Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
A re ka re batlhanka ba Modimo gompieno ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba na le moya wa Modimo o o lekanang le wa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya?
Potso eno ga se la ntlha e bodiwa. Go kile ga buiwa ka ntlha e e tshwanang le eno go “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1952 (ka Seesemane). Go tloga ka nako eo ba bantsi e ne ya nna Basupi, ka jalo re ka sekaseka potso eno gape mme fa re ntse re e sekaseka re tla boeletsa seo setlhogo seo sa pejana se neng sa se bolela.
Tota tota, karabo ke, ee, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba setlhopha sa dinku di sele ba ka amogela moya o o boitshepo wa Modimo o o lekanang le wa batlodiwa.—Johane 10:16.
Mme gone seno ga se reye gore moya ono o dira ka tsela e e tshwanang mo bathong botlhe. Gakologelwa ka batlhanka ba ba neng ba ikanyega mo motlheng wa pele ga Bokeresete, bao eleruri ba neng ba amogela moya wa Modimo. Ka ntlha ya go bo ba ne ba fiwa nonofo ke moya, bangwe ba bone ba ne ba bolaya dibatana tse di kotsi thata, ba fodisa balwetse, tota le eleng go tsosa baswi. E bile ba ne ba tlhoka moya go kwala dibuka tse di tlhotlheleditsweng tsa Baebele. (Baatlhodi 13:24, 25; 14:5, 6; 1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:17-37; 5:1-14) Tora ya Tebelo e ne ya re: “Lefa e ne e se ba setlhopha sa batlodiwa, ba ne ba tladiwa ka moya o o boitshepo.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, akanya ka banna le basadi ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao ba neng ba tloditswe ka moya o o boitshepo, ba nna barwa ba Modimo ba semoya ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Botlhe ba ne ba tloditswe, mme seo ga se reye gore morago ga moo moya o ne wa dira ka tsela e e tshwanang mo go bone botlhe. Seo se bonala sentle mo go 1 Bakorinthe kgaolo 12. Moo moaposetoloi Paulo a tlhalositseng ka ga dineo tsa moya. Mo ditemaneng 8, 9, le 11 re bala jaana: “Gonne mongwe o newa lefoko la botlhale ka Mowa; yo mongwe a newe lefoko la kitso, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe tumelo, e ntse e le ka one Mowa; yo mongwe a newe dineo tsa phodiso, e ntse e le ka one Mowa; . . . Mo dilong tsotlhe tse, go bo go dira one Mowa o o leng mongwe fela, ka go abela mongwe le mongwe ka fa o ratang ka teng fela.”
Go bonala sentle gore, ga se batlodiwa botlhe ba nako eo ba ba neng ba na le dineo tsa go dira dikgakgamatso tsa moya. Mo go 1 Bakorinthe kgaolo 14 Paulo o bua ka pokano ya phuthego eo mo go yone go neng go na le mongwe yo o neng a na le neo ya go bua ka diteme, mme go ne go sena ope yo o neng a na le neo ya go ranola. Lefa go ntse jalo, nako nngwe pelenyana, mongwe le mongwe wa bone o ne a tloditswe ka moya. A e tla bo e le selo se se utlwalang fa re re mokaulengwe yo o neng a na le neo ya go bua ka diteme o ne a na le moya o montsi go feta ba bangwe ba ba neng ba le gone? Nnyaa. Batlodiwa bao ba bangwe e ne e se gore ba timilwe lesego, jaaka e kete ga ba kgone go tlhaloganya Baebele sentle jaaka yoo kana ga ba kgone go lebana le diteko sentle. Moya o ne o dira ka tsela e e kgethegileng mo mokaulengweng yo o neng a bua ka diteme. Lefa go ntse jalo ene mmogo le bone ba ne ba tlhoka go nna gaufi le Jehofa le gore ba “tladiwe ka Mowa,” jaaka Paulo a kwadile.—Baefeso 5:18.
Malebana le masalela gompieno, eleruri ba amogetse moya wa Modimo. Ka lekgetlho lengwe o ne wa dira mo go bone ka tsela e e kgethegileng—ka nako ya fa ba ne ba tlodiwa le go tsholwa go nna barwa ba semoya. Morago ga foo ba ne ba nna ba ‘tladiwa ka Mowa,’ ba thusiwa ke one fa ba batla go tlhaloganya Baebele sentle, ba etelela pele mo tirong ya go rera, kana ba lebana le diteko—tsa bone ka bobone kana jaaka phuthego.
Lefa maloko a “dinku di sele” a sa ka a tlodiwa, mo dintlheng tse dingwe a ile a amogela moya o o boitshepo. Tora ya Tebelo ya April 15, 1952 (ka Seesemane) e ne ya tlhokomela jaana:
“Gompieno ‘dinku di sele’ di dira tiro ya go rera e e tshwanang fela le e e dirwang ke masalela, tlase ga maemo a a lekang ka go tshwana, e bile ba bontsha boikanyegi le bothokgami jo bo tshwanang. Ba fepiwa mo tafoleng e e tshwanang fela ya semoya, ba ja dijo tse di tshwanang, ba ithuta boammaaruri jo bo tshwanang. Ka go bo e le setlhopha se se tla tshelang mo lefatsheng, ba na le ditsholofelo tsa selefatshe mme e bile ba kgatlhegela thata dilo tsa selefatshe, ba ka nna ba bo ba kgatlhegela thata dikwalo tse di buang ka maemo a lefatshe a a tla nnang gone mo lefatsheng je lesha; fa masalela a a tloditsweng one a na le ditsholofelo tsa go tshela kwa legodimong e bile ba kgatlhegela thata dilo tsa semoya, ba ka nna ba bo ba ithuta ka tlhoafalo thata ka tsone dilo tseo mo Lefokong la Modimo. . . . Lefa go ntse jalo, ntlha ke gore ditlhopha tseno tse pedi di bona boammaaruri jo bo tshwanang le tsela e e tshwanang ya go tlhaloganya dilo, mme ke fela gore ba ithuta ka natla go le kana kang go go laolang gore ba tla tlhaloganya dilo tsa kwa legodimong le tsa mo lefatsheng go le kana kang. Ditlhopha tseno tsoopedi di abelwa moya wa Morena ka ditsela tse di lekanang, mme di abelwa kitso le go tlhaloganya ka selekanyo se se tshwanang, e bile di na le ditshono tse di lekanang tsa go e ithuta.”