ba neng ba botsolodiwa ba dumela gore Jesu ga “a ise a ko a tshele” le gore “baaposetoloi ba mo itlhametse fela.” Ee, dipeo tsa go belaela Jesu tse di neng tsa jalwa mo tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga di mo mmung o o nonneng mo dipelong tsa batho tota le gone jaanong.

Ke ka ntlha yang fa tshwetso ya gore Jesu o ne a “itlhametswe fela” tota e sa utlwale? Mokanoki mongwe wa Baebele e bong Wolfgang Trilling o akgela jaana: “Kganetsano ya gore a Jesu o kile a tshela, ka mafoko a mangwe, gore a e ne e le motho wa mmatota kana e ne e le motho wa tlhamane fela, e ne ya rarabololwa. Kganetsano eno e ne ya rarabololwa ka tsela ya bokanoki, legale ka tsela e e leng gore batho ba ba tsayang dilo ka tsela e e masisi ba se tlhole ba bona bothata jono e le kgang fela ya boithutabomodimo.” Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba santse ba belaela gore a Jesu o kile a tshela. Ka gone, a re ko re sekasekeng kafa motho a ka tlhomamisang gore Jesu o kile a nna gone ka teng mmogo le go tlosa dipelaelo tse dingwe ka ga gagwe.

Bosupi jo bo Tlosang Dipelaelo

Tsela e Jesu a bolailweng ka yone e e tlontlololang jaaka e ke te e ne e le senokwane se se makgapha e “neela mabaka a mantsi a a tlhatswang pelo kgatlhanong le batho ba ba ganetsang gore Jesu o kile a nna gone,” Trilling o bolela seo. Ka ntlha yang? Ka gonne polao eo “e ne ya kgoreletsa, tota le go paledisa gore tumelo e ntšha e anamisiwe mo Bajuteng le mo bathong ba e seng Bajuta.” (Bapisa 1 Bakorinthe 1:23.) Fa e le gore Bajuta le Baditšhaba ba ne ba tsaya go bolawa ga ga Jesu yo e leng Mesia e le lenyatso, tota e ne e ka se nne selo se se itlhametsweng ke baaposetoloi! Mo godimo ga moo, loso lwa ga Jesu lo tlhomamisitswe e le tiragalo e e kileng ya diragala e seng fela ka Diefangele tse nnè mme gape ke mokwadi wa Moroma e bong Tacitus le ke Talmud ya Sejuta.a

Ditiragalo tse dingwe tsa botshelo jwa ga Jesu le tsone di tsewa e le bosupi jo bo amanang thata le ene jwa gore Diefangele di boammaaruri, ka jalo le gore se di se bolelang ka ga gagwe se boammaaruri. Ka sekai, a balatedi ba ga Jesu ba ka tswa ba ne ba itlhametse gore o ne a tswa Nasaretha, e leng lefelo le le neng le lebega le sa tuma jaana? Kana a gongwe ba ka ne ba itlhametse gore o okilwe ke Jutase, yo o neng e le tsala ya gagwe e e ikanyegang? A go lebega go utlwala go akanya gore ba ne ba ka itlhamela polelo ka ga Jesu a tlogetswe ke barutwa botlhe go bo ba ne ba le boi? Eleruri ga go utlwale gore barutwa ba ne ba itirela dintlha tse di utlwisang botlhoko jaana mme go tswa foo ba bo ba di bolela mo lefatsheng lotlhe! Mo godimo ga moo, tsela e Jesu a neng a ruta ka yone e ne e sa tshwane le epe gotlhelele. Dibuka tsa Sejuta tsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga ga di a tshola sepe se se ka tshwanang le ditshwantsho tsa gagwe. Ke motho ofe yo o sa itseweng yo o neng a ka “itlhamela” Thero ya kwa Thabeng e e botswerere jaana? Mabaka ano otlhe a tlhomamisa gore Diefangele di ka ikanngwa e le dipego tsa botshelo jwa ga Jesu.

Gape go na le bosupi jo bo sa amaneng thata le Jesu jwa gore o kile a nna gone. Diefangele tse nnè di mmontsha a le mo lefelong lengwe le le rileng la hisitori, le le tlhalositsweng ka boammaaruri. Mafelo a a jaaka Bethelehema le Galilea; batho le ditlhopha tse di tumileng tsa batho, ba ba jaaka Ponto Pilato le Bafarisai; mmogo le dingwao tsa Sejuta le mekgwa mengwe e e sa tlwaelegang di ne di sa itlhamelwa fela. Di ne di bopa karolo ya botshelo jwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme di tlhomamisitswe ke bakwadi ba e seng ba Baebele le dilo tse di bonweng tsa boithutamarope.

Ka gone, go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo, jo bo amanang thata le Jesu mmogo le jo bo sa amaneng le ene, jo bo bontshang gore Jesu ke motho yo o kileng a nna gone.

Lefa go ntse jalo, lefa ba sa belaele gore Jesu o kile a tshela, batho ba le bantsinyana ba na le dipelaelo ka dikgakgamatso tse di mo amang. Eleruri, patlisiso e e nopotsweng fa godimo e bontsha gore ke Bajeremane ba sekaenyana fela ba ba tsenang kereke ba ba dumelang tota gore dikgakgamatso tsa ga Jesu le go tsoga ga gagwe “tota di diragetse.” A dipelaelo ka ga dikgakgamatso tsa ga Jesu le go tsosiwa ga gagwe di a utlwala?

Lebaka La go Bo Batho Bangwe ba Belaela Dikgakgamatso Tsa ga Jesu

Mathaio 9:18-36 e bega gore Jesu o ne a fodisa balwetse, a tsosa baswi le go leleka badimona ka tsela ya kgakgamatso. Porofesa e bong Hugo Staudinger, e leng raditiragalo, o akgela jaana: “Tota ga go dumelesege gore dipego tseno tse di tlhomologileng jaana di bo di itlhametswe fela, mme go ka se nne jalo go ya ka hisitori.” Ka ntlha yang? Ka gonne go lebega Diefangele tsa ntlha di ne tsa kwalwa ka nako ya fa batho ba le bantsi ba ba boneng dikgakgamatso tseno ka matlho ba santse ba tshela! Staudinger o bolela gore boammaaruri jo bo oketsegileng bo fitlhelwa mo go reng baganetsi ba Bajuta “ga ba ise ba ko ba ganetse gore Jesu o ne a dira ditiro tse di tlhomologileng.” Fa re itlhokomolosa bosupi jo bongwe jotlhe mme re bo re tlhoma mogopolo mo bosuping jono jo bo sa amaneng thata le ene, re fitlhela gore tota re tshwanelwa ke go dumela dikgakgamatso tsa ga Jesu.—2 Timotheo 3:16.

Le mororo “bontsi jwa Bajeremane ba tlhatswegile pelo gore Jesu o ne a fodisa balwetse,” ba le bantsi ba bone ba belaela maatla a a neng a fodisa ka one. Ka sekai, moithutabomodimo mongwe yo o tumileng thata wa Mojeremane o ne a bolela phatlalatsa gore Jesu o ne a fodisa ka maatla a a tlhotlheletsang maikutlo a a neng a tlhotlheletsa batho ba ba neng ba lwala tlhaloganyo. A tlhaloso eno e a utlwala?

A o ko o akanye ka seno. Mareko 3:3-5 e bega gore Jesu o ne a fodisa monna yo o neng a omeletse seatla. A mme go omelela seatla go bakiwa ke go lwala tlhaloganyo? Tota nnyaa. Ka gone, tsela eno e a neng a fodisa ka yone e ne e ka se kaiwe e bakilwe ke maatla a a tlhotlheletsang maikutlo. Ka jalo ke eng se se neng sa dira gore Jesu a kgone go dira dikgakgamatso? Porofesa e bong Staudinger o dumela jaana: “Fa e le gore ga go na melao e e mosola thata, le fa motho a sa latole Modimo gotlhelele, totatota o ka se gane gore Modimo, yo maatla a gagwe a fetang a motho, o ka kgona go dira dilo tse di tlhomologileng.” Ee, eleruri Jesu tota o ne a fodisa batho ba ba neng ba lwala a thusiwa ke “maatla a Modimo.” Ka gone, ga go na lebaka la go belaela gore dikgakgamatso tsa gagwe di ne di le boammaaruri.—Luke 9:43, NW; Mathaio 12:28.

Fela jaaka The American Peoples Encyclopedia e bolela, fa e le gore kgakgamatso e kgolo go di feta tsotlhe—ya go tsoga ga ga Jesu mo losong—e diragetse, dikgakgamatso tsotlhe tse dingwe tse di begilweng mo Diefangeleng “di diragetse.” A tota Jesu o ne a tsosiwa mo losong?

A Dipelaelo Ka ga Go Tsosiwa ga ga Jesu di a Utlwala?

La ntlha a o ko o akanye ka bosupi jo bo nonofileng jo bo supelwang ke ditiragalo dingwe tse di tshegetsang boammaaruri jwa go tsosiwa ga ga Jesu—phupu ya gagwe e e senang sepe. Lebaka la go bo phupu ya ga Jesu e ne e fitlhetswe e se na sepe le ne la dumelwa ke batho ba motlha wa gagwe, tota le baganetsi ba gagwe. (Mathaio 28:11-15) Fa e ne e le tsietso e ka bo e senogile motlhofo! Buka ya ditshupiso e e umakilweng fa godimo e konela jaana ka tshwanelo: “Ga go na tlhaloso e e boammaaruri e e malebana le phupu e e neng e se na sepe e e kileng ya akantshiwa fa e se mafoko ano a Baebele, ‘Ga a yo fa; gonne o tsogile’ (Math. 28:6).”

Batho bangwe ga ba dumele, ba bolela gore e ne e le barutwa ba ga Jesu fela ba ba neng ba bolela gongwe le gongwe gore e ne e le Mesia yo o tsositsweng. Ke boammaaruri. A mme boammaaruri jwa molaetsa wa bone bo ne bo sa ikaega thata ka tiragalo ya mmatota, segolobogolo loso le tsogo ya ga Jesu? Ke boammaaruri. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore di a amana fa a ne a kwala jaana: “Fa Keresete a sa tsosiwa, foo thero ya rona ke lefela; tumelo ya lona le yone ke lefela. Ee, re bile re fitlhelwa re le basupi ba Modimo ba re akang fela; ka re supile fa Modimo o tsositse Keresete mo baswing.”—1 Bakorinthe 15:14, 15; bapisa Johane 19:35; 21:24; Bahebere 2:3.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le batho ba le bantsi ba ditshwano tsa bone di neng di itsege thata ba ba neng ba ka supela gore Jesu o ne a bonala fa a se na go swa. Bangwe ba bone e ne e le baaposetoloi ba ba 12 le Paulo, mmogo le batho bangwe ba ba boneng ka matlho ba ba neng ba feta 500.b (1 Bakorinthe 15:6) Gape gakologelwa lebaka la go bo Matiase a ne a na le ditshwanelego tsa gore a tsene mo boemong jwa moaposetoloi Jutase yo o neng a sa ikanyege. Ditiro 1:21-23 e bega gore Matiase o ne a ka supela ka tsogo ya ga Jesu le ka ditiragalo tse di neng tsa diragala pelenyana ga moo tse di malebana le Ene. Fa e le gore botshelo le tsogo ya ga Jesu e ne e le tlhamane fela e se boammaaruri, tota go ka bo go ne go sa utlwale gotlhelele gore go tlhomiwe motho yo mongwe go theilwe mo go seo.

Bokeresete bo ne jwa anama ka bonako tota mo Mmusong otlhe wa Roma, go sa kgathalesege dikgoreletsi tse di umakilweng fa godimo, ka gonne batho ba le bantsi ba ba boneng ka matlho ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba supela gore Jesu o kile a tshela, a dira dikgakgamatso, a swa a ba a tsoga. Balatedi ba gagwe ba ne ba rata go itshokela mathata, pogiso, tota le e leng loso e le gore ba bolele gongwe le gongwe ka tsogo le ka boammaaruri jwa motheo jo bo malebana le yone. Boammaaruri bofe? Boammaaruri jwa gore o ne a tsoga ka maatla fela a Modimo. Mme ke ka ntlha yang fa Jehofa Modimo a ne a tsosa Jesu mo losong? Karabo ya potso eo e bontsha gore Jesu yo o kileng a nna gone ke mang.

Mo letsatsing la Pentekosete, moaposetoloi Petere o ne a bolelela Bajuta jaana ka tshosologo ba ba neng ba gakgametse kwa Jerusalema: “Jesu yo, Modimo o mo tsositse, mme rotlhe re basupi ba gone. E re ka a goleditswe ke Modimo go nna ka fa tsogong le legolo la one, mme a amogetse mo go Rara lefoko la tsholofetso ka ga Mowa o o Boitshepo, o goromeditse selo se, se lo se bonang lo se utlwang. Gonne Dafite ga a ka a tlhatlogela magodimong; mme ene ka esi a re: ‘Morena o reile Morena wa me a re: Dula ka fa tsogong la me le legolo, ke tle ke tsamaye ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ Ke gone a botlhe ba ntlo ya Iseraele ba itsetse ruri, fa Modimo o mo dirile Morena le Keresete, e bong ene Jesu yo lo mmapotseng.” (Ditiro 2:32-36) Ee, Jehofa Modimo o dirile Jesu wa Nasaretha “Morena le Keresete.” A dipelaelo tse di malebana le seabe sa gagwe mo karolong ya gagwe ya boikaelelo jwa Modimo di a utlwala?

Ke ka Ntlha Yang Re Belaela Seabe se Jesu a se Dirang Gompieno?

Dipelaelo tsotlhe tsa ga Jesu ka namana le seabe sa gagwe di ka tlosiwa jang? Ka lebaka la gore tota e ne e le moperofeti wa boammaaruri. O ne a bolelela pele ka dintwa, ditlala, dithoromo tsa lefatshe, bokebekwa le go sa ratane mo re go bonang gompieno. Mo godimo ga moo, o ne a bolelela pele jaana: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.” (Mathaio 24:3-14) Go diragadiwa ga boperofeti jono go supela gore Jesu ke Keresete yo o tsositsweng, yo o busang a sa bonale ‘fa gare ga baba ba gagwe,’ mme go ise go e kae o tla tlisa lefatshe le lesha la Modimo.—Pesalema 110:1, 2; Daniele 2:44; Tshenolo 21:1-5.

Gone jaanong batho ba tlhoka Mmoloki ka bonako go gaisa pele yo o nang le botlhale jo bo gaisang jwa motho. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go belaela gore Jesu ke ene yo o tlhophilweng sentle gore a boloke batho? Johane, yo o neng a bona dikgakgamatso tse di kgatlhang ka matlho le tsogo ya ga Jesu, o ne a bolela jaana: “Re bonye, re bile re a supa fa Rara a romile Morwawe go tla a nna Mmoloki wa lefatshe.” (1 Johane 4:14; bapisa Johane 4:42.) Fela jaaka re se na mabaka a a utlwalang gore re belaele go nna gone ga ga Jesu, dikgakgamatso, loso le tsogo ya gagwe, ga re na lebaka la go belaela gore o tlhomilwe ke Jehofa Modimo e le Kgosi e e tshwanetseng kafa letsogong la Gagwe le legolo. Kwantle ga pelaelo, Jesu wa Nasaretha ke Kgosi ya Bogosi jwa Modimo le “Mmoloki wa lefatshe.”—Mathaio 6:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bakanoki bangwe ba ba rileng fela ba tsaya ditshupiso ka ga kganetsano ya ga Jesu mo bukeng ya Talmud di le boammaaruri. Mo letlhakoreng le lengwe, ditshupiso ka ga Jesu tse di dirilweng ke Tacitus, Suetonius, Pliny yo Mmotlana, mme tota le e nngwe e e dirilweng ke Flavius Josephus, ka kakaretso di tsewa e le bosupi jwa gore Jesu o kile a nna gone.

b Mo tiragalong e nngwe, Jesu yo o tsositsweng o ne a ja ditlhapi le barutwa ba gagwe, mo go bontshang gore popego ya gagwe e ne e se ponatshegelo fela, jaaka batho bangwe ba bua gompieno.—Luke 24:36-43.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela