A o Rata go Aba?
AO ETSE tlhoko gore batho ba rata go aba ka ntlha ya dilo tse di farologaneng? Mpho e ka nna ya bo e supa lorato, bopelotshweu, go anaanela. Lefa go ntse jalo a ga o ise o lemoge gore gape motho a ka aba mpho ka gonne a batla go amogelwa? Kana a ka e ntsha fela ka gonne a ikutlwa a tlamega go dira jalo kana ka gonne a batla gore le ene a direlwe sengwe.
Mpho e ka nna mophuthelo o bofilwe ka lente e ntle. A mme ga se boammaaruri gore ngatana ya ditšheshe, poleiti ya dijo, kana tiro nngwe ya bopelontle le yone e ka nna mpho e e molemo? E bile tota, gantsi dimpho tse di anaanelwang thata ke tse motho a iphileng nako ka tsone.
A Go na Le Mongwe yo o Batlang a go Amogela?
Go tlwaelegile gore motho a fe yo mongwe mpho ka gonne a batla gore a mo amogele. Kwa dinageng dingwe fa lekawana le batla go gapa pelo ya lekgarebe le le batlang go le nyala le mo tlisetsa ditšheshe. Lefa go ntse jalo mosadi yo o botlhale ga a lebe mpho fela. O tlhatlhoba gore a lekawana leno le ntsha mpho ka ntlha ya lorato lo gape lo tla dirang gore a nne monna yo o siameng. Fa mpho eo e ntshiwa ka moya o o siameng, e ka tlisetsa yo o abang mmogo le yo o amogelang boitumelo.
Baebele e bolela ka nako nngwe e ka yone Abigaile, mosadi wa ga Nabale a neng a baakanyetsa Dafite mpho e kgolo ka bonako, e re ka a ne a lemoga gore ke ene yo Modimo a mo tlhophileng go nna kgosi ya Iseraele mo isagweng. Le ene o ne a batla go amogelwa. Monna wa gagwe o ne a tshwere Dafite makgwakgwa a ba a rogaka banna ba ga Dafite. Dafite o ne a eteletse pele banna ba le 400 ba ipapanne ka dibetsa gore ba ye go bolaya Nabale le ba ntlo ya gagwe. Abigaile o ne a tsena gare, a romelela Dafite mpho e kgolo ka bofefo ya dijo tse a neng a ka di fa banna ba gagwe. Ene ka nosi o ne a tla moragonyana a sena go romela mpho ya gagwe, mme fa a sena go kopa maitshwarelo ka boikokobetso ka se monna wa gagwe a neng a se dirile, o ne a supa gore o botlhale tota fa a buisana le Dafite.
O ne a na le boikaelelo jo bontle, le matswela a ne a nna molemo. Dafite o ne a amogela mpho ya gagwe mme a mo raya a re: “Ya ka kagiso kwa ntlong ya gago; bona, ke reeditse lentswe la gago, le wena ke go tshotse sentle.” Moragonyana, fa Nabale a sena go tlhokafala, Dafite o ne a ba a kopa go nyala Abigaile, mme o ne a dumela ka pelo e tshweu.—1 Samuele 25:13-42.
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, motho a ka batla go amogelwa ka tsela ya gore ba bangwe ba tlhokomologiwe, kana dilo di se ka tsa dirwa ka tshiamo. Fa go ntse jalo, mpho eno e a bo e le pipamolomo. Motho yo o abang o akanya gore o tla solegelwa molemo, kante o itlhokisa boroko. Go nna go ntse go na le kotsi ya gore ba bangwe ba tla bona, le gore o tla pegwa molato. Tota le fa motho a ka amogelwa jaaka a batla, o ka nna a fitlhela gore jaanong o itsege jaaka motho yo o dirang dilo ka maitlhomo a a belaetsang. Baebele e re tlhagisa kgatlhanong le dimpho tse di ntseng jalo, e bontsha botlhale jwa bomodimo.—Duteronome 16:19; Moreri 7:7.
A Mpho e Newa ka Pelo e e Ratang?
Ga go na pelaelo—go fa motho yo o mo ratang mpho ka gonne o batla go mo e fa go itumedisa thata go feta go mo e fa ka gonne ba bangwe ba dira gore o ikutlwe o tlamega go dira jalo.
Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua kaga go kokoanya dilwana tse di neng di tla dirisiwa go namola Bakeresetekaene ba ba neng ba tlhoka dilwana, o ne a ntsha melaometheo e e molemo thata ya go aba ka tsela ya bomodimo. O ne a kwala jaana: “Fa go rata go le teng, go a bo go lebosega ka ga se motho o nang naso, e seng ka ga se o se nang naso.” O ne a oketsa jaana: “A motho mongwe le mongwe a dire ka fa o ikaeletseng mo pelong ya gagwe ka teng; e seng ka go ngongorega, le fa e le ka patelelo, gonne Modimo o rata yo o abang ka pelotshweu fela.” (2 Bakorinthe 8:12; 9:7) Ka jalo go ikaegile thata ka wena. Go na le gore o itsenye mo melatong ka go reka dimpho tse dintsintsi, a o dirisa madi a o ka a kgonang? Go na le gore o ikutlwe o tlamega go aba fela ka gonne batho botlhe ba go dira kana ka gonne o gatelelwa ke ba papadi, a o dira se o se ikaeletseng mo pelong ya gago? Paulo o ne a kwala jaana kaga Bakeresete ba bogologolo ba ba neng ba dirisa melaometheo eo ya bomodimo: “Ba re rapela ka thapelo e kgolo ka ga tlhogonolofatso e [ya go aba ka bopelontle, NW], le ka ga go kopana le rona mo go direleng baitshepi.”—2 Bakorinthe 8:4.
Go fapaana le seo, Royal Bank Letter ya November/December 1994 e ne ya bolela jaana ka dibeke tsa pele fela ga Keresemose: “Nako eo e ka tsewa e le ya go itumela mo go sa tsweng mo pelong mo go tlhotlhelediwang ke dikgwebo di kgothatsa batho go reka dilo tse ba neng ba ka se ka ba di reka.” Fa dilo tseo di rekwa ka molato, kgotsofalo epe fela e e tlisiwang ke go aba dimpho e ka fela ka bonako fela fa go tla nako ya go duela melato.
O Tshwenyegile Thata ka Eng—Ka Nako eo? Kana ka go Bontsha Lorato?
A o fitlhela gore o aba dimpho segolobogolo ka dinako tse go lebegang di solofetswe ka tsone? Fa go ntse jalo, o ka tswa o sa itumele thata jaaka fa o ka bo o aba fela.
Go na le batho ba le bantsi ba ba sa itumedisiweng ke diphelelo tsa go aba dimpho ka malatsi a a beilweng. Mmè mongwe yo gape e leng mokwadi o ne a bolela gore bana ba gagwe ba ne ba simolola go bontsha bopelotshetlha fa letsatsi le ba solofetseng go neelwa dimpho ka lone le ntse le atamela. O ne a dumela gore tota le ene o ne a sa itumelele mpho e ntle thata ka gonne a ne a solofetse sengwe se sele. Dipego di le dintsi di bolela gore malatsi a boikhutso a go nang le mekete mo go yone le go abelana dimpho gape ke dinako tse mo go tsone batho ba tshwenyegang thata mo maikutlong le go nwa bojalwa mo go feteletseng.
Porofesa mongwe wa thutotlhaloganyo fa a sena go lemoga gore go gatelela gore dimpho di abiwe ka nako ya malatsi a boikhutso fa gongwe ga go tshware bana sentle, o ne a tsopolwa a akantsha jaana mo go The New York Times: “Akanya ka go aba dimpho dingwe ka malatsi a mangwe gore o fokotse go tshwenyega mo maikutlong.” A o akanya gore seo se ka nna le matswela a a molemo?
Tammy, ngwana wa dingwaga tse 12 yo o mo lelapeng le le sa ketekeng Keresemose le malatsi a botsalo, o ne a kwala jaana: “Go monate thata go amogela mpho ka nako e o sa e solofelang ka yone.” O ne a bolela gore batsadi ba gagwe ba neela ene le kgaitsadie dimpho ngwaga otlhe, e seng gangwe kana gabedi fela ka ngwaga. Mme lefa go ntse jalo go na le sengwe se a bonang se le botlhokwa thata go feta dimpho tseo. Jaaka fa a bolela, “Lelapa la rona le itumetse thata.”
Buka ya Secrets of Strong Families e bolela jaana ka tlhamalalo: “Bontsi jwa rona re senya nako le madi gantsi mo ngwageng re tlhopha dimpho tse di tshwanetseng tota tsa malatsi a botsalo, malatsi a go ikgopotsa letsatsi la tiragalo nngwe ngwaga le ngwaga, kana malatsi a boikhutso a batho ba re ba ratang. Mpho e e leng yone e e molemolemo go di feta tsotlhe e ka se ka ya lopa madi ape. Le gone ga o tlhoke go e phuthela. Fa e le gore, jaaka bontsi jwa batho, o dumela gore botshelo jwa gago ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo go feta tsotlhe tse o nang natso, nako e khutshwane mo botshelong jwa gago ke yone mpho e e tlhwatlhwakgolo go feta tsotlhe e o ka e ntshang. Mpho eo re e aba ka go senya nako e ntsi re na le batho ba re ba ratang.”
O ka dira gore o abele le ba bangwe ba e seng ba lelapa la gago fela. Go aba fela go thusa ba bangwe ka se o bonang ba se tlhoka go ka kgotsofatsa ka tsela e e kgethegileng. Jesu Keresete o ne a re rotloetsa gore re bontshe bahumanegi, digole, le difofu go amega jalo ka lorato, a oketsa jaana: “O tlaa nna sego; gonne bone ga ba na se ba ka go duelang ka sone.”—Luke 14:12-14.
Rockland Journal-News (U.S.A.) e ne ya bega ka sekai sa go aba mo go ntseng jalo bosheng jaana. Fa ntlo ya mmè mongwe yo o godileng yo o sefofu e ne e gosomana, ditsala di ne tsa mo agela ntlo e ntšha. Dikgwebo tsa lefelo leo di le dintsi di ne tsa ntsha meneelo, lekgotla lengwe la ga goromente la mo lefelong leo le lone le ne la ntsha madi a a rileng. Pampiri eo ya dikgang e ne ya bolela jaana: “Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa le go gaisa ke gore batho bao ba ba ka nnang 150, bontsi jwa bone e le ba phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya Haverstraw, ba ne ba ipha nako ya go aga ntlo eo.”
Setlhogo seo se ne sa tswelela ka go re: “Kwa lefelong leo la go aga go ne go na le mekoa ya dilwana tsa kago e bapile le ditafole tse di tletseng dijo mo godimo. Badiri bano ba ne ba aga ntlo e go ka nnang malapa a le mabedi mo go yone, e na le matlhatlaganyane a le mararo. . . . Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka gore ba kgona go aga ka bofefo. . . . Lefa go ntse jalo, bofefo joo bo fapaana le kafa se ba se dirang se tla nnelang ruri ka gone: ba dira gore sengwe se se dirwang ka lorato se nnele ruri. Mmè Blakely a ka nna a se ka a kgona go bona ntlo ya gagwe e ntšha ka matlho, mme o kgona go e tshwara ka diatla, gape pelo ya gagwe e itse kafa e amegileng thata ka gone ka ntlha ya tiro eno ya go tlhoka bopelotshetlha.”
Go Nna Pelotshweu Ngwaga Otlhe
Batho ba ba pelotshweu tota ga ba emele malatsi a a kgethegileng. Ga ba itshelele bone ka bosi fela. Fa ba amogela sengwe se se molemo, ba itumelela go se abela ba bangwe. Seno ga se kaye gore ba aba dimpho ka go phamoga fela. Ga go kaye gore ba aba mo e leng gore ba malapa a bone ba sala ba tlhoka. Ga go kaye gore ba aba fela ba sa akanya gore yo ba mo abelang o tla ikutlwa jang. Mme ke batho ba ba “nayang,” jaaka Jesu a ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba dire.—Luke 6:38.
Ba itse maemo a ditsala tsa bone le ba losika ba ba godileng, ba ba lwalang, kana ba tlhoka go kgothadiwa. “Mpho” e o ka ba fang yone e ka nna go ba ela kwa lebenkeleng kana go ba thusa ka tiro ya ntlo. E ka nna go ba rwalela dikgong kana go kgopha kapoko. E ka nna mogopo wa dijo tse di apeilweng kana ura e le nngwe fela e ka yone o mo etelang lo bo lo bala mmogo. Ba ka nna ba bo ba tshwaregile thata mo matshelong a bone mme gongwe ba sa tshwarega mo go kalo mo ba ka se kang ba thusa. Ba ithutile mo botshelong jwa bone gore ruri “go aba go lesego bogolo go go amogela.”—Ditiro 20:35.
Gone ke boammaaruri, Moabi yo mogolo mo go botlhe ke Mmopi wa rona, Jehofa Modimo. O “naya botlhe botshelo, le mowa le dilo tsotlhe.” (Ditiro 17:25) Mo Baebeleng, gape o re neela lesedi malebana le boikaelelo jwa gagwe jwa gore o tla fedisa boikepo, bolwetse, le loso, mme a dire lefatshe leno paradaise. (Pesalema 37:10, 11; Tshenolo 21:4, 5) Fa batho ba ba pelotshweu ba sena go utlwa seno, ga ba ipolokele mafoko ao a a molemo. Sengwe se se ba itumedisang thata ke go a abela ba bangwe. Ruri ba rata go aba ka tsela e e siameng. A le wena o leka go nna jalo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Dingwe tsa dimpho tse di tlhwatlhwakgolo thata ga di lope madi ape