LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 10/15 ts. 9-13
  • Ke Eng Fa o Na le Go Boifa Modimo wa Boammaaruri Gone Jaanong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa o Na le Go Boifa Modimo wa Boammaaruri Gone Jaanong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bontsha Maatla mo go Tlhomologileng
  • Go Bontsha fa re Boifa Modimo
  • Diphelelo Tsa go Boifa Modimo Gone Jaanong
  • Boifa Jehofa mme O Galaletse Leina la Gagwe Le Le Boitshepo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Dira Gore Pelo ya Gago e Boife Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Boifa Modimo—A Go Ka go Solegela Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go Boifa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 10/15 ts. 9-13

Ke Eng Fa o Na le Go Boifa Modimo wa Boammaaruri Gone Jaanong?

“Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—MORERI 12:13.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go boifa Modimo ka tsela e e siameng?

GO BOIFA Modimo ka tsela e e siameng le go mo sisimoga go siametse motho. Ee, lefa gone dipoifo di le dintsi tsa batho di tshwenya mo maikutlong, le gone e le tse di senyang, go molemo gore rona re boife Jehofa Modimo.—Pesalema 112:1; Moreri 8:12.

2 Mmopi o itse seno. E re ka a rata popo ya gagwe, o laela batho botlhe gore ba mmoife le go mo obamela. Re bala jaana: “Ka bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: ‘Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe.’”—Tshenolo 14:6, 7.

3. Ke eng se Mmopi o se diretseng batsadi ba rona ba ntlha?

3 Eleruri ga re a tshwanela go itlhokomolosa Mmopi wa dilo tsotlhe, Mosimolodi wa botshelo, ka gonne re batho ba gagwe le yone polanete eno. (Pesalema 24:1) Jehofa o ne a neela bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng botshelo e le tsela ya go ba bontsha lorato lwa gagwe lo logolo mme a ba neela le lefelo le lentle gore ba nne mo go lone—paradaise e ntle. Lefa go ntse jalo, mpho eno e e molemolemo ga ba a e neelwa fela. Tota e bile, ba e neetswe gore ba e tlhokomele. Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tshwanetse gore ba tlhokomele legae la bone le go le atolosa go fitlha batho ba ntsifala ba bo ba fenya lefatshe lotlhe. Ba ne ba na le ditshiamelo le maikarabelo a go tlhokomela diphologolo tsa naga, dinonyane le ditlhapi—le ditshedi tsotlhe tse dingwe tse di neng di tla nna le bone mo lefatsheng mmogo le dikokomana tsa bone. Motho o ne a tla ikarabela ka mpho eno e kgolo e a neng a tshwanetse go e tlhokomela.

4. Ke eng se motho o se dirileng ka popo ya Modimo?

4 Go sa kgathalesege gore le simologile le le lentlentle jalo, a o ko o bone se motho a se dirileng go kgotlela legae la gagwe le lentle e leng lefatshe! Batho ba tladitse lefatshe leswe ka go itlhokomolosa gore mong wa lefatshe leno le lentle thata ke Modimo. Kgotlelo eno e setse e baya botshelo jwa mefuta e le mentsi ya diphologolo, dinonyane le ditlhapi mo kotsing. Modimo wa rona yo o tshiamo le yo o lorato o ka se itshokele seno go ya go ile. Go na le batho ba ba tla ikarabelang mo go senyeng lefatshe, e leng selo se ba le bantsi ba nang le lebaka la go se boifa. Mo letlhakoreng le lengwe, fa e le ba ba ikanyang Modimo ka tlotlo, ba gomodiwa ke go itse gore ke eng se se tla diragalang. Jehofa o tla tlisa katlholo, mme lefatshe le tla tsosolosiwa. Eleruri ano ke mafoko a a itumedisang batho botlhe ba ba siameng mo lefatsheng.

5, 6. Jehofa o tlile go tsaya kgato efe ka se motho o se dirileng ka popo ya Gagwe?

5 Modimo o tla dirisa mang go atlhola? O tla dirisa Jesu Keresete, yo jaanong a tlhomilweng go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Jehofa o tla fedisa tsamaiso eno ya segompieno e e seng phepa le e e tsuololang ka Morwawe wa selegodimo. (2 Bathesalonika 1:6-9; Tshenolo 19:11) Ka tsela eno o tla golola batho ba ba mmoifang mme gape a bo a falotsa le go boloka legae la rona la selefatshe.

6 Seno se tla diragala jang? Baebele e bolela ka sepitla se segolo se se tlang, se tiragalo ya sone e e botlhokwa e tla nnang ka ntwa ya Haremagetone. (Tshenolo 7:14; 16:16) Katlholo eno e tla bo e le ya Modimo a atlhola tsamaiso eno e e kgotletsweng le ba ba e kgotlelang. A go tla nna le batho bape ba ba tla salang ba tshela? Ee! E tla bo e se batho ba ba boifang Modimo ka tsela e e feteletseng, e e sa siamang, mme e tla bo e le ba ba mmoifang ka tsela ya go mo tlotla le ya go mo sisimoga. Ba tla gololwa.—Diane 2:21, 22.

Go Bontsha Maatla mo go Tlhomologileng

7. Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne o ema Baiseraele nokeng mo motlheng wa ga Moshe?

7 Kgato eno e e gakgamatsang e e tsewang ke Jehofa Modimo e ne ya bontshiwa go sa le pele ke tiro e kgolo e a neng a direla baobamedi ba gagwe mo e ka nnang dingwaga di le 1 500 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Masole a a maatla thata a Egepeto a ne a dirile badiri ba Baiseraele ba bantsi ba tšhaba e sele makgoba, a bo a leka go dira polao e e setlhogo fa mmusi wa yone, Faro, a ne a laela gore go bolawe bana botlhe ba basimane ba Baiseraele ba ba neng ba sa tswa go tsholwa. Gore Modimo o fenye Egepeto o ne o tshwanetse gore o golole Baiseraele mo tsamaisong eo e e gatelelang, ee, go gololesega mo setšhabeng se se neng se leswefaditswe ke go obamela medimo e mentsi.

8, 9. Moshe mmogo le Baiseraele ba ne ba itshwara jang fa Modimo o ne o ba ema nokeng?

8 Ekesodo kgaolo 15 e bolela ka tsela e Baiseraele ba neng ba itshwara ka yone fa ba ne ba gololwa kwa Egepeto. Go sekaseka pego eno go tla re thusa gore re tlhaloganye kafa Bakeresete ba ka gololwang ka teng mo tsamaisong ya segompieno e e leswe semoyeng le mo mmeleng. A re ko re sekasekeng Ekesodo kgaolo 15, re ntse re tlhomile mogopolo mo ditemaneng tse di tlhophilweng gore re ithute lebaka la go bo re tshwanetse go tlhopha go boifa Jehofa, Modimo wa boammaaruri. Re simolola ka temana ya 1 le ya 2:

9 “Foo Moše le bana ba Iseraele ba opelela Jehofa sefela se, ba re: ‘Ke tlaa opelela Jehofa gonne o fentse ka mo go gakgamatsang. O latlhetse pitse le mopagami wa yone mo lewatleng. Jehofa ke thata ya me le sefela, o bile o diregile poloka ya me.’”

10. Go diragetse eng pele fela ga gore Modimo o senye masole a Egepeto?

10 Batho mo lefatsheng lotlhe ba itse pego ya kafa Jehofa a neng a golola Baiseraele ka teng kwa Egepeto. O ne a itaya mmusimogolo yoo wa lefatshe ka dipetso go fitlha Faro kgabagare a lesa Baiseraele ba tsamaya. Mme morago ga moo masole a ga Faro a ne a leleka batho bano ba ba neng ba sa itshireletsa ka sepe mme ga lebega e kete ga go na kgoro ya botso kwa lotshitshing lwa Lewatle le Lehibidu. Lefa go ne go lebega e kete bana ba Iseraele ba ne ba tla latlhegelwa ke kgololesego e ba neng ba sa tswa go e bona, Jehofa o ne a akantse ka selo se sengwe gape. O ne a bula tselana mo lewatleng ka tsela e e gakgamatsang mme a sireletsa batho ba gagwe. Fa Baegepeto ba ne ba ba latela, o ne a tswala Lewatle le Lehibidu mme a nwetsa Faro le matsholo a masole a gagwe.—Ekesodo 14:1-31.

11. Kgato e Modimo o e tsereng kgatlhanong le Egepeto e ne ya felela ka eng?

11 Go bo Jehofa a ne a senya matsholo a masole a Egepeto go ne ga mo tlotlomatsa fa pele ga baobamedi ba gagwe mme ga dira gore leina la gagwe le itsiwe gongwe le gongwe. (Jošua 2:9, 10; 4:23, 24) Ee, leina la gagwe le ne la golediwa go gaisa medimo e e senang maatla, ya maaka ya Egepeto, e e neng ya itshupa e palelwa ke go golola baobamedi ba yone. Ba ne ba swabisiwa thata ke go ikanya medimo ya bone ya disetwa le go ikanya motho yo o swang le masole. (Pesalema 146:3) Ga go gakgamatse go bo Baiseraele ba ne ba tlhotlheletsega go opela dipina tsa pako tse di neng di bontsha go boifa Modimo yo o tshelang ka tsela e e siameng, yo o gololang batho ka maatla a gagwe!

12, 13. Ke eng se re tshwanetseng ra se ithuta ka phenyo ya Modimo kwa Lewatleng le Lehibidu?

12 Ka mo go tshwanang, re tshwanetse go lemoga gore ga go na medimo epe ya maaka mo motlheng wa rona lefa e le sepe se se nang le maatla a a fetang a motho, le e leng dibetsa tsa nuklea tota, tse di ka tshwanang le Jehofa. O ka golola batho ba gagwe e bile o tla dira jalo. “O dira ka fa go rateng ga gagwe mo ntweng ya legodimo, le mo banning ba lefatshe; mme ga go na ope yo o ka thibang seatla sa gagwe, kgotsa a mo raya a re: ‘O dirang?’” (Daniele 4:35) Fa re tlhaloganya mafoko ano ka botlalo, le rona re ka tlhotlheletsega go opela dipako tsa gagwe ka boitumelo.

13 Pina ya phenyo ya kwa Lewatleng le Lehibidu e tswelela pele jaana: “Jehofa ke monna wa ntwa; Jehofa ke leina la gagwe.” Ka gone, Motlhabani yono yo o ka se fenngweng, ga se motho yo o itlhametsweng fela yo o senang leina. O na le leina! O ‘dira gore go diragale,’ Modiri yo Mogolo, Yo “leina la ga[gwe] e leng Jehofa . . . Mogodimodimo, [a] okame lefatshe lotlhe.” (Ekesodo 3:14; 15:3-5; Pesalema 83:18) A ga o dumele gore go ka bo go ne go tshwanetse gore Baegepeto bao ba bogologolo ba nne le boikutlo jo bo tshwanetseng le jo bo tlotlegang jwa go boifa Mothatayotlhe go na le go mo nyatsa?

14. Botlhokwa jwa go boifa Modimo bo ne jwa bontshiwa jang kwa Lewatleng le Lehibidu?

14 Jaaka Motlhodi wa lefatshe, Modiri wa lewatle ke ene a laolang boidiidi jwa metsi ka botlalo. (Ekesodo 15:8) O fitlheletse se se neng se lebega se ka se fitlhelelwe ka gore a laole le phefo tota. Mo tiragalong nngwe o ne a kgaoganya metsi mme a a dira gore a eme dimota mo matlhakoreng oomabedi e le gore a direle batho ba gagwe tsela ya go feta. A o ko o akanye ka tiragalo eo: dimilionemilione tsa ditone tsa metsi a lewatle di dirile dimota mo matlhakoreng oomabedi, a dira tsela ya gore Baiseraele ba iphalotse ka yone. Ee, batho ba ba bontshitseng poifo e e siameng ya Modimo ba ile ba sirelediwa. Morago ga moo Jehofa o ne a tlogela metsi, a a lesa gore a elele gape jaaka morwalela o mogolo, a khurumetsa masole a ga Faro le tsotlhe tse ba neng ba di dirisa. A bo go bontsha gore maatla a Modimo a gaisa a medimo e e seng mosola le nonofo e e sa thuseng ka sepe ya masole a batho jang ne! Eleruri, Jehofa ke ene yo o tshwanetseng go boifiwa, a ga go jalo?—Ekesodo 14:21, 22, 28; 15:8.

Go Bontsha fa re Boifa Modimo

15. Ke eng se re tshwanetseng ra se dira malebana le ditiro tsa Modimo tse di maatla tse di sireletsang?

15 Fa re ne re eme kafa letlhakoreng le le sireletsegileng le Moshe, eleruri re ka bo re ne re tlhotlheletsegile go opela jaana: “Jehofa, e mang yo o tshwanang nao mo medimong? E mang yo o tshwanang nao, o le kgalalelo mo boitshepong, o le poitshego mo dipakong, o dira dikgakgamatso?” (Ekesodo 15:11) Fa e sa le ka nako eo maikutlo ao a ntse a boelediwa go ralala makgolokgolo a dingwaga. Mo bukeng ya bofelo ya Baebele, moaposetoloi Johane o tlhalosa setlhopha sa batlhanka ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba Modimo jaana: “Ba opela sefela sa ga Moše motlhanka wa Modimo, le sefela sa ga Kwana.” Pina eno e kgolo ke efe? “Ditiro tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamatso, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di tshiamo le boammaaruri, Kgosi ya metlha. Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi.”—Tshenolo 15:2-4.

16, 17. Ke kgatelopele efe e e molemo e re e bonang e diragala gompieno?

16 Ka jalo le gompieno go na le baobamedi ba ba golotsweng ba ba sa anaaneleng fela ditiro tse di bopilweng ke Modimo mme gape ba anaanela le melawana ya gagwe. Batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba golotswe semoyeng, ba ntshitswe mo lefatsheng leno le le kgotletsweng ka gonne ba lemoga melao ya Modimo ya tshiamo le go e dirisa. Ngwaga le ngwaga, makgolo a a diketekete a batho a tshaba lefatshe leno le le bosula ba ya go nna mo mokgatlhong o o phepa, o o tlhomameng wa baobamedi ba ga Jehofa. Morago fela ga gore Modimo o atlhole bodumedi jwa maaka ka bogale le fa tsamaiso eno yotlhe e e bosula e se na go senngwa, ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo.

17 Go dumalana le Tshenolo 14:6, 7, jaanong batho ba utlwa molaetsa wa tlhagiso wa katlholo o o bolelwang ke Basupi ba ga Jehofa ba kaelwa ke baengele. Ngogola mo dinageng tse di fetang 230, Basupi ba ba ka nnang dimilione di le tlhano ba ne ba bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le ka motlha wa gagwe wa katlholo. Basupi ba etela magae a batho ka metlha, ba ba ruta Baebele mahala gore ba tle ba falole. Ka gone makgolo a diketekete a batho ngwaga le ngwaga ba ithuta mo gontsi gore ba boife Modimo wa boammaaruri ka tsela e e botlhale, ba mo neele matshelo a bone, mme ba bo ba kolobediwa. A bo go itumedisa jang ne gore batho ba ba ntseng jalo ba setse ba boifa Modimo wa boammaaruri!—Luke 1:49-51; Ditiro 9:31; bapisa Bahebere 11:7.

18. Ke eng se se tshwantshetsang gore baengele ba na le rona fa re rera?

18 A ke boammaaruri gore baengele ba na le seabe mo tirong eno ya go rera? Tota go lebega sentle gore gantsi kaelo ya baengele e isa Basupi ba ga Jehofa kwa legaeng le go nang le motho mongwe yo o tshwenyegileng yo o neng a eletsa go thusiwa semoyeng, le e leng yo o neng a rapela tota! Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ba neng ba tsamaya le ngwana ba ne ba bolela mafoko a a molemo kwa setlhaketlhakeng sengwe sa Caribbean. Ka nako ya motshegare o mogolo, bagolo ba babedi bano ba ne ba swetsa gore ba tla ya gae. Mme ka tsela e e sa tlwaelegang, ngwana o ne a batla go etela kwa ntlong e e latelang. Fa a lemoga gore bagolo ba ne ba se mo boemong jwa go dira jalo ka nako eo, o ne a tsamaya a le esi mme a kokota. Mosadi mongwe yo mmotlana o ne a bula lebati. Fa bagolo ba bona seno, ba ne ba ya teng mme ba bua le ene. O ne a ba kopa gore ba tsene, a ba tlhalosetsa gore ka nako e a neng a utlwa go kokotiwa ka yone mo lebating, o ne a ntse a rapela Modimo gore o romele Basupi kwa go ene gore ba mo rute Baebele. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore a ithute Baebele.

19. Ke eng se re ka reng ke molemo o re o bonang fa re boifa Modimo?

19 Fa re ntse re bolela molaetsa wa katlholo wa Modimo ka boikanyegi, gape re ruta melao ya gagwe e e siameng. Fa batho ba e dirisa mo matshelong a bone, go felela ba segofadiwa mo mmeleng le semoyeng. Ka sekai, Baebele e phepafetse tota fa e kgala boitsholo jotlhe jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. (Baroma 1:26, 27, 32) Gompieno dilo tse Modimo o di tlhokang di a itlhokomolosiwa gongwe le gongwe mo lefatsheng. Go felele ka eng? Manyalo a kgaogana. Bosenyi bo a oketsega. Malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo a a gobatsang a aname thata mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Eleruri, bolwetse jo bo tshosang jwa AIDS bo anamisiwa thata ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. A mme go boifa Modimo mo go tlotlegang ga go a itshupa go sireletsa thata baobamedi ba boammaaruri?—2 Bakorinthe 7:1; Bafilipi 2:12; bona gape Ditiro 15:28, 29.

Diphelelo Tsa go Boifa Modimo Gone Jaanong

20. Ke eng se se bontshang gore batho ba bangwe ba itse fa Basupi ba ga Jehofa ba na le leina le lentle?

20 Batho ba ba boifang Modimo le ba ba latelang melao ya gagwe ba bona masego a magolo thata. A o ko o akanye ka tiragalo nngwe e e bontshang gore batho ba le bantsi ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba bopa bokaulengwe jo bo nang le kagiso jwa Bakeresete ba ba tsepameng mo maitsholong a mantle. Basupi ba bantsi, ba ba neng ba tlile kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Amerika Borwa, ba ne ba nna kwa hoteleng e e neng e dirisiwa gape ke batho ba e seng Basupi mo bosigong bo le bongwe fela ba ba neng ba kokoane go tla go reetsa poresidente ya setšhaba. Ka nako ya fa setlhopha sa itshireletso se ne se tsenya poresidente mo lifiting ka bonako, Mosupi mongwe yo o neng a sa itse gore ke bomang ba ba mo lifiting o ne a tsena, seo se neng sa gakgamatsa banna ba itshireletso thata! Fa Mosupi yono a lemoga se a se dirileng o ne a kopa maitshwarelo go bo a tsene ka phoso. O ne a ba bontsha betšhe ya gagwe ya kopano a ipolela fa a le Mosupi a bo a bolela fa a ka se ka a tsenya poresidente eo mo kotsing. Mosireletsi yo mongwe o ne a nyenya mme a re: “Fa batho botlhe ba ne ba tshwana le Basupi ba ga Jehofa, re ne re ka se tlhoke mofuta ono wa itshireletso.”—Isaia 2:2-4.

21. Ke ditsela dife tsa go tsaya kgato tse di bulegetseng batho gompieno?

21 Ke mofuta wa batho ba Jehofa a ba phuthang gone jaanong le go ba baakanyetsa go ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ e e tla wetsang tsamaiso eno. (Tshenolo 7:9, 10, 14) Go falola moo ga go ne go ya ka gore motho o lesego go le kana kang. Gore motho a falole o tshwanetse gore a boife Jehofa le go mo itse e le Molaodi yo o siameng, e bile a ineetse mo go ene. Lefa go ntse jalo, ntlha ke gore batho ba bantsi ga ba ne ba nna le mofuta wa poifo o o tla tshwanelang gore ba sirelediwe. (Pesalema 2:1-6) Jesu Keresete yo e leng Mmusi yo o tlhophilweng wa ga Jehofa, o sa le ka a busa e le Kgosi fa e sa le ka ngwaga o o botlhokwa wa 1914 go ya ka bosupi jotlhe jo bo leng teng. Seno se raya gore nako e e setseng e a fela ya gore batho ba nne le poifo e e siameng ya go boifa Jehofa le gore ba e bontshe. Lefa go ntse jalo, Mmopi wa rona o letlelela batho, tota le e leng ba ba mo maemong a a kwa godimo, gore ba tseye kgato: “Jaana tlhalefang, lona dikgosi; lo rutege, lona baatlhodi ba lefatshe. Direlang Jehofa ka poifo, mme lo itumele ka tlakaselo. Atlang morwa, gore e se re gongwe a galefa, mme lwa nyelela mo tseleng, gonne bogale jwa gagwe bo tlaa akofa bo tuka. Go sego bone botlhe ba ba mo ikanyang.”—Pesalema 2:7-12.

22. Ke eng se isagwe e se tshwaretseng batho ba jaanong ba boifang Modimo?

22 E kete re ka nna bangwe ba batho ba ba tla bakang Mmopi wa rona jaaka Ene yo o re golotseng. Lefa go ntse jalo, seno se tlhoka gore re boife Modimo wa boammaaruri gone jaanong! (Bapisa Pesalema 2:11; Bahebere 12:28; 1 Petere 1:17.) Re tshwanetse ra tswelela pele re ithuta melao ya gagwe e e siameng re bo re e utlwa. Pina ya ga Moshe le ya ga Kwana e e kwadilweng mo go Tshenolo 15:3, 4, e tla fitlha kwa tiragalong ya yone e e botlhokwa fa Jehofa a nyeletsa bosula jotlhe mo lefatsheng a bo a simolola go tlosa diphelelo tse di kgotlelang tsa boleo mo mothong le mo legaeng la gagwe la lefatshe. Morago ga moo, re tla opela jaana ka dipelo tsa rona tsotlhe: “Ditiro tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamatso, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di tshiamo le boammaaruri, Kgosi ya metlha. Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago?”

A o A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mmoife ka tsela e e siameng?

◻ Ke eng se se bontshitsweng ke dilo tse Modimo o neng wa di fitlhelela kwa Lewatleng le Lehibidu?

◻ Ke melemo efe e re e bonang fa re boifa Jehofa ka tlotlo?

◻ Batho ba ba boifang Modimo wa boammaaruri gone jaanong ba letetse isagwe e e ntseng jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela