LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 3/15 ts. 10-14
  • Bonang Batho ba ba Boikanyego!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bonang Batho ba ba Boikanyego!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikanyego ke Selo se se Kgethegileng
  • Jehofa, O Boikanyego Tota
  • Jesu Keresete, Morwa yo o Boikanyego
  • Batho Ba ba Sa Itekanelang ba ba Boikanyego
  • Ba ba Boikanyego mo Metlheng ya Segompieno
  • ‘Wena o le Nosi o a Ikanyega’
    Atamalana le Jehofa
  • Go Fenya Kgwetlho ya Boikanyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A O Ka Supa Boikanyego go sa Kgathalesege Se Se Ka Diragalang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • O Tshwanetse go Ikanyega mo go Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 3/15 ts. 10-14

Bonang Batho ba ba Boikanyego!

“Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o [boikanyego, NW] o le wesi.”—TSHENOLO 15:4.

1. Ke bosupi bofe jo J. F. Rutherford a neng a bo neela jwa gore C. T. Russell yo o tlileng pele ga gagwe o ne a le boikanyego?

JOSEPH F. RUTHERFORD, yo o neng a latela C. T. Russell jaaka poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka 1917, o ne a simolola jaana fa a ne a akgela kwa tirelong ya phitlho ya ga Russell: “Charles Taze Russell o ne a le boikanyego mo Modimong, a le boikanyego mo go Keresete Jesu, a le boikanyego mo boikaelelong jwa bogosi jwa ga Mesia. O ne a le boikanyego tota—ee, a le boikanyego go fitlha kwa losong.” Eleruri, seo e ne e le tsela e e molemo thata ya go tlotlomatsa motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa Modimo. Ga re kake ra tlotlomatsa motho ka tsela epe e kgolo go feta ka go bolela gore o ne a fenya kgwetlho ya go nna a le boikanyego, gore o ne a le boikanyego—a le boikanyego tota.

2, 3. (a) Ke eng fa boikanyego bo gwetlha jaana? (b) Ke bomang gape ba ba mo letsholong kgatlhanong le Bakeresete ba boammaaruri le maiteko a bone a go nna boikanyego?

2 Boikanyego bo a gwetlha. Ka ntlha yang? Gonne boikanyego ga bo tsamaisane le go iteba wena fela. Baruti ba Labokeresete ke bone ba ba kwa pele mo bathong ba ba senang boikanyego mo Modimong. E bile, batho ga ba ise ba tlhoke boikanyego thata jaana mo manyalong jaaka gompieno. Boaka bo tletsetletse. Borakgwebo ba bantsi ga ba na boikanyego. Re bolelelwa jaana ka seno: “Bomanejara ba bantsi le batho ba porofeshenale . . . ba dumela gore dieleele le batho ba ba tsiediwang motlhofo ke bone ba ba leng boikanyego mo dikhampaning tsa bone gompieno.” Batho ba ba leng “boikanyego thata” ba lebelwa kwa tlase. “Motho wa ntlha e bile e le ene fela yo o tshwanetseng go nna boikanyego mo go ene ke wena,” ke kafa poresidente wa feme nngwe e e thapisang bomanejara a neng a bolela ka teng. Go bua ka go nna boikanyego mo go wena ka nosi ke go senya se se kaiwang ke lefoko leno. Go re gakolola seno se se neng sa bolelwa mo go Mika 7:2: “Motho yo o [nang le boikanyego, NW] o fedile o dule mo lefatsheng.”

3 Satane le badimona ba gagwe ba mo letsholong le legolo kgatlhanong le rona, ba iketleeditse go dira gore re se ka ra nna boikanyego mo Modimong. Ke gone ka moo Bakeresete ba bolelelwang jaana mo go Baefeso 6:12: “Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo.” Ee, re tlhoka go reetsa tlhagiso eno: “Lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.”—1 Petere 5:8.

4. Ke mekgwa efe e e dirang gore go nna boikanyego go nne bokete jaana?

4 Selo se sengwe gape se se dirang gore go nne bokete go nna boikanyego ke mekgwa ya bopelotshetlha e re e ruileng mo batsading ba rona, jaaka go umakilwe mo go Genesise 8:21 jaana: ‘Go akanya ga pelo ya motho go bosula’—e bile o pelotshetlha—“go tswa bokaung jwa gagwe.” Rotlhe re na le bothata jo moaposetoloi Paulo a neng a ipolela gore o na le jone: “Molemo o ke o ratang, ga ke o dire; mme bosula jo ke sa bo rateng, ke jone ke bo dirang.”—Baroma 7:19.

Boikanyego ke Selo se se Kgethegileng

5, 6. Re ka re boikanyego ke eng e bile bo ile jwa tlhalosiwa jang?

5 “Boikanyego” ke lefoko le le kgethegileng tota. Ke gone ka moo Insight on the Scriptures e bolelang jaana: “Ga go lebege go na le mafoko ape a Seesemane a a kgonang go tlhalosa ka botlalo se se kaiwang ke lefoko la Sehebera le la Segerika, le le ranotsweng fano jaaka ‘boikanyego,’ go akaretsa fa go buiwa ka kgopolo ya go ineela le boikanyegi, fa go buiwa ka tsone mabapi le Modimo le tirelo ya gagwe ga a kgone go ntsha kgopolo ya lone ka botlalo.”a Tora ya Tebelo e kile ya bolela jaana mabapi le “boikanyego”: “Boikanyegi, tiro, lorato, maikarabelo, go ineela. Mafoko ano a tshwana ka eng? Ke dikarolo tse di farologaneng tsa boikanyego.” Ee, dilo tse dintsi tse di siameng ke dikarolo fela tsa boikanyego. Ruri go a bonala gore gantsi boikanyego bo amanngwa le tshiamo mo Dikwalong.

6 Ditlhaloso tse di latelang le tsone di a thusa: ‘Boikanyego bo ka supa go nna boikanyegi ka metlha le go ineela, o tlhomame fa o tshikhinngwa kana fa o raelwa.’ ‘Boikanyego bo kaya go nna boikanyegi ka se o se buileng kana go tswelela o ineetse mo mokgatlhong kana mo melaometheong e o ikutlwang o tshwanetse go e ikobela; lereo leno ga le akantshe fela go ngaparela mme gape le akantsha go gana fa o raelwa kana o patelediwa go tlogela se o se ngaparetseng.’ Ke gone ka moo, batho ba ba sa latlheng boikanyegi fa ba lekwa, ba ganediwa le go bogisiwa ba tshwanetse ba bidiwa gore ba “boikanyego.”

7. Boikanyego le boikanyegi di farologana jang?

7 Lefa go ntse jalo, fa go buiwa ka seno, go ka nna molemo go tshwantsha kafa boikanyego le boikanyegi di farologanang ka teng. Kwa bophirima jwa United States go na le motswedi wa metsi a a molelo o o thunyang mo e ka nnang ura nngwe le nngwe. O dira jalo ka metlha mo o bidiwang Moikanyegi wa Bogologolo. Baebele e bolela gore dilo tse di sa tsheleng tse di tshwanang le ngwedi di na le boikanyegi, ka go bo o ka di tshepa. Pesalema 89:37 e bolela gore ngwedi ke “mosupi yo o ikanyegang mo loaping.” Go bolelwa fa mafoko a Modimo a le boikanyegi. Tshenolo 21:5 ya re: “Yo o dutseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bonang, dilo tsotlhe ke di dira seša.’ Mme a re: ‘Kwala! Gonne mafoko a, a [boikanyegi, NW] le boammaaruri.’” Dilo tseno tsotlhe di boikanyegi, di ka tshepiwa mme ga di kake tsa supa lorato kana dinonofo dipe fela tsa boitsholo jaaka boikanyego.

Jehofa, O Boikanyego Tota

8. Ke bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo supang sekao se se molemo thata sa boikanyego?

8 Kwantle ga pelaelo, Jehofa Modimo ke ene sekao se se molemo thata sa boikanyego. Jehofa ga a bolo go nna boikanyego mo bathong, mo a neng a ntsha Morwawe gore batho ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Re bala jaana mo go Jeremia 3:12: “‘Boa wena Iseraele wa motenegi,’ go bua Jehofa. ‘Ga nketla ke lo leba ka bogale, gonne ke [boikanyego, NW].’” Mafoko ano a a kwadilweng mo go Tshenolo 16:5 le one a supa gore Jehofa o boikanyego: “O tshiamo, wena [yo o boikanyego, NW] yo o gone le yo o neng o ntse o le gone.” Re bolelelwa gape jaana mo go Pesalema 145:17: “Jehofa o tshiamo mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o [boikanyego, NW] mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.” Tota e bile, Jehofa o boikanyego ka mo go tlhomologileng mo Tshenolo 15:4 e bolelang jaana ka ene: “E mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o [boikanyego, NW].” Jehofa Modimo o boikanyego tota.

9, 10. Jehofa o ile a itshupa a ikanyega jang fa a ne a dirisana le setšhaba sa Iseraele?

9 Hisitori ya setšhaba sa Iseraele e na le bosupi jo bontsi jwa gore Jehofa o boikanyego mo bathong ba gagwe. Mo metlheng ya Baatlhodi, Baiseraele ba ne ba tlogela kobamelo ya boammaaruri gangwe le gape, mme Jehofa o ne a ba utlwela botlhoko kgapetsakgapetsa mme a ba golola. (Baatlhodi 2:15-22) Mo dingwageng tse di makgolo a matlhano tse Baiseraele ba neng ba na le dikgosi ka tsone, Jehofa o ne a supa boikanyego mo setšhabeng seo.

10 Boikanyego jwa ga Jehofa bo ne jwa dira gore a nne pelotelele le batho ba gagwe, jaaka go boletswe jaana mo go 2 Ditirafalo 36:15, 16: “Jehofa, Modimo wa borraabo, a roma kwa go bone ka barongwa ba gagwe, a phakela a ba roma; gonne a utlwela batho ba gagwe botlhoko, le felo ga boago jwa gagwe; mme ba sotla barongwa ba Modimo, ba nyatsa mafoko a gagwe, ba tshega baperofeti ba gagwe, ga tsamaya bogale jwa ga Jehofa jwa tsogela batho ba gagwe, ga tsamaya phodiso ya tlhokafalela ruri.”

11. Boikanyego jwa ga Jehofa bo re tlhomamisetsa le go re gomotsa ka tsela efe?

11 Lebaka la go bo Jehofa a le boikanyego thata ke lone le dirileng gore moaposetoloi Paulo a kwale jaana jaaka go begilwe mo go Baroma 8:38, 39: “Ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo, go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” Ee, Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.” (Bahebere 13:5) Eleruri, go gomotsa tota go itse gore Jehofa Modimo o boikanyego ka metlha!

Jesu Keresete, Morwa yo o Boikanyego

12, 13. Ke bosupi bofe jo re nang le jone jwa gore Morwa Modimo o ne a le boikanyego?

12 Jesu Keresete ke ene a neng a etsa Jehofa ka botlalo mo go fenyeng kgwetlho ya boikanyego e bile o santse a dira jalo. Moaposetoloi Petere o ne a kgona go nopola Pesalema 16:10 sentle fela a bo a e dirisa mo go Jesu Keresete jaana mo go Ditiro 2:27: “Ga o ketla o tlogela mowa wa me mo Bobipong le gone ga o ketla o neela [yo o boikanyego mo go wena, NW] a bona go bola.” Jesu Keresete o tshwanela tota go bidiwa “yo o boikanyego.” O boikanyego ka botlalo mo go Rraagwe le mo Bogosing jwa Modimo jo bo solofeditsweng. Sa ntlha, Satane o ne a leka go latlhisa Jesu bothokgami ka go mo raela, le go ikuela mo go ene gore a dire dilo tse di kgatlhang ene. Fa Diabolo a sena go palelwa go dira seo, o ne a simolola go mmogisa mme kwa bokhutlong a dira gore Jesu a bolaelwe mo koteng. Jesu ga a ise a ko a latlhe boikanyego jwa gagwe mo go Jehofa Modimo, Rraagwe wa selegodimo.—Mathaio 4:1-11.

13 Jesu Keresete o ile a ikanyega tota mo balateding ba gagwe mo go diragatseng tsholofetso eno e e kwadilweng mo go Mathaio 28:20: “Bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.” O ile a diragatsa tsholofetso eo ka go nna boikanyego mo go eteleleng pele phuthego go tloga ka Pentekosete 33 C.E. go fitlha gompieno.

Batho Ba ba Sa Itekanelang ba ba Boikanyego

14. Jobe o ne a tlhoma sekao sefe sa boikanyego?

14 Jaanong, go tweng ka batho ba ba sa itekanelang? A ba ka nna boikanyego mo Modimong? Re na le kgang e e tlhomologileng ya ga Jobe. Satane o ne a tsosa kgang ka tlhamalalo fela ka ene. A Jobe o ne a le boikanyego mo go Jehofa Modimo kana o ne a mo direla fela ka ntlha ya dilo tse a neng a di batla mo go ene? Satane o ne a ipelafatsa ka gore ene a ka kgona go tlosa Jobe mo go Jehofa ka go tlisetsa Jobe mathata. Fa Jobe a sena go latlhegelwa ke dithoto tsotlhe tsa gagwe, le bana botlhe ba gagwe tota le boitekanelo jwa gagwe, mosadi wa gagwe o ne a mo raya a re: “Itatole Modimo, mme o swe.” Lefa go ntse jalo, Jobe yo o boikanyego o ne a mo raya a re: “‘O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?’ Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.” (Jobe 2:9, 10) E bile tota, Jobe o ne a raya ba ba neng ba tlile go mo gomotsa a re: “Le fa [Modimo] o mpolaya, ke tlaa nna ke o lebelela fela.” (Jobe 13:15) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a itumelela Jobe! Ka gone, Jehofa o ne a raya Elifase wa Motemane a re: “Botšarara jwa me bo go tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi, gonne ga lo a bua se se siameng ka ga me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile.”—Jobe 42:7, 10-16; Jakobe 5:11.

15. Ke bosupi bofe jwa Dikwalo jo re nang le jone jwa batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa Modimo ba ba neng ba ikanyega?

15 Go ka bolelwa gore banna le basadi botlhe ba tumelo ba go builweng ka bone mo go Bahebere kgaolo 11 ba boikanyego. Ba ne ba se boikanyegi fela mme gape ba ne ba le boikanyego lefa ba ne ba lebane le mathata. Ke gone ka moo re balang ka “ba e rileng ka tumelo . . . ba thiba melomo ya ditau, ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka . . . Ba bangwe ba lekwa ka ditshotlo le ka go seolakwa, ee, le ka dikgole gape, le ka go tsenngwa mo matlong a kgolegelo: Ba kgobotlediwa ka maje, ba fatoganngwa ka šage, ba raelwa, ba bolawa ka tšhaka; ba tsamaya fela ba apere matlalo a dinku le a dipodi; ba ne ba ip[h]otlhere, ba se na sepe, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula.”—Bahebere 11:33-37.

16. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao sefe sa boikanyego?

16 Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le tsone di na le sekao se se tlhomologileng thata sa ga moaposetoloi Paulo. O ne a ka kgona go bolelela Bakeresete ba kwa Thesalonika jaana ka bodiredi jwa gagwe: “Lo basupi, le one Modimo, ka fa re ne re ntse ka teng mo go lona ba lo dumelang, ka [boikanyego, NW], le tshiamo, le ka mo go se nang molato.” (1 Bathesalonika 2:10) Re na le bosupi jo bo oketsegileng jwa boikanyego jwa ga Paulo mo mafokong ano a gagwe a a kwadilweng mo go 2 Bakorinthe 6:4, 5, koo re balang jaana: “Mo dilong tsotlhe re iponatse molemo, jaaka badiredi ba Modimo, e bong mo peloteleleng, le mo dipogisong, le mo botlhokweng, le mo dipitlaganong, le mo dithupeng, le mo dikgolegong, le mo diphuduegong, le mo dikgokgolelong, le mo ditisong, le mo go ikitseng go ja.” Dilo tseno tsotlhe di supa gore moaposetoloi Paulo o ne a itlotla gonne a ne a le boikanyego.

Ba ba Boikanyego mo Metlheng ya Segompieno

17. Ke mafoko afe a ga J. F. Rutherford a a supang gore o ne a iketleeditse go supa boikanyego?

17 Fa go tliwa mo metlheng ya segompieno, re na le sekao se se molemo thata se go setseng go builwe ka sone mo ketapeleng ya rona. Ela tlhoko se se bolelwang mo bukeng ya Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō,” mo tsebeng ya 146 kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Go Ikanyega ka Nako ya Kgolegelo.” Go bolelwa jaana koo: “Fa a ne a supa boikanyego mo phuthegong ya ga Jehofa a ntse a tshwerwe, mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, e bong Joseph F. Rutherford, o ne a re ka December 25, 1918, a kwala jaana: ‘Ka go bo jaana ke ile ka gana go ineela go Babelona, mme ka boikanyego ke lekile go direla Morena wa me, ke mo kgolegelong, mme e le selo seo ke se lebogelang. . . . Ke tla ikgethela gore bogolo ke amogelwe ke Ene le gore a intumelele mme ke nne mo kgolegelong, go na le gore ke dumalane kana ke ineele mo Sebataneng mme ke gololesege le go galalediwa ke lefatshe lotlhe.’”b

18, 19. Re na le dikao dife tse di tlhomologileng tsa batho ba ba ileng ba supa boikanyego mo metlheng ya segompieno?

18 Re na le dikao tse dintsi tse di tlhomologileng thata tsa boikanyego tsa Bakeresete ba bangwe ba ba ileng ba bogisiwa. Mo go bone, go na le Basupi ba ga Jehofa ba Bajeremane ba mo metlheng ya puso ya Banasi, jaaka ba supiwa mo bidiong ya Purple Triangles, e e anamisitsweng thata ka puo ya Seesemane. Ba bangwe gape ba ba tlhomologileng ke Basupi ba bantsi ba ba boikanyego ba Baafrika jaaka ba kwa Malawi. Modisakgolegelo mongwe wa koo o ne a tlhomamisa gore Basupi ba boikanyego, ka go re: “Ga ba kake ba ineela le ka motlha. Ba oketsega fela.”

19 Fa motho a bala di-Yearbook of Jehovah’s Witnesses tsa bosheng ga a kake a tlhoka go kgatlhiwa ke boikanyego jo bo ileng jwa supiwa ke Bakeresete ba boammaaruri, jaaka ba kwa Gerika, Mozambique le Poland. Bontsi jwa bone bo ne jwa bogisiwa botlhoko; bangwe ba ne ba bolawa. Mo tsebeng ya 177 ya 1992 Yearbook go na le ditshwantsho tsa banna ba le robongwe ba Bakeresete ba kwa Ethiopia ba ba neng ba fenya kgwetlho ya boikanyego go fitlha ba bo ba bolawa. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, a ga re itumelele dikao tse dintsi tseno tse di molemo tse di re tlhotlheletsang gore re fenye kgwetlho ya boikanyego?

20. Matswela e nna afe fa re nna re le boikanyego?

20 Re nna le boitlotlo fa ka boikanyego re sa ineele mo thaelong le mo dikgatelelong. Ka jalo he, re batla go fitlhelwa re le kafa letlhakoreng la ga mang mo kgannyeng ya boikanyego? Fa re fenya kgwetlho ya boikanyego, re ema mo letlhakoreng la ga Jehofa Modimo mo kgannyeng eno mme re supa gore Satane Diabolo ke moaki yo o makgapha le yo o maswe thata! Fa re dira jalo re amogelwa ke Jehofa Modimo, Modiri wa rona, e bile re tla bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng re itumetse. (Pesalema 37:29; 144:15b) Go tlile go tlotliwa ka dilo tse di tlhokegang go fenya kgwetlho ya boikanyego moragonyana.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Saetlopedia ya dibolumo tse pedi ya Baebele e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O ne o Tla Araba Jang?

◻ Ke eng fa go nna boikanyego go gwetlha?

◻ Ke eng fa go ka bolelwa gore “boikanyego” ke lefoko le le kgethegileng thata?

◻ Re na le dikao dife tsa Dikwalo tsa batho ba ba sa itekanelang ba ba ileng ba supa boikanyego?

◻ Re na le dikao dife tse di molemo tsa segompieno tsa boikanyego?

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Charles Taze Russell

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ruri Jesu o ne a le “boikanyego” mo go Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Jobe o ne a le boikanyego mo Modimong le mororo a ne a sa itekanela

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go nna boikanyego mo go Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela