LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 9/15 ts. 2-7
  • A Ditumelo Tsotlhe di Itumedisa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ditumelo Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Lemogiwa ka Maungo a Bone
  • Lebaka la go Nna Kelotlhoko
  • Tlhatlhoba Maungo
  • Nako ya go Tsaya Kgato e e Siameng
  • Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka Bo Atametse!
    Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!
  • A O Bone Bodumedi jo bo Siameng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A Modimo o Amogela Madumedi Otlhe?
    Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 9/15 ts. 2-7

A Ditumelo Tsotlhe di Itumedisa Modimo?

A o akanya gore ditumelo tsotlhe di itumedisa Modimo? Gongwe mofuta mongwe le mongwe wa kobamelo e o e itseng o kgothaletsa boitsholo jo bo siameng go ya bokgakaleng jo bo rileng. A mme seo se lekane go itumedisa Modimo?

BANGWE ba re, ‘O tshwanetse fela gore o tlhoafale mo kobamelong ya gago, mme Modimo o tla itumela. Ditumelo tsotlhe di siame.’ Ka sekai, Bodumedi jwa Bahai bo na le kgopolo eno mo e leng gore bo tsentse melaometheo e le robongwe ya ditumelo tsa lefatshe mo dilong tse ba di dumelang. Setlhopha seno sa bodumedi se dumela gore dilo tseno tsotlhe di tswa kwa Modimong mme ke dikarolo tsa boammaaruri bo le bongwe. Seno se ka nna boammaaruri jang?

Mo godimo ga moo, o na le lebaka la go ipotsa gore bodumedi bo ka itumedisa Modimo jang fa bo laela maloko a jone go tlhoma digase tsa ntwa mo mafelong a batho botlhe, mo go ka nnang ga felela go bolaile batho ba le bantsi. Setlhopha sengwe sa bodumedi kwa Japane se ile sa latofadiwa ka seo. Kana a Modimo o itumedisiwa ke bodumedi jo bo dirang gore maloko a jone a ipolaye? Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, seo se ile sa diragalela balatedi ba moeteledipele mongwe wa bodumedi e bong Jim Jones.

Fa re akanya ka dilo tse di diragatseng mo nakong e e fetileng, re ka nna ra botsa jaana, A ditumelo di ka itumedisa Modimo fa di tlhotlheletsa ntwa, jaaka mo kgannyeng ya Ntwa ya Dingwaga di le Masomemararo, e e ileng ya lowa go tloga ka 1618 go fitlha ka 1648? Go ya ka The Universal History of the World, kgotlhang e e neng e le fa gare ga Bakatoliki le Baporotesetanta e ne e le “nngwe ya dintwa tse di maswe thata mo hisitoring ya Yuropa.”

Dintwa tsa Botlhabanelatumelo tsa bodumedi tse di ileng tsa lowa go tloga ka lekgolo la bo11 la dingwaga go ya go la bo13 le tsone di ile tsa dira gore go tshololwe madi a mantsi. Ka sekai, mo ntweng ya ntlha ya Botlhabanelatumelo, batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ba neng ba tlhabanela tumelo ba ne ba bolaya baagi ba Jerusalema ba Bamoseleme le Bajuta setlhogo.

Akanya gape ka se se ileng sa diragala ka nako ya Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi, e e neng ya simolola ka lekgolo la bo13 la dingwaga e e neng ya tsaya sebaka sa dingwaga di le 600. Diketekete tsa batho di ile tsa tlhokofadiwa le go fisiwa gore ba bo ba swe ka taelo ya baeteledipele ba bodumedi. Mo bukeng ya gagwe ya Vicars of Christ—The Dark Side of the Papacy, Peter De Rosa o bolela jaana: “Ka taolo ya mopapa, [basekisi] ba ne ba na le molato o mogolo thata wa bosetlhogo le go nna ba ntse ba tlhasela batho ka tsela e e ba tlontlololang mo hisitoring ya [batho].” De Rosa o bolela jaana malebana le mosekisi wa Mo-Dominic e bong Torquemada wa kwa Spain: “O ne a tlhomiwa ka 1483, mme a busa ka go gatelela batho ka dingwaga di le lesometlhano. O ne a na le molato wa go bolaya batho ba ba fetang 114 000 ba mo go bone ba le 10 220 ba neng ba fisiwa.”

Gone mme, ga se ditumelo tsa Labokeresete fela tse di nang le molato wa madi. Mo bukeng ya gagwe ya Pensées mofilosofi wa Mofora e bong Blaise Pascal o ne a bolela jaana: “Batho ga ba ke ba dira bosula ka mo go feletseng jaana le ka boitumelo jaaka fa ba bo dira fa ba tlhotlhelediwa ke bodumedi.”

Ba Lemogiwa ka Maungo a Bone

Go ya ka tsela e Modimo o lebang dilo ka yone, gore a amogele bodumedi ga go a ikaega ka ntlha e le nngwe fela. Gore a amogele bodumedi, dithuto tsa jone le ditiro tsa jone di tshwanetse go dumalana le se se kwadilweng mo Lefokong la gagwe la boammaaruri e leng Baebele. (Pesalema 119:160; Johane 17:17) Maungo a kobamelo e e amogelwang ke Modimo a tshwanetse go dumalana le melao ya ga Jehofa Modimo.

Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu Keresete o ne a supa gore go tla nna le baporofeti ba ba neng ba tla bolela gore ba emela Modimo. Jesu o ne a re: “Lo itise mo baperofeting ba e seng bone, ba ba tlang mo go lona ba apere jaaka dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang. Lo tlaa ba itse ka maungo a bone. A batho ba tle ba hule loungo lwa mofine mo manganeng, kgotsa difeige mo masitlwaneng? Fela jalo setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa loungo lo lo molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa loungo lo lo bosula. Setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo bosula, le gone setlhare se se bosula ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo molemo. Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo se a rengwa, se latlhelwe mo molelong. Ke gone lo tlaa ba itse ka loungo lwa bone.” (Mathaio 7:15-20) Mafoko ano a supa gore re tshwanetse go nna re itisitse semoyeng. Re ka nna ra akanya gore moeteledipele mongwe wa bodumedi kana setlhopha sengwe se amogelwa ke Modimo le Keresete, mme go bo go sa nna jalo.

Lebaka la go Nna Kelotlhoko

Le mororo bodumedi bongwe bo ka bolela gore bo amogelwa ke Modimo e bile baruti ba jone ba bala ditemana dingwe go tswa mo Baebeleng, seo ga se reye gore ke mofuta wa kobamelo o o itumedisang Modimo. Baeteledipele ba jone ba ka nna ba bo ba dira dilo tse di gakgamatsang tse di dirang gore go bonale e kete Modimo o a ba dirisa. Lefa go ntse jalo, bodumedi joo e ka nna ya bo e santse e le jwa maaka, bo sa tlhagise maungo a a amogelwang ke Modimo. Baperesiti ba Baegepeto ba maselamose ba motlha wa ga Moshe ba ne ba kgona go dira dilo tse di gakgamatsang, mme tota ba ne ba sa amogelwe ke Modimo.—Ekesodo 7:8-22.

Gompieno fela jaaka mo nakong e e fetileng, ditumelo tse dintsi di buelela megopolo ya batho le difilosofi go na le gore ba latele se Modimo a reng se boammaaruri. Tlhagiso eno ya Baebele e tshwanela segolobogolo: “Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Fa a sena go bua ka maungo a a molemo le a a bosula, Jesu o ne a re: “Ga se gore mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong. E tlaa re mo letsatsing leo batho ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera mo ineng la gago, ra ba ra kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka leina la gago, ra dira ditiro di le dintsi tse di nonofileng ka leina la gago?’ E dira gone ke tlaa ba ipolelelang ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse gope, tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.’”—Mathaio 7:21-23.

Tlhatlhoba Maungo

Ka mo go phepafetseng he, go botlhokwa gore re lebelele maungo a bodumedi pele ga re swetsa ka gore bo amogelwa ke Modimo. Ka sekai, a bodumedi joo bo na le seabe mo dipolotiking? He, ela tlhoko mafoko ano a a kwadilweng mo go Jakobe 4:4: “Yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.” Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.” (Johane 17:16) Bodumedi jo bo siameng mo matlhong a Modimo ga bo na seabe sepe mo dipolotiking tsa lefatshe leno, le le ‘namaletseng fa tlase ga yo o bosula,’ sebopiwa se se sa bonaleng e bong Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Go na le moo, bodumedi jo Modimo a bo amogelang bo buelela Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga Jesu Keresete ka boikanyegi jo bo nitameng e bile bo bolela mafoko a a molemo a a buang ka puso ya legodimo.—Mareko 13:10.

A Modimo o amogela bodumedi jo bo tlhotlheletsang batho gore ba se ka ba ikobela ditaelo tsa puso? Karabo e tlhamaletse fa re utlwa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “O ba gakolole gore ba ineele mo balaoding, le gore ba nne kutlo mo go ba ba neetsweng taolo, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (Tito 3:1) E bile Jesu o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go ‘ntshetsa Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leng tsa Modimo.’—Mareko 12:17.

A re re bodumedi bo tlhotlheletsa batho go nna le seabe mo ntweng ya ditšhaba. Petere wa Ntlha 3:11 e re kgothaletsa go ‘dira molemo’ le go ‘batla kagiso le go e latelela.’ Bodumedi bo ka itumedisa Modimo jang fa maloko a jone a rata go bolaya baobamedikabone ba naga e nngwe mo ntweng? Batho ba bodumedi jo Modimo a bo amogelang ba supa nonofo eno ya gagwe ya konokono—lorato. Mme Jesu o ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lo lo ntseng jalo ga lo dire sepe se se tshwanang le letlhoo le le maswemaswe le le tlhotlhelediwang ke dintwa tsa ditšhaba.

Bodumedi jwa boammaaruri bo fetola batho ba ba ratang ntwa go nna batho ba ba ratang kagiso. Seno se ne sa bolelelwa pele ka mafoko ano: “Di tla thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” (Isaia 2:4) Go na le gore ba bue ka tsela e e supang letlhoo, batho ba ba leng mo kobamelong ya boammaaruri ba utlwa taolo eno: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.”—Mathaio 22:39.

Batho ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri ba leka go tshela ka melao e e kwa godimo ya ga Jehofa Modimo, ba gana go latela ditsela tsa botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.”—1 Bakorinthe 6:9-11.

Nako ya go Tsaya Kgato e e Siameng

Go botlhokwa go lemoga pharologano fa gare ga kobamelo ya maaka le ya boammaaruri. Mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o tlhalosiwa e le “Babilone o Mogolo,” seaka sa tshwantshetso “se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso.” O na le molato wa madi mme o tshotse senwelo sa gouta “se se tletseng tse di makgapha, e bong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe.” (Tshenolo 17:1-6) Ga go na sepe se Modimo a se amogelang mo go ene.

Eno ke nako ya go tsaya kgato e e siameng. Mmopi wa rona yo o lorato o ikuela jaana mo bathong ba ba dipelodiphepa ba ba santseng ba le mo go Babilone o Mogolo: “Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe.”—Tshenolo 18:4.

Fa o batla go nna mo bodumeding jo bo itumedisang Modimo, ke eng o sa itlwaelanye botoka le Basupi ba ga Jehofa? Tšhate e e leng fano e tlhalosa dilo dingwe tse ba di dumelang mmogo le mabaka a Dikwalo a a tshegetsang seno. Sekaseka Baebele ya gago go bona gore a dilo tse Basupi ba di dumelang di dumalana le Lefoko la Modimo. Tlhatlhoba go bona gore a bodumedi jwa bone bo ungwa mofuta wa maungo a o lebeletseng go a bona mo kobamelong ya boammaaruri. Fa o fitlhela gore a teng, o tla bo o bone bodumedi jo bo itumedisang Modimo.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Dilo Tse Basupi Ba Ga Jehofa Ba Di Dumelang

TUMELO MOTHEO WA BAEBELE

Leina la Modimo ke Jehofa Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18

Baebele ke Lefoko la Modimo Johane 17:17; 2 Timotheo 3:16, 17

Jesu Keresete ke Morwa Modimo Mathaio 3:16, 17; Johane 14:28

Batho ga ba itlhagelela go na Genesise 1:27; 2:7

le moo ba bopilwe

Batho ba swa ka ntlha ya boleo Baroma 5:12

jwa motho wa ntlha

Moya o a swa Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4

Dihele ke lebitla la batho Jobe 14:13; Tshenolo 20:13, King

le le tlwaelegileng James Version

Tsholofelo ya baswi ke tsogo Johane 5:28, 29; 11:25;

Ditiro 24:15

Keresete o ne a ntsha botshelo Mathaio 20:28; 1 Petere 2:24;

jwa gagwe jwa mo lefatsheng 1 Johane 2:1, 2

go nna thekololo ya batho

ba ba kutlo

Dithapelo di tshwanetse gore Mathaio 6:9; Johane 14:6, 13, 14

di lebisiwe fela kwa go

Jehofa ka Keresete

Melao ya Baebele e e ka ga 1 Bakorinthe 6:9, 10

boitsholo e tshwanetse gore

eikobelwe

Ga go a tshwanela go dirisiwa Ekesodo 20:4-6;

ditshwantsho mo kobamelong 1 Bakorinthe 10:14

Go tshwanetse ga tilwa Duteronome 18:10-12;

tirisabadimo Bagalatia 5:19-21

Motho ga a tshwanela go tsenya Genesise 9:3, 4; Ditiro 15:28, 29

madi mo mmeleng wa gagwe

Balatedi ba ga Jesu ba Johane 15:19; 17:16;

boammaaruri ba nna ba Jakobe 1:27; 4:4

ikgaogantse le lefatshe

Basupi ba Bakeresete, ba Isaia 43:10-12; Mathaio 24:14;

bolela mafoko a a molemo 28:19, 20

Go kolobediwa ka go nwediwa Mareko 1:9, 10; Johane 3:22;

gotlhelele mo metsing go Ditiro 19:4, 5

tshwantshetsa go ineela

mo Modimong

Direto tsa bodumedi ga di Jobe 32:21, 22; Mathaio 23:8-12

tswe mo Dikwalong

Re tshela mo “metlheng ya Daniele 12:4; Mathaio 24:3-14;

bofelo” 2 Timotheo 3:1-5

Go nna gone ga ga Keresete Mathaio 24:3; Johane 14:19;

ke go go sa bonaleng 1 Petere 3:18

Satane ke mmusi wa lefatshe Johane 12:31; 1 Johane 5:19

leno yo o sa bonaleng

Modimo o tla fedisa tsamaiso Daniele 2:44; Tshenolo 16:14, 16;

eno e e boikepo ya dilo 18:1-8

Bogosi jwa Modimo jo bo kafa Isaia 9:6, 7; Daniele 7:13, 14;

tlase ga Keresete bo tla Mathaio 6:10

busa lefatshe ka tshiamo

“Letsomanyane” le le tla Luke 12:32; Tshenolo 14:1-4; 20:4

busang le Keresete kwa

legodimong

Batho ba bangwe ba Modimo a ba Luke 23:43; Johane 3:16;

amogelang ba tla bona Tshenolo 21:1-4

botshelo jo bo sa khutleng

mo lefatsheng la paradaise

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go ile ga bolawa diketekete tsa batho ka nako ya Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Botlhabanelatumelo bo ile jwa felela ka go tshololwa ga madi ka tsela e e boitshegang

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bodumedi jwa boammaaruri bo itsiwe ka maungo a jone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover: Garo Nalbandian

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela