LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 4/1 ts. 10-15
  • Bakang Kgosi ya bosaenkae!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakang Kgosi ya bosaenkae!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kgosi ka Bosakhutleng”
  • Tebelelo e e Gakgamatsang ya Botshelo
  • Botlhale Jwa ga Jehofa Jwa go Bopa
  • Popo ya Lefatshe e e Konelang Bontle
  • Ditiro Tse Dikgolo le go Feta
  • “Bakang Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Sepela le Modimo—Ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Mmopi wa Rona Yo Mogolo le Ditiro tsa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng’
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 4/1 ts. 10-15

Bakang Kgosi ya bosaenkae!

“Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”—PESALEMA 10:16.

1. Go tsoga dipotso dife tse di malebana le bosaenkae?

BOSAENKAE—wena o ne o ka re ke eng? A o akanya gore tota nako e ka tswelela pele fela ka bosakhutleng? Ebu, ga go na pelaelo ya gore nako e ya fela kwa moragorago kwa. Ka jalo, go ka pala kae gore mo isagweng e tswelele pele ka bosakhutleng? Eleruri, thanolo ya Baebele ya New World Translation e bua ka Modimo gore o bakwa “go tswa kwa go senang tshimologo go ya kwa bosakhutleng.” (Pesalema 41:13) Polelwana eno e kaya eng? Re ka nna ra e tlhaloganya motlhofo fa re umaka kgang e e malebana le yone—lefaufau.

2, 3. (a) Ke dipotso dife kaga lefaufau tse di re thusang go tlhaloganya bosaenkae? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka batla go obamela Kgosi ya bosaenkae?

2 Lefaufau le bogolo bo kae? A go na le fa le felelang teng? Go fitlha dingwaga tse 400 tse di fetileng, go ne go akanngwa gore lefatshe la rona le eme mo gare ga lobopo. Go tswa foo Galileo o ne a tlhama thelesekoupo, e e neng ya dira gore motho a kgone go bona selekanyo se segolo thata sa magodimo. Jaanong Galileo o ne a kgona go bona dinaledi di le dintsi thata e bile a kgona go bontsha gore lefatshe le dipolanete tse dingwe di dikologa letsatsi. Jaanong Lesomo la Molala wa Tladi le ne le sa tlhole le le letobo. Go ne ga bonwa gore ke losagaripa lwa dinaledi, di ka nna dimilione di le dikete di le lekgolo. Re ka se kgone go bala dinaledi di le kalo tota, lefa e le mo botshelong jwa rona jotlhe. Moragonyana, baithutadinaledi ba ne ba kgona go bona masagaripa a le dimilione di le diketekete. Tsone di aname fela le lefaufau lotlhe, ga go na fa di felelang teng, go fitlha kwa dithelesekoupu tse di maatla thata di kgonang go fitlhelela teng. Go lebega gore ga go na fa lefaufau le felelang teng. Go ntse fela jalo le ka bosaenkae—ga go na fa bo felelang teng.

3 Go lebega go sa kgonege gore maboko a rona batho a mannye fela a tlhaloganye kgang ya bosaenkae. Lefa go ntse jalo, go na le Mongwe yo o e tlhaloganyang ka botlalo. O kgona go bala, ee, tota le go bitsa ka maina dibilione tse di diketekete tsa dinaledi tse di ipopileng ka masagaripa a a dimilione tse di diketekete tse go senang fa di felelang teng! Ene yono a re: “Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina; ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, le ka go bo a nonofile mo thateng, fa go se sepe se se tlhokafalang. A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe ga a idibale, ga a lape; tlhaloganyo ya gagwe ga e na go tlhotlhomisiwa gope.” (Isaia 40:26, 28) A Modimo o o gakgamatsang! Ruri, ke one Modimo o re tshwanetseng ra batla go o obamela!

“Kgosi ka Bosakhutleng”

4. (a) Dafite o ne a tlhalosa jang tsela e a anaanelang Kgosi ya bosaenkae ka yone? (b) Mongwe wa baitsesaense ba bagolo thata mo hisitoring o ne a konela ka goreng malebana le kwa lobopo lo simologileng teng?

4 Mo go Pesalema 10:16, Dafite o bolela jaana ka Mmopi, Modimo: “Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” Mme o boeletsa jaana mo go Pesalema 29:10: “Jehofa o dutse e le kgosi ka bosakhutleng.” Ee, Jehofa ke Kgosi ya bosaenkae! Mo godimo ga moo, Dafite o supela gore Kgosi eno e e galalediwang, ke Motlhami le Modiri wa dilo tsotlhe tse re di bonang mo lefaufaung, a bolela jaana mo go Pesalema 19:1: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; phuthologo le yone e supa tiro ya diatla tsa one.” Dingwaga di ka nna 2 700 morago ga foo, moitsesaense yo o itsegeng thata e bong Sir Isaac Newton o ne a dumalana le Dafite ka go kwala a re: “Thulaganyo eno e e botswerere thata ya dinaledi, dipolanete le dikhomete e ne e ka nna gone fela fa e dirwa ke mongwe yo o maatla, yo o botlhale yo o e dirileng a na le maikaelelo e bile e le ene yo o laolang.”

5. Isaia le Paulo ba ne ba kwala eng kaga Motswedi wa botlhale?

5 A bo go tshwanetse ga re dira gore re ikokobetse jang ne go itse gore Morena Molaodi Jehofa, yo tota le ‘magodimo [a magolo], legodimo la magodimo le sa kakeng la nna le bonno jo bo mo lekaneng,’ o tshela ka bosaenkae! (1 Dikgosi 8:27) Jehofa, yo o tlhalosiwang mo go Isaia 45:18 e le “yo o tlhodileng magodimo; . . . o o bopileng lefatshe wa le dira,” ke Motswedi wa botlhale jo bogolo thata jo boboko jwa motho yo o swang bo ka sekang jwa bo tlhaloganya. Jehofa o ne a bolela jaana, jaaka go tlhalositswe mo go 1 Bakorinthe 1:19: “Ke tlaa senya botlhale jwa matlhale, le matsetseleko a ba ba ikelelelang ke tlaa a gana.” Moaposetoloi Paulo o ne a oketsa jaana mo temaneng ya 20: “Motlhalefi o kae? Mokwadi o kae? Moganedi wa lefatshe leno o kae? A Modimo ga o a ntsha botlhale jwa lefatshe dinyana fela?” Ee, jaaka Paulo a ne a tswelela pele ka go bolela, mo go kgaolo 3, temana 19, “botlhale jwa lefatshe leno ke dinyana mo Modimong.”

6. Moreri 3:11 e supa eng malebana le “bosakhutleng”?

6 Dilo tse di mo magodimong ke dingwe tsa dilo tse di bopilweng tse Kgosi Solomone a neng a bua ka tsone jaana: “[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone; le gone o tlhomile go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone, mme le fa go ntse jalo e be e le ka mokgwa wa go re motho ga a kake a lemogela ruri tiro e Modimo o e dirileng go tswa tshimologong go ya fela kwa bokhutlong.” (Moreri 3:11) Eleruri, motho o tlholega a na le keletso eo ya go itse bokao jwa “bosakhutleng,” ke gore, bosaenkae. A mme o ka tsamaya a nna le kitso eo?

Tebelelo e e Gakgamatsang ya Botshelo

7, 8. (a) Batho ba lebeletse eng se se itumedisang ka botshelo mo nakong e e tlang, mme se ka amogelwa jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itumelela gore thuto ya bomodimo e tla tswelela pele ka bosaenkae le ka bosaenkae?

7 Jesu Keresete o ne a bolela jaana fa a rapela Jehofa: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Re ka nna le kitso eo jang? Re tlhoka go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele e e Boitshepo. Ka go dira jalo re ka nna le kitso e e tlhomameng ka maikaelelo a Modimo a mantle, go akaretsa le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise jo re bo newang ka Morwawe. Seo e tla bo e le “botshelo jo e leng botshelo ruri” jo go buiwang ka jone mo go 1 Timotheo 6:19. Seo se tla bo se dumalana le se Baefeso 3:11 e se tlhalosang e le ‘boikaelelo jwa metlha e e se nang tshimologo, jo [Modimo] o bo ikaeletseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona.’

8 Ee, rona batho ba re leofang re ka bona botshelo jo bo sa khutleng ka thuto ya bomodimo le ka go nna le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. Thuto eno e tla tswelela pele ka lobaka lo lo kana kang? E tla tswelela pele ka bosaenkae fa batho ba ntse ba rutiwa botlhale jwa Mmopi wa rona kgato ka kgato. Botlhale jwa ga Jehofa ga bo fele. E re ka moaposetoloi Paulo a ne a lemoga seno, o ne a khutsa jaana: “A boteng jwa khumo, le jwa botlhale, le jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa one ga di fopholesege jang, le ditsela tsa one ga di tlhotlhomisege jang!” (Baroma 11:33) Go a tshwanela ruri, go bo 1 Timotheo 1:17 (NW) e bitsa Jehofa e re ke “Kgosi ya bosaenkae”!

Botlhale Jwa ga Jehofa Jwa go Bopa

9, 10. (a) Jehofa o ne a dira ditiro dife tse dikgolo fa a ne a baakanya lefatshe gore a tle a le abele batho? (b) Botlhale jo bo gakgamatsang jwa ga Jehofa bo bonala jang mo dilong tse a di bopileng? (Bona lebokose.)

9 Akanya fela ka boswa jo bogolo jo Kgosi ya bosaenkae e re neileng jone rona batho. Pesalema 115:16 e re bolelela jaana: “Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.” A ga o akanye gore seno ke boswa jo bo molemo thata? Ee ruri! Mme a bo re anaanela Mmopi wa rona jang ne go bo a ile a bonela dilo pele ka tsela e e gakgamatsang mme a re baakanyetsa lefatshe go nna legae la rona!—Pesalema 107:8.

10 Go ile ga direga dilo tse di kgatlhang tota mo lefatsheng ka nako ya “malatsi” a marataro a popo a Genesise kgaolo 1, ao letsatsi lengwe le lengwe la one le neng le le boleele jwa diketekete tsa dingwaga. Popo eno ya Modimo kgabagare e ne e tla apesa lefatshe lotlhe ka bojang jo botala, ka dikgwa tse dikgolo le dithunya tse dintle. Le ne le tla tlala diphologolo tse dintsintsi tsa lewatle tse di farologaneng, bontsintsi jwa dinonyane tse dintle tsa diphuka tse di mebalabala, le mefutafuta ya diphologolo tse di ruiwang le tsa naga, dingwe le dingwe di bopilwe go ya “ka fa ditshikeng tsa tsone.” Fa go sena go tlhalosiwa ka go bopiwa ga monna le mosadi, Genesise 1:31 e anela jaana: “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.” A bo batho bao ba ntlha ba ne ba na le tikologo e ntle jang ne! A dilo tseno tsotlhe tse di bopilweng ga di re bontshe gore Mmopi yo o lorato o botlhale, o bonela dilo kwa pele, e bile o amega ka rona?—Isaia 45:11, 12, 18.

11. Solomone o ne a goletsa botlhale jwa ga Jehofa jwa go bopa jang?

11 Mongwe yo o neng a kgatlhiwa thata ke botlhale jwa Kgosi ya bosaenkae e ne e le Solomone. O ne a umaka botlhale jwa Mmopi kgapetsakgapetsa. (Diane 1:1, 2; 2:1, 6; 3:13-18) Solomone o re tlhomamisetsa gore “lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng.” O ne a anaanela dilo tse dintsi tse di gakgamatsang tsa popo, go akaretsa le kafa maru a pula a timolang lefatshe la rona mogote ka teng. Ka jalo, o ne a kwala jaana: “Dinoka tsotlhe di thelegela mo lewatleng, le fa go ntse jalo lewatle ga le a tlala; felong kwa dinoka di yang gone, di be di ye gone gape.” (Moreri 1:4, 7) Ka jalo, fa dipula le dinoka di sena go timola lefatshe, metsi a tsone a tswa mo mawatleng e nna maru gape. Lefatshe leno le ka bo le ntse jang, mme re ka bo re le kae fa e ka bo e se ka thulaganyo eno ya go phepafatsa metsi le modikologo wa one?

12, 13. Re ka bontsha jang gore re anaanela popo ya Modimo?

12 Re tshwanetse go supa tsela e re anaanelang thulaganyo ya popo ka yone ka ditiro, fela jaaka Kgosi Solomone a ne a bolela mo mafokong a a konelang a Moreri: “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo o tlaa isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, le sengwe le sengwe se se subegileng, le fa se le molemo kgotsa se le bosula.” (Moreri 12:13, 14) Re tshwanetse ra boifa go dira sepe se se sa itumediseng Modimo. Go na le moo, re tshwanetse ra leka go mo obamela ka poifo ya go mo tlotla.

13 Kwantle ga pelaelo, re tshwanetse ra batla go baka Kgosi ya bosaenkae ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse dintle tsa popo! Pesalema 104:24 e bolela jaana: “Jehofa, ana ditiro tsa gago di methalethale jang! O di dirile ka botlhale tsotlhe fela; lefatshe le tletse dikhumo tsa gago.” A ka boitumelo re dumalaneng le temana ya bofelo ya pesalema eno ka go ipolelela jaana re bo re bolelela ba bangwe re re: “Baka Jehofa mowa wa me. Lona, bakang Jehofa.”

Popo ya Lefatshe e e Konelang Bontle

14. Batho ba Modimo o ba bopileng ke ba maemo a a kwa godimo thata go feta diphologolo ka ditsela dife?

14 Popo yotlhe ya ga Jehofa e dirilwe ka maatlametlo. Mme popo ya mo lefatsheng e e di gaisang tsotlhe ke rona—batho. Atame mme a latelwa ke Efa ba ne ba bopiwa e le bone ba ba konelang se se neng sa bopiwa mo letsatsing la borataro la ga Jehofa la popo—e le bone popo ya maemo a a kwa godimo go feta ditlhapi, dinonyane le diphologolo kgakala! Le mororo bontsi jwa dilo tseno di na le botlhale jo di dirilweng di na le jone, motho ene o neilwe nonofo ya go akanya, segakolodi se se kgonang go farologanya molemo le bosula, bokgoni jwa go rulaganyetsa isagwe le keletso e a bopilweng a na le yone ya go batla go obamela. Seno sotlhe se nnile gone jang? Motho o nnile gone ka go bopiwa mo setshwanong sa Modimo, e seng ka go itlhagelela go tswa mo diphologolong tse di senang tlhaloganyo. Ka gone, motho ke ene fela a kgonang go supa dinonofo tsa Mmopi wa rona, yo o neng a ipolela e le “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri.”—Ekesodo 34:6.

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go baka Jehofa ka boikokobetso?

15 A re bakeng Jehofa le go mo lebogela tsela e a bopileng mebele ya rona ka manontlhotlho ka yone. Madi a rona a a botlhokwa gore re tswelele pele re tshela, a dikologa mo mmeleng wa rona metsotswana mengwe le mengwe e le 60. Jaaka Duteronome 12:23 e bolela, “madi ke botshelo”—botshelo jwa rona—jo bo tlhwatlhwakgolo mo matlhong a Modimo. Marapo a a thata, mesifa e e kgonang go temeka, le ditshikana tsa boboko tse di bonako go tsibogela melaetsa di konetswe ka boboko jo bo gaisang jwa phologolo epe fela e bile bo kgona go dira dilo tse khomputara e kgolo e e kana ka ntlo ya matlhatlaganyane e neng e ka se ka ya di kgona. A seno ga se dire gore o ikokobetse? Se tshwanetse. (Diane 22:4) Akanya le ka kgang eno: Makgwafo a rona, kgokgotso, loleme, meno le molomo, di dirisana mmogo go thusa motho go bua puo epe fela ya tse di diketekete tse di leng teng. Dafite o ne a opelela Jehofa ka tsela e e tshwanetseng, a re: “Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.” (Pesalema 139:14) A re kopaneleng le Dafite re bake Jehofa, Motlhami le Modimo wa rona yo o gakgamatsang re mo leboga!

16. Moopedi mongwe yo o itsegeng o ne a baka Jehofa ka pina jang, mme re ka tsaya kgato malebana le taletso efe e e re rotloetsang?

16 Mafoko a pina ya ophera ya lekgolo la bo18 la dingwaga a a kwadilweng ke Joseph Haydn a baka Jehofa jaana: “Mo lebogeng, lona lotlhe ditiro tsa Gagwe tse di gakgamatsang! Mo tlotleng ka go Mo opelela, Mo galaletseng ka go Mo opelela lo bo lo goletse Leina la Gagwe! Jehofa o tla nna a bakwa ka metlha yotlhe, Amen, Amen!” Mme mafoko a a monate thata ke a a umakiwang kgapetsakgapetsa a a tlhotlheleditsweng a a mo go Dipesalema, jaaka taletso e e umakwang ganè mo go Pesalema ya bo107, 15, 21,31: “A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa ka ntlha ya molemo wa gagwe, le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho!” A le wena o mmaka jalo? O tshwanetse, ka gonne sengwe le sengwe se ruri se leng molemo se tswa kwa go Jehofa, Kgosi ya bosaenkae.

Ditiro Tse Dikgolo le go Feta

17. ‘Sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana’ se goletsa Jehofa jang?

17 Mo dingwageng tse di dikete tse thataro tse di fetileng, Kgosi ya bosaenkae e ile ya simolola go dira ditiro tse dikgolo le go feta. Mo bukeng ya bofelo ya Baebele, mo go Tshenolo 15:3, 4, re bala ka batho ba kwa legodimong ba ba fentseng baba ba badimona: “Ba bo ba opela sefela sa ga Moše motlhanka wa Modimo, le sefela sa ga Kwana, ba re: ‘Ditiro tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamatso, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di tshiamo le boammaaruri, Kgosi ya metlha. Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; gonne merafe yotlhe e tlaa tla e obamela fa pele ga gago; gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di bonaditswe.’” Ke eng fa e bidiwa ‘sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana’? A re boneng.

18. Ke tiro efe e kgolo e e gopolwang ka pina mo go Ekesodo kgaolo 15?

18 Dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, fa masole a a nonofileng a ga Faro a ne a nyelediwa mo Lewatleng le Lehibidu, Baiseraele ba ne ba leboga Jehofa ka go mmaka ka dipina. Re bala jaana mo go Ekesodo 15:1, 18: “Foo Moše le bana ba Iseraele ba opelela Jehofa sefela se, ba re: ‘Ke tlaa opelela Jehofa gonne o fentse ka mo go gakgamatsang. O latlhetse pitse le mopagami wa yone mo lewatleng. Jehofa o tlaa busa ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’” Kgosi eno ya bosaenkae e ne ya bontsha melao ya yone ya tshiamo fa e ne e atlhola e bo e nyeletsa baba bano ba ba neng ba nyatsa bolaodi jwa yone.

19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bopa setšhaba sa Iseraele? (b) Kwana le ba bangwe ba ile ba arabela kgwetlho ya ga Satane jang?

19 Ke eng fa go ne go tlhokega gore a dire jalo? Kwa tshimong ya Etene, Noga e e boferefere e ne ya dira gore batsadi ba rona ba ntlha ba leofe. Seno se ne sa dira gore boleo le bosaitekanelang di fetele mo bathong botlhe. Lefa go ntse jalo, Kgosi ya bosaenkae e ne ya tsaya dikgato gone fela foo tse di neng di tla dira gore baba botlhe ba yone ba nyelediwe mo lefatsheng le go busetsa maemo a paradaise go dumalana le boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong. Kgosi ya bosaenkae e ne ya bopa setšhaba sa Iseraele ya ba ya dira Molao wa yone o o neng o tshwantshetsa tsela e a neng a tlile go dira seno ka yone.—Bagalatia 3:24.

20 Lefa go ntse jalo, kgabagare Baiseraele ka bobone ba ne ba se ka ba ikanyega mme seno se ne sa nna maswe le go feta fa baeteledipele ba teng ba ne ba neela Baroma Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi gore ba mmogise ba bo ba mmolaye ka tsela e e setlhogo. (Ditiro 10:39; Bafilipi 2:8) Lefa go ntse jalo, tsela e Jesu a neng a thokgama ka yone go fitlha a swa, e le “Kwana wa Modimo” yo o ntshiwang setlhabelo, e ne ya ganetsa gotlhelele kgwetlho e e neng e dirilwe ke Mmaba wa bogologolo wa Modimo e bong Satane—ya gore ga go na motho ope mo lefatsheng yo o neng a ka nna a ikanyega mo Modimong fa a lekwa thata. (Johane 1:29, 36; Jobe 1:9-12; 27:5) Dimilione tsa batho ba bangwe ba ba boifang Modimo di ile tsa tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu ka go nna ba thokgame le fa ba tlhaselwa ke Satane le mororo ba ruile bosaitekanelang mo go Atame.—1 Petere 1:18, 19; 2:19, 21.

21. Go dumalana le Ditiro 17:29-31, ke eng se se tla tlhalosiwang mo setlhogong se se latelang?

21 Jaanong letsatsi la gore Jehofa a duele batho ba ba ikanyegang le go atlhola batho botlhe ba ba sa rateng boammaaruri le tshiamo le gorogile. (Ditiro 17:29-31) Seno se tla diragala jang? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa.

Lebokose la Poeletso

◻ Ke eng fa Jehofa a bidiwa “Kgosi ya bosaenkae” ka tshwanelo?

◻ Botlhale jwa ga Jehofa bo bonala jang mo dilong tseo a di bopileng?

◻ Batho ke tiro e kgolo ya popo ka ditsela dife?

◻ Ke ditiro dife tse di tshwanelwang ke ‘sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana’?

[Lebokoso mo go tsebe 12]

Botlhale jwa ga Jehofa jo Bogolo Thata

Botlhale jwa Kgosi ya bosaenkae bo bontshiwa ka ditsela di le dintsi mo dilong tse a di dirileng mo lefatsheng. Ela tlhoko mafoko a ga Agure: “Lefoko lengwe le lengwe la Modimo le lekilwe; one, ke thebe ya ba ba o ikanyang.” (Diane 30:5) Go tswa foo Agure o umaka dilo tse dintsi tse di tshelang tse di bopilweng ke Modimo, tse dikgolo le tse dipotlana. Ka sekai, mo ditemaneng tsa 24 go ya go 28, o tlhalosa ka “dilo di le nne tse di leng dipotlana mo lefatsheng, mme di [botlhale ka tlholego, NW].” Tsone ke tshoswane, pela, tsie le ntseane.

“Di botlhale ka tlholego”—ee, diphologolo di dirilwe jalo. Ga di akanye dilo jaaka batho ba dira mme di dirisa botlhale jo bo mo go tsone. A o kile wa kgatlhiwa ke seno? A bo e le popo e e rulagantsweng sentle jang ne! Ka sekai, ditshoswane di rulagantswe ka ditlhopha tse mo go tsone go nang le mohumagadi, badiri, le tse ditonanyana. Mo mefuteng mengwe, ditshoswane tsa badiri di bile di phuthela ditshenekegi tse go tweng di-aphid mo merakaneng eo di e agileng. Fa di le koo di gama di-aphid fa ditshoswane tse dikgolo tsa badiri tsone di koba baba bape ba ba ka tsenang. Diane 6:6 e gakolola jaana: “Ya kwa tshoswaneng wena mmodufadi; o akanye mekgwa ya yone, mme o tlhalefe.” A dikao tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go re kgothatsa rona batho gore re ‘totafale mo tirong ya Morena’?—1 Bakorinthe 15:58.

Motho o dirile difofane tse dikgolo tota. Mme a bo dinonyane tsone di na le bokgoni jang go di feta, go akaretsa le hummingbird, e e bokete jo bo kwa tlase ga digeramo tse 30! Sefofane sa Boeing 747 se tshwanetse sa tsamaya se na le dilitara tse 180 000 tsa mafura, se tsamaisiwa ke setlhopha se se rutilweng sentle sa batsamaisi, e bile se dirisa mekgwa e e raraaneng ya mosepele gore se fofe go kgabaganya lewatle. Mme hummingbird e nnyennyane e dirisa geramo e le nngwe fela ya mafura a yone gore e fofe sekgala sotlhe sa go tloga kwa Amerika Bokone, go kgabaganya Kgogometso ya Mexico, le go tsena kwa Amerika Borwa. Ga e na morwalo o o bokete wa mafura, ga go na yo o thapisediwang mesepele, ga e na ditšhate tse di raraaneng kana dikhomputara! A dilo tseno tse e kgonang go di dira di itletse ka kotsi fela ka go itlhagelela? Nnyaa le eseng! Nonyane e nnyennyane eno e botlhale ka tlholego, e dirilwe jalo ke Mmopi wa yone, Jehofa Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Popo e e methalethale ya “Kgosi ya bosaenkae” e bolela kgalalelo ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fela jaaka Moshe le Baiseraele botlhe ba ne ba itumelela go fenya ga ga Jehofa kwa Lewatleng le Lehibidu, batho ba tla itumela thata morago ga Haramagetone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela