Basupi Kgatlhanong le Medimo ya Maaka
“‘Lona lo basupi ba me,’ go bua Jehofa: ‘o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenkentseng.’”—ISAIA 43:10.
1. Modimo wa boammaaruri ke mang, mme o kwa godimo jang ga medimo e mentsi e e obamelwang gompieno?
MODIMO wa boammaaruri ke mang? Gompieno, batho botlhe ba lebanwe ke potso eno ya botlhokwatlhokwa. Lefa batho ba obamela medimo e le mentsintsi, ke a le Mongwe fela yo o ka re neelang botshelo le isagwe e e itumedisang. Go ka bolelwa jaana ka a le Mongwe fela: “Mo go one re a tshela, mo go one re a tshikinyega, re leyo ka one.” (Ditiro 17:28) Eleruri, Modimo a le mongwe felafela ke ene a nang le tshwanelo ya go obamelwa. Jaaka baopedi ba selegodimo mo bukeng ya Tshenolo ba re: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.”—Tshenolo 4:11.
2, 3. (a) Satane o ne a gwetlha ka maaka jang gore Jehofa o na le tshwanelo ya gore a obamelwe? (b) Boleo jwa ga Efa bo ne jwa nna le matswela afe mo go Efa le mo baneng ba gagwe, mme bo ne jwa nna le matswela afe mo go Satane?
2 Kwa tshimong ya Edena, Satane o ne a gwetlha ka maaka gore a Jehofa o na le tshwanelo ya gore a obamelwe. O ne a dirisa noga go bolelela Efa gore fa a ne a ka tsuologela molao wa ga Jehofa mme a ja ga setlhare se Jehofa a neng a se ileditse, ene ka boene o ne a tla tshwana le Modimo. Mafoko a gagwe a ne a re: “Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:5) Efa o ne a dumela noga a ba a ja loungo lo a lo ileditsweng.
3 Mme gone, Satane o ne a aka. (Johane 8:44) Tsela e le yosi fela eo Efa a neng a “nna jaaka Modimo” ka yone ke fa a ne a itseela marapo a go dira tshwetso ya gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe, e le sengwe se tota a ka bong a se tlogeletse Jehofa gore a se dire. Mme kgabagare o ne a swa, go sa kgathalesege maaka a ga Satane. Ka jalo Satane ke ene fela motho yo tota a solegetsweng molemo ke boleo jwa ga Efa. Eleruri, mokgele wa ga Satane o a neng a sa o bua fa a ne a tlhotlheletsa Efa gore a leofe e ne e le gore ene a nne modimo. Fa Efa a ne a leofa, o ne a nna molatedi wa gagwe wa ntlha wa motho, mme go ise go ye kae Adame o ne a kopanela le ene. Bontsi jwa bana ba bone ga ba a ka ba tsholelwa “mo boleong” fela mme gape ba ne ba simolola go tlhotlhelediwa ke Satane, mme ka nako e khutshwane fela, go ne ga nna le lefatshe le le furaletseng Modimo wa boammaaruri lotlhe fela.—Genesise 6:5; Pesalema 51:5.
4. (a) Modimo wa lefatshe leno ke mang? (b) Ke eng se se tlhokegang ka potlako?
4 Lefatshe leo le ne la senngwa ka Morwalela. (2 Petere 3:6) Morago ga Morwalela go ne ga tlhaga lefatshe la bobedi le le furaletseng Jehofa, mme le santse le le teng. Baebele e bolela jaana ka lone: “Lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19) Lefatshe leno le direla Satane ka go dira kgatlhanong le boikaelelo le se se bolelwang ke molao wa ga Jehofa. Satane ke modimo wa lone. (2 Bakorinthe 4:4) Lefa go ntse jalo, tota ke modimo o o senang thuso. Ga a kgone go dira gore batho ba itumele lefa e le go ba neela botshelo; Jehofa ke ene fela a ka kgonang go dira jalo. Ka jalo, batho ba ba batlang botshelo jo bo kgotsofatsang le lefatshe le le botoka ba tshwanetse gore pele ba ithute gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri ba bo ba ithuta go dira thato ya gagwe. (Pesalema 37:18, 27, 28; Moreri 12:13) Ka jalo, go tlhokega ka potlako gore banna le basadi ba tumelo ba neele bosupi, kana ba itsise boammaaruri, kaga Jehofa.
5. Paulo o ne a bua ka “boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi” bafe? Bolela bangwe ba batho ba ba mo lenaaneng la gagwe.
5 Go tswa fela kwa tshimologong, go ile ga nna le batho ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang mo lefatsheng. Mo go Bahebere kgaolo 11, moaposetoloi Paulo o neela lenaane le letelele la bone mme a re ke “boidiidi jo bo kalokalo jwa basupi.” (Bahebere 12:1) Morwa wa bobedi wa ga Adame le Efa, Abele, o ne a le kwa tshimologong ya lenaane la ga Paulo. Enoke le Noa le bone ba umakiwa e le ba motlha wa pele ga Morwalela. (Bahebere 11:4, 5, 7) Mongwe yo o tlhomologileng ke Aberahame, mogologolwane wa lotso lwa Bajuta. Aberahame, yo o bidiwang “tsala ya Modimo,” o ne a nna rremogologolwane wa ga Jesu, “mosupi yo o boikanngo le boammaaruri.”—Jakobe 2:23; Tshenolo 3:14.
Go Supela Boammaaruri ga ga Aberahame
6, 7. Botshelo jwa ga Aberahame le ditiro tsa gagwe di ne tsa supela jang gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri?
6 Aberahame o ne a nna mosupi jang? Ka go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa le ka go mo utlwa ka boikanyegi. Fa Aberahame a ne a bidiwa gore a tswe mo motseng o o tlhabologileng wa Ure le gore a tshele botshelo jwa gagwe jotlhe mo nageng e e kwa kgakala, o ne a utlwa. (Genesise 15:7; Ditiro 7:2-4) Go le gantsi batho ba merafe e e kgarakgatshegang ba a tle ba tlogele botshelo jwa go tshelela mo tseleng mme ba tlhophe go tshela botshelo jo bo botoka jwa toropo. Ka jalo, fa Aberahame a ne a tlogela toropo a ba a simolola go nna mo ditenteng, o ne a fa bosupi jo bogolo jwa gore o ikantse Jehofa Modimo. Kutlo ya gagwe e ne e le bosupi mo go ba ba neng ba lebeletse. Jehofa o ne a segofatsa Aberahame thata ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Aberahame o ne a huma lefa a ne a nna mo ditenteng. Fa Lote le lelapa la gagwe ba ne ba isiwa botshwarwa, Jehofa o ne a dira gore Aberahame a atlege fa a ba lateletse, mo e leng gore o ne a kgona go ba golola. Mosadi wa ga Aberahame o ne a tshola ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe, mme ka jalo tsholofetso ya ga Jehofa ya gore Aberahame o ne a tla tshola losika e ne ya tlhomamisiwa. Batho ba ne ba bona ka Aberahame gore Jehofa ke Modimo o o tshelang o o diragatsang ditsholofetso tsa one.—Genesise 12:1-3; 14:14-16; 21:1-7.
7 Fa Aberahame a boa a sena go golola Lote, o ne a kopana le Melekisedeke, kgosi ya Salema (kwa moragonyana go neng ga bidiwa Jerusalema), yo o neng a amogela Aberahame a re: “A go segofadiwe Aberame wa Modimo Mogodimodimo.” Kgosi ya Sotoma le yone e ne ya kopana le ene e batla go mo fa dimpho. Aberahame o ne a gana. Ka ntlha yang? O ne a sa batle gore go nne le dipelaelo tsa gore Motswedi wa masego a gagwe ke ofe. O ne a re: “Seatla sa me ke se tsholeleditse Jehofa Modimo Mogodimodimo, Morui wa legodimo le lefatshe. Ka re ga nketla ka tsaya tlhale, le fa e le kgole ya setlhako, le fa e le sepe se e leng sa gago, e se re gongwe wa re: ‘Ke humisitse Aberame.’” (Genesise 14:17-24, bapisa le NW.) A bo Aberahame e ne e le mosupi yo o molemo jang ne!
Morafe wa Basupi
8. Moshe o ne a bontsha jang tumelo e kgolo mo go Jehofa?
8 Moshe, setlogolwana sa ga Aberahame, le ene o mo lenaaneng la ga Paulo la basupi. Moshe o ne a tlogela dikhumo tsa Egepeto mme morago a ya ka bopelokgale kwa mmusing wa mmuso o mogolo oo wa lefatshe gore a golole bana ba Iseraele. O ne a dirwa ke eng bopelokgale jalo? Ke tumelo ya gagwe. Paulo a re: “[Moshe] o ne a itshoka jaaka mongwe yo o tlhomileng matlho mo go ene yo o sa bonaleng.” (Bahebere 11:27) Medimo ya Egepeto e ne e bonwa ka matlho, e bile e kgona go tshwarwa. Le gompieno tota, batho ba kgatlhiwa ke ditshwantsho tsa yone tse di tlhomilweng. Mme lefa go ntse jalo, Jehofa ene, lefa a ne a sa bonale, o ne a le wa mmatota mo go Moshe go feta medimo eo yotlhe kgakala. Moshe o ne a sa belaele gore Jehofa o ne a le teng le gore o ne a tla duela baobamedi ba Gagwe. (Bahebere 11:6) Moshe o ne a nna mosupi yo o tlhomologileng.
9. Setšhaba sa Iseraele se ne se tla direla Jehofa jang?
9 Fa Moshe a sena go etelela Baiseraele pele gore ba bone kgololesego, o ne a nna motsereganyi wa kgolagano nngwe fa gare ga Jehofa le ditlogolwana tsa ga Aberahame ka Jakobe. Ka ntlha ya seo, setšhaba sa Iseraele se ne sa nna teng e le setšhaba se se kgethegileng sa ga Jehofa. (Ekesodo 19:5, 6) E ne e tla nna la ntlha bosupi bo neelwa ke setšhaba sotlhe. Mafoko ano a Jehofa a dirisitseng Isaia go a kwala, dingwaga tse 800 moragonyana, tota a ne a dira go tloga ka nako ya fa setšhaba seno se simolola go nna gone: “‘Lona lo basupi ba me,’ go bua Jehofa: ‘o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng; gore lo tle lo itse, lo ntumele, lo bo lo tlhaloganye fa ke le ene.’” (Isaia 43:10) Setšhaba seno se sesha se ne se tla direla jang jaaka basupi ba ga Jehofa? Ka tumelo ya bone le go utlwa ga bone le ka ditiro tse Jehofa a neng a tla ba direla tsone.
10. Ditiro tsa ga Jehofa tse di maatla tse a neng a di direla Baiseraele di ne tsa neela bosupi jang, mme ga felela ka eng?
10 Dingwaga di ka nna 40 setšhaba seno se sena go simologa, Iseraele o ne a setse a tla gapa Naga e e Solofeditsweng. Ditlhodi di ne tsa tswa tsa ya go tlhola motse wa Jeriko, mme Rahabe, moagi wa kwa Jeriko, o ne a ba sireletsa. Ka ntlha yang? O ne a re: “Re utlwile ka fa Jehofa o kgadisitseng metsi a Lewatle le Lehibidu fa pele ga lona ka gone, jale ka lo tswa kwa Egepeto, le se lo se diretseng dikgosi tse pedi tsa Baamore, tse di ne di le kwa moseja wa Joretane, e bong Sihone le Oge, ba lo ba senyeditseng ruri. E rile fela re utlwa, dipelo tsa rona tsa nyerega, ga se ka ga sala go le mowa ope mo mothong ope ka ntlha ya lona; gonne Jehofa Modimo wa lona ke ene Modimo kwa legodimong kwa godimo le mo lefatsheng fa tlase.” (Jošua 2:10, 11) Pego ya ditiro tse di maatla tsa ga Jehofa e ne ya tlhotlheletsa Rahabe le lelapa la gagwe gore ba tlogele Jeriko le medimo ya teng ya maaka mme ba kopanele le Iseraele go obamela Jehofa. Go phepafetse gore Jehofa o ne a neetse bosupi jo bo nonofileng tota a dirisa Iseraele.—Jošua 6:25.
11. Batsadi botlhe ba Baiseraele ba ne ba na le boikarabelo bofe malebana le go neela bosupi?
11 Fa Baiseraele ba ne ba santse ba le kwa Egepeto, Jehofa o ne a romela Moshe kwa go Faro mme a re: “Tsena kwa go Faro, gonne ke thatafaditse pelo ya gagwe le pelo tsa batlhanka ba gagwe gore ke tle ke bonatse ditshupo tse tsa me mo gare ga bone, le gore wena o tle o bolele mo ditsebeng tsa ga morwao, le tsa ga morwa morwao dilo tse ke di diretseng Egepeto, le ditshupo tsa me tse ke di dirileng mo gare ga bone, gore lo itse fa ke le Jehofa.” (Ekesodo 10:1, 2) Baiseraele ba ba kutlo ba ne ba tla bolelela bana ba bone ka ditiro tse di maatla tsa ga Jehofa. Bana ba bone le bone ba ne ba tla bolelela bana ba bone, go bo go tswelela fela jalo, go tloga kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Ka jalo, ditiro tsa ga Jehofa tse dikgolo di ne di tla gakologelwa. Gompieno le gone fela jalo, batsadi ba na le boikarabelo jwa go neela bana ba bone bosupi.—Duteronome 6:4-7; Diane 22:6.
12. Tshegofatso ya ga Jehofa mo go Solomone le mo go Iseraele e ne ya nna bosupi ka tsela efe?
12 Masego a magolo ao Jehofa a neng a a tshololela Iseraele fa a ne a ikanyega e ne e nna bosupi mo ditšhabeng tse di gaufi. Jaaka Moshe a ne a bolela fa a sena go anela ka masego a Jehofa a a solofeditseng: “Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa bona fa o bidiwa ka leina la ga Jehofa; mme di tlaa go boifa.” (Duteronome 28:10) Solomone o ne a neelwa botlhale le khumo ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Ka nako ya fa a ne a busa, setšhaba se ne se atlega mme se nna lobaka lo lotelele se le mo kagisong. Re bala jaana malebana le nako eo: “Ga tla batho ba ditšhaba tsotlhe, ba tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, ba tswa dikgosing tsotlhe tsa lefatshe tse di utlwetseng botlhale jwa [gagwe].” (1 Dikgosi 4:25, 29, 30, 34) Mongwe yo o tlhomologileng mo baeting ba ga Solomone e ne e le mohumagadi wa Sheba. Fa a sena go iponela ka matlho kafa Jehofa a neng a segofatsa setšhaba seno le kgosi ya sone ka teng, o ne a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa gago, yo o ne a kgatlhega mo go wena, a ba a tla a go baya mo setulong sa gagwe, go nna kgosi boemong jwa ga Jehofa Modimo wa gago. Gonne Modimo wa gago o ne o rata Baiseraele.”—2 Ditirafalo 9:8.
13. Ke eng se e ka nnang ya bo e ne e le bosupi jo bo nang le matswela thata jo bo neetsweng ke Iseraele, mme re santse re solegelwa molemo jang ke jone?
13 Moaposetoloi Paulo o ne a umaka sengwe se gongwe e neng e le bosupi jo bo nnileng le matswela thata jwa Iseraele. Fa a ne a tlotla ka Iseraele wa senama le phuthego ya Bokeresete kwa Roma, o ne a re: “Mantswe a Modimo a ne a bewa mo tisong ya bone.” (Baroma 3:1, 2) Baiseraele bangwe ba ba ikanyegang, go simolola fela ka Moshe, ba ne ba tlhotlhelediwa gore ba kwale kaga ditirisano tsa ga Jehofa le Baiseraele, mmogo le kgakololo ya gagwe, melao ya gagwe, le boperofeti. Bakwadi bao ba bogologolo ka mekwalo eo ba ne ba neela bosupi mo dikokomaneng tsotlhe tse di neng di santse di tla tla—go akaretsa le ya rona gompieno—gore go na le Modimo o le mongwe fela, mme leina la gagwe ke Jehofa.—Daniele 12:9; 1 Petere 1:10-12.
14. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba batho ba ba neng ba supela Jehofa ba ne ba bogisiwa?
14 Ka maswabi, gangwe le gape Iseraele o ne a palelwa ke go bontsha tumelo, mme go tswa foo Jehofa o ne a tshwanelwa ke go romela basupi kwa setšhabeng sa gagwe tota. Bontsi jwa bone ba ne ba bogisiwa. Paulo o ne a bolela gore bangwe “ba [ne ba] lekwa ka ditshotlo le ka go seolakwa, ee, le ka dikgole gape, le ka go tsenngwa mo matlong a kgolegelo.” (Bahebere 11:36) E ne e le basupi ba ba ikanyegang ruri! A bo go utlwisa botlhoko jang ne gore gantsi ba ne ba bogisiwa ke maloko mmogo le bone a setšhaba se se itlhophetsweng ke Jehofa! (Mathaio 23:31, 37) E bile tota, boleo jwa setšhaba bo ne jwa nna bogolo thata mo e leng gore ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a tlisa Bababilone gore ba senye Jerusalema le tempele ya yone le go isa botshwarwa bontsi jwa Baiseraele ba ba falotseng. (Jeremia 20:4; 21:10) A jaanong bosupi jo bo neelwang ke setšhaba ka leina la ga Jehofa bo ne bo fedile? Nnyaa.
Teko ya Medimo
15. Go ne ga neelwa bosupi jang tota le kwa botshwarong kwa Babilone?
15 Tota le kwa botshwarwa jwa Babilone, maloko a a ikanyegang a setšhaba a ne a sa okaoke go neela bosupi jwa gore Jehofa ke Modimo le gore o maatla. Ka sekai, Daniele o ne a ranola ditoro tsa ga Nebukatenesare ka bopelokgale, a tlhalosetsa Beleshasare mokwalo o o mo loboteng, a ba a gana go ineela fa pele ga ga Dario malebana le kgang ya thapelo. Bahebera ba bararo le bone, ba ne ba neela Nebukatenesare bosupi jo bo gakgamatsang fa ba ne ba gana go ikobela setshwantsho.—Daniele 3:13-18; 5:13-29; 6:4-27.
16. Jehofa o ne a bolelela pele jang kaga go boela ga Iseraele kwa nageng ya bone, mme boikaelelo jwa go boa jalo e ne e tla nna bofe?
16 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a rulaganyetsa gore go neelwe bosupi gape ke setšhaba sotlhe mo nageng ya Iseraele. Esekiele, yo o neng a perofesa mo Bajuteng ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babilone, o ne a kwala ka tsela e Jehofa a neng a ititeile sehuba ka yone malebana le naga e e swafetseng: “Ke tlaa ntsifatsa batho mo go lona, ba ntlo ya Iseraele botlhe, e bong botlhe fela; mme metse e tlaa nnwa, le mafelo a a ropefetseng a tlaa agiwa.” (Esekiele 36:10) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a ka dira seno? Thatathata e ne e le gore a supe ka leina la gagwe. O ne a bolela jaana ka Esekiele: “Ga ke dire se ka ntlha ya lona, lona ba ntlo ya Iseraele, fa e se ka ntlha ya leina la me le le boitshepo, le lo le tlhapaditseng mo merafeng.”—Esekiele 36:22; Jeremia 50:28.
17. Ke dikgang dife tse di amanang le mafoko a a mo go Isaia 43:10?
17 Fa Isaia a ne a perofesa ka go boa ga Iseraele kwa botshwarong jwa Babilone o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale mafoko a Isaia 43:10, a bolela gore Iseraele e ne e le mosupi wa ga Jehofa, motlhanka wa gagwe. Mo go Isaia 43 le 44, Jehofa o tlhalosiwa e le Motlhodi, Mmopi, Modimo, Moitshepi, Mmoloki, Morekolodi, Kgosi, le Modiri wa Iseraele. (Isaia 43:3, 14, 15, 44:2) Iseraele o ne a leselediwa gore a isiwe botshwarwa ka gonne setšhaba seno se ne kgapetsakgapetsa se palelwa ke go mo galaletsa jaaka yo o ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba santse ba le batho ba gagwe. Jehofa o ne a ba reile a re: “O se ka wa boifa, gonne ke go rekolotse; ke go biditse ka leina la gago, o wa me.” (Isaia 43:1) Botshwarwa jwa Iseraele kwa Babilone bo ne bo tla fela.
18. Go gololwa ga Iseraele kwa Babilone go ne ga supa jang gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri?
18 Eleruri, Jehofa o ne a dira gore medimo e lekiwe fa go gololwa Iseraele kwa Babilone. O ne a gwetlha medimo ya maaka ya ditšhaba gore e tlise basupi ba yone, mme a bolela fa Iseraele e le ene mosupi wa gagwe. (Isaia 43:9, 12) Fa a ne a golola Iseraele mo bokgobeng, o ne a supa gore medimo ya Babilone e ne e se medimo gotlhelele le gore ke ene fela Modimo wa boammaaruri. (Isaia 43:14, 15) Fa a ne a bitsa Kurose wa Moperesia a re ke motlhanka wa gagwe yo o neng a tlile go golola Bajuta, mme go ne go santse go setse dingwaga di ka nna 200 gore a dire jalo, o ne a neela bosupi jo bongwe jwa gore ke Modimo. (Isaia 44:28) Iseraele o ne a tla gololwa. Ka ntlha yang? Jehofa o tlhalosa jaana: “Gore [Baiseraele] ba tle ba ranole pako ya me.” (Isaia 43:21) Go ne go tla ba fa sebaka se se oketsegileng sa gore ba fe bosupi.
19. Go ne ga neelwa bosupi bofe fa Kurose a ne a laletsa Baiseraele gore ba boele kwa Jerusalema le fa Bajuta ba ne ba dira ditiro tse di bontshang boikanyegi fa ba sena go boa?
19 Fa nako e tla, Kurose wa Moperesia o ne a fenya Babilone jaaka go ne go perofetilwe. Lefa Kurose e ne e le moheitane, o ne a supa tota gore Jehofa ke Modimo fa a ne a neela Bajuta ba kwa Babilone taolo e e reng: “Le fa e ka bo e le mang yo o teng mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae, a a tlhatlogele kwa Jerusalema, o o kwa Juta, mme a a age ntlo e e mo Jerusalema ya ga Jehofa Modimo wa Iseraele, (ke ene Modimo).” (Esera 1:3) Bajuta ba le bantsi ba ne ba tsaya kgato ka seo. Ba ne ba tsaya loeto lo lotelele ba boela kwa Nageng e e Solofeditsweng mme ba aga motlaagana mo lefelong la bogologolo la tempele. Lefa ba ne ba kgobiwa marapo le go ganediwa fela thata, kgabagare ba ne ba kgona go aga tempele sesha le motse wa Jerusalema. Jaaka Jehofa ka boene a ne a bolela, seno sotlhe se ne sa diragala “[e seng] ka thata, le fa e le ka nonofo, fa e se ka mowa wa [gagwe].” (Sekaria 4:6) Ditiro tseno di ne tsa fa bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.
20. Lefa Baiseraele ba ne ba dira diphoso, ke eng se se ka bolelwang kaga go neela bosupi ga bone kaga leina la ga Jehofa mo lefatsheng leo la bogologolo?
20 Ka jalo, Jehofa o ne a tswelela pele a dirisa Iseraele jaaka mosupi wa gagwe, lefa e ne e le setšhaba sa batho ba ba sa itekanelang ba ka dinako tse dingwe ba neng ba tsuologa. Ka nako ya pele ga Bokeresete, setšhaba seo, ka tempele ya sone le boperesite, se ne se emela lefelo la kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng lotlhe. Mongwe le mongwe fela yo o balang mo Dikwalong tsa Sehebera kaga ditiro tsa ga Jehofa malebana le Iseraele ga a kake a belaela le eseng gore go na le Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri, le gore leina la gagwe ke Jehofa. (Duteronome 6:4; Sekaria 14:9) Lefa go ntse jalo, bosupi jo bogolwane thata bo ne bo tshwanetse go neelwa ka leina la ga Jehofa, mme re tla tlhalosa seno mo setlhogong se se latelang.
A o A Gakologelwa?
◻ Aberahame o ne a neela bosupi jang jwa gore Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri?
◻ Ke nonofo efe e e tlhomologileng e Moshe a neng a na le yone eo e neng ya dira gore a kgone go nna mosupi yo o ikanyegang?
◻ Iseraele o ne a neela bosupi kaga Jehofa ka ditsela dife jaaka setšhaba?
◻ Go gololwa ga Baiseraele mo Babilone go ne ga bontsha jang gore Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ka tumelo ya gagwe le ka kutlo ya gagwe, Aberahame o ne a neela bosupi jo bogolo jwa gore Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri