LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/1 ts. 22-25
  • ‘Ke Thubanyeditswe fa Fatshe, Mme Ga ke A Senyega’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ke Thubanyeditswe fa Fatshe, Mme Ga ke A Senyega’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Poelomorago Tota
  • Lelapa le le Itumetseng
  • Go Fenya go Swa Mohama Semoyeng
  • Go Itshokela Poelomorago e Nngwe Gape
  • Go Dira se Nka se Kgonang
  • Jehofa O Nneile Nonofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke Lebogela Tshegetso ya ga Jehofa ya Ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Tla ‘Palama Fela Jaaka Kgama e Tonanyana’
    Tsogang!—2006
  • Go Bona Maatla mo Bokoeng Jwa Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/1 ts. 22-25

‘Ke Thubanyeditswe fa Fatshe, Mme Ga ke A Senyega’

JAAKA GO BOLETSE ULF HELGESSON

Ka July 1983, dingaka tse di neng di eme fa thoko ga me di ne tsa gakgamalela kwa godimo tsa re: “O thantse!” Go ne go tsere karo e e raraaneng ya diura tse 15 gore ke kgone go ntshiwa tlhagala ya boleele jwa disentimetara tse 12 mo monyetsaneng wa me. Ke ne ka sala ke sule mohama gotlhelele.

MALATSI a sekae moragonyana, ke ne ka fudusediwa kwa kokelong e e ka nnang sekgala sa dikilometara di le 60 go tswa kwa toropong ya gaetsho ya Hälsingborg, kwa borwa jwa Sweden. Fa ke le koo ke ne ka tsena mo thulaganyong ya go itsosolosa. Ngaka e e alafang ka go sidila e ne ya mpolelela gore go ne go tla nna bokete tota, lefa go ntse jalo ke ne ke tlhoafaletse go simolola. Ruri ke ne ke batla go kgona go tsamaya gape. Ke ne ka tsena ka tlhoafalo mo thulaganyong ya go itshikinya mmele diura tse tlhano ka letsatsi, mme ka jalo ka tokafala ka bonako.

Kgwedi morago ga foo fa molebedi yo o etang a ne a direla phuthego ya rona, ene le bagolwane ba bangwe ba Bakeresete ba ne ba tsaya loeto lo lotelele gore ba tle go tshwarela pokano ya bagolwane mo phaposing ya kokelo e ke neng ke robaditswe mo go yone. A bo pelo ya me e ne ya itumela jang ne fa ke bona lorato lo lwa bokaulengwe! Baoki ba diphaposi tseo ba ne ba direla setlhopha sotlhe tee le dijonyana morago ga pokano.

La ntlha dingaka di ne tsa gakgamalela tsela e ke neng ke gatela pele ka yone. Morago ga dikgwedi tse tharo ke ne ke kgona go nna sentle mo setulong sa me sa maotwana le e leng go ema ka nakwana. Ke ne ke itumetse e bile ke ititeile sehuba tota gore ke kgone go tsamaya gape. Lelapa la me le Bakeresetekanna ba ne ba nkgothatsa thata fa ba nketetse. Ke bile ka kgona go nna ke ya gae ke ya go nna lobaka lo lokhutshwane.

Poelomorago Tota

Lefa go ntse jalo, morago ga moo ke ne ka se ka ka tlhola ke gatela pele. Go ise go ye kae ngaka e e sidilang e ne ya mpolelela mafoko ano a a botlhoko: “Ga o kitla o nna botoka go feta fa!” Jaanong boikaelelo e ne e le gore ba nnonotshe gore ke kgone go itsamaisa ka setulo sa maotwana. Ke ne ka ipotsa gore go ne go tla diragalang ka nna. Mosadi wa me o ne a tla kgona jang? Ene ka esi o ne a kile a dirwa karo e kgolo a bo a ntlhoka gore ke mo thuse. A ke ne ke tla tlhoka go tlhokomelwa mo lefelong la digole go ya go ile?

Ke ne ka simolola go tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ka felelwa ke nonofo, bopelokgale le maatla. Malatsi a ne a feta, mme ka nna ke ntse ke sa kgone go tsamaya. Ke ne ke sa tlhole ke sule mohama mo mmeleng fela mme gape ke ne ke sule bogatsu mo maikutlong le mo semoyeng. Ke ne ke ‘thubanyeditswe fa fatshe.’ Ke ne ke ntse ke dumela gore ke nonofile semoyeng. Ke ne ke na le tumelo e e itsetsepetseng tota mo Bogosing jwa Modimo. (Daniele 2:44; Mathaio 6:10) Ke ne ke dumela tsholofetso ya Baebele ya gore malwetse otlhe le bogole di ne di tla fodisiwa mo lefatsheng le lesha la Modimo le gore batho botlhe ba ne ba tla busediwa botshelo jo bo itekanetseng gape gone koo. (Isaia 25:8; 33:24; 2 Petere 3:13) Jaanong ke ne ke ikutlwa ke sule mohama e seng mo mmeleng fela mme le mo semoyeng. Ke ne ke ikutlwa ke ‘senyegile.’—2 Bakorinthe 4:9.

Pele ke tswelela pele, e re ke lo bolelele go le gonnye ka ko ke tswang teng.

Lelapa le le Itumetseng

Ke tshotswe ka 1934, mme ke ne ke ntse ke na le botsogo jo bontle. Kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1950 ke ne ka kopana le Ingrid, mme ra nyalana ka 1958 ra bo re aga kwa toropong ya Östersund, kwa bogare jwa Sweden. Go ne ga tla phetogo e kgolo mo botshelong jwa rona ka 1963 fa re ne re simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo re ne re na le bana ba bannye ba le bararo—Ewa, Björn le Lena. Go ise go ye kae lelapa lotlhe le ne le ithuta e bile le gatela pele mo kitsong ya boammaaruri jwa Baebele.

Nako e khutshwane fela fa re sena go simolola go ithuta, re ne ra fudugela kwa Hälsingborg. Fa re le koo, nna le mosadi wa me re ne ra ineela go Jehofa mme ra kolobediwa ka 1964. Re ne ra itumela thata fa morwadiarona yo mogolo e bong Ewa a ne a kolobediwa ka 1968. Dingwaga tse supa morago ga foo, ka 1975, Björn le Lena le bone ba ne ba kolobediwa, mme ngwaga o o latelang ke ne ka tlhomiwa jaaka mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

Tiro ya me ya boitshediso e ne e dira gore ke kgone go tlamela ba lelapa la me sentle ka dilo tse ba di tlhokang. Mme re ne ra itumela thata fa Björn le Lena ba ne ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Go ise go ye kae Björn o ne a lalediwa gore a direle kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Arboga. Botshelo bo ne bo re tsamaela sentle. Go tswa foo, kwa tshimologong ya 1980, ke ne ka simolola go utlwa makoa mo mmeleng ka ntlha ya tlhagala e e neng ya ntshiwa mo karong e kgolo ele ka 1983.

Go Fenya go Swa Mohama Semoyeng

Fa ke ne ke bolelelwa gore ke ne ke se ketla ke kgona go tsamaya gape, ke ne ka felelwa ke tsholofelo mo botshelong. Ke ne ka nonofa semoyeng gape jang? Go ne ga nna motlhofo go feta jaaka ke ne ke akantse. Ke ne ka tsaya Baebele ya me fela mme ka simolola go bala. Fa ke ntse ke bala, ke ne ke nna le maatla a a oketsegileng a semoya. Mme se segolo le go feta ke ne ka simolola go anaanela Thero ya ga Jesu ya mo Thabeng. Ke ne ka e bala kgapetsakgapetsa ka ba ka tlhatlhanya ka yone.

Ke ne ka boa ka itumelela botshelo gape. Ka go bala le go tlhatlhanya, ke ne ka simolola go bona diphatlha di mpulegela go na le go bona dikgoreletsi. Ke ne ka boa ka eletsa go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, mme ke ne ka kgotsofatsa keletso eno ka go rerela badiri ba kokelo le ba bangwe ba ke neng ke kopana le bone. Ba lelapa la me ba ne ba ntshegetsa tota mme ba ne ba thapisiwa gore ba ka ntlhokomela jang. Kgabagare ke ne ka kgona go tswa mo kokelong.

Ka ba ka boela gae. A bo leo e ne e le letsatsi le le itumedisang jang ne mo go rona rotlhe! Ba lelapa la me ba ne ba dira thulaganyo e e neng e akaretsa go ntlhokomela. Morwaake, Björn, o ne a swetsa ka gore a tlogele go dira kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a tla gae gore a thuse go ntlhokomela. Go ne go gomotsa tota go bona ke ratiwa thata jaana ke ba lelapa e bile ba amega thata ka nna.

Go Itshokela Poelomorago e Nngwe Gape

Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, botsogo jwa me bo ne jwa nnela maswe kwa pele, mme go ne go nna thata gore nka sutasuta. Kgabagare, lefa ba lelapa la me ba ne ba iteka ka maatla otlhe, ba ne ba sa tlhole ba kgona go ntlhokomela kwa gae. Ka jalo ke ne ka akanya gore go ne go tla nna molemo gore ke nne mo legaeng le mo go lone go tlhokomelwang balwetsi ba ba sa kgoneng go itira sepe. Seo se ne sa tlisa diphetogo le tsela e ntšha ya go tshela. Mme lefa go ntse jalo ga ke a ka ka letla gore seno se mpusetse morago semoyeng.

Ga ke ise ke tlogele go bala Baebele le go dira dipatlisiso. Ke ne ka nnela go akanya ka dilo tse nka di dirang, e seng tse ke sa kgoneng go di dira. Ke ne ka tlhatlhanya ka masego a semoya ao Basupi ba ga Jehofa botlhe ba nang le one. Ke ne ka nna gaufi le Jehofa ka thapelo mme ka dirisa sebaka sengwe le sengwe gore ke rerele ba bangwe.

Jaanong ke robala kwa legaeng la tlhokomelo ke bo ke nna karolo ya letsatsi teng. Mo tshokologong le mo maitseboeng ke a bo ke le kwa lwapeng kana kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete. Ditsamaiso tsa ga mmasepala di na le thulaganyo e e dirang gore ka metlha go nne le sepalangwa se se nkisang dipokanong se bo se mpusa le se se nkisang gae se bo se mpusa. Ba lelapa la me ba ba ineetseng, bakaulengwe mo phuthegong, le badiri ba kwa legaeng la tlhokomelo ba ntlhokomela ka tsela e e gakgamatsang.

Go Dira se Nka se Kgonang

Ga ke itseye jaaka segole, mme le ba lelapa la me ga ba ntseye jalo, lefa e le bone bakaulengwe ba me ba Bakeresete. Ke tlhokomelwa ka lorato, se se dirang gore ke kgone go tswelela pele ke direla sentle jaaka mogolwane. Ke tshwara Thuto ya Buka ya Phuthego beke le beke, mmogo le thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo kwa Holong ya Bogosi. Ke palelwa ke go phutholola Baebele, ka jalo mongwe o abelwa go nthusa go dira jalo kwa dipokanong. Ke tshwara dipokano le go neela dipuo ke le mo setulong sa me sa maotwana.

Ka jalo ke santse ke kgona go dira dilo di le dintsi tse ke neng ke itumelela go di dira pele, go akaretsa go dira maeto a bodisa. (1 Petere 5:2) Ke dira seo fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla kwa go nna go kopa thuso kana kgakololo. Gape ke dirisa thelefouno, ke tsaya kgato pele ka go leletsa ba bangwe. Go felela ka gore re kgothatsane. (Baroma 1:11, 12) Bosheng jaana tsala nngwe ya me e ne ya re: “Fela fa ke ikutlwa ke hutsafetse, o nteletsa mogala o bo o nkgomotsa.” Mme lefa go ntse jalo, le nna ke kgothadiwa ke go itse gore Jehofa o segofatsa maiteko a me.

Pele le morago ga dipokano, ke tlotla monate le bana ba ba mo phuthegong. E re ka ke nna mo setulong sa maotwana, re kgona go buisana re lebane sentle mo matlhong. Ke rata tsela e ba buang se se mo pelong ka yone e bile ba bua puo phaa. Mosimanyana mongwe o kile a nthaya a re: “Wena o segole se sentle fela thata!”

Ke ntse ke itumelela go direla Jehofa ka gonne ke tlhoma mogopolo mo dilong tse ke kgonang go di dira go na le go ngongorega ka tse ke sa kgoneng go di dira. Ke ithutile go le gontsi ka se se ntiragaletseng. Ke lemogile gore re thapisiwa le go nonotshiwa ke diteko tse di re diragalelang.—1 Petere 5:10.

Ke lemogile gore batho ba le bantsi ba ba tsogileng sentle, ga ba tlhaloganye gore re tshwanetse gore ka metlha re tseye go obamela Rraarona wa selegodimo go le masisi. Fa re sa dire jalo, thulaganyo ya rona ya go ithuta, go ya dipokanong, le bodiredi jwa tshimo e ka nna seomodiro fela. Ke tsaya dithulaganyo tseno di le botlhokwa gore re tle re falole bokhutlo jwa lefatshe leno mme re tsene mo Paradaiseng e Modimo a e solofeditseng ya mo lefatsheng.—Pesalema 37:9-11, 29; 1 Johane 2:17.

Re tshwanetse gore ka metlha re nne re na le tsholofelo mo dipelong tsa rona ya gore re tla bona botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tlang. (1 Bathesalonika 5:8) Gape ke ithutile gore ke se ka ka ineela fa ke ntse ke lwantsha go kgobega marapo ka tsela epe fela. Ke ithutile go leba Jehofa jaaka Rre le phuthego ya gagwe jaaka Mmè. Ke lemogile gore fa re iteka, Jehofa a ka thusa mongwe le mongwe wa rona gore a nne motlhanka wa gagwe yo o nang le bokgoni.

Lefa ka dinako tse dingwe nkile ka ikutlwa e kete ke ‘thubaganyeditswe fa fatshe,’ gone ‘ga ke a senyega.’ Jehofa, phuthego ya gagwe, ba lelapa la me le bakaulengwe ba me ba Bakeresete ga ba ise ba ko ba ntatlhe. Go tsaya Baebele le go simolola go e bala, go nthusitse gore ke boe ke nonofe semoyeng. Ke leboga Jehofa Modimo, yo o re neelang “bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo” fa re mo ikanya.—2 Bakorinthe 4:7.

Ke lebile pele ka tlhoafalo kwa isagweng ke na le tsholofelo e e tletseng e bile ke ikanya Jehofa ka tsela e e feletseng. Ke tlhomamisa gore mo bogautshwaneng Jehofa Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go busetsa paradaise gone mono mo lefatsheng mmogo le masego otlhe a a molemo ao a tla tlisiwang ke yone.—Tshenolo 21:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela