LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/15 ts. 30
  • Dipotso tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Leina la Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • Jehofa o Tlotlomatsa Leina la Gagwe
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/15 ts. 30

Dipotso tse di Tswang Kwa Babading

Mo go Bafilipi 2:9, Paulo o ne a bolela jaana ka ga Jesu: “Modimo [o mo godisitse] thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a [mangwe, NW] otlhe.” Leina leno le lesha ke lefe? Mme fa e le gore Jesu o kafa tlase ga ga Jehofa, leina la ga Jesu le feta maina a mangwe otlhe jang?

Bafilipi 2:8, 9 e balega jaana: “Mme [Jesu] o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro. Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a [mangwe] otlhe.”

Temana eno ga e kaye gore Jesu o tshwanetse a bo a lekana le Jehofa, e re ka e le Jehofa fela yo leina la gagwe le fetang maina a mangwe otlhe ka tsela e e feletseng. Jaaka se go buiwang ka sone mo go Bafilipi kgaolo 2 se bontsha, Jesu o neetswe leina la gagwe le le kwa godimo fa a se na go tsosiwa mo losong. O ne a se na lone pele ga moo. Mo letlhakoreng le lengwe, Jehofa o ntse a le kwa godimo ka metlha, mme boemo jwa gagwe ga bo ise bo ko bo fetoge. Lebaka la go bo Jesu a neetswe leina le le fetang le a neng a na le lone pele fa a ne a direla mo lefatsheng le supa gore ga a lekane le Jehofa. Fa Paulo a ne a bolela gore Jesu o neilwe leina le le fetang maina a mangwe otlhe, o ne a kaya gore Jesu jaanong o na le leina le le fetang maina a dibopiwa tsotlhe tsa Modimo.

Leina la ga Jesu le le kwa godimo ke lefe? Isaia 9:6 e re thusa go araba. Temana eo e bolela jaana fa e bolelela pele ka ga Mesia yo o tlang e bong Jesu: “Puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: ‘Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Fano “leina” la ga Jesu le kaya boemo le maatla a gagwe a a kwa godimo, e leng tsela e gape re tlhaloganyang “leina le le fetang maina a [mangwe] otlhe” ka yone le le umakilweng mo go Bafilipi 2:9. Mangole otlhe a laelwa go khubamela Jesu ka tsela ya go amogela boemo jo bo kwa godimo jo Jehofa a bo mo neileng—boemo jo bo fetang jo bo neilweng sebopiwa sepe fela se sele. Lefoko le le reng “a mangwe” mo thanolong eno ga le tlhalosiwe ka tlhamalalo ke lefoko la motheo la Segerika, mme le dirisiwa go ya kafa temana e utlwalang ka teng. “Leina” la ga Jesu ga le kwa godimo ga leina la gagwe mme le kwa godimo ga maina a mangwe a dibopiwa.

A bo re itumela jang ne go bo re kopanela le baengele le batho botlhe ba ba ikanyegang mo go khubameng ka tsela ya go amogela leina la ga Jesu! Re dira seno ka go ineela mo go Jesu mo boemong jo bo kwa godimo le jo bo maatla jo a bo neilweng ke Jehofa—“kgalaletsong ya Modimo Rara.”—Bafilipi 2:11; Mathaio 28:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela